LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 3/15 ts. 4-6
  • O ka Nna le Ditsala Tse di Nnelang Ruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Nna le Ditsala Tse di Nnelang Ruri
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Baebele Tsa go Nna le Ditsala
  • Mokgwa wa go Dira Ditsala
  • Go Nna o Ntse O na Le Ditsala
  • Go Dira Botsala jo bo Nnelang Ruri mo Lefatsheng Le le Se Nang Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ke ka Ntlha Yang ke sa Kgone go Nna le Ditsala?
    Tsogang!—1996
  • “E ne E le Ditsala Tsa Nnete”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • Tlhopha Ditsala ka Botlhale
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 3/15 ts. 4-6

O ka Nna le Ditsala Tse di Nnelang Ruri

GO NA le dilo tse di kgoreletsang batho go nna ditsala. E bile tota, Baebele e ne ya bolelela pele gore mo ‘metlheng eno ya bofelo’ go ne go tla bo go sena lorato, lorato lwa tlholego, le boikanyego. (2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:12) Maemo ano a dirile gore go nne le leroborobo le le iseng le ko le nne la bodutu. Mongwe o kile a re: “Tikologo e ke nnang mo go yone e tshwana le areka ya ga Noa. Fa o sa nyalwa, o kgaphelwa kwa thoko.” Tota molato otlhe o ka se ka wa pegwa motho mongwe le mongwe yo o jewang ke bodutu. Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, mathata a a kgoreletsang batho go nnela ditsala ruri a akaretsa dilo tse di tshwanang le gore batho ba fuduga gantsi go feta pele, malapa a a thubega, mo ditoropokgolong batho ga ba na botsalano e bile go kotsi, gape nako ya go iketla e fokotsegile thata.

Motho yo o nnang mo toropokgolong gompieno a ka kopana le batho ba le bantsi thata mo bekeng go feta ba motho wa lekgolo la bo18 la dingwaga yo o neng a nna mo motsaneng a neng a ba bona mo ngwageng kana le eleng botshelo jotlhe jwa gagwe! Lefa go ntse jalo, gompieno gantsi botsala ga se jwa mmatota. Batho ba le bantsi ba tsena ka tlhogo mo maitisong kgapetsakgapetsa ba leka go ijesa monate. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go dumela gore go ijesa monate mo go senang mosola le batho ba ba sa siamang go tshwana le go gotsa molelo ka mmitlwa. Moreri 7:5, 6 ya re: “Go molemo mo mothong go utlwa kgalemo ya ba [ba] botlhale, bogolo go go utlwa pina ya dieleele. Gonne jaaka thathanyego ya mitlwa fa tlase ga pitsa, ditshego tsa seeleele di ntse jalo; se le sone ke boithamako.” Mmitlwa o dira kgabo ya molelo o o tutumang ka nako e khutshwane, mme ga o kgone go re thuthafatsa. Fela jalo, ditsala tse di modumo tse di tshegang di ka re ntsha bodutu ka nakwana, mme lefa go ntse jalo ga di ketla di fedisa bodutu jotlhe mme tsa kgotsofatsa se re se tlhokang mo ditsaleng tsa boammaaruri.

Go nna o le nosi ga go tshwane le go jewa ke bodutu. Re tlhoka go nna re le nosi ka nakwana gore re itapolose re tle re kgone go nna tsala e e nang le mo gontsi go go aba. Batho ba le bantsi fa ba jewa ke bodutu ba setse ba dirisa mofuta mongwe wa boitlosobodutu jwa maranyane. Patlisiso nngwe e fitlhetse gore sengwe se bontsi bo tshabelang bodutu mo go sone ke go lebelela thelebishene. Lefa go ntse jalo, babatlisisi ba ne ba swetsa ka gore go lebelela thelebishene thata ke sengwe sa dilo tse di sa siamang thata gore re ka di dira fa re jewa ke bodutu. Go rotloetsa boitseme, go lapisega, le go ijesa dijo tsa ditoro, e nna sengwe se se tseelang go dirisana le batho ba bangwe lo lebane difatlhego sebaka.

Tota e bile, go nna motho a le esi go ka nna mosola thata fa a dirisa nako eo ka tsela e e mosola. Re ka dira seno ka go bala, go kwala dikwalo, go dira dilo, le go itapolosa. Go nna o le nosi ka tsela e e mosola go akaretsa go rapela Modimo, go ithuta Baebele, le go tlhatlhanya ka yone. (Pesalema 63:6) Tseno ke ditsela tse ka tsone re ka atamelang Jehofa Modimo, ene yo e ka nnang Tsala ya rona e kgolo thata.

Dikai Tsa Baebele Tsa go Nna le Ditsala

Lefa go le molemo go nna botsalano le batho ba le bantsi, Baebele e re gakolola gore “go na le tsala e e kgomarelang motho bogolo go ngwana wa ga rraagwe.” (Diane 18:24) Rotlhe re tlhoka ditsala di le mmalwa tse re ntshanang se inong le tsone tseo di amegang ka rona tota, tseo botsala jwa tsone bo re itumedisang, bo re nonotshang le go re naya kagiso. Lefa ditsala tseno tsa boammaaruri di ka tswa di sa ata gompieno, dikai dingwe tsa bogologolo di umakiwa thata mo Baebeleng. Ka sekai, go ne go na le botsala jo bo tlhomologileng jwa ga Dafite le Jonathane. Re ka ithuta eng mo go jone? Ke eng fa botsala jwa bone bo ne jwa nnela ruri?

Selo sa ntlha, Dafite le Jonathane ba ne ba na le dilo tsa botlhokwa tse ba di kgatlhegelang mmogo. Sa botlhokwa thata ke gore, ka bobedi ba ne ba ineetse ka pelo yotlhe mo go Jehofa Modimo. Fa Jonathane a sena go lemoga kafa Dafite a nang le tumelo ka teng mo Modimong le ditiro tsa gagwe tsa go sireletsa batho ba ga Jehofa, “mowa wa ga Jonathane wa logakana le mowa wa ga Dafite, Jonathane a mo rata jaaka a ithata.” (1 Samuele 18:1) Ka gone, go rata Modimo mmogo go thusa go kitlanya ditsala.

Jonathane le Dafite e ne e le batho ba ba iketleeditseng thata ba ba neng ba tshela ka melaometheo e e siameng. Ka gone ba ne ba ka kgona go tlotlana. (1 Samuele 19:1-7; 20:9-14; 24:6) Re lesego tota fa e le gore re na le ditsala tse di siameng tse di laolwang ke melaometheo ya Dikwalo.

Go na le dilo tse dingwe gape tse di neng di nonotsha botsala jwa ga Dafite le Jonathane. Ba ne ba ikanyega e bile ba sa fitlhe sepe mo botsaleng jwa bone, mme mongwe le mongwe o ne a ikanya yo mongwe. Jonathane ka boikanyegi o ne a tsaya dilo tse di tlhokwang ke Dafite di le botlhokwa go na le tse ene a di tlhokang. O ne a se lefufa ka gonne Dafite a ne a solofeditswe bogosi; go na le moo, Jonathane o ne a mo tshegetsa mo maikutlong le semoyeng. Mme Dafite o ne a amogela thuso ya gagwe. (1 Samuele 23:16-18) Dafite le Jonathane ba ne ba dirisa mekgwa e e tshwanelang go ya ka Dikwalo go bolelelana maikutlo a bone. Botsala jwa bone jo bo siameng bo ne bo tshegeditswe ke go anaanela le lorato lwa boammaaruri. (1 Samuele 20:41; 2 Samuele 1:26) Bo ne bo ka se fele ka gonne banna bano ka bobedi ba ne ba tswelela pele ba ikanyega mo Modimong. Go dirisa melaometheo eo go ka re thusa go dira ditsala tsa boammaaruri le go dira gore re tswelele pele re na le tsone.

Mokgwa wa go Dira Ditsala

A o batla ditsala tsa boammaaruri? O ka nna wa se ka wa tlhoka go batla kgakala. Bangwe ba batho ba o kopanang le bone ka metlha e ka nna ditsala tsa gago, mme ba ka tlhoka gore o nne tsala ya bone. Go botlhokwa go diragatsa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo ya gore re “pitlologe” bogolo jang malebana le Bakeresetekarona. (2 Bakorinthe 6:11-13) Lefa go ntse jalo, o se ka wa tshwenyega fa maiteko otlhe a o a dirang go ntsha motho tsala a sa felele ka botsala jo bo nonofileng. Gantsi go godisa botsala go tsaya nako, mme botsala bo ka se nonofe ka tsela e e tshwanang le jo bongwe. (Moreri 11:1, 2, 6) Gone ke boammaaruri, re tshwanetse ra se ka ra nna pelotshetlha e le gore re nne le ditsala tsa mmatota, gape re tlhoka go latela kgakololo eno ya ga Jesu: “Ke gone tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, le lona lo ba direleng fela jalo.”—Mathaio 7:12.

Ke bomang ba ba tlhokang gore o nne tsala ya bone? Kwantle ga batho ba ba lekanang le wena ka dingwaga, o ka reng ka ba babotlana kana ba bagolwane mo go wena? Botsala jwa ga Dafite le Jonathane, Ruthe le Naomi, le Paulo le Timotheo e ne e le jwa batho ba ba sa lekaneng ka dingwaga. (Ruthe 1:16, 17; 1 Bakorinthe 4:17) A o ka nna tsala ya batlholagadi le ba bangwe ba ba sa nyalang? Akanya gape ka ba ba magorogomasha mo tikologong e o nnang mo go yone. Ba ka tswa ba tlogetse bontsi jwa ditsala tsa bone kana ba di tlogetse tsotlhe ka go fuduga kana go fetola tsela e ba tshelang ka yone. O se ka wa emela gore ba bangwe ba tle kwa go wena. Fa o le Mokeresete, itirele ditsala tse di nnelang ruri ka go dirisa kgakololo eno ya ga Paulo: “Mo go rateng bakaulengwe, lo nne lo ratane ka lorato lo lo pepetletsang; mo tlotlong, a mongwe a beye yo mongwe kwa pele.”—Baroma 12:10.

Re ka leba go nna le ditsala e le mofuta wa go aba. Jesu o rile fa re aba, batho ba tla re fa. Gape o ne a bontsha gore go aba go itumedisa thata go na le go amogela. (Luke 6:38; Ditiro 20:35) A o kile wa kopana le batho ba ba goletseng mo mafelong a a farologaneng? Dikopano tsa ditšhabatšhaba tsa Basupi ba ga Jehofa di supile gore batho ba ditso tse di farologaneng ba ka nna ditsala tsa boammaaruri tse di nnelang ruri fa botlhe ba obamela Modimo.

Go Nna o Ntse O na Le Ditsala

Ka maswabi, ka dinako tse dingwe batho ba go tweng ke ditsala ba a tle ba utlwisane botlhoko. Go seba mo go senyang, go sa ikanyege, go sa anaanele—ke dingwe tsa dilo tse di botlhoko thata fa di dirwa ke mongwe yo o neng o mo tsaya e le tsala ya boammaaruri. Go ka dirwa eng mo maemong ao?

Tlhoma sekao se se molemo. Leka thata ka mo o ka kgonang ka gone go tila go baka kutlobotlhoko go sa tlhokege. Mo mafelong mangwe go tlwaelegile thata gore ditsala di sotlane ka diphoso tsa tsone. Mme lefa go ntse jalo go tshwarana setlhogo kana go tsietsana go ka se ka ga kitlanya ditsala, lefa ba ka tswa ba re ‘ba tshameka fela.’—Diane 26:18, 19.

Dira ka natla gore lo tswelele pele lo le ditsala. Ka dinako tse dingwe go sa utlwane go nna teng fa ditsala di lebeletse gore tse dingwe di di direle mo gontsi thata. Gongwe tsala e e lwalang kana e tshwaregile thata ka ntlha ya bothata jo bo masisi e ka se ka ya kgona go nna botsalano thata jaaka ka dinako tse dingwe. Ka jalo, ka dinako tse dingwe o leke go tlhaloganya le go mo tshegetsa.

Rarabolola mathata ka bonako le ka bopelontle. Fa go kgonega dira jalo mo sephiring. (Mathaio 5:23, 24; 18:15) Dira gore tsala ya gago e itse gore o batla gore lo dirisane sentle. Ditsala tse di peloephepa di a itshwarelana. (Bakolosa 3:13) A o tla nna tsala e e ntseng jalo—e e kgomarelang go feta morwarramotho?

Go bala le go akanya kaga ditsala ke tshimologo fela. Fa re jewa ke bodutu, a re tseyeng kgato e e tshwanetseng mme ga re kitla re jewa ke bodutu ka nako e telele. Fa re dira boiteko re ka nna le ditsala tsa boammaaruri. Re tla kitlana tota le bangwe ba bone. Mme ga go ope yo o ka tsayang boemo jwa Modimo, Tsala e kgolo thata. Jehofa ke ene fela a ka re itseng, a re tlhaloganya le go re tshegetsa ka tsela e e feletseng. (Pesalema 139:1-4, 23, 24) Mo godimo ga moo, Lefoko la gagwe le re solofetsa isagwe e e molemolemo—lefatshe le lesha le mo go lone go tla kgonegang go nna le ditsala tsa boammaaruri tse di nnelang ruri.—2 Petere 3:13.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Dafite le Jonathane ba ne ba le ditsala tsa boammaaruri, le rona re ka nna le tsone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela