Balebedi ba ba Etang—Dimpho Tsa Banna
“E rile a tlhatlogela kwa godimo a namola batshwarwa; a naya dimpho [tsa] banna.”—BAEFESO 4:8, NW.
1. Ke tiro efe e ntšha e e neng ya itsisiwe mo lokwalopakeng lono ka 1894?
MO GO fetang dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, makasine wa Watch Tower o ne wa itsise ka sengwe se sesha. Se ne sa tlhalosiwa e le “Karolo e Nngwe ya Tiro.” Tirelo eno e ntšha e ne e akaretsa eng? E ne e le go simolola tiro ya motlha wa gompieno ya balebedi ba ba etang. Lokwalopaka lono lwa tokololo ya September 1, 1894, lo ne lwa tlhalosa gore go tloga jaanong bakaulengwe ba ba tshwanelegang ba ne ba tla etela ditlhopha tsa Baithuti ba Baebele ‘ka boikaelelo jwa go ba aga mo boammaaruring.’
2. Balebedi ba potologo le balebedi ba kgaolo ba dira ditiro dife?
2 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., diphuthego tsa Bakeresete di ne di etelwa ke balebedi ba ba ntseng jalo ba ba jaaka Paulo le Barenabase. Banna bano ba ba neng ba ikanyega ba ne ba na le boikaelelo jwa ‘go aga’ diphuthego. (2 Bakorinthe 10:8) Gompieno, re segofaditswe ka diketekete tsa banna ba ba dirang seno ka thulaganyo. Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ba tlhophile go nna balebedi ba potologo le balebedi ba kgaolo. Molebedi wa potologo o direla diphuthego tse di ka nnang 20 ka beke nngwe le nngwe mo e ka nnang gabedi ka ngwaga, a tlhatlhoba dipego, a neela dipuo le go direla mo bodireding jwa tshimo a na le baboledi ba Bogosi ba ba mo lefelong leo. Molebedi wa kgaolo ke modulasetulo wa dikopano dingwe le dingwe tse di nnang ngwaga le ngwaga tsa potologo mo dipotologong di le mmalwa, a direla mo bodireding jwa tshimo le diphuthego tse a di etetseng, a bo a di kgothatsa ka dipuo tse di theilweng mo Baebeleng.
Moya wa Bone wa go Intsha Setlhabelo
3. Ke ka ntlha yang fa balebedi ba ba etang ba tshwanetse go nna le moya wa go intsha setlhabelo?
3 Balebedi ba ba etang ba nna ba tsamaya ka dinako tsotlhe. Seno ka bosone se tlhoka moya wa go intsha setlhabelo. Gantsi ga se kgetsi e potlana go etela diphuthego di le dintsi, mme banna bano le basadi ba bone ba dira seno ba itumetse. Molebedi mongwe wa potologo o ne a bolela jaana: “Mosadi wa me o ntshegetsa fela thata e bile a sa ngongorege . . . O tlhoka go akgolelwa moya wa gagwe wa go intsha setlhabelo.” Balebedi ba bangwe ba potologo ba tsamaya sekgala sa dikilometara tse di fetang 1 000 go tswa mo phuthegong e nngwe go ya go e nngwe. Ba le bantsi ba bone ba kgweetsa dikoloi, mme ba bangwe ba ya kwa mafelong otlhe ka dipalangwa tsa batho botlhe, ka baesekele, ka pitse, kana ka maoto. Molebedi mongwe wa potologo wa Moafrika, tota o ne a tshwanelwa ke go gobua mo nokeng a sikere mosadi wa gagwe mo magetleng e le gore a goroge kwa phuthegong e nngwe. Mo maetong a borongwa a ga moaposetoloi Paulo, o ne a tshwanelwa ke go itshokela mogote le serame, tlala le lenyora, masigo a sa robale, a itshokela dikotsi tse di farologaneng le go bogisiwa mo go setlhogo. Gape o ne a na le “tlhobaelo ka ga diphuthego tsotlhe”—e leng sengwe se se diragalelang thata balebedi ba ba etang gompieno.—2 Bakorinthe 11:23-29.
