“Motlha wa go Didimala, le Motlha wa go Bua”
KE MAKGETLHO a le kae mo o neng wa hutsafala o re, “O ka re ke ka bo ke sa bua mafoko ao”? Lefa go ntse jalo, o ka nna wa gakologelwa dinako dingwe mo o neng wa palelwa ke go bua ka bopelokgale. Gongwe o kile wa akanya jaana, ‘O ka re ke ka bo ke buile sengwe.’
Baebele e bolela gore go na le “motlha wa go didimala, le motlha wa go bua.” (Moreri 3:7) Lefa go ntse jalo, go na le bothata fano—jwa go dira tshwetso ya gore o bua leng le gore o didimala leng. Gangwe le gape mekgwa ya motho e e sa itekanelang e mo tlhotlheletsa go dira le go bolela dilo ka nako e e sa tshwanelang. (Baroma 7:19) Ke jang re ka laolang loleme lwa rona lo lo sa laolesegeng?—Jakobe 3:2.
Ditsela Tsa go Laola Loleme
Ga re tlhoke lenaane le letelele la melao le le diretsweng go akaretsa seemo sengwe le sengwe go re thusa go dira tshwetso ya gore re ka bua leng le gore re ka didimala leng. Go na le moo, re tlhoka go kaelwa ke dinonofo tse e leng tsone tsa motheo mo bothong jwa Mokeresete. Dinonofo tseno ke dife?
Jesu Keresete o ne a tlhalosa gore lorato ke nonofo ya konokono ya go tlhotlheletsa barutwa ba gagwe. O ne a bolela jaana: “Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Fa re bontsha lorato loo lwa bokaulengwe thata, re tla kgona go laola loleme lwa rona botoka.
Dinonofo tse pedi tse di tsamaisanang le tsone di tla thusa fela thata. Nngwe ya tsone ke boikokobetso. E re thusa go ‘kaya yo mongwe fa a re gaisa ka molemo.’ (Bafilipi 2:3) Nonofo e nngwe ke boingotlo, e e re thusang go nna “boiphapaanyo.” (2 Timotheo 2:24, 25) Jesu Keresete o re beetse sekao se se molemolemo sa kafa dinonofo tseno di tshwanetseng tsa bontshiwa ka teng.
E re ka go le thata go laola loleme lwa rona fa re le mo mathateng, a re sekasekeng bosigo jwa pele ga Jesu a swa—e leng nako e a neng a “huduega mo go botlhoko” ka yone. (Mathaio 26:37, 38) Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a ikutlwa ka tsela eo, ka gonne isagwe e e sa khutleng ya batho botlhe e ne e ikaegile ka gore a nne a ikanyega mo Modimong.—Baroma 5:19-21.
Eleruri eno e ne e le nako e Jesu a neng a tshwanetse go bua le Rraagwe wa selegodimo ka yone. Ka gone o ne a ya go rapela, a kopa barutwa ba gagwe ba bararo gore ba nne ba lebeletse. Morago ga nakonyana o ne a tla mme a fitlhela ba robetse. O ne a bolelela Petere jaana ka seo: “Ao! A lo ne lo sa ka ke lwa lebelela le nna ka lobakanyana fela?” Tsela eno e e lorato ya go kgalema e ne e kopane le mafoko a a neng a bontsha gore o tlhaloganya makoa a bone. O ne a bolela jaana: “Mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.” Morago ga moo, Jesu o ne a tla gape mme a fitlhela barutwa ba robetse. O ne a bua le bone ka bopelonomi mme “a tsamaya, a rapela lwa boraro.”—Mathaio 26:36-44.
Fa Jesu a fitlhela barutwa ba robetse lwa boraro, o ne a se ka a bua le bone ka bogale mme o ne a re: “Lo nne lo robale jaanong, lo ikhutse; bonang, nako e atametse, Morwa Motho o oketswe mo diatleng tsa baleofi.” (Mathaio 26:45) Ke motho yo o nang le pelo e e lorato fela, yo o nang le mokgwa o o bonolo tota le o o boikokobetso, yo o neng a ka dirisa loleme lwa gagwe ka tsela eo mo nakong e e thata jalo.—Mathaio 11:29; Johane 13:1.
Go ise go ye kae morago ga moo, Jesu o ne a tshwarwa a bo a sekisiwa. Fano re ithuta gore ka dinako tse dingwe go molemo go didimala, lefa e le gore re mo bodireding jwa rona jwa Bokeresete. Baperesiti ba bagolo ka go leka go epela Jesu lemena, ba ne ba sa kgatlhegele gotlhelele go ithuta boammaaruri. Ka jalo mo seemong seno se se neng se sa laolesege, Jesu o ne a didimala.—Bapisa Mathaio 7:6.
Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a se ka a nnela ruri a didimetse fa moperesiti yo mogolo a ne a gatelela jaana: “Ke a go ikanisa ka Modimo o o tshedileng, ka re: O re bolelele gore a o ene Keresete, Morwa Modimo?” (Mathaio 26:63) E re ka Jesu a ne a ikanisitswe, e ne e le nako ya gore a bue. Ka gone o ne a araba jaana: “O boletse; le fa go ntse jalo ke a lo raya, kwa pele lo tlaa bona Morwa Motho a dutse ka fa letsogong le legolo la nonofo, mme a tla ka maru a legodimo.”—Mathaio 26:64.
Mo go lone letsatsi leo le le masisi jalo, Jesu o ne a laola loleme lwa gagwe sentle thata. Mo go ene, lorato, bonolo le boikokobetso e ne e le dinonofo tse a neng a na le tsone fela ka tlholego mo bothong jwa gagwe. Re ka dirisa dinonofo tseno jang go laola loleme lwa rona fa re le mo mathateng?
Go Laola Loleme fa o Tenegile
Fa re tenega, gantsi ga re kgone go laola loleme lwa rona. Ka sekai, Paulo le Barenabase ba kile ba se utlwane ka mogopolo. “Barenabase a bo a rata gore le ene Johane, yo o bidiwang Mareko, a ye nabo. Mme Paulo a se ka a fitlhela go ka nna molemo fa ba ka ya le motho yo o ikgaogantseng nabo kwa Pamfilia, mme a se ka a ya nabo tirong. Mme ga tsoga kgang e e botlhoko, ba ba ba tla ba kgaogana.”—Ditiro 15:37-39.
Michael,a yo o berekileng mo ditirong tsa go aga ka dingwaga di le mmalwa, o anela jaana: “Go ne go na le motho mongwe kwa setsheng sa kago yo ke neng ke mo itse thata e bile ke mo tlotla. Mme ka metlha o ne a lebega a batla go tshwaya tiro ya me diphoso. Ke ne ke utlwa botlhoko le go tshwenyega mme ka itidimalela fela. Ka letsatsi lengwe dilo di ne tsa senyega fa a ne a tshwaya phoso tiro e ke neng ke sa tswa go e dira.
“Ke ne ka ntsha mafatlha a me a a neng a hupetse. Fa ke ntse ke tenegile jalo, ke ne ke sa lemoge gore seemo seno se se sa tshwanelang se ka ne se ama ba bangwe ba ba neng ba le teng moo jang. Ke ne ke sa batle go bua le ene kana gone go mmona mo letsatsing leo lotlhe. Gone jaanong ke lemoga gore ke ne ke sa rarabolola bothata joo sentle. Go ka bo go ne go le botoka thata fa ke ne ke didimetse mme ka bua ke setse ke kokobetse.”
Se se itumedisang ke gore lorato lwa Bokeresete lo ne lwa tlhotlheletsa batho bano ba babedi go rarabolola dikgotlhang tsa bone. Michael o tlhalosa jaana: “Fa re se na go buisana sentle, re ne ra tlhaloganyana botoka, mme gone jaanong re ntshana se se mo inong.”
Fela jaaka Michael a ne a ithuta, fa re tenegile, ka dinako tse dingwe go botoka go didimala. “Yo o mowa o o tsididi ke motho wa tlhaloganyo,” go bolela jalo Diane 17:27. Go nna le temogo le lorato lwa bokaulengwe go tla re thusa gore re laole se se re tlhotlheletsang gore re batle go kgwa botlhoko jo bo mo go rona. Fa mongwe a re kgopisitse, e kete re ka bua le ene a le esi ka moya o o bonolo le o o boikokobetso, ka boikaelelo jwa go agisana. Re ka reng fa e le gore re setse re omane ka bogale? Lorato lo tla re tlhotlheletsa gore re laole boikgodiso jwa rona mme re leke go baakanya dilo ka boikokobetso. E ke yone nako ya go bua, go bolela fa o swabile le go fodisa maikutlo a a botlhoko ka go bua ka pelo e e phepa.—Mathaio 5:23, 24.
Fa go Didimala e se Gone Tharabololo
Go tenega kana go tshwenyega go ka re dira gore re se tlhole re buisana le motho yo o re kgopisitseng. Seno se ka nna diphatsa thata. “Mo ngwageng wa rona wa ntlha re nyalane, go ne go na le dinako tse dingwe tse ke neng ke sa buise monna wa me ka tsone ka malatsi a le mmalwa a tlhomagane,” María o ipolela jalo.b “Gantsi, e ne e se ka go bo go ne go na le mathata a a masisi mme, go na le moo, e ne e le ka ntlha ya go kokoanya dilo tse di tshesane tse di tshwenyang. Ke ne ke nnela go akanya ka dilo tseno tse di kgopisang go fitlhela di nna sekgoreletsi se setona thata. Go tswa foo go bo go tla nako e ke neng ke sa tlhole ke kgona go di itshokela, mme ke bo ke sa tlhole ke buisa monna wa me go fitlhela go tshwenyega ga me go fela.”
María o oketsa jaana: “Temana nngwe ya Baebele—e e reng ‘lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se lo phirimele lo sa le bogale’—e ne ya nthusa gore ke fetole tsela e ke neng ke akanya ka yone. Nna le monna wa me re ne ra berekela mo go tokafatseng puisano ya rona e le gore mathata a se ka a kokoana. Go ne go se motlhofo, mme morago ga dingwaga di le lesome re ntse re nyalane, ke itumelela go bolela gore dinako tseno tsa go ikutlwa gore ke didimale di nna teng sewelo fela. Lefa go ntse jalo, gone ke a dumela gore ke santse ke berekela mo go laoleng mokgwa ono.”—Baefeso 4:26.
Fela jaaka María a ne a lemoga, fa go na le mathata fa gare ga batho ba babedi, go sa buisane ga se gone mo go ka a rarabololang. Mo maemong a a ntseng jalo, o ka nna wa tenega thata, mme botsala bo ka senyega. Jesu o ne a bolela gore re tshwanetse go ‘akofa ra dumalana.’ (Mathaio 5:25) “Lefoko le le buiwang ka tebang ya lone” le ka re thusa go ‘latela kagiso.’—Diane 25:11; 1 Petere 3:11.
Gape re tlhoka go ntsha maikutlo a rona fa re batla thuso. Fa re tshwenngwa ke bothata bongwe jwa semoya, re ka nna ra okaoka go rwesa ba bangwe morwalo. Mme fa re didimala, bothata bo ka nna jwa oketsega. Bagolwane ba ba tlhomilweng ba Bakeresete ba a re tlhokomela mme kwantle ga pelaelo ba ka batla go re thusa fa re ba letla go dira jalo. E ke nako e re tshwanetseng go bua ka yone.—Jakobe 5:13-16.
Mo godimo ga tsotlhe, re tshwanetse go bua le Jehofa ka metlha ka thapelo e e tswang mo pelong, jaaka Jesu a ne a dira. Eleruri, a re ‘tshololeleng dipelo tsa rona’ mo go Rraarona wa selegodimo.—Pesalema 62:8; bapisa Bahebere 5:7.
“Motlha wa go Bua” ka Bogosi Jwa Modimo
Bodiredi jwa Bokeresete ke thomo ya Modimo e re tshwanetseng go e diragatsa pele bokhutlo bo tla. Ka gone, go botlhokwa go feta le e leng pele gore batlhanka ba ga Jehofa ba bolele mafoko a a molemo a Bogosi. (Mareko 13:10) Fela jaaka baaposetoloi, Bakeresete ba boammaaruri ba ka ‘se tlogele go bua fela ka dilo tse ba di boneng le tse ba di utlwileng.’—Ditiro 4:20.
Ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o batlang go utlwa mafoko a a molemo. Tota e bile, fa Jesu a ne a roma barutwa ba gagwe go ya go rera, o ne a ba gakolola gore ba ‘senke ba ba tshwanetseng.’ E re ka Jehofa a sa pateletse ope gore a mo obamele, re ne re ka se tswelele pele fela re bua le motho yo o ganang molaetsa wa Bogosi ka botlhogoethata. (Mathaio 10:11-14) Mme re itumelela go bolelela “ba ba laoletsweng botshelo jo bo sa khutleng” ka puso ya ga Jehofa.—Ditiro 13:48; Pesalema 145:10-13.
Lorato, boingotlo le boikokobetso ke dinonofo tse di ka re thusang go laola mokgwa wa rona o o sa itekanelang o re lemaletseng go o dira wa go bua ka bogale kana wa go akanya ka go didimalela ruri. Fa re na le dinonofo tseno, re tla kgona go farologanya fa gare ga nako e e tshwanetseng le e e sa tshwanelang ya go bua.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ga se leina la gagwe tota.
b Ga se leina la gagwe tota.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Mathata a ka rarabololwa ka go buisana sentle