LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 2/1 ts. 21-26
  • Ikanye Jehofa le Lefoko la Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ikanye Jehofa le Lefoko la Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tila go Ikanya Botlhale Jwa Lefatshe
  • Lwantsha Mokgwa wa go Rata go Belaela
  • Go Latela Kaelo ya ga Jehofa mo Lenyalong
  • Basha—Reetsang Lefoko la Modimo
  • Basha—Ke Eng Se Lo Se Latelelang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A o Dirile Boammaaruri go Nna Jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Se Letle Dipelaelo di Senya Tumelo ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Motswedi wa Maemo A A Kwa Godimo wa Botlhale
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 2/1 ts. 21-26

Ikanye Jehofa le Lefoko la Gagwe

“Ba ba itseng leina la gago ba tlaa ikanya mo go wena.”—PESALEMA 9:10.

1. Ke ka ntlha yang fa re santse re ka ikanya Jehofa le Lefoko la gagwe mo motlheng wa rona wa segompieno?

MO LEFATSHENG leno la segompieno, taletso ya gore re ikanye Modimo le Lefoko la gagwe, Baebele, e ka lebega e sena mosola e bile e sa utlwale. Lefa go ntse jalo, botlhale jwa Modimo bo ile jwa itshupa bo le mosola mo nakong e telele. Mmopi wa monna le mosadi ke Mosimolodi wa lenyalo le lelapa, e bile o itse dilo tse re di tlhokang go feta batho ba bangwe botlhe. Fela jaaka dilo tsa motheo tse batho ba di tlhokang di sa fetoga, ditsela tsa motheo tsa go di fitlhelela le tsone ga di a fetoga. Kgakololo e e mosola ya Baebele, lefa e kwadilwe makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, e santse e neela kaelo e e molemo go gaisa tse dingwe tsotlhe ya gore batho ba atlege mo botshelong le mo go rarabololeng mathata. Go e utlwa go felela ka boitumelo jo bogolo—tota le mo lefatsheng le le raraaneng la saense, le re tshelang mo go lone!

2. (a) Go utlwa ditaolo tsa Modimo go ungwisitse maungo afe a a molemo mo matshelong a batho ba ga Jehofa? (b) Jehofa o solofetsa eng gape malebana le batho ba ba mo utlwang le go utlwa Lefoko la gagwe?

2 Go ikanya Jehofa le go diragatsa melaometheo ya Baebele go nna le melemo e e mosola letsatsi le letsatsi. Bosupi jwa seno bo bonala mo tseleng e dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa di tshelang ka yone mo lefatsheng lotlhe tse di ileng tsa ititaya sehuba tsa bo tsa nna le bopelokgale jwa go diragatsa kgakololo ya Baebele. Mo go bone, go ikanya Mmopi le Lefoko la gagwe go itshupile go tshwanela. (Pesalema 9:9, 10) Go utlwa ditaelo tsa Modimo go ba dirile batho ba ba botoka malebana le bophepa, boikanyegi, go dira ka natla, go tlotla botshelo le dithoto tsa batho ba bangwe le go lekanyetsa dijo le dino. Go dirile gore mo lelapeng go nne le lorato le thapiso e e tshwanetseng—go tshola baeng, go nna pelotelele, go nna kutlwelobotlhoko le go itshwarela—mmogo le dilo tse dingwe tse dintsintsi. Gantsi ba ile ba kgona go tila maungo a a bosula a kgalefo, kilo, go bolaya, lefufa, poifo, botshwakga, boikgantsho, go aka, go senya ba bangwe, go nna matlhomatlho le boitsholo jo bo sa siamang. (Pesalema 32:10) Mme Modimo ga a solofetse fela gore ba ba tshegetsang melao ya gagwe ba tla solegelwa molemo. Jesu o ne a re ba ba latelang tsela ya Bokeresete ba ne ba tla amogela “ga lekgolo, le jaana mo lobakeng lono, . . . [bommaabone] le bana, le masimo, di na le dipogiso; mme mo lefatsheng le le tlang [ba] tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng.”—Mareko 10:29, 30.

Tila go Ikanya Botlhale Jwa Lefatshe

3. Fa Bakeresete ba tswelela pele ba ikanya Jehofa le Lefoko la gagwe, ka dinako tse dingwe ba kopana le mathata afe?

3 Bothata jwa batho ba ba sa itekanelang ke gore ba rata go nyatsa kana go lebala se Modimo o se batlang. Go motlhofo gore ba simolole go akanya gore ba itse botoka kana gore botlhale jwa batlhalefi ba lefatshe leno bo feta jwa Modimo, gore ke jone jo bo mo nakong. Batlhanka ba Modimo le bone ba ka simolola go nna le boikutlo jono, ba tshela jaaka bone mo lefatsheng leno. Ka jalo, fa Rraarona wa selegodimo a re laletsa ka tsela e e lorato gore re reetse kgakololo ya gagwe, o akaretsa le ditlhagiso tse di tshwanetseng: “Morwaaka, o se ka wa lebala molao wa me; mme a pelo ya gago e tshegetse ditaolo tsa me, gonne di tlaa go okeletsa boleele jwa malatsi, le dinyaga tsa botshelo, le kagiso. O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago. O se ka wa nna botlhale mo matlhong a gago; boifa Jehofa, o bo o kgaogane le bosula.”—Diane 3:1, 2, 5-7.

4. “Botlhale jwa lefatshe leno” bo anama go le kana kang, mme ke ka ntlha yang fa e le “dinyana mo Modimong”?

4 Botlhale jwa lefatshe leno bo bontsi e bile bo ka bonwa mo mafelong a mantsi. Go na le dikolo tse dintsi, e bile “ga go na bokhutlo jwa go dira dikwalo di le dintsi.” (Moreri 12:12) Jaanong se go tweng ke boranyane jwa dikhomputara jo bo nang le tshedimosetso e ntsi bo solofetsa gore bo ka neela tshedimosetso e e ka se lekanngweng le sepe mo e ka nnang mo kgannyeng nngwe le nngwe fela. Mme lefa go ntse jalo go nna le kitso eno yotlhe ga go dire lefatshe gore le nne botlhale thata kana le rarabolole mathata a lone. Go na le moo, seemo sa lefatshe se nna maswe go ya pele letsatsi le letsatsi. Go a utlwala go bo Baebele e re bolelela gore “botlhale jwa lefatshe leno ke dinyana mo Modimong.”—1 Bakorinthe 3:19, 20.

5. Baebele e re neela ditlhagiso dife malebana le “botlhale jwa lefatshe leno”?

5 Mo karolong eno ya bofelo ya metlha ya bofelo, ga go gakgamatse gore motsietsi yo mogolo, Satane Diabolo, o ka simolola maaka a mantsi a leka go dira gore re se ka ra tlhola re ikanya boammaaruri jwa Baebele. Batshwayadiphoso ba maemo a a kwa godimo ba dirile mokoa fela wa dibuka tse ba kwadileng dilo tse ba di ikakanyetsang fela mo go tsone ba ganetsa gore Baebele e boammaaruri le gore e ka ikanngwa. Paulo o ne a tlhagisa Mokeresetekaene jaana: “Timotheo, a ko o dibele sone se o se neetsweng, o ntse o tlhokomologile dipalabalo tsa boithamako, le dikganetsanyo tsa e e bidiwang kitso, mme e se yone; tse bangwe ba e rileng ka ba di dumetse ba fositse ka ga tumelo.” (1 Timotheo 6:20, 21) Baebele gape e tlhagisa jaana: “Lo itise e se be kgotsa go bo go le mongwe yo o lo thopang ka botlhajana, jo e leng jwa gagwe le ka tsietso e e ithamakang, ka fa melawaneng ya batho, le ka fa ditlhakeng tsa kitso ya lefatshe, e seng ka fa mokgweng wa ga Keresete.”—Bakolosa 2:8.

Lwantsha Mokgwa wa go Rata go Belaela

6. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go nna re butse matlho go thibela gore re nne le dipelaelo mo dipelong tsa rona?

6 Mokgwa o mongwe wa boferefere o Diabolo a o dirisang ke wa go tsenya dipelaelo mo mogopolong. O nna a ntse a butse matlho gore a bone bokoa bongwe mo tumelong ya rona a bo a bo dirisa. Bape ba ba nang le dipelaelo ba tshwanetse ba gakologelwa gore motho yo o tlhotlheletsang dipelaelo tse di ntseng jalo ke ene yo o reileng Efa a re: “Kana, a ruri Modimo o rile: ‘Lo se ka lwaa ja ditlhare tsa tshimo’?” Fa Moraedi a sena go tsenya pelaelo mo mogopolong wa gagwe, kgato e e latelang e ne ya nna go mmolelela maaka, ao a neng a a dumela. (Genesise 3:1, 4, 5) Gore re tile go senyegelwa ke tumelo ya rona jaaka Efa, re tlhoka go bula matlho. Fa o simolotse go nna le pelaelonyana e e e sa tsweng mo pelong ya gago kaga Jehofa, Lefoko la gagwe, kana ka mokgatlho wa gagwe, tsaya dikgato ka bonako gore o e fedise pele e kekela e nna sengwe se se ka senyang tumelo ya gago.—Bapisa 1 Bakorinthe 10:12.

7. Ke eng se se ka dirwang go fedisa dipelaelo?

7 Go ka dirwa eng? Le fano gape, karabo ke gore re ikanye Jehofa le Lefoko la gagwe. “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a lope Modimo o o nayang botlhe ka bogolo, mme o sa kgobe; mme o tlaa bo newa. A a lope ka tumelo, a sa belaele sepe; gonne yo o belaelang o tshwana le makhubu a lewatle a a kgweediwang, a phailakwa ke phefo.” (Jakobe 1:5, 6; 2 Petere 3:17, 18) Ka jalo go rapela Jehofa ka tlhoafalo ke kgato ya ntlha. (Pesalema 62:8) Go tswa foo, o se ka wa okaoka go kopa thuso mo balebeding ba ba lorato mo phuthegong. (Ditiro 20:28; Jakobe 5:14, 15; Juta 22) Ba tla go thusa go bona gore dipelaelo tsa gago di tswa kae, tse di ka tswang di bakwa ke boikgodiso kana kakanyo nngwe e e phoso.

8. Go akanya ga botenegi gantsi go simologa jang, mme go ka fedisiwa jang?

8 A go bala kana go reetsa megopolo ya botenegi kana filosofi ya lefatshe go ka tswa go go dirile gore o nne le dipelaelo tse di kotsi? Baebele e re gakolola jaana ka botlhale: “O tlhoafalele go itshupa o le molebosegi mo Modimong, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, o bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo. O tshabe tse e leng dipalabalo tse di bosula; gonne ba ba di tlwaelang ba tlaa tswelela kwa pele mo boikepong. Lefoko la bone le tlaa ja jaaka ntho e e kekelang.” (2 Timotheo 2:15-17) Go a kgatlha go lemoga gore batho ba le bantsi ba ba welang mo boteneging ba simolotse go tsena mo tseleng e e phoso ka gore la ntlha ba ngongoregele tsela e ba ikutlwang ba tshwarwa ka yone mo mokgatlhong wa ga Jehofa. (Juta 16) Go bona diphoso mo dilong tse di dumelwang go ne ga tla morago. Fela jaaka ngaka e e arang e dira ka bofefo gore e tlose ntho e e kekelang, dira ka bonako gore o tlose tlwaelo epe ya go rata go ngongorega mo pelong ya gago, go se kgotsofalele tsela e dilo di dirwang ka yone mo phuthegong ya Bokeresete. (Bakolosa 3:13, 14) Tlosa sengwe le sengwe fela se se bakang dipelaelo tse di ntseng jalo.—Mareko 9:43.

9. Go nna le thulaganyo e e siameng ya dilo tsa puso ya Modimo go tla re thusa jang gore re itekanele mo tumelong?

9 Nna gaufi thata le Jehofa le mokgatlho wa gagwe. Etsa Petere ka boikanyegi, yo o neng a bolela jaana ka bopelokgale: “Morena, ana re ka ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 6:52, 60, 66-68) Nna le thulaganyo e e siameng ya go ithuta Lefoko la ga Jehofa gore tumelo ya gago e nne e nonofile, jaaka thebe e kgolo, o kgone go “tima metswi yotlhe e e molelo ya yo o bosula.” (Baefeso 6:16) Nna o tlhagafetse mo bodireding jwa Bokeresete, o fe ba bangwe molaetsa wa Bogosi ka lorato. Letsatsi le letsatsi, tlhatlhanya ka go anaanela kafa Jehofa a go segofaditseng ka teng. Lebogela gore o na le kitso kaga boammaaruri. Go dira dilo tseno tsotlhe ka thulaganyo e e siameng ya Bokeresete go tla go thusa gore o itumele, o itshoke, le gone o nne o sena dipelaelo.—Pesalema 40:4; Bafilipi 3:15, 16; Bahebere 6:10-12.

Go Latela Kaelo ya ga Jehofa mo Lenyalong

10. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata go senka kaelo ka lenyalo la Bokeresete kwa go Jehofa?

10 Fa Jehofa a ne a rulaganya gore monna le mosadi ba nne mmogo e le banyalani, o ne a sa direle gore ba tlatse lefatshe sentle fela mme gape o ne a batla go ba okeletsa boitumelo. Lefa go ntse jalo, boleo le go sa itekanelang di tlisitse mathata a a masisi mo tseleng e go dirisanwang ka yone mo lenyalong. Bakeresete le bone ba na le mathata ano ka gonne le bone ga ba a itekanela le gone ba utlwa dikgatelelo tsa botshelo jwa segompieno. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba ka atlega sentle mo lenyalong le mo go godiseng bana ba bone, go ikaegile ka gore ba ikanya Jehofa le Lefoko la gagwe go le kana kang. Mo lenyalong la Bokeresete ga go dirwe mekgwa le maitshwaro a kwa lefatsheng. Lefoko la Modimo le re gakolola jaana: “A nyalo e tlotlwe mo go botlhe, a bolao bo se leswefadiwe; gonne Modimo o tlaa sekisa bagokafadi le ba boaka.”—Bahebere 13:4.

11. Fa go rarabololwa mathata a lenyalo, banyalani ka bobedi ba tshwanetse go lemoga eng?

11 Lenyalo le le diragadiwang go ya ka kgakololo ya Baebele le na le lorato, go ineela, le go sireletsega. Monna mmogo le mosadi ba tlhaloganya molaomotheo wa botlhogo e bile ba a o tlotla. Fa go tsoga mathata, gantsi e a bo e le ka ntlha ya go tlhokomologa go dirisa kgakololo ya Baebele ka tsela nngwe. Fa go rarabololwa bothata jo bo intshitseng seemera, go botlhokwa gore ka bobedi ba tlhatlhobe ka boikanyegi gore tota bothata ke eng mme ba lwantshe se se bakang bothata e seng ditlamorago tsa sone. Fa e le gore bosheng jaana fa banyalani ba buisana ga ba a kgona go dumalana sentle kana ga ba a kgona go dumalana gotlhelele, banyalani ba ka kopa molebedi mongwe yo o lorato gore a ba thuse a sa tseye letlhakore la ga ope.

12. (a) Baebele e neela kgakololo ka mathata afe a a tlwaelegileng mo lenyalong? (b) Ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore banyalani ka bobedi ba dire dilo kafa Jehofa a batlang ka teng?

12 A bothata bo malebana le puisano, go tlotla maikutlo a yo mongwe, go tlotla botlhogo, kana kafa ditshwetso di dirwang ka teng? A go amana le go godisa bana, kana go nna tekatekano malebana le tsa tlhakanelodikobo? A kana ke tiriso ya madi mo lelapeng, boitapoloso, ditsala, gore a ke mosadi a bereke, kana gore lo tla nna kae? Go sa kgathalesege gore bothata ke eng, Baebele e re neela kgakololo e e mosola e ka tswa e le ka tlhamalalo e dirisa melao kana e se ka tlhamalalo e dirisa melaometheo. (Mathaio 19:4, 5, 9; 1 Bakorinthe 7:1-40; Baefeso 5:21-23, 28-33; 6:1-4; Bakolosa 3:18-21; Tito 2:4, 5; 1 Petere 3:1-7) Fa banyalani ka bobedi ba tila go tatalalela go direlwa melemo mengwe ka bopelotshetlha mme ba letla gore lorato lo dire ka botlalo mo lenyalong la bone, go nna le boitumelo jo bogolwanyane. Bobedi jo bo nyalaneng bo tshwanetse jwa eletsa thata go dira diphetogo tse di tlhokegang, go dira dilo ka tsela ya ga Jehofa. “Yo o elang lefoko tlhoko o tlaa bona molemo, mme le fa e le mang yo o ikanyang Jehofa, o a ba a le sego.”—Diane 16:20.

Basha—Reetsang Lefoko la Modimo

13. Ke ka ntlha yang fa go se motlhofo gore basha ba Bakeresete ba gole ba na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa le mo Lefokong la gagwe?

13 Ga go motlhofo ka basha ba Bakeresete gore ba gole ba nonofile mo tumelong ba ntse ba dikologilwe ke lefatshe le le boikepo. Lebaka lengwe ke gore “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula,” Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Basha ba tlhaselwa ke mmaba yono yo o bogale yo o ka dirang gore dilo tse di bosula di lebege di le molemo. Boikutlo jwa go kgatlhegela dilo tse e leng tsa gago fela, go eletsa dilo ka bopelotshetlha, go eletsa dilo tsa boitsholo jo bo sa siamang le tse di setlhogo le go batla menate mo go feteletseng—tseno tsotlhe di bopa mokgwa o le mongwe fela o o tlwaelegileng wa go akanya o o tlhalosiwang mo Baebeleng jaaka “mowa o gompieno o dirang mo baneng ba ba kgopo.” (Baefeso 2:1-3) Satane ka boferefere o rotloeditse “mowa” ono mo dibukeng tse di ithutiwang kwa sekolong, mo mminong o montsi o o leng teng, mo metshamekong, le mo mefuteng e mengwe ya boitlosobodutu. Batsadi ba tlhoka go nna ba butse matlho gore ba fekeetse ditlhotlheletso tseo ka go thusa bana ba bone gore ba gole ba ikanya Jehofa le Lefoko la gagwe.

14. Basha ba ka ‘tshaba dithato tsa bokau’ jang?

14 Paulo o ne a gakolola modirikaene yo mmotlana e bong Timotheo jaaka rre a re: “O tshabe dithato tsa bokau, o latele tshiamo, le tumelo, le lorato, le kagiso, o na le ba ba bitsang Morena ka pelo e e itshekileng.” (2 Timotheo 2:22) Le fa “dithato tsa bokau” di se maswe tsotlhe ka botsone, basha ba tshwanetse gore ba di “tshabe” ka tsela ya gore ba se ka ba letla dilo tseno gore e nne tsone fela tse ba di dirang, go bo go sala nako e nnye fela, kana e sa sale gotlhelele, ya gore ba ka dira dilo tsa bomodimo. Go itiisa mmele, metshameko, mmino, boitlosobodutu, dilo tse o ratang go di dira, le mesepele, lefa gone di se phoso ka botsone, di ka tswa seru fa e nna tsone dilo tsa konokono mo botshelong. Tshaba gotlhelele go nna o tlotla dilo tse di senang mosola, go emaema, go kgatlhegela tlhakanelodikobo mo go sa tshwanelang, go nna fela go sena se o se dirang o bo o lapisega, le go ngongoregela gore batsadi ba gago ga ba go tlhaloganye.

15. Ke dilo dife tse di ka diragalang gone mo gae tse di ka dirang gore basha ba tshele botshelo jwa boitimokanyi?

15 Tota le gone mo gae fela, basha ba ka nna mo kotsing. Fa ba lebelela metshameko ya thelebishene le ya dibidio e e nang le boitsholo jo bo sa siamang kana thubakanyo, ba ka simolola go eletsa go dira dilo tse di bosula. (Jakobe 1:14, 15) Baebele e gakolola jaana: “Lona ba lo ratang Jehofa, a ko lo ileng bosula.” (Pesalema 97:10; 115:11) Jehofa o a itse fa mongwe a leka go tshela botshelo jwa boitimokanyi. (Diane 15:3) Basha ba Bakeresete, tlhatlhobang diphaposi tsa lona. A mo leboteng o matarisitse ditshwantsho tsa bagaka ba metshameko kana ba mmino ba ba nang le maitsholo a a sa siamang, kana o matarisitse dilo tse di siameng tse di gakololang sentle? (Pesalema 101:3) Mo o bayang diaparo teng, a o na le diaparo tse di lebegang sentle, kana dingwe tsa diaparo tsa gago ke tsa mekgwa e e feteletseng ya go apara ya lefatshe leno? Diabolo a ka go raela ka ditsela tse di bofitlha fa o ineela mo thaelong ya gore o lekeletse se se bosula. Baebele e tlhagisa jaana ka botlhale: “Lo nne lo ikgape, lo nne tiso: mmaba wa lona, diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang.”—1 Petere 5:8.

16. Kgakololo ya Baebele e ka thusa mosha jang gore a dire gore mongwe le mongwe yo o amegang a mo itumelele?

16 Baebele e go bolelela gore o ele tlhoko batho ba o tsalanang le bone. (1 Bakorinthe 15:33) Ditsala tsa gago e tshwanetse ya nna batho ba ba boifang Jehofa. O se ka wa ineela mo kgatelelong ya balekane ba gago. (Pesalema 56:11; Diane 29:25) Utlwa batsadi ba gago ba ba boifang Modimo. (Diane 6:20-22; Baefeso 6:1-3) Batla kaelo le kgothatso mo bagolwaneng. (Isaia 32:1, 2) Nna o tlhomile mogopolo le matlho a gago mo dilong tsa semoya le mo mekgeleng ya semoya. Senka kafa o ka dirang ka gone gore o gole semoyeng le gore o nne le seabe mo ditirong tsa phuthego. Ithute go dira ka diatla. Gola o nonofile e bile o itekanetse mo tumelong, ke gone o tla supang gore ruri o motho mongwe—mongwe yo o tshwanelwang ke go tshela mo lefatsheng la ga Jehofa le lesha! O tla ipedisa Rraarona wa selegodimo, o tla itumedisa batsadi ba gago ba mo lefatsheng, e bile o tla kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba Bakeresete. Ke sone sa botlhokwa!—Diane 4:1, 2, 7, 8.

17. Batho ba ba ikanyang Jehofa le Lefoko la gagwe ba bona melemo efe?

17 Mopesalema o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale jaana ka mafoko a poko: “Ga go na sepe se se molemo se [Jehofa] o tlaa ganang ka sone mo go ba ba tsamayang ka thokgamo. Jehofa wa masomosomo, go sego motho yo o ikantseng mo go wena.” (Pesalema 84:11, 12) Ee, botlhe ba ba ikanyang Jehofa le Lefoko la gagwe, Baebele, ba tla itumela e bile ba tla atlega, e seng go swaba le go palelwa.—2 Timotheo 3:14, 16, 17.

O Ne o Tla Araba Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba sa tshwanela go ikanya “botlhale jwa lefatshe leno”?

◻ Go tshwanetse ga dirwa eng fa motho a na le dipelaelo?

◻ Go dira dilo kafa Jehofa a batlang ka teng go tlisa katlego le boitumelo jang mo lenyalong?

◻ Baebele e thusa basha jang gore ba “tshabe dithato tsa bokau”?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bakeresete ba leba kwa go Jehofa le Lefoko la gagwe ba ntse ba gana “botlhale jwa lefatshe leno” jaaka boeleele

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Malapa a a ikanyang Jehofa le Lefoko la gagwe a atlega tota e bile a a itumela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela