Jehofa o Itshupile A na Le Nna
JAAKA GO BOLETSE MAX HENNING
E ne e le ka 1933, e bile Adolf Hitler o ne a sa tswa go tsena mo pusong kwa Jeremane. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 500 ba ne ba sa reketle kwa karolong ya Berlin. Basha ba le bantsi ba ne ba nna babulatsela, kana badiredi ba nako e e tletseng, mme ba bangwe ba ne ba amogela dikabelo tsa go ya go direla kwa dinageng tse dingwe tsa Yuropa. Nna le tsala ya me Werner Flatten re ne re tle re botsane jaana: “Ke eng re nnetse go okaoka, re itshenyetsa nako? Ke eng re sa tsamaye mme ra ya go bula tsela?”
MALATSI a le robedi morago ga gore ke tsholwe ka 1909, ke ne ka tlhokomelwa ke batsadi ba ba lorato ba e seng ba me ba tlholego. Ka 1918 lelapa la gaetsho le ne la aparelwa ke bohutsana fa kgaitsadiake yo mmotlana yo e seng wa tlholego a ne a tlhokafala ka tshoganetso. Moragonyana fela ga moo Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo, ba ne ba etela kwa legaeng la rona, mme dipelo tsa batsadi ba me ba e seng ba tlholego di ne tsa amogela boammaaruri jwa Baebele ka tlhoafalo. Gape ba ne ba nthuta gore ke anaanele dilo tsa semoya.
Ke ne ka tlhoma mogopolo mo go ithuteleng tiro nngwe kwa sekolong mme ka nna polammara. Mme se se botlhokwa le go feta, ke ne ka itsetsepela mo semoyeng. Nna le Werner re ne ra simolola go bula tsela ka May 5, 1933. Re ne re tle re ye kwa toropong nngwe e e ka nnang dikilometara di le 100 e e kwa ntle ga Berlin ka dibaesekele, koo re neng re nna teng e bile re rera ka dibeke di le pedi. Morago ga moo re boele kwa Berlin go ya go dira ditiro dingwe tse di tlhokegang. Go tswa foo re ne re boela gape kwa tshimong ya rona re ya go rera dibeke tse dingwe tse pedi.
Re ne ra kopa go ya go direla kwa nageng e sele, mme ka December 1933 re ne ra amogela kabelo ya gore re ye kwa nageng e e neng e bidiwa Yugoslavia ka nako eo. Lefa go ntse jalo, pele re ka ya koo, kabelo ya rona e ne ya fetolwa gore re ye kwa Utrecht kwa Netherlands. Ka bonako fela morago ga moo ke ne ka kolobediwa. Mo metlheng eo go kolobediwa e ne e se selo sa botlhokwa thata; bodiredi ke jone e neng e le selo sa botlhokwa. Ke ne ka simolola go ikaega ka Jehofa ka metlha mo botshelong jwa me. Ke ne ka gomodiwa thata ke mafoko ano a mopesalema wa Baebele: “Bonang, Modimo ke mothusi wa me; Morena o na le ba ba tshegetsang mowa wa me.”—Pesalema 54:4.
Go Bula Tsela Kwa Netherlands
Re ise re nne nako e telele kwa Netherlands, re ne ra abelwa gape go ya kwa toropokgolong ya Rotterdam. Rre wa lelapa le re neng re nna kwa go lone le morwawe le bone e ne e le babulatsela. Dikgwedi di sekae morago ga moo, go ne ga rekiwa ntlo e kgolo kwa Leersum, e leng toropo e e seng kgakala le kwa Utrecht, gore babulatsela ba nne mo go yone, mme nna le Werner re ne ra fudugela koo.
Fa re ntse re nna kwa legaeng leo la babulatsela, re ne re tsamaya ka dibaesekele go ya kwa ditshimong tse di gaufi mme re dirisa koloi e e neng e pagangwa ke batho ba le supa go ya kwa ditshimong tse di kgakala. Go ne go na le Basupi ba le lekgolo fela ka nako eo kwa Netherlands yotlhe. Gompieno, dingwaga tse 60 morago ga moo, tshimo e re neng re e bereka re le kwa legaeng leo la babulatsela e na le baboledi ba ba fetang 4 000 mo diphuthegong tse di ka nnang 50!
Re ne re bereka thata mo bodireding, re dira mo e ka nnang diura tse 14 letsatsi le letsatsi, mme seo se ne se dira gore re nne re itumetse. Boikaelelo jo bogolo e ne e le go tsamaisa dibuka tse dintsi ka mo re ka kgonang ka teng. Gantsi re ne re tlogelela batho ba ba kgatlhegang dibukana tse di fetang lekgolo ka letsatsi. Ka nako eo go dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa Baebele e ne e ise e nne karolo ya tiro ya rona ya ka metlha.
