Lebaka La go Bo Kobamelo ya Boammaaruri e Segofadiwa ke Modimo
“Haleluja! Poloka, le kgalalelo, le thata, ke tsa Modimo wa rona. Gonne dikatlholo tsa one di boammaaruri le tshiamo.”—TSHENOLO 19:1, 2.
1. Babilone o Mogolo o tla fedisiwa jang?
BABILONE O MOGOLO” o ole go ya ka pono ya Modimo mme gone jaanong o tla tloga a nyelediwa. Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore seaka seno sa bodumedi jwa lefatshe lotlhe se tla tloga se senngwa ke baratiwa ba sone ba bopolotiki; se tla senngwa ka tshoganetso le ka bofefo. Tshenolo ya ga Jesu e a neng a e neela Johane e ne e tshotse mafoko ano a boporofeti: “Moengele mongwe yo o thata a tsaya lentswe, e kete lolwala lo logolo, a lo thabuetsa mo lewatleng, a re: ‘Babilone, motse o mogolo o tlaa piriganngwa jalo ka piriganyo e kgolo, mme ga o ketla o tlhola o bonwa gope.’”—Tshenolo 18:2, 21.
2. Batlhanka ba ga Jehofa ba tla itshwara jang fa Babilone a senngwa?
2 Fa Babilone o Mogolo a senngwa o tla hutsafalelwa ke ditlhopha dingwe tsa lefatshe la ga Satane mme ruri a ka se hutsafalelwe ke batlhanka ba Modimo, ba selegodimo kana ba selefatshe. Ba tla goa ka boitumelo go Modimo ba re: “Haleluja! Poloka, le kgalalelo, le thata, ke tsa Modimo wa rona. Gonne dikatlholo tsa one di boammaaruri le tshiamo; gonne o sekisitse seaka se segolo, se se kileng sa bodisa lefatshe ka kgokafalo ya sone, mme o lefeditse madi a batlhanka ba one mo seatleng sa sone.”—Tshenolo 18:9, 10; 19:1, 2.
Bodumedi Jwa Boammaaruri bo Tshwanetse Jwa Ungwa Maungo Afe?
3. Ke dipotso dife tse di tlhokang go arabiwa?
3 E re ka lefatshe le tshwanetse la tlosiwa bodumedi jwa maaka mo go lone, go tla sala mofuta ofe wa kobamelo? Gompieno re ka bona jang gore ke setlhopha sefe sa bodumedi se se tla falolang fa mmuso wa lefatshe la ga Satane wa bodumedi jwa maaka o senngwa? Ke maungo afe a a siameng a setlhopha seno se tshwanetseng go a ungwa? Bobotlana go na le matshwao a le lesome a a tlhaolang kobamelo ya ga Jehofa ya boammaaruri.—Malaki 3:18; Mathaio 13:43.
4. Ke selo sefe sa ntlha se se tlhokegang mo kobamelong ya boammaaruri, mme Jesu o ne a tlhoma sekao jang mo kgannyeng eno?
4 Selo sa ntlhantlha, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse ba tlotlomatsa bolaodi jo Jesu a neng a swa ka ntlha ya jone—bolaodi jwa ga Rraagwe. Jesu ga a ka a ntshetsa tsela epe ya bopolotiki, bomorafe, setso, kana tsela epe ya batho botshelo jwa gagwe. O ne a baya Bogosi jwa ga Rraagwe kwa pele ga maikaelelo otlhe a bopolotiki jwa Bajuta kana a diphetogo tse dikgolo. O ne a araba Satane ka mafoko ano fa Satane a ne a batla go mo neela mmuso wa lefatshe: “Tloga o ye koo Satane! Gonne go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, ke ene esi yo o tlaa mo direlang.’” O ne a ithutile mo Dikwalong tsa Sehebera gore Jehofa ke Molaodi wa boammaaruri mo godimo ga lefatshe lotlhe. Ke setlhopha sefe sa bodumedi se kwantle ga pelaelo se tshegetsang puso ya ga Jehofa go na le ditsamaiso tsa bopolotiki jwa lefatshe leno?—Mathaio 4:10; Pesalema 83:18.
5. (a) Baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go leba jang leina la Modimo? (b) Ke eng se se bontshang gore Basupi ba ga Jehofa ba tlotla leina leo?
5 Selo sa bobedi se se tlhokegang ke gore kobamelo ya boammaaruri e tshwanetse ya godisa le go itshepisa leina la Modimo. Mothatayotlhe o bontshitse batho ba gagwe ba Iseraele leina la gagwe, Jehofa (le le ranotsweng ka gore Yahweh mo dithanolong tse dingwe tsa Baebele), mme le dirisitswe ka makgetlho a a diketekete mo Dikwalong tsa Sehebera. Tota le pele ga moo, Atame, Efa le ba bangwe ba ne ba itse leina leno, lefa gone ba ne ba sa le tlotle ka metlha. (Genesise 4:1; 9:26; 22:14; Ekesodo 6:2) Lefa gantsi dithanolo tsa Labokeresete le tsa Sejuta di sa tsenya leina la Modimo mo Dibaebeleng tsa bone, Basupi ba ga Jehofa ba tsentse leina leo mo le tshwanetseng teng le go le tlotla mo thanolong ya New World Translation of the Holy Scriptures. Ba tlotla leina leo, fela jaaka Bakeresete ba bogologolo ba ne ba le tlotla. Jakobe o ne a supela seo jaana: “Simone o boletse ka fa e rileng pele Modimo wa lekola Baditšhaba ka teng, gore o tlhaolele leina la one batho mo go bone. Le mafoko a baperofeti a dumalanye le gone, . . . gore masalela a batho a batle [Jehofa, NW], le Baditšhaba botlhe ba leina la me le bidiwang mo go bone. Go bua [Jehofa], yo o sa leng a senola dilo tse.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Ditiro 15:14-17; Amose 9:11, 12.
6. (a) Ke selo sefe sa boraro se se tlhokegang mo kobamelong ya boammaaruri? (b) Jesu le Daniele ba ne ba otlelela puso ya Bogosi jang? (Luke 17:20, 21)
6 Selo sa boraro se se tlhokegang mo kobamelong ya boammaaruri ke gore e tshwanetse ya tlotlomatsa Bogosi jwa Modimo gore ke jone fela tharabololo e e utlwalang le e e mosola ya mathata a batho a puso. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe sentle gore ba rapelele Bogosi joo gore bo tle, gore puso ya Modimo e laole lefatshe. Daniele o ne a tlhotlhelediwa gore a porofete jaana malebana le metlha ya bofelo: “Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope. . . . Bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe [a lefatshe, le a bopolotiki], mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.” Ke bomang ba ba bontshitseng ka ditiro tsa bone mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga gore ba eme nokeng thata Bogosi joo—a ke ditumelo tsa Babilone o Mogolo kana ke Basupi ba ga Jehofa?—Daniele 2:44; Mathaio 6:10; 24:14.
7. Baobamedi ba boammaaruri ba leba Baebele jang?
7 Selo sa bonè se se botlhokwa gore e amogelwe ke Modimo ke gore batlhanka ba boammaaruri ba Modimo ba tshwanetse go tseela Baebele kwa godimo jaaka Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Ka gone ba ka se tshwaiwe diphoso thata, ka go leka go nyenyefatsa Baebele gore e tshwane fela le buka epe e e ikwaletsweng ke batho, se se ka rayang gore e na le diphoso fela jaaka dibuka tsa batho. Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, fela jaaka Paulo a ne a kwalela Timotheo jaana: “Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo, lo bile lo molemo go ruta, le go kgalemela le go sokolola, le go kaela ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tle a nne boitekanelo, a iketleeletse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.”a Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba tsaya Baebele e le selo se se ba kaelang, e le buka ya bone e ba tshelang ka yone letsatsi le letsatsi, le motswedi wa bone wa tsholofelo ka isagwe.—2 Timotheo 3:16, 17.
Bodumedi jo bo Lorato, e Seng jo bo Letlhoo
8. Ke selo sefe sa botlhano se se botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri?
8 Jesu o ne a tlhaola balatedi ba gagwe ba boammaaruri jang? Karabo ya gagwe e re fitlhisa mo letshwaong la botlhano le le tlhaolang kobamelo ya boammaaruri. Jesu o ne a bolela jaana: “Ke lo naya taolo e ntšha, ya go re, lo ratane; fela jaaka ke lo ratile go re, le lona lo ratane. Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.” (Johane 13:34, 35, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jesu o ne a bontsha lorato lwa gagwe jang? Ka go ntsha botshelo jwa gagwe e le setlhabelo sa thekololo. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Ke ka ntlha yang fa lorato lwa mmatota e le nonofo e e botlhokwa ya Bakeresete ba boammaaruri? Johane o ne a tlhalosa jaana: “Baratwa, a re rataneng; gonne lorato ke selo sa Modimo . . . Yo o sa rateng ga a itse Modimo; gonne Modimo o lorato.”—1 Johane 4:7, 8.
9. Ke bomang ba ba bontshitseng lorato lwa boammaaruri, le gone jang?
9 Ke bomang mo metlheng ya rona ba ba bontshitseng mofuta ono wa lorato, lefa ba lebagane le letlhoo la bomorafe, bosetšhaba, kana la setso? Ke bomang ba ba fentseng teko e kgolo, tota le go bolawa, e le gore lorato lwa bone lo fenye? A re ka bolela gore ke baruti ba Katoliki le baitlami ba basadi ba tota ba ikarabelelang mo go ganyaolweng ga batho kwa Rwanda ka 1994? A ke kereke ya Orthodox ya Serbia kana Bakatoliki ba Croatia ba ba neng ba kopanetse mo go “ganyaolweng ga merafe” le mo ditirong tse dingwe tse e seng tsa Bokeresete kwa ntweng eo ya selegae ya dinaga tsa Balkan? A kana ke baruti ba Bakatoliki kana ba Porotesetanta ba ba neng ba oketsa go tlhaola batho ka lotso le letlhoo kwa Ireland Bokone mo masomeng a dingwaga a sekae a a fetileng? Totatota Basupi ba ga Jehofa ba ka se pegwe molato wa go nna le seabe mo dintweng dipe tse di ntseng jalo. Ba ne ba boga kwa dikgolegelong le kwa dikampeng tsa pogisetso, tota le go bolawa, go na le gore ba latlhe lorato lwa bone lwa Bokeresete.—Johane 15:17.
10. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba nna ba itlhaotse?
10 Selo sa borataro se se botlhokwa gore kobamelo e amogelwe ke Modimo ke boitlhaodi malebana le dikgang tsa bopolotiki tsa lefatshe leno. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go nna ba itlhaotse mo dipolotiking? Paulo, Jakobe le Johane ba re neela lebaka le le utlwalang la gore re itshware jalo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore Satane ke “modimo wa lefatshe leno,” yo o foufatsang megopolo ya batho ba ba sa dumeleng ka sengwe le sengwe se a ka se kgonang, go akaretsa le dipolotiki tse di tlisang dikgaogano. Morutwa Jakobe o ne a bolela gore “botsalano jwa lefatshe [ke] bobaba mo Modimong,” mme moaposetoloi Johane o ne a bolela gore “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.” Ka gone, Mokeresete wa boammaaruri o ka se tlogele boineelo jwa gagwe mo Modimong ka go inaakanya le lefatshe le le bosula la ga Satane la dipolotiki le mebuso.—2 Bakorinthe 4:4; Jakobe 4:4; 1 Johane 5:19.
11. (a) Bakeresete ba leba ntwa jang? (b) Dikwalo di tshegetsa seemo seno jang? (2 Bakorinthe 10:3-5)
11 Ka ntlha ya dilo tseno tse pedi tse di tlhokegang tse di umakilweng fa godimo, sa bosupa se motlhofo fela, gore baobamedi ba Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go nna le seabe mo dintweng. E re ka bodumedi jwa boammaaruri e le bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jo bo nang le lorato, he ga go na sepe se se ka kgaoganyang kana sa senya ‘bokaulengwe . . . mo lefatsheng.’ Jesu o ne a ruta lorato, e seng letlhoo; kagiso, e seng ntwa. (1 Petere 5:9; Mathaio 26:51, 52) Yo o “bosula” e bong Satane, yo o neng a tlhotlheletsa Kaine gore a bolaye Abele o tswelela pele a jala letlhoo mo bathong le go tsosa dintwa le tshololo ya madi a dirisa dikgaogano tsa bopolotiki, tsa bodumedi le tsa setso. Bakeresete ba boammaaruri ‘ga ba ne ba ithuta tlhabano gope,’ go sa kgathalesege ditlamorago tse ba di bonang. Ka tsela ya tshwantshetso, ba setse ba ‘thudile ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a bone dithipa tsa mabele.’ Ba ungwa maungo a kutlwano a moya wa Modimo.—1 Johane 3:10-12; Isaia 2:2-4; Bagalatia 5:22, 23.
Modimo o Segofatsa Boitshwaro le Dithuto Tse di Phepa
12. (a) Selo sa borobedi se se tlhokegang ke eng, mme o ka bolela gore ke ditumelo dife tse di neng tsa kgaogana? (b) Paulo o ne a tlhomolola selo seno sa borobedi se se tlhokegang jang?
12 Kutlwano ya Bokeresete ke selo sa borobedi se se tlhokegang mo kobamelong ya boammaaruri. Lefa go ntse jalo, ditumelo tse di kgaoganeng tsa Labokeresete ga di a ka tsa thusa ka sepe go fitlha jaanong. Ditumelo di le dintsi tse go tweng di a tlhotlheletsa di ikgaogantse ka ditlhopha tse di farologaneng, mme go feletse ka tlhakatlhakano. Ka sekai, bodumedi jwa Baptist kwa United States, jo bo kgaoganeng ka dikereke tsa Baptist tsa Bokone (American Baptist Churches in the U.S.A.) le dikereke tsa Baptist tsa Borwa (Southern Baptist Convention), mmogo le ka ditlhopha di le mmalwa tsa Baptist tse di neng tsa nna teng morago ga gore di kgaogane. (World Christian Encyclopedia, tsebe 714) Dikgaogano tse dingwe di ne tsa nna teng ka ntlha ya go farologana ga dithuto kana ka ntlha ya go farologana ga tsela e kereke e laolwang ka yone (ka sekai, kereke ya Presbyterian, Episcopal, Congregational). Go kgaogana ga Labokeresete go tshwana le ga ditumelo tse e seng tsa Labokeresete—e ka tswa e le tsa Bobuda, Boiselamo, kana Bohindu. Ke eng se moaposetoloi Paulo a neng a se gakolola Bakeresete ba bogologolo? “Jaana bagaetsho, ke a lo rapela, ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete, gore lo nne puo nngwe fela lotlhe, le gore go se nne dikgaogano mo go lona; mme lo ko lo itekanele mmogo, le mo mogopolong o le mongwe fela, le mo tshekatshekong e le nngwe fela.”—1 Bakorinthe 1:10; 2 Bakorinthe 13:11.
13, 14. (a) Ke eng se se bolelwang ke ‘go nna boitshepo’? (b) Kobamelo ya boammaaruri e nna e le phepa jang?
13 Ke selo sefe se se tlhokegang sa borobongwe gore bodumedi bo amogelwe ke Modimo? Molaomotheo wa Baebele o boletswe jaana mo go Lefitiko 11:45: “Lo nneng boitshepo gonne nna ke boitshepo.” Moaposetoloi Petere o ne a boeletsa molao ono fa a ne a kwala jaana: “Jaaka o o lo biditseng a le boitshepo, le lona lo nne boitshepo mo go tsheleng gongwe le gongwe gotlhe ga lona.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—1 Petere 1:15.
14 Ke eng se se kaiwang fano fa go twe re tlhoka go nna boitshepo? Gore baobamedi ba ga Jehofa ba tshwanetse ba nna phepa ka tsela ya semoya le mo boitsholong. (2 Petere 3:14) Baleofi ba ba sa sokologeng, ba ba leofang ka boomo, ba ba nyatsang setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete ka boitshwaro jwa bone, ga ba letlelelwe. (Bahebere 6:4-6) Jehofa o tlhoka gore phuthego ya Bokeresete e nne e le phepa le go nna boitshepo. Seo se fitlhelelwa jang? Ntlha e nngwe ke ka tsamaiso ya katlholelo ya go kgaola ba ba ka leswefatsang phuthego.—1 Bakorinthe 5:9-13.
15, 16. Ke diphetogo dife tse Bakeresete ba le bantsi ba di dirileng mo matshelong a bone?
15 Pele batho ba le bantsi ba ithuta boammaaruri jwa Bokeresete, ba ne ba tshela botshelo jo bo bosula, jwa go rata menate ka tsela e e feteletseng, jwa boithati. Mme lefoko le le bolelang ka Keresete le ne la ba fetola, mme ba ne ba itshwarelwa dibe tsa bone. Paulo o ne a gatelela seo fa a ne a kwala jaana: “Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo. Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—1 Bakorinthe 6:9-11.
16 Go na le bosupi jwa gore Jehofa o amogela batho ba ba ikwatlhaelang boitshwaro jwa bone jo bo seng kafa Dikwalong, ba sokologa, ba bo ba nna balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete le dithuto tsa gagwe. Eleruri ba rata baagisani ba bone fela jaaka ba ithata mme ba bontsha seo ka ditsela di le dintsi, tse di jaaka go gatela pele mo bodireding jo bo dirang gore batho botlhe ba ba tla reetsang ba utlwe molaetsa wa botshelo.—2 Timotheo 4:5.
“Boammaaruri bo Tlaa lo Golola”
17. Ke selo sefe sa bolesome se se tlhokegang mo kobamelong ya boammaaruri? Naya dikai.
17 Go na le selo sa bolesome se Jehofa a se batlang mo bathong ba ba mo obamelang ka moya le ka boammaaruri—thuto e e itshekileng. (Johane 4:23, 24) Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.” (Johane 8:32) Boammaaruri jwa Baebele bo re golola mo dithutong tse di tlontlololang Modimo, tse di jaaka go sa sweng ga sebele, molelo wa dihele le pakatori. (Moreri 9:5, 6, 10; Esekiele 18:4, 20) Bo re golola mo masaitseweng a Babilone a “Tharonngwe e e Boitshepo Thata” ya Labokeresete. (Duteronome 4:35; 6:4; 1 Bakorinthe 15:27, 28) Fa batho ba utlwa boammaaruri jwa Baebele ba felela ba le lorato, ba amega ka ba bangwe, ba le pelonomi, ba le kutlwelobotlhoko. Bokeresete jwa boammaaruri ga bo ise bo tshegetse balwantshaboikeodi ba ba ratang go ipusolosetsa, le ba ba ditlhogodithata, ba ba jaaka Tomás de Torquemada, kana bontwadumela ba ba letlhoo, ba ba jaaka bomopapa ba ba neng ba rotloetsa Botlhabanelatumelo. Lefa go ntse jalo, Babilone o Mogolo o ungwile mofuta ono wa maungo mo hisitoring yotlhe, go tswa fela ka nako ya ga Nimerote go fitlha gone jaanong.—Genesise 10:8, 9.
Leina Le le Ba Tlhaolang
18. (a) Ke bomang ba ba fitlhelelang dilo tseno tse di lesome tse di tlhokegang mo kobamelong ya boammaaruri mme jang? (b) Ke eng se rona motho ka bongwe re tshwanetseng go se dira gore re rue masego a a re emetseng kwa pele?
18 Ke bomang gompieno ba tota ba diragatsang dilo tseno tse di lesome tse di tlhokegang mo kobamelong ya boammaaruri? Ke bomang ba ba itsiweng le go lemogiwa ke batho ba bangwe ka ditiro tsa bone tse di thokgameng le tse di kagiso? Mo lefatsheng lotlhe Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe e “se ba lefatshe.” (Johane 15:19; 17:14, 16; 18:36) Batho ba ga Jehofa ba go tsaya e le tshiamelo go bidiwa ka leina la gagwe le go nna Basupi ba gagwe, fela jaaka Jesu Keresete e ne e le mosupi yo o ikanyegang wa ga Rraagwe. Re ipitsa ka leina leo le le boitshepo, re lemoga boikarabelo jwa rona jwa go tshela go dumalana le se le se emelang. Mme rona re le Basupi ba gagwe, a bo re na le tebelelo e ntle jang ne kwa pele ga rona! Re tla nna karolo ya batho ba ba utlwang, ba ba kutlwano, ba ba tla obamelang Molaodi wa Lobopo mo paradaiseng e e tsosolositsweng mo lefatsheng. Gore re amogele masego ao, a re tsweleleng pele re kopanela sentle le kobamelo ya boammaaruri le go bidiwa ka leina la Basupi ba ga Jehofa ka boitumelo “gonne dikatlholo tsa one di boammaaruri le tshiamo”!—Tshenolo 19:2; Isaia 43:10-12; Esekiele 3:11.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dithanolo tsa Baebele ka botsone ga di a tlhotlhelediwa ke Modimo. Go ya kafa dithanolo di leng ka teng, di ka nna tsa bontsha ditsela tse di farologaneng tse dipuo tsa kwa tshimologong tse Baebele e neng ya kwala ka tsone di ka tlhaloganngwang ka tsone.
O ne o Tla Araba Jang?
◻ Batlhanka ba ga Jehofa ba tsaya go senngwa ga Babilone o Mogolo jang?
◻ Ke dilo dife tsa konokono tse di tlhokegang mo kobamelong ya boammaaruri?
◻ Boammaaruri bo go golola ka tsela efe?
◻ Re na le tshiamelo efe e e kgethegileng re le Basupi ba ga Jehofa?
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Basupi ba ga Jehofa ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le go a ruta
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Bakeresete ba boammaaruri ba ntse ba itlhaotse mo dipolotiking tsa lefatshe le mo dintweng
[Motswedi wa Setshwantsho]
Airplane: Courtesy of the Ministry of Defense, London