LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 4/1 ts. 22-26
  • “Se Direleng Dijo Tse di Nyelelang”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Se Direleng Dijo Tse di Nyelelang”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekao sa ga Mmè se se Ikanyegang
  • Boineelo le Kolobetso
  • Tirelo ya Kwa Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe
  • Lelapa le le Nang le Tshegetso
  • Go Nyala le go Nna le Lelapa
  • Go Nonotshiwa ke Dijo Tsa Semoya
  • Go Dira Tirelo ya Nako e e Tletseng Tiro ya Botshelo Jotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Botshelo jo bo Humileng mo Tirelong ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Batla Pele Bogosi—Botshelo Jo bo Se Nang Matshwenyego Le jo Bo Itumedisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 4/1 ts. 22-26

“Se Direleng Dijo Tse di Nyelelang”

JAAKA GO BOLETSE DAVID LUNSTRUM

Nna le morwarre Elwood re ne re le dimetara tse robongwe mo moyeng, re kwala letshwao le lesha la kago ya feketeri ya Watchtower. Morago ga dingwaga tse di fetang 40, le sa ntse le ntse le le teng, le kgothatsa ka gore: “BALA LEFOKO LA MODIMO BAEBELE E E BOITSHEPO LETSATSI LE LETSATSI.” Beke nngwe le nngwe, diketekete tsa batho di bona letshwao leno fa di kgabaganya Brooklyn Bridge e e itsegeng thata.

SENGWE sa dilo tse ke di gakologelwang fa ke sa ntse ke le mmotlana ke letsatsi la lelapa la go tlhatswa diaparo. Mmè o ne a tsoga ka 5:00 mo mosong a tlhatswa diaparo tsa lelapa la rona le legolo, mme Rre ene o tla bo a ipaakanyetsa go ya tirong. Ba tla bo ba tsosa kgang nngwe ya bone ya moruthutha, Rre o ne a re motho o itlhagetse fela ka dingwaga tse di fetang dimilione, fa Mmè ene a ne a nopola go tswa mo Baebeleng go bontsha gore batho ke popo ya Modimo!

Tota lefa ke ne ke na le dingwaga tse supa fela, ke ne ka lemoga gore Mmè o ne a bua boammaaruri. Lefa ke ne ke rata Rre thata ke ne ka bona gore tumelo ya gagwe ga e na tsholofelo epe ka isagwe. A bo Mmè a ka bo a ne a itumetse thata jang ne, fa a ne a itse gore morago ga dingwaga tse dintsi, barwa ba gagwe ba babedi ba ne ba kwala letshwao le le neng le kgothaletsa batho go bala Baebele, buka eo a neng a e rata thata!

Mme tota ga ke bue dilo ka go latelana sentle. Ke ne ka bona jang tshiamelo ya go bo ke dira tiro eo? Ke tshwanetse go boela kwa ngwageng wa 1906, dingwaga tse tharo pele ga ke tsholwa.

Sekao sa ga Mmè se se Ikanyegang

Ka nako eo Mmè le Rre ba ne ba sa tswa go nyalana, mme ba ne ba nna mo tenteng kwa Arizona. Baithuti ba Baebele, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa jalo ka nako eo, ba ne ba tla mme ba naya Mmè dibuka tse di kwadilweng ke Charles Taze Russell tse di nang le setlhogo se se reng, Studies in the Scriptures. O ne a nna bosigo jotlhe a di bala mme ka bonakonyana fela a lemoga gore seno e ne e le boammaaruri jo a neng a sa bolo go bo batla. O ne a letela gore Rre a boe go tswa go batla tiro.

Rre le ene o ne a sa kgotsofadiwa ke seo dikereke di neng di se ruta, mme o ne a amogela boammaaruri jono jwa Baebele ka nakwana. Lefa go ntse jalo, moragonyana o ne a boela kwa tseleng ya gagwe ya bodumedi mme a ketefaletsa Mmè dilo. Lefa go ntse jalo, mmè ga a ka a tlogela go tlamela bana ba gagwe mo nameng le e leng mo semoyeng.

