Thubakanyo e Tla Felela Ruri Jang?
GO THIBELA go oketsega ga thubakanyo, ditoropokgolo dingwe kwa United States di ne tsa lekeletsa mogopolo mongwe o mosha—gore batho ba tlise ditlhobolo ba bo ba fiwa madi kana dithoto, ba sa bodiwe dipotso dipe. Ga felela jang? Ka sekai, toropokgolo ya St. Louis e ne ya kgobokanya ditlhobolo tse 8 500 mme ya duela $341 000 (R1 238 000). Thulaganyo e e tshwanang le eo kwa New York City e ne ya kgobokanya dibetsa di feta sekete.
Seno sotlhe se ne sa lere diphelelo dife malebana le bokebekwa? Ka maswabi, tse dinnye fela. Kwa St. Louis mo ngwageng o o latelang dipolao tse di dirilweng ka ditlhobolo di ne tsa nna dintsi go feta ka nako epe fela. Kwa New York City, go santse go na le ditlhobolo tse go akanyediwang gore di dimilione tse pedi e le tsa batho fela. Kwa United States, go na le ditlhobolo di ka nna dimilione tse 200 tse e leng tsa batho fela, mo e keteng monna, mosadi le ngwana mongwe le mongwe o na le yone. Kwa dinageng tse dingwe, thubakanyo e go dirisiwang ditlhobolo mo go yone e oketsega ka selekanyo se se tshosang. Kwa Boritane “fa gare ga 1983 le 1993, palo ya melato e e kwadilweng ke mapodise e mo go yone go neng go dirisiwa ditlhobolo e batlile e oketsega go menagane gabedi, ya nna 14 000,” go rialo makasine wa The Economist. Lefa palo ya dipolao kwa nageng eo e le kwa tlase fa e bapisiwa le dinaga tse dingwe, go na le dibetsa di ka nna milione tse batho ba nang le tsone e se kafa molaong.
Kwantle ga pelaelo, go fokodiwa ga dipalo tseno tse di boitshegang ka tsela epe fela ke kgato ya botlhokwa. Lefa go ntse jalo, mekgwa e e tshwanang le e e tlhalositsweng fa godimo ruri ga e kgone go fedisa dilo tse tota di bakang thubakanyo. Ke dife tsone tseo? Go umakilwe dilo tse dintsi tse di e bakang, mme ke di sekae fela tsa tsone tse di botlhokwa. Lelapa le le sa ritibalang le go sa rutiwe ka boitsholo go dirile gore basha ba le bantsi ba nne maloko a digopa gore ba ikutlwe ba na le gongwe kwa ba amogelwang teng. Dipoelo tse dikgolo tse di gogelang di dirile gore batho ba le bantsi ba bone thubakanyo e le yone tsela e ba ka e dirisang go di bona. Go sa direlwe tshiamo go dira gore ba bangwe ba rarabolole dikgang ka thubakanyo. Go ikgantsha ka naga, lotso, kana boemo jwa botshelo go dirile gore batho ba tlhokomologe ba bangwe fa ba boga. Ano ke mabaka a a tseneletseng a a senang tharabololo e e motlhofo.
Go ka Dirwa Eng?
Go oketsa mapodise, go gagamatsa dikatlholelo tsa kwa kgolegelong, go laolwa ga ditlhobolo tse di tswang, go atlholelwa loso—tseno tsotlhe di ile tsa akantshiwa mme tsa lekelediwa e le go leka go fokotsa bokebekwa le thubakanyo. Di ile tsa atlega ka ditsela tse di sa tshwaneng, mme se se utlwisang botlhoko ke gore thubakanyo e santse e re ama fela thata. Ka ntlha yang? Ka gonne mekgwa eno e alafa ditshupo tsa bothata fela.
Kafa letlhakoreng le lengwe, baitse ba le bantsi ba akanya gore sengwe se se ka fedisang thubakanyo ke thuto. Lefa mogopolo ono o utlwala, re tshwanetse go lemoga gore thubakanyo ga e mo ditšhabeng tse di senang thuto e e lekaneng fela. E bile tota, go bonala gore dingwe tsa ditšhaba tse di nang le thubakanyo go feta tse dingwe gape ke tsone tse di nang le thuto e e kwa godimo go feta tse dingwe. Ga go thata go bona gore se se tlhokegang ga se thuto fela mme ke mofuta o o tshwanetseng wa thuto. E ka nna mofuta ofe oo? A go na le mongwe yo o kgonang go ruta batho gore ba nne batho ba ba ratang kagiso le ba ba siameng?
“Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo ke go rutang go itsholegela molemo, yo ke go gogang mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone. A bo o ka bo o reeditse ditaolo tsa me, kagiso ya gago e ka bo ne ne fano e ntse jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka dinteelo tsa lewatle.” (Isaia 48:17, 18, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jehofa Modimo o ruta batho jang gore ba rate kagiso le gore ba nne batho ba ba siameng? O dirisa Lefoko la gagwe Baebele segolobogolo.
Maatla a Lefoko la Modimo
Ruri Baebele ga se motlobo fela wa ditlhamane le dipolelo tsa bogologolo tse di feletsweng ke nako e bile di sa tshwanele seemo. E na le melaometheo le megopolo ya Mmopi wa batho, yo ka kitso ya gagwe e e kwa godimo ga tsotlhe, a itseng botho jwa motho go gaisa motho ope o sele. “Jaaka magodimo a le kwa godimo bogolo go lefatshe, jalo mekgwa ya me e kwa godimo bogolo go mekgwa ya lona, le megopolo ya me bogolo go megopolo ya lona,” go bua Jehofa Modimo.—Isaia 55:9.
Ka ntlha ya seo moaposetoloi Paulo o supela gore “lefoko la Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go feta ditšhaka tsotlhe tse di magale mabedi, mme le tlhabe le ye go kgaoganya pelo le mowa, ditokololo le moko, le bofefo go lemoga megopolo le maikaelelo a pelo.” (Bahebere 4:12) Ee, Lefoko la Modimo le na le maatla a go fitlhelela pelo ya motho le go fetola tsela e a akanyang le go itshwara ka yone. A seno ga se sone se se tlhokegang go fetola mekgwa ya batho ya thubakanyo gompieno?
Basupi ba ga Jehofa, ba jaanong palo ya bone e ka nnang dimilione tse tlhano mo dinageng tse di fetang 230, ba supa ka tsela ya mmatota gore Lefoko la Modimo ruri le na le maatla a go fetola matshelo gore e nne a a siameng. Mo go bone go na le batho ba ditšhaba tsotlhe, dipuo, le ditso. Gape ke ba maemo a a farologaneng a botshelo, e bile ba tswa mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa batho. Bangwe ba bone ba kile ba bo ba tshela matshelo a a tletseng thubakanyo le matshwenyego. Mme lefa go ntse jalo mo boemong jwa gore ba letle dilo tseo gore di dire gore ba tlhoane, ba gaisane, ba tlhaolane ba bo ba ilane, ba ithutile go fenya dikgoreletsi tseno mme e setse e le setlhopha sa batho se se ratang kagiso e bile se utlwana mo lefatsheng lotlhe. Seno se ile sa kgonega jang?
Letsholo le le Fedisang Thubakanyo
Basupi ba ga Jehofa ba ineetse go thusa batho ba bangwe gore ba nne le kitso e e tlhomameng kaga boikaelelo jwa Modimo jaaka bo senotswe mo Lefokong la gagwe, Baebele. Mo lefatsheng lotlhe, ba senka batho ba ba batlang go ithuta ditsela tsa ga Jehofa le go rutiwa ke ene. Maiteko a bone a a atlega. Matswela a letsholo leno la go ruta ke gore go diragadiwa boporofeti jo bo gakgamatsang.
Dingwaga di ka nna 2 700 tse di fetileng, moporofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale jaana: “Go tlaa dirala mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele go re . . . ditšhaba di le dintsi di tlaa ya di re: ‘Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe.’”—Isaia 2:2, 3.
Go rutiwa ke Jehofa le go tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe go ka tlisa diphetogo tse di molemo mo matshelong a batho. Nngwe ya diphetogo tseno e bolelelwa pele mo go jone boporofeti jono: “[Ba] tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a [bone] dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.” (Isaia 2:4) Batho ba le bantsi ba badile lokwalo lono. E bile tota, mafoko ano a gabilwe mo leboteng lengwe kwa Dikagong tsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa New York City. A gopotsa seo lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le se eletsang mme le paletswe ke go se dira. Go fedisiwa jalo ga ntwa le thubakanyo ga go ne go dirwa ke mokgatlho ope wa bopolotiki o o tlhamilweng ke batho. Ke sengwe se Jehofa Modimo fela a ka kgonang go se dira. O tla se dira jang?
Go phepafetse gore ga se mongwe le mongwe yo o tla tsayang kgato malebana le taletso ya gore “re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa” mme ‘re rutiwe ditsela tsa gagwe’ le gore re ‘sepele mo ditselaneng tsa gagwe’; le gone ga se botlhe ba ba tla ratang go “thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a [bone] dithipa tsa mabele.” Jehofa o tla dira eng ka batho ba ba ntseng jalo? Ga a kitla a nna a ba buletse sebaka go ya go ile kana a ba emetse gore ba fetoge. Gore a fedise thubakanyo, Jehofa gape o tla fedisa batho ba ba ganelelang mo mekgweng ya bone ya thubakanyo.
Thuto ya Botlhokwa
Se Modimo o se dirileng mo motlheng wa ga Noa ke thuto e e tlhagisang rona gompieno. Rekoto ya Baebele e bontsha gore ka nako eo lefatshe le ne le ntse jang: “Lefatshe le ne le senyegile fa pele ga Modimo, le ne le tletse thubakano.” Ka nako eno, Modimo o ne wa itsise Noa jaana: “Bokhutlo jwa batho botlhe bo fitlhile fa pele ga me; ka lefatshe le tletse thubakano ka ntlha ya bone. Bona, ke tlaa ba senya mmogo le lefatshe.”—Genesise 6:11, 13.
Re tshwanetse go lemoga ntlha e le nngwe fela ya botlhokwa. Fa Modimo a ne a tlisa Morwalela mo losikeng loo, o ne a boloka Noa le lelapa la gagwe. Ka ntlha yang? Baebele e araba jaana: “Noa e ne e le monna yo o siameng, a itekanetse mo ditshikeng tsa gagwe; Noa a sepela le Modimo.” (Genesise 6:9; 7:1) Lefa gone e se mongwe le mongwe yo o neng a tshela ka nako eo yo tota e neng e le motho yo o ratang thubakanyo, Noa le lelapa la gagwe ke bone fela ba ba neng ba “sepela le Modimo.” Ka ntlha ya seo ba ne ba falola fa lefatshe leo le le tletseng thubakanyo le ne le fedisiwa.
Fa re ntse re bona lefatshe le boa gape le ‘tlala thubakanyo,’ re ka tlhomamisa gore Modimo o a bona. Go setse go le gaufi gore a tseye kgato fela jaaka a ne a dira mo motlheng wa ga Noa, a fedise thubakanyo—a e fedisetsa ruri. Mme gape o tla falotsa batho bao gone jaanong ba ithutang go “sepela le Modimo,” bao ba tsayang kgato malebana le letsholo la gagwe le legolo la kagiso le le tlang ka go ruta.
Jehofa o re tlhomamisetsa jaana a dirisa mopesalema: “Gonne e tlaa re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone. Ee, o tlaa sekaseka felo ga gagwe ka tlhoafalo, mme ene o tlaa ba a seyo. Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.
Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go ithuta Baebele le wena gore o kopanele le ba ba reng: “A re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe.” (Isaia 2:3) Fa o dira jalo, o ka nna mongwe wa ba ba tla bonang boikepo le thubakanyo di fela. O ka “inatefisa mo letlotlong la kagiso.”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]
Reuters/Bettmann