Kgalalelo e Kgolwane ya Ntlo ya ga Jehofa
“‘Ke tlaa tlatsa ntlo e ka kgalalelo,’ go bua Jehofa wa masomosomo.”—HAGAI 2:7.
1. Moya o o boitshepo o amana jang le tumelo le tiro?
FA MONGWE wa Basupi ba ga Jehofa a ntse a rera ka ntlo le ntlo, o ne a kopana le mosadi mongwe wa kereke ya Pentecost yo o neng a re, ‘Rona re na le moya o o boitshepo, mme ke lona ba lo dirang tiro.’ O ne a tlhalosediwa sentle gore motho yo o nang le moya o o boitshepo o tla utlwa fela a tlhotlheletsega go dira tiro ya Modimo. Jakobe 2:17 e bolela jaana: “Tumelo, fa e se na ditiro e be e sule ka e yosi.” Ka thuso ya moya wa ga Jehofa, Basupi ba gagwe ba ile ba nna le tumelo e e nonofileng mme o ‘tladitse ntlo ya gagwe ka kgalalelo’ ka go ba kaela gore ba dire ditiro tsa tshiamo—segolobogolo go ‘rera mafoko a a molemo a Bogosi gore e nne tshupo mo merafeng yotlhe.’ Fa tiro eno e setse e dirilwe ka tsela e e kgotsofatsang Jehofa, “foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.”—Mathaio 24:14.
2. (a) Fa re dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa re tla tlelwa ke masego afe? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itumelela se se ka tswang se lebega e le go “diega”?
2 Go ya ka mafoko ano a ga Jesu, re kgona go bona gore tiro ya rona gompieno e tshwanetse gore e ikaege thata ka go rerela ba bangwe “dikgang tse di molemo tse di galalelang tsa Modimo o o itumetseng” tse re di neetsweng. (1 Timotheo 1:11, NW) Fa ka boitumelo re dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa, bokhutlo bo tla bonala bo atamela ka bonako thata. Mo go Habakuke 2:2, 3, re bala mafoko ano a ga Jehofa: “Kwala ponatshegelo e, o e dire gore e bonale sentle mo dimating tsa kwalelo, gore motho a tle a e bale a ntse a taboga. Gonne ponatshegelo e sa ntse e na le lobaka lo lo laotsweng, mme e be e itlhaganelela bokhutlo, ga e ketla e aka; le fa e ko e diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega.” Ee, “ponatshegelo” e tla tla, “le fa e ko e diega.” E re ka re setse re le mo ngwageng wa bo83 wa puso ya Bogosi jwa ga Jesu, bangwe ba ka nna ba akanya gore gone jaanong e setse e diega. Lefa go ntse jalo, a ga re a tshwanela go itumela go bo bokhutlo bo e se bo tle? Mo lesomeng leno la dingwaga la bo1990, dithibelo tsa go rera mafoko a a molemo di ile tsa tlosiwa ka tsela e e neng e bonala e gakgamatsa kwa Yuropa Botlhaba, kwa dikarolong tsa Afrika le kwa dinageng tse dingwe. Selo se se lebegang e le ‘go diega’ se dira gore go nne le nako e e lekaneng ya gore “dinku” tse di oketsegileng di phuthiwe ka bontsi go tswa mo ditshimong tseo tse di sa tswang go bulega.—Johane 10:16.
3. Ke ka ntlha yang fa tsela e ntšha e re tlhaloganyang “losika lo” ka yone e tshwanetse go re tlhotlheletsa go tlhoafala mo tirong ya Modimo?
3 Moporofeti a re “ga e ketla e diega.” Jesu o ne a re losika lo lo bosula lono ga lo kitla lo feta go tlo go tsamaye “dilo tsotlhe tse di dirafale pele.” (Mathaio 24:34) A tsela e ntšha e re tlhaloganyang mafoko a gagwe ka yone e raya gore tiro ya rona ya go rera ga e a potlaka thata jalo?a Mabaka a bontsha gore ruri ga go a nna jalo! Losika lono lwa motlha wa rona lo ntse lo nna bosula go ya pele e bile lo nna boikepo thata ka tsela e e sa tshwaneng le epe e e kileng ya direga. (Bapisa Ditiro 2:40.) Re tshwanetse gore re tlhoafalele tiro ya rona. (2 Timotheo 4:2) Boporofeti jotlhe jo bo malebana le nako e sepitla se segolo se tla diragalang ka yone bo supa gore e tla nna ka tshoganyetso, ka bonako, go sa itsiwe—jaaka legodu. (1 Bathesalonika 5:1-4; Tshenolo 3:3; 16:15) “Ke gone, le lona nnang fela lo iketleeditse, gonne Morwa Motho o tlaa tla ka nako e lo sa mo solofeleng ka yone.” (Mathaio 24:44) E re ka losika lono lwa batho ba ba boikepo thata lo ntse lo atamela tshenyego, ruri ga re a tshwanela go batla go lebala ka tsholofelo ya rona e e botlhokwa ya botshelo jo bo sa khutleng ka go boela mo go “bidikameng mo seretseng” sa dikgoreletsi tsa lefatshe!—2 Petere 2:22; 3:10; Luke 21:32-36.
4. Ke boemo bofe jo bo ileng jwa dira gore go okediwe tsela e go abiwang “dijo ka dipaka tse e leng tsone” mme seo se ile sa dirwa jang?
4 Fela jaaka Jesu a ile a porofeta, ka 1914 go ne ga nna le “tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo” fa batho ba ne ba tsena mo nakong ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” Mahutsana, ditiragalo tsa masetlapelo le boikepo di ile tsa nna tsa oketsega go fitlha le mo motlheng ono. (Mathaio 24:3-8, 12, NW) Ka nako e e tshwanang Jehofa o file setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale yo o tloditsweng tiro ya go aba ‘dijo tsa semoya ka dipaka tse e leng tsone’ ba di abela ba ntlo ya Mong wa bone e bong Keresete. (Mathaio 24:45-47) Go tswa kwa setulong sa gagwe sa bogosi kwa legodimong, Kgosi eno ya Bomesia e ntse e kaela thulaganyo eno e e molemolemo ya go aba dijo tsa semoya mo lefatsheng lotlhe.
“Dijo” Tse Dintsi
5. Karolo e e botlhokwa thata ya “dijo” e tlhokomelwa jang?
5 Akanya ka go baakanngwa ga “dijo.” (Luke 12:42) Sejo sa konokono se Bakeresete ba se jang ke Lefoko la Modimo, Baebele. Go ruta Baebele ka tsela e e nang le matswela go tlhokega thata thanolo e e balegang sentle le e e tlhomameng. Seno se ile sa dirwa kgato ka kgato go ya jalo le dingwaga, segolobogolo go tloga ka 1950 fa New World Translation of the Christian Greek Scriptures e gololwa ka Seesemane. Ka 1961 Baebele yotlhe ya New World Translation e ne e setse e le gone, mme ka bonako fela ga nna le dikgatiso tsa yone mo dipuong tse dingwe tse di dirisiwang thata. Dibolumo di le 3 tse di ileng tsa gololwa ka ngwaga wa tirelo wa 1996 di dira gore go nne le palogotlhe ya di le 27, tse mo go tsone di le 14 e leng Baebele yotlhe. Go dira tiro eno ya Baebele, le ya dikgatiso tsa go ithuta Baebele, Bakeresete ba ba ka nnang 1174 ba ba ineetseng ba dira ka nako e e tletseng kwa makaleng mo tirong ya go ranola mo dinageng di le 77.
6. Mokgatlho o dirile jang go tlhokomela tlhokego e kgolo ya dikgatiso tsa Baebele?
6 Go ema setlhopha se segolo seno sa baranodi nokeng, makala a a gatisang a le 24 a Mokgatlho wa Watch Tower a ile a gatisa dikgatiso ka selekanyo se segolo thata. Ka ntlha ya seno, go ntse go tsenngwa metšhini e e oketsegileng e e gatisang ka bofefo thata mo makaleng a magolo. Palo ya dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse di gatisiwang e oketsega kgwedi nngwe le nngwe, fa di kopantswe di fitlhelela palogotlhe ya dikhopi di le 943 892 500, e leng koketsego ya diperesente di le 13,4 ka ngwaga. Palogotlhe ya Dibaebele le dibuka tsa khabara e e thata tse di gatisiwang kwa United States, Brazil, Finland, Italy, Japane, Jeremane, Korea le Mexico fela e ile ya oketsega ka diperesente di le 40 go tloga ka 1995 go fitlha go dikhopi di le 76 760 098 ka 1996. Makala a mangwe le one a ile a nna le seabe se segolo mo koketsegong ya go gatisiwa ga dikgatiso.
7. Mafoko a ga Isaia 54:2 a diragadiwa jang ka tsela e kgolwane gone jaanong?
7 Koketsego e kgolo e ile ya tlhokega ka bo1990 fa dithibelo mo Basuping ba ga Jehofa di tlosiwa kwa Yuropa Botlhaba le mo Afrika. Tlala ya dijo tsa semoya e kgolo mo mafelong ano. Ka jalo, mafoko ano a utlwala ka tsela e kgolo le go feta: “Katolosa bonno jwa mogope wa gago; a ba ngamole meraro ya manno a gago; se rekegele; lelefatsa megala ya gago, o thatafatse dimapo tsa gago.”—Isaia 54:2.
8. Ke thuso efe ya bopelotshweu e e thusang go tshegetsa ka ditshenyegelo tsa madi?
8 Ka jalo, go ile ga tlhokega gore dikago di okediwe mo go a le mantsi a makala a Mokgatlho a a 104. Ka ntlha ya maemo a a sa itumediseng a itsholelo mo ditshimong tse dintsi tse disha tse di sa tswang go bulega, meneelo e mentsi e tswa kwa dinageng tse di itsholetseng e ntshediwa go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe. Ka boitumelo, diphuthego le batho ka bongwe ba ne ba arabela ka peloyotlhe, ka tsela e e tlhalosiwang mo go Ekesodo 35:21: “Ba tla, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsang, le mongwe le mongwe yo mowa wa gagwe o mo ratisitseng, mme ba lere le tshupelo ya ga Jehofa, ya tiro.” Re dirisa tshono eno go leboga botlhe ba ba ileng ba nna le seabe mo go abeng jalo ka bopelotshweu.—2 Bakorinthe 9:11.
9. Baroma 10:13, 18 e diragadiwa jang gompieno?
9 Ka 1996 dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower eleruri di ile tsa galaletsa leina la ga Jehofa le maikaelelo a gagwe go ya fela kwa dikhutlong tsa lefatshe. Go ntse fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a bolelela pele. Fa a ne a nopola boporofeti jwa ga Joele le Pesalema ya bo19, o ne a kwala jaana: “‘Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.’ Ka re, a ga ba a ka ba utlwa? Ee, ruri: ‘Tumo ya bone e tswetse kwa lefatsheng lotlhe, le mafoko a bone kwa dikhutlong tsa lefatshe.’” (Baroma 10:13, 18) Ka go tlotlomatsa leina le le botlhokwa la Jehofa ka tsela eo, batho ba gagwe ba nnile le seabe se segolo mo go tlatseng ntlo ya gagwe ya kobamelo ka kgalalelo. Lefa go ntse jalo, go rera gono go ile ga atlega jang segolobogolo ka 1996? Tsweetswee sekaseka tšhate e e latelang mo ditsebeng 18 go ya go 21.
Thobo mo Lefatsheng Lotlhe
10. Ke dilo dife tse di tlhomologileng tse o di lemogang mo tirong e e dirwang ke batho ba ga Jehofa, jaaka di sobokantswe mo tšhateng e e mo ditsebeng 18 go ya go 21?
10 Mafoko ano a ga Jesu a a mo go Luke 10:2 ga a ise a ko a nne le bokao jo bogolo jaana: “Thobo e kgolo ruri, mme badiri ba botlana; ke gone rapelang Morena wa thobo, gore a rome badiri mo thobong ya gagwe.” A o arabela boikuelo joo? Dimilione go dikologa lefatshe di dira jalo. Bosupi jwa seno ke tlhora e ntšha ya baboledi ba Bogosi ba le 5413 769 ba ba neng ba bega mo tirelong ya tshimo ka 1996. Mo godimo ga moo, go ne ga kolobediwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha ba le 366 579. A bo re tsaya ‘dilo tseno tse di eletsegang tsa merafe yotlhe,’ tse di ‘tlatsang ntlo ya ga Jehofa ya kobamelo ka kgalalelo’ di le botlhokwa thata jang ne!—Hagai 2:7.
11. Ke ka ntlha yang fa rotlhe re na le lebaka la go itumela thata?
11 Dipego tsa koketsego go tswa kwa ditshimong tse di sa tswang go bulega di itumedisa tota. A bangwe ba rona re fufegela bano ba ba nang le koketsego e e ntseng jalo? Legoka, re itumela le bone. Dinaga tsotlhe di simolotse ka dilo tse dipotlana. Moporofeti Sekaria yo e neng e le moporofeti mmogo le Hagai, o ne a kwala jaana: “E mang yo o nyaditseng motlha wa dilo tse dipotlana?” (Sekaria 4:10) Re itumela thata go bo mo dinageng tse tiro ya go neela bosupi e setseng e tlhomame gone, go na le dimilione tsa baboledi ba Bogosi, mme tshimo ya teng e wediwa gangwe le gape, mme mo ditoropong tse dikgolo e wediwa mo e ka nnang beke nngwe le nngwe. A re na le lebaka la gore re ngodiege gone jaanong fa Jehofa a ntse a bulela dinaga tse pele di neng di thibetswe tshono ya go bona poloko? Le e seng! Jesu o ne a re “tshimo ke lefatshe.” (Mathaio 13:38) Go tshwanetse ga tswelelwa pele go neelwa bosupi ka botlalo, fela jaaka barutwa ba bogologolo ba ne ba neela bosupi ka botlalo kwa bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo ya Sejuta.—Ditiro 2:40; 10:42; 20:24; 28:23.
Go Gatela Pele Thata
12. Re tlhotlhelediwa ke eng gore re gatele “kwa pele fela”? (Bona gape le lebokoso, “Thobo ‘go Tswa Kwa Sekhutlong sa Lefatshe.’”)
12 Ee, ga re a tshwanela go salela kwa morago, re tsamaele “kwa pele fela” le koloi ya ga Jehofa ya selegodimo ya baengele. (Esekiele 1:12) Re gakologelwa mafoko a ga Petere: “Morena ga a bonya ka ga polelo ya gagwe ya tsholofetso, jaaka bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) E kete sekao sa go tlhoafala sa bakaulengwe ba rona ba dinaga tse di humanegileng se ka re tlhotlheletsa. Lefa go ka bonala e kete Haramagetone e a diega, seo se bula tshono ya gore go phuthiwe diketekete di le makgolokgolo mo dinageng tseno mmogo le mo mafelong a a berekilweng thata. O se ka wa tsietsega: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi, le gaufi le akofa thata.” (Sefania 1:14) Le rona re tshwanetse go itlhaganelela go neela bosupi jwa bofelo ka botlalo!
13, 14. (a) Go ka tweng ka go tsamaisiwa ga dikgatiso ka 1996? (b) Diphuthego di ka dira dithulaganyo dife tse di kgethegileng ngwaga le ngwaga, mme wena o ikaeletse go nna le seabe jang?
13 Le mororo dintlha di sa tlhalosiwe ka botlalo mo tšhateng ya tirelo, go ile ga nna le koketsego e kgolo thata mo palong ya Dibaebele, dibuka le dimakasine tse di tsamaisitsweng mo ngwageng e e fetileng. Ka sekai, go nnile le koketsego ya diperesente di le 19 mo palong ya dimakasine tse di tsamaisitsweng mo lefatsheng lotlhe, e le palogotlhe ya dimakasine di le 543 667 923 tse di tsamaisitsweng. Dimakasine tsa rona di dira gore re kgone go fetofetoga mo tirong ya go rera—mo mebileng, mo diparakeng, kwa boemelabeseng le mo mafelong a kgwebo. Dipego di supa gore mo mafelong a go rerwang thata ka Bogosi gone, batho ba ba rutegileng ba kgatlhwa ke boleng jwa dimakasine tsa rona mme ba dumela go rutwa Baebele.
14 Ngwaga nngwe le nngwe ka kgwedi ya April, gantsi diphuthego di rulaganya tiro e kgethegileng ya dimakasine, e leng letsholo la go di tsamaisa letsatsi lotlhe ka ntlo le ntlo le mo mafelong a botlhe. A phuthego ya lona e tla dira seno ka April 1997? Go baakantswe dimakasine tse di tlhomologileng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tsa April mme go tsamaisiwa ga tsone ka nako e le nngwe fela mo lefatsheng lotlhe tota go tshwanetse ga kgatlha batho! Kwa setlhaketlhakeng sa Cyprus, diphuthego tse di neng di dirisa moano o o reng, “fitlhelela mongwe le mongwe yo o ka kgonang go mo fitlhelela ka molaetsa wa Bogosi,” di ile tsa bo tsa dira jalo ka botlalo di latela thulaganyo e e ntseng jalo ya tiro ya dimakasine kgwedi nngwe le nngwe, mme tsa fitlhelela tlhora e ntšha ya go tsamaisa dimakasine di le 275359 ka ngwaga, e le koketsego ya diperesente di le 54.
Molaetsa wa ga Hagai wa Bofelo
15. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a romela melaetsa e mengwe ka Hagai? (b) Molaetsa wa boraro wa ga Hagai o tshwanetse go re ruta thuto efe?
15 Jehofa o ne a roma Hagai go bolela molaetsa wa boraro malatsi a le 63 fa a se na go bolela molaetsa wa bobedi o gompieno re tla bong re dira sentle fa re o tsaya tsia. Hagai o ne a bua jaaka e kete Bajuta ba ne ba thaya motheo wa tempele gape o ba neng ba setse ba o thaile dingwaga tse 17 tse di fetileng. Jehofa o ne a bona go tshwanela gore a itshekise dilo gape. Baperesiti le batho ka kakaretso ba ne ba sa dire ditiro tsa bone, ka jalo, ba ne ba leswafetse mo matlhong a ga Jehofa. A e ka tswa e le gore gompieno bangwe ba batho ba ga Jehofa ba repisitse diatla tsa bone, mo e leng gore ba ineetse mo mekgweng ya lefatshe e e letlelelang sengwe le sengwe le ya go rata dikhumo? Go botlhokwa gore rotlhe re gopole “go tswa mo bakeng lwa gompieno go ya kwa [pele]” go galaletsa leina la ga Jehofa, re tlhatswegile pelo ka tsholofetso ya gagwe ya gore: “Go tloga fano tsatsing leno ke tlaa lo segofatsa.”—Hagai 2:10-19; Bahebere 6:11, 12.
16. Ke go “reketlisa” gofe go go tla tlogang go direga, mme go tla felela ka eng?
16 Ka lone letsatsi leo, lefoko la ga “Jehofa wa masomosomo” le ne la tla mo go Hagai ka lekgetlho la bonè e bile e le la bofelo. O ne a tlhalosa gore go “reketlisa magodimo le lefatshe” ga Gagwe go akaretsa eng, ka go bolela jaana: “Ke tlaa ribegetsa setulo sa magosi, ke tlaa senya thata ya magosi a merafe; ke tlaa ribegetsa dikara le ba ba palameng mo go tsone; mme dipitse di tlaa fologa le bapalami ba tsone, mongwe le mongwe ka tšhaka ya morwarraagwe.” (Hagai 2:6, 21, 22) Ka jalo, go “reketlisa” go tla fitlha mo setlhoeng fa Jehofa a phepafatsa lefatshe ka botlalo ka Haramagetone. Ka nako eo “dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe” di tla bo di setse di tlile, go tla go nna pinagare ya batho ba lefatshe le lesha. A bo re na le mabaka a go itumela le go baka Jehofa jang ne!—Hagai 2:7; Tshenolo 19:6, 7; 21:1-4.
17. Jesu o tlhomilwe go nna “sekanelo” jang?
17 Fa Hagai a konela boporofeti jwa gagwe, o ne a kwala jaana: “Mo tsatsing leo go bua Jehofa wa masomosomo, ke tlaa go tsaya, wena Serubabele . . . , ke tla go dira o nna jaaka sekanelo, gonne ke go itshenketse, go bua Jehofa wa masomosomo.” (Hagai 2:23) Keresete Jesu jaanong ke Kgosi ya ga Jehofa ya Bomesia e bile ke Moperesiti yo Mogolo kwa magodimong, o tsere ditiro tseo tsoopedi tse kwa Jerusalema wa mo lefatsheng e nngwe e neng e dirwa ke Molaodi Serubabele e nngwe ke Moperesiti yo Mogolo Joshua. Jaaka sekanelo sa molao mo letsogong la ga Jehofa le legolo, Jesu ke ene “Ee” ka e le ene yo Jehofa a tla mo dirisang go diragatsa “ditsholofetso tsa Modimo” tse dintsi. (2 Bakorinthe 1:20; Baefeso 3:10, 11; Tshenolo 19:10) Molaetsa otlhe wa boporofeti wa Baebele o bua thata ka thulaganyo e Modimo a e dirileng ya gore Keresete e nne Kgosi le Morekolodi wa moperesiti.—Johane 18:37; 1 Petere 1:18, 19.
18. ‘Go bua ga ga Jehofa wa masomosomo’ ga bofelo go tla diragadiwa jang ka tsela e kgolwane?
18 Eleruri kgalalelo e kgolo go di feta tsotlhe e bonwa mo tempeleng ya ga Jehofa ya semoya e e galalelang mo motlheng ono wa rona! Go ise go ye kae, fa Jehofa a sena go tlosa tsamaiso ya ga Satane yotlhe, Hagai 2:9 e tla diragadiwa go ya pele ka tsela e e itumedisang: “‘Ke tlaa aba kagiso mo felong fa,’ go bua Jehofa wa masomosomo.” Kgabagare ga nna le kagiso!—kagiso e e tla nnelang ruri ya lefatshe lotlhe, e e tlhomamisiwang ka “sekanelo” sa ga Jehofa, e bong Keresete Jesu, “Kgosana ya Kagiso,” yo go kwadilweng ka ga gagwe go twe: “Ga go tota ga puso ya gagwe, le ga kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo . . . Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tlaa dirafatsa selo se.” (Isaia 9:6, 7) Kgalalelo ya ntlo ya kobamelo ya ga Jehofa e tla galalela mo tikologong yotlhe ya bolaodi jwa gagwe jwa lebopo lotlhe. E kete re ka nnela ruri mo ntlong eo!—Pesalema 27:4; 65:4; 84:10.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona “Go Bolokiwa mo ‘Losikeng lo lo Bosula’” le “Nako ya Gore re Nne re Thantse” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 1, 1995.
A o ka Tlhalosa?
◻ Ntlo ya ga Jehofa e ‘tladiwa ka kgalalelo’ jang gompieno?
◻ Ke ka ntlha yang fa go rera mafoko a a molemo go ise go ke go potlake jaana?
◻ Pego ya Tirelo ya Ngwaga ya 1996 e re tlhotlheletsa jang go rera mafoko a a molemo ka tlhoafalo?
◻ Keresete ke “sekanelo” sa ga Jehofa jang?
[Lebokoso mo go tsebe 15]
Thobo “go Tswa Kwa Sekhutlong sa Lefatshe”
MO GO Isaia 43:6 re bala taolo eno ya ga Jehofa: “Se kganele; tlisang bomorwaake go tswa kgakala, le bomorwadiake go tswa kwa sekhutlong sa lefatshe.” Lekwalo leno le diragadiwa ka tsela e e tlhomologileng kwa Yuropa Botlhaba. Tsaya ka sekai, naga e pele e neng e le ya Bokomonisi ya Moldova. Go na le metse e bontlhanngwe jwa baagi ba yone e leng Basupi gone jaanong. Ba tshwanetse gore ba tsamaye sekgala se se leleele go bona tshimo e ba ka rerang mo go yone, mme ba dira maiteko ao! Baboledi ba le bantsi mo diphuthegong tseno ke bana ba batsadi ba ba neng ba tshabela kwa Siberia mo masimologong a bo1950. Mme jaanong malapa a bone a etelela tiro ya thobo pele. Mo baboleding ba le 12 565 go kolobeditswe ba le 1917 mo ngwageng e e fetileng. Mo diphuthegong di le 43 nngwe le nngwe ya tsone e na le baboledi ba ba ka nnang 150 mme dipotologo di ile tsa oketsega go tloga mo go di le nnè go ya go di le robedi mo ngwageng o mosha wa tirelo.
Se se tlhokomelesegang gape ke koketsego ya kwa Albania. Koo setlhotswana sa Basupi ba ba ikanyegang ba ne ba itshokela bosetlhogo jwa bobusaesi mo dingwageng di ka nna 50. Ba le bantsi ba bone ba ne ba bolawa. Se se re gakolola tsholofetso ya ga Jesu e e reng: “O se ka wa boifa dilo tse o tlogang o boga botlhoko jwa tsone. Bonang, diabolo o tloga a latlhela bangwe ba lona mo ntlong ya kgolegelo, gore lo lekwe; . . . O nne boikanngo fela le go ya kwa losong, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo.” (Tshenolo 2:10; bona gape Johane 5:28, 29; 11:24, 25.) Ke eng se re se bonang gone jaanong kwa Albania? Eleruri go diragadiwa ka tsela e e kgatlhisang thata ga tsholofetso ya ga Jehofa e e leng mo go Isaia 60:22: “Yo monnye o tlaa tla a nna sekete”! Ka 1990 go ile ga bega mmoledi a le mongwe fela kwa Albania. Lefa go ntse jalo, “badiri” ba ba oketsegileng go tswa kwa Italy le kwa dinageng tse dingwe ba ne ba arabela taletso ya ga Jesu e e reng: “Ke gone tsamayang, lo dire . . . barutwa, lo ba kolobetse.” (Mathaio 28:19; Luke 10:2) Ka nako ya Segopotso sa loso lwa ga Jesu ka 1996, go ne go na le baboledi ba le 773 ba ba tlhagafetseng mo tshimong, mme bano ba ne ba phutha batho ba le 6523 go nna teng kwa dipokanong tsa bone tsa Segopotso, e leng palo ya baboledi e e fetang e menagane ga robedi! Go ne ga begiwa dipalo tsa ba ba nnileng teng tse di itumedisang mo mafelong a a kwa thoko. Le mororo go ne go sena baboledi mo mafelong ano, kwa ditoropokgolong tsa Kukës le Divjakë go ne ga nna le batho ba le 192 le 230 ka go latelana. Krujë, e e nang le mmoledi a le mongwe fela, e ne ya nna le batho ba le 212. Baboledi ba le 30 ba ba kwa Korçë ba ne ba hira mafelo a a ka tsayang batho ba ba ka nnang 300. Fa palo eo e sena go tsena yotlhe mo holong, ba bangwe ba le 200 ba ne ba tshwanela gore ba busiwe ka gonne go ne go sa tlhole go na le manno. A bo e le tshimo e e siametseng thobo jang ne!
Go tswa kwa Romania go na le pego eno: “Fa re ne re ntse re dira tiro ya ntlo le ntlo, re ile ra kopana le motho mongwe yo o neng a ipolela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme o ne a nna mo toropong nngwe e nnye, e rona re itseng go se na Basupi kwa go yone. O ne a re bolelela gore kwantle ga gagwe go ne go santse go na le batho ba bangwe ba le 15 ba ka dingwaga tse dintsi ba ntseng ba tshwara dipokano ka boLabone le ka boSontaga mme e bile ba simolotse go rera ka ntlo le ntlo. Ka letsatsi le le latelang re ne ra ya kwa toropong eo. Re ne ra fitlhela re letetswe ke banna, basadi le bana ba le 15 mo dikamoreng di le pedi bao ba neng ba tsaya dibuka di le 20 le dimakasine tsa bosheng di le 20. Re ne ra ba bontsha gore ba tshware jang dithuto tsa Baebele. Re ne ra opela mmogo mme ra araba dipotso tsa bone tse di potlakileng thata. Yo o neng a eteletse setlhopha pele o ne a bolela jaana: ‘Malatsi a sekae a a fetileng, ke ne ka rapela Jehofa ke geletse dikeledi gore a re romelele modisa mme thapelo ya me e arabetswe.’ Re ne re itumetse thata, mme fa re tsamaya, jaaka lesiela le kgabagare le boneng rraalone, o ne a re: ‘Tsweetswee lo se ka lwa re lebala. Lo tle go re bona gape!’ Re ne ra dira jalo, mme gone jaanong go tshwarwa dithuto tsa Baebele di le supa mo toropong eo. Mo ditshimong tse dintsi tse di iseng di berekiwe, tiro e simologa ka tsela e e itumedisang ka dikgatiso tsa Baebele, tse di anaanelwang thata mme se se supa gore tiro eno ke ya Modimo.”
[Tšhate mo go tsebe 18-21]
PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 1996
(See bound volume)
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
“Dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe” di phuthiwa kwa Ditlhaketlhakeng tsa Lewatle (1), Amerika Borwa (2), Afrika (3), Asia (4), Amerika Bokone (5) le Yuropa (6)