LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 1/15 ts. 29-31
  • Enoke—O ne A le Pelokgale Lefa A Ne A Lebane le Mathata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Enoke—O ne A le Pelokgale Lefa A Ne A Lebane le Mathata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Enoke le Kgang ya Lobopo Lotlhe
  • Modimo O ne O Tshotse Enoke—Jang?
  • Boporofeti bo a Diragadiwa
  • Enoke O ne A Tsamaya le Modimo mo Lefatsheng Le le Sa Boifeng Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • ‘O ne A Itumedisa Modimo Sentle’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Tsamaya le Modimo mo Dinakong Tseno Tsa Matshwenyego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Monna yo o Pelokgale
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 1/15 ts. 29-31

Enoke—O ne A le Pelokgale Lefa A Ne A Lebane le Mathata

MO MOTHONG yo o molemo, e ne e le nako e e thata go di feta tsotlhe. Go tlhoka bomodimo go ne go tletse mo lefatsheng. Boitsholo jwa batho bo ne bo nna bo senyegela kwa pele. Tota e bile, go ne go tla tloga go bolelwa jaana: “Jehofa a bona fa boikepo jwa motho bo le bogolo mo lefatsheng, le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe gotlhe, go le bosula ka metlha yotlhe.”—Genesise 6:5.

Enoke, monna wa bosupa mo tatelanong ya losika go tswa mo go Atame, o ne a le pelokgale go farologana le ba bangwe. O ne a emela tshiamo a tlhomame go sa kgathalesege matswela a gone. Molaetsa wa ga Enoke o ne o tshwenya baleofi ba ba se nang poifomodimo thata jaana mo e leng gore ba ne ba batla go mmolaya mme e ne e le Jehofa fela yo o neng a ka mo thusa.—Juta 14, 15.

Enoke le Kgang ya Lobopo Lotlhe

Dingwaga tse dintsi pele ga Enoke a tsholwa, kgang ya bolaodi jwa lobopo lotlhe e ne e setse e tsositswe. A Modimo o ne a na le tshwanelo ya go busa? Totatota, Satane Diabolo o ne a re ga go a nna jalo. O ne a bolela gore dibopiwa tse di botlhale di ne di ka dira botoka fa di ne di tshela kwantle ga kaelo ya Modimo. Satane o ne a leka go ntsha bosupi kgatlhanong le Jehofa Modimo ka go dira gore batho ba nne kafa letlhakoreng la gagwe ka boferefere. Atame le mosadi wa gagwe Efa, le morwaabo wa maitibolo e bong Kaene, ba itsege ka go ema kafa letlhakoreng la ga Satane ka go tlhopha go ipusa go na le go busiwa ke Modimo. Banyalani ba ntlha ba ne ba dira seno ka go ja ga loungo lo Modimo a neng a lo ileditse, mme Kaene o ne a dira jalo ka go bolaya morwarraagwe yo o siameng e bong Abele.—Genesise 3:4-6; 4:8.

Abele ka bopelokgale o ne a ema kafa letlhakoreng la ga Jehofa. E re ka bothokgami jwa ga Abele bo ne bo rotloetsa kobamelo e e itshekileng, kwantle ga pelaelo Satane o ne a itumela fa a bona Kaene a mo galefela ka go mmolaya. Go tloga ka nako eo, Satane o ne a dirisa “poifo ya loso” jaaka sebetsa se se tshosetsang. O batla go tsenya poifo mo pelong ya mongwe le mongwe yo o batlang go obamela Modimo wa boammaaruri.—Bahebere 2:14, 15; Johane 8:44; 1 Johane 3:12.

Ka nako ya go tsholwa ga ga Enoke, mogopolo wa ga Satane wa gore batho ba ka se ka ba tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa o ne o setse o bonala o tshegediwa thata. Abele o ne a sule, mme sekao sa gagwe sa boikanyego se ne se sa latelwe. Lefa go ntse jalo, Enoke o ne a itshupa a farologane. Tumelo ya gagwe e ne e le mo motheong o o tlhomameng, ka gonne o ne a itse sentle ka dilo tse di diragetseng kwa tshimong ya Etene.a A bo a tshwanetse a bo a ile a itumelela boporofeti jwa ga Jehofa jo bo supang gore Losika lo lo solofeditsweng lo tla fedisa Satane le maano a gagwe!—Genesise 3:15.

E re ka Enoke a ne a na le tsholofetso eno, o ne a sa tshosiwe ke polao ya ga Abele e e neng e tlhotlheleditswe ke Diabolo e e itsegeng thata. Go na le moo, o ne a nna a ntse a tsamaya le Jehofa, a latela tsela ya botshelo jotlhe ya tshiamo. Enoke o ne a nna a ikgaogantse le lefatshe, a gana moya wa lone wa boitaolo.—Genesise 5:23, 24.

Mo godimo ga moo, Enoke o ne a bua ka bopelokgale e bile a tlhalosa sentle gore ditiro tse di bosula tsa ga Diabolo di ka se ka tsa atlega. Enoke o ne a porofeta jaana a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a gagwe a a dirang malebana le batho ba ba bosula: “Bonang, Morena o ne a tla a na le baitshepi ba gagwe ba le makgolokgolo. A tla go dirafaletsa botlhe katlholo, le go tshwarisa baikepi botlhe ditiro tsotlhe tsa boikepo tse ba di dirileng ka go ikepa, le dilo tse di thata tsotlhe, tse baleofi ba ba ikepang ba di buileng ka ga gagwe.”—Juta 14, 15.

Ka ntlha ya go rera ka bopelokgale ga ga Enoke, fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera, o ne a mo akaretsa gare ga boidiidi “jo bo kalokalo jwa basupi” ba ba ileng ba tlhoma sekao se se tlhomologileng sa tumelo.b (Bahebere 11:5; 12:1) E re ka e ne e le monna wa tumelo, Enoke o ne a itshoka a bolokile bothokgami jwa gagwe ka dingwaga tse di fetang 300. (Genesise 5:22) A bo boikanyegi jwa ga Enoke bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa kgopisa baba ba Modimo ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng jang ne! Boporofeti jwa ga Enoke jo bo tlhamaletseng bo ne jwa gakatsa letlhoo la ga Satane mme bo ne jwa mo leretse tshireletso ya ga Jehofa.

Modimo O ne O Tshotse Enoke—Jang?

Jehofa ga a ka a letla Satane kana batlhanka ba gagwe ba selefatshe go bolaya Enoke. Go na le moo, pego e e tlhotlheleditsweng ya re: “Modimo o ne o mo tshotse.” (Genesise 5:24) Moaposetoloi Paulo o tlhalosa dikgang ka tsela eno: “Ka tumelo Enoke o ne a fudusiwa e le gore a se ka a bona loso, mme o ne a se ka a fitlhelwa gope ka gonne Modimo o ne o mo fudusitse; gonne pele ga phuduso ya gagwe o ne a na le bosupi jwa gore o ne a itumedisitse Modimo sentle.”—Bahebere 11:5, NW.

Enoke o ne a ‘fudusiwa gore a se ka a bona loso’ jang? Kana jaaka mo thanolong ya ga R. A. Knox, Enoke o ne a “tlosiwa jang kwantle ga gore a utlwe loso”? Modimo o ne a fedisa botshelo jwa ga Enoke ka tidimalo, a dira gore a se ka a utlwa botlhoko jwa loso e ka ne e le ka ntlha ya bolwetse kana ka ntlha ya go gobadiwa ke baba ba gagwe. Ee, Jehofa o ne a khutsafatsa botshelo jwa ga Enoke fa a ne a le dingwaga di le 365—a sa le mosha thata fa a bapisiwa le batho ba ba neng ba tshela mo motlheng wa gagwe.

Ke jang Enoke a ileng a “supiwa fa a ntse a kgatlha Modimo”? O ne a na le bosupi bofe? Gongwe Modimo o ne a dira gore Enoke a nne mo maibing, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a ‘phamolwa’ kana a tlosiwa, gongwe e le gore a bone ponatshegelo ya paradaise ya isagwe ya phuthego ya Bokeresete. (2 Bakorinthe 12:3, 4) Bosupi jwa gore Enoke o ne a ntse a kgatlha Modimo bo ka nna bo a bo bo akaretsa ponatshegelo e a neng a nna le yone ya isagwe ya Paradaise ya selefatshe e batho botlhe ba ba tshelang ba tla bong ba tshegetsa bolaodi jwa Modimo mo go yone. Gongwe e ne e le ka nako ya fa Enoke a santse a le mo maibing jalo fa a ntse a bona ponatshegelo fa Modimo o ne wa dira gore a robale mo losong a sa utlwe botlhoko bope go fitlha ka letsatsi la gagwe la tsogo. Go bonala gore fela jaaka mo kgannyeng ya ga Moshe, Jehofa o ne a tlosa mmele wa ga Enoke, ka gonne “o ne a se ka a bonwa.”—Bahebere 11:5; Duteronome 34:5, 6; Juta 9.

Boporofeti bo a Diragadiwa

Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba bolela se e neng e le mooko wa boporofeti jwa ga Enoke. Ba supa go tswa mo Dikwalong gore bo tla diragadiwa jang fa Modimo o fedisa batho ba ba boikepo gautshwane jaana. (2 Bathesalonika 1:6-10) Molaetsa wa bone o dira gore ba se ka ba ratiwa, ka gonne o farologane thata le megopolo ya lefatshe le mekgele ya lone. Kganetso e ba kopanang le yone ga e ba gakgamatse, ka gonne Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me.”—Mathaio 10:22; Johane 17:14.

Lefa go ntse jalo, fela jaaka Enoke, Bakeresete ba motlha wa rona ba tlhatswegile pelo gore kgabagare ba tla gololwa mo babeng ba bone. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Morena o itse go golola badumedi mo thaelong, le go tswalela basiamolodi mo petsong, go tle go tsamaye letsatsi la tshekiso le be le ba fitlhele.” (2 Petere 2:9) Modimo a ka nna a bona go tshwanela gore a tlose bothata bongwe kana boemo jo bo gwetlhang. Pogiso e ka nna ya fela. Lefa go ntse jalo, fa go sa direge, o itse kafa a ka ‘baakanyang kgoro ya phalolo’ ka teng gore batho ba gagwe ba kgone go ka itshokela diteko tsa bone ka katlego. Jehofa e bile o naya “bogolo jo bo leng bogolo thata jwa nonofo” fa go tlhokega.—1 Bakorinthe 10:13; 2 Bakorinthe 4:7.

Jaaka “moduedi wa ba ba [mo] batlang,” Jehofa o tla segofatsa gape batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka botshelo jo bo sa khutleng. (Bahebere 11:6) Mo go ba le bantsi ba bone, seno se tla raya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Fela jaaka Enoke, e kete re ka tswelela pele re bolela molaetsa wa Modimo ka bopelokgale. A re direng seno ka tumelo, lefa re ka lebana le mathata.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Atame o ne a na le dingwaga di le 622 fa Enoke a tsholwa. Enoke o ne a tshela dingwaga tse di ka nnang 57 morago ga loso lwa ga Atame. Ka jalo, ba ne ba na le nako e teletsana ba tshela boobabedi ka nako e le nngwe.

b Thanolo ya “basupi” mo go Bahebere 12:1 e tswa mo lefokong la Segerika e leng marʹtys. Go ya ka Wuest’s Word Studies From the Greek New Testament, lefoko leno le kaya “mongwe yo o supang, kana yo o ka supang ka sengwe se a se boneng kana se a se utlwileng kana a se itse ka tsela epe fela e sele.” Christian Words, e e kwadilweng ke Nigel Turner, e bolela gore lefoko leo le kaya mongwe yo o buang ka “selo se se mo diragaletseng . . . , le go bo a dumela jalo ka ntlha ya boammaaruri le ka ntlha ya dikakanyo.”

[Lebokoso mo go tsebe 30]

Go Itshekolola Leina la Modimo

Mo e ka nnang makgolo a dingwaga a le manè pele ga Enoke, go ne ga tsholwa morwa wa ngwana wa ga Atame e bong Enoshe. Genesise 4:26 ya re: “Mo lobakeng loo batho ba simolola go bitsa leina la ga Jehofa.” Bakanoki bangwe ba puo ya Sehebera ba dumela gore temana eno e tshwanetse go balega ka gore “ba simolola ka tsela e e itshekologileng” go bitsa leina la Modimo kana, “go tloga foo go itshekologa ga simologa.” Thanolo ya Targum ya Jerusalema e bolela jaana malebana le nako eo ya hisitori: “E ne e le nako e kokomana eo e neng ya simolola go leofa, mme ba itirela medimo ya disetwa, mme ba bitsa medimo ya bone ya disetwa ka leina la Lefoko la Morena.”

Ka nako ya ga Enoshe leina la ga Jehofa le ne la itshekololwa thata. Go ka nna ga direga gore batho ba ne ba dirisa leina la Modimo mo go bone ka bobone kana ba le dirisetsa batho ba ba neng ba dira e kete ba atamela Jehofa Modimo mo kobamelong ka bone. Kana ba ka nna ba bo ba ne ba dirisa leina la Modimo mo medimong ya bone ya disetwa. Kwantle ga pelaelo, Satane Diabolo o ne a tshwere batho mo serung sa kobamelo ya medimo ya disetwa. Ka nako ya fa Enoke a tsholwa, kobamelo ya boammaaruri e ne e se ntsi. Mongwe le mongwe yo o neng a tshwana le Enoke, yo o neng a tshela ka boammaaruri e bile a bo rera, o ne a sa ratiwe mme ka ntlha ya seo o ne a bogisiwa.—Bapisa Mathaio 5:11, 12.

[Lebokoso mo go tsebe 31]

A Enoke o Ile a ya Legodimong?

“Ka tumelo Enoke o ne a fudusiwa e le gore a se ka a bona loso.” Fa dithanolo dingwe tsa Baebele di ranola karolo eno ya Bahebere 11:5 (NW), di supa gore Enoke ga a ka a swa tota. Ka sekai, A New Translation of the Bible, ya ga James Moffatt, e bolela jaana: “Ke ka tumelo Enoke a ileng a isiwa kwa legodimong gore le ka motlha a se ka a swa.”

Lefa go ntse jalo, dingwaga tse di ka nnang 3000 morago ga motlha wa ga Enoke, Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Ga go a tlhatlogela ope kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa Motho yo o kwa legodimong.” (Johane 3:13) The New English Bible e balega jaana: “Ga go na ope yo o kileng a ya kwa legodimong, fa e se ene fela yo o neng a fologa go tswa kwa legodimong, e bong Morwa Motho.” Fa Jesu a ne a bolela seno, tota le ene o ne a ise a tlhatlogele kwa legodimong.—Bapisa Luke 7:28.

Moaposetoloi Paulo o bolela gore Enoke le ba bangwe ba ba bopang boidiidi jwa basupi ba pele ga motlha wa Bakeresete ba ile ‘ba swa botlhe’ mme “ba ise ba amogele dipolelo tsa tsholofetso.” (Bahebere 11:13, 39) Ka ntlha yang? Ka gonne batho botlhe, go akaretsa le Enoke, ba ruile boleo mo go Atame. (Pesalema 51:5; Baroma 5:12) Tsela e le nngwe ya go bona poloko ke ka setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete Jesu. (Ditiro 4:12; 1 Johane 2:1, 2) Mo motlheng wa ga Enoke, tlhwatlhwa ya thekololo e ne e ise e duelwe. Ka jalo, Enoke ga a ka a ya legodimong, mme o robetse mo losong a letetse go tsosediwa mo lefatsheng.—Johane 5:28, 29.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]

Reproduced from Illustrirte Pracht - Bibel/Heilige Schrift des Alten und Neuen Testaments, nach der deutschen Uebersetzung D. Martin Luther’s

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela