Tsela e Bakanoki ba Tlhalosang Efangele ka Yone
“BATHO ba tle ba re nna ke mang?” (Luke 9:18) Jesu o ne a botsa barutwa ba gagwe jalo dingwaga tse di dikete tse pedi tse di fetileng. E ne le potso e go neng go ganediwa ka yone ka nako eo. Go bonala go ganediwa thata ka yone gone jaanong, segolobogolo ka paka ya Keresemose, e go akanngwang gore e amana thata le Jesu. Batho ba le bantsi ba dumela gore Jesu o ne a romiwa go tswa kwa legodimong go tla go rekolola batho. A ke se wena o se akanyang?
Bakanoki bangwe ba na le kgopolo e sele. “Go akanya ka Jesu e le motho yo o neng a ruta gore e ne e le Morwa Modimo yo o neng a tshwanetse go swela dibe tsa lefatshe lotlhe ga go boammaaruri go ya ka hisitori,” go bolela jalo porofesa wa bodumedi le setso e bong Marcus J. Borg.
Bakanoki ba bangwe ba bolela gore Jesu wa mmatota o ne a farologane le yo re balang ka ene mo Baebeleng. Ba bangwe ba dumela gore dikwalo tsotlhe tsa Efangele di ne tsa kwalwa dingwaga di le masomemane tse di fetileng kana go feta moo morago ga loso lwa ga Jesu mme ka nako eo botho jwa ga Jesu wa mmatota bo ne bo setse bo ntlafaditswe. Bakanoki ba tlhalosa gore bothata ga se go bo bakwadi ba dikwalo tsa Efangele ba sa gakologelwe mme ke tsela e ba neng ba sa bo tlhalosa ka yone. Morago ga loso lwa ga Jesu barutwa ba ne ba simolola go mo leba ka tsela e e farologaneng—jaaka Morwa Modimo, Mmoloki le Mesia. Ba bangwe ba bolela ka bopelokgale gore Jesu e ne e le motlhalefi mongwe yo o neng a kgarakgatshega fela, modiradiphetogo fa gare ga batho. Bakanoki ba re joo, ke jone boammaaruri jo bo sa fetogeng.
Kgopolo ya “Bokanoki” Malebana le Jesu
Go emela kgopolo ya bone ya “bokanoki,” go bonala fa batshwayadiphoso ba itlhaganelela go kgaphela kwa thoko sengwe le sengwe ka ga Jesu se se lebegang se le kwa godimo ga maatla a motho. Ka sekai, ba bangwe ba re go tsholwa ke kgarebana e ne e le fela go bipa lebaka la go bo Jesu e ne e le ngwana wa dikgora. Ba bangwe ba gana boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le go senngwa ga Jerusalema, ba tatalela gore bo ile jwa tsenngwa mo dikwalong tsa Efangele morago ga “gore bo diragadiwe.” Ba bangwe e bile tota ba bolela gore Jesu o ne a fodisa batho ka go fetola tsela e ba neng ba akanya ka yone fela. A o akanya gore dikakantsho tse di ntseng jalo di boammaaruri kana a ga di utlwale?
Bakanoki ba ba rileng ba bile ba bolela gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba itlhamela tsogo ya gagwe go dira gore mokgatlho wa bone o se ka wa wa. Lefa go ntse jalo, bakanoki ba tlhalosa gore balatedi ba ga Jesu ba ne ba sena maatla kwantle ga gagwe, ka jalo ba ne ba kwala ka Mong wa bone gore a boe a nne motho wa botlhokwa. Totatota, e ne e le Bokeresete e seng Keresete, jo bo neng jwa tsosiwa. Fa seo se bonala e le go kgala ga bakanoki, go tweng ka se moithutabomodimo Barbara Thiering a ne a se bolela fa a ne a re Jesu ga a ka a bolawa gotlhelele? O dumela gore Jesu o ne a falola papolo ya gagwe mme a nna a ntse a tshela a nyala gabedi mme a nna le bana ba le bararo.
Dikakgelo tseno tsotlhe di dira gore Jesu a nne mo boemong jo bakanoki ba le bantsi ba tla mo amogelang ka jone: jwa go nna motlhalefi, Mojuta yo o tlwaelegileng fela, modiradiphetogo—ba ka mo amogela e le sengwe le sengwe mme ga ba mo amogele e le Morwa Modimo, yo o neng a tla “go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.”—Mathaio 20:28.
Gongwe mo nakong eno ya ngwaga, o badile dikarolo dingwe tsa dikwalo tsa Efangele, jaaka karolo e e buang ka go tsholwa ga ga Jesu mo bojelong jwa diphologolo. Kana o ka nna wa tswa o utlwile ka gone kwa kerekeng. A o ile wa amogela dikwalo tsa Efangele e le tse di botlhokwa e bile o di dumela? He, ela tlhoko boemo jo bo garolang pelo jono. Kwa go se go neng go twe ke Kokoano ya ga Jesu, setlhopha sengwe sa bakanoki se ile sa kopana gabedi ka ngwaga fa e sa le ka 1985 go ya go tlhomamisa ka boammaaruri jwa mafoko a ga Jesu. A tota Jesu o ne a bolela se Baebele e se tlhalosang ka ene? Maloko a a neng a le kwa kokoanong eo a ne a bouta ka ditalama tsa mebala. Talama e khibidu e ne e kaya gore tota mafoko mangwe a ne a builwe ke Jesu; talama e pinki e ne e kaya gore gongwe Jesu o ne a bolela jalo; talama e putswa e ne e kaya pelaelo; mme talama e ntsho e ne e kaya gore ke maaka.
O ka nna wa tshwenngwa ke go utlwa gore Kokoano ya ga Jesu e ile ya bolela gore diperesente di le 82 tsa mafoko a go tweng Jesu o a buile gongwe a ne a sa buiwa ke ene. Ke kgang e le nngwe fela e e nopotsweng go tswa mo Efangeleng ya ga Mareko e go neng go akanngwa gore e boammaaruri. Go ne go twe Efangele ya ga Luke e tletse dipuo fela tse “boammaaruri jwa tsone bo sa ka keng jwa tlhomamisiwa.” Ke Diefangele di le tharo fela tsa ga Johane tse di neng tsa ntshediwa talama e ntsho, e e supang maaka mme tse dingwe tse di setseng di ne tsa ntshediwa talama e e putswa e e supang pelaelo.
Se se Fetang Dithuto Fela
A o dumalana le bakanoki? A ba re tlhalosetsa tsela e Jesu a neng a ntse ka yone e e tlhomameng go feta e re e bonang mo Baebeleng? Dipotso tseno ga se tse bakanoki ba ganetsanang ka tsone fela. Mo nakong eno ya ngwaga, o ka nna wa gakololwa gore, go ya ka Baebele, Modimo o ne a romela Jesu “gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.
Fa e le gore Jesu e ne le motlhalefi fela yo o neng a kgarakgatshega yo re ka tswang re sa itse mo go kalo ka ga gagwe, go ne go ka se re solegele molemo go ‘dumela’ mo go ene. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore tsela e Baebele e tlhalosang Jesu ka yone e boammaaruri, seo se amana le poloko ya rona ya bosakhutleng. Ka jalo, re tlhoka go itse—a Baebele e bua boammaaruri kaga Jesu?