Letsatsi lengwe nna le modirikanna re ne re dira kwa toropong ya Vreeswijk. Fa a santse a neela monna mongwe bosupi fa hekeng ya kampa ya masole, ke ne ka dirisa nako eo go bala Baebele ya me. E ne e thaletswe thata ka pene e khibidu le e tala. Moragonyana, mmetli mongwe yo o neng a ntse a rulela gaufi le foo o ne a tlhagisa monna yo o kwa hekeng gore ke ka tswa ke le setlhola sa mofuta mongwe. Ka ntlha ya seo, ke ne ka tshwarwa mo go lone letsatsi leo ke santse ke rerela mong wa lebenkele lengwe, mme Baebele ya me e ne ya tsewa.
Ke ne ka isiwa kwa kgotleng. Teng koo ke ne ka latofadiwa ka gore mo ke thaletseng teng mo Baebeleng ya me ke ne ke leka go tshwantsha kampa eo. Go ne gatwe ke molato, mme moatlhodi o ne a nkatlholela dingwaga di le pedi mo kgolegelong. Lefa go ntse jalo, go ne ga dirwa boikuelo mo kgetsing eno, mme ka se ka ka bonwa molato. A bo ke ne ka itumela jang ne go bo ke golotswe, mme ke ne ka itumela thata fa Baebele ya me le dintlha tsotlhe tse ke di kwadileng di ne di busediwa kwa go nna!
Ka selemo sa 1936, nna le Richard Brauning, mongwe wa babulatsela ba ba neng ba nna kwa legaeng, re ne ra dirisa selemo sotlhe re rera kwa bokone jwa naga. Ka kgwedi ya ntlha, re ne ra dirisa diura di le 240 mo bodireding mme ra tsamaisa dibuka di le dintsi thata. Re ne re nna mo tenteng mme re itirela sengwe le sengwe se re se tlhokang, re itlhatswetsa, re ikapeela le tse dingwe fela jalo.
Moragonyana ke ne ka fudusediwa kwa sekepeng se se nang le ntlo se se neng se bidiwa Lightbearer, se se neng se itsege thata kwa bokone jwa Netherlands. Babulatsela ba le batlhano ba ne ba nna mo sekepeng seo, mme re ne re kgona go fitlha kwa mafelong a le mantsi a a kgakala ka sone.
Ditshiamelo Tse di Oketsegileng
Ka 1938, ke ne ka abelwa go nna motlhanka wa kgaolo, jaaka balebedi ba potologo ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Ka jalo ke ne ka tlogela go nna mo sekepeng sa Lightbearer mme ka simolola go etela diphuthego le Basupi ba ba nnang kgakala kwa dikgaolong tse tharo tsa borwa.
Baesekele ke yone fela e re neng re e palama. Gantsi ke ne ke tsaya letsatsi lotlhe go tswa mo phuthegong e nngwe go ya kwa go e nngwe kana go tswa mo setlhopheng sa batho ba ba kgatlhegang go ya kwa go se sengwe. Nngwe ya ditoropokgolo tse ke neng ke di etela ke Breda, e gone jaanong ke nnang mo go yone. Ka nako eo, toropo ya Breda e ne e sena phuthego e le lelapa le le lengwe fela la banyalani ba Basupi ba ba godileng.
Fa ke ntse ke etela bakaulengwe kwa Limburg, ke ne ka kopiwa go ya go araba dipotso di le dintsi tse di neng di bodiwa ke modiri mongwe wa maene yo o bidiwang Johan Pieper. O ne a tlhomama mo boammaaruring jwa Baebele mme a nna moreri yo o pelokgale. Morago ga dingwaga di le nnè o ne a tshwarwa le go isiwa kwa kampeng ya pogisetso, koo a neng a nna dingwaga di le tharo le sephatlo teng. Fa a sena go gololwa o ne a rera ka matlhagatlhaga gape, mme gompieno o santse a le mogolwane yo o ikanyegang. Phuthego eo e potlana ya kwa Limburg ya Basupi ba le 12 gone jaanong e setse e oketsegile e na le diphuthego di le 17 tsa baboledi ba ba ka nnang 1 550!
Mo Pusong ya Bonasi
Ka May 1940 Banasi ba ne ba tlhasela Netherlands. Ke ne ka amogela kabelo ya go direla kwa ofising ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Amsterdam. Re ne re tshwanetse go tswelela pele mo tirong ya rona re etse tlhoko thata, e leng seo se neng sa dira gore re anaanele seane seno sa Baebele: ‘Tsala ke morwa rra motho yo o tsaletsweng motlha wa pitlagano.’ (Diane 17:17) Kutlwano e e molemo e e neng ya gola ka yone nako eno e e ngomolang pelo e ne e na le matswela a a molemo thata mo go gateleng pele ga me mo semoyeng, mme e ne ya nthusa le mo malatsing a a neng a latela a a thata.
Tiro ya me e ne e le go okamela go isiwa ga dibuka kwa diphuthegong, mo gantsi go neng go dirwa ke barongwa. Mokgatlho wa Gestapo o ne o nna o batla makau gore ba bereke ka go patelediwa kwa Jeremane, ka jalo re ne re dirisa bokgaitsadi ba Bakeresete go nna barongwa. Fa nako e ntse e ya, Wilhelmina Bakker, yo o neng a itsiwe ka leina la Nonnie, o ne a romelwa kwa go rona a tswa kwa The Hague, mme ke ne ka mo isa kwa molebedi wa rona wa lekala a neng a iphitlhile teng, e bong Arthur Winkler. Go leka gore ke ikgakise batho, ke ne ka apara jaaka molemi wa Mo-Dutch, ke rwele ditlhako tsa logong le diaparo tse molemi wa koo a neng a ka di apara, mme ka tsamaya le Nonnie ka kolotsana ya mmila. Morago ga moo ke ne ka utlwalela gore o ne a hupetswe ke ditshego fela thata, e re ka a akanya gore ke ne ke lemosega motlhofo fela.
Ka October 21, 1941, lefelo le go neng go nna dibuka teng le dipampiri kwa Amsterdam le ne la itsisiwe baba ka tsela e e boferefere. Ka nako ya fa mokgatlho wa Gestapo o ne o thopa, Winkler le Nonnie ba ne ba tshwarwa. Fa ba isiwa kwa kgolegelong, ba ne ba utlwa baemedi ba bangwe ba Gestapo ba bolela kafa ba neng ba lelekisa “motho mongwe yo mokhutshwane yo o nang le moriri o montsho” yo a neng a ba latlhegela mo mebileng e e neng e tletse batho. Go ne go sa belaetse gore ba ne ba bua ka nna, ka jalo Winkler o ne a kgona go romelela bakaulengwe molaetsa. Ka bonako fela, ke ne ka fudusediwa kwa The Hague.
Fa go ntse go le jalo Nonnie o ne a gololwa kwa kgolegelong, mme o ne a boela kwa The Hague go ya go bula tsela. Ke ne ka kopana le ene gape koo. Mme fa motlhanka wa phuthego ya kwa Rotterdam a sena go tshwarwa, ke ne ka romelwa go ya go direla mo boemong jwa gagwe. Morago ga moo motlhanka wa phuthego wa Phuthego ya Gouda o ne a tshwarwa, mme ke ne ka fudusediwa koo go ya go direla mo boemong jwa gagwe. Kgabagare, ka March 29, 1943, ke ne ka tshwarwa. Fa ke santse ke bala setoko sa rona sa dibuka tsa Baebele, ke ne ka tlhaselwa ke mokgatlho wa Gestapo.
Kwantle ga dibuka tsa Baebele tse di neng di beilwe mo godimo ga tafole, gape go ne go na le lenaane la maina a bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete, le mororo a ne a kwadilwe ka dikhoute fela. Ke ne ke le mo tlalelong fa ke rapela gore Jehofa a dire tsela ya gore ke sireletse batho ba ba santseng ba gololesegile go rera. Ke ne ka kgona go baya seatla sa me mo godimo ga lenaane la maina ke sa lemogiwe mme ka e sosobanyetsa mo seatleng. Morago ga moo ke ne ka kopa gore ke ye ntlwaneng, koo ke neng ka gagola pampiri eno ya lenaane mme ka e tsamaisa le metsi a ntlwana.
Fa ke le mo mathateng a magolo jalo, ke ne ka ithuta go kopa maatla mo tseleng e Jehofa a neng a dirisana le batho ba gagwe ka yone mo nakong e e fetileng le mo ditsholofetsong tsa gagwe tsa kgololo. Eno ke nngwe ya ditlhomamiso tse di tlhotlheleditsweng tse ke neng ke di gakologelwa ka metlha: “Fa e ka bo e se Jehofa, yo e rileng batho ba re tsogologela a bo a le ntlheng ya rona; ba ka bo ba re komeditse re sa ntse re utlwa.”—Pesalema 124:2, 3.
Dikgolegelo le Dikampa Tsa Pogisetso
Ke ne ka isiwa kwa kgolegelong e e kwa Rotterdam, koo ke neng ka lebogela go nna le Baebele ya me. Gape ke ne ke na le buka ya Salvation, dikarolo tsa buka ya Children, le nako e ntsi ya go bala dibuka tseno tsotlhe. Morago ga dikgwedi tse thataro ke ne ka lwala fela thata mme ka tshwanelwa ke go ya kwa sepateleng. Pele ke tswa kwa kgolegelong, ke ne ka fitlha dibuka tsa me ka fa tlase ga materase. Morago ga moo ke ne ka utlwalela gore Mosupi yo mongwe, e bong Piet Broertjes, o ne a isiwa kwa ntlong ya me ya kgolegelo e go nnang motho a le esi mme a di bona. Ka gone dibuka tseo di ne di ntse di dirisiwa go nonotsha ba bangwe mo tumelong.
Fa ke sena go nna botoka ke ne ka isiwa kwa kgolegelong ya kwa The Hague. Fa ke le koo ke ne ka kopana le Leo C. van der Tas, seithuti sa molao se se neng se le kwa kgolegelong ka ntlha ya go gana go direla Bonasi. O ne a ise a ko a utlwalele ka Basupi ba ga Jehofa, mme ke ne ke na le sebaka sa go mo rerela. Ka dinako tse dingwe o ne a tle a ntsose fa gare ga bosigo a bo a mpotsa dipotso. O ne a sa kgone go fitlha gore o kgatlhiwa ke Basupi, segolobogolo fa a sena go itse gore re ne re ka gololwa fela fa re saenne lekwalo le le supang gore re latola tumelo ya rona. Morago ga ntwa, Leo o ne a nna mmueledi mme a buelela dikgetsi di le dintsintsi tse di kafa molaong tsa Mokgatlho wa Watch Tower tse di neng di akaretsa go obamela ka kgololesego.
Ka April 29, 1944, ke ne ka tsenngwa mo tereneng e e neng e ya kwa Jeremane e e neng ya tsaya loeto lwa malatsi a le 18 a a neng a se monate. Ka May a le 18 ke ne ka tswalelelwa mo kampeng ya pogisetso ya kwa Buchenwald. Botshelo bo ne bo le bosula tota go fitlha fa re ne re gololwa ke masole a a Kopaneng mo e ka nnang ngwaga morago ga foo. Diketekete tsa batho di ne di sule, bontsi jwa bone bo sule re ba lebile. E re ka ke ne ka gana go bereka mo feketiring e e gaufi e e neng e dira dibetsa tsa ntwa, go ne ga twe ke bereke kwa diphaepeng tse di kwa tlase tse di tsamaisang metse a a kgophang leswe.
Letsatsi lengwe feketiri e ne ya thuntshiwa ka bomo. Batho ba le bantsi ba ne ba tshabela kwa bonnong jwa masole go ya go itshireletsa, fa ba bangwe ba siela kwa sekgweng. Dibomo tse di gasagasamang di ne tsa thuntsha bonno jwa masole, mme dibomo tsa dikhemikale di ne tsa tshuba sekgwa ka molelo. A bo e ne e le tiragalo e e tshosang jang ne! Batho ba le bantsi ba ne ba fisiwa ke molelo ba ntse ba tshela! Ke ne ka bona lefelo lengwe le le babalesegileng le ke neng ka iphitlha mo go lone, mme fa molelo o kokobela, ke ne ka feta batho ba le bantsintsi ba sule fa ke boela kwa kampeng.
Batho ba le bantsi gompieno ba itse ka Polao ya Kgailo ya Bonasi e e neng e tsitsibanya mmele. Ke leboga Jehofa go bo a ne a nonotsha tsela e ke akanyang ka yone, e le gore dilo tseo tse di neng di tsitsibanya mmele tse di neng tsa ntiragalela di bo di sa ka tsa fekeetsa tsela e ke neng ke akanya ka yone fa dingwaga di ntse di feta. Fa ke akanya ka nako e ke neng ke le mo kgolegelong ka yone, selo se se intumedisang thatathata ke gore ke bolokile bothokgami jwa me go Jehofa e le go galaletsa leina la gagwe.—Pesalema 124:6-8.
Tiro e e Neng e Dirwa Morago ga Ntwa
Fa ke sena go gololwa le go boela kwa Amsterdam, ke ne ka ya kwa ofising ya lekala ka tlhamalalo go ya go ipega gore ke newe kabelo. Ke ne ke tlhoafaletse gore ke itsisiwe ka dilo tse di neng tsa direga fa ke santse ke seyo. Nonnie o ne a setse a dira koo. Mo ngwageng wa bofelo go ntse go lowa, o ne a direla e le morongwa a isa dibuka tsa Baebele kwa diphuthegong. Ga a ise a tlhole a tshwarwa gape, le mororo a ne a falola ka letshoba la mogodu ka makgetlho a le mantsinyana.
Ke ne ka bula tsela ka nakwana kwa Haarlem, mme ka 1946, ke ne ka kopiwa go ya kwa ofising ya kwa Amsterdam go ya go bereka kwa Lephateng la Thomelo. Fa ngwaga wa 1948 o ya kwa bokhutlong, nna le Nonnie re ne ra nyalana, mme re ne ra tlogela lekala ra ya go bula tsela mmogo. Kabelo ya rona ya go bula tsela e ne e le kwa Assen. Dingwaga di le 12 pelenyana ga moo nna le Richard Brauning re ne ra nna koo ka selemo sotlhe, re nna mo tenteng re ntse re rera. Ke ne ka utlwalela gore Richard o thuntshitswe ka tlhobolo a bo a swa fa a ne a le mo tseleng ya go ya kwa kampeng ya pogisetso.
Kwantle ga pelaelo go nna ga me kwa kgolegelong go ne ga koafatsa botsogo jwa me. Dingwaga tse thataro ke sena go gololwa kwa Buchenwald, ke ne ka lwala ka dikgwedi di le nnè ke sa tsoge mo bolaong. Dingwaga morago ga moo, ka 1957, ke ne ka lwala bolwetse jwa thiibi ngwaga otlhe. Mmele wa me o ne o tlhotlhoregile maatla, mme keletso ya me ya go bula tsela e ne e ntse e nonofile. Fa ke ntse ke lwala, ke ne ka batla sebaka sengwe le sengwe gore ke neele bosupi. Ke akanya gore keletso eno ya me ya go bula tsela e nthusitse thata gore ke se ka ka letla mabaka a me a go lwala go ntira monna yo o sekowa wa setshwakga. Nna le Nonnie re ititeile sehuba gore re nnele ruri mo tirelong ya nako e e tletseng fa fela botsogo jwa rona bo re letlelela.
Fa ke sena go nna botoka, re ne ra abelwa go ya go direla kwa toropokgolong ya Breda. E ne e setse e le dingwaga tse 21 morago ga gore ke etele motse oo la ntlha ke le motlhanka wa kgaolo. Fa re fitlha koo ka 1959, go ne go na le phuthego e nnyennyane ya Basupi ba le 34. Gompieno, e leng dingwaga di le 37 morago ga moo, e setse e godile e le diphuthego tse thataro tsa Basupi ba ba fetang 500, ba ba kopanelang mo Diholong tsa Bogosi di le tharo! Kwa dipokanong tsa rona le kwa dikopanong, re bona batho ba le bantsi ba ba amogetseng kitso ya boammaaruri jwa Baebele e le ka ntlha ya maiteko a re a dirileng. Gantsi re ikutlwa jaaka moaposetoloi Johane a ne a ikutlwa fa a ne a kwala jaana: “Ga ke na boitumelo bope jo bo fetang jo, jwa go utlwa fa bana ba me ba ntse ba tsamaya mo boammaaruring.”—3 Johane 4.
Re setse re tsofetse jaanong. Ke na le dingwaga di le 86 mme Nonnie o na le tse 78, mme ke ka bolela fela gore go bula tsela ke tiro e e siameng tota. Fa e sale ke le mo Breda, ke kgonne go nna botoka mo malwetseng a mantsi a a neng a ntshwara fa ke le kwa kgolegelong. Gape ke itumeletse go nna le dingwaga di le dintsi tse di nang le matswela mo tirelong ya ga Jehofa.
Fa re lebelela kwa morago dingwaga di le dintsi tsa tirelo e e nang le matswela, roobabedi re itumelela seo. Letsatsi le letsatsi re rapela gore e kete Jehofa a ka re neela moya le maatla a go tswelela pele mo tirelong ya gagwe fa fela re santse re tshedile. Re bolela mafoko ano a ga mopesalema re na le tshepo: “Bonang, Modimo ke mothusi wa me; Morena o na le ba ba tshegetsang mowa wa me.”—Pesalema 54:4.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ke eme gaufi le tente e re neng re nna mo go yone fa re ne re bula tsela mo dingwageng tsa bo1930
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Sekepe se se neng se dirisiwa go ya kwa tshimong e e kwa thoko
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Fa re botsolotswa mo thulaganyong ya kopano ka 1957
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Ke na le mosadi wa me gompieno