LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 5/1 ts. 4-7
  • Go Ikanyega mo Lefatsheng Le le Sa Itekanelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikanyega mo Lefatsheng Le le Sa Itekanelang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Latlhegelwa ke Bothokgami Kwa Tshimologong
  • Botlhokwa Jwa go Boloka Bothokgami
  • Go Ikanyega ka fa Tlase ga Teko
  • Bothokgami Jwa ga Jobe
  • Bothokgami le Bodiredi Jwa Bokeresete
  • Bothokgami—Dituelo
  • Tswelela o Ikanyega mo go Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • A o Tla Nna o Bolokile Bothokgami?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Boloka Bothokgami?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tsamaya mo Tseleng ya Bothokgami
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 5/1 ts. 4-7

Go Ikanyega mo Lefatsheng Le le Sa Itekanelang

“MOLEMO o ke o eletsang ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo eletseng ke jone jo ke bo dirang e le tlwaelo.” A o bona seno se le boammaaruri ka wena? O kgothatsege go itse gore moaposetoloi Paulo o ne a na le bothata jo bo tshwanang; le fa go ntse jalo e ne e le monna yo o neng a boloka bothokgami jwa Bokeresete ka tsela e e tlhomologileng. A seno ga se ikganetse? Paulo o ne a sekaseka bothata jono mo lekwalong le a neng a le kwalela Bakeresete jaana kwa Roma: “Fa, jaanong, se ke sa se eletseng e le sone se ke se dirang, yo o se dirang ga e tlhole e le nna, mme ke boleo jo bo nnang mo go nna.” O ne a bolela ka boleo bofe, mme o ne a bo fenya jang gore a nne monna yo o bolokang bothokgami?—Baroma 7:19, 20.

Pelenyana Paulo o ne a kwala jaana mo lekwalong la gagwe: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, mme ka gone loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” “Motho a le mongwe” yono e ne e le Adame. (Baroma 5:12, 14) Boleo jwa ga Adame—e leng boleo jwa motho wa ntlha, Adame—ke jone jo bo dirileng gore re rue bosaitekanelang jwa lotso lwa batho e bile ke lone lebaka la konokono le le dirang gore go boloka bothokgami e nne kgwetlho e kgolo jaana.

Tsela e Paulo a neng a leba “boleo jwa kwa tshimologong” ka yone, jaaka bo ne bo bidiwa jalo pele, ga e amogelwe thata gompieno ka ntlha ya gore pego ya Baebele ya popo e ntse e ganediwa ke baithutabomodimo e re ka ba dumela dikgopolo tsa thutotlhagelelo. “Bakanoki ba ile ba tlosa temana yotlhe fela,” ke ka fa thanolo nngwe ya segompieno e neng ya bolela ka gone ka Baroma 5:12-14. Le fa go ntse jalo, dingwaga tse di lekgolo tse di fetileng, dithanolo tsa Baebele di ne di tlhalosa ka tsela e e tshwanang gore “fa Adame a ne a leofa . . . dikokomana tsotlhe tsa gagwe di ne tsa leswefadiwa ka boleo joo le ke diphelelo tsa jone.”a

Go Latlhegelwa ke Bothokgami Kwa Tshimologong

Fela jaaka gompieno batho ba le bantsi ba ganetsa gore motho wa ntlha e bong Adame o kile a tshela, go ntse fela jalo le ka Satane, Diabolo, o tsewa fela jaaka motho wa tlhamane.b Mme motswedi o mogolo wa tshedimosetso e bong Jesu Keresete o re bolelela gore Satane “o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring,” ka mafoko a mangwe, o ne a sa ikanyege. (Johane 8:44) Mme e ne e le Satane yo o neng a tlhotlheletsa Adame le mosadi wa gagwe, Efa gore ba tsuologele Jehofa le go roba bothokgami jwa bone fa ba ne ba lekwa.—Genesise 3:1-19.

E re ka rotlhe re tswa mo go Adame, rotlhe re ruile tsela ya go dira boleo. Monna yo o botlhale Solomone o ne a bolela jaana: “Ga go na mosiami ope mo lefatsheng yo o dirang molemo a sa leofe.” (Moreri 7:20) Le fa go ntse jalo, motho ope fela o ka ikanngwa. Seno se ka kgonega jang? Ka gonne ga go tlhoke gore motho a bo a itekanetse gore a tle a boloke bothokgami.

Botlhokwa Jwa go Boloka Bothokgami

Kgosi Dafite wa Iseraele o ne a dira diphoso di le dintsi, go akaretsa tshedimosetso e e kwadilweng ka ga gagwe e e malebana le boaka jo a neng a bo dira le Bathesheba. (2 Samuele 11:1-27) Diphoso di le dintsi tsa ga Dafite di otlelela fela gore o ne a sa itekanela. Le fa go le jalo, ke eng se Jehofa a neng a se bona mo monneng yono? Jehofa o ne a re, fa a ne a bua le morwa Dafite e bong Solomone: “Sepela fa pele ga me, jaaka Dafite rraago a ne a sepela, mo boitekanelong jwa pelo le mo thokgamong.” (1 Dikgosi 9:4, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Go sa kgathalesege diphoso tsa ga Dafite tse dintsi, Jehofa o ne a lemoga gore o ne a ikanyega tota go tswa mo pelong. Ka ntlha yang?

Dafite o ne a araba seo fa a ne a bolelela Solomone jaana: “Jehofa o kheleisa dipelo tsotlhe, o tlhaloganya dikakanyo tsotlhe tsa megopolo.” (1 Ditirafalo 28:9) Dafite o ne a dira diphoso, mme o ne a ikokobeditse, e bile o ne a batla go dira se se siameng. Ka metlha o ne a amogela kgalemo le go tlhamaladiwa—ee ruri, o ne a kopa go thusiwa ka tsela eo. “Nkeleka, Jehofa o mphukutse; leka diphilo tsa me, le pelo ya me” o ne a kopa jalo. (Pesalema 26:2) Mme Dafite o ne a ntlafadiwa. Ka sekai, dipatikego tse di neng di bakiwa ke boleo jwa gagwe le Bathesheba di ile tsa nna gone go fitlha a swa. Le fa go ntse jalo, Dafite ga a ise a ko a leke go tlhofofatsa phoso ya gagwe. (2 Samuele 12:1-12) Se se botlhokwa le go feta, ga a ise a ko a tlogele kobamelo ya boammaaruri. Ka ntlha ya seno, le ka go bo Dafite a ne a bontsha kutlobotlhoko le go ikotlhaya ga mmatota, mo go tswang mo pelong, Jehofa o ne a ikemiseditse go itshwarela maleo a gagwe le go mo amogela jaaka motho yo o bolokang bothokgami.—Bona gape Pesalema 51.

Go Ikanyega ka fa Tlase ga Teko

Jesu o ne a lekwa ke Satane Diabolo a leka gore a robe bothokgami jwa gagwe. O ne a tshwanelwa ke go boloka bothokgami jwa gagwe a le mo mathateng e bile a boga, go farologana le Adame, yo go nna kutlo ga gagwe jaaka motho yo o itekanetseng go neng ga lekwa fela ka go laelwa gore a utlwe molao wa Modimo. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a imelwa ke go itse gore go gololwa ga batho go ne go ikaegile ka bothokgami jwa gagwe.—Bahebera 5:8, 9.

Satane o ne a ititaya sehuba gore a robe bothokgami jwa ga Jesu, ka go mo atamela fa Jesu a ne a le bokoa fela thata—morago ga gore a nne malatsi a le 40 a tlhatlhanya le go itima dijo kwa nageng. O ne a raela Jesu gararo—gore a fetole maje go nna senkgwe; gore a itige kwa setlhoeng sa tempele, a ntse a akantse gore baengele ba tla tsereganya ka go mmoloka e bile seo e ne e tla nna sesupo se se gakgamatsang sa go tlhomamisa gore ke Mesia; le gore a amogele puso ya magosi otlhe a lefatshe leno ka gore a direle fela Satane “tiro nngwe ya kobamelo.” Mme Jesu o ne a gana thaelo nngwe le nngwe, a boloka bothokgami jwa gagwe mo go Jehofa.—Mathaio 4:1-11; Luke 4:1-13.

Bothokgami Jwa ga Jobe

Boemo jwa ga Jobe jwa go boloka bothokgami a le mo tekong, bo itsege thata. Se se kgatlhang ke gore Jobe o ne a sa tlhaloganye lebaka la go bo masetlapelo ano a ne a mo wela. O ne a sa itse gore Satane o rile o ne a na le maikutlo a a phoso, a bolela gore Jobe o ne a direla Modimo ka ntlha ya mabaka a bopelotshetlha a bo a bolela gore Jobe o ne a tla roba bothokgami jwa gagwe motlhofo fela, e le gore a sireletse botshelo jwa gagwe. Modimo o ne a letlelela Jobe gore a diragalelwe ke dilo dingwe tse di lekang tota e le gore a bontshe gore Satane o ne a le phoso.—Jobe 1:6-12; 2:1-8.

Ditsala tse tharo tsa maaka di ne tsa nna teng mo tiragalong eno. Ba ne ba sokamisa melao le maikaelelo a Modimo ka boomo. Tota le mosadi wa ga Jobe, e re ka le ene a ne a sa tlhaloganye kgang eno, o ne a palelwa ke go kgothatsa monna wa gagwe mo nakong eno e a neng a tlhoka thuso thata mo go yone. (Jobe 2:9-13) Mme Jobe o ne a ema a nitame. “Ga nketla ke itlosa thokgamo ya me, go ba ke tla ke swa. Tshiamo ya me ke e tshwaretse ruri, ga nketla ke e lesa; ke tlaa re ke sa ntse ke tshedile, pelo ya me ga e ketla e nkgoba.”—Jobe 27:5, 6.

Sekai sa ga Jobe se se tlhomologileng, mmogo le sa go boloka bothokgami ga banna le basadi bangwe ba ba ikanyegang, jaaka di kwadilwe mo Baebeleng, di supile fa Satane e le moaki.

Bothokgami le Bodiredi Jwa Bokeresete

A bothokgami ke nonofo e Jehofa a e tseelang kwa godimo gore a ikgotsofatse? Nnyaa. Bothokgami ke nonofo e e botlhokwa thata mo go rona batho. Ke rona re neng re tla solegelwa molemo fa Jesu a ne a re tlhagisa gore re ‘rate Jehofa Modimo wa rona ka pelo yotlhe ya rona le ka moya otlhe wa rona le ka mogopolo otlhe wa rona.’ Eleruri, eno ke “taolo e kgolo thata e bile e le ya ntlha,” mme go tlhokega gore monna, mosadi, kana ngwana yo o bolokang bothokgami a e utlwe. (Mathaio 22:36-38) Ke eng se se akarediwang moo, mme dituelo tsa gone ke dife?

Motho yo o bolokang bothokgami a ka ikanngwa, e seng fela ke motho yo mongwe, mme se se botlhokwa thata, o ka ikanngwa ke Modimo. O bona ka ditiro tsa gagwe gore pelo ya gagwe e phepa; ga a boitimokanyo. Ga a boferefere kana senokwane. Moaposetoloi Paulo o e baya ka tsela eno: “Re baketse dilo tsa boferefere tse di tshwanetseng go re tlhabisa ditlhong, re sa tsamaye ka bohelepa, lefa e le go kgotlela lefoko la Modimo, mme ka go dira gore boammaaruri bo bonatshege re ikhaka mo segakoloding sengwe le sengwe sa motho mo ponong ya Modimo.”—2 Bakorintha 4:2.

Ela tlhoko gore Paulo o umaka maikutlo a a amang bodiredi jwa Bokeresete. Modiredi wa Mokeresete o ka direla ba bangwe jang fa diatla tsa gagwe di se phepa, fa e se motho yo o bolokang bothokgami? Mookamedi wa baitlami wa batho ba bodumedi jwa Ba-Ireland yo bosheng jaana a neng a tlogela boeteledipele jono, o bontsha ntlha eno sentle. O ne a dumela gore o “ne a dumelela moruti yo o tlhakanelang dikobo le bana go tswelela pele a bereka le bana ka nako e telele fa go sena go itsiwe gore o sotla bana,” go bolela jalo lokwalodikgang lwa The Independent. Pego eno e tlhalosa gore tshotlo eno e ne ya tsaya dingwaga tse di fetang 24. Moruti o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka dingwaga di le nnè, mme akanya ka go boga ga bana ba ba neng ba sotlwa mo dingwageng tseo ka gonne mookamedi wa gagwe a ne a sa boloke bothokgami jwa go tsaya kgato!

Bothokgami—Dituelo

Moaposetoloi Johane e ne e le monna yo o pelokgale. Ka ntlha ya go tlhagafala ga bone thata, Jesu o ne a bitsa ene mmogo le morwarraagwe e bong Jakobe “Barwa Tumo ya Maru.” (Mareko 3:17) Monna yo o neng a boloka bothokgami ka tsela e e tlhomologileng e bong Johane, mmogo le Petere, ba ne ba tlhalosetsa babusi ba Bajuda gore ba ne ‘ba ka se tlogele go bua’ ka dilo tse ba di boneng le tse ba di utlwileng fa ba ne ba na le Jesu. Gape Johane e ne e le mongwe wa baaposetoloi ba ba neng ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo jaaka mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 4:19, 20; 5:27-32.

Go bonala fa Johane a ne a le mo dingwageng tsa bo90, o ne a isiwa botshwarong kwa Setlhaketlhakeng sa Patamose “ka ntlha ya go bua ka Modimo le go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 1:9) Ka ntlha ya dingwaga tse a neng a na le tsone, o ka tswa a ne a akanya gore bodiredi jwa gagwe bo fedile. Mme ke motho fela yo o bolokang bothokgami jaaka ene yo o neng a ka neelwa tiro ya go kwala ponatshegelo e e kgatlhang ya Tshenolo. Johane o ne a ikanyega mo go seno. A bo a ne a nna le tshiamelo jang ne! Mme go ne go na le ditshiamelo tse dingwe tse di neng di tla. Morago ga moo, gongwe kwa kgaolong ya Efeso, o ne a kwala pego ya gagwe ya Efangele le dikwalo tse tharo. E ne e le ditshiamelo tse dikgolo tsa go konela dingwaga tse 70 a le mo tirelong e e ikanyegang!

Go nna motho yo o bolokang bothokgami ka kakaretso go a kgotsofatsa tota. Go ikanyega fa pele ga matlho a Modimo go tlisa dituelo tse di nnelang ruri. Gompieno “boidiidi jo bogolo” jwa baobamedi ba boammaaruri bo baakanyediwa go tsena mo lefatsheng le lesha le le nang le kagiso le kutlwano, bo na le tebelelo ya go tshela ka bosakhutleng. (Tshenolo 7:9) Bothokgami mo dikgannyeng tse di botlhokwa tsa boitsholo le kobamelo di tshwanetse tsa bolokiwa, go sa kgathalesege diteko tsa tsamaiso eno ya dilo le dikgwetlho di le dintsi tse Satane a ka nnang a di tlisetsa batho. Tlhomamisega gore ka maatla a Jehofa a re a neelang, o ka atlega!—Bafilipi 4:13.

Fa mopesalema Dafite a ne a bua ka nako ya gompieno le ya mo isagweng, o ne a re tlhomamisetsa rotlhe fa a re, mo thapelong e a neng a leboga Jehofa mo go yone: “Ka ga me o ntse o nkokotletsa, mo go tlhokeng molato ga me, wa ntlhoma fa pele ga sefatlhogo sa gago ka bosakhutleng. A go nne go bakwe Jehofa . . . A go nne jalo, fela jalo.”—Pesalema 41:12, 13.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Kakgelo ka The New Testament of Our Lord and Saviour Jesus Christ, according to the Authorised Version, with a brief commentary by various authors.

b Leina le le reng Satane le raya “Moganetsi.” “Diabolo” le raya “Mopateletsi.”

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go sa kgathalesege diphoso tsa ga Dafite, o ne a ipontsha a ka ikanngwa

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Jesu o ne a re tlogelela sekao se se molemolemo sa boikanyegi

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Go ikanyega go a kgotsofatsa tota

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela