Ba ne Ba Dira Thato ya ga Jehofa
Go Tsaya Tsia Mafoko a Jesu a ba Laetseng ka One
MO MAITSEBOENG a Nisane 14, 33 C.E., Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba le 11 ba ne ba ntse fa tafoleng mo ntlwaneng e e kwa godimo kwa Jerusalema. O ne a ba bolelela seno ka a ne a itse gore o setse a tla swa: “Ke na le lona ka lobakanyana.” (Johane 13:33) Tota e bile, Jutase Isekariote o ne a setse a ile go loga maano le banna ba ba boikepo ba ba neng ba batla go bolaya Jesu.
Ga go na ope mo go ba ba neng ba le mo kamoreng eo e e kwa godimo yo o neng a itse kafa seemo se neng se potlakile ka teng go gaisa Jesu. O ne a itse sentle gore o tla tloga a boga. Gape Jesu o ne a itse gore baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tlile go mo latlha mo go jone bosigo joo. (Mathaio 26:31; Sekaria 13:7) E re ka eno e ne e le tshono ya ga Jesu ya bofelo ya go buisana le baaposetoloi ba gagwe pele a swa, re ka tlhomamisa gore mafoko a a neng a ba laela ka one a ne a remeletse thata mo dilong tse di neng di le botlhokwa tota.
“Dirang mo, Lo Nkgopole ka Gone”
Jesu o ne a na le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang fa a ne a tlhoma segopotso se sesha se se neng se tla emela Tlolaganyo ya Sejuta. Moaposetoloi Paulo o ne a se bitsa “selalelo sa Morena.” (1 Bakorinthe 11:20) Jesu o ne a rapela fa a sena go tsaya senkgwe se se sa bedisiwang. O ne a ngathoganya senkgwe a bo a se naya baaposetoloi ba gagwe. “Tsayang lo je; se ke mmele wa me,” o ne a rialo. Morago o ne a tsaya beine, a e lebogela ka thapelo mme a naya baaposetoloi ba gagwe a re: “Nwang lotlhe ga sone; gonne se ke madi a me a kgolagano e ntšha, a a tshololelwang ba le bantsi go tla ba itshwarelwa dibe.”—Mathaio 26:26-28.
Tiragalo eno e ne e kaya eng? Jaaka fa Jesu a supile, senkgwe se ne se emela mmele wa gagwe o o senang boleo. (Bahebere 7:26; 1 Petere 2:22, 24) Beine e ne e emela madi a a tsholotsweng a ga Jesu, a a neng a tla dira gore re kgone go itshwarelwa dibe. Madi a gagwe a a ntshitsweng setlhabelo gape a ne a tla tlhomamisa kgolagano e ntšha fa gare ga Jehofa Modimo le batho ba ba 144 000 ba kgabagare ba neng ba tlile go busa le Jesu kwa legodimong. (Bahebere 9:14; 12:22-24; Tshenolo 14:1) Fa a ne a laletsa baaposetoloi ba gagwe gore ba tle go ja, Jesu o ne a supa gore ba ne ba tla busa le ene mo Bogosing jwa selegodimo.
Jesu o ne a ba laela jaana ka sejo seno sa segopotso: “Dirang mo, lo nkgopole ka gone.” (Luke 22:19) Ee, Sejo sa Morena sa Maitseboa e ne e tla nna tiragalo ya ngwaga le ngwaga fela jaaka Tlolaganyo. E re ka Tlolaganyo e ne e ba gopotsa go gololwa ga Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto, Sejo sa Morena sa Maitseboa se ne se tlile go remelela thata mo kgololong e kgolwane—ya go golola batho ba go kgonegang gore ba gololwe mo bokgobeng jwa boleo le loso. (1 Bakorinthe 5:7; Baefeso 1:7) Mo godimo ga moo, ba ba jang senkgwe le beine tsa tshwantshetso ba ne ba tla gakololwa ka ditshiamelo tsa bone tsa mo isagweng tsa go nna dikgosi le baperesiti mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo.—Tshenolo 20:6.
Loso lwa ga Jesu Keresete ruri e ne e le tiragalo ya botlhokwa thata mo hisitoring ya motho. Bao ba anaanelang se Jesu a se dirileng ba reetsa taolo eno ya gagwe mabapi le Sejo sa Morena sa Maitseboa: “Dirang mo, lo nkgopole ka gone.” Basupi ba ga Jehofa ba gopola loso lwa ga Jesu ngwaga le ngwaga ka letlha le le lebaganeng le Nisane 14. Ka 1996 letlha leno le tlile go wela mo go April 2, fa letsatsi le sena go wela. O lalediwa ka lorato gore o nne teng kwa Holong ya Bogosi e e mo lefelong la lona.
“Ke lo Naya Taolo e Ntšha”
Kwantle ga go tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa, Jesu o ne a laela baaposetoloi ba gagwe ka go ba naya kgakololo nngwe. Banna bano ba ne ba santse ba tlhoka go ithuta dilo tse dintsi le mororo ba ne ba thapisitswe sentle. Ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo boikaelelo jwa Modimo ka Jesu, ka bone kana ka isagwe. Lefa go ntse jalo, Jesu ga a ka a leka go tlhalosa dilo tseno tsotlhe ka nako eo. (Johane 14:26; 16:12, 13) Go na le moo, o ne a bolela ka sengwe se se botlhokwa thata. O ne a re: “Ke lo naya taolo e ntšha, ya go re, lo ratane; fela jaaka ke lo ratile go re, le lona lo ratane.” Jesu o ne a oketsa jaana: “Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.”—Johane 13:34, 35.
Seno e ne e le “taolo e ntšha” ka tsela efe? Gone mme, Molao wa Moshe o ne o laela jaana: “O rate wa gaeno jaaka o ithata.” (Lefitiko 19:18) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba supe lorato lwa go intsha setlhabelo le le neng le tla ba dira gore ba ntshetse Bakeresetekabone matshelo a bone. Mme gone, ‘molao wa lorato’ o ne o tla dira le mo maemong a a seng maswe thata. Mo maemong otlhe, molatedi wa ga Jesu Keresete o tla tsaya kgato pele go supa lorato ka go thusa ba bangwe semoyeng le ka ditsela tse dingwe.—Bagalatia 6:10.
Mo bosigong jono jwa bofelo jwa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng, lorato lo ne lwa tlhotlheletsa Jesu gore a rapelele barutwa ba gagwe mo go Jehofa Modimo. Selo sengwe se a neng a se rapelela ke seno: “Ba mo lefatsheng, mme ke ya koo go wena. Rara yo o boitshepo, ba boloke ka leina la gago le o le nneileng, gore ba nne bangwe fela, jaaka rona.” (Johane 17:11) Go bonala sentle gore fa Jesu a ne a kopa Rraagwe, o ne a rapelela gore balatedi ba gagwe ba utlwane le go ratana. (Johane 17:20-23) Ba ne ba tshwanetse gore ba ‘ratane fela jaaka Jesu a ne a ba ratile.’—Johane 15:12.
Baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Jesu ba ne ba reetsa mafoko ao a a neng a ba laela ka one. Le rona re tshwanetse go reetsa ditaolo tsa gagwe. Mo ‘metlheng eno ya bofelo’ e e maswe thata, go botlhokwa thata gore baobamedi ba boammaaruri ba ratane ba bo ba utlwane. (2 Timotheo 3:1) Eleruri, Bakeresete ba boammaaruri ba reetsa ditaolo tsa ga Jesu e bile ba supa lorato lwa bokaulengwe. Seno se akaretsa go tsaya tsia taolo ya gagwe ya go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa.