Pego ya Baboledi ba Bogosi
‘Go Butswe Kgoro e go Nang le Tiro mo go Yone’ Kwa Cuba
MOAPOSETOLOI PAULO e ne e le moreri yo o tlhomologileng wa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. O ne a dirisa sebaka sengwe le sengwe go abelana le ba bangwe ditsholofetso tsa Mmopi tsa botshelo jo bo sa khutleng jo bo tla fiwang batho ba ba utlwang. Fa a ne a etetse kwa Efeso wa bogologolo, Paulo o ne a lemoga maemo a masha a a neng a tla mo letla gore a thuse batho ba ba oketsegileng. O ne a re: “Ke tlaa diega mo Efeso . . . gonne ke buletswe kgoro teng, le e go nang le tiro mo go yone.”—1 Bakorinthe 16:8, 9.
Basupi ba ga Jehofa kwa Cuba le bone ba iphitlhela ba le mo maemong a masha. Lefa gone Basupi ba ise ba kwadisiwe ka fa molaong, ba kgona go abelana tsholofelo ya bone e e tswang mo Baebeleng le batho ba ba nnang le bone mo nageng eo ka tshosologo. Bosheng jaana puso ya kwa Cuba e ne ya supa gore e kgatlhegela thata go letla ditlhopha tsa madumedi a a farologaneng go obamela ka phuthulogo. Poresidente Castro o ne a umaka Basupi ba ga Jehofa phatlalatsa jaaka setlhopha sa bodumedi se jaanong se nang le tsalano e e botoka le puso ya Cuba.
Seemo seno se sesha se buletse Basupi ba ga Jehofa ‘kgoro e go nang le tiro mo go yone.’ Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa bosheng jaana kwa Cuba ba butse ofisi e e ba thusang go kaela tiro ya bone ya go rera mo nageng eo. Basupi ba ba fetang 65 000 ba thusa batho go ithuta le go tlhaloganya Baebele. Ba dirisa dibuka tsa Baebele, jaaka dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Batho ba bantsi ba ba ratang tshiamo ba kwa Cuba ba solegelwa molemo ke go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.
Gape Basupi ba tshwara dithuto ka metlha ka ditlhopha tse dipotlana go ralala setlhaketlhake seo. Ka dinako tse dingwe ba ipelela le tshiamelo ya go tshwara dikopano tse dikgolwane ka ditlhopha tsa batho ba ka nna 150. Eleruri ba anaanela tetla e ba e filweng ke balaodi ba Cuba, e e ba nayang sebaka sa go kokoana mmogo le bakaulengwe ba bone le bokgaitsadi ba bone ba semoya, ba opelela Modimo dipako le go rapela mmogo.
Bosheng jaana Kopano ya Kgaolo ya “Poifo ya Bomodimo” e ne ya tshwarwa ka makgetlho a a fetang 1 000 mo mafelobekeng a le mararo fela. Pego nngwe e bolela gore dikopano tsotlhe di ne di na le “thulaganyo, di laolesega gape di ritibetse.” Balaodi ba ne ba akgola Basupi mo go seno.
Go ralala lefatshe, Bakeresete ba boammaaruri ba leka go diragatsa taelo e ba e filweng ke Modimo ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Mo godimo ga moo, ba leka ka natla gore ba dirisane ka kutlwano le balaodi ba puso. (Tito 3:1) Basupi ba ga Jehofa ba sala morago kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala jaana: “Ke gone, sa ntlha ke laya gore, a mekokotlelo, le merapelo, le merapelelo, le malebogo, a direlwe batho botlhe. A a direlwe dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo; gore re ke re tshele mo boiketlong le mo tidimalong ka poifomodimo yotlhe le ka tshisimogo.”—1 Timotheo 2:1, 2.