Go Direla Jehofa re le Lelapa le le Seoposengwe
JAAKA GO BOLETSE ANTONIO SANTOLERI
Rre o ne a na le dingwaga di le 17 fa a ne a fuduga kwa Italy ka 1919. O ne a fudugela kwa Brazil a batla botshelo jo bo botoka. Fa nako e ntse e ya, o ne a nna le kgwebo ya go beola moriri kwa torotswaneng nngwe e e kwa garegare ga kgaolo ya São Paulo.
KA LETSATSI lengwe ka 1938, fa ke ne ke le dingwaga di le supa, Rre o ne a reka thanolo ya Baebele ya Brasileira mo monneng mongwe yo o neng a tlile kwa kgwebong ya gagwe ya go beola moriri. Dingwaga di le pedi morago ga moo Mmè o ne a simolola go lwala thata mme a nna sekoa go fitlha a tlhokafala. Rre le ene o ne a simolola go lwala, ka jalo rotlhe—nna, Mmè, Rre le kgaitsadiake e bong Ana—re ne ra ya go nna le ba losika kwa motseng wa São Paulo.
Fa ke ntse ke tsena sekolo kwa São Paulo, ke ne ka simolola go rata go bala, segolobogolo go bala dibuka tsa hisitori. Ke ne ke kgatlhiwa ke gore gangwe le gape Baebele e ne e umakiwa mo go tsone. Buka nngwe ya tlhamane, e ke neng ka e adima kwa laeboraring ya batho botlhe ya São Paulo, e ne e umaka Thero ya kwa Thabeng ka makgetlho a le mmalwa. Ke yone nako e ke neng ka akanya gore ke nne le Baebele ke ipalele thero eo. Ke ne ka batla Baebele e Rre a neng a e reka dingwaga pelenyana ga moo mme kgabagare ke ne ka e bona kwa tlasetlase ga teranka, mo e neng e ntse teng dingwaga di le supa.
Lelapa la gaetsho e ne e le la Katoliki, ka jalo ke ne ke ise ke kgothalediwe go bala Baebele. Mme jaanong, ke le nosi, ke ne ka ithuta go batla dikgaolo le ditemana. Ke ne ka itumelela thata go bala Thero ya kwa Thabeng mme gape le buka yotlhe ya Mathaio mmogo le dibuka tse dingwe tsa Baebele. Se se neng sa nkgatlha thata e ne e le mokgwa o boammaaruri jwa dithuto le dikgakgamatso tsa ga Jesu di neng di beilwe ka one.
Fa ke lemoga gore bodumedi jwa Katoliki bo ne bo farologane le se ke neng ke se bala mo Baebeleng, ke ne ka simolola go ya kwa Kerekeng ya Presbyterian, mme Ana o ne a tsamaya le nna. Lefa go ntse jalo, ke ne ke ntse ke sa kgotsofala. Ke ne ke ntse ke batla Modimo ka tlhoafalo ka dingwaga di le dintsi. (Ditiro 17:27) Mo bosigong bongwe jo bo neng bo bonala dinaledi, jo ke neng ke tlhatlhanya thata mo go jone, ke ne ka ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa ke le fano? Ke eng fa botshelo bo le gone?’ Ke ne ka batla lefelonyana le le kwa thoko kwa morago ga jarata, ka khubama, mme ka rapela ke re, ‘Morena Modimo! O mang? Ke ka go itse jang?’ Karabo e ne ya tla ka bonako fela morago ga moo.
Go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele
Ka letsatsi lengwe ka 1949, mosadi mongwe yo mmotlana o ne a ya kwa go Rre fa a ne a tswa mo kolotsaneng e e neng e rwala batho. O ne a mo neela makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! O ne a dira peeletso ya Tora ya Tebelo a bo a mo kopa gore a etele legae la gaetsho, a mo tlhalosetsa gore o na le bana ba babedi ba ba neng ba ya kwa Kerekeng ya Presbyterian. Fa mosadi yono a etetse kwa gae, o ne a tlogelela Ana buka ya Children a bo a simolola go ithuta Baebele le ene. Ke ne ka nna gone mo thutong moragonyana.
Ka November 1950 re ne ra nna gone kwa kopanong ya rona ya ntlha e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa. Gone koo go ne ga gololwa buka ya “Let God Be True,” mme re ne ra tswelela pele re ithuta Baebele re dirisa buka eo e le e e re kaelang. Go ise go ye kae morago ga moo re ne ra lemoga gore re bone boammaaruri, mme ka April 1951 re ne ra kolobediwa e le go tshwantshetsa gore re ineetse mo go Jehofa. Rre o ne a ineela dingwaga di sekae morago ga moo mme a tlhokafala a ntse a ikanyega mo Modimong ka 1982.
Go Itumelela Tirelo ya Nako e e Tletseng
Ka January 1954, fa ke ne ke na le dingwaga di le 22 fela, ke ne ka amogelwa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa, e e bidiwang Bethele. Fa ke fitlha koo, ke ne ka gakgamadiwa ke go bona gore monna yo o neng a mpheta ka dingwaga di le pedi fela, Richard Mucha, e ne e le molebedi wa lekala. Ka 1955, fa go ne go tlhokega batlhanka ba ba potologang, jaaka balebedi ba ba etang ba ne ba bidiwa jalo ka nako eo, ke ne ke le mongwe wa banna ba batlhano ba ba neng ba kopiwa gore ba nne le seabe mo tirelong eno.
Kabelo ya me e ne e le kwa kgaolong ya Rio Grande do Sul. Go ne go na le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di le 8 fela fa ke ne ke simolola kabelo eno, mme mo dikgweding tse 18 go ne ga tlhomiwa diphuthego tse 2 tse disha le ditlhopha tse 20 tsa kwa thoko. Mo kgaolong eno gompieno, go na le dipotologo di le 15 tsa Basupi ba ga Jehofa, mme nngwe le nngwe e na le diphuthego di le 20! Kwa bokhutlong jwa 1956, ke ne ka itsisiwe gore potologo ya me e setse e kgaogantswe ka di le nnè tse dipotlana tse di tla potologwang ke batlhanka ba le banè ba potologo. Ka yone nako eo ke ne ka bolelelwa gore ke boele kwa Bethele kwa kabelong e nngwe e ntšha.
Ke ne ka gakgamala ka bo ka itumela fa ke ne ke abelwa kwa bokone jwa Brazil ke le motlhanka wa kgaolo, e leng modiredi yo o etang yo o thusang dipotologo di le mmalwa. Ka nako eo Brazil e ne e na le badiredi ba Basupi ba ga Jehofa ba le 12 000, mme naga eno e ne e na le dikgaolo di le pedi. Richard Wuttke o ne a direla kwa borwa, mme ke ne ke direla mo kgaolong e e kafa bokone. Kwa Bethele re ne ra thapisediwa go dirisa porojeketara ya go bontsha difilimi tse di dirilweng ke Basupi ba ga Jehofa, ya The New World Society in Action le ya The Happiness of the New World Society.
Mo metlheng eo go eta go ne go farologane. Go ne go se ope wa Basupi yo o neng a na le koloi, ka jalo ke ne ke tsamaya ka mokoro, mokoro o o fuduiwang, kara ya dikgomo, ka pitse, koloi, teraka, mme gangwe fela ka sefofane. Go ne go kgatlha tota go tsamaya ka sefofane mo godimo ga dikgwa tsa Amazon le go ya go kotama kwa Santarém, e leng motse o o fa gare ga Belém kwa molomong wa noka ya Amazon le Manaus, e leng motsemogolo wa Amazonas State. Batlhanka ba kgaolo ba nako eo ba ne ba thusa dikopano tsa potologo di sekae, ka gone ke ne ke dirisa nako e ntsi ke ba bontsha difilimi tsa Mokgatlho. Mo metseng e megolo, makgolokgolo a batho a ne a nna gone.
Kgaolo e e neng e nkgatlha thata kwa bokone jwa Brazil e ne e le ya Amazon. Fa ke ne ke potologa koo ka April 1957, Noka ya Amazon le melatswana ya yone e ne e tletse e bile e tshologa. Ke ile ka nna le tshiamelo ya go bontsha e nngwe ya difilimi tseno mo sekgweng, ke e bontsha mo letseleng le le itiretsweng le le neng le bapotswe mo gare ga ditlhare tse pedi. Porejeketara e ne e tsaya motlakase mo mokorong o o neng o na le enjene o o neng o bofeletswe fa nokeng e e gaufi. E ne e le filimi ya ntlha e e kileng ya bonwa ke batho ba le bantsi ba ba neng ba reeditse.
Go ise go ye kae, morago ga moo ke ne ka boela mo tirelong ya Bethele, mme mo ngwageng o o latelang, ka 1958, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna gone kwa Kopanong ya Ditšhaba Tsotlhe ya Basupi ba ga Jehofa ya “Thato ya Bomodimo,” kwa New York City. Batlakopanong ba ba neng ba tswa kwa dinageng di le 123 e ne e le bangwe ba batho ba ba neng ba le 253 922 ba ba neng ba tladitse Setadiamo sa Yankee le se se neng se le gaufi sa Polo Grounds mo letsatsing la bofelo la kopano ya malatsi a le robedi.
Go Nna le Diphetogo mo Botshelong Jwa me
Ka bonako fela morago ga gore ke boele kwa Bethele, ke ne ka tlwaelana le Clara Berndt, mme re ne ra nyalana ka March 1959. Re ne ra abelwa tiro ya go potologa kwa kgaolong ya Bahia, koo re neng ra potologa ka lobaka lwa ngwaga fela. Nna le Clara re santse re gakologelwa re itumetse ka ntlha ya boikokobetso, go amogela baeng, botlhaga le lorato lwa bakaulengwe ba koo; ba ne ba sena dithoto tse dintsi mme ba ne ba humile maungo a Bogosi. Go tswa koo re ne ra isiwa kwa São Paulo State. E ne e le gone koo, ka 1960, fa mosadi wa me a ne a nna moimana, mme re ne ra tshwanelwa ke go tlogela bodiredi jwa nako e e tletseng.
Re ne ra swetsa ka gore re fudugele kwa kgaolong ya Santa Catarina, koo mosadi wa me a tsholetsweng teng. Morwaarona e bong Gerson e ne e le ene leitibolo mo baneng ba rona ba batlhano. O ne a latelwa ke Gilson ka 1962, Talita ka 1965, Tárcio ka 1969, le Janice ka 1974. Ka ntlha ya thuso ya ga Jehofa le kgakololo e e molemo e a re e neelang, re ne ra kgona go lebana le kgwetlho ya go ba godisa mo “kwatlhaong le mo taong ya Morena.”—Baefeso 6:4.
Re tsaya ngwana mongwe le mongwe wa rona a le botlhokwa. Mopesalema o ne a tlhalosa maikutlo a rona sentle jaana: “Bona, bana ke boswa jwa Jehofa.” (Pesalema 127:3) Go sa kgathalesege mathata, re ile ra tlhokomela bana ba rona jaaka fa re ne re ka dira ka “boswa jwa Jehofa,” re ntse re gakologetswe ditaelo tse di fitlhelwang mo Lefokong la gagwe. Dituelo di nnile dintsi thata. Re ne re itumetse go feta selekanyo fa botlhe ba le batlhano ka go latelana ga bone, ka ditsela tse di farologaneng, le ka go rata ga bone ba bolela fa ba eletsa go kolobediwa e le go tshwantshetsa boineelo jwa bone mo go Jehofa.—Moreri 12:1.
Se Bana ba Rona ba se Tlhophileng
Re ne ra itumela thata fa Gerson, morago ga gore a fetse khoso ya khomputara, a ne a re o batla go direla kwa Bethele, ka go rialo a tlhopha bodiredi jwa nako e e tletseng mo boemong jwa go dira tiro e a e ithutetseng. Lefa go ntse jalo, Gerson o ne a bona botshelo jwa Bethele bo le boima. Fa re sena go mo etela fa a ne a le kwa Bethele dikgwedi di le nnè fela, ke ne ka amiwa ke bohutsana jo bo neng bo bonala mo sefatlhegong sa gagwe fa re ne re tsamaya. Ke ne ka mmona ka seipone sa koloi ya rona se se bonang kwa morago a re lebile ra ba ra tikela fa tsela e sokamang teng lekgetlho la ntlha. Matlho a me a ne a geletse dikeledi mo ke neng ka bo ka ema fa thoko ga tsela pele ke ka tswelela pele ka loeto lwa go ya kwa gae lwa dikilometara di le 700.
Tota Gerson o ne a simolola go rata Bethele. Fa a sena go nna koo dingwaga tse di ka nnang thataro, o ne a nyala Heidi Besser, mme ba ne ba direla mmogo kwa Bethele dingwaga di le pedi morago ga moo. Kwa morago Heidi o ne a nna moimana, mme ba tshwanelwa ke go e tlogela. Morwadiabone, Cintia, yo gone jaanong a nang le dingwaga di le thataro, o dira le bone mo tirong ya bone ya Bogosi.
Go ne go ise go fete nako e telele re sena go etela Gerson kwa Bethele, fa Gilson, yo o neng a sa tswa go fetsa ngwaga wa gagwe wa ntlha mo dithutong tsa kgwebo, a ne a bolela gore le ene o batla go direla koo. Maikaelelo a gagwe e ne e le go tsweledisa khoso ya gagwe ya kgwebo fa a sena go fetsa ngwaga o le mongwe fela kwa Bethele. Mme maikaelelo a gagwe a ne a fetoga, a bo a nna mo tirelong ya Bethele. Ka 1988 o ne a nyala Vivian Gonçalves, yo e neng e le mmulatsela, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba bidiwa. Fa e sale ka nako eo, ba ntse ba direla mmogo kwa Bethele.
Re ne ra tswelela pele re itumela fa ngwana wa rona wa boraro e bong Talita, a ne a tlhopha go tsenela tirelo ya bobulatsela ka 1986, morago ga gore a dire khoso ya go dira dipolene. Dingwaga di le tharo morago ga moo o ne a lalediwa go tla kwa Bethele. Ka 1991 o ne a nyalwa ke José Cozzi, yo o neng a setse a na le dingwaga di le lesome a direla kwa Bethele. Ba tswelela pele koo jaaka banyalani.
Nna le mosadi wa me re ne ra itumela gape fa Tárcio, yo o latelang, a ne a bua mafoko a a tshwanang a re neng re setse re a utlwile ka makgetlho a mararo, “Rre, ke batla go ya kwa Bethele.” Kopo ya gagwe e ne ya amogelwa, mme ka 1991 le ene o ne a simolola tirelo ya Bethele, koo a neng a nna go fitlha ka 1995. Re motlotlo go bo a ne a dirisa matlhagatlhaga a gagwe a bosha gore a tsweledise dilo tse di direlwang Bogosi jwa ga Jehofa kwa pele ka tsela eno ka dingwaga tse di fetang tse tharo.
Ngwana wa rona yo monnye mo go bone botlhe, Janice, o dirile tshwetso ya go direla Jehofa mme o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 13. Fa a ntse a tsena sekolo, o ne a direla e le mmulatsela yo o thusang ka lobaka lwa ngwaga. Morago ga moo, ka September 1, 1993, o ne a simolola e le mmulatsela wa ka metlha mo phuthegong eno ya rona mo motseng wa Gaspar.
Tsela ya go Atlega
Sephiri ke eng se se dirang gore lelapa le nne seoposengwe mo kobamelong ya ga Jehofa? Ga ke dumele gore go na le sengwe sa maselamose se se dirisiwang. Jehofa o re neetse kgakololo mo Lefokong la gagwe gore batsadi ba Bakeresete ba e dirise, ka jalo tlotlo yotlhe e tshwanetse ya ya kwa go ene ka ntlha ya matswela a a molemo a re nnileng le one. Re ile ra leka fela go latela dikaelo tsa gagwe. (Diane 22:6) Bana ba rona botlhe ba ne ba gotsa nna ka boikutlo jwa batho ba Selatine mme ba gotsa le mmaabone ka mokgwa o o tlwaelegileng wa Sejeremane. Mme selo se se botlhokwa se ba neng ba se gotsa mo go rona e ne e le sa semoya.
Botshelo jwa rona jwa mo gae bo ne bo ikaegile ka dilo tse di direlwang Bogosi. Go ne go se motlhofo go dira gore dilo tseno e nne tsa konokono mo botshelong. Ka sekai, ka metlha re ne re na le bothata jwa go dira gore thuto ya ka metlha ya Baebele ya legae e tlhomame, lefa go ntse jalo ga re a ka ra ineela. Go tloga fela ka malatsi a bone a ntlha a botshelo, ngwana mongwe le mongwe o ne a ya kwa dipokanong tsa Bokeresete mmogo le kwa dikopanong tse dipotlana le tse dikgolo. E ne e le bolwetse fela kana dilo tse dingwe tse di tlileng ka tshoganetso tse di neng di ka dira gore re se ka ra nna gone. Mo godimo ga moo, go tloga fa bana ba le mo dingwageng tsa bosha ba ne ba tsamaya le rona mo bodireding jwa Bokeresete.
Fa bana ba tloga ba nna le dingwaga di le lesome, ba ne ba simolola go neela dipuo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Re ne ra ba thusa go baakanyetsa dipuo tsa bone tsa ntlha, re ba kgothaletsa go neela puo e e khutshwafaditsweng mo boemong jwa e e sa khutshwafadiwang. Morago ga moo, mongwe le mongwe o ne a ipaakanyetsa puo ya gagwe. Gape, fa ba ne ba le mo dingwageng tse di fa gare ga 10 le 12, mongwe le mongwe wa bone o ne a simolola go nna le seabe ka metlha mo bodireding. Jono e ne e le jone fela botshelo jo ba neng ba bo itse.
Mosadi wa me, Clara, o nnile le seabe se se botlhokwa thata mo go godiseng bana ba rona. Bosigo bongwe le bongwe, fa ba ne ba le bannyennyane thata—e leng nako e ngwana a utlwang thata sotlhe se a se rutwang ka yone—Clara o ne a ba balela polelo ya Baebele a bo a rapela le mongwe le mongwe wa bone. O ne a dirisa ka botlalo dibuka tse di jaaka Go Tšwa Paradaiseng e Latlhegileng go ya Paradaiseng e Bonweng, Go Reetsa Morutisi yo Mogolo, le Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela.a Gape re ne ra dirisa dibidio le diselaete fa di ne di simolola go nna teng, tse di dirilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Boitemogelo jwa rona re le batsadi ba Bakeresete bo tlhomamisa gore bana ba tlhoka go tlhokomelwa ka malatsi otlhe. Lorato lo lo boteng, go ba kgatlhegela ka namana, le nako e ntsi ke dingwe tsa dilo tse basha ba di tlhokang thata. Re ne re tsaya seno e le boikarabelo jwa rona jaaka batsadi gore re fitlhelele dilo tse ba neng ba di tlhoka ka mo re ka kgonang ka teng mme gape re ne re itumelela go dira seo.
Ke boammaaruri gore batsadi ba a itumela fa ba lemoga mafoko ano a a mo go Pesalema 127:3-5 a diragadiwa: “Bona, bana ke boswa jwa Jehofa; le loungo lwa sebopelo ke tuelo ya gagwe. Jaaka metswi mo seatleng sa monna yo o senatla, banna ba bokau ba ntse jalo. Go sego monna yo mokotlopo wa gagwe o ba tletseng.” Go direla Jehofa re le lelapa le le seoposengwe eleruri go ile ga dira gore re itumele!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tsotlhe di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Antonio Santoleri le ba lelapa la gagwe