Modimo o Batla Gore re Direng?
“Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaolo tsa one; mme lefa go ntse jalo ditaolo tsa one ga di imele.”—1 JOHANE 5:3, NW.
1, 2. Ke ka ntlha yang fa go sa gakgamatse go bo Modimo a na le dilo tse a batlang batho ba ba batlang go mo obamela ka tsela e a e amogelang ba di dira?
“BODUMEDI jwa me bo ntshiametse!” A seo ga se se batho ba se bolelang gantsi? Tota gone, potso e tshwanetse ya nna gore, “A bodumedi jwa me bo itumedisa Modimo?” Ee, go na le dilo tse Modimo a di batlang mo bathong ba ba batlang go mo obamela ka tsela e a e amogelang. A seo se tshwanetse go re gakgamatsa? Tota nnyaa. A re re gongwe o na le ntlo e ntle, e o neng o sa tswa go e baakanya ka madi a mantsi. A o ne o tla letlelela mongwe le mongwe fela gore a nne mo go yone? Tota o ka se ka wa dira jalo! Motho ope yo o ka batlang go nna mo go yone o tshwanetse go dira dilo tse o batlang a di dira.
2 Ka mo go tshwanang, Jehofa Modimo o neetse batho legae leno la lefatshe. Lefatshe leno le tla tloga le “baakanngwa” mo pusong ya Bogosi jwa gagwe—le fetolwa go nna paradaise e ntle. Jehofa o tla dira seno. O ne a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi gore a kgone go dira seno, e le se se mo lopileng tlhwatlhwa e kgolo tota. Eleruri, Modimo o tshwanetse a ba a na le dilo tse a batlang batho ba ba tla nnang mo go lone ba di dira!—Pesalema 115:16; Mathaio 6:9, 10; Johane 3:16.
3. Solomone o ne a sobokanya jang dilo tse Modimo a lebeletseng gore re di dire?
3 Re ka bona jang gore ke dilo dife tse Modimo a di batlang? Jehofa o ne a tlhotlheletsa Kgosi e e botlhale Solomone gore e sobokanye dilo tse A lebeletseng gore re di dire. Fa Solomone a se na go akanya ka dilo tsotlhe tse a neng a di kokoanya—tse di akaretsang khumo, ditiro tsa go aga, go kgatlhegela mmino le go nna le maikutlo a a boteng a go ratana—o ne a simolola go lemoga seno: “Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Moreri 12:13.
“Ditaolo Tsa One ga di Imele”
4-6. (a) Ke eng se totatota se kaiwang ke lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “imele”? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore ditaolo tsa Modimo ga di imele?
4 “O tshegetse ditaolo tsa one.” Totatota, seo ke sone se Modimo a se lebeletseng mo go rona. A o re batla dilo tse dintsi? Nnyaa. Moaposetoloi Johane o re bolelela sengwe se se kgothatsang malebana le ditaolo tsa Modimo, kana dilo tse a di batlang. O ne a kwala jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaolo tsa one; mme lefa go ntse jalo ditaolo tsa one ga di imele.”—1 Johane 5:3, NW.
5 Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “imele” totatota le raya “bokete.” Le ka raya sengwe se se boima go se fitlhelela kana se se thata go se dira. Mo go Mathaio 23:4, le dirisitswe go tlhalosa “merwalo e e bokete,” e leng melao le dingwao tse di neng di itlhametswe ke batho, tse bakwadi le Bafarasai ba neng ba di imetsa batho. (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) A o tlhaloganya se moaposetoloi Johane yo o tsofetseng a konelang ka sone? Ditaolo tsa Modimo ga se mokgweleo o o bokete, le gone ga di thata gore re di boloke. (Bapisa Duteronome 30:11.) Se se farologaneng le seo, fa re rata Modimo, go dira dilo tse a di batlang go tla dira gore re itumele. Go re neela sebaka se se tlhokegang thata sa go bontsha gore re rata Jehofa.
6 Go bontsha gore re rata Modimo, re tshwanetse go itse totatota gore o batla gore re direng. Jaanong a re tlhatlhobeng dilo di le tlhano tse Modimo a batlang re di dira. Fa re ntse re dira jalo, nna o gakologetswe gore Johane o ne a kwala jaana: ‘Ditaolo tsa Modimo ga di imele.’
Anya Kitso ya Modimo
7. Poloko ya rona e ikaegile ka eng?
7 Selo sa ntlha se se tlhokegang ke go anya kitso ya Modimo. Akanya ka kelotlhoko mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Johane kgaolo 17. Tiragalo eno e ne e le mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa ga Jesu e ntse e le motho. Jesu o ne a dirisitse karolo e kgolo ya bosigo a baakanyetsa baaposetoloi ba gagwe go tsamaya ga gagwe. O ne a amegile ka isagwe ya bone, isagwe ya bone e e tla nnelang ruri. O ne a tsholeletsa matlho a gagwe kwa legodimong, a ba rapelela. Mo temaneng ya 3, re bala jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.” (NW) Ee, poloko ya bone e ne e ikaegile ka ‘go anya kitso’ ya Modimo mmogo le ya ga Keresete. Seo se ama le rona. Gore re bolokwe, re tshwanetse go anya kitso e e ntseng jalo.
8. Ke eng se se kaiwang ke ‘go anya kitso’ ya Modimo?
8 Go kaya eng go ‘anya kitso’ ya Modimo? Lefoko la Segerika le le ranotsweng fano ka gore ‘go anya kitso’ le supa “go simolola go itse, go lemoga” kana “go tlhaloganya ka botlalo.” Ela tlhoko gape gore mafoko a a reng ‘go anya kitso’ a bontsha gore ke selo se se tswelelang pele se direga. Ka gone go anya kitso ya Modimo ga go reye go mo itse leina fela mme go raya go mo itse gaufi thata, o simolola go mo tlhaloganya jaaka tsala. Botsala jo bo tswelelang pele le Modimo bo dira gore o nne le kitso ka ga gagwe e e nnang e oketsega. Thulaganyo eno e ka tswelela pele go ya go ile, ka gonne le ka motlha re ka se ka ra itse sengwe le sengwe ka ga Jehofa.—Baroma 11:33.
9. Ke eng se re ka se ithutang ka ga Jehofa mo bukeng ya popo?
9 Re anya kitso ya Modimo jang? Go na le dibuka tse pedi tse di ka re thusang. E nngwe ke buka ya popo. Dilo tse Jehofa a di bopileng—tse di tshelang mmogo le tse di sa tsheleng—di re lemotsha gore ke motho wa mofuta ofe. (Baroma 1:20) Akanyetsa dikai dingwe ka kelotlhoko. Go suma ga lephororo le legolo la metsi, go itaagana ga makhubu a metsi fa go na le sefefo, go bona magodimo a a nang le dinaledi mo bosigong jo bo se nang maru—a dilo tse di ntseng jalo ga di re rute gore Jehofa ke Modimo yo o “nonofile[ng] mo thateng”? (Isaia 40:26) Fa ngwana a tshega fa a bona ntšanyana e lelekisa mogatla wa yone kana fa a bona katsana e tshameka ka bolo e e dirilweng ka wulu—a seo ga se bontshe gore Jehofa, “Modimo yo o itumetseng,” ke motho yo o tshegisang? (1 Timotheo 1:11, NW) Moutlwalo wa dijo tse di monate, monkgo o o monate wa dithunya mo nageng e talana, mebala e e phatsimang ya serurubele se sentle, modumo wa dinonyane tse di opelang ka nako ya dikgakologo, go tlamparelwa ka lorato ke motho yo o go ratang—a ga re lemoge ka dilo tse di ntseng jalo gore Mmopi wa rona ke Modimo yo o lorato, yo o batlang re itumelela botshelo?—1 Johane 4:8.
10, 11. (a) Ke dilo dife tse di malebana le Jehofa le maikaelelo a gagwe tse re ka se kang ra di ithuta mo bukeng ya popo? (b) Ke dikarabo tsa dipotso dife tse di fitlhelwang fela mo Baebeleng?
10 Lefa go ntse jalo, ga re ithute dilo tsotlhe ka ga Jehofa mo bukeng ya popo. Fa re tshwantsha: Leina la Modimo ke mang? Ke ka ntlha yang fa a ne a bopa lefatshe a bo a baya batho mo go lone? Ke ka ntlha yang fa Modimo o dumeletse boikepo? Isagwe e re tshwaretse eng? Gore re bone dikarabo tsa dipotso tseno, re tshwanetse go ya kwa bukeng e nngwe e e re neelang kitso ya Modimo—Baebele. Mo go yone, Jehofa o senola dilo ka ene, tse di akaretsang leina la gagwe, botho jwa gagwe le maikaelelo a gagwe—e leng tshedimosetso e re ka se kang ra e bona gope go sele.—Ekesodo 34:6, 7; Pesalema 83:18; Amose 3:7.
11 Mo Dikwalong, Jehofa gape o re neela kitso e e botlhokwa e e malebana le batho ba bangwe ba re tlhokang go ba itse. Ka sekai, Jesu Keresete ke mang, mme o na le seabe sefe mo go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa? (Ditiro 4:12) Satane Diabolo ke mang? O tsietsa batho ka ditsela dife? Re ka tila jang gore a se ka a re tsietsa? (1 Petere 5:8) Dikarabo tse di bolokang botshelo tsa dipotso tseno di fitlhelwa fela mo Baebeleng.
12. O ne o tla tlhalosa jang lebaka la go bo go anya kitso ya Modimo le maikaelelo a gagwe e se mokgweleo?
12 A ke mokgweleo go anya kitso e e ntseng jalo ya Modimo le maikaelelo a gagwe? Tota nnyaa! A o santse o gakologelwa tsela e o neng o ikutlwa ka yone fa o ne o simolola go ithuta gore leina la Modimo ke Jehofa, gore Bogosi jwa gagwe bo tla busetsa Paradaise gape mo lefatsheng leno, gore o ntshitse Morwawe yo o rategang go nna thekololo ya maleo a rona, mmogo le boammaaruri jo bongwe jo bo botlhokwa thata? A go ne go sa tshwane le go tlosa sesiro sa go tlhoka kitso le go bona dilo sentle ka lekgetlho la ntlha? Go anya kitso ya Modimo ga se mokgweleo. Go a itumedisa!—Pesalema 1:1-3; 119:97.
Go Utlwa Melao ya Modimo
13, 14. (a) Fa re ntse re anya kitso ya Modimo, re tlhoka gore re dire diphetogo dife mo matshelong a rona? (b) Modimo o batla gore re tile ditiro dife tse di leswe?
13 Fa re ntse re anya kitso ya Modimo, re simolola go lemoga gore re tlhoka go dira diphetogo dingwe mo matshelong a rona. Seno se re tlisa mo selong sa bobedi se se batlegang. Re tshwanetse go utlwa melao ya Modimo ya boitshwaro jo bo siameng le go amogela boammaaruri jwa gagwe. Boammaaruri ke eng? A tota Modimo o amega ka se re se dumelang le se re se dirang? Go bonala batho ba le bantsi gompieno ba sa akanye jalo. Pego nngwe e e gatisitsweng ke Church of England ka 1995 e ne ya akantsha gore fa batho ba nna mmogo ba sa nyalana ga go a tshwanelwa go tsewa gore ba dira boleo. “Seelana se se reng ‘go nna mo boleong’ se a leswefatsa e bile ga se thuse,” go ne ga bolela jalo bishopo nngwe ya kereke.
14 Ka gone he, a “go nna mo boleong” ga e sa tlhole e le boleo? Jehofa o re bolelela ka phepafalo ka fa a ikutlwang ka teng ka boitshwaro jo bo ntseng jalo. Lefoko la gagwe, Baebele, le bolela jaana: “A nyalo e tlotlwe mo go botlhe, a bolao bo se leswefadiwe; gonne Modimo o tlaa sekisa bagokafadi le ba boaka.” (Bahebere 13:4) Baruti ba ba leseletsang dilo fela le batho ba ba tsenang kereke ba ka leba go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo e se boleo, mme lefa go ntse jalo ke boleo jo bo masisi mo matlhong a Modimo! Mme go ntse fela jalo le ka boaka, go tlhakanela dikobo le wa losika le bosotoma. (Lefitiko 18:6; 1 Bakorinthe 6:9, 10) Modimo o batla gore re se ka ra dira mekgwa e e ntseng jalo, e a e lebang e le e e leswe.
15. Dilo tse Modimo a batlang re di dira di akaretsa jang tsela e re tshwarang ba bangwe ka yone le se re se dumelang?
15 Lefa go ntse jalo, ga go a lekana go tlogela mekgwa e Modimo a e lebang e le boleo. Gape dilo tse Modimo a batlang re di dira di akaretsa tsela e re tshwarang ba bangwe ka yone. Mo lelapeng, o lebeletse gore monna le mosadi ba ratane le go tlotlana. Modimo o batla gore batsadi ba tlamele bana ba bone ka dilo tse ba di tlhokang tsa nama, tsa semoya le tsa maikutlo. O bolelela bana gore ba utlwe batsadi ba bone. (Diane 22:6; Bakolosa 3:18-21) Mme re ka reng ka ditumelo tsa rona? Jehofa Modimo o batla gore re tile ditumelo le dingwao tse di tswang mo kobamelong ya maaka kana tse di ganetsanang le boammaaruri jo bo itshekileng jo bo rutiwang ke Baebele.—Duteronome 18:9-13; 2 Bakorinthe 6:14-17.
16. Tlhalosa lebaka la go bo go utlwa melao ya Modimo ya boitshwaro jo bo siameng le go amogela boammaaruri jwa gagwe e se mokgweleo.
16 A ke mokgweleo fa re utlwa melao ya Modimo ya boitshwaro jo bo siameng le go amogela boammaaruri jwa gagwe? Ga go a nna jalo segolobogolo fa re akanya ka melemo ya gone—go nna le manyalo a mo go one monna le mosadi ba ratanang le go ikanyana go na le go nna le manyalo a a kgaoganeng ka ntlha ya go sa ikanyege; go nna le magae a mo go one bana ba ikutlwang ba ratiwa le go batliwa ke batsadi ba bone go na le malapa a mo go one bana ba ikutlwang ba sa ratiwe, ba tlhokomologilwe, e bile ba sa batliwe; go nna le segakolodi se se phepa le botsogo jo bo siameng go na le go ikutlwa o le molato e bile o na le mmele o o tlhasetsweng ke AIDS kana bolwetse jo bongwe jo bo tshelanwang ka tlhakanelodikobo. Eleruri, dilo tse Jehofa a batlang re di dira ga di re time sepe se re se tlhokang e le gore re itumelele botshelo!—Duteronome 10:12, 13.
Tlotla Botshelo le Madi
17. Jehofa o leba botshelo le madi jang?
17 Fa o dira gore botshelo jwa gago bo dumalane le melao ya Modimo, o simolola go anaanela ka fa botshelo bo leng botlhokwa thata ka teng. A jaanong re tlhatlhobeng selo sa boraro se Modimo a batlang re se dira. Re tshwanetse go tlotla botshelo le madi. Jehofa o tsaya botshelo bo le boitshepo. Go tshwanetse ga nna jalo, ka gonne ke ene Mosimolodi wa botshelo. (Pesalema 36:9) Ebu, tota e bile Jehofa o tsaya botshelo jwa ngwana yo o iseng a tsholwe yo o mo go mmaagwe bo le botlhokwa thata! (Ekesodo 21:22, 23) Madi a emela botshelo. Ka gone, madi le one a boitshepo mo matlhong a Modimo. (Lefitiko 17:14) Ga go a tshwanela go re gakgamatsa go bo Modimo a lebeletse gore re lebe botshelo le madi fela jaaka ene a di leba.
18. Tsela e Jehofa a lebang botshelo le madi ka yone e tlhoka gore re dire eng?
18 Go tlotla botshelo le madi go tlhoka gore re direng? Jaaka Bakeresete, ga re tsenye matshelo a rona mo kotsing go sa tlhokege e le fela go ijesa monate. Re amegile ka pabalesego mme ka gone re tlhomamisa gore dikoloi tsa rona le magae a rona di babalesegile. (Duteronome 22:8) Ga re goge motsoko, ga re tshotlhe betel nut, kana go dirisa diokobatsi tse di tshwakgolang kana tse di senyang tlhaloganyo e le go ijesa monate fela. (2 Bakorinthe 7:1) E re ka re reetsa Modimo fa a bua ka go ‘ithiba mo mading,’ ga re dumele gore re tshelwe madi mo mebeleng ya rona. (Ditiro 15:28, 29) Le mororo re rata botshelo, re ka se leke go boloka botshelo jwa rona jwa gone jaanong ka go tlola molao wa Modimo mme ka gone re bo re senya tebelelo ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng!—Mathaio 16:25.
19. Tlhalosa ka fa re ka solegelwang molemo ka teng fa re tlotla botshelo le madi.
19 A ke mokgweleo fa re tsaya botshelo le madi di le boitshepo? Tota nnyaa! Akanya ka gone. A ke mokgweleo fa o sa tshwarwe ke kankere ya makgwafo e e bakiwang ke go goga motsoko? A ke mokgweleo go tila go tshwakgolwa ke diokobatsi tse di sa siamang mo tlhaloganyong le mo mmeleng? A ke mokgweleo go tila go tsenwa ke AIDS, bolwetse jwa sebete, kana bolwetse jo bongwe jo bo ka tsenang ka ntlha ya go tshelwa madi? Go phepafetse gore fa re tila ditlwaelo le mekgwa e e utlwisang botlhoko ke rona re tla solegelwang molemo.—Isaia 48:17.
20. Lelapa lengwe le ile la solegelwa molemo jang ke go leba botshelo ka tsela e Modimo a bo lebang ka yone?
20 Akanya ka boitemogelo jono. Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, mosadi mongwe wa Mosupi yo o neng a na le dikgwedi di le tharo le sephatlo a imile o ne a simolola go dutla madi mo bosigong bongwe mme a isiwa kwa kokelong ka bonako. Fa ngaka e se na go mo tlhatlhoba, o ne a utlwa e bolelela mongwe wa baoki e re ba tshwanetse gore ba senye mpa. Ka go itse gore Jehofa o leba botshelo jwa losea lo lo iseng lo tsholwe jang, o ne a gana a nitame go senya mpa, a bolelela ngaka jaana: “Fa losea lo santse lo tshela, lo tlogeleng moo!” O ne a tswelela pele a dutla madi ka dinako tse dingwe, mme dikgwedi di le mmalwa morago ga moo o ne a tshola mosimane yo o neng a itekanetse a mo tshola pele ga nako, yo jaanong a nang le dingwaga di le 17. O ne a tlhalosa jaana: “Re ne ra bolelela morwaarona seno sotlhe, mme o ne a bolela gore o itumelela go bo a ne a se ka a latlhiwa. O itse gore lebaka la go bo re direla Jehofa ke lone fela le dirileng gore a bo a tshela gompieno.” Eleruri, go leba botshelo ka tsela e Modimo a bo lebang ka yone e ne e se mokgweleo mo lelapeng leno!
Go Dira Mmogo le Batho ba ba Rulagantsweng ba ga Jehofa
21, 22. (a) Jehofa o lebeletse gore re mo direle re na le bomang? (b) Batho ba ba rulagantsweng ba Modimo ba ka itsiwe jang?
21 Ga re dire diphetogo re le nosi tse di tlhokegang gore matshelo a rona a dumalane le melao ya Modimo. Jehofa o na le setlhopha sa batho mo lefatsheng leno, mme o lebeletse gore re mo direle re na le sone. Seno se re tlisa mo selong sa bonè se se tlhokegang. Re tshwanetse go direla Jehofa le phuthego e a e kaelang ka moya.
22 Lefa go le jalo, batho ba Modimo ba ba rulagantsweng re ka ba itse jang? Melao e e tlhomilweng mo Dikwalong e bontsha gore ba ratana ka tsela ya mmatota, ba tlotla Baebele thata, ba tlotla leina la Modimo, ba rera ka Bogosi jwa gagwe, e bile ga se ba lefatshe leno le le bosula. (Mathaio 6:9; 24:14; Johane 13:34, 35; 17:16, 17) Go na le phuthego e le nngwe fela ya bodumedi mo lefatsheng leno e e nang le ditshupo tseno tsotlhe tsa Bokeresete jwa boammaaruri—Basupi ba ga Jehofa!
23, 24. Re ka tshwantsha jang gore ga se mokgweleo go direla Jehofa mmogo le batho ba gagwe ba ba rulagantsweng?
23 A ke mokgweleo go direla Jehofa re na le batho ba gagwe ba ba rulagantsweng? Tota nnyaa! Se se farologaneng le seo, ke tshiamelo e e tlhokegang thata fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba mo lelapeng la lefatshe lotlhe ba go rata le go go ema nokeng. (1 Petere 2:17) Akanya o falola fa sekepe se thubegile mme o ipona o le mo metsing, o kgaratlhela gore o kokobale mo go one. Fa o bona gore a setse a go fekeetsa, go tla letsogo kwa go wena le tswa mo mokorong o o falotsang batho. Ee, go na le bafalodi ba bangwe! Mo mokorong o o falotsang batho, wena le ba bangwe lo refosana go o fudua gore o fitlhe kwa lotshitshing, lo tla lo ntse lo pega bafalodi ba bangwe mo tseleng.
24 A ga re mo boemong jo bo tshwanang? Re ile ra ntshiwa mo “metsing” a a kotsi a lefatshe leno le le boikepo gore re tsene mo “mokorong o o falotsang” wa phuthego ya ga Jehofa e e mo lefatsheng. Re direla mmogo mo go yone, fa re ntse re ya kwa “lotshitshing” la lefatshe le lesha la tshiamo. Fa mathata a lefatshe a ka dira gore re lape mo tseleng, a bo re leboga jang ne go bo re thusiwa le go gomodiwa ke ditsala tsa Bakeresete ba boammaaruri!—Diane 17:17.
25. (a) Re tshwanelwa ke go dira eng ka batho ba ba santseng ba le mo “metsing” a lefatshe leno le le boikepo? (b) Ke selo sefe se Modimo a batlang re se dira se se tla tlotliwang mo setlhogong se se latelang?
25 Re ka reng ka ba bangwe—batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba ba santseng ba le mo “metsing”? Re tshwanelwa ke go ba thusa gore ba tsene mo phuthegong ya ga Jehofa, a ga go jalo? (1 Timotheo 2:3, 4) Ba tlhoka go thusiwa gore ba itse se Modimo a se batlang. Seno se re tlisa mo selong sa botlhano se Modimo a batlang re se dira. Re tshwanetse go nna baboledi ba ba ikanyegang ba Bogosi jwa Modimo. Se seno se se bolelang se tla tlotliwa mo setlhogong se se latelang.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa ditaolo tsa Modimo di sa imele?
◻ Re anya kitso ya Modimo jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa go utlwa melao ya Modimo ya boitshwaro jo bo siameng le go amogela boammaaruri jwa gagwe e se mokgweleo?
◻ Tsela e Modimo a lebang botshelo le madi ka yone e tlhoka gore re dire eng?
◻ Modimo o lebeletse gore re mo direle re na le bomang, mme re ka ba itse jang?
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Re ithuta ka ga Jehofa mo bukeng ya popo le mo Baebeleng
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Crocodile: By courtesy of Australian International Public Relations; bear: Safari-Zoo of Ramat-Gan, Tel Aviv