Kgomotso le Kgothatso—Dinonofo Tse di Botlhokwatlhokwa ka Ditsela Tse Dintsi
BA LE BANTSI ba rona re kile ra ikutlwa re humanegile fela thata ka dinako tse dingwe—e seng tota ka go bo re tlhoka madi mme re humanegile mo moyeng. Re ne re kgobegile marapo, re tshwenyegile thata mo maikutlong. Lefa go ntse jalo, gongwe ka nako eo re ne re na le sengwe se se botlhokwatlhokwa fela fa gaufi le rona se se neng se ka re thusa thata. “Nonofo” eo ke kgothatso.
Mo Baebeleng go dirisiwa lefoko le le tshwanang la Segerika go tlhalosa “go kgothatsa” le “kgomotso.” Mafoko oomabedi a akantsha go kgothatsa, go nonotsha motho kana go mo naya tsholofelo. Jalo, he, fa re ikutlwa re le bokoa e bile re tshwenyegile, re a bo re tlhoka go gomodiwa le go kgothadiwa. Re ka di bona kae?
Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa ke “Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakorinthe 1:3) Gape e re bolelela gore “[ga a] kgakala le mongwe le mongwe wa rona.” (Ditiro 17:27) Ka jalo re ka kgona go bona kgomotso le kgothatso. A re sekasekeng ditsela tse nnè tse Jehofa a re kgothatsang ka tsone.
Fa Motho A na Le Botsalano le Modimo
Selo se segolo se se ka lereng kgomotso ke fa motho a tsalane le Jehofa Modimo. Go itse fela gore o ka bona botsalano jo bo ntseng jalo go kgothatsa tota. E bile tota ke mmusi ofe wa lefatshe yo e tla reng re mo founela a re reetse kana a bontsha fa a amega ka se se re tshwenyang? Jehofa o maatla thata go feta banna ba ba ntseng jalo ka tsela e e senang selekanyo. Lefa go ntse jalo, o boikokobetso—a ikemiseditse tota le e leng go dirisana le batho ba ba kwa tlase ba ba sa itekanelang. (Pesalema 18:35) Jehofa ke ene yo o re ratileng pele. Johane wa Ntlha 4:10 e re: “Lorato lo mo, e seng gore re ratile Modimo, fa e se gore, o ratile rona, mme wa roma Morwa one go tla a nna seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.” Mo godimo ga moo, Jehofa o re gogela kwa go Morwawe ka lorato.—Johane 6:44.
A o ile wa amogela le go batla kgomotso ka go itsalanya le Modimo? (Bapisa Jakobe 2:23.) Ka sekai, fa o na le tsala e o e ratang, e lo atamalaneng thata, a ga go itumedise go senya nako le yone, o mmolelela ditlhobaelo le matshwenyego a gago, ditsholofelo le dilo tse o di ipelelang tsone? Jehofa o batla o dira ka tsela e e tshwanang le ene. Ga a go lekanyetse gore o tshwanetse go bua nako e kana kang le ene ka thapelo—e bile o reetsa tota. (Pesalema 65:2; 1 Bathesalonika 5:17) Jesu o ne a rapela ka metlha e bile a dira jalo ka tlhoafalo. E bile tota, pele a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12, o ne a rapela bosigo jotlhe.—Luke 6:12-16; Bahebere 5:7.
Mongwe le mongwe wa rona a ka kgona go nna a le esi le Jehofa gangwe le gape. Re ka kgona go bulela Jehofa dipelo tsa rona ka thapelo re dira jalo gongwe fa re dutse fela fa fensetereng kana fa re ntse re tsamayatsamaya fela kwa ntle. Go dira jalo go ka dira gore re ikutlwe re gololesegile e bile re gomotsegile fela thata. Fa re ntse re tlhatlhanya jalo mme re lebile nngwe ya dipopo tsa ga Jehofa—gongwe loapi, ditlhare kgotsa dinonyane—sengwe fela mo go tsone se ka re gopotsa gore Jehofa o a re rata e bile o amega ka rona.—Baroma 1:20.
Ka go Ithuta Lefoko la Modimo ka Namana
Le fa go ntse jalo, re kgona go bona dinonofo tsa ga Jehofa sentle fela fa re ithuta Baebele. Baebele ka metlha e senola Jehofa gore ke “Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri.” (Ekesodo 34:6; Nehemia 9:17; Pesalema 86:15) Go bo Jehofa a eletsa go gomotsa batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng ke karolo ya botho jwa gagwe.
Ka sekai, ela tlhoko mafoko ano a ga Jehofa mo go Isaia 66:13: “Fela jaaka mongwe yo mmaagwe o mo gomotsang, nna ke tlaa lo gomotsa jalo.” Jehofa o dirile gore lorato lo mmè a ratang bana ba gagwe ka lone e nne lwa go intsha setlhabelo le lo lo ikanyegang. Fa o kile wa bona mmè yo o lorato a gomotsa ngwana wa gagwe yo o utlwileng botlhoko, he, o a bo o itse gore Jehofa o rayang fa a re o tla gomotsa batho ba gagwe.
Go na le dipolelo di le dintsi mo Baebeleng tse di buang ka kgomotso e e ntseng jalo. Moperofeti Elija o ne a ikutlwa a feletswe ke bopelokgale e bile o ne a sia gore a boloke botshelo jwa gagwe fa Mohumagadi Jesebele yo o boikepo a ne a mo tshosetsa ka loso. O ne a tshwenyegile thata jaana mo a ileng a tsaya loeto lwa letsatsi lotlhe a ya kwa nageng, go lebega a sa itseela metsi kana sepe fela. Fa a le mo botlhokong joo, Elija o ne a bolelela Jehofa gore o batla go swa. (1 Dikgosi 19:1-4) Jehofa o ne a dira eng go gomotsa le go kgothatsa moperofeti wa gagwe?
Jehofa ga a ka a kgala Elija go bo a ne a ikutlwa a latlhilwe, a sena mosola e bile a boifa. Go na le moo, moperofeti o ne a utlwa “lentswe le lesesane, le le kokobetseng.” (1 Dikgosi 19:12) Fa o bala 1 Dikgosi kgaolo 19, o tla lemoga kafa Jehofa a ileng a gomotsa Elija ka teng, a mo ritibatsa le go aga tumelo ya gagwe. Kgomotso eno e ne e se ya go ipateletsa fela. E ne ya ama pelo e e tshwenyegileng ya ga Elija ya mo tlhotlheletsa gore a gatele pele. (Bapisa Isaia 40:1, 2.) Ka bonakonyana fela o ne a boetse gape mo tirong ya gagwe.
Jesu Keresete o gomotsa le go kgothatsa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ka tsela e e tshwanang. E bile tota, Isaia o ne a perofeta jaana kaga Mesia: “Morena Modimo . . . o nthomile gore ke fape ba ba pelo di phatlogileng, . . . go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.” (Isaia 61:1-3) Fa Jesu a ne a santse a tshela, o ne a phepafatsa gore seno se ne se raya ene. (Luke 4:17-21) Fa o tlhoka go gomodiwa, akanya ka tsela eo Jesu a neng a dirisana ka bonolo le ka lorato ka teng le batho ba ba neng ba utlwile botlhoko e bile ba tlhoka. Eleruri re ka gomotsega le go kgothala fa re ithuta Baebele ka kelotlhoko.
Ka Phuthego
Dinonofo tseno tse di botlhokwatlhokwa ka ditsela tse dintsi e leng kgomotso le kgothatso di bonwa ka ditsela tse di farologaneng mo phuthegong ya Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Ke gone, laanang, mme lo agelelane.” (1 Bathesalonika 5:11) Re ka gomodiwa le go kgothadiwa jang ke dipokano tsa phuthego?
Mme gone, lebaka le legolo la go bo re ya kwa dipokanong tsa Bokeresete ke gore re tle re ‘rutiwe ke Modimo,’ re rutiwa kaga gagwe le ka ditsela tsa gagwe. (Johane 6:45) Kaelo e e ntseng jalo e neelwa gore e re kgothatse le go re gomotsa. Re bala jaana mo go Ditiro 15:32: “Jutase le Silase, . . . ba laya bakaulengwe ka mafoko a le mantsi, ba ba nitamisa.”
A go kile ga direga gore o ye dipokanong tsa Bokeresete o tshwenyegile thata mo maikutlong mme ya re fa o boa o bo o ikutlwa botoka? Gongwe sengwe se o se utlwileng mo puong, mo kakgelong ya mongwe kana mo thapelong se ne sa ama pelo ya gago mme sa go naya kgothatso le kgomotso tse o neng o di tlhoka. Ka jalo, o se ka wa nna o sa ye dipokanong tsa Bokeresete.—Bahebere 10:24, 25.
Go kopanela le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo tirelong ya tshimo le mo makgetlhong mangwe go ka re thusa ka tsela e e tshwanang. Mo Sehebereng, madiri a le mmalwa a a kayang go “bofaganya” morago a ne a kaya “nonofo” kana “go nonotsha”—se se neng se raya gore dilo di ne di nonofa fa di ne di bofaganngwa. Molaomotheo ono o a dira le mo phuthegong. Fa re kopanela mmogo, re a gomodiwa, re a kgothadiwa, ee, re a nonotshiwa. E bile re bofaganngwa ke lorato, e leng sebofo se se nonofileng go feta tsotlhe.—Bakolosa 3:14.
Ka dinako tse dingwe re kgothadiwa ke boikanyegi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya. (1 Bathesalonika 3:7, 8) Ka dinako tse dingwe ke lorato lo ba re lo bontshang. (Filemone 7) Mme ka dinako tse dingwe ke go dira fela le bone, re bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo. Ke eng fa o sa rulaganye go bereka le mmoledi mongwe yo o godileng wa Bogosi kana yo o nang le maitemogelo a a fetang a gago fa e le gore o ikutlwa o le bokoa kana o tlhoka go kgothadiwa mo bodireding? Gongwe o tla gomotsega thata fa o dira jalo.—Moreri 4:9-12; Bafilipi 1:27.
Ka “Motlhanka yo o Boikanngo Le yo O Botlhale”
Ke mang yo o rulaganyang ditsela tse re gomodiwang ka tsone mo kobamelong ya rona? Jesu o ile a tlhoma setlhopha sengwe se a ileng a se bitsa “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” go aba “dijo ka dipaka tse e leng tsone.” (Mathaio 24:45) Setlhopha seno sa Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya se ne se setse se dira le mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Setlhopha se se laolang sa bagolwane kwa Jerusalema se ne sa romela makwalo kwa diphuthegong go di kaela le go di laya. Ka matswela afe? Direkoto tsa Baebele di bontsha gore diphuthego di ile tsa arabela jaana ka lekwalo lengwe: “Ya re ba sena go lo bala, ba itumelela kgomotso.”—Ditiro 15:23-31.
Ka tsela e e tshwanang, motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale o ntse o aba dijo tsa semoya tse di kgonang go gomotsa le go kgothatsa batho ba ga Jehofa thata mo dinakong tse di tlhokofatsang tseno tsa bofelo. A o ja dijo tseno? Re ka kgona go di bona motlhofo mo dikgatisong tse setlhopha sa motlhanka se di gatisetsang lefatshe lotlhe. Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mmogo le dibuka, diboroutšhara le dipampitshana tse di gatisiwang ke Mokgatlho wa Watch Tower di ile tsa gomotsa babadi ba le bantsi thata.
Molebedi mongwe yo o etang o ne a kwala jaana: “Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba batla go dira se se siameng, mme gantsi ba lwa le matshwenyego, dipoifo, le go ikutlwa ba sa kgone go itirela sepe. Ditlhogo tse di mo dimakasineng tsa rona di thusa ba le bantsi go laola matshelo le maikutlo a bone. Ditlhogo tseno gape di naya bagolwane sengwe se ba ka se dirisang se se fetang go kgothatsa fela.”
Dirisa dikgatiso tse setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo se di re nayang ka botlalo. Dimakasine, dibuka le dikgatiso tse dingwe tse di tshwanelang di ka re thusa go gomotsega fa botshelo bo le thata. Dirisa tshedimosetso eno ya Dikwalo e e mo dimakasineng tseno fa o tlhoka go kgothatsa mongwe yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong. Ditlhogo tseno di kwalwa ka kelotlhoko, gantsi go sena go batlisisiwa, go ithutiwa le go rapelelwa ka dibeke kana ka dikgwedi di le dintsi. Kgakololo e e mo go tsone ke e e tswang mo Baebeleng, e e lekilweng le e e boammaaruri. Bangwe ba ile ba go fitlhela go thusa go bala setlhogo se le sengwe kana di le pedi tse di tshwanelang le motho yo o hutsafetseng. Seno se ka felela ka gore motho a gomotsege le go kgothala fela thata.
Fa o ne o ka nna le dinonofo tseno tse di tlhokegang, a o ne o tla di fitlha kana o ne o tla abalana letlotlo la tsone le batho ba bangwe ka bopeloephepa? Itirele mokgele wa go nna motswedi wa kgomotso le wa kgothatso mo bakaulengweng le mo bokgaitsading ba gago mo phuthegong. Fa o agelela ba bangwe go na le go ba utlwisa botlhoko, o ba akgola go na le go ba tshwaya phoso, o bua ka “loleme lwa ba ba rutegileng,” go na le “ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela,” o ka direla ba bangwe molemo o mogolo. (Isaia 50:4; Diane 12:18) Gongwe ba ka go leba jaaka mongwe yo o botlhokwa—motswedi wa kgomotso le kgothatso tsa boammaaruri!
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]
Go Gomotsa ba ba Tlhokang go Gomodiwa
BATHO ba le bantsi ba ile ba akgela ka moo ditlhogo dingwe tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di ileng tsa nonotsha botsalano jwa bone le Jehofa. Mongwe o ile a re: “Fa ke sena go bala setlhogo seno, ke ile ka ikutlwa gore Jehofa yo o maatla e bile a le mogolo o ne a na le nna. Ke ne ke utlwa gore ene ke motho wa mmatota.” Lekwalo le lengwe le ne la re: “Dipelo le ditlhaloganyo tsa rona di ile tsa fetolwa thata ke tsela e re lebang Jehofa ka yone mo re ikutlwang gore re batho ba bangwe. E kete mongwe o ile a phimola digalase tsa rona tsa matlho mme re kgona go bona sengwe le sengwe sentle jaanong.”
Ba bangwe ba kwala go bontsha ka fa dimakasine tseno di ba thusang go rarabolola mathata kana dikgwetlho dingwe, ka go dira jalo di ba tlhomamisetsa gore Jehofa o amega ka bone. Mmadi mongwe o ne a kwala jaana: “Ke lo leboga thata go bo lo ile lwa re bontsha gape ka moo Jehofa a tlamelang le ka moo a ratang batho ba gagwe ka teng.” Mosadi mongwe wa kwa Japane yo o neng a swelwa ke ngwana o ne a kwala jaana a bua ka ditlhogo dingwe tsa Tsogang! tse di buang ka seno: “Tsela e Modimo o leng kutlwelobotlhoko ka teng e ne e kwadilwe mo ditsebeng tseno, mme ke ne ka lela, ka lela mme ka lela gape. Ke beile dimakasine tseno mo lefelong le nka di balang ka bonako fela fa ke ikutlwa ke tshwenyegile e bile ke jewa ke bodutu.” Mosadi yo mongwe yo o swetsweng ke mongwe o ne a kwala jaana: “Ditlhogo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! le tsa boroutšhara jwa “Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala” di ile tsa nnaya nonofo e ke neng ke e tlhoka go itshoka fa ke ne ke hutsafetse.”
Dikwalo tse di Boitshepo ke motswedi o mogolo wa kgomotso. (Baroma 15:4) Makasine wa Tora ya Tebelo le tsala ya yone eleng Tsogang! di dirisa Baebele jaaka motswedi wa tsone. Ka ntlha ya seno, dimakasine tseno di ile tsa gomotsa le go kgothatsa babadi ba tsone.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Modimo wa kgomotso yotlhe gape ke Moutlwi wa dithapelo