A o Mmulatsela yo o Tekatekano?
FA MOSETSANYANA a tsaya dikgato tsa gagwe tsa ntlha a ntse a okaoka, rraagwe o mo letetse ka matlho a a phatsimang a mo otlololetse matsogo. Fa a ka wa ka tshoganetso, o mo kgothaletsa gore a leke gape. O a itse gore ka bonako fela o tla itse go itsetsepela e bile o tla nna le nonofo.
Ka tsela e e tshwanang, modiredi yo mosha wa mmulatsela o ka nna a tlhoka nako le kgothatso pele ga a nna le bokgoni jo bo tlhokegang jwa go atlega go nna mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng. Babulatsela ba bantsi ba tswelela ba direla ba itumetse ka dingwagangwaga. Ke ba sekae fela ba ba ileng ba se ka ba kgona go itsetsepela ka ntlha ya diphetogo tse di sa lebelelwang mo botshelong jwa bone. Bangwe e bile ba felelwa ke boitumelo jwa bone. Kwa nageng nngwe, diperesente tse 20 tsa batho ba ba simololang go bula tsela, ba bo tlogela ba ise ba fetse dingwaga tse pedi tsa fa ba sena go simolola tirelo ya nako e e tletseng. Ke eng se se ka ntshang mmulatsela mo tirelong eno e e itumedisang go di feta tsotlhe? A go ka dirwa sengwe go tila dikgoreletsi tseno?
Le mororo botsogo jo bo sa itekanelang, go tlhoka madi, le maikarabelo a lelapa di ka nna tsa dira gore bangwe ba tlogele bodiredi jwa nako e e tletseng, tota mo go ba bangwe sekgoreletsi seno se bakwa fela ke go tlhoka go nna le tekatekano e e siameng mo maikarabelong a a farologaneng a bone a Bokeresete. Tekatekano ke “boemo jwa fa go sena karolo epe, ntlha epe, mohama, kana tlhotlheletso epe e e fekeetsang e nngwe kana e sa tshwane le tse dingwe.”
Jesu Keresete o ne a bontsha barutwa ba gagwe gore tiro ya go rera le go dira barutwa e tshwanetse go dirwa jang. Mo bodireding jwa gagwe, o ne a bontsha gape gore tekatekano e ka bolokiwa jang. Jesu o ne a bontsha gore baeteledipele ba bodumedi jwa Sejuta ba ne ba sena tekatekano, ka go ba raya a re: “Lo tle lo kgethe sa bosome sa ditlhatshana tsa rothwe le thoma le mosukujwane, mme lo tlogetse dilo tsa molao tse di boima bogolo di sa dirwa, e bong tshiamiso le kutlwelobotlhoko, le boikanngo, tse lo ne lo tshwanetse go di dira, le tse dingwe lo sa di lese di sa dirwa.”—Mathaio 23:23.
Molaomotheo ono o dira sentle ka tsela e e tshwanang le gompieno, segolobogolo mo bodireding jwa bobulatsela. Bangwe ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke tlhagafalo le boikaelelo jo bo molemo, ba ile ba ikwadisetsa bobulatsela ba sa bo baakanyetsa sentle kana go tlhokomela dilo tseo bo tla di akaretsang. (Luke 14:27, 28) Bangwe ba tshwarega thata mo bodireding jwa tshimo mo eleng gore ba feleletsa ba tlhokomologa ditiro tse dingwe tsa botlhokwa tsa Bokeresete. Ba ka dira jang gore ba nne tekatekano le go tswelela pele ba ntse ba na nayo?
Nna o Nonofile Semoyeng!
Jesu ga a ise a ke a tlhokomologe bomoya jwa gagwe. Lefa gone boidiidi jo bo neng bo tla go mo reetsa le go tla go fodisiwa bo ne bo mo jela nako e ntsi, o ne a ipha nako ya go rapela ka maikutlo a a tlhoafetseng. (Mareko 1:35; Luke 6:12) Le gompieno bobulatsela jo bo tekatekano bo tlhoka gore motho a dirise dipaakanyetso tsotlhe go ipoloka a nonofile semoyeng. Paulo o ne bontsha gore: “Ka re, wena yo o rutang yo mongwe, a o bile ga o ithute?” (Baroma 2:21) E tla nna selo se se phoso tota fa mongwe a dirisa nako ya gagwe yotlhe a rerela ba bangwe mme ene a tlhokomologa go ipeela nako ya go nna le thuto ya motho ka namana le go rapela ka metlha.
Kumiko o nnile mmulatsela ka dingwaga tse di masome a mabedi. Lefa a ne a na le bana ba bararo le monna yo o sa dumeleng, o ne a lemoga gore nako e e siameng ya go bala le go ithuta Baebele ke pele ga a ya go robala. Jaaka fa a ntse a ithuta, o tlhokomela segolobogolo dintlha tse a ka kgonang go di dirisa kwa bodireding jwa tshimo e le gore a ka kgona go boloka bodiredi jwa gagwe jwa letsatsi le letsatsi e le jo bo itumedisang le jo bo kgatlhisang. Babulatsela ba bangwe ba ba atlegileng ba tsoga mo mosong pele ga lelapa lotlhe le tsoga e le gore ba itsosolose semoyeng mo diureng tse di didimetseng tsa mo mosong. O ka nna wa nna le dinako dingwe tse di rileng tse o di beetseng kwa thoko gore o baakanyetse dipokano le go bala dikgatiso tsa bosheng jaana tsa Bokeresete. Fa e le gore o batla go boloka bodiredi e le jo bo ipedisang, ga o a tshwanela go tseela thuto ya motho ka namana kwa tlase kana go e dira ka lepotlapotla.
Go Lekalekanya Maikarabelo a Lelapa
Batsadi ba babulatsela ba tshwanetse go gopola gape gore karolo e kgolo ya “go rata ga Morena” ga bone e akaretsa go tlhokomela lelapa la bone ka dilo tse ba di tlhokang mo nameng, mo maikutlong, le mo semoyeng. (Baefeso 5:17; 6:1-4; 1 Timotheo 5:8) Ka dinako dingwe tota le motho yo o nyalaneng le ene yo o dumelang le ba bangwe mo lelapeng ba ka nna ba boifa gore ga ba kitla ba bona kgothatso le tshegetso go tswa go mosadi kana mmè fa a ka simolola go bula tsela. Boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka baka gore a ikutlwe a sa tlhole a kgatlhegela go nna mmulatsela. Lefa go ntse jalo, fa bo rulagantswe sentle e bile bo akanyeditswe e sa le gale, motho o ka kgona go boloka tekatekano.
Babulatsela ba bantsi ba leka go dira tiro yotlhe ya bone ya go rera fa ba lelapa ba seyo mo gae. Kumiko, yo o umakilweng kwa godimo, o ja sefitlholo le lelapa la gagwe a bo a laela monna wa gagwe le bana mo mosong fa ba tsamaya, mme e bile o dira gore a bo a le teng mo gae pele ga ba boa. Ka Mantaga o apaya dijo tse dintsinyana go sa le gale gore a kgone go dula le go ja le lelapa la gagwe, go na le go tshwarega kwa boapeelong. Go dira ditiro tse dintsinyana ka nako e le nngwe, jaaka ditiro dingwe tsa mo gae fa o ntse o apeile, le gone go a thusa. Ka tsela eo, Kumiko o ile a ba a bona tota le eleng nako ya go laletsa ditsala tsa bana ba gagwe le go ba baakanyetsa dijo tse di monate.
Fa bana ba ntse ba golela mo dingwageng tsa bone tsa bolesome, gantsi ba tlhoka tlhokomelo e ntsi go tswa go batsadi ba bone e le gore ba kgone go emelana le boikutlo jo bosha, dikeletso, dipelaelo, le letshogo leo ba nnang le lone. Seno se tlhoka gore motsadi yo e leng mmulatsela a ntshe matlho dinameng mme a fetole thulaganyo ya gagwe. Akanya ka Hisako, mmè wa mmulatsela yo o nang le bana ba le bararo. O ne a dirang fa morwadie yo mogolo a ne a simolola go bontsha gore ga a itumelele le go tlhagafalela go ya dipokanong tsa Bokeresete le tirelong ya tshimo ka ntlha ya go bo a tlhotlhelediwa ke ditsala tsa gagwe tsa lefatshe tsa kwa sekolong? Go ne go tlhokafala fela thata gore morwadie a dire gore boammaaruri e nne jwa gagwe le go tlhatswega pelo gore go ikgaoganya le lefatshe ke selo se se molemolemo.—Jakobe 4:4.
Hisako o bega jaana: “Ke ne ka swetsa ka gore ke ithute le ene gape ka ga dithuto tsa motheo mo bukeng ya Tshelela Ruri letsatsi le letsatsi. Kwa tshimologong, re ne re bala fela ka metsotso e sekae le morwadiake ka go bo a ne a lela ka gore o tshwerwe ke mala kana ke tlhogo. Lefa go ntse jalo, ke ne ke tshwara thuto ka metlha. Morago ga dikgwedi di le mmalwa bomoya jwa gagwe bo ne jwa tokafala fela thata, bo ne jwa dira gore ka nakonyana e khutshwane fela a ineele le go kolobediwa.” Jaanong Hisako o itumelela bodiredi jwa nako e e tletseng mmogo le morwadie.
