LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 8/1 ts. 26-30
  • Michael Faraday—Moitsesaense le Monna wa Tumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Michael Faraday—Moitsesaense le Monna wa Tumelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba-Sandeman
  • Bo-Sandeman bo a Anama
  • Dilo Tse Faraday a Neng a di Dumela
  • Faraday wa Mo-Sandeman
  • Monna Yo o Neng a Fetola Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Kgosana e Kgolo Mikaele e Ema ka Dinao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 8/1 ts. 26-30

Michael Faraday—Moitsesaense le Monna wa Tumelo

“Moribolodi wa Motlakase.” “Moitsesaense yo mogolo go gaisa botlhe mo go lekeletseng dilo.” Tseno ke ditsela tse pedi tsa go tlhalosa Michael Faraday, yo o tsholetsweng kwa Engelane ka 1791, yoo go ribolola ga gagwe motlakase o o dirwang ka go dirisa makenete go neng ga dira gore go dirwe dienjene tsa motlakase le dijenereitara tsa motlakase.

FARADAY o ne a ruta thata khemiseteri le fisikisi kwa Royal Institution ya Lontone. Dithuto tsa gagwe tse boikaelelo jwa tsone e neng e le go dira gore batho ba rate saense di ne tsa thusa basha go tlhaloganya dikgopolo tsa yone tse di raraaneng. O ne a fiwa dikgele ke diyunibesithi tse dintsinyana. Lefa go ntse jalo o ne sa rate gore seno se itsiwe. E ne e le monna yo o ratang bodumedi thata, e le motho yo o itumetseng a nna mo foleteng ya gagwe ya dikamore tse tharo a itumelela botsalano jwa ba lelapa la gagwe le badumedikaene. Faraday e ne e le leloko la se a neng a se bitsa “lekoko le lennye thata le le le nyadiwang la Bakeresete, ba ba neng ba itsiwe . . . jaaka Ba-Sandeman.” E ne e le bomang? Ba ne ba dumela eng? Mme seno se ne se ama Faraday jang?

Ba-Sandeman

“Kgolaganyo ya ntlha fa gare ga boorra Faraday le kereke ya Ba-Sandeman e ne ya dirwa ke borremogoloagwe Michael Faraday,” go bolela jalo Geoffrey Cantor, mokwadi wa Michael Faraday: Sandemanian and Scientist. Ba ne ba tsalana le balatedi ba modiredi mongwe yo o neng a etela mafelo yo a neng a rata diphetogo le yo ditsala tsa gagwe di neng di dumela dilo tse di neng di dumelwa ke Ba-Sandeman.

Robert Sandeman (1718-71) e ne e le moithuti kwa yunibesithing ya Edinburgh, a ithuta mathematiki, Segerika, le dipuo tse dingwe fa ka letsatsi lengwe a ne a reetsa thero ya ga John Glass yo e neng e kile ya bo e le moruti wa Presbyterian. Se a neng a se utlwa se ne sa dira gore a tlogele yunibesithi, a boele gae kwa Perth, a bo a ikopanya le Glass le ditsala tsa gagwe.

John Glass o ne a setse a simolotse go belaela dithuto dingwe tsa Kereke ya Scotland ka bo1720. Fa a ntse a ithuta Lefoko la Modimo o ne a swetsa gore setšhaba se se bolelwang ke Baebele sa Iseraele se ne se tshwantshetsa setšhaba sa semoya seo maloko a sone a neng a tswa mo ditšhabeng di le dintsi. Go ne go se gope koo a neng a fitlhela sepe se se reng setšhaba sengwe le sengwe se tshwanetse go nna le kereke e e leng ya sone.

E re ka a ne a sa tlhole a itumelela kereke ya gagwe ya kwa Tealing, kafa ntle ga Dundee, kwa Scotland, Glass o ne a tlogela Kereke ya Scotland mme a rulaganya dipokano tse e leng tsa gagwe. O ne a latelwa ke batho ba ba ka nnang lekgolo, bao kwa tshimologong, ba neng ba akanya gore ba tshwanetse go nna ba utlwana. Ba ne ba swetsa ka gore ba latele ditaelo tsa ga Keresete tse di kwadilweng mo go Mathaio kgaolo 18, ditemana 15 go ya go 17, fa ba baakanya dikgogakgogano tse ba ka nnang natso. Moragonyana ba ne ba tshwara dipokano beke le beke koo badumedikabone ba neng ba kopana mmogo go tla go rapela le go kgothatsana.

Fa batho ba ba neng ba tla ka metlha ba simolola go tla kwa dipokanong tsa ditlhopha tse di farologaneng, go ne ga tlhokega banna ba ba nang le maikarabelo go tla go okamela kobamelo ya bone. Ke bomang ba ba neng ba tshwanela seno? John Glass le ditsala tsa gagwe ba ne ba sekaseka thata se moaposetoloi Paulo a se kwadileng ka kgang eno. (1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9) Ga ba a ka ba fitlhela go umakiwa gope thutego ya yunibesithi kana koo go tweng motho yo o tlhophiwang o tshwanetse a bo a itse Sehebera le Segerika. Ka jalo, fa ba sena go rapela le go tlhatlhanya ka dikaelo tsa Dikwalo, ba ne ba tlhoma banna ba ba tshwanelang sentle go nna bagolwane. Ba ba neng ba ngaparetse Kereke ya Scotland ba ne ba leba seno “se batlile e le makgapha fela” gore banna ba ba sa rutegang “ba ba neng ba godisitswe ba dira letsela, e le baroki kana balemi” ba itire e kete ba tlhaloganya Baebele le go rera molaetsa wa yone. Ka 1733, fa Glass le badumedikaene ba ne ba ikagela holo ya bone ya dipokano mo toropong ya Perth, baruti ba lefelo leo ba ne ba leka go gatelela mmakaseterata gore a ba leleke mo toropong. Ba ne ba palelwa mme lekoko leno le ne la gola.

Robert Sandeman o ne a nyala morwadie Glass yo mogolo, mme e ne ya re fa a na le dingwaga tse 26 a nna mogolwane kwa phuthegong ya balatedi ba ga Glass kwa Perth. Ditiro tsa gagwe jaaka mogolwane di ne di le dintsi mo a neng a tlhoka go dirisetsa nako yotlhe ya gagwe mo tirong eno ya seruti. Moragonyana, fa mosadi wa gagwe a sena go tlhokafala, Robert “o ne a swetsa go direla Morena ka boitumelo fela gongwe le gongwe kwa a neng a tlhokega teng,” go bolela jalo tlhaloso ya botshelo jwa gagwe.

Bo-Sandeman bo a Anama

Sandeman o ne a anamisa tiro ya gagwe ya bodiredi ka botlhaga go tloga kwa Scotland go ya kwa Engelane, koo ditlhopha tse disha tsa balatedi ba gagwe di neng di oketsega teng. Ka nako eo go ne go na le dikgogakgogano fa gare ga balatedi ba ga Calvin ba Baesemane. Bangwe ba bone ba ne ba dumela gore ba ne ba laoletswe gale gore ba tlile go bolokwa. Kafa letlhakoreng le lengwe, Sandeman, o ne a dumalana le ba ba neng ba re go nna le tumelo go botlhokwa thata. Fa a ntse a buelela kgopolo eno, o ne a gatisa buka e e neng ya gatisiwa gape ka makgetlho a le manè e bile e ne ya tlhaga gape ka dikgatiso tse pedi kwa Amerika. Go ya ka Geoffrey Cantor, go gatisiwa ga bolumo eno e ne e le “tiragalo ya botlhokwa thata e e neng ya tlotlomatsa lekoko la [Bo-Sandeman] gonne le ne le simolotse le le lennye thata kwa Scotland.”

Ka 1764, Sandeman le bagolwane ba balatedi ba ga Glass ba ne ba etela kwa Amerika, leeto leno le ne la tsosa dipuo le kganetso. Lefa go ntse jalo, le ne la felela ka gore go tlhongwe setlhopha sa Bakeresetekabone kwa Danbury, kwa Connecticut.a Sandeman o ne a tlhokafalela koo ka 1771.

Dilo Tse Faraday a Neng a di Dumela

Michael o ne a ithuta dithuto tsa ga Sandeman mo batsading ba gagwe fa a santse a le mmotlana. O ne a itse gore Ba-Sandeman ba ne ba sa kopane le ope fela yo a neng a sa dire se Baebele e se rutang. Ka sekai, ba ne ba gana go kopanela mo ditirelong tsa manyalo a Anglican, ba bona go le botoka go ya fela kwa meletlong ya manyalo e go neng go tlhokega gore ba ka ya kwa go yone.

Ba-Sandeman ba ne ba ineela mo pusong, e bile ba itlhaola mo dipolotiking. Le mororo e ne e le maloko a a tlotlegang mo tikologong eo, e ne e le ka sewelo ba dumelang go newa maemo mo setšhabeng. Mme mo makgetlhong a le mmalwa a ba neng ba dira jalo mo go one ba ne ba tila go tsena mo diphating tsa dipolotiki. Boemo jo ba neng ba bo tsaya jono bo ne bo dira gore ba senyege leina. (Bapisa Johane 17:14.) Ba-Sandeman ba ne ba dumela gore Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo e ne e le thulaganyo e e siameng thata ya puso. Ba ne ba leba dipolotiki jaaka “motshameko fela o o sa reng sepe, o o leswe wa go tlhoka boitsholo,” go bolela jalo Cantor.

Le mororo ba ne ba farologane le ba bangwe ga ba a ka ba nna le boikutlo jwa Bafarasai. Ba ne ba re: “Re fitlhela go le botlhokwa thata gore re tile go nna le Moya le go dira Ditiro tsa Bafarasai ba bogologolo, ka go dira Maleo a mantsi kana Ditiro tse dintsi go feta tse di mo Dikwalong; le mo go direng Melawana ya bomodimo lefela ka Dingwao tsa batho kana re di Tila ka matlhajana.”

Ba ne ba dirisa mokgwa wa Dikwalo wa go kgaola leloko lepe fela le le neng le fetoga letagwa, motsietsi kana mogokafadi kana ope fela yo o neng a dira maleo mangwe a a masisi. Fa moleofi a ne a ka ikwatlhaya ka mmatota, ba ne ba leka go mmusetsa. Go sa nneng jalo, ba ne ba latela taolo ya Dikwalo ya gore ba ‘tlose motho yo o bosula mo gare ga bone.’—1 Bakorinthe 5:5, 11, 13.

Ba-Sandeman ba ne ba ikobela taolo ya Baebele ya gore ba ithibe mo mading. (Ditiro 15:29) John Glass o ne a kile a bolela gore batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go reetsa fa ba thijwa mo mading jaaka Modimo o ne o laetse batho ba ntlha gore ba se ka ba ja loungo lwa setlhare sa kitso ya molemo le bosula. (Genesise 2:16, 17) Go tlhokomologa molao wa madi go ne go tshwana fela le go gana go dirisa madi a ga Keresete ka tsela e e tshwanetseng, jaaka mo go letlanyeng maleo. Glass o ne a konela jaana: “Thibelo eno ya go tsholola madi e ne e sa bolo go nna teng, e di feta tota e bile e botlhokwa go gaisa tsotlhe.”

Tsela e Ba-Sandeman ba neng ba akanya ka yone ka Dikwalo e ne ya ba thusa go tila mamena a mantsi. Ka sekai, ba ne ba dirisa dikaelo tsa ga Keresete fa go tla mo kgannyeng ya boitlosobodutu. “Ga re tlhome Melao koo Keresete a sa e tlhomang teng,” ba ne ba bolela jalo, “e bile ga re latlhe epe fela mo go e a e re neileng. Ka gone, e re ka re sa kgone go bona gope kwa Boitlosobodutu jo bo dirwang le batho kana o le nosi, bo kganelwang teng; re tsaya gore Boitapoloso bope fela bo siame, fela fa bo sa amane ka gope le Maemo a boleo jo bo masisi.”

Le mororo Ba-Sandeman ba ne ba dumela dikgopolo tse dintsi fela jaaka di tlhomame mo Dikwalong, ba ne ba se ka ba tlhaloganya botlhokwa jwa tiro e e neng e supa Bokeresete jwa boammaaruri, e leng, gore mongwe le mongwe a rerele ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi. (Mathaio 24:14) Lefa go ntse jalo, mongwe le mongwe o ne a amogelwa kwa dipokanong tsa bone, mme fa ba le koo ba ne ba leka go araba mongwe le mongwe yo o ba botsang ka tsholofelo ya bone ka mabaka.—1 Petere 3:15.

Mofuta ono wa tumelo ya bone o ne wa ama jang moitsesaense, Michael Faraday?

Faraday wa Mo-Sandeman

Le mororo a ne a tlotliwa, a tlotlomadiwa, a tseetswe kwa godimo ka ntlha ya dilo tse di tlhaolegileng thata tse a di ribolotseng, Michael Faraday ene o ne a tshela botshelo jo bo motlhofo tota. Fa batho ba ba itsegeng thata ba ne ba tlhokafala mme batho ba ba itsegeng ba lebeletswe gore ba nne teng kwa diphitlhong tseo, Faraday ene o ne a itsiwe gore ga a nne teng, segakolodi sa gagwe se ne se sa mo letle go ya le go nnela ditirelo tsa Kereke ya Engelane.

Jaaka moitsesaense, Faraday o ne a ingaparela thata ka dilo tse a neng a kgona go di supa gore di boammaaruri. Ka jalo, o ne a tila go kopana le batho ba ba rutegileng ba ba neng ba buelela megopolo ya bone e e sa tlhomamang gore e boammaaruri mme go na le matlhakore a ba emang mo go one fa go tsoga dikgang. Go ntse fela jaaka a kile a bolelela bareetsi ba gagwe jaana, ‘ntlha ya botlhokwa e boammaaruri ka metlha, bosupi jwa yone bo boammaaruri ka metlha.’ O ne a buelela saense gore ke selo se se theilweng ‘mo dintlheng tse di etsweng tlhoko sentle.’ Fa a ne a konela puo nngwe ya gagwe kaga maatla a magolo a tlholego, Faraday o ne a rotloetsa bareetsi ba gagwe gore ba akanye ka “Ene yoo o a dirileng.” Morago ga foo o ne a nopola moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo a re: “Dilo tse di sa bonaleng tsa Gagwe go tloga fa a ne a bopa lefatshe di bonala sentle, di tlhaloganngwa ka dilo tse a di dirileng, tota le maatla a Gagwe a a sa khutleng le gore ke Modimo.”—Baroma 1:20, King James Version.

Se se neng se tlhaola Faraday mo baitsesaenseng ba bangwe ba bantsi e ne e le keletso ya gagwe ya go ithuta Buka e e tlhotlheleditsweng ke Modimo mmogo le buka e e rutang dilo tsa tlholego. “Ka go nna Mo-Sandeman, o ne a kgona go bona tsela ya go ikobela molao wa Modimo wa boitsholo le go solofela botshelo jo bo sa khutleng,” go akgela jalo Cantor. “Go itse saense go ne ga mo thusa go itse melao e Modimo o e tlhophileng e e kaelang lobopo.” Faraday o ne a dumela gore “saense ga e ka ke ya nyatsa ditaolo tsa Baebele, mme fa ditiro tsa saense di dirwa ka tsela ya boammaaruri ya Bokeresete, e ka kgona go sedifatsa buka e nngwe gape ya Modimo.”

Faraday o ne a gana ka boikokobetso tlotlomatso e ntsi e batho ba neng ba rata go e mo naya. O ne a tlhola a bolela gore ga a kgatlhegele go nna motho wa maemo a a kwa godimo. O ne a eletsa go sala e le ‘Monnana Faraday yo o sa reng sepe.’ O ne a dirisa nako e ntsi ya gagwe mo ditirong tsa gagwe jaaka mogolwane, go akaretsa le go eta ka metlha a tloga kwa moshateng a ya kwa motseng wa Norfolk go ya go tlamela setlhopha se sennye sa badumedikaene ba ba neng ba nna koo.

Michael Faraday o ne a tlhokafala ka August 25, 1867, mme o ne a fitlhwa kwa mabitleng a Highgate kwa bokone jwa Lontone. Mokwadi wa ditiragalo tsa botshelo jwa batho, John Thomas, o re bolelela gore Faraday “o tlogeletse ditlogolwana dilo tse dintsi tse a kgonneng go di dira tsa saense ya mmatota go feta moitsesaense ope mme dilo tse di mosola tse a di ribolotseng di ile tsa ama thata mokgwa wa botshelo jwa batho ba ba tlhabologileng.” Sarah, motlholagadi wa ga Faraday, o ne a kwala jaana: “Ke kgona go supa fela gore Tesetamente e Ntšha ke yone e e neng e le motsamaisi le mokaedi wa gagwe; ka go bo o ne a e leba e le Lefoko la Modimo . . . Bakeresete ba ne ba tshwanelwa ke go e ikobela ka nako eo go tshwana le ka nako ya fa e ne e kwalwa”—bosupi jo bo nonofileng jwa moitsesaense wa maemo a a kwa godimo yoo a neng a tlhoafaletse go tshelela tumelo ya gagwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Setlhopha sa bofelo se se neng se santse se setse sa Ba-Sandeman kana sa Ba-Glass sa kwa United States se ne sa nyelela mo e ka nnang kwa tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Fa e ne e le motlhatlheledi kwa Royal Institution ya Boritane, Michael Faraday, o ne a buelela saense ka tsela e le basha ba neng ba kgona go e tlhaloganya. Kgakololo ya gagwe mo batlhatlheleding ba bangwe e na le dikakantsho tse di mosola thata tse Bakeresete ba motlha wa segompieno ba ba rutang phatlalatsa ba tlhokang go di akanyetsa.

◻ “Puo ga e a tshwanela go neelwa ka bonako ka gonne e ka se ka ya tlhaloganngwa, mme e tshwanetse go neelwa ka bonya le ka kelotlhoko.”

◻ Sebui se tshwanetse go leka go tsosa kgatlhego ya bareetsi “kwa tshimologong ya puo le ka motseletsele wa dikgato tse di se tsayang ka bonya, bareetsi ba sa lemoge, mme se dira seno ka botlhaga jo bo tshwanelang kgang.”

◻ “Sebui se itlosa seriti fa se diga puo ya sone fela gore go opiwe diatla le fa se dira gore batho ba se akgole.”

◻ Fa go dirisiwa aotlelaene: “Ke iphitlhela ka metlha ke tshwanetse go . . . rulaganya [setlhogo] mo pampiring le go bopa dikarolo tsa yone ka go di ikgakolola, gongwe ka go di amanya le tse dingwe kana ka tsela nngwe fela. . . . Ke rulaganya ditlhogo tse dikgolo le tse dinnye, go tswa fano ke rulaganya se ke ileng go bua ka sone.”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Both pictures: By courtesy of the Royal Institution

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela