Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
A go tla bo go tshwanela gore Mokeresete a ye go bona ngaka ya bolwetse jwa tlhaloganyo?
Dipego tse di tswang kwa dinageng tse dingwe di bontsha gore go ntse go oketsega malwetse a maikutlo le a tlhaloganyo mo ‘metlheng eno ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) Bakeresete ba utlwela badumedikabone botlhoko thata fa ba tshwerwe ke malwetse ao, mme ba lemoga gore mongwe le mongwe o tshwanetse a itirela tshwetso ya gore a o tla batla go alafelwa bolwetse jwa gagwe mme fa go le jalo, o tla batla mofuta ofe wa kalafi.a “Motho mongwe le mongwe o tlaa ithwalela morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5) Batho ba bangwe ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa go fapoga tlhaloganyo, bolwetse jo bo masisi jwa tlhaloganyo, go tshwenyega thata mo maikutlong mo go tlhokang go alafiwa, bolwetse jwa go nna mo tlalelong e kgolo, go ikgobatsa mmogo le malwetse a mangwe a a botlhoko thata, ba ile ba kgona go tshela sentle morago ga gore ba alafiwe ka tsela e e tshwanetseng.
Mo mafelong a mangwe go tlwaelegile thata gore motho a alafelwe seo. Mo mabakeng a le mantsi molwetse yoo o a bo a sa lwale bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo masisi mme o a bo a palelwa ke go itshokela seemo sengwe sa botshelo. Lefa go ntse jalo, ke Baebele e e re thusang ka tsela e e mosola thata gore re kgone go rarabolola mathata a a boima a botshelo. (Pesalema 119:28, 143) Jehofa o dirisa Baebele go re neela botlhale, tsela ya go akanya, le kitso ya boammaaruri—e leng dilo tse di re nonotshang mo tlhaloganyong le mo maikutlong. (Diane 2:1-11; Bahebere 13:6) Ka dinako tse dingwe batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ka nna ba itlhalosa ka tsela e e sa utlwaleng e le ka ntlha ya go fuduega thata mo maikutlong. (Jobe 6:2, 3) Jakobe 5:13-16 e kgothatsa batho ba ba ntseng jalo gore ba kope thuso le kgakololo mo bagolwaneng. Mokeresete o ka tswa a le bokoa mo semoyeng, kana o ka nna a bo a le mo tlalelong ka ntlha ya seemo sengwe se se sa fetogeng kana a na le letsapa le le mo gatelelang, kana o ka nna a akanya gore o diretswe tshiamololo. (Moreri 7:7; Isaia 32:2; 2 Bakorinthe 12:7-10) Motho yo o ntseng jalo a ka kopa thuso mo bagolwaneng, ba ba tla ‘mo tlotsang ka lookwane’—e leng, go mo gomotsa ka kgakololo ya Baebele ka tsela e e botlhale—mme gape “ba rapele fa go ene.” Matswela e nna afe? “Thapelo ya tumelo e tlaa boloka ene yo o lwalang, mme Morena o tlaa mo kakatlolola [a sa ngodiege kana a sa akanye gore Modimo o mo latlhile].”
Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore go tlalelwa mo tlhaloganyong le go ikutlwa o tlhakatlhakane go tswelela pele go sa kgathalesege gore o bone thuso e e mosola e e tswang mo badiseng ba semoya? Batho bangwe ba ba neng ba le mo seemong seno ba ile ba tlhopha gore ba ye go tlhatlhobiwa mo mmeleng. (Bapisa Diane 14:30; 16:24; 1 Bakorinthe 12:26.) Bolwetse jwa mo mmeleng bo ka bakiwa ke tlalelo ya maikutlo kana ya tlhaloganyo. Mo mabakeng a mangwe go alafa bolwetse jo bo ntseng jalo go ile ga fodisa motho yoo yo o lwalang maikutlo.b Fa go sa fitlhelwe bolwetse bope mo mmeleng, ngaka e ka nna ya akantsha gore molwetse a bone dingaka tsa bolwetse jwa tlhaloganyo, ka go mo kopa fela. Ke eng se o ka se dirang? Jaaka go boletswe, eno ke tshwetso e mongwe le mongwe a tshwanelwang ke go e sekaseka ka namana. Ba bangwe ga ba a tshwanela go mo tshwaya phoso kana go mo atlhola.—Baroma 14:4.
Lefa go ntse jalo, motho o tshwanetse a dirisa botlhale jo bo mosola gape a ele tlhoko gore a se ka a lebala melaometheo ya Baebele. (Diane 3:21; Moreri 12:13) Mabapi le kgang ya go lwala mo mmeleng, balwetse ba ka itlhophela mofuta wa kalafi e ba e batlang, go simolola ka kalafi e e tlwaelegileng go fitlha go dikalafi tse di jaaka e e dirisang dilo tsa tlholego, ya acupuncture le ya homeopathy. Gape go na le mefuta e e farologaneng ya dingaka tsa bolwetse jwa tlhaloganyo. Mo go bone go na le dingaka tsa tlhaloganyo tse di sekasekang tsela e o neng o tshela ka yone pele le tse dingwe, tse di ka nnang tsa tlhatlhoba hisitori ya molwetse gore di bone mabaka a go bo a itshwere ka tsela eo e e sa tlwaelegang kana go bo a utlwile botlhoko. Dingaka tsa tlhaloganyo tse di tlhatlhobang boitshwaro jwa molwetse di ka nna tsa leka go thusa molwetse gore a ithute mekgwa e mesha ya boitshwaro. Dingaka tse dingwe tsa bolwetse jwa tlhaloganyo di dumela gore bontsi jwa malwetse a tlhaloganyo bo tshwanetse jwa alafiwa ka diokobatsi.c Go begiwa gore tse dingwe di akantsha gore molwetse a je dijo tse di rileng fela le dibitamene.
Balwetse le ba malapa a bone ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa ba sekaseka dilo tse ba ka di tlhophang. (Diane 14:15) Sa botlhokwa ke gore Porofesa Paul McHugh, yo e leng motsamaisi wa Department of Psychiatry and Behavioral Sciences kwa Johns Hopkins University School of Medicine, o ne a bolela gore kalafi ya bolwetse jwa tlhaloganyo “ke kalafi ya konokono. Ga go motlhofo go bona mekgwa ya go bo alafa e re ka jaana bo amana le malwetse a dikarolo tsa botshelo jwa motho tse di raraaneng thata—e leng tlhaloganyo le boitshwaro.” Boemo jono bo dira gore go nne le dilo tse di sa amogelweng le boferefere, mmogo le dikalafi tse di nang le boikaelelo jo bo molemo tse di ka nnang tsa re gobatsa.
Gape go tshwanetse ga umakiwa gore lefa dingaka tsa bolwetse jwa tlhaloganyo le baithutatlhaloganyo ba na le didikerii tsa tiro nngwe e ba ithutetseng yone le tse ba di boneng morago ga go oketsa dithuto tsa bone, go na le batho ba bangwe ba le bantsi ba ba sa ithutelang tiro eo ka tshwanelo, e ba e dirang e le bakaedi kana dingaka go sena ope yo o ba beileng leitlho. Batho ba le bantsi ba ile ba senya madi a mantsi ba ya go bona batho bao ba ba sa ithutelang tiro e e ntseng jalo.
Tota le yone ngaka e e ithutetseng bolwetse jwa tlhaloganyo e bile e tshwanelega, go na le dilo tse o tshwanetseng wa di akanyetsa. Fa re tlhopha ngaka kana ngaka e e arang, re tshwanetse ra tlhomamisega gore e tla tlotla dikgopolo tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng. Ka mo go tshwanang, go ne go tla nna kotsi go ya kwa ngakeng e e ithutetseng bolwetse jwa tlhaloganyo e e sa tlotleng dikgopolo tsa rona tsa bodumedi le tsa boitsholo. Bakeresete ba le bantsi ba leka ka natla gore ba “nne pelo e le nngwe fela . . . ka fa sekaong sa ga Keresete Jesu,” go sa kgathalesege mathata a tlhaloganyo le maikutlo a ba nang le one. (Baroma 15:5) Bone ba amegile sentle ka maikutlo a ngaka nngwe le nngwe e e ka nnang ya ama tsela ya bone ya go akanya le ya boitshwaro. Dingaka tse dingwe di leba dithibelo dipe tse di dirwang ka go dumela Dikwalo di se botlhokwa e bile di ka koafatsa botsogo jwa tlhaloganyo. Ba ka nna ba dumelela, le gone go akantsha gore molwetse a dire ditiro tse di nyadiwang ke Baebele, tse di jaaka bosotoma kana go sa ikanyege mo lenyalong.
Dikgopolo tseno di akarediwa mo se moaposetoloi Paulo a neng a se bitsa “dikganetsanyo tsa e e bidiwang kitso, mme e se yone.” (1 Timotheo 6:20) Di ganetsa boammaaruri jo bo malebana le Keresete e bile ke karolo ya ‘botlhajana le tsietso e e ithamakang’ ya lefatshe leno. (Bakolosa 2:8) Molao wa Baebele o phepafetse: “Ga go na sa botlhale le fa e le sa tlhaloganyo, le fa e le sa kgakololo se se ka ganelang le Jehofa.” (Diane 21:30) Dingaka tsa bolwetse jwa tlhaloganyo tse di bitsang “bosula molemo, le molemo bosula” ke ‘tse di bosula.’ Go na le gore ba thuse go fodisa ditlhaloganyo tse di tlhakatlhakaneng, ba “bodis[a] mekgwa e mentle.”—Isaia 5:20; 1 Bakorinthe 15:33.
Ka jalo Mokeresete yo o ikutlwang go le botlhokwa gore a ye go alafelwa bolwetse jwa tlhaloganyo o tshwanetse a sekaseka ditshwanelego, boikutlo le tsela e ngaka eo e itsiweng ka yone le phelelo epe fela e e ka nnang teng ya kalafi e e akantshitsweng. Fa Mokeresete yo o mo tlalelong a ka se ka a dira seno ka boene, gongwe tsala e e godileng sentle, e e gaufi thata le ene kana wa losika a ka nna a kgona go mo thusa. Mokeresete yo o sa tlhomamisegang ka botlhale bope jwa kalafi nngwe e e rileng o ka nna a bona gore go buisana le bagolwane mo phuthegong go ka nna mosola—le mororo tshwetso ya bofelo e dirwa ke ene (kana batsadi ba gagwe, kana tshwetso e e kopanetsweng ke monna le mosadi).d
Saense e ka dira mo gontsi thata gompieno go feta mo metlheng e e fetileng gore e fokotse pogo. Lefa go ntse jalo, go na le malwetse a le mantsi—a mmele le a tlhaloganyo—a gone jaanong a sa alafesegeng mme a tshwanelwa ke gore a itshokelwe mo tsamaisong eno ya dilo. (Jakobe 5:11) Fa go ntse go le jalo, “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” bagolwane le batho botlhe mo phuthegong ba bontsha batho ba ba lwalang kutlwelobotlhoko le go ba tshegetsa. Mme Jehofa ka boene o a ba nonotsha gore ba itshoke go fitlha fa nako e e molemolemo e tla e go tla bong go sena bolwetse.—Mathaio 24:45; Pesalema 41:1-3; Isaia 33:24.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka dinako tse dingwe motho a ka nna a kopiwa gore a ye go tlhatlhobiwa tlhaloganyo, gongwe fa go akanyediwa gore a dire tiro ya maemo a a kwa godimo. Go sa kgathalesege gore motho o dumela go tlhatlhobiwa kana nnyaa e santse e le tshwetso ya gagwe, mme re tshwanetse go lemoga gore go tlhatlhobelwa tlhaloganyo ga se go e alafelwa.
b Bona setlhogo se se reng “Go Fenya go Lwantshana le go Tshwenyega Thata mo Maikutlong,” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 1, 1990.
c Malwetse mangwe a tlhaloganyo a ka nna a lebega a fola fa o dirisa kalafi e e tshwanetseng. Mme kalafi eno e tshwanetse ya dirisiwa ka kelotlhoko e kaelwa ke dingaka kana dingaka tsa bolwetse jwa tlhaloganyo tse di nang le bokgoni le boitemogelo, ka gonne go ka nna ga tsosa bolwetse bongwe jo bo masisi fa e le gore melemo ga e a nowa ka selekanyo se se tshwanetseng.
d Bona setlhogo se se reng “Go Tshwenyega Tlhaloganyo—Fa go Tlhasela Mokeresete” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 15, 1988.