Borre ba babulatsela le bone ba tshwanetse go tlhokomela gore ba se ka ba tshwarega thata ka go tlhokomela batho ba ba kgatlhegang kwa tshimong le ka ditiro tsa bone tsa phuthego mme ba bo ba palelwa ke go naya bana ba bone ba ba golang tlhokomelo ya mmatota ya maikutlo mmogo le kaelo eo ba e tlhokang. Seno ga se boikarabelo jo monna a tshwanetseng go bo fetisetsa kwa mosading wa gagwe. Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o dulang a tshwaregile thata e bile e le kgale e le mmulatsela mme e le yo gape a tlhokomelang kgwebo e potlana, o nna le nako ya go ithuta le mongwe le mongwe wa bana ba gagwe ba banè ka namana. (Baefeso 6:4) Mo godimo ga moo, o baakanyetsa dipokano tsa beke le beke le lelapa la gagwe. Babulatsela ba ba tekatekano ga ba tlhokomologe go thusa malapa a bone ka dilo tsa nama le tsa semoya.
Tekatekano mo Itsholelong
Selo se sengwe gape se babulatsela ba tshwanetseng go leka gape gore ba nne tekatekano mo go sone, ke go nna le pono e e tshwanetseng ka dilo tsa letsatsi le letsatsi tse ba di tlhokang. Fano gape, re ka ithuta go le gontsi go tswa mo sekaong se se molemo le kgakololo ya ga Jesu. O ne a ntsha tlhagiso e e nonofileng kgatlhanong le go tlhobaela ka dilo tse di tlhokwang ke nama. Go na le moo, o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore ba beye Bogosi kwa pele, a solofetsa gore Modimo o tla ba tlhokomela, jaaka fa a dira ka dibopiwa tsotlhe tsa gagwe. (Mathaio 6:25-34) Ka go latela kaelo eno e e molemo, babulatsela ba bantsi ba ile ba kgona go nna mo tirelong ya nako e e tletseng ka dingwagangwaga, e bile Jehofa o segofaditse maiteko a bone gore ba bone ‘sejo sa letsatsi.’—Mathaio 6:11.
Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresetekaene gore ‘boiphapaanyo jwa bone bo itsiwe mo bathong botlhe.’ (Bafilipi 4:5) Go a tlhomamisega gore boiphapaanyo bo tla tlhoka gore re tlhokomele botsogo jwa rona fela thata. Babulatsela ba ba tekatekano ba dira maiteko otlhe go bontsha boiphapaanyo mo tseleng eo ba tshelang ka yone le mo boikutlong jwa bone malebana le dilo tsa nama, ba itse gore ba bangwe ba tlhokometse boitsholo jwa bone.—Bapisa 1 Bakorinthe 4:9.
Basha bao ba tsenang mo tirelong ya bobulatsela ba tshwanetse go ithiba gore ba seka ba dirisa bopelotshweu jwa batsadi ba bone ka tsela e e sa tshwanelang. Fa e le gore ba nna mo ntlong ya batsadi ba bone, ba tla bo ba bontsha tekatekano e e siameng le kanaanelo fa ba nna le seabe sa go dira ditiro tsa lelapa le go bona tiro e e seng ya letsatsi lotlhe e e tla ba thusang gore ba kgone go thusa mo ditshenyegelong tsa mo gae.—2 Bathesalonika 3:10.
Babulatsela ba ba Tekatekano ke Tshegofatso ya Mmatota
O ka nna wa bo o le mmulatsela yo o dirang ka natla gore o ipoloke o le tekatekano. Nna le tshepo ya gore o tla kgona. Fela jaaka ngwana yo monyenyane a tlhoka nako ya go ithuta go itsetsepela mme a bo a tsamaya, babulatsela ba bantsi ba ba godileng ba re go ile ga ba tsaya lobaka gore ba kgone go nna le tekatekano mo ditirong tsotlhe tsa bone.
Go nna le thuto ya motho ka namana, go tlhokomela ba ba mo lelapeng, le go itlamela ka dilo tse ba di tlhokang mo nameng, ke dingwe tsa dilo tse babulatsela ba tshwanetseng go nna tekatekano mo go tsone. Pego e bontsha gore babulatsela ba bantsi ba diragatsa maikarabelo a bone ka tsela e e tlhomologileng fela thata. Tota ke tshegofatso mo setšhabeng e bile ke tlotla mo go Jehofa le mo mokgatlhong wa gagwe.