Ga ke na go lebala fa Mmè a ne a fologa ka ditepisi bosigo bongwe le bongwe, morago ga go bereka ka thata letsatsi lotlhe, a tla go re balela karolo ya Baebele kana go tla go re tlotlela dintlha dingwe tse di botlhokwatlhokwa tsa semoya. Rre le ene e ne e le modiri yo o senatla, mme fa ke ntse ke gola o ne a nthuta tiro ya go penta. Ee, Rre o ne a nthuta go dira mme Mmè ene o ne a nthuta se ke tshwanetseng gore ke se berekele jaaka fa Jesu a rutile, e bong gore ke ‘se direle dijo tse di nyelelang.’—Johane 6:27.

Kgabagare lelapa la gaetsho le ne la nna kwa torotswaneng ya Ellensburg kwa Washington, mo e ka nnang dikilometara tse 180 kwa botlhaba jwa Seattle. E rile fa rona bana re ne re simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Baithuti ba Baebele le Mmè, re ne re kopanela mo matlong. Batho botlhe ba ne ba tlogela go ithuta fa go ne go gatelelwa botlhokwa jwa bodiredi jwa ntlo le ntlo. Mmè ene ga a ka a reketla. Seno se ne sa nkgatlha fela thata gore ka metlha ke tshwanetse go ikanya kaelo ya mokgatlho wa ga Jehofa.

Kgabagare Mmè le Rre ba ne ba nna le bana ba le robonngwe. Ke ne ka tsholwa ka October 1, 1909, ke le ngwana wa bone wa boraro. Ka borataro jwa rona re ne ra latela sekao sa ga Mmè se se molemo mme ra nna Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhagafetseng.

Boineelo le Kolobetso

Fa ke tloga ke fetsa dingwaga tsa me tsa bolesome, ke ne ka ineela mo go Jehofa mme ka bontsha seo ka go kolobediwa mo metsing ka 1927. Ke ne ka kolobediwa kwa Seattle mo kagong e kgologolo eo e neng e le kereke ya Baptist pele. Ke ne ke itumetse gonne ba ne ba ntshitse tora e kgologolo ya kereke eo. Re ne ra buledisiwa go ya go tsena kwa letamong le le mo phaposing e e kwa tlase ko re neng ra newa dipurapura tse ditelele tse dintsho gore re di apare. Re ne re lebega e kete re ya phitlhong.

Ke ne ke le kwa Seattle gape morago ga dikgwedinyana di le mmalwa, mme ka nako eo e ne e le lekgetlho la ntlha ke ikutlwisa go neela bosupi ka ntlo le ntlo. Motho yo o neng a re kaela o ne a nthaya a re, “Wena o tla tsamaya jaana go dikologa matlo a, mme nna ke tla tsamaya jaana.” Le mororo ke ne ke tshogile, ke ne ka tsamaisetsa mosadi mongwe yo o molemo disete tse pedi tsa dibukana. Ke ne ka tswelela ka bodiredi jono jwa ntlo le ntlo fa ke boela kwa Ellensburg, mme le gone jaanong mo e ka nnang morago ga dingwaga tse 70, ke santse ke ipelela tirelo e e ntseng jalo fela thata.

Tirelo ya Kwa Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe

Ka bonakonyana fela morago ga moo, motho mongwe yo o neng a direla kwa Bethele ya Brooklyn, kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a nkgothaletsa go ithaopela go direla moo. Ka bonakonyana fela morago ga puisano ya rona, go ne ga nna le kitsiso mo makasineng wa Tora ya Tebelo e e neng e itsise gore go na le tlhokafalo ya go thusa kwa Bethele. Ka jalo ke ne ka dira kopo. Ga nkitla ke lebala tsela e ke neng ka itumela ka yone fa ke ne ke amogela lekwalo la gore ke tlele tirelo ya Bethele kwa Brooklyn, New York, ka March 10, 1930. Ke gone foo tsela ya me ya botshelo ya nako e e tletseng e neng ya simolola gone e bong ya go se direle “dijo tse di nyelelang.”

Gongwe mongwe a ka akanya gore ka kitso ya me ya go penta ke ka bo ke ile ka abelwa tiro ya go penta. Mme go na le moo, tiro ya me ya ntlha e ne ya nna go dira ka motšhini o o kopanyang ditsebe tsa dibukana mo feketering. Lefa seno e ne e le tiro e e lapisang pelo, ke ne ka e dira ka dingwaga tse thataro. Motšhini o mogolo o o gatisang wa rotari, o re neng re rata go o bitsa re re ke sekepe sa ntwa sa bogologolo, o ne o gatisa dibukana tseo di neng di romelwa kwa go rona mo boalong jo bo kwa tlase ka lebante. Re ne re itumelela go bona gore a re ka kgona go tshwaraganya ditsebe tsa dibukana ka bonako fela fa re fetsa go di amogela go tswa mo sekepeng sa ntwa.

Morago ke ne ka dira mo maphateng a mantsinyana, go akaretsa le le re neng re dira difonokerafa mo go lone. Re ne re dirisa metšhini eno go tshameka melaetsa e e gatisitsweng ya Baebele mo dikgorong tsa beng ba matlo. Baithaopi ba lephata la rona ba ne ba tlhama le go dira fonokerafa. Fonokerafa eno e ne e sa tshameke melaetsa e e neng e gatisitswe fela mme gape e ne e na le karolo e nngwe e e kgethegileng ya go tsenya dibukana, gongwe le sementšhisi. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go bontsha batho gore sedirisiwa seno se sesha se dirisiwa jang kwa kopanong ya kwa Detroit, kwa Michigan ka 1940.

Lefa go ntse jalo, re ne re sa dire le metšhini eno fela e e dirilweng ka botlhale. Re ne re itokafatsa gape le mo dikarolong tse dingwe tsa botlhokwa tsa semoya. Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tle ba ikgokelele betšhe e e tshwantshitsweng sefapaano le serwalo sa bogosi. Lefa go ntse jalo, ka nako eo re ne ra simolola go lemoga gore Jesu o ne a bolaelwa mo koteng e e tlhamaletseng e seng mo sefapaanong. (Ditiro 5:30) Ka jalo batho ba ne ba seka ba tlhola ba ikgokelela dibetšhe tseno. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go ntsha dikopelo mo dibetšheng tseno. Moragonyana gauta ya tsone e ne ya gakoloswa mme ya rekisiwa.

Le mororo re ne re na le thulaganyo ya go dira ka natla matsatsi a le matlhano le halofo mo bekeng, re ne re kopanela mo bodireding jwa Bokeresete ka mafelobeke. Ka letsatsi le lengwe re le 16 re ne ra tshwarwa mme ra tsenngwa mo kgolegelong kwa Brooklyn. Ka ntlha yang? Ka gonne ka dinako tseo re ne re tsaya madumedi otlhe fela e le a maaka. Ka jalo re ne re tsamaya re tsholeditse matshwao ao a neng a balega jaana ka fa letlhakoreng le lengwe, “Bodumedi Ke Serai le Kgwebo ya Boferefere” mme kafa letlhakoreng le lengwe a re “Direla Modimo le Kgosi Keresete.” Ka go tshola matshwao ano, re ne ra tsenngwa mo kgolegelong, mme Hayden Covington, mmueledi wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a re ntsha ka beile. Ka nako eo dikgetsi tse dintsi tsa kgololesego ya kobamelo di ne di ntse di sekwa kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya kwa United States, mme e ne e le selo se se monate go bo ke le kwa Bethele le go utlwa pego ka tlhamalalo ka ga phenyo ya rona.

Kgabagare ke ne ka abelwa tiro eo mo go yone ke neng ke tla dirisa kitso ya me ya go penta. Re ne re na le seteishane sa rona sa radio sa WBBR kwa Staten Island mo go nngwe ya dikgaolo tse tlhano tsa New York City. Ditora tsa seteishane sa radio di ne di le botelele jwa dimetara tse di fetang 60, mme di ne di na le disete tse tharo tsa diterata. Ke ne ke ntse mo polankeng ya boleele jwa disentimetara di le 90 le bophara jwa disentimetara tse 20 fa modirimmogo le nna ene a ntsholeleditse kwa godimo. Ke ne ke ntse kwa godimo mo setulong se se nnyennyane seo, ke penta megala le ditora. Bangwe ba ne ba tle ba mpotse gore a re ne re se ke re rapela thata fa re dira tiro eo!

Tiro e re neng re e dira selemo, e ke se kitlang ke e lebala, e ne e le go tlhatswa difensetere le go penta dibopelo tsa difensetere tsa kago ya feketeri. Re ne re e bitsa re re ke boikhutso jwa rona jwa selemo. Re ne re baakanya sekefole sa rona sa logong, le didirisiwa tsa rona, mme re be re palama re tla re fologa mo kagong ya matlhatlaganyane a robedi.

Lelapa le le Nang le Tshegetso

Rre o ne a tlhokafala ka 1932, mme ke ne ka ipotsa gore a ke tshwanetse go boela gae go ya go thusa Mmè. Ka letsatsi lengwe pele ga dijo tsa motshegare ke ne ka baya lekwalo fa tlhogong ya tafole e Mokaulengwe Rutherford, poresidente wa Mokgatlho a nnang gone. Mo go lone ke ne ke kopa go bua le ene. Morago ga gore a utlwe maikutlo a me le go itse gore ke na le bomorwarre le bokgaitsadiake ba ba santseng ba le kwa gae, o ne a mpotsa a re, “A o batla go nna mo Bethele le go dira tiro ya Morena?”

“Ee, ke a batla,” Ke ne ka araba jalo.

Ka jalo o ne a ntsha kakantsho ya gore ke kwalele Mmè ke utlwe gore a o dumalana le tshwetso ya me ya go nna. Ke ne ka dira jalo, mme o ne a nkwalela a ntlhalosetsa gore o ne a dumalana le tshwetso ya me. Ruri ke ne ka anaanela bopelonomi le kgakololo ya ga Mokaulengwe Rutherford.

Morago ga go nna dingwaga tse dintsi kwa Bethele, ka metlha ke ne ke kwalela lelapa la gaetsho mme ke ba kgothaletsa go direla Jehofa, fela jaaka Mmè a ne a tlhola a nkgothatsa. Mmè o ne a tlhokafala ka July, 1937. A bo a ne a ile a tlhotlheletsa lelapa la gaetsho thata jang ne! Ke nkgonne le kgaitsadiake yo mogolo fela, e bong Paul le Esther mmogo le kgaitsadiake yo mmotlana e bong Lois ba e sa kang ya nna Basupi. Lefa go ntse jalo, Paul o ne a rata tiro ya rona fela thata e bile o ne a re fa setsha seo re neng ra aga Holo ya Bogosi ya rona ya ntlha mo go sone.

Ka 1936, kgaitsadiake Eva o ne a nna mmulatsela kana mmoledi wa nako e e tletseng. Ka one ngwaga oo o ne a nyalwa ke Ralph Thomas, mme ka 1939 ba ne ba abelwa tiro ya bopotologi go direla mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa. Morago ba ne ba fudugela kwa Mexico, koo ba neng ba fetsa dingwaga tse 25 teng ba thusa ka tiro ya Bogosi.

Ka 1939, bokgaitsadiake e bong Alice le Frances le bone ba ne ba tsena mo tirelong ya bobulatsela. A bo ke ne ka itumela thata jang ne fa ke ne ke bona Alice kwa kopanong ya kwa St. Louis, ka 1941, a dira mo lephateng le le neng le bontsha ka go dirisa sedirisiwa sa fonokerafa seo ke thusitseng go se dira! Lefa Alice ka dinako tse dingwe a ne a tle a emise bobulatsela jwa gagwe ka ntlha ya maikarabelo a lelapa, mme gone o feditse dingwaga tse di fetang 40 mo bodireding jwa nako e e tletseng. Frances ene o ne a ya sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileate, ka 1944, mme o ne a direla ka lobaka lo lo rileng e le morongwa kwa Puerto Rico.

Kwa tshimologong ya bo 1940, Joel le Elwood, ka bobedi jwa bone e le ba babotlana mo lelapeng, e ne ya nna babulatsela kwa Montana. Joel o ne a nna e le Mosupi yo o ikanyegang mme jaanong o direla e le motlhanka wa bodiredi. Ka 1944 Elwood o ne a tla go direla le nna kwa Bethele, mme seo se ne sa tlisetsa pelo ya me boitumelo jo bogolo. Fa ke ne ke tswa kwa gae o ne a le bogolo jwa dingwaga tse di kafa tlase ga tse tlhano. Jaaka fa ke tlhalositse pelenyana, re ne ra penta mmogo letshwao lele le le mo kagong ya feketeri le le reng “Bala Lefoko la Modimo Baebele e e Boitshepo Letsatsi le Letsatsi.” Gantsi ke tlhola ke ipotsa gore mo dingwageng tse dintsi tseno tota ke batho ba le kae ba ba ileng ba kgothalela go bala Dibaebele tsa bone ka ntlha ya go bo ba ne ba bone letshwao leno le le ba kgothaletsang go bala Dibaebele tsa bone.

Elwood o ne a direla kwa Bethele go fitlha ka 1956, fa a nyala Emma Flyte. Elwood le Emma ba ile ba fetsa dingwaga tse dintsi mmogo mo bodireding jwa nako e e tletseng, ba ne ba direla ka lobakanyana kwa Kenya, kwa Afrika tota le kwa Spain. Elwood o ne a tshwarwa ke kankere mme a tlhokafalela kwa Spain ka 1978. Emma o ne a sala a dira tiro ya bobulatsela kwa Spain go fitlha le gompieno.

Go Nyala le go Nna le Lelapa

Ka September 1953, ke ne ka tswa mo Bethele mme ka nyala Alice Rivera, mmulatsela wa Phuthego ya Brooklyn Center e ke neng ke kopanela kwa go yone. Ke ne ka itsise Alice gore ke na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, mme lefa go ntse jalo ga a ka a fetola mogopolo wa gagwe wa gore ke mo nyale.—Bafilipi 3:14.

Morago ga dingwaga tse 23 ke nna kwa Bethele, ke ne ka rulaganya gore ke simolole go dira tiro ya boitshediso ya go penta e le gore ke kgone go tlamela nna le Alice mo tirong ya bobulatsela. Ka metlha Alice o ne a ntshegetsa, tota le e leng fa ka ntlha ya bolwetse a ne a tlogela go bulatsela. Ka 1954 re ne re lebeletse ngwana wa rona wa ntlha. Lefa a sa ka a belegwa sentle, morwa wa rona John o ne a itekanetse. Alice o ne a latlhegelwa ke madi a mantsi ka nako ya fa a belega ka karo, mo e leng gore dingaka di ne tsa akanya gore ga a kitla a tshela. Ka lekgetlho lengwe ba ne ba sa kgone tota le e leng go utlwa go itaya ga pelo. Lefa go ntse jalo, o ne a tswelela a ntse a tshela mo bosigong joo mme fa nako e ntse e ya o ne a tokafala ka botlalo.

Morago ga dingwaga di le mmalwa, fa rraagwe Alice a sena go tlhokafala, re ne ra fuduga mo Long Island go ya go nna le mmaagwe. E re ka re ne re sena koloi, ke ne ke tsamaya ka dinao kana ka bese le terena. Ka jalo, ke ne ka kgona go tswelelapele ke le mmulatsela le go tlamela lelapa la me. Boitumelo jwa bodiredi jwa nako e e tletseng bo ka se lekanngwe le go ntsha setlhabelo lefa e le sefe. Go thusa—batho, ba ba tshwanang le Joe Natale, yo o tlogetseng tsela ya gagwe ya botshelo ya go tshameka beisebolo mme ya nna Mosupi—e ne ya nna nngwe ya ditshegofatso tsa me tse dintsi.

Fa maemo a ne a ntse a nna maswe le go feta mo kgaolong ya New York, ka 1967 ke ne ka swetsa gore ke tseye Alice le John mme re boe re ye go nna kwa gae kwa Ellensburg. Gone jaanong ke bona go duela thata go bona ditlogolo le ditlogolwana tsa ga mmè di kopanela mo bodireding jwa nako e e tletseng. Bangwe e bile ba direla kwa Bethele. John mmogo le mosadi wa gagwe le bana ba direla Jehofa ka boikanyego.

Ka kutlobotlhoko mosadi wa me yo o rategang thata Alice, o ne a tlhokafala ka 1989. Go nna ke tshwaregile mo bodireding jwa nako e e tletseng go ne ga nthusa gore ke kgone go itshokela tatlhegelo eno. Nna le kgaitsadiake Alice gone jaanong re ipelela bobulatsela mmogo. A bo go le monate jang ne go tshela mmogo gape mo ntlong e le nngwe le go iphitlhela re tshwaregile mo tirong ya botlhokwatlhokwa!

Ka dikgakologo tsa 1994, e ne e le la ntlha ke etela Bethele mo e ka nnang morago ga dingwaga tse 25. A bo ke ne ka itumela jang ne fa ke ne ke bona bontsi jwa batho ba ke neng ke dira le bone mo dingwageng tse di fetang 40 tse di fetileng! Fa ke ya kwa Bethele ka 1930, e ne e le lelapa la batho ba ba 250 fela, mme gompieno lelapa la Bethele kwa Brooklyn le na le batho ba ba fetang 3 500!

Go Nonotshiwa ke Dijo Tsa Semoya

Gantsi mo mosong ke tsamayatsamaya fa thoko ga Noka ya Yakima e e fa thoko ga ntlo ya rona. Fa ke le foo ke kgona go bona kapoko e apesitse Thaba ya Rainier e e boleele jwa dimetara tse 4 300. Go na le diphologolo di le dintsi tsa kwa nageng. Ka dinako dingwe ke ne ke kgona go bona ditholo, mme gape ka lekgetlho lengwe nkile ka bona le eleng dikukama.

Dinako tseno tse di didimetseng tsa fa ke le nosi di ntira gore ke akanye ka dilo tse di molemo tse Jehofa a di dirileng. Ke rapela gore ke nne le nonofo gore ke tswelele pele ke direla Jehofa Modimo wa rona ka boikanyego. Mme e bile ke rata le go opela fa ke ntse ke tsamayatsamaya, segolobogolo pina e e reng “Go Ipedisa Pelo ya ga Jehofa” eo mafoko a yone a reng: “Jehofa Rara wa rona; Re tla go direla ka metlha. Ka jalo re nna le seabe sa gore re go ipedise.”

Ke a ipela gonne ke tlhophile go dira tiro eo e dirang gore pelo ya ga Jehofa e ipele. Ke rapela gore e kete nka tswelela pele ke dira tiro eno go fitlha ke bona tuelo ya me ya go ya legodimong eo e solofeditsweng. Ke eletsa e kare polelo eno e ka tlhotlheletsa le ba bangwe gape gore ba dirise matshelo a bone ba ‘sa direle dijo tse di nyelelang.’—Johane 6:27.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Elwood a kwala letshwao le le reng “BALA LEFOKO LA MODIMO BAEBELE E E BOITSHEPO LETSATSI LE LETSATSI”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ke na le Grant Suiter le John Kurzen, re bontsha batho fonokerafa e ntšha kwa kopanong ya 1940

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ka 1944, rotlhe re ne re le mo bodireding jwa nako e e tletseng. Go tswa ka fa molemeng: David, Alice, Joel, Eva, Elwood, le Frances

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Bana ba kwa gae ba ba santseng ba tshela, go tswa kwa molemeng: Alice, Eva, Joel, David, le Frances

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela