Kafa re ka Itumelang ka Teng fa re Dira Barutwa
SENGWE sa dilo tse di ka itumedisang motho ka tsela e e boteng ke go nna modirimmogo le Modimo. Gompieno, tiro ya Modimo e akaretsa go kgobokanyetsa batho ba ba ratang tshiamo mo phuthegong ya Bokeresete le go ba thapisa gore ba tshele jaaka Bakeresete gone jaanong le gore ba tle ba falolele mo lefatsheng le lesha.—Mika 4:1-4; Mathaio 28:19, 20; 2 Petere 3:13.
Basupi ba ga Jehofa kwa Latin America ba ile ba itumedisiwa thata ke go bona batho ba le milione ba nna barutwa ba ga Jesu Keresete fa e sale ka 1980. Mo tshimong eno e e ungwang, koo batho ba le bantsi ba tlotlang Baebele e bile ba e dumela, badiredi bangwe ba nako e e tletseng ba ile ba kgona go thusa batho ba le bantsintsi gore ba neele matshelo a bone go Jehofa. E re ka ba na le maitemogelo a mantsi jaana, gongwe ba ka re bolelela sengwe kaga go itumelela go dira barutwa. Dingwe tsa dikakantsho tsa bone di ka nna tsa go thusa gore o itumelele go dira barutwa kwa o nnang teng.
Go Lemoga Ba e Ka Nnang “Dinku”
“Le fa e ka ne e le motse ofe, le fa e le motsana o lo tsenang mo go one, lo senke yo o tshwanetseng teng,” go ne ga rialo Jesu fa a ne a romela baaposetoloi ba gagwe gore ba ye go rera. (Mathaio 10:11) Fa o ntse o etela batho, o ka lemoga jang ba ba ka thusiwang semoyeng? Edward, yo e ntseng e le modiredi wa nako e e tletseng ka dingwaga tse di fetang 50, a re: “Ba bontsha seo ka go botsa dipotso tse di tswang mo pelong le ka go kgotsofala fa ba newa dikarabo tse di tswang mo Dikwalong.” Carol o oketsa jaana: “Fa motho a mpolelela bothata jo a nang le jone kana sengwe se se mo tshwenyang, ruri o a bo a kopa thuso. Ke leka go batla tshedimosetso e e ka thusang mo dikgatisong tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Gantsi go kgatlhegela motho jalo go felela ka gore a ithute Baebele.” Lefa go ntse jalo, ga se ka metlha go leng motlhofo go lemoga batho ba ba peloephepa. Luis o anela jaana: “Batho bangwe ba ba neng ba lebega ba kgatlhega thata, moragonyana go ne ga bonala gore ba ne ba sa kgatlhege gotlhelele, mme ba bangwe bao kwa tshimologong ba neng ba lebega ba ganetsa ba ne ba fetoga fa ba utlwa gore tota Baebele ya reng.” E re ka batho ba le bantsi ba kwa Latin America ba tlotla Baebele, o oketsa ka go re, “Ke lemoga batho ba ba ka thusiwang semoyeng fa ba amogela ka bofefo fela se Baebele e se rutang fa ke sena go se ba bontsha.” Go thusa batho ba ba ntseng jalo ba ba “tshwanetseng” gore ba gatele pele semoyeng go itumedisa tota e bile go a kgotsofatsa. O ka ba thusa jang?
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele
Gantsi go dirisa dithuso tsa go ithuta Baebele tse di dirwang ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” ke yone tsela e e molemolemo ya go thusa batho gore ba tlhaloganye boammaaruri jwa Baebele. (Mathaio 24:45) O ka rotloetsa batho jang gore ba lemoge kafa dithuso tse di ntseng jalo tsa go ithuta Baebele di leng botlhokwa ka gone? Edward o bolela jaana: “E re ka maemo a batho, botho jwa bone le tsela e ba akanyang ka yone e farologane thata jaana, ke leka go fetofetoga fa ke simolola dithuto.” O ka se ka wa dirisa mokgwa o le mongwe fela mo go mongwe le mongwe.
Ba bangwe ba ka tlhoka gore o tlotle le bone gantsinyana ka Dikwalo fela pele o ka ba bontsha buka ya go ithuta Baebele. Lefa go ntse jalo, banyalani bangwe ba barongwa ba bega jaana: “Gantsi re buelela thuto mo loetong lwa ntlha.” Ka tsela e e tshwanang, Mosupi mongwe yo o thusitseng batho ba le 55 gore ba bo ba ineele o bolela jaana: “Mokgwa o ke o dirisang thata go simolola dithuto tsa Baebele e ntse e le go simolola fela ka go tlhatlhoba buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise.” Lefa batho bangwe ba sa rate go ithuta sepe fela, ba bangwe ba tlhoafalela go ithuta sengwe le sengwe fela se ba dumelang gore se tla ba thusa mo botshelong. Gantsi batho bano ke bone ba kgatlhegelang mpho ya go rutiwa Baebele mo gae mahala. Barongwa bangwe ba tlhalosa mpho eno ba bo ba re: “Ke ka rata go go bontsha gore re e dira jang. Fa o e rata, o ka tswelela pele. Fa o sa e rate, go tla tswa mo go wena.” Fa e bewa jalo, batho ga ba ikutlwe ba tshaba go e amogela.
Mosupi yo mongwe, yo o thusitseng batho ba le bantsi ba ba tlhokang le ba ba sa rutegang, a re: “Ke fitlhetse dipampitshana di le mosola fela thata fa o simolola dithuto tsa Baebele.” Lefa ba ka tswa ba dirisa kgatiso efe, barutisi ba nako e e tletseng ba leka go dirisa Baebele thata. Carola a re: “Mo thutong ya ntlha, ke dirisa ditshwantsho fela le ditemana di ka nna tlhano, gore dintlha tsa botlhokwa di tlhomologe le gore Baebele e se ka ya lebega e le thata.”
Go Dira Gore a Tswelele a Kgatlhega
E re ka batho ba itumelela go bona ba gatela pele, Jennifer o akantsha jaana: “Nna matlhagatlhaga fa o ithuta le motho. Se eme felo go le gongwe fela.” Go tshwara thuto ka metlha o sa tlodise dibeke le gone go ba thusa gore ba ikutlwe ba gatela pele. Mmulatsela mongwe yo o kgethegileng yo o goletseng kwa metseng ya selegae o tlhalosa kafa go leng botlhokwa ka gone go dira gore ditlhaloso di nne motlhofo le go gatelela dintlha tsa konokono, gore le ba ba sa rutegang thata ba kgone go gatela pele. O bolela jaana: “Mo motseng wa gaetsho, re ne re tshwanelwa ke go kgatsha metsi mo mmung fa re sena go jala peo. Fa re ne re ka tshela metsi a mantsi mo masimong, mmu o ne o omelela, dipeo tse di tlhogang di bo di sa kgone go ntsha tlhogo, di bo di swa. Ka jalo, fa o neela batho ba ba sa tswang go kgatlhega dintlha tse dintsi thata, go ka nna ga lebega go le bokete thata ba bo ba tlogela.” Tota le batho ba ba botsang thata ba tshwanetse ba ithuta go tlhoma mogopolo mo kgannyeng e le nngwe fela ka nako gore ba tle ba gatele pele ka se ba se tlhaloganyang. Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ke sa na le dilo di le dintsi go di bua le lona, mme ga lo ka ke lwa di itshokela gompieno.”—Johane 16:12.
Tsela e nngwe ya go dira gore batho ba o ba etelang ba tswelele pele ba kgatlhega ke go ba kgothaletsa gore ba sale ba ntse ba akanya ka Lefoko la Modimo fa o sena go tsamaya. Yolanda o akantsha jaana: “Tlogela potso nngwe e sa arabiwa. Ba fe tiro e ba tla salang ba e dira, e e jaaka go bala karolo ya Baebele kana go batlisisa ka kgang nngwe e e ba tshwenyang.”
Go Dira Gore ba Rate Jehofa
O tla itumela thata fa o thusa baithuti ba gago gore ba nne “badiri ba lefoko, e seng bautlwi fela.” (Jakobe 1:22) O ka dira seo jang? Bakeresete ba boammaaruri ba tlhotlhelediwa ke go bo ba rata Jehofa. Pedro, yo o tswang kwa Mexico, o tlhalosa jaana: “Batho ba ka se ka ba rata motho yo ba sa mo itseng, ka jalo go tswa fela fa re simolola go ithuta, ke ba ruta leina la Modimo go tswa mo Baebeleng, ke bo ke senka dipaka tse ka tsone nka gatelelang dinonofo tsa ga Jehofa.” Fa lo tlotla, o ka dira gore a anaanele Jehofa ka go tlhalosa kafa o ikutlwang ka teng ka ene. Elizabeth a re: “Ke leka go umaka ka metlha kafa Jehofa a leng molemo ka gone. Fa ke ithuta le batho, nako le nako fa ke bona sethunya se sentle, nonyane e ntle, kana katsana e e tlolakang, ke umaka gore ke tiro ya ga Jehofa.” Jennifer o akantsha jaana: “Bua kaga lefatshe le lesha le Modimo a le solofeditseng jaaka sengwe sa mmatota fela jaaka o itse gore ke sone. Ba botse gore ba ka rata go dira eng mo lefatsheng le lesha.”
Fa motho a tlhatlhanya ka lorato ka se a se ithutang kaga Jehofa, seo se nwelelela mo pelong ya gagwe se bo se mo tlhotlheletsa gore a tseye kgato. Mme lefa go ntse jalo a ka se ka a tlhatlhanya fa a sa gakologelwe. Go boeletsa ka bokhutshwane dintlha tse tharo kana tse nne tsa konokono morago ga thuto nngwe le nngwe go thusa gore motho a gakologelwe. Barutisi ba le bantsi ba Baebele ba dira gore batho ba ba simololang go ithuta ba kwale ditemana tsa konokono mmogo le tlhaloso e khutshwane ka kwa morago ga Dibaebele tsa bone. Morongwa mongwe yo o tswang kwa Engelane o tlhalosa mosola o mongwe wa go boeletsa: “Ke ba botsa gore tshedimosetso e ba solegetse molemo jang. Seno se dira gore ba tlhatlhanye ka lorato ka ditsela tsa ga Jehofa le melao ya gagwe.”
Mosupi mongwe yo o ikanyegang yo o alogileng mo setlhopheng sa boraro sa Gileate a re: “Re tshwanetse go nna matlhagatlhaga. Baithuti ba rona ba tshwanetse go lemoga gore re dumela se re se rutang.” Tumelo e e dirileng gore o nne “modiri yo o dirang” yo o itumetseng e ka ama ba bangwe fa o bua ka yone.—Jakobe 1:25.
Mosupi mongwe yo o thusitseng batho ba le bantsi gore ba obamele Jehofa a re: “Ke fitlhela gore batho ba ikutlwa ba le gaufi thata le Modimo fa ke ba thusa go lemoga dikarabo tsa dithapelo tsa bone. Ke ba fa dikai ka sengwe se se ntiragaletseng, jaaka seno: Fa nna le modirikanna re ne re goroga mo kabelong e ntšha re le babulatsela, re ne re na le merogo e sekaenyana fela, setena sa majarine, mme re sena madi. Re ne ra fetsa dijo tsa maitseboa re bo re re, ‘Jaanong ga go na se re tla se jang kamoso.’ Re ne ra rapela ka gone, re bo re ya go robala. Makuku moso o o latelang Mosupi wa lefelo leo o ne a re etela a bo a re bolelela gore ke ene mang, a re, ‘Ke ntse ke rapela gore Jehofa a romele babulatsela. Jaanong nka nna ke tsamaya le lona mo e ka nnang motshegare otlhe, mme ka gonne ke nna ka kwantle ga toropo, ke tla tshwanelwa ke go nna ke ja dijo tsa motshegare le lona, ka gone ke tlile le dijo tseno tse re tla di jang rotlhe.’ E ne e le nama e ntsi le merogo. Ke bolelela baithuti ba me ka metlha gore Jehofa ga a ke a re latlha fa re batla Bogosi jwa gagwe pele.”—Mathaio 6:33.
Neela Thuso e e Mosola
Go dira barutwa ba ga Keresete ga go kaye go ithuta le motho Baebele fela. Morongwa mongwe yo o diretseng ka nako e telele e le molebedi yo o etang a re: “Ba fe nako. O se ka wa itlhaganelela go tsamaya fela fa lo fetsa go ithuta. Fa go tshwanela, nna o tlotle ka nakwana.” Elizabeth a re: “Ke a ba kgatlhegela ka gonne botshelo bo a amega. Gantsi ke tshwenyega ka bone thata jaaka e kete ke bongwanake.” Basupi ba bangwe ba ne ba ntsha dikakantsho tseno: “Ba etele fa ba lwala.” “Fa o feta gaufi le fa gabone, ka sekai o le mo bodireding jwa tshimo, ba etele ka nakwana gore o ba itsise Basupi ba bangwe.” Eva a re: “Reetsa ka kelotlhoko gore o tlhaloganye kafa a godileng ka teng le boemo jwa gagwe mo botshelong. Dilo tseno di ama tsela e batho ba amogelang boammaaruri ka yone mme di ka nna tsa ba kgoreletsa gore ba se gatele pele. Nna tsala ya bone, gore ba tle ba kgone go bua ka mathata a bone.” Carol o oketsa jaana: “Go kgatlhegela motho go tswa pelong go botlhokwa ka gonne ka dinako tse dingwe tsela e boammaaruri bo fetolang botshelo jwa gagwe ka yone e dira gore ba lelapa le ditsala ba mo tlhanogele. Gantsi go molemo fa moithuti a itse kwa re nnang teng e bile a kgona go re etela nako nngwe le nngwe.” Mo thuse go leba phuthego jaaka lelapa la gagwe le lesha.—Mathaio 10:35; Mareko 10:29, 30.
“Nna o ipaakanyeditse go thusa ka tsela e e mosola. Nna le bone kwa dipokanong, o bo o ba thuse ka bana ba bone,” ga rialo Yolanda. Go bontsha batho ba ba sa tswang go kopanela kafa ba ka thapisang bana ba bone ka gone, kafa ba ka nnang phepa ka teng, go baakanyetsa dikakgelo kwa dipokanong, le go neela dipuo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo gotlhe ke karolo ya tiro ya go dira barutwa. Kgaitsadi yo mongwe o oketsa jaana: “Go botlhokwa go thapisetsa batho ba ba sa tswang go kopanela bodiredi. Fa karolo eno ya thapiso e tlhokomologiwa, ba bangwe ba tswelela ba ntse ba boifa tiro ya go rera, ba se tlhole ba itumelela go direla Jehofa, ba bo ba palelwe ke go itshoka.” Ka jalo thapisa moithuti ka kelotlhoko mo tirong ya ntlo le ntlo, ya go dira maeto a go boela, le ya go simolola dithuto tsa Baebele. O tla itumela thata fa o bona motho yo o ithutang le ene a gatela pele o mo thusa le go mo kaela.
Ba Nonotshe Gore ba Itshoke
“Gantsi batho ba tlogela go ithuta fela fa moithuti a sena go kolobediwa,” go tlhagisa jalo mongwe yo o nang le boitemogelo jwa go dira barutwa. Morutisi mmogo le moithuti ba tshwanetse ba gakologelwa gore Mokeresete yo o sa tswang go kolobediwa ruri ga a ise a gole semoyeng. O santse a tlhoka go gola thata mo tumelong, mo tseleng e a anaanelang molao wa Modimo ka yone, le mo tseleng e a ratang Jehofa ka yone. Go botlhokwa go mo kgothatsa gore a nne le mekgwa e mentle ya go ithuta ene ka namana gore a tle a tswelele a gatela pele.—1 Timotheo 4:15.
Motho yo o sa tswang go kolobediwa a ka tlhoka thuso gore a gatele pele a bo a nne mongwe wa bakaulengwe yo o ratang batho. A ka nna a tlhoka go kaelwa malebana le go itshokela bosaitekanelang jwa bakaulengwe fa a ntse a tlwaelana le bone thata. (Mathaio 18:15-35) A ka nna a tlhoka thuso gore a nne morutisi yo o nang le bokgoni, a kgone go itirela patlisiso. Morongwa mongwe o anela jaana: “Moithuti mongwe fa a sena go kolobediwa o ne a batla go tokafatsa tsela e a rutang ka yone, ka jalo o ne nthaya a re, ‘Ke tshwanetse go simolola go ithuta le motho beke e e tlang, mme ke tlhoka go ikgakolola dikgaolo tse ke di ithutileng pele. A o ka nthuta dikgaolo tseno gape, ka bongwe ka bongwe, gore ke tle ke bone tsela e o tlhalosang ditemana ka yone le ditshwantsho, gore ke tle ke di dirise fa ke ya kwa thutong ya me?’ Jaanong ke morutisi yo o setswerere, batho ba le banè ba a ba rutileng ba ile ba kolobediwa kwa kopanong e le nngwe fela.”
Lebaka La go Bo go Dira Barutwa go Tlhoka Boiteko
“Go dira barutwa go kaya go oketsa batho ba ba bakang Jehofa. Go dira gore batho ba ba amogelang boammaaruri ba tle ba bone botshelo,” ga rialo Pamela. “Ruri ke rata go ruta batho ba bangwe boammaaruri—go gontle tota! O kgona go bona baithuti ba gola ka kgato ka kgato, ba dira diphetogo mo matshelong a bone ba bo ba fenya dikgoreletsi tse di neng di ka lebega di ka se fenngwe fa e ne e se ka moya wa ga Jehofa. Batho ba le bantsi ba ba simolotseng go rata Jehofa e setse e le ditsala tsa me tse di rategang tota.”
Morongwa mongwe yo o tswang kwa Jeremane o anela jaana: “Fa ke akanya ka batho ba ke ba thusitseng go nna barutwa, ke bona batho bangwe ba ba boi tota ba ba gatetseng pele thata e le badiredi ba Modimo mo e leng gore go thata go dumela. Ke bona batho ba ba fentseng dikgoreletsi tse di boitshegang, go bonala sentle gore ke ka thuso ya ga Jehofa. Ke bona malapa a a kileng a bo a kgaogane mme jaanong a kopane—bana ba ba itumetseng le batsadi ba ba sikarang maikarabelo a bone. Ke bona batho ba tshela matshelo a a mosola, ba baka Jehofa. Seno ke sone se se itumedisang ka go dira barutwa.”
Ee, go dira mmogo le Jehofa Modimo mo tirong ya go dira barutwa ke sengwe se se lereng boitumelo jo bo ka se bapisiweng le sepe. Maitemogelo a barongwa le babulatsela a supile seo. O ka itumela jalo wa ba wa kgotsofala fa o dirisa dikakantsho tseno o bo o dira ka moya wa gago otlhe. Jehofa o tla go segofatsa, mme o tla itumela ka botlalo.—Diane 10:22; 1 Bakorinthe 15:58.