LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 11/15 ts. 15-20
  • Nna mo ‘Motseng wa Botshabelo’ Mme o Tshele!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna mo ‘Motseng wa Botshabelo’ Mme o Tshele!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Tota Re na Le Molato wa Madi?
  • Seabe se se Botlhokwa sa ga Jesu
  • Motse wa Botshabelo wa Gompieno
  • Ba Golotswe mo Motseng wa Botshabelo
  • Dithuto Tse di Botlhokwa mo go Rona
  • Metse ya Botshabelo—Thulaganyo ya Modimo ya go Bontsha Kutlwelobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • A Jehofa ke Botshabelo Jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • “Tshabela mo Leineng la ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tshabela Kwa go Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 11/15 ts. 15-20

Nna mo ‘Motseng wa Botshabelo’ Mme o Tshele!

“O ne a tshwanetse go nna fela mo motseng wa gagwe wa botshabelo, go tsamaya moperesiti yo mogolo a swa.”—DIPALO 35:28.

1. Mmusolosi wa madi ke mang, mme ke kgato efe e a tla tlogang a e tsaya?

MMUSOLOSI wa ga Jehofa wa madi, Jesu Keresete, o tla tloga a tlhasela. Mmusolosi yono o tla tloga a tsaya kgato kgatlhanong le batho botlhe ba ba nang le molato wa madi ba ba sa ikotlhayeng, a thusiwa ke masole a gagwe a baengele. Ee, Jesu o tla nna Modiragatsakatlholo wa Modimo ka “sepitla se segolo” se se ntseng se atamela ka bonako. (Mathaio 24:21, 22; Isaia 26:21) Ka nako eo batho ba ka se falole diphelelo tsa go bo ba le molato wa madi.

2. Lefelo le le lengwe fela la boammaaruri la botshabelo ke lefe, mme ke dipotso dife tse di tlhokang go arabiwa?

2 Tsela e e babalesegileng ke go tsamaya mo tseleng e e isang kwa motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo o bo o mamalala gore o boloke botshelo jwa gago! Fa motshabi mongwe a ne a amogetswe kwa motseng oo, o ne a tshwanetse go nna koo, ka gonne ke lone fela lefelo la mmatota la botshabelo. Mme o ka nna wa ipotsa jaana, ‘E re ka bontsi jwa rona bo ise bo ke bo bolaye motho, a tota re na le molato wa madi? Ke ka ntlha yang fa Jesu e le Mmusolosi wa madi? Motse wa botshabelo wa motlha wa segompieno ke eng? A go na le mongwe yo o ka tswang mo go one mme a nna a babalesegile?’

A Tota Re na Le Molato wa Madi?

3. Ke karolo efe ya Molao wa ga Moshe e e tla re thusang go lemoga gore dikete tsa dimilione tsa batho di na le molato wa madi?

3 Karolo nngwe ya Molao wa ga Moshe e tla re thusa go lemoga gore diketekete tsa dimilione tsa batho mo lefatsheng di na le molato wa madi. Modimo o ne o pega Baiseraele botlhe molato wa tshololo ya madi. Fa go ne go ka fitlhelwa motho a bolailwe mme go sa itsiwe mmolai wa gagwe, baatlhodi ba ne ba tshwanetse go lekanya sekgala sa go tswa fa motho a neng a bolawa gone go ya kwa metseng e e mo tikologong eo gore ba bone motse o o gaufi le gone. Gore bagolwane ba motse o go lebegang o le molato wa madi ba phimole molato oo, ba ne ba tshwanetse go komola thamo ya kgomo ya moroba, e go iseng go dirwe sepe ka yone, kwa molapong o o sa lengwang. Seno se ne se dirwa fa pele ga baperesiti ba Balefi ‘ka gonne Jehofa o ne a ba itshenketse gore kgang nngwe le nngwe ka ga titeo e nne e ema ka fa lefokong la bone.’ Bagolwane ba motse ba ne ba tlhapa diatla mo godimo ga kgomo mme ba bo ba re: “Diatla tsa rona ga di a tsholola madi a, le matlho a rona ga a a bona. Jehofa itshwarele Iseraele batho ba gago ba o ba rekolotseng, o se ka wa leseletsa madi a a se nang molato a nna mo gare ga Iseraele batho ba gago.” (Duteronome 21:1-9) Jehofa Modimo o ne a sa batle gore naga ya Iseraele e leswefadiwe ka madi kana gore batho ba yone ba kopanele molato wa madi.

4. Babilone o Mogolo o na le rekoto efe ya go nna molato wa madi?

4 Ee, go na le selo se go tweng go kopanela molato wa madi, kana go nna le seabe mo molatong wa madi le batho ba ba re dikologileng. A o ko o akanye tsela e Babilone o Mogolo a leng molato wa madi thata ka yone, e leng mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Ka gone, o tagilwe ke madi a batlhanka ba ga Jehofa! (Tshenolo 17:5, 6; 18:24) Ditumelo tsa Labokeresete di bolela fa di latela Kgosana ya Kagiso, mme dintwa, dikgotlatshekelo tse di kgatlhanong le boikeodi le batlhabanelatumelo ba ba bolayang ba dirile gore a nne molato wa madi fa pele ga Modimo. (Isaia 9:6; Jeremia 2:34) E bile tota, o tshwanetse go pegwa molato o mogolo wa go bolawa ga dimilionemilione tsa batho mo dintweng tse pedi tsa lefatshe mo lekgolong leno la dingwaga. Ka gone, batho ba ba setseng bodumedi jwa maaka morago mmogo le batshegetsi le ba ba nang le seabe mo dintweng tsa batho ba na le molato wa madi fa pele ga Modimo.

5. Batho ba bangwe ba ile ba tshwana jang le motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso kwa Iseraele?

5 Batho bangwe ba bolaile ba bangwe ka boomo kana ka bofafalele. Ba bangwe ba nnile le seabe mo go bolayeng batho ka digopa, gongwe ba ne ba tlhotlhelediwa ke baeteledipele ba bodumedi ba bolelelwa gore e ne e le thato ya Modimo. Mo godimo ga moo, ba bangwe ba bogisitse le go bolaya batlhanka ba Modimo. Lefa go ntse jalo, lefa gone re ise re dire dilo tseo re kopanetse molato le batho ba ba re dikologileng go bolawa ga batho ka gonne re ne re sa itse molao le thato ya Modimo. Re tshwana le motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso ‘yo o neng a bolaya mongwekaene a sa lemoge le gone a ne a sa mo ila pele.’ (Duteronome 19:4) Batho ba ba ntseng jalo ba tshwanetse go kopa Modimo gore o ba utlwele botlhoko mme ba tshwanetse go tshabela kwa motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo. E seng jalo ba tla kopana le Mmusolosi wa madi a bo a ba bolaya.

Seabe se se Botlhokwa sa ga Jesu

6. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore Jesu o amana thata le batho?

6 Kwa Iseraeleng mmusolosi wa madi e ne e le motho yo o amanang thata ka lesika le motho yo o neng a bolawa. Gore Mmusolosi wa madi wa motlha wa segompieno a busolosetse batho ba ba bolailweng mo lefatsheng mme segolobogolo batlhanka ba ga Jehofa ba ba bolailweng o tshwanetse a bo a amana le batho botlhe. Seabe seo se dirwa ke Jesu Keresete. O tshotswe e le motho yo o itekanetseng. Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo se nang boleo gore a swe e le setlhabelo sa thekololo, mme fa a se na go tsogela kwa legodimong, o ne a neela Modimo tlhwatlhwa ya sone ka ntlha ya ditlogolwana tsa ga Atame tse di leofileng tse di swang. Ka gone Keresete o ne a nna Morekolodi wa batho, yo re amanang thata le ene ka lesika—Mmusolosi wa madi yo o tshwanetseng. (Baroma 5:12; 6:23; Bahebere 10:12) Jesu o kaiwa e le morwarraagwe balatedi ba dikgato tsa gagwe ba ba tloditsweng. (Mathaio 25:40, 45; Bahebere 2:11-17) Jaaka Kgosi ya selegodimo o nna “Rara wa Bosakhutleng” wa batho ba ba tla solegelwang molemo ke setlhabelo sa gagwe e le babusiwa ba gagwe mo lefatsheng. Bano ba tla tshelela ruri. (Isaia 9:6, 7) Ka jalo Jehofa o tlhomile Motho yono yo o amanang le batho gore a nne Mmusolosi wa madi.

7. Ke eng se Jesu a se direlang batho e le Moperesiti yo Mogolo thata?

7 Gape Jesu ke Moperesiti yo Mogolo yo o se nang boleo, yo o kileng a lekiwa, yo o kutlwelobotlhoko. (Bahebere 4:15) Ka tsela eo o dirisa tlhwatlhwa ya setlhabelo sa gagwe se se tlosang boleo mo bathong. Metse ya botshabelo e ne e tlhomilwe go “nna ya botshabelo jwa bana ba Iseraele, le jwa baeng ba ba jakileng mo go bone.” (Dipalo 35:15) Ka jalo la ntlha Moperesiti yo Mogolo o ne a dirisa tlhwatlhwa ya setlhabelo sa gagwe mo balateding ba gagwe ba ba tloditsweng, “bana ba Iseraele.” Jaanong e setse e dirisiwa mo “baeng ba ba jakileng” mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo. Bano ba “dinku di sele” ba Morena Jesu Keresete ba solofetse go tshelela ruri mo lefatsheng.—Johane 10:16; Pesalema 37:29, 34.

Motse wa Botshabelo wa Gompieno

8. Motse wa botshabelo o tshwantshetsa eng?

8 Motse o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo ke eng? Ga se lefelo le le leng teng mo lefatsheng jaaka Heberone, e leng o mongwe wa metse e merataro ya botshabelo jwa Balefi e bile e le legae la moperesiti yo mogolo wa Iseraele. Motse wa botshabelo wa gompieno ke thulaganyo ya Modimo ya go re sireletsa gore re se ka ra swa ka ntlha ya go tlola taolo ya gagwe e e malebana le boitshepo jwa madi. (Genesise 9:6) Motho mongwe le mongwe yo o tlodileng taolo eo, e ka tswa e le ka boomo kana ka phoso, o tshwanetse a kopa gore Modimo a mo itshwarele le gore boleo jwa gagwe bo phimolwe ka go dumela mo mading a Moperesiti yo Mogolo, Jesu Keresete. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba solofetseng go ya go tshela kwa legodimong le “boidiidi jo bogolo” jo bo solofetseng go tla go tshela mo lefatsheng ba ithusitse ka melemo ya setlhabelo sa ga Jesu se se tlosang boleo e bile ba mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo.—Tshenolo 7:9, 14; 1 Johane 1:7; 2:1, 2.

9. Saulo wa Tareso o ne a tlola taolo ya Modimo e e malebana le madi jang, mme o ne a bontsha jang gore o ne a fetotse boikutlo?

9 Pele moaposetoloi Paulo a nna Mokeresete, o ne a tlodile taolo e e malebana le madi. Fa a ne a le Saulo wa Tareso, o ne a bogisa balatedi ba ga Jesu a bo a laela gore ba bolawe tota. Paulo o ne a bolela jaana: “Le fa go ntse jalo ka bona boutlwelobotlhoko ka ke go dirile ka go tlhoka go itse, ke sa dumela.” (1 Timotheo 1:13; Ditiro 9:1-19) Saulo o ne a na le boikutlo jwa go ikotlhaya, moragonyana o ne a itshupa a le jalo ka ditiro tse dintsi tsa tumelo. Mme ga go tlhokege go dumela mo thekololong fela gore motho a tsene mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo.

10. Re ka kgona gore re tswelele pele re na le segakolodi se se siameng jang, mme ke eng se re tshwanetseng go se dira e le gore re nne le sone?

10 Motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso o ne a ka nna mo go o mongwe wa metse ya botshabelo ya Iseraele fa fela a ne a ka itshupa gore o ne a na le segakolodi se se siameng le Modimo malebana le go tsholola madi. Gore re nne le segakolodi se se siameng, re tshwanetse go nna le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu, re ikotlhaele maleo a rona le go fetola tsela ya rona. Re tlhoka gore re kope go nna le segakolodi se se siameng ka go ineela mo Modimong ka Keresete ka thapelo, re tshwantshetsa seno ka go kolobediwa mo metsing. (1 Petere 3:20, 21) Go nna le segakolodi seno se se siameng go re letla gore re nne le botsalano jo bo phepa le Jehofa. Tsela fela e re ka nnang le segakolodi se se siameng ka yone ke go dira dilo tse Modimo o di tlhokang le go dira tiro e re e abetsweng mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo, tota le batshabi ba metse ya bogologolo ya botshabelo ba ne ba tshwanetse go utlwa Molao le go diragatsa dikabelo tsa bone. Tiro e kgolo ya batho ba ga Jehofa gompieno ke ya go bolela molaetsa wa Bogosi. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Go dira tiro eo go tla re thusa gore re nne baagi ba ba mosola ba motse wa botshabelo wa motlha wa segompieno.

11. Ke eng se re tshwanetseng ra se tila e le gore re nne mo motseng o o sireletsegileng wa segompieno wa botshabelo?

11 Gompieno fa re tswa mo motseng wa botshabelo re a bo re ipaya mo kotsing ya gore re senngwe, ka gonne Mmusolosi wa madi o tla tloga a tsaya kgato kgatlhanong le batho botlhe ba ba leng molato wa madi. Ga se nako ya gore re fitlhelwe kwa ntle ga motse ono o o sireletsegileng kana mo lefelong le le kotsi le le gaufi le molelwane wa tikologo ya bohulo jwa one. Re ne re tla ipona re le kwa ntle ga motse o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo fa re sa tlhole re dumela mo setlhabelong se se tlosang boleo sa Moperesiti yo Mogolo. (Bahebere 2:1; 6:4-6) Gape re ka se sireletsege fa re setse ditsela tsa lefatshe morago, re sa kopanele ka botlalo mo mokgatlhong wa ga Jehofa, kana re fapogile mo dilong tse di siameng tse Rraarona wa selegodimo a di tlhokang.—1 Bakorinthe 4:4.

Ba Golotswe mo Motseng wa Botshabelo

12. Batho ba ba neng ba le molato wa madi pele ba tshwanetse go nna mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo ka lobaka lo lo kana kang?

12 Motho yo o neng a bolaya yo mongwe ka phoso kwa Iseraele o ne a tshwanetse go nna mo motseng wa botshabelo “go tsamaya moperesiti yo mogolo a swa.” (Dipalo 35:28) Ka jalo batho ba ba kileng ba nna le molato wa madi ba tshwanetse ba nna lobaka lo lo kana kang mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo? Go fitlhela ba sa tlhole ba tlhoka go direlwa ke Moperesiti yo Mogolo, Jesu Keresete. Paulo o ne a bolela jaana: “Ka moo le gone o nonofileng go bolokela ruri ba ba atamelang Modimo ka ene.” (Bahebere 7:25) Fa fela go santse go na le batho ba ba nang le selabe sa boleo le molato wa madi wa pele, ditirelo tsa Moperesiti yo Mogolo di a tlhokega e le gore batho ba ba sa itekanelang ba amogelwe ke Modimo.

13. “Bana ba Iseraele” ba motlha wa segompieno ke bomang, mme ba tshwanetse go nna lobaka lo lo kana kang mo ‘motseng wa botshabelo’?

13 Gakologelwa gore metse ya bogologolo ya botshabelo e ne e agetswe “bana ba Iseraele,” le baeng ba ba jakileng. “Bana ba Iseraele” ke Baiseraele ba semoya. (Bagalatia 6:16) Ba tshwanetse go nna mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo fa fela ba santse ba tshela ba le mo lefatsheng. Ka ntlha yang? Ka gonne ba santse ba le mo nameng e e sa itekanelang mme ka gone ba tlhoka tlhwatlhwa e e tla ba letlanyang ya Moperesiti wa bone yo Mogolo wa selegodimo. Mme fa Bakeresete bano ba ba tloditsweng ba swa ba bo ba tsosediwa mo botshelong jwa semoya kwa legodimong, ga ba sa tlhole ba tlhoka ditirelo tse di letlanyang tsa Moperesiti yo Mogolo; ba tla bo ba tlogela go nna batho ba senama le ba ba nang le molato wa madi ka bosakhutleng. Mo batlodiweng bao ba ba tsositsweng, Moperesiti yo Mogolo o tla bo a sule ka gonne a sa tlhole a letlanya le go ba sireletsa.

14. Ke eng gape se se tlhokang gore batho ba ba solofetseng go ya go tshela kwa legodimong ba nne mo motseng wa botshabelo wa gompieno?

14 Tsela e motho a tlholegileng ka yone e tlhoka gore batho ba ba tla nnang “baruaboswa mmogo le Keresete” kwa legodimong ba nne mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo go fitlha ba wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng ka gore ba swe ba ntse ba ikanyega. Fa ba swa, ba tla tlogela popego ya batho ka bosakhutleng. (Baroma 8:17; Tshenolo 2:10) Setlhabelo sa ga Jesu se dira fela mo bathong ba ba santseng ba na le dipopego tsa batho. Ka gone, fa ba Iseraele wa semoya ba tsosiwa e le dibopiwa tsa semoya tse di tla nnelang ruri kwa legodimong e le “baabedwi ba tlholego ya Semodimo,” mo go bone Moperesiti yo Mogolo o a swa.—2 Petere 1:4.

15. “Baeng ba ba jakileng” ba motlha wa segompieno ke bomang, mme ke eng se Moperesiti yo Mogolo a tla ba direlang sone?

15 Moperesiti yo Mogolo o tla “swa” leng kafa letlhakoreng la “baeng ba ba jakileng” ba motlha wa gompieno, gore ba kgone go tswa mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo? Maloko ano a boidiidi jo bogolo a ka se tswe mo motseng ono wa botshabelo ka bonako fela morago ga sepitla se segolo. Ka ntlha yang? Ka gonne ba tla bo ba santse ba le mo nameng e e sa itekanelang, e e dirang boleo mme ba tla tlhoka gore ba tswelele pele ba sireleditswe ke Moperesiti yo Mogolo. Fa ba dirisa ditirelo tsa gagwe tsa go letlanya mo pusong le mo boperesiting jwa gagwe jwa dingwaga tse di sekete, ka iketlo ba tla nna batho ba ba itekanetseng. Morago ga moo Jesu o tla ba neela Modimo gore a ba leke la bofelo, ka teko e e tla dirang tshwetso ya go ya go ile ya bothokgami jwa bone ka gore o golole Satane le badimona ba gagwe ka nakwana. Jehofa o tla ba tsaya ba siame ka gonne ba fentse teko eno ba bo ba amogelwa ke Modimo. Ka gone ba tla itekanela ka tsela e e feletseng.—1 Bakorinthe 15:28; Tshenolo 20:7-10.a

16. Ke leng mo bafalodi ba sepitla se segolo ba tla bong ba sa tlhole ba tlhoka ditirelo tsa Moperesiti yo Mogolo tse di letlanyang?

16 Ka gone he, bafalodi ba sepitla se segolo ba tla tshwanelwa ke go nna le segakolodi se se siameng ka gore ba nne mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo go fitlha kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Fa ba setse ba itekanetse, ba tla bo ba sa tlhoke ditirelo tse di letlanyang tsa Moperesiti yo Mogolo le gone o tla bo a sa tlhole a ba sireleditse. Ka nako eo Jesu jaaka Moperesiti yo Mogolo, mo go bone o tla bo a swa, ka gonne o tla bo a sa tlhole a tlhoka go ba phepafatsa ka madi a setlhabelo sa gagwe. Ka nako eo ba tla tswa mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo.

17. Ke ka ntlha yang fa go tla bo go sa tlhokege gore ba ba tla tsosiwang mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete ba tsene mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo le go nna mo go one?

17 A batho ba ba tla tsosiwang ka nako ya Puso ya ga Jesu ya Dingwaga Tse di Sekete ba tshwanetse go tsena mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo ba bo ba nna mo go one go fitlha moperesiti yo mogolo a swa? Nnyaa, ka gonne ba dueletse boleo jwa bone ka gore ba swe. (Baroma 6:7; Bahebere 9:27) Lefa go ntse jalo, Moperesiti yo Mogolo o tla ba thusa gore ba fitlhe kwa boitekanelong. Fa ba feta teko ya bofelo ka katlego morago ga Mileniamo, gape Modimo o tla ba tsaya ba siame le go ba neela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Ke boammaaruri gore fa batho bape ba ba sa kgoneng go feta teko ya bofelo e le babolokabothokgami, ba sa dire dilo tse Modimo o di tlhokang o tla ba atlholela loso le go ba senya.

18. Ke eng se se tla nnelang ruri mo bathong se se malebana le bogosi le boperesiti jwa ga Jesu?

18 Kgabagare baperesiti ba bagolo ba Baiseraele ba ne ba swa. Mme Jesu o “beilwe moperesiti yo mogolo ka bosakhutleng, ka fa mokgweng wa ga Melekiseteke.” (Bahebere 6:19, 20, mokwalo o o sekameng ke wa rona; 7:3.) Ka jalo bofelo jwa tiro ya ga Jesu e le Moperesiti yo Mogolo yo o tsereganyang batho ga bo fedise botshelo jwa gagwe. Diphelelo tse di molemo tsa tirelo ya gagwe e le Kgosi le Moperesiti yo Mogolo di tla nna mo bathong ka bosakhutleng, mme batho ba tla mo leboga ka bosakhutleng go bo a dirile ditiro tseno. Mo godimo ga moo, Jesu o tla etelela pele kobamelo ya ga Jehofa e e itshekileng ka bosakhutleng.—Bafilipi 2:5-11.

Dithuto Tse di Botlhokwa mo go Rona

19. Ke eng se re ka se ithutang malebana le letlhoo le lorato mo thulaganyong ya metse ya botshabelo?

19 Re ka ithuta dilo tse di farologaneng mo thulaganyong ya metse ya botshabelo. Ka sekai, mmolai mongwe le mongwe yo o neng a ntse a tlhoile motho yo a mmolaileng ka letlhoo la go ka bolaya motho o ne a sa letlelelwe go nna mo motseng wa botshabelo. (Dipalo 35:20, 21) Ka jalo motho yo o mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo o ne a ka letlelela go tlhoa morwarraagwe gore go gole mo pelong ya gagwe jang? Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Yo o ilang mogagabo ke mmolai; mme lo itse fa go se mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.” Ka gone a re “rataneng; gonne lorato ke selo sa Modimo.”—1 Johane 3:15; 4:7.

20. Ke eng se batho ba ba mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo ba tshwanetseng go se dira gore ba sireletsege mo Mmusolosing wa madi?

20 Batho ba ba neng ba bolaya ba bangwe ka phoso ba ne ba tshwanetse go nna mo motseng wa botshabelo le gore ba se ka ba tsamaya go feta melelwane ya bohulo jwa yone gore ba sireletsege mo mmusolosing wa madi. Re ka reng ka batho ba ba leng mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo? Ga ba a tshwanela go tswa mo motseng e le gore ba itshireletse mo Mmusolosing yo mogolo wa madi. Eleruri, ba tlhoka gore ba itise mo dilong tse di ka ba gogelang gore ba ye kwa molelwaneng wa bohulo, jaaka go ka tualo. Ba tshwanetse ba ela tlhoko gore ba se ka ba letla gore go rata lefatshe leno la ga Satane go gole mo dipelong tsa bone. Seno se ka nna sa tlhoka gore ba rapele le go iteka, mme matshelo a bone a ikaegile ka gone.—1 Johane 2:15-17; 5:19.

21. Ke tiro efe e e nang le maduo e e dirwang ke batho ba ba mo motseng wa botshabelo wa gompieno?

21 Batho ba ba neng ba bolaya ba bangwe ka phoso kwa metseng ya botshabelo ya bogologolo ba ne ba tshwanetse go nna badiri ba ba nang le mosola. Ka mo go tshwanang, “bana ba Iseraele” ba ba tloditsweng ba tlhomile sekao se se molemo sa go nna barobi le baboledi ba Bogosi. (Mathaio 9:37, 38; Mareko 13:10) Fela jaaka “baeng ba ba jakileng” mo motseng wa botshabelo wa gompieno, Bakeresete ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba na le tshiamelo ya go dira tiro eno e e neelang botshelo ba na le batlodiwa ba ba santseng ba le mo lefatsheng. Mme a bo e le tiro e e nang le maduo jang ne! Batho ba ba dirang ka boikanyegi mo motseng wa botshabelo ba tla falola loso lwa bosakhutleng ka Mmusolosi wa madi. Go na le moo, ba tla nna le melemo e e tla nnelang ruri e e tswang mo tirelong ya gagwe e le Moperesiti yo Mogolo thata wa Modimo. A o tla nna mo motseng wa botshabelo o bo o tshelela ruri?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Tora ya Tebelo ya December 15, 1991, tsebe 12, dirapa 15, 16.

O ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa go bolelwa gore diketekete tsa dimilione tsa batho di na le molato wa madi?

◻ Ke ditiro dife tse Jesu Keresete a di direlang batho?

◻ Motse wa botshabelo o tshwantshetsa eng, mme motho o ka tsena mo go one jang?

◻ Batho ba tla ntshiwa leng mo motseng o o tshwantshediwang ke ole wa botshabelo?

◻ Ke dithuto dife tse di botlhokwa tse re ka di ithutang mo thulaganyong ya metse ya botshabelo?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

A o itse gore ke ditiro dife tse di botlhokwa tse di dirwang ke Jesu Keresete?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela