LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 3/1 ts. 25-28
  • A o Tshaba go Ikanya ba Bangwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tshaba go Ikanya ba Bangwe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhaloganya Poifo
  • Ke ka Ntlha Yang fa Sekgoreletsi se Tshwanetse go Thubiwa?
  • Go Ikanya ba Lelapa la Gago
  • Ikanye Phuthego
  • Kafa o ka Dirang ka Gone Gore o Kgone go Ikanya ba Bangwe
  • Tshepa Badumedimmogo le Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Bagolwane—Tlhokomelang Boikarabelo jwa Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Kgona go Ikanya go Botlhokwa Gore re Nne re Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Dira Gore ba Bangwe ba go Tshepe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 3/1 ts. 25-28

A o Tshaba go Ikanya ba Bangwe?

‘GA GO na ope yo ke ka buang le ene. Batho ga ba kitla ba tlhaloganya. Ba tshwaregile thata ka mathata a bone. Ga ba na nako ya me.’ Ba le bantsi ba ikutlwa ka tsela eo, ka jalo ga ba batle go bolelela ba bangwe dilo tsa bone. Fa ba bangwe ba ba botsa gore ba tsogile jang, gantsi ba batla go ba bolelela, mme ga ba bue. Ga ba kgone go itlhalosa fela ba gololesegile.

Ke boammaaruri gore go na le bao ba sa batleng thuso ya ba bangwe. Lefa go ntse jalo, ba bantsi ba batla thuso ka tlhoafalo mme ba tshaba go bolelela ba bangwe se se kwa tengteng mo megopolong ya bone, mo maikutlong a bone le se se ba diragaletseng. A o mongwe wa bone? A ruri ga go na ope yo o ka mo ikanyang?

Go Tlhaloganya Poifo

Mo lefatsheng la gompieno go na le bothata jwa go se ikanye ope. Basha ga ba bue le batsadi ba bone. Batsadi ga ba buisane. Ke ba se kae fela ba ba batlang go bua le ba ba nang le taolo. Ba bangwe ka ntlha ya go bo ba sa kgone go bulela ba bangwe mafatlha, ba retologela mo nnotaging, diokobatsi, kana go tshela botshelo jwa bobatana e le go leka go tswa mo mathateng a bone.—Diane 23:29-35; Isaia 56:12.

Go ikanya batho ba ba nang le taolo, ba ba jaaka baruti, dingaka, ba tsa kalafi, le barutabana, go ile ga reketlisiwa ke go senoga mo go sa feleng ga go se ikanyege le boitsholo jo bo sa siamang. Ka sekai, phopholetso nngwe ya re mo e ka nnang diperesente di le 10 tsa baruti ba nnile le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Batho bano ba ba “dirang gore ba se tlhole ba ikanngwa” go kwala jalo mokwadi mongwe, “ba epa mangope, ba ba ba bule diphatlha tse dikgolo thata mo ditirisanong tsa batho.” Seno se ama jang diphuthego tsa bone? Se senya go ikanya.

Go senyega ga boitsholo mo go anameng sekanakana le gone go bakile matlhotlhapelo mo lelapeng, mo eleng gore go se dirisane sentle mo malapeng ke tsela ya botshelo, ga se selo se se sa tlwaelegang. Legae pele e ne e le lefelo le motho a bonang tlhokomelo mo go lone. Gompieno gantsi le tshwana fela le seteishene sa peterolo ka nako ya dijo. Fa ngwana a golela mo lelapeng le go se nang “lorato lwa tlholego” mo go lone, ka tlwaelo go felela ka gore a se ka a ikanya ba bangwe fa a setse a godile.—2 Timotheo 3:3.

Go feta moo, jaaka fa maemo a lefatshe a ntse a senyegela pele, go direga thata gore re diragalelwe ke dilo tse di ka re utlwisang botlhoko. Mo boemong jo bo tshwanang le jono, moporofeti Mika o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa ikanya tsala.” (Mika 7:5) O ka nna wa ikutlwa ka tsela e e tshwanang morago ga go swabisiwa ke sengwe se sennye, go sena go senolwa sephiri sa gago, kana o sena go diragalelwa ke sengwe se se go tshositseng thata. O go fitlhela go le thata go ikanya ba bangwe gape mme o simolola go swa senku letsatsi lengwe le lengwe o na le sekgoreletsi fela mo maikutlong. (Bapisa Dipesalema 102:1-7.) Ke boammaaruri gore boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka go thusa go dira, mme “bohutsana jwa pelo” ya gago bo ka go amoga boitumelo le fa e le bofe jwa mmatota mo botshelong. (Diane 15:13) Boammaaruri ke gore, go re o itekanele mo semoyeng, mo maikutlong, mo tlhaloganyong le mo mmeleng, sekgoreletsi seo se tshwanetse go thubiwa mme o tshwanetse go ithuta go ikanya batho. A seo se a kgonega? Ee.

Ke ka Ntlha Yang fa Sekgoreletsi se Tshwanetse go Thubiwa?

Go bolelela ba bangwe mathata a gago go golola pelo e e hutsafetseng. Hana o kile a nna le boitemogelo jono. O ne a na le lenyalo le le monate, legae le le sireletsegileng, mme o ne a ngomogile pelo fela thata. Lefa a ne a le mo “bogalakeng jwa mowa,” ka botlhale o ne “a rapela Jehofa” ka maikutlo a a neng a dira gore dipounama tsa gagwe tse di neng di didimetse di rorome. Ee, o ne a bolelela Jehofa bothata jotlhe. Mme o ne a bolelela moemedi wa Modimo e bong Eli mathata a gagwe. Go ne ga felela ka eng? “[Hana] a itsamaela a ya tseleng ya gagwe, mme a ja, mme sefatlhogo sa gagwe sa se ka sa tlhola se tlhontse.”—1 Samuele 1:1-18.

Ditso tse dintsi di itse melemo ya go bolelela yo mongwe se se mo mafatlheng. Ka sekai, go tlotla ka se o se akanyang le ka maitemogelo a gago le bao ba kileng ba nna mo boemong jo bo tshwanang go ka itshupa go le molemo. Babatlisisi ba fitlheletse tshwetso eno: “Go se bolelele ope maikutlo a gago go ka baka bolwetse—re tshwanetse go bulela ba bangwe mafatlha a rona gore re nne re tsaya sentle mo tlhaloganyong.” Lenaane le le ntseng le oketsega la dipatlisiso tsa saense le tlhomamisa boammaaruri jwa seane se se tlhotlheleditsweng se se reng: “Yo o itomololang o batla keletso ya gagwe ka esi, mme a šakgalele botlhale jotlhe jo bo itekanetseng.”—Diane 18:1.

Fa o sa bulele ba bangwe mafatlha a gago, ba ka go thusa jang? Lefa Jehofa Modimo a kgona go bala dipelo, ba lelapa le ditsala tsa gago ga ba itse mogopolo le maikutlo a gago a a kwa tengteng—ntle fela le fa o ba bolelela. (1 Ditirafalo 28:9) Fa bothata bo akaretsa go tlola molao wa Modimo, go se ipolele go dira gore dilo di senyegele pele.—Diane 28:13.

Ruri, melemo ya go bolelela ba bangwe tlalelo ya gago e feta thata dikotsi tsa go utlwa botlhoko. Ee ruri, seo ga se reye gore re tshwanetse go tsamaya re phatloga fela ka dilo tse di re amang re sa tlhokomele. (Bapisa Baatlhodi 16:18; Jeremia 9:4; Luke 21:16.) “Yo o itirelang ditsala di le dintsi, o itirela go itshenya,” Diane 18:24 e lemosa jalo mme gape e oketsa jaana: “Mme go na le tsala e e kgomarelang motho bogolo go ngwana wa ga rraagwe.” O ka bona kae tsala e e ntseng jalo?

Go Ikanya ba Lelapa la Gago

Fa o na le bothata, a o kile wa leka go bo tlotla le molekane wa gago wa lenyalo kana le batsadi ba gago? “Mo mathateng a mantsintsi, go tlhokega fela gore o a bue ka botswapelo,” go dumela jalo mogakolodi mongwe yo o nang le maitemogelo. (Diane 27:9) Banna ba ba nyetseng ba Bakeresete ba ba ‘ratang basadi ba bone fela jaaka ba ithata,’ basadi ba ba nyetsweng ba ba ‘ineelang mo banneng ba eleng ba bone,’ le batsadi ba ba tsayang boikarabelo jwa bone jo ba bo neilweng ke Modimo ka tsela e e masisi jwa ‘go godisetsa bana ba bone mo taong ya Morena,’ ba tla leka thata go nna bautlwi ba ba kutlwelobotlhoko le bagakolodi ba ba nang le thuso. (Baefeso 5:22, 33; 6:4) Lefa a ne a se na mosadi le fa e le bana ba mmatota, a bo Jesu a ne a tlhoma sekao se se molemo jang ne mo ntlheng eno!—Mareko 10:13-16; Baefeso 5:25-27.

Go tweng fa e le gore bothata bo bogolo mo e leng gore bo ka se kgone go rarabololwa ke ba lelapa? Mo phuthegong ya Bokeresete ga re tlhoke go nna re le rosi fela. “Go na le mang yo o bokoa, nna ke se bokoa?” go ne ga bolela jalo moaposetoloi Paulo. (2 Bakorinthe 11:29) O ne a tlhagisa jaana: “Rwadisanyang merwalo.” (Bagalatia 6:2; Baroma 15:1) Mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba rona ba semoya, kwa ntle ga pelaelo re ka fitlhela gore go na le ba bantsi ba eleng ‘barwarramotho ba ba tsaletsweng motlha wa pitlagano.’—Diane 17:17.

Ikanye Phuthego

Mo diphuthegong tse di fetang 80 000 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, go na le banna ba ba ikokobeditseng ba ba direlang e le “bakokotletsi ba boitumelo jwa lona.” (2 Bakorinthe 1:24) Bano ke bagolwane. Isaia o bolela gore “Monna o tlaa nna jaaka boipoteletso mo phefong, le boitekeletso mo ledimong; jaaka dinoka tsa metsi mo sekakeng, jaaka moriti wa lefika le legolo mo nageng e e lapisang.” Seo ke se bagolwane ba lekang go nna sone.—Isaia 32:2; 50:4; 1 Bathesalonika 5:14.

Bagolwane ba fitlhelela ditshwanelego tsa Dikwalo pele ga ba ‘tlhomiwa ka moya o o boitshepo.’ Go itse seno go tla nonotsha go ba ikanya ga gago. (Ditiro 20:28; 1 Timotheo 3:2-7; Tito 1:5-9) Se o se buang le mogolwane se tla nna e ntse e le sephiri. Go ikanyega ke nngwe ya ditshwanelego tsa gagwe.—Bapisa Ekesodo 18:21; Nehemia 7:2.

Bagolwane mo phuthegong “ba disitse mewa ya lona, jaaka ba ba tlaa ikarabelang.” (Bahebere 13:17) A seno ga se go tlhotlheletse gore o ikanye banna bano? Ka tlhago fela, ga se bagolwane botlhe ba ba nang le dinonofo tse di tshwanang. Bangwe ba ka lebega ba atamelesega thata, ba le pelonomi, kana ba tlhaloganya go feta ba bangwe. (2 Bakorinthe 12:15; 1 Bathesalonika 2:7, 8, 11) Ke ka ntlha yang fa o sa bue le mogolwane yo o ikutlwang o gololesegile fa o na le ene?

Banna bano ga ba duelwe go dira tiro eno. Go na le moo ke “dimpho [ka] banna,” tse Jehofa a di go neileng go go thusa. (Baefeso 4:8, 11-13 bapisa NW; Bagalatia 6:1) Jang? Ka go dirisa Baebele ka tsela e e botlhale, ba tla dirisa nonofo ya yone ya go fodisa boemo jo o leng mo go jone. (Pesalema 107:20; Diane 12:18; Bahebere 4:12, 13) Ba tla rapela le wena e bile ba tla go rapelela. (Bafilipi 1:9; Jakobe 5:13-18) Thuso e e tswang go bagakolodi ba ba ntseng jalo ba ba lorato e ka dira go le gontsi go alafa moya o o hutsafetseng e bo e dire gore o ritibale maikutlo.

Kafa o ka Dirang ka Gone Gore o Kgone go Ikanya ba Bangwe

Go kopa thuso, kgakololo, kana go reediwa ga go bontshe bokoa kana tlhaelo. Ke go lemoga fela gore ga re a itekanela le gore ga go na ope yo o itseng dilo tsotlhe. Totatota, mogakolodi yo mogolo go gaisa botlhe le yo re ka mo ikanyang ke Rraarona wa selegodimo, Jehofa Modimo. Re dumalana le mopesalema yo o kwadileng jaana: “Jehofa ke thata ya me le thebe ya me; pelo ya me e ikantse mo go ene, mme ke thusegile.” (Pesalema 28:7) Fa re rapela re ka ‘tsholola dipelo tsa rona’ fela ka tlhamalalo mo go ene nako nngwe le nngwe, re solofela gore o a re utlwa e bile o a amega ka rona.—Pesalema 62:7, 8; 1 Petere 5:7.

Mme o ka ithuta jang go ikanya bagolwane le ba bangwe mo phuthegong? Sa ntlha, itlhatlhobe. A o na le lebaka le le utlwalang la go se ba tshepe? A o na le go belaela se ba bangwe ba se dirang? (1 Bakorinthe 13:4, 7) A go na le tsela nngwe e re ka fokotsang go utlwa botlhoko ka yone? Ee. Jang? Leka go tlwaelana le ba bangwe mo dilong tsa semoya. Bua le bone kwa dipokanong tsa phuthego. Tsamaya le ene mo tirong ya ntlo le ntlo. Go ikanya, fela jaaka go tlotla ke selo se o se bapalang. Ka jalo nna pelotelele. Ka sekai fa o ntse o simolola go itse modisa wa semoya, go mo ikanya ga gago go tla nna go gola. Bolela dilo tse di go tshwenyang ka bonya ka bonya. Fa a arabela sentle, ka kutlwelobotlhoko, le ka tsela e e botlhale, o ka nna wa leka go mmolelela mo go oketsegileng.

Baobamedi mmogo le wena ba ga Jehofa, segolobogolo bagolwane ba Bakeresete, ba dira ka natla go etsa dinonofo tse di gogelang tsa Modimo fa ba dirisana le ba bangwe. (Mathaio 5:48) Seno se felela ka gore go nne le go ikanyana mo phuthegong. Mogolwane mongwe yo o diretseng ka nako e telele o bolela jaana: “Bakaulengwe ba tshwanetse go itse selo se le sengwe fela: Go sa kgathalesege se motho a se dirang, mogolwane ga a felelwe ke lorato lwa gagwe lwa Bokeresete mo go ene. A ka tswa a sa rate se se dirilweng, mme o santse a rata mokaulengwe wa gagwe e bile a batla go mo thusa.”

Ka jalo ga go tlhokege gore o ikutlwe o latlhegile fa o na le bothata. Bua le mongwe yo ‘e leng wa semoya’ yo o ka go thusang go rwala mokgweleo wa gago. (Bagalatia 6:1.) Gakologelwa gore “boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise,” mme “mafoko a a monate a ntse jaaka lomepa lwa dinotshe, a monate mo moweng, e bile ke phodiso mo marapong.”—Diane 12:25; 16:24.

[Lebokoso mo go tsebe 26]

Mokeresete le fa e le ofe a ka nna a kopiwa go thusa wa losika, tsala, kana mokaulengwe wa semoya yo o nang le bothata. A o a itse gore o ka thusa jang?

Mogakolodi yo o Atlegileng

o a atamelesega: Mathaio 11:28, 29; 1 Petere 1:22; 5:2, 3

o tlhopha nako e e tshwanetseng: Mareko 9:33-37

o batla go tlhaloganya bothata: Luke 8:18; Jakobe 1:19

ga a galefe: Bakolosa 3:12-14

o thusa go emelana le maikutlo a a botlhoko: 1 Bathesalonika 5:14; 1 Petere 3:8

o itse gore o felela fa kae: Bagalatia 6:3; 1 Petere 5:5

o naya kgakololo e e tlhamaletseng: Pesalema 19:7-9; Diane 24:26

o boloka khupamarama: Diane 10:19; 25:9

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela