LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 3/1 ts. 19-22
  • Go Tshela go Dumalana le Ikano ya Gago ya Lenyalo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshela go Dumalana le Ikano ya Gago ya Lenyalo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sengwe se o Tshwanetseng go Akanya ka Sone
  • “Se o Se Ikanelang, se Diragatse”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Kafa o ka Atlegang ka Gone mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Itumele Mo Lenyalong La Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 3/1 ts. 19-22

Go Tshela go Dumalana le Ikano ya Gago ya Lenyalo!

LETSATSI la lenyalo ke letsatsi le le itumedisang tota. Gape ke tiragalo e e masisi tota. Monyadi le monyadiwa ba dira tsholofetso e e masisi e e tla amang botshelo jwa bone jotlhe. Batho ba ba leng teng kwa lenyalong e le balalediwa ke basupi ba tsholofetso eno e e masisi, mme Jehofa Modimo ke Mosupi yo mogolo.

Baebele ga e tlhoke gore go latelwe ditsela dingwe tse di kgethegileng kana modiro mongwe o o kgethegileng wa lenyalo. Lefa go ntse jalo, ka go itse gore lenyalo le simolotswe ke Modimo, ka tlwaelo le a ketekwa go dirisiwa maikano a lenyalo ka nako ya mokete wa sedumedi. Go fetile dingwaga di le dintsi Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba dirisa ikano eno ya lenyalo: “Nna—— ke tsaya wena—— go nna (mosadi/monna) wa me (yo ke mo nyetseng/yo o nnyetseng), go go rata le go go tlhokomela (Monyadiwa: le go go tlotla thata) go ya ka molao wa Modimo jaaka o kwaletswe (basadi ba ba nyetsweng/banna ba ba nyetseng) ba Bakeresete mo Dikwalong Tse di Boitshepo, ka lobaka lo roobabedi re tla bong re tshela mmogo ka lone mo lefatsheng go ya ka thulaganyo ya Modimo ya lenyalo.”a

Sengwe se o Tshwanetseng go Akanya ka Sone

Fa e le gore o akanya ka go nyala, go tla bo go le botlhokwa gore o akanye ka tlhoafalo ka ikano eno le ka se e se bolelang pele ga letsatsi la lenyalo. Solomone o ne a bolela jaana: “O se ka wa phamoga ka molomo, mme a pelo ya gago e se nne bonako go bua sengwe fa pele ga Modimo.” (Moreri 5:2) Go tweng fa e le gore lo setse lo nyalane? Gone he o tla solegelwa molemo ke go tlhatlhanya ka botlhokwa jwa tsholofetso eno e e masisi e o e dirileng fa pele ga ga Jehofa. A o tshela go dumalana le yone? Bakeresete ba diragatsa ditsholofetso tsa bone ka tsela e e masisi. Solomone o ne a tswelela pele jaana: “O lefe se o ikanneng ka ga sone. Go molemo, go re o se ikane, bogolo go go re o ikane mme o sa lefe. O se ka wa leseletsa molomo wa gago wa leofisa nama ya gago; le gone o se ka wa bua fa pele ga moengele, wa re: ‘E ne e le timelo.’”—Moreri 5:4-6.

Kwantle ga pelaelo go sekaseka mafoko a ikano ya lenyalo ka go latelana ga one go tla dira gore o tlhaloganye tsholofetso eno e e masisi.

“Nna—— ke tsaya wena”: Mafoko ano ke a a simololang fa motho a ikana. A bontsha gore o tsaya boikarabelo ka namana jwa tshwetso e o e dirang ya go nyala.

Mo thulaganyong ya Bokeresete, ga go na mo Dikwalo di go pateletsang go nyala. Jesu Keresete o ne a nna a sa nyala a bo a akantsha gore batho ba ba “nonofileng go go tshola” ba nne ba sa nyala. (Mathaio 19:10-12) Mo letlhakoreng le lengwe, bontsi jwa baaposetoloi ba ga Jesu e ne e le banna ba ba nyetseng. (Luke 4:38; 1 Bakorinthe 9:5) Go phepafetse gore motho ka namana o itirela tshwetso ya go nyala. Ga go na motho ope yo Dikwalo di mo neileng thata ya gore a pateletse yo mongwe go nyala.

Ka gone, o ikarabelela gore o tlhophe go tsena mo lenyalong. A re re gongwe o tlhophile motho yo o nyalanang le ene. Fa o dira ikano ya lenyalo, o re, ‘Nna ke tsaya wena——,’ o a bo o tsaya kana o amogela motho yoo le ditiro tsa gagwe tse dintle—mme gape le diphoso tsa gagwe.

Fa nako e ntse e tsamaya, gongwe o tla bona mekgwa e e neng e fitlhegile mo bothong jwa mogatso. Ka dinako tse dingwe o tla nna a ntse a go swabisa. Baebele e bolela gore “botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo.” (Baroma 3:23) Ka jalo o ka nna wa tlhoka gore o dire diphetogo dingwe e le gore o amogele diphoso tsa mogatso. Seno se ka nna thata, mo ka dinako tse dingwe o ka nnang wa batla go tlogela. Mme gakologelwa, ikano ya lenyalo e dirilwe fa pele ga ga Jehofa. O ka go thusa gore o atlege.

“Go nna (mosadi/monna) wa me (yo ke mo nyetseng/yo o nnyetseng)”: Kwa lenyalong la ntlhantlha, fa Efa a ne a neelwa Atame gore a mo nyale, Jehofa Modimo o ne a bolela gore “ba tlaa nna nama e le nngwe fela.” (Genesise 2:24; Mathaio 19:4-6) Ka gone go kopana ka lenyalo ke go utlwana thatathata mo go leng teng mo bathong ba babedi. Lenyalo le dira gore o nne le kamano e ntšha. O tsaya mongwe gore a nne ‘mosadi wa gago’ kana ‘monna wa gago.’ Ga go tshwane le ditsela tse dingwe tse batho ba dirisanang ka tsone. Ditiro dingwe tse batho ba dirisanang mo go tsone tse di ka utlwisang botlhokonyana, di ka nna tsa utlwisa botlhoko thata fa di dirwa mo thulaganyong ya lenyalo.

Ka sekai, utlwa kgakololo ya Dikwalo e e mo go Baefeso 4:26. Baebele e bolela jaana mo go yone: “Lo nne bogale, mme lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se lo phirimele lo sa le bogale.” Gongwe ga se ka metlha o kgonang go rarabolola mathata a gago le ba losika le ditsala ka bonako jaaka go tshwanetse. Mme mogatso o utlwana thata le wena go feta ope wa losika kana tsala. Fa o palelwa ke go rarabolola dikgang ka bonako le mogatso go ka nna ga senya kamano ya lona e e kgethegileng.

A o letla gore kgotlhang fa gare ga gago le mogatso e nne selo se se tla tswelelang pele se go tena kana se go gakatsa? A lo nna lo sa utlwisisane le go tenega ka malatsi a mantsi? Gore o kgone go tshela go dumalana le ikano ya gago, fa mathata a tsoga o se ka wa lesa go feta letsatsi o sa agisane le mogatso. Seno se raya go itshwarela le go lebala mmogo le go lemoga gore le wena o dira melato le diphoso.—Pesalema 51:5; Luke 17:3, 4.

“Go go rata”: Monna yo o tla tlogang a nyala o ikana mo monyadwing wa gagwe a re “go go rata le go go tlhokomela.” Lorato lono lo akaretsa lorato lwa baratani le gongwe lo dirileng gore ba kopane. Mme lorato lwa baratani ga lo a lekana. Lorato lo Mokeresete a ikanang ka lone mo mothong yo o nyalanang le ene lo boteng thata e bile lo akaretsa dilo tse dintsi thata.

Baefeso 5:25 e bolela jaana: “Banna, ratang basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ratile phuthego.” Lorato lwa ga Jesu mo phuthegong lo ka se tshwane gotlhelele le lorato lwa baratani fa gare ga monna le mosadi. Mafoko a a reng “ratang” le “a ratile” a a dirisitsweng mo lokwalong lono a tswa mo lefokong le le reng a·gaʹpe, le le rayang lorato lo lo laolwang ke molaomotheo. Fano Baebele e laela banna gore ba bontshe basadi ba bone lorato lo lo sa fetogeng, lo lo nonofileng, lo lo nnetseng ruri.

Ga se boikutlo fela jwa gore “ke a go rata ka gonne o nthata.” Monna o tlhokomela gore mosadi wa gagwe o itumetse le pele ene a itlhokomela, mme mosadi o rata monna wa gagwe ka tsela e e tshwanang. (Bafilipi 2:4) Go rata mogatso ka lorato lo lo boteng go tla go thusa gore o tshele go dumalana le ikano ya gago ya lenyalo.

“Go go tlhokomela”: Dikishinare nngwe e bolela gore, “go tlhokomela” go raya ‘go ngomaela, go ikutlwa kana go bontsha lorato lo lo tswang mo pelong.’ O tshwanetse wa bontsha lorato lwa gago ka mafoko mmogo le ka ditiro! Mosadi thatathata o tlhoka gore monna wa gagwe a mmontshe ditiro tse di bontshang lorato ka metlha. Monna wa gagwe o ka tswa a mo tlhokomela sentle ka dilo tse a di tlhokang mo mmeleng, mme seno ga se a lekana. Go na le basadi ba bangwe ba ba nang le dijo tse di lekaneng le legae le lentle mme ba sa itumela tota ka gonne banna ba bone ba ba tlhokomologile kana ba sena sepe le bone.

Mo letlhakoreng le lengwe, mosadi yo o itseng gore o a ratiwa le go tlhokomelwa tota o na le lebaka la go itumela. Ke boammaaruri gore seo se ka bontshiwa le mo monneng. Lorato lo lo tswang mo pelong lo okediwa thata ke mafoko a a boammaaruri a go reta. Mo go Sefela sa Difela, modisa yo o neng a ratana o bolela jaana: “Lorato lwa gago lo lontle jang, kgaitsadiaka, mogatsaka! Lorato lwa gago lo molemo jang bogolo go bojalwa jwa mofine! Le lonko lwa ditlolo tsa gago bogolo go dinkgisa monate tsotlhe fela!”—Sefela sa Difela 4:10.

“Le go go tlotla thata”: Go na le banna bangwe ba ba sa leng ka ba sotla le go tseela basadi kwa tlase ka makgolokgolo a dingwaga. Makasine wa World Health o bolela gore, tota le gompieno “go na le thubakanyo e e dirwang mo basading mo nageng nngwe le nngwe le mo setlhopheng sengwe le sengwe sa batho le sa ikonomi. Mo ditsong di le dintsi, go itewa ga basadi go tsewa e le tshwanelo ya monna.” Bontsi jwa banna bo ka tswa bo sa itshware ka tsela eo. Lefa go ntse jalo, gone go lebega banna ba le bantsi ba palelwa ke go bontsha kgatlhego ya mmatota mo dikgannyeng tse di malebana le basadi. Ka ntlha ya seo, basadi ba le bantsi ba setse ba na le boikutlo jo bo sa siamang ka banna. Basadi ba bangwe ba ne ba utlwiwa ba re, “ke rata monna wa me, mme fela ga ke kgone go mo tlotla!”

Lefa go ntse jalo, Jehofa Modimo o tsaya mosadi yo o lekang go tlotla monna wa gagwe a le botlhokwa—lefa gongwe ka dinako tse dingwe monna a palelwa ke go fitlhelela dilo tse mosadi a di tlhokang. Mosadi o lemoga gore o na le tiro kana boemo jo a bo neetsweng ke Modimo. (1 Bakorinthe 11:3; Baefeso 5:23) Ka gone fa a tlotla monna wa gagwe thata go bontsha e le karolo ya kobamelo ya gagwe le gore o utlwa Jehofa. Modimo ga o tlodise basadi ba ba kutlo ba ba ratang Modimo matlho.—Baefeso 5:33; 1 Petere 3:1-6; bapisa Bahebere 6:10.

Banyalani ba tshwanetse ba tlotlana, mme tlotlo e tshwanetse ya berekelwa go na le gore e lebelelwe fela gore e dirwe kana gore e lopiwe. Ka sekai, ga o a tshwanela go bua ka go sotla kana go rumola mo lenyalong. Go tla bo go sa bontshe lorato kana go sa bontshe tlotlo fa o bua o nyenyefatsa monna wa gago kana mosadi wa gago. Ga go siame sepe fa o senolela batho ba bangwe diphoso tsa mogatso kana o bua ka tsone mo bathong. Lefa gone o ka bua nyao go ka bontsha go tlhoka maitseo mo ntlheng eno. Mafoko a Baefeso 4:29, 32 a ka thusa monna mmogo le mosadi. Baebele e bolela jaana mo go yone: “A go se tswe puo epe e e bodisang mo melomong ya lona, fa e se e e molemo fela go agelela ka fa go tlhokafalang ka teng, . . . [Go nna] pelonomi mongwe mo go yo mongwe le pelonamagadi.”

“Go ya ka molao wa Modimo jaaka o kwa[dilwe] . . . mo Dikwalong Tse di Boitshepo”: Modimo o batla re itlhophele le go dira dilo ka tsela e re e batlang. Ga a re imetse ka lenaane le le lapisang la melao e e laolang botshelo jwa lenyalo. Lefa go ntse jalo, o tlhomile dikaelo dingwe gore re solegelwe molemo.

Gompieno go na le dilo di le dintsi tse di kwadilweng malebana le lenyalo, mme batho ba le bantsi ba na le ditsela tse ba akanyang ka tsone. Mme ela tlhoko! Mo kgannyeng ya lenyalo, bontsi jwa tshedimosetso e e anameng thata ga e dumalane le Baebele.

Gape lemoga gore maemo a a farologana go ya ka banyalani. Ka tsela nngwe, banyalani ba tshwana le legwakwa la sefokabolea; ba ka nna ba lebega ba tshwana fa o sa ba itse, mme totatota ga ba tshwane ka bobone, ba farologane le ba bangwe botlhe. Go kopana ga botho jwa gago le jwa mogatso ga go tshwane le ga banyalani ba bangwe mo lefatsheng. Ka jalo o se ka wa potlakela go amogela tsela e ba bangwe ba lebang dilo ka yone. Ga go na mokgwa mongwe o o itiretsweng ke batho o o ka dirisiwang mo manyalong otlhe!

Se se farologaneng le seo, ditaelo tsotlhe tsa Baebele di boammaaruri e bile di mosola. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo, lo bile lo molemo go ruta, le go kgalemela le go sokolola.” (2 Timotheo 3:16; Pesalema 119:151) Fa o bala Baebele e bile o amogela dithuto tsa yone e le tse di ka go kaelang mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi, o tla kgona go tshela go dumalana le ikano ya gago ya lenyalo.—Pesalema 119:105.

“Ka lobaka lo roobabedi re tla bong re tshela mmogo ka lone mo lefatsheng”: Seno se raya go nna mmogo ka bosakhutleng. Modimo o laela gore “monna o tlaa [tlogela] rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe.” (Genesise 2:24) Jehofa o batla gore lo nne mmogo. Lo direle Modimo mmogo. Lo ithute Lefoko la gagwe mmogo. Lo iphe nako ya go iphokisa phefo mmogo, lo nne mmogo, lo je dijo mmogo. Lo itumelele botshelo mmogo!

Banyalani ba bangwe ba leka gore ba beele nako kwa thoko letsatsi le letsatsi gore ba buisane. Lefa go sena go feta dingwaga di le dintsi ba nyalane, go nna mmogo jaana go botlhokwa gore ba itumele mo lenyalong.

“Go ya ka thulaganyo ya Modimo ya lenyalo”: Lenyalo ke mpho e e tswang kwa go Jehofa Modimo, yo o tlhomileng thulaganyo ya lenyalo. (Diane 19:14) Fa lo palelwa ke go latela thulaganyo ya gagwe lo ka se itumele mo lenyalong mme gape lo tla senya botsalano jwa lona le Mmopi. Mo letlhakoreng le lengwe, fa monna le mosadi ba nna le botsalano jo bo siameng le Jehofa, ba bontsha seo ka go utlwa dithulaganyo tsa gagwe, ba tla tshwarana sentle le ba bangwe, go akaretsa le bone ka bobone.—Diane 16:7.

Le ka motlha o se ka wa lebala gore Jehofa ke Mosupi yo mogolo wa ikano ya lona ya lenyalo. Tswelelang pele lo tshela go dumalana le tsholofetso eno e e masisi, mme lenyalo la lona le tla baka le go galaletsa Jehofa Modimo!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mo mafelong a mangwe go ka nna ga tlhokega gore go dirisiwe tlhaloso e e fetotsweng ya ikano eno e le gore e dumalane le melao ya mo lefelong leo. (Mathaio 22:21) Lefa go ntse jalo, mo dinageng di le dintsi banyalani ba Bakeresete ba dirisa ikano e e fa godimo.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Ka tsela nngwe, banyalani ba tshwana le legwakwa la sefokabolea. Botlhe ba ka lebega ba tshwana fa o sa ba itse, mme totatota banyalani bangwe le bangwe ba farologane gotlhelele

[Motswedi wa Setshwantsho]

Snow Crystals/Dover

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela