Latlhela Morwalo wa Gago mo go Jehofa ka Metlha
GOMPIENO bontsi jwa batho bo ikutlwa bo pitlagantswe thata ke merwalo. Mathata a ikonomi, mathata a a ngomolang pelo a malapa, mathata a botsogo, bohutsana le pogo ka ntlha ya dikgatelelo le dipatikego, le dipogisego tse dingwe tse dintsintsi di ntse fela jaaka lelwala le le bofeletsweng mo dithamong tsa bone. Kwantle ga dikgatelelo tseno tsa kafa ntle, bangwe ba kgobega marapo ka go ikutlwa e kete ga se batho ba sepe e bile ba palelwa ka gonne ba sa itekanela. Ba le bantsi e bile ba nyemile moko gotlhelele. Mme gone o ka kgona jang fa morwalo o lebega o sa rwalege?
Ka nako nngwe Kgosi Dafite wa Iseraele o ne a nna le boikutlo jwa gore morwalo wa gagwe ga o rwalege. Go ya ka Pesalema 55, o ne a tlhobaela thata ka ntlha ya dikgatelelo le kilo go tswa mo babeng ba gagwe. O ne a hutsafetse thata e bile a boifa. O ne a le mo selelong se segolo thata ka ntlha ya mahutsana a gagwe. (Pesalema 55:2, 5, 17) Lefa a ne a na le mathata a mantsi ano, o ne a kgona go a fenya. Jang? O ne a kopa tshegetso mo Modimong wa gagwe. O ne a gakolola ba bangwe ba ba ka tswang ba ne ba ikutlwa jaaka ene jaana: “Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa.”—Pesalema 55:22.
O ne a raya eng fa a re, “latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa”? A mme seo se raya fela go atamela Jehofa ka thapelo mme o bo o mmolelela se se go tlhobaetsang? Kana a go na le sengwe seo rona re ka se dirang go thusa go fedisa boemo joo? Go tweng fa e le gore re ikutlwa re sa tshwanelegele go atamela Jehofa? Re ka kgona go bona sentle gore Dafite o ne a kaya eng, fa re leba maitemogelo ao a ka tswang a ne a a gakologelwa ka botlalo fa a ne a kwala mafoko ano.
Dira Dilo o Nonotshiwa ke Jehofa
A o gakologelwa gore Goliathe o ne a boifisa banna ba ntwa ba Iseraele jang? Monna yono wa seganka, yo o boleele jo bo fetang dimetara di le 2,7 o ne a ba boifisa fela thata. (1 Samuele 17:4-11, 24) Mme Dafite ene o ne a sa boife. Ka ntlha yang? Gonne o ne a sa leke go lwa le Goliathe ka nonofo ya gagwe. Go tloga ka nako ya fa a ne a tlodiwa jaaka kgosi ya Iseraele ya nako e e tlang, o ne a letlelela moya wa Modimo gore o mo kaele le go mo nonotsha mo dilong tsotlhe tseo a neng a di dira. (1 Samuele 16:13) Ka jalo o ne a raya Goliate a re: “Ke tla kwa go wena mo ineng la ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa dintwa tsa Iseraele, yo o mo kgobileng. Jehofa o tlaa go tsenya mo seatleng sa me gompieno.” (1 Samuele 17:45, 46) Dafite o ne a le setswerere mo go diriseng motsekedi, mme re ka tlhomamisega gore moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ne wa kaela lentswe le a neng a ngata Goliathe ka lone gore le mmolaye.—1 Samuele 17:48-51.
Dafite o ne a kgona go emelana le kgwetlho e kgolo eno mme a nna mofenyi ka ntlha ya gore o ne a na le tshepo gore Modimo o tla mo tshegetsa le go mo nonotsha. O ne a nna le kamano e e molemo, ya go ikanya Modimo. Kwantle ga pelaelo o ne a nonotshiwa ke tsela eo Jehofa a neng a mo golola ka yone pejana. (1 Samuele 17:34-37) Fela jaaka Dafite, o ka kgona go nna le kamano ya botho ya mmatota le Jehofa, mme o nne le tshepo e e feletseng mo bokgoning jwa gagwe le mo go rateng go go nonotsha le go go kokotletsa ga gagwe mo mabakeng otlhe.—Pesalema 34:7, 8.
Dira Se o Ka se Kgonang go Rarabolola Bothata
Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore ga go kitla go nna le dinako tsa bohutsana, ditlhobaelo, tota le eleng poifo, jaaka fa Pesalema 55 e bontsha ka phepafalo. Ka sekai, dingwaga di le mmalwa morago ga go bontsha go tlhoka poifo gonne a tshepile Jehofa, Dafite o ne a nna le poifo e kgolo ka ntlha ya baba ba gagwe. Kgosi Saule o ne a mo ila mme o ne a tshwanelwa ke go tshaba gore a boloke botshelo jwa gagwe. A ke o leke go akanya fela gore se se ne sa fudua Dafite maikutlo jang, go tshwanetse ga bo go ile ga tsoga dipotso mo mogopolong wa gagwe gore tota maikaelelo a ga Jehofa ke eng fa a letlelela gore seo se diragale. Mo godimo ga moo o ne a tloditswe go nna kgosi ya Iseraele ya nako e e tlang, lefa go ntse jalo o ne a tshwanela go tshela kwa nageng jaaka motshabi, a tsomiwa jaaka phologolo. Fa a ne a leka go tshabela kwa toropokgolong ya Gathe, kwa toropong ya lefelo leo Goliate a neng a nna kwa go lone, o ne a lemogiwa. Go ne ga felela ka eng? Pego ya re ‘a boifa thata.’—1 Samuele 21:10-12.
Mme ga a ka a dumelela poifo ya gagwe le go tlhobaela gore di mo thibele go kopa thuso mo go Jehofa. Go ya ka Pesalema 34 (e kwadilwe e le ditlamorago tsa maitemogelo ano), Dafite o ne a re: “Ka batla Jehofa, mme a nkaraba, a nkgolola mo dipoifong tsa me tsotlhe fela. Mohumanegi yo, o ne a bitsa, mme Jehofa a mo utlwa, a mo golola mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe.”—Pesalema 34:4, 6.
Ee, Jehofa o ne a mo tshegetsa. Lefa go ntse jalo, tlhokomela gore Dafite ga a ka a nna fela mme a bo a letela gore Jehofa a mo thuse. O ne a lemoga fa go tlhokega gore a dire se a ka se kgonang ka maemo ao, gore a tswe mo mathateng. O ne a itse gore letsogo la ga Jehofa le tla mo golola, mme le ene ka boene o ne a tsaya kgato, o ne a ipaya jaaka e kete o a tsenwa e le gore kgosi ya Gathe e seka ya mmolaya. (1 Samuele 21:14–22:1) Le rona re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re emelane le merwalo, go na le go nna fela re letela gore Jehofa a re boloke.—Jakobe 1:5, 6; 2:26.
O Seka wa Ikokeletsa Merwalo
Moragonyana Dafite o ne a ithuta thuto e nngwe, e e botlhoko mo botshelong jwa gagwe. E ne e le efe? Ke ya gore ka dinako tse dingwe re na le go ikokeletsa merwalo. Morago ga go fenya Bafilisitia, dilo ga di a ka tsa tsamaela Dafite sentle fa a ne a dira tshwetso ya gore letlole la kgolagano le isiwe Jerusalema. Pego ya hisitori e re bolelela jaana: “Dafite a nanoga, a ya le batho botlhe ba o nang nabo, ba ya Baale-Juta, ba ya go tlhatlosa gone letlole la Modimo . . . Ba baya letlole la Modimo mo kareng e ntšha, . . . mme Usa le Ahio, bomorwa Abinatabe ba kgweetsa kara e ntšha.”—2 Samuele 6:2, 3.
Ka go dirisa kara go rwala Letlole ba ne ba tlola ditaelo tsotlhe tseo Jehofa a neng a di ba neile malebana le lone. Go ne go bontshitswe ka phepafalo gore batshwari ba lone fela ba semolao, eleng Bakohate ba Balefi, ba ne ba tshwanetse go sikara Letlole mo maruding a bone, ba dirisa disikaro tse di mo melepong e e direletsweng mo Letloleng. (Ekesodo 25:13, 14; Dipalo 4:15, 19; 7:7-9) Go tlhokomologa ditaelo tseno go ne go ka tsenya motho mo diphatseng. Fa dikgomo tse di neng di goga kara di ne di batla go le diga, Usa yo e neng e le Molefi mme ruri e se moperesiti, o ne a re o tshwara Letlole mme Jehofa a mo itaya ka ntlha ya go bo a ne a tlhoka tlotlo.—2 Samuele 6:6, 7.
Dafite jaaka kgosi o ne a tshwanela go ikarabela se. Tsela eo a ileng a itshwara ka yone e ne ya bontsha gore tota le eleng bao ba nang le kamano e e molemo le Jehofa ka dinako tse dingwe ba ka nna ba seke ba itshware sentle mo ditekong. La ntlha, Dafite o ne a galefa. Mme morago a boifa fela thata. (2 Samuele 6:8, 9) Kamano ya gagwe ya go ikanya Jehofa e ne ya lekwa botlhoko thata. Mono e ne e le ka lekgetlho leo a neng a bonala a palelwa ke go latlhela morwalo wa gagwe mo go Jehofa, fa a ne a sa latela ditaelo tsa gagwe. A gongwe le rona ka dinako tse dingwe re iphitlhela re le mo boemong jo bo ntseng jalo? A re tshwanetse go baya Jehofa molato ka ntlha ya mathata ao re a ipaketseng ka go tlhokomologa ditaelo tsa gagwe?—Diane 19:3.
Go Itshokela Morwalo wa go Nna Molato
Moragonyana, Dafite o ne a itirela morwalo wa go nna molato ka go dira boleo jo bo masisi kgatlhanong le melao ya ga Jehofa ya boitsholo. Mo lebakeng leno Dafite o ne a tlogela boikarabelo jwa gagwe jwa go etelela batho ba gagwe pele kwa tlhabanong. O ne a nna mo Jerusalema fa bone ba ile go lwa. Seno se ne sa tlisa bothata jo bogolo.—2 Samuele 11:1.
Kgosi Dafite o ne a bona Bathesheba yo montle a tlhapa. O ne a kopanela mo boitsholong jo bo sa siamang le ene, mme mosadi a nna moimana. (2 Samuele 11:2-5) Go leka go bipa boitsholo jono jo bo maswe, o ne a rulaganya gore monna wa mosadi yono, e bong Uria, a tswe kwa tlhabanong mme a boele Jerusalema. Uria o ne a gana go tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe fa Baiseraele ba le kwa tlhabanong. (2 Samuele 11:6-11) Mme jaanong Dafite o ne a loga maano a a boikepo le a boferefere gore a bipe boleo jwa gagwe. O ne a rulaganya le masole mmogo le Uria gore ba beye Uria kwa pele kwa tlhabano e gotetseng bogolo gone e le gore a tle a bolawe. A bo seo ruri e ne e le boleo jo bo masisi, le jo bo ferosang sebete jang ne!—2 Samuele 11:12-17.
Ee, kgabagare boleo jwa ga Dafite bo ne jwa mo tsenya mo mathateng, mme o ne a senolwa. (2 Samuele 12:7-12) A o ke o leke go akanya fela tsela e Dafite a ileng a utlwa botlhoko le go ikutlwa a le molato ka yone fa a ne a lemoga bomasisi jwa selo seo a neng a se dirile ka ntlha ya kgotelo ya gagwe. O tshwanetse a bo a ile a kgobega marapo thata ka go bo a ne a ikutlwa gore ga a dira sentle, segolobogolo gonne e le monna yo o amegang le go tseega maikutlo thata. Gongwe o ile a ikutlwa a sena mosola!
Lefa go ntse jalo, ka bonakonyana fela Dafite o ne a lemoga phoso ya gagwe, mme a dumela jaana go moporofeti Nathane: “Ke leofetse Jehofa.” (2 Samuele 12:13) Pesalema ya 51 e re bolelela gore o ne a ikutlwa jang le gore o ne a rapela Jehofa Modimo jang gore a mo ntlafatse le go mo itshwarela. O ne a rapela jaana: “Ntlhapisetsa ruri mo boikepong jwa me, o nntlafatse mo boleong jwa me. Gonne ke ipolela ditlolo tsa me le boleo jwa me bo ntutse pele ka gale.” (Pesalema 51:2, 3) Ka ntlha ya gore o ne a ikwatlhaile eleruri, o ne a tshwanelwa ke go aga kamano ya gagwe e e nonofileng le Jehofa gape. Dafite ga a ka a nnela ruri ka pelo e e swabileng le go ikutlwa a se na mosola. O ne a latlhela morwalo wa gagwe mo go Jehofa ka gore ka boikokobetso a amogele gore o molato, mme a bontsha boikwatlhao jwa mmatota, le go rapela ka pelo e e botlhoko gore Jehofa a mo itshwarele. Mme ka jalo Modimo o ne wa mo amogela gape.—Pesalema 51:12, 15-19.
Go Itshokela go Okiwa
Seno se re lere mo ntlheng eo e neng ya tlhotlheletsa Dafite gore a kwale Pesalema 55. O ne a tshwenyegile thata mo maikutlong. “Pelo ya me e tlhokofaditswe thata mo teng ga me,” o ne a kwala, “le ditheregiso tsa loso di nkwetse.” (Pesalema 55:4) Ke eng se se neng sa baka botlhoko jono? Abesalome, morwa Dafite, o ne a rera go tsaya bogosi mo go Dafite. (2 Samuele 15:1-6) O ne a sa kgone go itshokela go okiwa jalo ke morwawe, mme se se neng sa dira gore go nne bokete le go feta, ke gore mogakolodi yo Dafite a neng a mo ikantse thata monna yo o bidiwang Ahithofele, o ne a tsena mo lesomong le le neng le rera Dafite. Ke Ahithofele yo Dafite a tlhalositseng ka ene mo go Pesalema 55:12-14. Ka ntlha ya go rerwa le go okiwa, Dafite o ne a tshwanela go tswa mo Jerusalema a tshabe. (2 Samuele 15:13, 14) A bo seno se tshwanetse sa bo se ne sa mo dira gore a tlalelwe thata jang ne!
Lefa go ntse jalo, ga a ka a letlelela gore kutlobotlhoko le go amega maikutlo ka tsela e e feteletseng di koafatse go ikanya ga gagwe le go tshepa Jehofa. O ne a rapela Jehofa gore a senye maano a batho ba ba neng ba mo rera. (2 Samuele 15:30, 31) Gape re bona gore Dafite ga a ka a nna fela a letela gore Jehofa a dire tiro yotlhe. Mme e ne e re fela fa tshono e tlhaga, o ne a dira mo a ka go kgonang go lwa le bano ba ba mo tsogelang kgatlhanong. O ne a romela mogakolodi yo mongwe gape wa gagwe, e leng Hushai, kwa Jerusalema go re a itire okare o tsena mo lekokong leno le le neng le mo rera, mme e le fela go senya maano a bone. (2 Samuele 15:32-34) Ka tshegetso ya ga Jehofa, leano leno le ne la dira. Hushai o ne a dira gore go nne le nako e e lekaneng ya gore Dafite a phuthe mephato ya gagwe le go ipaakanyetsa go iphemela.—2 Samuele 17:14.
A bo Dafite mo botshelong jwa gagwe a ile a anaanela tshireletso ya ga Jehofa le bopelotelele mmogo le go rata go itshwarela ga gagwe jang ne! (Pesalema 34:18, 19; 51:17) Ke ka ntlha ya maemo ano Dafite go bo a ileng a re kgothatsa mo metlheng eno ya rona e e ngomolang pelo gore re kope thuso go Jehofa, re ‘latlhele morwalo wa rona mo go Jehofa.’—Bapisa 1 Petere 5:6, 7.
Aga Mme o Boloke Kamano e e Nonofileng ya go Ikanya Jehofa
Re nna jang le kamano eo Dafite a neng a na le yone le Jehofa, kamano e e neng e mo kokotletsa mo dinakong tsa diteko le tsa matshwenyego a magolo? Re aga kamano e e ntseng jalo ka go nna baithuti ba ba tlhoafetseng ba Lefoko la Modimo, Baebele. Re mo letla gore a re rute melao, melaometheo le botho jwa gagwe. (Pesalema 19:7-11) Fa re ntse re tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo, re mo atamela fela thata e bile re ithuta go mo ikanya gotlhelele. (Pesalema 143:1-5) Re oketsa le go nonotsha kamano eo ka go kopanela le baobamedikarona gore re rutiwe mo go oketsegileng ke Jehofa. (Pesalema 122:1-4) Re godisa ka mo go oketsegileng kamano ya rona le Jehofa fa re rapela ka tlhoafalo.—Pesalema 55:1.
Ke boammaaruri gore Dafite, fela jaaka rona o ne a ikutlwa a le bokoa fa kamano ya gagwe le Jehofa e ne e sa tlhole e le e e tiileng jaaka fa e tshwanetse. Dipatikego di ka re dira ‘dieleele.’ (Moreri 7:7) Mme Jehofa o bona sotlhe se se diragalang, e bile o itse se se mo dipelong tsa rona. (Moreri 4:1; 5:8) Re tshwanetse go dira ka natla go boloka kamano ya rona le Jehofa e nonofile. Ka jalo, lefa e le mekgweleo efe e re tshwanetseng go e rwala, re ka ikaega ka Jehofa gore a re thuse kana go re naya nonofo gore re itshokele maemo ao. (Bafilipi 4:6, 7, 13) Re tshwanetse go nna gaufi le Jehofa. Fa Dafite a ne a dira se, o ne a sireletsega e le ruri.
Ka gone, go sa kgathalesege maemo a gago, Dafite a re, latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa ka metlha. Ka jalo, re tla bona boammaaruri jwa tsholofetso e e reng: “O tlaa go kokotletsa. Ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.”—Pesalema 55:22.