“Lo Tlwaele go Tshola Baeng”
“Lo abele go tlhoka ga baitshepi; lo tlwaele go tshola baeng.”—BAROMA 12:13.
1. Ke eng se batho ba se tlhokang thata, mme seo se supiwa jang?
GO TSAMAYA mo seterateng se se didimetseng bosigogare mo tikologong e o sa e itseng e ka nna selo se se tshosang mo metlheng ya segompieno. Mme le go nna fa gare ga boidiidi jwa batho mme o sa itse ope kana go sena ope yo o go tlhokomelang le gone go ka ngomola pelo. Eleruri, selo se e leng sa tlholego fela mo bathong ke go batla go tlhokomelwa, go batliwa le go ratiwa. Ga go na ope yo o batlang go tshwarwa jaaka motho yo o sa itseweng kana motswagosele.
2. Jehofa o dirile thulaganyo efe go kgotsofatsa keletso ya rona ya go batla botsala?
2 Jehofa Modimo, Modiri le Mmopi wa dilo tsotlhe, o itse sentle gore batho ba tlhoka botsalano. Jaaka Motlhodi wa batho ba gagwe, go tswa fela kwa tshimologong Modimo o ne a itse gore “ga go molemo fa [motho] a ka nna a le esi,” mme a dira sengwe ka gone. (Genesise 2:18, 21, 22) Baebele e na le dikai tse dintsi tse di kwadilweng mo go yone ka Jehofa le batlhanka ba gagwe ba ba ileng ba direla batho dilo tse di molemo. Seno se re thusa gore re ithute go ‘tlwaela go tshola baeng,’ e leng selo se se itumedisang le se se kgatlhang batho ba bangwe mme se dira gore le rona re kgotsofale.—Baroma 12:13.
Go Rata Baeng
3. Tlhalosa bokao jwa konokono jwa go tshola baeng.
3 Polelwana e e reng “go tshola baeng” jaaka e dirisitswe mo Baebeleng e ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika la phi·lo·xe·niʹa, le le bopilweng ka medi ya mafoko a mabedi a a kayang “lorato” le “moeng.” Ka jalo, go tshola totatota go raya go “rata baeng.” Lefa go ntse jalo, ga se tlwaelo fela kana kgang ya go supa bopelonomi. Go akaretsa maikutlo a motho le lorato. Go ya ka Exhaustive Concordance of the Bible ya ga James Strong, lediri phi·leʹo, le raya “go nna tsala ya (go rata [motho kana sengwe]), e leng, go rata ka lorato lo lo tswang mo pelong (se se supang go amega ka namana ka ntlha ya maikutlo).” Ka jalo, go tshola baeng ke selo se se fetang lorato lo lo kaelwang ke molaomotheo, gongwe e le selo se motho a se dirang ka go bo a tshwanetse kana a patelesega go dira jalo. Gantsi ke go supa lorato lwa boammaaruri, lorato lo lo tswang mo pelong le botsalano.
4. Ke bomang ba re tshwanetseng go ba tshola sentle?
4 Motho yo o ratiwang jaana kana a bontshiwa lorato lo lo tswang mo pelong ke “moeng” (Segerika, xeʹnos). Motho yono e ka nna mang? Concordance ya ga Strong e tlhalosa gape lefoko xeʹnos, ‘motho wa seeng (fa le tsewa fela jaaka le ntse ke motswagosele, kana ka tsela ya tshwantshetso motho yo mosha); gape go raya molalediwa kana (ka tsela e nngwe) moeng.’ Ka jalo, go tshola baeng, jaaka go bontshitswe mo Baebeleng, ke go supa bopelonomi mo mothong yo re mo ratang, kana re ka nna ra bo ra amogela tota le motho yo re sa mo itseng gotlhelele. Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Fa e le fano lo rata ba ba lo ratang, e bo e le gore lo na le tuelo efe? Bakgethisi le bone a ga ba dire jalo? Le gone fa lo dumedisa bagalona ba le bosi, e bo e le gore lo dirang bogolo go ba bangwe? Baditšhaba le bone a ga ba dire jalo?” (Mathaio 5:46, 47) Go amogela baeng ka boammaaruri go fedisa tlhaolele e e bakiwang ke letlhoo le poifo.
Jehofa, Motsholabaeng yo o Itekanetseng
5, 6. (a) Jesu o ne a akantse ka eng fa a ne a re, ‘Rraeno yo o kwa legodimong o boitekanelo’? (b) Bopelotshweu jwa ga Jehofa bo bonwa ka eng?
5 Fa Jesu a se na go tlhalosa kafa go ratana ga batho go tlhaelang ka gone, jaaka go umakilwe fa godimo, o ne a oketsa ka kakgelo eno: “Ke gone lo tlaa nnang boitekanelo, jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boitekanelo.” (Mathaio 5:48) Gone mme, Jehofa o itekanetse ka ditsela tsotlhe. (Duteronome 32:4) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a gatelela tsela e le nngwe e e kgethegileng e Jehofa a itekanetseng ka yone, jaaka a ile a bolela kwa pelenyana: “[Modimo] o tlhabisetsa ba ba molemo le ba ba bosula letsatsi la gagwe, a nesetse basiami le basiamolodi pula.” (Mathaio 5:45) Mo kgannyeng ya go nna pelonomi, Jehofa ga a tlhaole.
6 E re ka e le Mmopi, sengwe le sengwe ke sa ga Jehofa. “Setshedi sengwe le sengwe sa sekgwa ke sa me, le dikgomo tse di nnang mo dithabeng tse di makgolo a le some. Dinonyane tsotlhe tsa dithaba, ke a di itse; le diphologolo tsa naga ke tsa me,” go bolela jalo Jehofa. (Pesalema 50:10, 11) Lefa go ntse jalo, ga a pelotshetlha ka sepe. Ka bopelotshweu jwa gagwe, o tlhokomela dibopiwa tsa gagwe tsotlhe. Mopesalema o ne a bolela jaana ka Jehofa: “O huporolola seatla sa gago, o kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe fela.”—Pesalema 145:16.
7. Ke eng se re ka se ithutang ka tsela e Jehofa a tshwarang baeng le batho ba ba tlhokang ka yone?
7 Jehofa o naya batho dilo tse ba di tlhokang—tota le batho ba ba sa mo itseng, ba e leng baeng mo go ene. Paulo le Barenabase ba ne ba gakolola baobamedi ba medimo ya disetwa kwa motseng wa Lusetera gore Jehofa ga ‘a ka a nna fela a se na sesupo, ka a ne a ntse a dira molemo, a lo nesetsa dipula tse di tswang mo legodimong, a lo naya metlha ya maungo, a tlatsa dipelo tsa lona ka dijo le boitumelo.’ (Ditiro 14:17) Jehofa o molemo e bile o pelotshweu segolobogolo mo bathong ba ba tlhokang. (Duteronome 10:17, 18) Go na le mo gontsi mo re ka go ithutang mo go Jehofa ka go nna pelonomi le go nna pelotshweu mo go ba bangwe—go tshola baeng.
8. Jehofa o bontshitse jang bopelotshweu jwa gagwe ka go re tlamela ka dilo tse re di tlhokang mo semoyeng?
8 Mo godimo ga gore Jehofa a neye dibopiwa tsa gagwe dilo tsa nama tse ba di tlhokang, o ba tlamela le ka tsela ya semoya. Jehofa o ile a tlhokomela bomoya jwa rona ka bopelotshweu, tota le pele ga mongwe le mongwe wa rona a ka lemoga gore re mo boemong jo bo maswe jwa semoya. Re bala jaana mo go Baroma 5:8, 10: “Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela. . . . Fa e rile re sa ntse re le baba ra letlanngwa le Modimo ka loso lwa Morwa wa one.” Thulaganyo eno e dira gore batho ba ba leofileng ba nne le kamano ya lelapa le le itumetseng le Rrarona wa selegodimo. (Baroma 8:20, 21) Jehofa gape o ile a tlhomamisa gore re neelwa kaelo e e tshwanetseng gore re tle re kgone go atlega mo botshelong go sa kgathalesege boemo jwa rona jwa boleo le go sa itekanela.—Pesalema 119:105; 2 Timotheo 3:16.
9, 10. (a) Ke eng fa re ka re Jehofa ke motsholabaeng yo o itekanetseng? (b) Baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go etsa Jehofa jang mo kgannyeng eno?
9 Ka ntlha ya seno, tota re ka re Jehofa ke motsholabaeng ka ditsela tse dintsi. Ga a tlhokomologe batho ba ba tlhokang, ba ba boikokobetso le ba maemo a a kwa tlase. O kgatlhegela baeng tota e bile o amega ka bone, tota le baba ba gagwe, mme ga a batle tuelo epe ya dikhumo. Mo go seno sotlhe, a ga se sekao se segolo go di gaisa tsotlhe sa motsholabaeng yo o itekanetseng?
10 Jaaka Modimo yo o nang le bopelonomi jo bo lorato e bile a le pelotshweu, Jehofa o batla gore baobamedi ba gagwe ba mo etse. Mo Baebeleng yotlhe, re bona dikai tse di tlhomologileng tsa nonofo e e molemo eno. Encyclopaedia Judaica e bolela gore “kwa Iseraeleng wa bogologolo, go tshola baeng e ne e se fela kgang ya go nna le maitseo a mantle, go na le moo e ne e le kgang ya boitshwaro . . . Dingwao tsa Baebele tsa go amogela motsamai yo o lapileng le go amogela moeng mo ntlong ya motho e ne e le sone selo se se dirileng gore go nne le go tshola baeng le dilo tsotlhe tse di tsamaelanang le gone go nna nonofo e e tseelwang kwa godimo thata mo ngwaong ya Sejuta.” Go na le gore e nne mokgwa fela wa setšhaba sengwe kana setso, go tshola baeng e tshwanetse go nna mokgwa wa baobamedi botlhe ba boammaaruri ba ga Jehofa.
Go Tshola Baengele
11. Ke sekai sefe se se tlhomologileng se se bontshang gore go tshola baeng go ne ga lere masego a a sa lebelelwang? (Bona gape Genesise 19:1-3; Baatlhodi 13:11-16.)
11 Nngwe ya dipego tse di itsegeng thata tsa Baebele ke e e malebana le tsela e Aberahame le Sara ba neng ba tshola baeng ka gone fa ba ne ba thibeletse fa ditlhareng tsa Mamere, gaufi le Heberone. (Genesise 18:1-10; 23:19) Go phepafetse gore moaposetoloi Paulo o ne a akantse ka tiragalo eno fa a ne a neela kgakololo eno: “Lo se ka lwa lebala go nna le tsholo e ntle, gonne ka yone bangwe, ba sa itse, ba ne ba thelesetsa baengele.” (Bahebere 13:2, NW) Fa re ithuta ka pego eno go tla re thusa go bona gore go tshola baeng ga se ngwao fela kana tsela e motho a godisitsweng ka yone. Go na le moo, ke nonofo ya bomodimo e e lereng masego a magolo.
12. Aberahame o ne a supa jang gore o rata baeng?
12 Genesise 18:1, 2 e bontsha gore Aberahame o ne a sa itse baeng bao e bile o ne a sa ba lebelela, mo tota go ka tweng e ne e le baeng ba bararo fela ba a neng a sa ba itse ba ba neng ba feta ka tsela. Go ya ka babegi bangwe, ngwao ya Batho ba Botlhaba e ne le gore motsamai mo nageng ya seeng o ne a na le tshwanelo ya go lebelela gore batho ba mo tshole jaaka moeng lefa a ne a sa itse ope koo. Mme Aberahame ga a ka a leta gore baeng ba ikuele ka seno; ke ene a neng a tsaya kgato pele. Aberahame o ne a “siana” go ya go kgatlhantsha baeng bano ba ba neng ba le sekgalanyana go tswa fa go ene—a dira seno sotlhe mo ‘mogoteng wa motshegare’ e bile o ne a na le dingwaga di le 99! A seno ga se supe lebaka la go bo Paulo a ne a umaka Aberahame jaaka sekao se re tshwanetseng go se latela? Seno ke se tota go tshola baeng go se kayang, go rata baeng, go amega ka dilo tse ba di tlhokang. Ke nonofo e e siameng.
13. Ke ka ntlha yang fa Aberahame a ne a “ikobela” baeti?
13 Pego eo e re bolelela gape gore fa Aberahame a sena go kgatlhantsha baeng, o ne a “ikobela fa fatshe.” A o ne a ikobela baeng ba a sa ba itseng gotlhelele? Legale, go ikoba ga ga Aberahame, e ne e le tsela ya go dumedisa molalediwa yo o tlotlegang kana mongwe wa maemo a a kwa godimo, mo re sa tshwanelang go se tlhakanya le kobamelo, e leng selo se se tshwanetseng Modimo fela. (Bapisa Ditiro 10:25, 26; Tshenolo 19:10.) Ka go ikoba, e seng go oba tlhogo fela, go “ikobela fa fatshe,” Aberahame o ne a tlotla baeng bano jaaka batho ba ba botlhokwa. E ne e le tlhogo ya lelapa le legolo la lotso le le atlegileng, lefa go ntse jalo, o ne a tsaya gore baeng bano ba tshwanelwa ke tlotlo e e fetang ya gagwe. A bo seno se farologane jang ne le boikutlo jo bo tlwaelegile jwa go belaela baeng, jwa go itlhokomela mo go bone! Aberahame o ne a diragatsa mafoko ano ka boammaaruri: “Mo tlotlong, a mongwe a beye yo mongwe kwa pele.”—Baroma 12:10.
14. Ke maiteko le matsapa afe a Aberahame a neng a tlhoka go a dira malebana le go tshola baeng?
14 Pego yotlhe e supa gore tsela e Aberahame a neng a ikutlwa ka yone e ne e le e e tswang mo pelong. Dijo ka botsone e ne e le tsa maemo a a kwa godimo. Tota le mo lelapeng le legolo le le nang le leruo le legolo, “namane ya lebotla e e nama e boruma” ga e jewe letsatsi lengwe le lengwe fela. Daily Bible Illustrations ya ga John Kitto e bolela jaana malebana le dingwao tse di tlwaelegileng tsa lefelo leo: “Dilo tse di monate di ne di sa jewe fa e se fela ka dinako tsa meletlo, kana fa go na le baeng; mme ke fela ka dinako tseo go neng go jewa nama, le e leng batho ba ba neng ba na le matsomane le motlhape.” Tlelaemete e e mogote e ne e sa letle motho go baya dijo dipe tse di bolang, ka jalo, go apaya dijo tse di ntseng jalo go ne go raya go dira sengwe le sengwe ka yone nako eo. Ga go gakgamatse go bo mo pegong e khutshwane eno, mogopolo wa lefoko “itlhaganela” o tlhaga gararo, mme Aberahame o ne a “siana” go baakanya dijo!—Genesise 18:6-8.
15. Go leba dithoto ka tsela e e tshwanetseng go ka supiwa jang ka go tshola baeng, jaaka Aberahame a ne a dira?
15 Lefa go ntse jalo, boikaelelo jwa seno e ne e se go dira mokete o mogolo fela go kgatlha mongwe. Le mororo Aberahame le Sara ba ile ba dira matsapa a magolo go apaya le go tshola dijo tseo, ela tlhoko gore kwa pelenyana Aberahame o ne a reng ka gone: “A lo ke lo mme go tlisiwe metsinyana, lo itlhapise dinao, lo itapolose fa tlase ga setlhare. Ke tlaa tlisa senkgwenyana, lo ithethebatse pelo; ka e le fano lo gorogetse motlhanka wa lona, morago ga moo lo tlaa feta.” (Genesise 18:4, 5) “Senkgwenyana” seo e ne ya nna modiro wa namane e e nonneng le dinkgwe tsa dipapetla tsa boupe jo bo boleta, madila, le mashi—mokete o mogolo thata. Re ithuta eng mo go seno? Gore fa re tshola baeng, selo sa botlhokwa kana selo se se tshwanetseng sa gatelelwa, ga se gore dijo le dino ke tsa maemo a a kwa godimo go le kana kang, kana dilo tse di tla bong di dirwa koo e tla bo e le tse dintsi go le kana kang, jalo le jalo. Go tshola baeng ga go a ikaega ka gore a motho a ka kgona dilo tsa maemo a a kwa godimo. Go na le moo, go ikaegile ka go amega ka boammaaruri ka boitekanelo jwa ba bangwe le go eletsa go direla batho ba bangwe molemo go ya bokgakaleng jo re bo kgonang. “Go ja dijo tsa merogo fela, fa e na le lorato, go molemo bogolo go kgomo e e otlilweng, fa e na le kilo,” go bolela jalo seane sengwe sa Baebele, mme seo ke motheo wa go tshola baeng ka boammaaruri.—Diane 15:17.
16. Aberahame o ne a supa jang gore o ne a anaanela dilo tsa semoya ka se a neng a se direla baeti?
16 Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go ela tlhoko gore go ne gape go na le sengwe se e leng sa semoya mo tiragalong eo yotlhe. Ka tsela nngwe Aberahame o ne a lemoga gore baeti bano e ne e le barongwa ba ga Jehofa. Seno se supiwa ke go bua ga gagwe le bone ka mafoko ano: “Morena wa me, a e re fa ke bonye tsalano mo matlhong a gago, ke a go rapela gore, motlhanka wa gago o se ka wa mo feta fela.”a (Genesise 18:3; bapisa Ekesodo 33:20.) Aberahame o ne a sa itse pele ga foo gore a ba mo tsholetse molaetsa mongwe kana a ba ne ba feta fela. Go sa kgathalesege seo, o ne a anaanela lebaka la gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo a diragadiwa. Batho bano ba ne ba dira tiro nngwe e ba e filweng ke Jehofa. Fa a ne a ka kgona go dira sengwe se se tla thusang mo go seo, o ne a tla itumela. O ne a lemoga gore batlhanka ba ga Jehofa ba tlhoka go direlwa dilo tse di molemo go gaisa, mme o ne a tla ba naya se se molemo go ya kafa maemo a mo dumelelang ka teng. Ka go dira jalo, go ne go tla nna le tshegofatso ya semoya, e ka tswa e le ya gagwe ka namana kana ya mongwe o sele. Tsela e dilo di ileng tsa tsamaya ka yone, Aberahame le Sara ba ne ba segofadiwa thata ka ntlha ya go tshola ga bone baeng ka go rata.—Genesise 18:9-15; 21:1, 2.
Setšhaba se se Tsholang Baeng
17. Jehofa o ne a batla gore Baiseraele ba direle baeng le batho ba ba tlhokang ba ba neng ba le fa gare ga bone eng?
17 Setšhaba se se neng sa tswa mo go Aberahame se ne se sa tshwanela go lebala sekao sa gagwe se se tlhomologileng. Molao o Jehofa a neng a o naya Baiseraele o ne o akaretsa thulaganyo ya go tshola baeng ba ba neng ba na le bone sentle. “Moeng yo o jakileng mo go lona, a a nne go lona jaaka yo o tsaletsweng mo go lona, o mo rate jaaka o ithata, gonne lo ne lo le baeng mo lefatsheng la Egepeto; ke nna Jehofa Modimo wa lona.” (Lefitiko 19:34) Batho ba ne ba tshwanetse go amega ka tsela e e kgethegileng ka batho ba ba neng ba tlhoka go thusiwa ka dithoto mme ba sa tshwanela go ba tlhokomologa fela. Fa Jehofa a ne a segofatsa batho ka thobo e kgolo, fa ba ne ba itumetse mo meletlong ya bone, fa ba ne ba ikhutsa mo ditirong tsa bone ka dingwaga tsa Sabata, le ka dinako tse dingwe, ba ne ba tshwanetse go gopola batho ba ba neng ba se lesego thata jalo—batlholagadi, masiela le baeng.—Duteronome 16:9-14; 24:19-21; 26:12, 13.
18. Go tshola baeng go botlhokwa go le kana kang gore motho a amogelwe ke Jehofa le gore a mo segofatse?
18 Botlhokwa jwa go nna pelonomi, pelotshweu le go tshola batho ba bangwe sentle, segolobogolo batho ba ba tlhokang, bo ka bonwa mo tseleng e Jehofa a neng a dirisana le Baiseraele ka teng fa ba ne ba sa dirise dinonofo tseno. Jehofa o ne a phepafatsa gore go nna pelonomi le bopelotshweu mo baeting le mo bathong ba ba tlhokang e ne e le dingwe tsa dilo tse batho ba gagwe ba neng ba tshwanetse go di dira gore a nne a ba segofatse. (Pesalema 82:2, 3; Isaia 1:17; Jeremia 7:5-7; Esekiele 22:7; Sekaria 7:9-11) Fa setšhaba se ne se dira dilo tseno ka tshwanelo mmogo le tse dingwe, se ne se atlega e bile se nna le dithoto tse dintsi le dilo tse dintsi tsa semoya. Fa ba ne ba simolola go nna pelotshetlha ka dilo tsa bone mme ba sa bontshe dinonofo tse di molemo tseno mo bathong ba ba tlhokang, Jehofa o ne a ba sekisa mme kgabagare a ba atlhola ka tsela e e botlhoko.—Duteronome 27:19; 28:15, 45.
19. Ke eng gape se re tshwanetseng go se akanyetsa?
19 A bo go le botlhokwa jang ne, gore re itlhatlhobe go bona gore a re dira go ya kafa Jehofa a batlang ka teng malebana le kgang eno! Go ntse jalo segolobogolo gompieno ka ntlha ya moya wa bopelotshetlha le wa go sa utlwane o o leng mo lefatsheng. Re ka tshola jang baeng jaaka Bakeresete mo lefatsheng le le kgaoganeng? Eno ke kgang e go tla tlotliwang ka yone mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e e botoka ka ntlha eno, bona setlhogo se se reng “A go Na le Mongwe yo o Kileng a Bona Modimo?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 15, 1988, ditsebe 21-3.
A o A Gakologelwa?
◻ Polelwana ya Baebele e e ranotsweng ka gore “go tshola baeng” e kaya eng?
◻ Jehofa ke sekao se se itekanetseng ka ditsela dife mo go tsholeng baeng?
◻ Aberahame o ne a dira matsapa a a kana kang go tshola baeng?
◻ Ke ka ntlha yang fa baobamedi botlhe ba boammaaruri ba tshwanetse gore ba “tlwaele go tshola baeng”?