4. Mathata a botsogo a ka ama matshelo a balebedi ba ba etang le basadi ba bone jang?
4 Fela jaaka tsala ya ga Paulo e bong Timotheo, balebedi ba ba etang le basadi ba bone ka dinako tse dingwe ba nna le mathata a botsogo. (1 Timotheo 5:23) Seno se ba okeletsa go ngomoga pelo. Mosadi mongwe wa molebedi wa potologo o tlhalosa jaana: “Go nna le bakaulengwe ka metlha ke mokgweleo o mogolo fa ke sa ikutlwe sentle. Ke fitlhetse seno se le boima thata fa ke ne ke simolola go khutla go bona modikologo wa kgwedi. Go tshwanelwa fela ke go phutha dithoto tsa rona tsotlhe beke nngwe le nngwe le go etela golo gongwe ke kgwetlho tota. Gantsi, ke tshwanelwa ke go ema le go rapela Jehofa gore a nneele nonofo gore ke tswelele pele.”
5. Go sa kgathalesege diteko tse di farologaneng, balebedi ba ba etang le basadi ba bone ba ntse ba bontsha moya ofe?
5 Go sa kgathalesege mathata a botsogo le diteko tse dingwe, balebedi ba ba etang le basadi ba bone ba itumelela tirelo ya bone e bile ba bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo. Ba bangwe ba ile ba baya matshelo a bone mo kotsing gore ba thuse ba bangwe mo semoyeng ka dinako tsa pogiso kana tsa ntwa. Fa ba etela diphuthego, ba ile ba bontsha moya o o tshwanang le wa ga Paulo, yo o neng a bolelela Bakeresete ba Bathesalonika jaana: “Re ne re le bonolo mo gare ga lona, jaaka fa moamusi a ngomaela bana ba e leng ba gagwe; fela jalo, e re ka re ne re lo tlhoafaletse ka lorato, ra bo re itumela go lo naya, e seng Mafoko a a Molemo a Modimo a le osi, le e leng mewa ya rona, ka lo ne lo setse lo ratwa ke rona thata.”—1 Bathesalonika 2:7, 8.
6, 7. Balebedi ba ba etang ba ba dirang ka natla ba ka nna le tlhotlheletso efe e e siameng?
6 Fela jaaka bagolwane ba bangwe mo phuthegong ya Bokeresete, balebedi ba ba etang “ba [dira ka natla] mo lefokong le mo go ruteng.” Bagolwane botlhe ba ba ntseng jalo ba tshwanetse gore “ba kaiwe go tshwanela tlotlo sebedi.” (1 Timotheo 5:17) Sekao sa bone se ka nna mosola fa e ka re, morago ‘ga go akanya bofelelo jwa botshelo jwa bone, re bo re etsa tumelo ya bone.’—Bahebere 13:7.
7 Bagolwane ba bangwe ba ba etang ba ile ba ama batho ba bangwe ka tsela efe? Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a kwala jaana: “A bo Mokaulengwe P—— a ne a ntlhotlheletsa ka tsela e e molemolemo jang ne mo botshelong jwa me! O ne a le molebedi yo o etang kwa Mexico go tloga ka ngwaga wa 1960 go ya kwa pele. Fa ke ne ke le ngwana, ke ne ke nna ke lebeletse pele le go itumelela maeto a gagwe. Fa ke ne ke le dingwaga di le lesome, o ne a nthaya a re, ‘Le wena o tlile go nna molebedi wa potologo.’ Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome tse di boima, gantsi ke ne ke tsamaya ke mmatla ka gonne ka metlha o ne a nnaya kgakololo e e botlhale. O ne a amegile ka go disa letsomane! E re ka jaanong le nna ke le molebedi wa potologo, ka metlha ke leka go dirisa nako ke na le basha ke bo ke ba kgothaletsa go tsaya mekgele e e direlwang puso ya Modimo fela jaaka a ne a dira ka nna. Tota le mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo a ntse a tshela, go sa kgathalesege mathata a gagwe a go nna a ema pelo, Mokaulengwe P—— ka metlha o ne a tle a batle go bua lefoko lengwe le le kgothatsang. Ka letsatsi lengwe pele a swa ka February 1995, o ne a tsamaya le nna kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe fela mme a kgothaletsa mokaulengwe mongwe yo e leng motlhami wa dipolane go tsaya mekgele e e siameng. Ka bonako fela mokaulengwe yono o ne a romela kopo ya gagwe gore a direle kwa Bethele.”
Ba a Itumelelwa
8. ‘Dimpho tsa banna’ tse di tlhalositsweng mo go Baefeso kgaolo 4 ke bomang, mme di solegela phuthego molemo jang?
8 Balebedi ba ba etang le bagolwane ba bangwe ba ba neetsweng dikabelo tsa tirelo ka bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo ba bidiwa ‘dimpho tsa banna.’ Jaaka moemedi wa ga Jehofa e bile e le Tlhogo ya phuthego, Jesu o re neetse banna bano ba semoya e le gore ba re age motho ka bongwe le gore re gole mo semoyeng. (Baefeso 4:8-15) Mpho epe fela e tshwanetse go itumelelwa. Tota seno se boammaaruri ka mpho e e re nonotshang gore re tswelele pele re direla Jehofa. Ka gone he, re ka bontsha jang gore re itumelela tiro ya balebedi ba ba etang? Re ka bontsha ka ditsela dife gore re ‘tlotla ba ba ntseng jalo’?—Bafilipi 2:29.
9. Re ka bontsha ka ditsela dife gore re itumelela balebedi ba ba etang?
9 Fa go itsisiwe ka loeto lwa molebedi wa potologo, re ka simolola go dira dithulaganyo tsa gore re nne le seabe ka botlalo mo dikabelong tsa phuthego tsa beke eo. Gongwe re ka beela nako e nngwe kwa thoko gore re tshegetse dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo ka nako ya ketelo. Re ka nna ra kgona go direla re le babulatsela ba ba thusang mo kgweding eo. Eleruri re tla batla go dirisa dikakantsho tsa molebedi wa potologo e le gore re tokafatse bodiredi jwa rona. Fa re amogela dikakantsho ka tsela e e ntseng jalo re tla solegelwa molemo e bile go tla mo tlhomamisetsa gore ketelo ya gagwe ke e e mosola. Ee, balebedi ba ba etang ba etela phuthego gore ba re age, mme le bone ba tlhoka go agiwa mo semoyeng. Go na le dinako tse Paulo a neng a tlhoka go kgothadiwa mo go tsone, mme gantsi o ne a kopa Bakeresetekaene gore ba mo rapelele. (Ditiro 28:15; Baroma 15:30-32; 2 Bakorinthe 1:11; Bakolosa 4:2, 3; 1 Bathesalonika 5:25) Balebedi ba ba etang ba motlha wa gompieno ka mo go tshwanang ba tlhoka gore re ba rapelele le go ba kgothatsa.
10. Re ka thusa jang gore tiro ya molebedi yo o etang e nne e e mo itumedisang?
10 A re kile ra bolelela molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe kafa re itumelelang diketelo tsa bone ka teng? A re lebogela kgakololo e e mosola e a re e neelang? A re a mmolelela kafa dikakantsho tsa gagwe tsa tirelo ya tshimo di dirang gore re itumelele bodiredi le go feta? Fa re dira jalo, seno se tla mo thusa gore a itumelele tiro ya gagwe. (Bahebere 13:17) Molebedi mongwe wa potologo kwa Spain o ne a akgela thatathata malebana le kafa ene le mosadi wa gagwe ba anaanelang ka teng dikarata tsa ditebogo tse ba di amogelang fa ba sena go etela diphuthego. O bolela jaana: “Re boloka dikarata tseno re bo re di bala fa re kgobegile marapo. Di re kgothatsa eletota.”
11. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itsise basadi ba balebedi ba potologo le balebedi ba kgaolo gore re a ba rata e bile re a ba itumelela?
11 Eleruri mosadi wa molebedi yo o etang o solegelwa molemo ke mafoko a a kgothatsang. O ithontsha dilo di le dintsi gore a thuse monna wa gagwe mo karolong eno ya tirelo. Bokgaitsadi bano ba ba ikanyegang ba tlogela go nna le keletso e e tlwaelegileng ya go batla go nna le legae la bone mme, mo mabakeng a mantsi, le ya go batla go nna le bana. Morwadia Jefetha e ne e le mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa yo ka go rata a neng a tlogela sebaka sa go nna le monna le lelapa ka ntlha ya ikano e rraagwe a neng a e dira. (Baatlhodi 11:30-39) Go ithontsha ga gagwe dilo dingwe go ne ga lejwa ka tsela efe? Baatlhodi 11:40 e bolela jaana: “Ya tloga ya nna temalo mo Iseraele, ya go re, basetsana ba Iseraele ba ye ka ngwaga le ngwaga go lelela morwadia Jefetha wa Mogileate ka malatsi a le mane a ngwaga.” A bo go le molemo jang ne fa re dira boiteko jwa go bolelela basadi ba balebedi ba potologo le balebedi ba kgaolo gore ba a ratiwa e bile ba a itumelelwa!
‘Se Lebaleng go Tshola Baeng’
12, 13. (a) Re na le motheo ofe wa Dikwalo o o bontshang gore re tshole balebedi ba ba etang le basadi ba bone sentle? (b) Tshwantsha kafa go tshola baeng go ka re solegelang molemo ka teng rotlhe.
12 Go tshola baeng ke tsela e nngwe ya go bontsha lorato le go itumelela batho ba ba mo tirong ya go eta ya Bokeresete. (Bahebere 13:2) Moaposetoloi Johane o ne a akgola Gaio ka ntlha ya go tshola baeng ba ba etelang phuthego e le barongwa ba ba etang. Johane o ne a kwala jaana: “Moratwa, o dira tiro ya boikanngo mo go sengwe le sengwe se o se direlang ba e leng bakaulengwe, e bile e le baeng; ba ba supileng ka ga lorato lwa gago fa pele ga phuthego; ba e tlaa reng o ba tsamaisetsa pele mo loetong lwa bone, ka mokgwa o o tshwanetseng Modimo, o tlaa bo o dira sentle; ka ba bolotse ka ntlha ya Leina fela, ba sa amogele sepe mo go Baditšhaba. Ke gone, re tshwanetse go gorosa ka pula ba ba ntseng jalo, gore re tle re nne badiri mmogo le boammaaruri.” (3 Johane 5-8) Gompieno, re ka oketsa tiro ya go rera ka Bogosi ka go tshola balebedi ba ba etang le basadi ba bone ka tsela e e tshwanang. Ke boammaaruri gore bagolwane ba ba mo lefelong la lona ba tshwanetse go tlhomamisa gore marobalo a siame, mme molebedi mongwe wa kgaolo o ne a bolela jaana: “Go dirisana ga rona le bakaulengwe go ka se ikaege ka gore ke mang yo o ka re direlang sengwe. Tota ga re ne re batla gore go lebege jalo. Re tshwanetse ra ya kwa bakaulengweng bape ba rona ba ba re amogelang, go sa kgathalesege gore ba humile kana ba humanegile.”
13 Go tshola baeng go ka re solegela molemo rotlhe. Jorge yo pele e neng e le molebedi wa potologo mme jaanong a direla kwa Bethele, o gakologelwa jaana: “Mo lelapeng la gaetsho, re ne re tlwaetse go laletsa balebedi ba ba etang gore ba nne le rona. Ke akanya gore maeto ano a nthusitse go gaisa jaaka ke ne ke akanya ka nako eo. Fa ke le mosha, ke ne ke na le mathata mo semoyeng. Mmè o ne a tshwentswe ke seno mme o ne a sa itse gore o ne a tla nthusa jang, ka gone o ne a kopa molebedi wa potologo gore a bue le nna. Kwa tshimologong ke ne ke mo tila, ka gonne ke ne ke tshaba go tshwaiwa diphoso. Mme ka mokgwa wa gagwe o o botsalano kgabagare o ne a dira gore ke phuthologe. O ne a ntaletsa gore ke ye go ja le ene ka Mantaga mongwe, mme ke ne ka bua ke phuthologile go tswa mo pelong ka gonne ke ne ke tlhomamisega gore o ne a ntlhaloganya. O ne a reetsa ka kelotlhoko. Tota dikakantsho tsa gagwe tse di mosola di ne di bereka, mme ka simolola go gatela pele mo semoyeng.”
14. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itumelela bagolwane ba ba etang go na le go ba tshwaya diphoso?
14 Molebedi yo o etang o leka go thusa basha mmogo le bagolo mo semoyeng. Eleruri, re tshwanetse go itumelela maiteko a gagwe. Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore re ne re mo tshwaya diphoso ka ntlha ya makoa a gagwe kana re mmapisa ka tsela e e sa tshwanelang le ba bangwe ba ba neng ba etela phuthego? Ga go belaetse gore go ka nyemisa motho moko. Paulo o ne a kgobega marapo fa a utlwa tiro ya gagwe e tshwaiwa diphoso. Go bonala fa Bakeresete ba bangwe ba Korintha ba ne ba akgela ka go mo sotla malebana le popego ya gagwe le tsela ya gagwe ya go bua. Ene ka boene o ne a nopola mafoko a a ntseng jalo a a tshwayang diphoso fa a ne a re: “Dikwalo tsa gagwe di boima, di thata; mme fa a le fa sebele sa gagwe, o ba a le bokoa, le puo ya gagwe e be e se sepe.” (2 Bakorinthe 10:10) Lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore gantsi balebedi ba ba etang ba utlwa mafoko a a bontshang kanaanelo e e lorato.
15, 16. Balebedi ba ba etang le basadi ba bone ba amiwa jang ke lorato lo ba lo bontshiwang ke badumedikabone le tlhagafalo ya bone?
15 Molebedi mongwe wa potologo kwa Latin America o gobua letsatsi lotlhe mo diretseng e le gore a etele bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba semoya ba ba nnang mo lefelong le le laolwang ke balwelakgololesego. O kwala jaana: “Go ama maikutlo tota go bona tsela e bakaulengwe ba itumelelang ketelo ka yone. Le mororo ke tshwanetse go dira bojotlhe jwa gore ke goroge koo, ke lebane le dikotsi tse dintsi le matshwenyego, seno sotlhe se busediwa ke lorato le botlhaga jo bakaulengwe ba bo bontshang.”
16 Molebedi mongwe wa potologo mo Afrika o kwala jaana: “Ka ntlha ya lorato lo bakaulengwe ba re bontshitseng lone, re ne re rata tshimo ya Tanzania fela thata! Bakaulengwe ba ne ba iketleeditse go ithuta mo go rona, mme ba ne ba itumelela go re amogela mo magaeng a bone.” Go ne go na le botsalano jo bo lorato le jo bo itumedisang fa gare ga moaposetoloi Paulo le banyalani ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Akwila le Perisila. Tota e bile, Paulo o ne a bolela jaana ka bone: “Dumedisang Perisila le Akwila, badiredi ka nna mo go Keresete Jesu, e le ba ba kileng ba baya dithamo tsa bone fa fatshe, gore ba mpoloke; ba ke sa ba lebogeng ke le nosi, mme le tsone diphuthego tsotlhe tsa Baditšhaba di a ba leboga.” (Baroma 16:3, 4) Balebedi ba ba etang le basadi ba bone ba lebogela go nna ditsala le boAkwila le boPerisila ba motlha wa gompieno ba ba dirang maiteko otlhe gore ba tshole baeng le go bontsha botsalano.
Go Nonotsha Diphuthego
17. Ke ka ntlha yang fa go ka twe go na le botlhale mo thulaganyong ya balebedi ba ba etang, mme ba tsaya thuto ya bone kae?
17 Jesu o ne a bolela jaana: “Botlhale bo atlholelwa ke ditiro tsa gagwe.” (Mathaio 11:19) Botlhale jo bo leng teng mo thulaganyong ya molebedi yo o etang bo phepafetse sentle ka gore bo thusa go nonotsha diphuthego tsa batho ba Modimo. Mo loetong lwa borongwa lwa bobedi lwa ga Paulo, ene le Silase ba ne ba ‘ralala Siria le Kilikia, ba ntse ba nitamisa diphuthego’ ka katlego. Buka ya Ditiro e re bolelela jaana: “Ya re ba ntse ba eta ba tsena ka metse, ba ba neela melao go e tshegetsa, e bong e e tlhomilweng ke baaposetole le bagolwane ba ba kwa Jerusalema. Diphuthego tsa kgothala mo tumelong, tsa ntsifala mo palong ka malatsi otlhe.” (Ditiro 15:40, 41; 16:4, 5) Balebedi ba ba etang ba motlha wa gompieno ba amogela thuto ya semoya e e tswang mo Dikwalong le mo dikgatisong tsa “motlhanka yo o boikanyo le yo o botlhale,” fela jaaka Bakeresete ba bangwe botlhe.—Mathaio 24:45.
18. Balebedi ba ba etang ba nonotsha diphuthego ka tsela efe?
18 Ee, bagolwane ba ba etang ba tshwanetse go tswelela pele ba ikotla mo tafoleng ya ga Jehofa ya semoya. Ba tshwanetse ba tlwaelana thata le mekgwa le dikaelo tse di dirisiwang ke mokgatlho wa Modimo. Ke gone he banna ba ba ntseng jalo ba ka solegela ba bangwe molemo tota. Ka sekao sa bone se se molemo sa go tlhagafalela tirelo ya tshimo, ba ka thusa badumedikabone gore ba tokafatse mo bodireding jwa Bokeresete. Dipuo tse di theilweng mo Baebeleng tse di neelwang ke bagolwane bano ba ba etang di aga bareetsi mo semoyeng. Ka go thusa ba bangwe gore ba dirise kgakololo ya Lefoko la Modimo, gore ba dire go dumalana le batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, le go dirisa dilo tsa semoya tse re di neilweng ke Modimo ka “motlhanka yo o boikanyo,” balebedi ba ba etang ba nonotsha diphuthego tse ba nang le tshiamelo ya go di etela.
19. Ke dipotso dife tse di santseng di tla sekasekiwa?
19 Fa mokgatlho wa ga Jehofa o ne o simolola tiro ya bagolwane ba ba etang mo Baithuting ba Baebele mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, lokwalopaka lono lo ne lwa bolela jaana: “Re tla lebelela diphelelo le kaelo ya Morena.” Kaelo ya ga Jehofa e sa le ka e bonwa ke mongwe le mongwe. E re ka a ne a segofatsa Setlhopha se se Laolang le go etelela pele ga sone, tiro eno e ile ya gola le go tsosolosiwa mo dingwageng tse di fetileng. Ka ntlha ya seo, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe di nitamisiwa mo tumelong e bile di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi. Ga go belaetse gore Jehofa o segofatsa moya wa go intsha setlhabelo wa dimpho tseno tsa banna. Mme balebedi ba ba etang ba ka dira tiro ya bone ka katlego jang? Maikaelelo a bone ke afe? Ba ka solegela diphuthego molemo jang?
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke ditiro dife tse dingwe tse di dirwang ke balebedi ba potologo le balebedi ba kgaolo?
◻ Ke ka ntlha yang fa balebedi ba ba etang ba tlhoka go nna le moya wa go intsha setlhabelo?
◻ Tiro ya bagolwane ba ba etang le basadi ba bone e ka itumelelwa ka tsela e e ntseng jang?
◻ Ke eng se balebedi ba ba etang ba ka se dirang gore diphuthego di nitame mo tumelong?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Go tsamaya ka metlha go tlhoka moya wa go intsha setlhabelo
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
A o ile wa tshola balebedi ba ba etang le basadi ba bone sentle?