LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 4/15 ts. 28-29
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Modimo o Tla Intshwarela?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • ‘Tswelelang lo Itshwarelana lo Gololesegile’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Itshwarele go Tswa Pelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ke Eng Fa O Tshwanetse go Itshwarela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 4/15 ts. 28-29

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Jesu o ne a re: “Lefa e le bomang ba dibe tsa bone lo di itshwarelang, ba di itshwaretswe; mme ba dibe tsa bone lo di emisang, di eme.” A mafoko ano a bolela gore Bakeresete ba ka kgona go itshwarela dibe?

Ga go na molaomotheo wa Dikwalo o o bontshang gore Bakeresete ka kakaretso kana lefa e le bagolwane ba ba tlhomilweng mo diphuthegong, ba na le boikarabelo jo ba bo filweng ke Modimo jwa go itshwarela batho dibe. Lefa go ntse jalo, se Jesu a neng a se bolelela barutwa ba gagwe mo go Johane 20:23 e e nopotsweng fa godimo, se bontsha gore mo ntlheng eno Modimo o ne a neile baaposetoloi dinonofo tse di kgethegileng. E bile mafoko ano a ga Jesu a ka nna a tswa a tshwana le ao a a buileng mo go Mathaio 18:18 ka ga ditshwetso tsa selegodimo.

Bakeresete ba ka kgona go itshwarela ditlolo dingwe tse di rileng, tumalanong le kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e kwadilweng mo go Baefeso 4:32: “Lo nne pelonomi mongwe mo go yo mongwe le pelonamagadi, lo itshwarelane fela jaaka Modimo le one o itshwaretse lona mo go Keresete.” Paulo fano o ne a bua ka mathata a botho ao a nnang gone mo Bakereseteng, jaaka dipuo tse di kgopisang. Ba tshwanetse go leka go rarabolola mathata ano, mme ba itshwarelane. Gopola mafoko a ga Jesu: “Ke gone, fa o isa neo ya gago o le fa sebesong, mme e re o le foo o bo o gakologelwa fa wa gaeno a na le sengwe nao, tlogela neo ya gago teng fa pele ga sebeso, o ye o letlane le wa gaeno pele, foo o itse go tla o isa neo ya gago.”—Mathaio 5:23, 24; 1 Petere 4:8.

Lefa go ntse jalo, se go buiwang ka sone mo go Johane 20:23 se akantsha gore Jesu o ne a lebisitse mo boleong jo bo masisi, jaaka go bontshitswe ke seo gape a neng a se bolelela batho ba ba neng ba mo reeditse. A re boneng gore ka ntlha yang.

Ka letsatsi leo a tsositsweng ka lone, Jesu o ne a iponatsha mo barutweng ba gagwe mo ntlwaneng e e neng e lotletswe kwa Jerusalema. Pego ya re: “Foo Jesu a ba a ba raya gape, a re: “Kagiso e nne le lona. Jaaka Rara a nthomile, le nna ke roma lona jalo.” Ya re a sena go bua jalo, a ba budulela mowa, a ba raya a re: “Amogelang Mowa o o Boitshepo; le fa e le bomang ba dibe tsa bone lo di itshwarelang, ba di itshwaretswe; mme ba dibe tsa bone lo di emisang, di eme.”—Johane 20:21-23.

Ka tsela e e ntseng jalo, barutwa ba ba umakilweng fano e ne e le bone baaposetoloi ba ba tlhomologileng ba ba ikanyegang. (Bapisa temana 24.) Ka go budulela mowa mo go bone le go ba raya a re, “Amogelang mowa o o boitshepo,” Jesu ka tshwantshetso o ne a ba naya temoso ya gore ka bonakonyana fela mowa o o boitshepo o tla tshololelwa mo go bone. Jesu o ne a tswelela a ba raya a re ba ne ba tla nna le thata malebana le go itshwarela dibe. Ka tsela e e utlwalang, dipolelo tseno tse pedi tsa gagwe di golagane mme e bile ke selo se le sengwe se se lebisang kwa go se se latelang.

Malatsi a le 50 morago ga tsogo ya gagwe, ka letsatsi la Pentekosete, Jesu o ne a tsholola mowa o o boitshepo. Seno se ne se diragatsa eng? Sa ntlha, bao ba neng ba amogetse mowa ba ne ba tsetswe sesha jaaka barwa ba Modimo ba semoya, ba ba nang le tsholofelo ya go nna babusimmogo le Keresete kwa legodimong. (Johane 3:3-5; Baroma 8:15-17; 2 Bakorinthe 1:22) Tota go tshololwa ga mowa go dirile mo gontsi. Bangwe ba ba neng ba o amogetse ba ne ba nna le dinonofo tsa go dira dikgakgamatso. Seno se raya gore bangwe ba ne ba kgona go bua ka diteme di sele tseo ba neng ba sa di itse. Bangwe ba ne ba kgona go porofeta. Lefa go ntse jalo, bangwe ba ne ba kgona go fodisa malwetse kana go tsosa baswi.—1 Bakorinthe 12:4-11.

E re ka mafoko a ga Jesu mo go Johane 20:22 a bontsha ka go tshololelwa ga mowa o o boitshepo mo barutweng, mafoko a gagwe a a buang ka go itshwarela dibe go bonala a kaya gore baaposetoloi ba ne ba neilwe thata e e sa tshwaneng le epe ke Modimo ka moya gore ba itshwarele kana ba se itshwarele dibe.—Bona Tora ya Tebelo ya March 1, 1949, tsebe 78 (ya Seesemane).

Baebele ga e re neye pego e e feletseng ya nako le nako fa baaposetoloi ba ne ba dirisa thata e e ntseng jalo, mme e bile gape ga e bege sepe ka kgang nngwe le nngwe fa ba dirisa neo e e gakgamatsang ya go bua ka diteme, go porofeta, kana go fodisa.—2 Bakorinthe 12:12; Bagalatia 3:5; Bahebere 2:4.

Kgang nngwe e e kayang thata ya baaposetoloi ya go itshwarela kana go se itshwarele dibe, ke e e amanang le Ananiase le Safira, ba ba neng ba aketsa moya. Petere yo o neng a utlwa mafoko a ga Jesu ao re a balang mo go Johane 20:22, 23 o ne a senola Ananiase le Safira. Sa ntlha Petere o ne a bua le Ananiase yo o neng a swa ka yone nako eo. Moragonyana fa Safira a fitlha mme a ntsha maaka otlhe, Petere o ne a mmolelela katlholo ya gagwe. Petere ga a ka a mo itshwarela sebe sa gagwe mme o ne a re: “Bona dinao tsa ba ba fitlhileng monna wa gago di fa mojako, mme ba tla go rwalela kwa ntle.” Le ene o ne a swa ka yone nako eo.—Ditiro 5:1-11.

Mo ntlheng eno moaposetoloi Petere o dirisitse thata e e kgethegileng ya go se itshwarele sebe seno gotlhelele, mme seo e le kitso e e gakgamatsang ya gore Modimo ga a kitla a itshwarela sebe sa ga Ananiase le Safira. Baaposetoloi gape ba ne ba bonala ba na le temogo e e fetang ya batho mo dikgannyeng tseo ba neng ba tlhomamisega ka tsone gore boleo bo itshwaretswe mo motheong wa setlhabelo sa ga Keresete. Ka jalo baaposetoloi bao ba neng ba neilwe nonofo ke moya ba ne ba kgona go bolela gore a motho o itshwaretswe kana ga a a itshwarelwa dibe.a

Seno ga se reye gore bagolwane botlhe ba ba tloditsweng ka moya ba nako eo ya bogologolo ba ne ba na le thata e e ntseng jalo ya dikgakgamatso. Re ka kgona go bona seo go se moaposetoloi Paulo a se buileng ka ga motho yo o neng a kgaotswe mo phuthegong ya Korinthe. Paulo ga a ka a re, ‘Ke itshwarela boleo jwa monna yole’ kana le eleng gore ‘Ke a itse gore monna yole o itshwaretswe kwa legodimong, ka jalo ke a mo amogela.’ Go na le moo, Paulo o ne a gakolola phuthego yotlhe gore ba itshwarele Mokeresete yono yo o buseditsweng le go mmontsha lorato. Paulo o ne a oketsa jaana: “Yo lo mo itshwarelang sengwe, le nna ke a mo itshwarela.”—2 Bakorinthe 2:5-11.

Fa fela motho a setse a buseditswe mo phuthegong, Bakeresete botlhe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka kgona go mo itshwarela ka mogopolo wa go se nne ba ngongorega ka dilo tseo a neng a di dirile pele. Lefa go ntse jalo, sa ntlha o tla tshwanela go ikwatlhaya mme a busediwe. Mme seno se direga jang?

Go na le maleo a a tseneletseng ao bagolwane ba phuthego ba tshwanetseng go a sekaseka, a a tshwanang le bogodu, go bua maaka, kana boitsholo jo bo masisi. Ba leka go baakanya le go kgalemela badirabosula ba ba ntseng jalo, mme ba ba tlhotlheletse gore ba ikwatlhaye. Mme fa mongwe a sa ikwatlhaele go dira sebe se se isang losong, bagolwane bano ba dirisa kaelo ya bomodimo ya go kgaola modirabosula yono. (1 Bakorinthe 5:1-5, 11-13) Seo Jesu a neng a se bolela mo go Johane 20:23 ga se dire mo dikgannyeng tse di ntseng jalo. Bagolwane bano ga ba na dineo tsa kgakgamatso tsa moya, jaaka bokgoni jwa go fodisa balwetse kana go tsosa baswi; dineo tseo di ne tsa diragatsa maikaelelo a tsone ka lekgolo la ntlha la dingwaga mme morago ga moo di be di khutla. (1 Bakorinthe 13:8-10) Se sengwe gape ke gore, gompieno bagolwane ga ba na thata e ba e neilweng ke Modimo ya go itshwarela bosula jo bo masisi, ka kgopolo ya gore ba ka kaya gore moleofi yono yo o dirileng boleo jo bo masisi o itshekile mo matlhong a ga Jehofa. Boitshwarelo jo bo ntseng jalo bo tshwanetse go nna mo motheong wa setlhabelo sa thekololo mme e bile ke Jehofa fela yo o kgonang go itshwarela mo motheong oo.—Pesalema 32:5; Mathaio 6:9, 12; 1 Johane 1:9.

Fela jaaka mo kgannyeng ya monna wa kwa Korinthe wa bogologolo, fa moleofi yo o dirileng boleo jo bo masisi a gana go ikwatlhaya, o tshwanetse gore a kgaolwe. Fa a ikwatlhaya morago mme a bontsha seo ka ditiro, go a kgonega gore a bone boitshwarelo jwa Modimo. (Ditiro 26:20) Mo boemong jo bo ntseng jalo, Dikwalo di naya bagolwane lebaka la go dumela gore tota Jehofa o itshwaretse modirabosula. Morago ga moo, fa fela motho a setse a buseditswe, bagolwane ba ka kgona go mo thusa semoyeng gore a nitame mo tumelong. Ba bangwe mo phuthegong ba ka kgona go mo itshwarela ka tsela e e tshwanang le e Bakeresete ba Korinthe ba neng ba itshwarela monna yo o neng a kgaotswe mme a busediwa gape.

Fa ba rarabolola bothata ka tsela eno, bagolwane ga ba dire ka melao ya bone ya go atlhola. Ba dirisa melaometheo ya Baebele mme ba bo ba latela thata kaelo ya Dikwalo eo Jehofa a e ba neileng. Ka gone, go itshwarela kana go se itshwarele go go dirwang ke bagolwane go tla nna tumalanong le mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 18:18: “Ammaaruri ke a lo raya: Le fa e ka ne e le dilo dife tse lo di bofang mo lefatsheng, di tlaa bo di bofilwe kwa legodimong; le gone le fa e ka ne e le dilo dife tse lo tlaa di bofololang mo lefatsheng, di tlaa bo di bofolotswe kwa legodimong.” Ditiro tsa bone di tla bontsha fela pono ya ga Jehofa ya dilo jaaka fa e boletswe mo Baebeleng.

Ka jalo, seo Jesu a se buileng jaaka, fa se kwadilwe go Johane 20:23, ga se kgatlhanong le sotlhe seo Dikwalo tsotlhe di se buang, mme se bontsha fela gore baaposetoloi ba ne ba na le thata e e kgethegileng ya go itshwarela tumalanong le seabe se ba neng ba na le sone fa phuthego ya Bokeresete e ne e santse e thaiwa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Le e leng pele Jesu a swa le go ntsha thekololo, o ne a na le thata ya go bolela gore boleo jwa motho bo itshwaretswe.—Mathaio 9:2-6; bapisa “Dipotso Tse di Tswang go Babadi” go Tora ya Tebelo ya June 1, 1995.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela