LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 3/1 ts. 3
  • ‘A Modimo o Ntsaya ke le Botlhokwa?’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘A Modimo o Ntsaya ke le Botlhokwa?’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A “Tesetamente e Kgologolo” e sa Ntse e le Mosola?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Letsatsi le le Tshwanetseng go Gopolwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Filipo—Moefangele yo o Tlhoafetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A go Botlhokwa go Itse Dikarabo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 3/1 ts. 3

‘A Modimo o Ntsaya ke le Botlhokwa?’

“AKE Botlhokwa? A Modimo o a Amega?” Setlhogo sengwe sa dikgang se se neng se le mo makasineng wa Christianity Today se ne sa balega ka tsela eo. Mokwadi wa kgang eo e bong Philip Yancey o bolela jaana: “Ke ntse ke kwala ka bothata jwa go utlwa botlhoko mo bontsing jwa nako ya fa ke ntse ke dira tiro ya me ya bokwadi. Ke ipotsa dipotso tse di tshwanang gangwe le gape, jaaka e kete ke kgoma ntho ya bogologolo e e sa foleng gotlhelele. Ke reetsa babadi ba dibuka tsa me, mme dipolelo tsa bone tse di utlwisang botlhoko di supela gore dipelaelo tsa me di boammaaruri.”

Gongwe le wena o kile wa ipotsa gore a Modimo o kgatlhegela botshelo jwa gago. Aha, o ka tswa o tlwaetse lokwalo lwa Johane 3:16, lo lo bontshang gore “Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi.” Kana o ka tswa o badile Mathaio 20:28, e e bolelang gore Jesu o ne a tla “go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.” Lefa go ntse jalo o ka ipotsa gore, ‘A Modimo o a mpona? A o amega ka nna jaaka motho ka bongwe?’ Go na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore o a amega, jaaka re tla bona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela