LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 6/1 ts. 8
  • “Ditaolo Tsotlhe Tsa Gago di Boammaaruri”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ditaolo Tsotlhe Tsa Gago di Boammaaruri”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Di Kwaletswe go re Laya’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Bala Lefoko la Modimo Mme o mo Direle ka Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Solegelwa Molemo ke go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Latela Sekao sa Dikgosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 6/1 ts. 8

Pego ya Baboledi ba Bogosi

“Ditaolo Tsotlhe Tsa Gago di Boammaaruri”

NAKWANA fela pele Moshe a tlhokafala, o ne a kgothatsa batho ba Iseraele gore ba obamele molao mongwe le mongwe wa ga Jehofa. O ne a re: “Tlhomang dipelo tsa lona mo mafokong otlhe a molao o, a ke lo a itsiseng gompieno, go tla lo a bolelela bana ba lona go a dira[g]atsa. Gonne ga se lefela mo go lona; ka ke botshelo jwa lona.”—Duteronome 32:46, 47.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, mopesalema o ne a gatelela kafa dithuto tsotlhe tsa Modimo di leng botlhokwa ka teng fa a ne a re: “Wena o gaufi Jehofa; ditaolo tsotlhe tsa gago di boammaaruri.” (Pesalema 119:151) Ka lekgolo la ntlha la dingwaga, Jesu ka namana o ne a bontsha botlhokwa jwa “lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.” (Mathaio 4:4) Mme Modimo o ne a kaela moaposetoloi Paulo gore a kwale a re “lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo mosola.”—2 Timotheo 3:16, NW.

Go bonala sentle gore Jehofa Modimo o lebeletse gore baobamedi ba gagwe ba sekaseke ka kelotlhoko molaetsa otlhe o re o tlisediwang ka ditsebe tsa Lefoko la gagwe. Ga go na lefa e le temana e le nngwe fela mo Baebeleng e e senang mosola. Eo ke tsela e Basupi ba ga Jehofa ba tsayang Lefoko la Modimo ka yone, jaaka go supiwa ke boitemogelo jo bo latelang go tswa kwa Mauritius.

Rre D—— o ne a nna kwa motseng o o kwa thoko, koo a neng a bereka go disa bosigo teng. O ne a sa bolo go batla ka lobaka lo lotelele le ka bopeloephepa tsela e e tshwanetseng ya go obamela Modimo. O ne a simolola go bala Baebele bosigo fa a ntse a disitse. Kgabagare o ne a e fetsa yotlhe. O ne a utlwa gore leina la Modimo ke Jehofa—leina le le bonwang gantsi mo Baebeleng ya gagwe ya Sehindi. O ne a fitlhela buka ya Tshenolo e kgatlha fela thata.

Go tswa foo o ne a ipotsa gore a go na le bodumedi jo bo latelang Baebele yotlhe fela. O ne a lemoga gore ditumelo tse a neng a di itse di ne di latela dikarolo dingwe fela tsa Baebele. Ditumelo dingwe di ne di dumela Dikwalo tsa Sehebera mme di sa amogele Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Ditumelo tse dingwe tsone di ne di tlhokomologa Dikwalo tsa Sehebera, di tsaya gore Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ke tsone fela tse di mosola.

Letsatsi lengwe Rre D—— o ne a bona banyalani bangwe ba koloba mo puleng mme a ba bitsa gore ba tshabele pula mo ntlong ya gagwe. E ne e le Basupi ba ga Jehofa. Mosadi o ne a tshotse buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!a Gone fela foo Rre D—— o ne a ba kopa buka eo. Basupi bano ba ne ba akanya gore dikgang tsa boporofeti jwa Tshenolo di ne di loile thata, ka jalo ba ne ba re ba mo neela kgatiso e nngwe mo boemong jwa eo. Mme Rre D—— o ne a gatelela gore o batla buka ya Tshenolō.

Fa a neelwa khopi ya gagwe, o ne a bala buka eno ka bonako. Go tswa foo o ne a dumela go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ka bonako o ne a kgatlhiwa ke go itse gore Basupi ba tseela Baebele yotlhe kwa godimo. O ne a simolola go nna teng kwa dipokanong ka metlha kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, koo Dikwalo tsa Sehebera mmogo le Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di ithutiwang ka botlalo teng. Jaanong ke mmoledi wa Bogosi e bile ke leloko le le kolobeditsweng la phuthego ya Bokeresete.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela