LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 10/1 ts. 19-24
  • Go Tsamaya mo Dikgatong Tsa Batsadi ba Me

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tsamaya mo Dikgatong Tsa Batsadi ba Me
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botlhaga Jwa ga Rre ka Bogosi
  • Tirelo e Mmè a e Dirileng ka Boikanyego
  • Tirelo Ya me Ya Bosha
  • Ntwa ya Lefatshe II e a Simologa
  • Tirelo e e Itumedisang ya Nako e e Tletseng
  • Boswa Jwa Rona jo Bogolo Jwa Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Boswa Jo Bo Bonwang Sewelo jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Batsadi ba Rona ba re Rutile go Rata Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • “Ke ne Nka se Fetole Sepe!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 10/1 ts. 19-24

Go Tsamaya mo Dikgatong Tsa Batsadi ba Me

JAAKA GO BOLETSE HILDA PADGETT

“Ke neetse botshelo jwa me go direla Mogodimodimo mme ke ka se direle barena ba babedi,” go bolela jalo pego ya dikgang. Mafoko ao ke a ke neng ke a kwaletse balaodi ba British Ministry of Labour and National Service ka 1941 ke tlhalosa lebaka la go gana taolo ya bone ya go mpateletsa gore ke dire kwa kokelong ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Ka bonakonyana morago ga seo ke ne ka bonwa molato mme ka atlholelwa dikgwedi di le tharo mo kgolegelong ka go bo ke ne ke ganne.

KE ENG se se neng se dirile gore ke tsene mo seemong seno? Nnyaa, e ne e se dikakanyo tsa bosha kgotsa boitshwaro bongwe jwa botsuolodi. Go na le moo, mabaka a teng a tswa bogologolo fa ke ne ke santse ke le ngwana.

Botlhaga Jwa ga Rre ka Bogosi

Ke tsetswe ka June 5, 1914, kwa Horsforth, gaufi le Leeds, kwa bokone jwa Engelane. Batsadi ba me, Atkinson le Pattie Padgett ba ne ba ruta mo sekolong sa Sontaga gape e le maloko a khwaere kwa Primitive Methodist Chapel kwa Rre a neng a letsa okene teng. Fa ke ne ke santse ke le ngwana, lelapa la rona le ne le itumetse kwantle ga selo se le sengwe fela. Rre o ne a tshwenyega ka maemo a lefatshe. O ne a ila ntwa le thubakanyo mme o ne a dumela taolo ya Baebele e e reng: “O se ka wa bolaya motho.”—Ekesodo 20:13.

Ka 1915 puso e ne ya kopa makawana otlhe gore a tsenelele bosole ka go rata gore ba tle ba tile go tsenngwa ka go patelediwa. Rre o ne a ema letsatsi lotlhe mo puleng a emetse gore a tle a ikwadise gore e nne lesole mme a sa rate. Botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga gotlhelele mo letsatsing le le latelang!

Fa a ne a dira tiro ya go tsenya diphaephe tsa metsi mo ntlong nngwe e tona, o ne a bua le badiri ba bangwe ka ditiragalo tsa lefatshe. Motho yo o neng a dira mo tshingwaneng o ne a mo naya pampitshana e e bidiwang Gathering the Lord’s Jewels. Rre o ne a ya ka yone kwa gae, a e bala, a ba a nna a e bala gape. O ne a bolela jaana: “Fa e le gore seo ke boammaaruri, go raya gore dilo tsotlhe tse dingwe di phoso.” O ne a batla tshedimosetso e e oketsegileng mo letsatsing le le latelang, mme o ne a ithuta Baebele ka dibeke tse tharo tse di latelang go fitlha phakela. O ne a itse gore o ne a bone boammaaruri! Tayari ya gagwe e bolela jaana kaga letsatsi la Sontaga January 2, 1916: “Ke ne ka ya kwa Kerekeng phakela, ka ya kwa I.B.S.A. [International Bible Students Association, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo kwa Engelane] bosigo—re ithuta Bahebere 6:9-20—e le la ntlha ke etela bakaulengwe.”

O ne a simolola go ganediwa ka bonako. Ba masika a rona le ditsala tsa rona tsa kwa kerekeng ba ne ba akanya gore Rre o a tsenwa. Mme o ne a itiretse tshwetso. O ne a tshelela go ya dipokanong le go ithuta, mme e ne ya re ka March a supa fa a ineetse mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing. Mmè o ne a tlogela go gana go ya dipokanong morago ga dibeke di sekaenyana Rre a ntse a tsamaya a le nosi. O ne a mpega mo poremeng ya me mme a tsamaya dikilometara di le robedi go ya kwa Leeds, mme ra bo re goroga fela fa dipokano di tswa. O ka akanya gore Rre o ne a itumetse go le kana kang. Go simolola foo go ya pele, lelapa la rona le ne le kopane mo tirelong ya ga Jehofa.

Boemo jwa ga Rre bo ne bo le thata tota— a ithaopetse go ya bosoleng mme e be e re morago ga dibeke di sekaenyana, e be e le motho yo segakolodi sa gagwe se sa mo letleng go ya bosoleng. Fa a ne a laelwa gore a tshole tlhobolo o ne a gana, mme ka July 1916 o ne a seka tsheko ya ntlha ya tse tlhano kwa kgotlatshekelo, mme a atlholelwa malatsi a le 90 mo kgolegelong. Rre o ne a tsaya dibeke tse pedi a seyo kwa tirong, mme ga latela tsheko e nngwe gape le malatsi a mangwe gape a le 90 mo kgolegelong fa a sena go fetsa katlholo ya ntlha. Fa a sena go wetsa katlholo ya bobedi o ne a isiwa kwa Royal Army Medical Corps, mme ka February 12, 1917, a pagama sekepe se se pegang masole go ya kwa Rouen, kwa Fora. Tayari ya gagwe e bolela gore fa a ne a le koo seemo sa gagwe se ne se mo tena letsatsi le letsatsi. O ne a lemoga gore o ne a tshwanetse go tlhokomela masole a a neng a gobetse gore a boele kwa ntweng.

O ne a gana gape go dira seo. Mo lekgetlhong leno kgotlatshekelo e ne ya mo atlholela dingwaga tse tlhano kwa kgolegelong ya Boritane ya sesole kwa Rouen. Fa Rre a ne a nnetse go kopa gore a fudusediwe kwa kgolegelong e e seng ya bosole jaaka motho yo segakolodi sa gagwe se sa mo letleng go ya bosoleng, o ne a otlhaiwa ka gore a je fela borotho le metsi ka dikgwedi tse tharo, mmogo le dijo tse di jewang kwa kgolegelong go fitlha bokete jwa gagwe jwa mmele bo oketsega; morago ba bo ba mo dira jalo gape. O ne a bofelelwa matsogo kafa morago motshegare mme a bofelelwa kafa pele bosigo le ka dinako tsa dijo. O ne a na le mabadi a dihakaboi tse di neng di le dinnye mme di tsena mo nameng ya gagwe, go feletsa go mo ntshitse dintho tse di tšhweretlhang mme o ne a nna le mabadi a tsone botshelo jwa gagwe jotlhe. Gape o ne a tsentswe ditšheine mo maotong di golegeletswe mo lethekeng la gagwe.

Balaodi ba bosole ba ne ba dira gotlhe mo ba neng ba ka go kgona gore ba mo ntshe mo maikaelelong a gagwe mme ba ne ba palelwa. Baebele ya gagwe le dibuka tsa gagwe di ne tsa tsewa mo go ene. O ne a sa bone makwalo a a tswang kwa gae e bile o ne a sa kgone go romela ape. Morago ga dingwaga tse pedi o ne a ikaelela go supa boikanyego jwa gagwe ka go ngala dijo. O ne a dira jalo malatsi a le supa, a sa nwe le fa e le go ja sepe mo go neng ga felela ka gore a isiwe kwa bookelong jwa kgolegelo, a lwala thata. O ne a kgona go supa se a neng a se ikaeletse lefa gone a ne a batlile a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe ka lebaka la seo. Mo dingwageng tse di neng di latela moragonyana o ne a dumela gore o ne a le phoso go bo a ile a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka tsela e e ntseng jalo, le gore o ne a se kitla a dira seo gape.

Ntwa e ne ya fela ka November 1918 Rre a santse a le mo kgolegelong kwa Rouen, mme ya re fa ngwaga o o latelang o simologa, a fudusediwa kwa kgolegelong e e seng ya bosole kwa Engelane. A o ko o akanye gore o ne a itumetse thata jang ne fa a amogela makwalo le dilo tse di neng di tswa kwa go Mmè di kgobokantswe mmogo le Baebele ya gagwe e e botlhokwatlhokwa le dibuka! O ne a isiwa kwa Kgolegelong ya Winchester, kwa a neng a kopana teng le mokaulengwe yo mmotlana yo maitemogelo a gagwe a dinako tsa ntwa a neng a tshwana le a gagwe. O ne a bidiwa Frank Platt, yo moragonyana a neng a direla kwa Bethele ya Lontone ka dingwaga tse dintsi. Ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore ba kopane letsatsi le le latelang, mme ka nako eo Frank o ne a isitswe go sele.

Ka April 12, 1919, Mmè o ne a amogela thelekerama e e neng e re: “Halleluja! Ke tla gae—ke founela Lontone.” A bo e ne e le nako ya go ipela jang ne morago ga dingwaga tse tharo tsa diteko, ditsheko le go nna re kgaogane! Rre o ne a akanya pele gore a leletse bakaulengwe ba Bethele ya kwa Lontone a bo a kopane le bone. O ne a amogelwa ka lorato kwa 34 Craven Terrace. Rre o ne a boela gae a sena go tlhapa a bo a ipeola ditedu a bo a apara sutu le hutshe tse a neng a di adimile. A o ka akanya gore go ne go ntse jang fa re ne re kopana gape? Ka nako eo ke ne ke na le dingwaga tse di batlileng di nna tlhano fela mme ke ne ke sa mo gakologelwe.

Pokano ya ntlha e Rre a neng a nna teng kwa go yone fa a sena go gololwa e ne e le Segopotso. Fa a ne a pagama ditepisi a ya kwa holong, motho wa ntlha yo a neng a kopana le ene e ne e le Frank Platt yo o neng a fuduseditswe kwa kokelong ya sesole kwa Leeds. A bo ba ne ba itumela jang fa ba ntse ba bolelelana maitemogelo a bone! Frank o ne a aga a tla kwa gae a re etela go tloga ka nako eo go fitlha a gololwa.

Tirelo e Mmè a e Dirileng ka Boikanyego

Nako yotlhe e Rre a neng a seo ka yone, Mmè o ne a tlhatswetsa batho diaparo gore a oketse madi a a kwa tlase a a neng a a amogela ka kgwedi kwa pusong. Bakaulengwe ba ne ba le pelonomi tota mo go rona. Mo dibekeng dingwe le dingwe di sekae mongwe wa bagolwane ba phuthego o ne a mo fa enfelopo e na le mpho e go sa buiweng gore e tswa kwa go mang. Mmè o ne a tlhola a bolela gore lerato la bakaulengwe ke lone le le neng le mo dira gore a atamalane le Jehofa e bile le bo le mo thusitse gore a itshoke mo metlheng eo ya diteko. O ne a nna teng kwa dipokanong tsa phuthego ka dinako tsotlhe tsa fa Rre a ne a seo. Selo se se neng sa mo leka go di gaisa tsotlhe e ne e le fa a ne a fetsa ngwaga a sa itse gore a Rre o ne a sule kgotsa o ne a tshela. Morwalo o o oketsegileng e ne ya nna ka 1918, fa nna le Mmè re ne re tsenwe ke foluu ya Sepanishe. Batho ba re neng re tshela le bone ba ne ba swa re ba lebile. Baagisani ba ba neng ba ya go thusa baagisani ba bone ba ne ba tsenwa ke bolwetse ba bo ba tlhokafala. Ga go belaetse gore go tlhaela ga dijo ka nako eo go ne ga dira gore batho ba se ka ba kgona go emelana le go tsenwa ke bolwetse.

Mafoko ano a ga moaposetoloi Petere a ile a itshupa a le boammaaruri mo lelapeng la rona: “E tlaa re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, [Modimo] . . . o tlaa lo dira boitekanelo, o lo tiisa o lo thatafatsa”! (1 Petere 5:10) Tshotlego ya batsadi ba me e ne ya dira gore ba nne le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa, ba tlhomamise ka botlalo gore o amega ka rona le gore ga go na sepe se se ka re kgaoganyang le lorato lwa Modimo. Ke ne ke segofaditswe ka tsela e e tlhomologileng go bo ke ne ke godiseditswe ka tsela e e ntseng jalo mo tumelong.—Baroma 8:38, 39; 1 Petere 5:7.

Tirelo Ya me Ya Bosha

Fa Rre a ne a sena go gololwa, tirelo ya Bogosi e ne ya nna yone ya botlhokwatlhokwa mo matshelong a rona. Ga ke gopole nkile ka fosa go ya pokanong epe kwantle ga fa ke ne ke lwala. Ka bonakonyana fela a sena go boela gae, Rre o ne a rekisa khamera ya gagwe e e dirisang poleiti mme Mmè o ne a rekisa mohitshana wa gagwe wa gouta gore re kgone go bona madi a go ya kopanong e kgolo. Lefa re ne re sa kgone go ya maitapolosong, ga re ise re ko re fose dipe tsa dikokoano tseno le ka motlha, go akaretsa le tse di neng di nnela kwa Lontone.

Dingwaga tse pedi kgotsa tse tharo tsa ntlha morago ga ntwa di ne di rotloetsa. Rre le Mmè ba ne ba dirisa ditshono tsotlhe tse di neng di ba bulegela gore ba nne teng kwa dipokanong le go kopanela. Ke kgona go gakologelwa, fa ke ne ke santse ke le mosetsanyana yo mmotlana gore re ne re etela bakaulengwe le bokgaitsadi mme nna ke ne ke nna ke tshwantsha le go penta fa bagolo ba ne ba ntse mmogo ka diura tse dintsi ba ntse ba bua ka ditsela tse disha tse boammaaruri bo neng bo tlhaloganngwa ka tsone. Go tlotla mmogo, go opela ka nako e telele fa tlase ga seletswa, go itumelela botsalano jo bo monate go ne go dira gore ba ikutlwe ba itumetse e bile ba lapologetswe.

Batsadi ba me ba ne ba gagametse fa ba ne ba nthapisa. Kwa sekolong ke ne ke farologane le bana ba bangwe, le e leng fa ke ne ke na le dingwaga di le tlhano, ke ne ke tsaya “Tesetamente e Ntšha” gore ke e bale fa tlelase e ne e ithuta katekasima. Moragonyana ke ne ka supiwa fa pele ga sekolo sotlhe jaaka “motho yo ganang dilo ka ntlha ya segakolodi sa gagwe” ka gore ke ne ke sa nne le seabe mo go ketekeng Remembrance Day.a Ga ke ikwatlhaele tsela e ke godisitsweng ka yone. E bile tota, e ne e ntshireletsa gore ke nne mo ‘tseleng e tshesane.’ Ke ne ke nna teng gongwe le gongwe kwa batsadi ba me ba neng ba ya teng, e ka tswa e le kwa dipokanong kgotsa mo tshimong.—Mathaio 7:13, 14.

Ke gakologelwa moso mongwe wa Sontaga fa ke ne ke simolola go rera ke le nosi. Ke ne ke na le dingwaga di le 12 fela. Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome ke gakologelwa Sontaga mongwe mo mosong ke bolela gore ke ya go sala kwa lapeng. Ga go na ope yo o neng a nkgala kgotsa a mpateletsa gore ke tsamaye, ka jalo ke ne ka nna mo tshingwaneng ke ithuta Baebele mme ke sa itumela le e seng. Morago ga beke e le nngwe kgotsa tse pedi ke dira seno, ke ne ka raya Rre ka re: “Ke akanya gore mo mosong wa gompieno ke tla tsamaya le wena!” Go simologa foo go ya pele ke ne ka se ka ka tlhola ke boela morago.

A bo 1931 e ne e le ngwaga o o monate thata jang ne! Re ne ra fiwa leina le lesha, Basupi ba ga Jehofa mme gape ke ne ka kolobediwa fa re ne re le kwa kopanong e kgolo kwa Alexandra Palace, kwa Lontone. Ga nkitla ke lebala letsatsi leo. Re ne re apere diaparo tse ditelele tse dintsho mme sa me se ne se le metsi ka gore se ne se setse se dirisitswe ke motho yo mongwe yo o neng a kolobediwa!

Keletso ya me e kgolo fa ke ne ke le ngwana e ne e le go nna morekisi wa dibuka, jaaka bareri ba nako e e tletseng ba ne ba bidiwa ka nako eo. Fa ke ntse ke gola, ke ne ka ikutlwa ke tshwanela go direla Jehofa ka mo go oketsegileng. Ka jalo, ka March 1933, fa ke ne ke na le dingwaga di le 18, ke ne ka nna mongwe wa batlhanka ba ba direlang ka nako e e tletseng.

Re ne re ipela thata fa re ne re na le “Dibeke tsa Babulatsela” mo ditoropong tse di rileng tse di tona fa batlhanka ba nako e e tletseng ba ka tshwara lesome le bobedi ba ne ba kopana mmogo ba nna le bakaulengwe ba mo lefelong leo ba bo ba bereka jaaka setlhopha. Re ne re abela baeteledipele ba bodumedi le batho ba maemo a a kwa godimo dibukana. Go ne go batla bopelokgale go bua le bone. Gantsi ba ne ba re amogela ka tshotlo mme mabati a ne a itaaganngwa mo difatlhegong tsa ba le bantsi ba rona. Ga se gore seno se ne se re tshwenya, ka gore re ne re le matlhagatlhaga mo e leng gore re ne re ipelela go bogisiwa ka ntlha ya leina la ga Keresete.—Mathaio 5:11, 12.

Kwa Leeds re ne ra fetola poreme, baesekele e e maoto mararo le sekuta sa ga Rre le kolotsana e e gogwang ke baesekele, mme moragonyana koloi ya gagwe e ne ya fetolwa gore e pege metšhine e e godisang modumo. Bakaulengwe ba babedi ba ne ba tswa ba ya mo mmileng ba tshotse motšhine, ba bo ba letsa rekoto ya mmino go tlhagisa batho le go ba ngoka gore ba tle ba reetse puo ya metsotso e metlhano ya ga Mokaulengwe Rutherford. E ne e re morago ga moo ba bo ba ya kwa mmileng o o latelang fa rona, baboledi, re ba sala morago re aba dibuka tsa Baebele.

Ka dingwaga tse dintsi, re ne re ya kwa Town Hall Square ka Sontaga mongwe le mongwe maitseboa kwa go neng go na le Speaker’s Corner mme re thusa ka go reetsa dipuo tse di tsayang ura tsa ga Mokaulengwe Rutherford, re fa batho dipampitshana le go ya kwa go bape fela ba ba neng ba kgatlhega. Re ne ra itsege thata koo. Le mapodise a ne a re tlotla. Maitseboa mangwe re ne ra kgobokana jaaka re ne re tlhola re dira mme re ne ra utlwa modumo wa meropa le setlhopha se se letsang kgakalanyana. Ka bonakonyana fela go ne ga tla Ba-Fascist ba ka tshwara lekgolo mo tseleng. Ba ne ba gwanta ba re setse morago mme ba ema ba tsholeleditse difolaga tsa bone kwa godimo. Setlhopha sa baletsi se ne sa emisa go letsa mme ga nna tidimalo fa lentswe la ga Mokaulengwe Rutherford le ne le tlhagelela jaana le buela kwa godimo: “Ba tlogeleng ba dumedise difolaga tsa bone fa ba batla ba bo ba galaletse batho fa ba batla. Rona re tla galaletsa le go obamela Jehofa Modimo wa rona fela!” Re ne ra ipotsa gore go ne go tlile go diragala eng go tswa foo! Go ne ga se ka ga diragala sepe, kwantle ga gore ba ne ba neelwa bosupi, mme mapodise a ne a ba didimatsa gore re tle re kgone go utlwa puo yotlhe ya phatlalatsa.

Ka nako eo fonokerafa e ne e dirisiwa gore e re thuse go neela bosupi sentle. Kwa kgorong re ne re tlhoma matlho a rona mo rekotong gore re rotloetse batho go reetsa thero ya Baebele ya metsotso e metlhano e e neng e le mo rekotong. Beng ba matlo gantsi ba ne ba re laletsa gore re boe gape re tle go tshameka direkoto tse dingwe.

Ngwaga wa 1939 o ne o le thata, ka ntlha ya kganetso le thubakanyo e ntsi. Pele ga nngwe ya dikopano tsa rona tse dikgolo, bakaulengwe ba ne ba tlhaselwa ke digopa le go goelelwa mo mebileng. Ka jalo fa kopano e ne e ntse e tsweletse, ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore setlhopha se se kgethegileng sa bakaulengwe ba ba tsamayang ka dikoloi ba rere mo mafelong a a neng a aparetswe ke mathata fa bokgaitsadi le bakaulengwe ba bangwe ba ne ba ya kwa go neng go bolokesegile teng. Fa ke ne ke dira le setlhopha mo mmileng mongwe ke ne ka tsamaya ka phasiki go etela matlo a a neng a le ka fa morago. Fa ke ne ke le fa kgorong, ke ne ka utlwa go tsoga modumo—batho ba kua ba lela mo mmileng. Ke ne ka tswelela fela ke bua le motho fa kgorong ke lelefatsa motlotlo go fitlha ke utlwa gore jaanong go ne go ritibetse. Go tswa foo ke ne ka tsamaya ka phasiki ka tsena mo mmileng mme ka fitlhela bakaulengwe ba bangwe le bokgaitsadi ba tshogile fa ba ne ba sa mpone! Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa go ntse go tsweletse batho ba ba neng ba tsosa mathata ba ne ba leka go re itaya tsebe mo dipokanong tsa rona, mme bakaulengwe ba ne ba ba ntshetsa kwa ntle.

Ntwa ya Lefatshe II e a Simologa

Mo lobakeng lono batho ba ne ba patelediwa go ya bosole, mme bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba babotlana ba ne ba tshwarwa ka dikgwedi tse 3 go ya go tse 12. Rre o ne a fiwa tshiamelo ya go ba etela kwa kgolegelong ka nako eo. O ne a tshwara Thuto ya Tora ya Tebelo kwa kgolegelong ya mo lefelong leo ka Sontaga mongwe le mongwe. O ne a etela bakaulengwe kwa kgolegelong maitseboa mangwe le mangwe ka boLaboraro. Ka go bo a ne a nnile mo kgolegelong ka nako e telele jalo ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, o ne a itumeletse thata go thusa ba ba neng ba le mo ditekong tse di tshwanang le tsa gagwe. O ne a dira seno ka dingwaga tse 20 go fitlha a tlhokafala ka 1959.

Ka 1941 re ne re tlwaela kilo le letlhoo tse batho ba bangwe ba neng ba di supa ka boemo jwa rona jwa boitlhaodi. Go ema mo mebileng ka dimakasine re bo re lebagana le seno go ne go se motlhofo. Ka nako e e tshwanang, re ne ra itumelela go thusa batshabi ba ba neng ba nna mo lefelong la rona. A bo e ne e le boipelo jo bogolo jang ne fa Ba-Latvia, batho ba kwa Poland, Ba-Estonia, Bajeremane ba ne ba bona Tora ya Tebelo kgotsa Consolation (e jaanong e leng Tsogang!) ka dipuo tsa bone!

Jaanong go ne ga latela tsheko ya me ya boemo jwa boitlhaodi jo ke neng ke bo tsere ka Ntwa ya Lefatshe II. Ke ne ka bona botshelo jwa kwa kgolegelong bo le thata ka ke ne ke tswalelwa mo kgolegelong ka diura di le 19 mo go tse 24. Malatsi a ntlha a mararo a ne a le thata ka gore ke ne ke le nosi. Ka letsatsi la bonè, ke ne ka bilediwa kwa ofising ya molaodi kwa ke neng ka fitlhela basetsana ba bangwe ba babedi ba eme teng. Mongwe wa basetsana o ne a ntshebela jaana: “O tshwaretsweng?” Ke ne ka re: “Fa o ka itse o ka gakgamala.” O ne a botsa jaana a seba: “A o mongwe wa Ma-JW?” Mosetsana yo mongwe o ne a mo utlwa a bo a re botsa ka bobedi gore: “A le Ma-JW?” mme rotlhe ka boraro re ne ra tlamparelana. Re ne re sa tlhole re le nosi!

Tirelo e e Itumedisang ya Nako e e Tletseng

Fa ke sena go gololwa mo kgolegelong, ke ne ka tswelela ka tirelo ya nako e e tletseng le mosetsanyana mongwe wa dingwaga tse 16 yo o neng a sa tswa go fetsa sekolo. Re ne ra fudugela kwa Ilkley, toropo e e fa thoko ga Yorkshire Dales. Re ne ra leka ka thata go batla lefelo le le tshwanetseng go tshwarela dipokano mo go lone ka dikgwedi tse thataro tse di tletseng. La bofelo re ne ra hirisa kharatšhe e potlana, e re neng ra e dira Holo ya Bogosi. Rre o ne a re thusa ka go rulaganyetsa se re ka bonesang ka sone le se re ka ithuthafatsang ka sone. Gape o ne a re kgabisetsa kago. Phuthego e e neng e le gaufi e ne ya re ema nokeng ka dingwaga tse dintsi, e romela bakaulengwe beke le beke gore ba tle go neela dipuo tsa phatlalatsa. Re ne ra tswelela sentle ra bo ra oketsega ka thuso ya ga Jehofa mme kwa bofelong phuthego e ne ya tlhomiwa.

Ka January 1959, Rre o ne a lwala ka tshoganetso. Ke ne ka bilediwa kwa gae, mme o ne a tlhokafala ka April. Dingwaga tse di neng di latela di ne di le thata. Botsogo jwa ga Mmè bo ne jwa nna maswe mmogo le go latlhegelwa ke tlhaloganyo, mme bo dira gore dilo di nthatafalele. Lefa go ntse jalo, moya wa ga Jehofa o ne wa nthusa gore ke tswelele mme ke ne ka kgona go mo tlhokomela go fitlha a tlhokafala ka 1963.

Jehofa o ile a ntshegofatsa thata fa dingwaga di ntse di kgabaganya. Ka ditsela tse dintsi thata gore nka di bala. Ke ile ka bona phuthego ya kwa gae e gola e bo e kgaoganngwa ganè, e romela baboledi le babulatsela, bangwe e le barongwa kwa dinageng tse di kgakala jaaka Bolivia, Laos le Uganda. Maemo a ne a nna ka tsela e e leng gore ga ke ise ke ko ke nyalwe le go nna le lelapa. Ga go a nkhutsafatsa; ke ntse ke tshwaregile thata. Lefa gone ke sena masika a e leng a me tota, ke na le bana le ditlogolwana mo Moreneng, le e leng ga lekgolo.—Mareko 10:29, 30.

Gantsi ke laletsa babulatsela ba babotlana le basha kwa legaeng la me gore ba ipelele bokopano jwa Bokeresete. Re baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo mmogo. Gape re bua maitemogelo le go opela dipina tsa Bogosi, fela jaaka batsadi ba me ba ne ba dira. Ka ke kgobokanetswe ke setlhopha sa basha ba ba itumetseng, ke nna ke le monnye e bile ke itumetse. Ga go na botshelo jo bo botoka go feta tirelo ya bobulatsela mo go nna. Ke lebogela Jehofa go bo ke nnile le tshiamelo ya go tsamaya mo dikgatong tsa batsadi ba me. Ke rapelela gore e kete ke ka tswelela ke direla Jehofa ka bosakhutleng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ke la go keteka go khutla ga ntwa ya letlhoo ya 1918, le ya moragonyana ya 1945.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Hilda Padgett le batsadi ba gagwe, Atkinson le Pattie

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Pampitshana e e dirileng gore Rre a kgatlhegele boammaaruri

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela