LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 11/1 ts. 3-6
  • Go Gomotsa ba ba Patikegileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Gomotsa ba ba Patikegileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Yo o Ithutileng ka Patiko Bogologolo
  • Patiko e Tla Tloga e Fela
  • Go na Le Mongwe yo o Amegang Tota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Gomotsa ba ba Hutsafetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Kgomotso ya Boammaaruri e ka Bonwa Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Ke Mang Yo o Ka Gololang ba ba Goang ba Kopa Thuso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 11/1 ts. 3-6

Go Gomotsa ba ba Patikegileng

AO LEMOGILE gore go na le mafoko mangwe a a sa bolong go nna a boaboelediwa thata mo ditlhogong tsa dikgang fa e sale o ntse o tshela? A o lapisitswe ke go bala mafoko a a jaaka ntwa, bokebekwa, kotsi ya masetlapelo, tlala le pogo? Lefa go ntse jalo, go na le lefoko le le lengwe le go tlhokometsweng gore ga le yo mo dipegong tsa dikgang. Lefa go ntse jalo, ke lefoko le le kayang sengwe se batho ba se tlhokang thata. Lefoko leo ke “kgomotso.”

“Go gomotsa” go kaya “go naya nonofo le tsholofelo” le “go fokotsa bohutsana kana mathata a” mongwe. Fa go lejwa tlhakatlhakano e e nnileng gone mo lefatsheng mo lekgolong la bo20 la dingwaga, go newa tsholofelo le go ntshiwa mo bohutsaneng go tlhokega tota. Ke boammaaruri gore batho bangwe gompieno ba itumelela go nna le manobonobo a borraaronamogolo ba neng ba sa akanye gore a ka nna teng. Seno se kgonegile thatathata ka ntlha ya kgatelopele ya saense. Lefa go ntse jalo, saense le tegenoloji ga di a re gomotsa, ka kgopolo ya gore ga di a tlosa dilo tsotlhe tse di dirang gore batho ba boge. Dilo tseno ke dife?

Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, monna yo o botlhale Solomone o ne a bolela selo se le sengwe se segolo se se dirang gore batho ba boge fa a ne a re: “Motho o na le thata mo go yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.” (Moreri 8:9, NW) Saense le tegenoloji ga di a kgona go fetola mokgwa wa motho wa go batla go nna le thata mo go yo mongwe. Mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga, seno se ile sa dira gore mo dinageng dingwe go nne le bobusaesi jo bo patikang le dintwa tse di setlhogo fa gare ga dinaga dingwe.

Fa e sale go tloga ka 1914 go ile ga bolawa batho ba ba fetang dimilione di le lekgolo mo dintweng. Akanya fela ka kutlobotlhoko e seno se ileng sa e baka mo bathong—dimilionemilione tsa malapa a a hutsafetseng a a tlhokang kgomotso. Gape, dintwa di baka mefuta e mengwe ya pogo kwa ntle ga go swa botlhoko. Fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e khutla, go ne go na le batshabi ba ba fetang dimilione di le 12 kwa Yuropa. Mo dingwageng tsa bosheng, batho ba ba fetang milione le sephatlo ba ile ba tshaba kwa Borwabotlhaba jwa Asia kwa go tletseng dintwa teng. Ntwa e e kwa dinageng tsa Balkan e dirile gore batho ba ba fetang dimilione di le pedi ba tlogele magae a bone ba tshabe—gantsi ba tshaba “go ganyaolwa ga morafe.”

Ruri batshabi ba tlhoka kgomotso, segolobogolo ba ba tlogelang magae a bone ba tshotse fela dilwana tse ba kgonang go di tsaya ka diatla, ba sa itse kwa ba yang teng le gore isagwe ya bone le ya malapa a bone e tlile go nna jang. Batho ba ba ntseng jalo, ke bangwe ba batho ba ba tlhomolang pelo thata ba ba patikegileng; ba ba tlhokang kgomotso.

Mo dikarolong tse di nang le kagiso go sekae tsa lefatshe, dimilione tsa batho di batla e nna makgoba a tsamaiso ya lefatshe ya ikonomi. Ke boammaaruri gore bangwe ba na le dithoto tse dintsi. Lefa go ntse jalo, bontsi bo na le mathata a go bona dilo tse ba itshedisang ka tsone letsatsi le letsatsi. Ba le bantsi ba batla matlo a a siameng. Palo ya ba ba tlhokang ditiro e ntse e oketsega. Lokwalodikgang longwe lwa Afrika lo bolelela pele jaana: “Lefatshe le ya le lebile bothata jo le iseng le ko le tsamaye le nne le jone jwa ditiro, ka batho ba bangwe ba ba fetang dimilione di le dikete di le 1,3 ba ba tla bong ba batlana le ditiro ka ngwaga wa 2020.” Eleruri batho ba ba nang le mathata a itsholelo ba tlhoka “nonofo le tsholofelo”—kgomotso.

Bangwe ba nna dikebekwa fa ba leka go ithusa mo maemong a bone a a maswe. Gone mme, seno se dira gore batho ba ba ba tlhaselang ba boge, e bile selekanyo se se kwa godimo sa bokebekwa se oketsa fela go patikega. Setlhogo sengwe sa dikgang sa bosheng sa The Star, e leng lokwalodikgang lwa Johannesburg, mo Afrika Borwa, se ne se balega jaana: “Letsatsi mo ‘nageng e e tletseng dipolao go gaisa mo lefatsheng.’” Setlhogo seno se ne sa tlhalosa kafa go ntseng ka teng mo teng ga Johannesburg le tikologo ya yone. Mo letsatsing lone leo fela, go ne ga bolawa batho ba le banè mme ba le robedi ba tseelwa dikoloi ka dikgoka. Go ne ga begiwa fa go thubilwe matlo a le 17 mo motsaneng mongwe wa batho ba maemo a a fa gare. Mo godimo ga moo, go ne go na le ba le mmalwa ba ba thukhuthilweng go tshotswe dithunya. Go ya ka lokwalodikgang loo, mapodise a ne a bolela gore letsatsi leo “le ne le ritibetse go se kae.” Re dumela gore ba masika a ba ba bolailweng mmogo le batho ba ba thubetsweng matlo le ba ba tseetsweng dikoloi ba utlwa botlhoko thata. Ba tlhoka go tlhomamisediwa le go newa tsholofelo—kgomotso.

Kwa dinageng tse dingwe, go na le batsadi ba ba rekisang bana ba bone gore e nne diaka. Go begiwa gore naga nngwe ya kwa Asia e bajanala ba thologelang kwa go yone ba le mo “maetong a tlhakanelodikobo” e na le diaka di le dimilione di le pedi, ba bontsi jwa bone ba neng ba rekwa kana ba utswiwa e santse e le bana. A re ka re go na le batho ba ba patikwang go gaisa batho bano ba ba tlhomolang pelo? Makasine wa Time o ne wa bega ka khonferense ya 1991 ya mekgatlho ya basadi ba kwa Borwabotlhaba jwa Asia fa o ne o tlotla ka kgwebo e e leswe eno. Mo go one, go fopholetswa gore “basadi ba le dimilione di le 30 ba ile ba rekisiwa lefatshe ka bophara fa e sale fa gare ga dingwaga tsa bo1970.”

Gone mme, ga go tlhokege gore bana ba rekisiwe jaaka diaka gore ba boge botlhoko jalo. Palo e ntsi ya bone e a sotlwa kana gone go betelelwa mo magaeng a bone ke batsadi le ba losika. Bana ba ba ntseng jalo ba nna lobaka lo loleele ba utlwile botlhoko thata mo maikutlong. Eleruri, ka ba patikegile ka tsela e e botlhoko, ba tlhoka kgomotso.

Yo o Ithutileng ka Patiko Bogologolo

Kgosi Solomone o ne a gakgamadiwa thata ke kafa batho ba patikwang ka teng. O ne a kwala jaana: “Foo ka menoga mme ka bona dipatiko tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi; mme bonang, dikeledi tsa ba ba patikwang, mme ba bo ba se na mogomotsi; mo ntlheng ya bapatiki ba bone go ne go na le nonofo, mme bone ba bo ba se na mogomotsi.”—Moreri 4:1.

Fa kgosi e e botlhale eno e ne ya lemoga dingwaga tse 3 000 tse di fetileng gore batho ba ba patikegileng ba tlhoka kgomotso fela thata, o ne a tla reng gompieno? Lefa go ntse jalo, Solomone o ne a itse gore ga go na motho ope yo o sa itekanelang, go akaretsa le ene, yo a neng a ka kgona go naya batho kgomotso e ba e tlhokang. Go ne go tlhokega motho mongwe yo mogolwane gore a fedise thata ya bapatiki. A motho yo o ntseng jalo o teng?

Mo Baebeleng, Pesalema 72 e bua ka mogomotsi yo mogolo wa batho botlhe. Pesalema eno e ne ya kwalwa ke rraagwe Solomone, e bong Kgosi Dafite. Mokwalo o o kwa godimo wa yone o balega jaana: “Pesalema ya ga Solomone.” Go bonala e ne ya kwalwa ke Kgosi Dafite yo o tsofetseng a e kwalela Yoo a neng a tlile go nna mo setulong sa gagwe sa bogosi. Go ya ka pesalema eno, ene Yono, o ne a tlile golola batho mo patikegong. “Mo metlheng ya gagwe basiami ba tlaa thama; go tlaa nna letlotlo la kagiso, go tle go tsamaye kgwedi e tlhokafalele ruri. O bile o tlaa nna le puso go tswa lewatleng go ya lewatleng, le . . . go ya dikhutlong tsa lefatshe.”—Pesalema 72:7, 8.

Go ka direga gore, fa Dafite a ne a kwala mafoko ano, o ne a akantse ka morwawe Solomone. Lefa go ntse jalo, Solomone o ne a lemoga gore ga a nonofa go direla batho ka tsela e e tlhalositsweng ke pesalema eo. O ne a ka kgona go diragatsa mafoko a pesalema eo ka tsela e nnye thata e bile a direla setšhaba sa Iseraele fela, e seng batho ba lefatshe lotlhe. Go bonala gore pesalema eno e e tlhotlheleditsweng ya boporofeti e ne e bua ka mongwe o sele yo mogolo thata mo go Solomone. Yoo e ne e le mang? E ka nna fela Jesu Keresete.

Fa moengele a ne a itsise ka botsalo jwa ga Jesu o ne a re: “Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe.” (Luke 1:32) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a ipitsa “yo mogolo go feta Solomone.” (Luke 11:31) Fa e sale Jesu a tsosediwa kafa letsogong le legolo la Modimo, o ntse a le kwa legodimong, e leng lefelo leo mo go lone a ka kgonang go diragatsa mafoko a Pesalema 72. Mo godimo ga moo, o bone maatla le thata ya go roba jokwe ya batho ba ba patikang ba bangwe mo Modimong. (Pesalema 2:7-9; Daniele 2:44) Ka jalo, Jesu ke ene yo o tla diragatsang mafoko a Pesalema 72.

Patiko e Tla Tloga e Fela

Seno se bolelang? Se bolela gore ruri batho ba tla tloga ba gololwa mo patikong ya mefuta yotlhe fela. Tsela e e ka se kang ya bapisiwa le epe e batho ba ileng ba boga ka yone le patiko e e ileng ya bonwa mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga e ne ya bolelelwa pele ke Jesu e le karolo ya sesupo se se neng se tla tshwaya “bokhutlo jwa lefatshe.” (Mathaio 24:3) Gareng ga dilo tse dingwe, o ne a bolelela pele jaana: “Morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi.” (Mathaio 24:7) Karolo eo ya boporofeti e ne ya simolola go diragala ka nako ya fa ntwa ya lefatshe ya ntlha e tlhagoga ka 1914. Jesu o ne a oketsa jaana: “E tlaa re ka boikepo bo tlaa bo bo ntsifetse, lorato lwa bontsi bogolo lo tlaa tsidifala.” (Mathaio 24:12) Tlolomolao le go tlhoka lorato go dirile gore go nne le kokomana e e boikepo e e patikang. Ka gone, nako ya gore Jesu Keresete a tseye kgato jaaka Kgosi e ntšha ya lefatshe e tshwanetse ya bo e atametse. (Mathaio 24:32-34) Seo se tlile go kaya eng mo bathong ba ba patikegileng ba ba dumelang mo go Jesu Keresete le ba ba lebileng kwa go ene jaaka Mogomotsi wa batho yo o tlhomilweng ke Modimo?

Gore re bone karabo ya potso eo, a re baleng mafoko a mangwe mo go Pesalema 72 a a diragadiwang mo go Keresete Jesu: “O tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi. O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka. O tlaa golola mewa ya bone mo pogisong le mo thubakong; mme madi a bone a tlaa tlotlega mo matlhong a gagwe.” (Pesalema 72:12-14) Ka jalo, Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo, Jesu Keresete, o tla tlhomamisa gore ga go na ope yo o tla bogang ka ntlha ya go patikwa. O na le maatla a go khutlisa mefuta yotlhe ya tshiamololo.

‘Seo se utlwala se le molemo ruri,’ mongwe a ka nna a rialo, ‘mme go tweng ka gone jaanong? Ba ba bogang gone jaanong ba gomodiwa ke eng?’ Totatota, ba ba patikwang ba na le tsela e ba gomodiwang ka yone. Ditlhogo tse pedi tse di latelang tsa makasine ono di tla bontsha kafa dimilione gone jaanong di setseng di bona kgomotso ka ntlha ya go tlhagolela kamano e e atamalaneng le Modimo wa boammaaruri, Jehofa, le Morwawe yo o rategang, Jesu Keresete. Kamano e e ntseng jalo e ka dira gore re gomotsege ka dinako tsa fa re patikegile e bile e ka dira gore motho a bone botshelo jo bo sa khutleng jo bo se nang patikego. Jesu o ne a rapela Modimo jaana: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Ga go na motho ope yo o tla gatelelang yo mongwe mo lefatsheng le lesha la Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela