LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 5/1 ts. 24-29
  • Modimo ke Botshabelo Jwa me le Thata ya me

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo ke Botshabelo Jwa me le Thata ya me
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nonotshetswa Isagwe
  • Karabo ya Mmaba—Kgolegelo
  • Kwa Lichtenburg
  • Kwa Ravensbrück
  • Dingwaga Tse di Bokete Tsa Morago ga Ntwa
  • Go Thibelwa Gape le go Tshwarwa
  • Nonofo le Thuso e e Tswang Kwa go Jehofa
  • Jehofa O ne A Nna e Ntse e le Botshabelo le Thata ya Me
  • Re ne Ra Kgona go Falola Dipuso Tsa Bobusaesi kKa Thuso ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Abo go Ipedisa Jang ne go Nna mo Tafoleng ya ga Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Lebelela mo go Jehofa ka Bopelotelele go Tloga mo Bosheng Jwa me go ya Pele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Bosula Jwa Ba-Nazi bo a Senolwa
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 5/1 ts. 24-29

Modimo ke Botshabelo Jwa me le Thata ya me

JAAKA GO BOLETSE CHARLOTTE MÜLLER

“Go nna ga gago dingwaga di le robongwe kafa tlase ga Hitler go go baakantse,” go ne ga bolela jalo moatlhodi mongwe wa Mokomonise. “Ruri o ne o le kgatlhanong le ntwa, mme gone jaanong o kgatlhanong le kagiso ya rona!”

ONE a bua ka nako ya fa ke ne ke tswaletswe mo kgolegelong ke Banasi pelenyana le ka nako ya fa ke ne ke le mo tlase ga puso ya bososialise kwa German Democratic Republic. Kwa tshimologong ke ne ke sa itse gore ke reng mme moragonyana ka araba ka re: “Mokeresete ga a kgaratlhele kagiso ya boammaaruri ka tsela e e tshwanang le e batho ba bangwe ba e kgaratlhelang ka yone. Ke leka fela go latela taolo ya Baebele ya go rata Modimo le moagelani wa me. Lefoko la Modimo le nthusa go nna le kagiso mo puong le mo ditirong.”

Ka lone letsatsi leo, ka September 4, 1951, Bakomonise ba ne ba nkatlholela dingwaga di le robedi mo kgolegelong—e leng dingwaga tse di kafa tlase ga tsa katlholo ya puso ya Bonasi ka ngwaga o le mongwe fela.

Fa rona Basupi ba ga Jehofa re ne re bogisiwa ke National Socialists le ke Bakomonise, ke ne ke gomodiwa ke Pesalema 46:1: “Modimo ke botshabelo jwa rona le thata, thuso e e gaufi thata mo tlalelong.” Ke Jehofa fela yo o neng a nnaya thata gore ke itshoke, e bile ka metlha fa ke ithuta Lefoko la gagwe, ke nna ke nonofa le go feta.

Go Nonotshetswa Isagwe

Ke tshotswe ka 1912 kwa Gotha-Siebleben kwa Thuringia, kwa Jeremane. Le fa batsadi ba me e ne e le Baporotesetanta, rre o ne a batla boammaaruri jwa Baebele le puso ya tshiamo. E rile batsadi ba me ba bona “Photo-Drama of Creation,” ba ne ba itumela fela thata.a Rre o ne a bone se a sa bolong go se batla—Bogosi jwa Modimo.

Rre le Mmè, mmogo le rona bana ba barataro, re ne ra iphimola kwa kerekeng ka March 2, 1923. Re ne re nna kwa Chemnitz kwa Saxony, mme ra kopanela le Baithuti ba Baebele gone koo. (Ba le bararo ba bomorwarre le bomorwadiarre e ne ya nna Basupi ba ga Jehofa.)

Kwa dipokanong tsa Baithuti ba Baebele, ke ne ka amiwa thata ke ditemana tsa Dikwalo le boammaaruri jo bo botlhokwa, mme tseno di ne tsa tlatsa pelonyana ya me ka boitumelo. Sa ntlha, go ne go na le tao eo rona basha ba Bakeresete, ba re neng re feta 50, re neng re e newa ka Sontaga, e bile nna le morwadiarre Käthe re ne ra e amogela ka lobakanyana. Mo setlhopheng sa rona go ne go na le Konrad Franke yo mosha, yo o neng a na le go rulaganya go tsaya maeto a dinao mo dithabeng le go re ruta go opela. Moragonyana go tloga ka 1955 go ya go 1969, Mokaulengwe Franke o ne a direla jaaka molebedi wa lekala la Watch Tower kwa Jeremane.

Dingwaga tsa bo1920 e ne e le dingwaga tsa dikgoberego, ka dinako tse dingwe le e leng mo gare ga batho ba Modimo. Bangwe, e re ka ba ne ba sa tlhole ba amogela Tora ya Tebelo e le ‘dijo ka nako e e tshwanetseng,’ ba ne ba le kgatlhanong le tiro ya go rera ka ntlo le ntlo. (Mathaio 24:45) Seno se ne sa dira gore go nne le botenegi. Mme e ne e le tsone “dijo” tseno tse di neng tsa re naya thata eo re neng re e tlhoka thata ka nako eo. Ka sekai, go ne go na le ditlhogo tsa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) tse di neng di re “Go Sego Ba ba Sa Boifeng” (1919) le “Ke Mang yo o Tla Tlotlang Jehofa?” (1926) Ke ne ke batla go tlotla Jehofa ka go dira ka bopelokgale, ka jalo ke ne ka abela batho dibuka le dibukana di le dintsi tsa ga Mokaulengwe Rutherford.

Ka March 1933, ke ne ka kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka one ngwaga oo, tiro ya rona ya go rera efangele e ne ya thibelwa kwa Jeremane. Kwa kolobetsong, go ne ga buiwa ka Tshenolo 2:10 e le kgakololo e e tla dirang mo isagweng: “O se ka wa boifa dilo tse o tlogang o di boga. Bona! Diabolo o tla nna a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo bewe mo tekong ka botlalo, le gore lo nne le pitlagano malatsi a le lesome. Itshupe o le boikanngo le eleng go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.” Ke ne ka tlhatlhanya thata ka temana eno, ke se na pelaelo ya gore ke emetswe ke teko e e bokete. Go ne ga nna fela jalo.

Ka gonne re ne ra nna re sa tseye letlhakore mo dipolotiking, baagelani ba rona ba le mmalwa ba ne ba re belaela. Morago ga ditlhopho tsa dipolotiki, baemedi ba ba semphato sa sesole sa Bonasi ba ne ba goa fa pele ga ntlo ya rona ba re, “Batsietsi ba nna fa!” Setlhogo se se reng “Lo se Ka Lwa ba Boifa” se se neng se le mo kgatisong ya Tora ya Tebelo ya Sejeremane ya December 1933, se ne sa nkgothatsa fela thata. Ke ne ke batla go nna Mosupi yo o ikanyegang wa ga Jehofa le e leng kafa tlase ga maemo a a thata.

Karabo ya Mmaba—Kgolegelo

Re ne re kgona go gatisa Tora ya Tebelo ka bokhukhuntshwane kwa Chemnitz go fitlha ka letlhabula la 1935. Morago ga moo motšhini o o neng o dirisiwa go dira dimakasine o ne wa tshwanelwa ke go isiwa kwa Beierfeld kwa Dithabeng tsa Ore, kwa o neng wa dirisiwa gone go gatisa dibuka go fitlha ka August 1936. Nna le Käthe re ne re isa dikhopi kwa bakaulengweng bao Rre a neng a re neile diaterese tsa bone. Dilo di ne tsa tsamaya sentle ka nakwana. Mme morago Ba-Gestapo ba ne ba simolola go mpaya leitlho, mme ka August 1936 ba ne ntsaya kwa gae mme ba ntswalela kwa kgolegelong, koo ke neng ke letetse tsheko gone.

Ka February 1937, bakaulengwe ba le 25 le bokgaitsadi ba le 2—go akaretsa le nna—ba ne ba tlhagelela fa pele ga kgotlatshekelo e e kgethegileng kwa Saxony. Go ne go bolelwa gore mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa o ne o batla go menola puso. Bakaulengwe bao ba ba neng ba gatisa Tora ya Tebelo ba ne ba atlholelwa dingwaga di le tlhano kwa kgolegelong. Nna ke ne ka atlholelwa tse pedi.

Go na le gore ke gololwe fa ke sena go wetsa katlholo ya me, ke ne ka tshwarwa ke Ba-Gestapo. Ke ne ke tshwanetse go saena lekwalo le le bolelang gore ga ke na go tlhola ke nna Mosupi yo o tlhaga wa ga Jehofa. Ke ne ka gana nnang, seo se ne sa dira gore modiredimogolo a galefe thata, a tlola, mme a laola gore ke tswalelwe. Lekwalo la taolo eno le bontshitswe mo setshwantshong. Ga ke a ka ka letlelelwa go bona batsadi ba me, ka bonako fela ke ne ka tsenngwa mo kampeng e nnye ya pogisetso ya basadi kwa Lichtenburg kwa nokeng ya Elbe. Ka bonakonyana fela morago ga moo ke ne ka kopana le Käthe. O ne a ntse a le kwa kampeng ya pogisetso kwa Moringen fa e sa le ka December 1936, mme e rile fa kampa eo ya pogisetso e tswalwa, ene mmogo le bokgaitsadi ba bangwe ba bantsi, ba ne ba tla Lichtenburg. Rre le ene o ne a tswaletswe, mme ga ke ise ke tlhole ke mmona gape go fitlha ka 1945.

Kwa Lichtenburg

Ke ne ke sa letlelelwa go nna le Basupi ba bangwe ba basadi ka yone nako eo, gonne ba ne ba otlhaelwa mabaka a mangwe a a farologaneng. Mo go nngwe ya diholo, ke ne ka bona ditlhopha tse pedi tsa magolegwa—basadi ba ka metlha ba nnang mo ditafoleng le Basupi ba ba neng ba tshwanetse go nna letsatsi lotlhe mo dibankeng mme ba sa newe dijo.b

Ke ne ka amogela tiro nngwe le nngwe ke solofetse go tloga ke kopana le Käthe ka tsela nngwe. Mme go ne ga diragala fela jalo. Ke ne ka kopana le ene a ya tirong a tsamaya le magolegwa a mangwe a mabedi. Ka ntlha ya boitumelo, ke ne ka mo tlamparela fela thata. Mme molebedi wa mosadi o ne a ya go re tlaleya ka yone nako eo. Re ne ra botsolotswa, mme go tloga ka yone nako eo, re ne ra kgaoganngwa ka boomo fela. Seo se ne se le bokete fela thata.

Go na le ditiragalo tse dingwe tse pedi tsa kwa Lichtenburg tse ke se kitlang ke di lebala. Mo tiragalong e nngwe magolegwa otlhe a ne a tshwanetse go phuthega mo lebaleng go tla go reetsa nngwe ya dipuo tsa ga Hitler tsa sepolotiki mo radiong. Rona Basupi ba ga Jehofa re ne ra gana, e re ka seno se ne se akaretsa ditiro tsa boratanaga. Ka jalo balebedi ba ne ba lebisa lethompo la metsi a a timang molelo kwa go rona, mme ba re gasa ka metsi a a tswang mo thepeng mme ba re leleka ka lone rona basadi ba re neng re se na se re ka itshireletsang ka sone go tswa kwa boalong jwa bonè go ya go fitlha kwa lebaleng. Koo re ne ra tshwanela go ema re kolobile tota.

Mo tiragalong e nngwe nna mmogo le Gertrud Oehme le Gertel Bürlen re ne re laetswe gore re kgabise ofisi ya molaodi wa mophato ka mabone, gonne letsatsi la botsalo jwa ga Hitler le ne le atamela. Re ne ra gana, re lemoga gore ke maanonyana fela a ga Satane a go leka go re raela fela gore re robe bothokgami jwa rona ka go ineela mo dilong tse dinnye. Mme re ne ra otlhaiwa ka gore mongwe le mongwe wa rona bokgaitsadi ba babotlana a fetse dibeke tse di latelang tse tharo mo seleng e nnye e e lefifi a nna a le mongwe. Mme Jehofa o ne a nna a ntse a le gaufi le rona le e leng mo lefelong le le boifisang jalo, o ne a itshupa e le botshabelo.

Kwa Ravensbrück

Ka May 1939 magolegwa a kwa Lichtenburg a ne a isiwa kwa kampeng ya pogisetso ya kwa Ravensbrück. Koo ke ne ka abelwa go dira kwa botlhatswetsong, mmogo le bokgaitsadi ba bangwe ba le mmalwa ba Basupi. Ka bonako fela morago ga ntwa, re ne re tshwanetse go phutha difolaga tsa swastika, mme re ne ra gana go dira jalo. Ka ntlha ya seo, ba le babedi ba rona, nna le Mielchen Ernst re ne ra tsenngwa mo bonnong jwa sesole. Oo e ne e le mofuta o o botlhoko tota wa kotlhao e bile go ne go raya gore re tshwanetse go dira tiro e e bokete letsatsi le letsatsi, le e leng ka Sontaga, go sa kgathalesege gore maemo a bosa a ntse jang. Ka gale, kotlhao e kgolo thata e ne e tsaya dikgwedi di le tharo, mme rona re ne ra nna moo ngwaga otlhe. Ke ne ke se na go kgona ntle le thuso ya ga Jehofa.

Ka 1942, maemo a rona magolegwa a ne a tokafala go se kae, mme ke ne ka abelwa go nna mophepafatsi wa ntlo ya lelapa lengwe la ba SS le le neng le sa nne kgakala le kampa. Lelapa leno le ne le nnaya kgololesego e e rileng. Ka sekai, ka letsatsi lengwe fa ke ne ke tsamaisa bana gore ba fokwe ke phefo, ke ne ka kopana le Josef Rehwald le Gottfried Mehlhorn, magolegwa a mabedi a a neng a na le letshwao la purple triangle, bao ke neng ka kgona go tlotla le bone re kgothatsana.c

Dingwaga Tse di Bokete Tsa Morago ga Ntwa

E rile ka 1945 masole a ditšhaba tse di farologaneng a a neng a kopane go thusana a ne a atamela, lelapa le ke neng ke bereka kwa go lone le ne la tshaba, mme ke ne ka tshwanela go tsamaya le bone. Ba tsamaya mmogo le malapa a mangwe a ba SS, ba ne ba dira setlhopha se segolo se se neng se tsamaya mmogo go ya bophirima.

Malatsi a le mmalwa a bofelo a ntwa a ne a tletse nthagaraga e bile a le kotsi. Kwa bokhutlong, re ne ra kopana le masole mangwe a Amerika ao a neng a ntetla go ikwadisa kwa toropong e e latelang jaaka mogololesegi. Ke bomang ba ke neng ka kopana le bone koo? Josef Rehwald le Gottfried Mehlhorn. Ba ne ba utlwile gore Basupi botlhe ba kwa kampeng ya pogisetso ya kwa Sachsenhausen ba ne ba fitlhile kwa Schwerin morago ga mogwanto o o diphatsa. Ka jalo ka boraro jwa rona re ne ra tswa go ya kwa toropong eo, e e neng e ka nna bokgakala jwa dikilometara di le 75. A bo go ne ga itumedisa jang ne go kopana le bakaulengwe ba ba ikanyegang kwa Schwerin, ba ba falotseng kwa dikampeng tsa pogisetso, go akaretsa Konrad Franke.

Ka December 1945 boemo bo ne jwa tokafala mo nageng mo e leng gore ke ne ke kgona go tsamaya ka terena. Ka jalo, ke ne ka boela kwa gae! Le fa go ntse jalo, loeto lo ne lo akaretsa go fetsa nako o robetse mo godimo ga kolotsana ya terena le go ema ka dinao fa go fetwang gone. Fa ke fitlha kwa Chemnitz, ke ne ka tsamaya go tswa kwa seteisheneng sa terena ke ya kwa lefelong leo re neng re nna kwa go lone re le lelapa. Mme mo seterateng se masole a Banasi a neng a eme mo go sone e bile a goa a re, “Batsietsi ba nna fa!” go ne go se na le fa e le ntlo e le nngwe e e falotseng. Lefelo lotlhe le ne le sentswe ka mo go feletseng. Le fa go ntse jalo, ke ne ka wela makgwafo fela fa ke fitlhela Mmè, Rre, Käthe, le bomorwarre le bomorwadiarre ba sa ntse ba tshela.

Maemo a itsholelo morago ga ntwa kwa Jeremane a ne a le maswe fela thata. Le fa go ntse jalo, diphuthego tsa batho ba Modimo di ne tsa simolola go nna dintsi mo Jeremane yotlhe. Mokgatlho wa Watch Tower o ne o dirile sotlhe se o ka kgonang go se dira go re baakanyetsa tiro ya go rera. Tiro ya kwa Bethele kwa Magdeburg, e e neng e tswetswe ke Banasi, e ne ya simolola gape. Ka dikgakologo tsa 1946 ke ne ka lalediwa go dira gone mme ke ne ka abelwa go dira mo boapeelong.

Go Thibelwa Gape le go Tshwarwa

Magdeburg e mo kgaolong ya Jeremane e e neng ya simolola go nna kafa tlase ga puso ya Bokomonise. Ba ne ba thibela tiro ya rona ka August 31, 1950, mme ba tswala Bethele ya kwa Magdeburg. Ka jalo tirelo ya me kwa Bethele e ne ya fela, eo e neng e le nako ya thapiso e e mosola. Ke ne ka boela kwa Chemnitz, ke ititeile sehuba gore le e leng kafa tlase ga puso ya Bokomonise ke tla ngangatlela boammaaruri le go bolela ka Bogosi jwa Modimo e le jone fela tsholofelo ya batho ba ba tshwenyegileng.

Ka April 1951, ke ne ka tsamaya le mokaulengwe mongwe go ya kwa Berlin go ya go tsaya dikhopi tsa Tora ya Tebelo. Fa re boa, re ne ra tshoga tota fa re fitlhela seteishene sa terene kwa Chemnitz se dikologilwe ke mapodise a puso. Go ne go phepafetse gore ba ne ba re lebeletse, mme re ne ra tshwarwa ka yone nako eo.

Fa re fitlha kwa re neng ra tswalelwa gone gore re letele tsheko gone, ke ne ke tshwere dipampiri tse di neng di supa gore nkile ka tsenngwa mo kgolegelong ka dingwaga di le mmalwa ke Banasi. Ka jalo, balebedi ba ne ba ntshwara sentle ka tlotlo. Mongwe yo mogolo mo balebeding ba basadi o ne a re: “Lona Basupi ba ga Jehofa ga lo dinokwane; ga lo a tshwanela gore lo bo lo le mo kgolegelong.”

Ka letsatsi le lengwe o ne a tla mo seleng ya me, moo ke neng ke na le bokgaitsadi ba bangwe ba babedi gone, mme ka bokhukhuntshwane a baya sengwe kafa tlase ga bongwe jwa malao. E ne e le eng? Baebele ya gagwe ka namana, e a neng a re fa yone. Ka lekgetlho le lengwe, o ne a etela batsadi ba me kwa lapeng, e re ka ba ne ba sa nne kgakala le kgolegelo. O ne a tla ka dikhopi tsa Tora ya Tebelo le dijonyana, mme a di fitlha mo go ene, mme a di isa ka bokhukhuntshwane mo seleng ya me.

Go na le sengwe gape se ke se gakologelwang. Ka dinako tse dingwe ka Sontaga mo mosong, re ne re opelela dipina tsa puso ya Modimo kwa godimo mo e leng gore magolegwa a mangwe a ne a itumelela pina nngwe le nngwe e bile a e opela diatla.

Nonofo le Thuso e e Tswang Kwa go Jehofa

E rile fa tsheko e ntse e tsweletse ka September 4, 1951, moatlhodi o ne a akgela ka mafoko a a umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno. Ke ne ka nnela katlholo ya me ya go nna kwa kgolegelong kwa Waldheim, mme ka ya kwa Halle, mme kwa bokhutlong ka ya kwa Hoheneck. Dilo di le mmalwa tse di neng di direga moo di bontsha kafa Modimo e neng e le botshabelo le thata ya rona Basupi ba ga Jehofa ka gone le kafa Lefoko la gagwe le neng le re dira matlhagatlhaga ka gone.

Kwa kgolegelong ya kwa Waldheim, bokgaitsadi botlhe ba Basupi ba ne ba phuthegela ka metlha mo holong e le nngwe, e le gore re ka kgona go tshwara dipokano tsa Bokeresete. Go ne go sa letlelelwe pampiri le pensele, mme bokgaitsadi bangwe ba ne ba na le maselanyana mme ra kgona go dira folaga e nnye e e nang le temana ya ngwaga ya 1953, e e neng e re: “Obamelang Jehofa ka mekgabo e e boitshepo.”—Pesalema 29:2, American Standard Version.

Mongwe wa balebedi ba basadi o ne a re kgabelela mme a ya go re tlaleya ka yone nako eo. Modiredi yo mogolo wa kgolegelo o ne a tla mme a re bokgaitsadi ba babedi ba tsholeletse fologa eo kwa godimo. “Ke mang yo o dirileng selo se?” o ne a botsa jalo. “Se kaya eng?”

Mongwe wa bokgaitsadi o ne a batla go ipolela gore ke ene mme a sikare molato otlhe mo boemong jwa rona, mme ka bonako re ne ra sebelana, ra dumalana gore ke boikarabelo jwa rona rotlhe. Ka jalo re ne ra araba: “Re e diretse go nonotsha tumelo ya rona.” Folaga e ne ya tsewa, mme re ne ra otlhaiwa ka go timiwa dijo. Mme nako yotlhe fa re ntse re botsolodiwa, bokgaitsadi ba ne ba ntse ba e tsholeleditse kwa godimo e le gore re gatelele lekwalo leno le le kgothatsang mo megopolong ya rona.

E rile fa kgolegelo ya basadi e tswalwa kwa Waldheim, rona bokgaitsadi re ne ra romelwa kwa Halle. Mono re ne re letlelelwa go amogela diphuthelwana, mme ke eng se se neng se rokeletswe mo diselepereng tse rre a neng a nthomeletse tsone? Ditlhogo tsa Tora ya Tebelo! Ke sa ntse ke gakologelwa tse di reng “Lorato Lwa Boammaaruri lo a Bonala” le “Maaka a Dira Gore o Latlhegelwe ke Botshelo.” Tseno mmogo le ditlhogo tse dingwe di ne di le botlhokwa tota, mme fa yo mongwe a ntse a di fetisetsa kwa go yo mongwe mo sephiring, mongwe le mongwe o ne a ikwalela dintlha tsa gagwe.

E rile fa ka tshoganyetso go phuruphudiwa, mongwe wa balebedi o ne a fitlhela dintlha tsa me tse ke di kwadileng di fitlhilwe kafa tlase ga materase wa me o o dirilweng ka lotlhaka. Moragonyana o ne a mpitsa go tla go mpotsa dipotso mme a re tota o batla go itse bokao jwa setlhogo se se reng “Se Batho ba ba Boifang Jehofa ba se Solofetseng ka 1955.” Ene, e le Mokomonisi o ne a tshwenyegile thata ka ga loso lwa moeteledipele wa gagwe Stalin, ka 1953, mme isagwe e ne e bonala e le lotobo. Mme fa e le rona, isagwe e ne e tla re tlisetsa maemo a a tokafetseng mo kgolegelong, mme ke ne ke ise ke tlhokomele seo. Ke ne ka tlhalosa ka tlhomamo gore ditebelelo tsa Basupi ba ga Jehofa e ne e le tse di molemo tota. Ka ntlha yang? Ke ne ka nopola temana ya konokono ya setlhogo e leng Pesalema 112:7 e e neng e re: “Ga a kitla a tshosiwa ke mafoko a a bosula: pelo ya gagwe e nitame e ikantse Jehofa.”—AS.

Jehofa O ne A Nna e Ntse e le Botshabelo le Thata ya Me

Morago ga go lwala thata, ke ne ka gololwa kwa kgolegelong dingwaga tse pedi pele ga ke fetsa katlholo ya me, ka March 1957. Gape badiredibagolo ba kwa Jeremane Botlhaba ba ne ba nkgatelela thata ka ntlha ya se ke neng ke se dira mo tirelong ya ga Jehofa. Ka gone, ka May 6, 1957, ke ne ka tshabela kwa Berlin Bophirima, mme go tsweng foo ke ne ka fudugela kwa Jeremane Bophirima.

Go ne ga tsaya dingwaga di le mmalwa pele botsogo jwa me bo tokafala. Mme go tla go fitlha gompieno ke sa ntse ke na le keletso e e molemo ya dijo tsa semoya e bile ke lebelela khopi nngwe le nngwe e ntšha ya Tora ya Tebelo ka tlhoafalo. Nako le nako, ke a itlhatlhoba. A ke sa ntse ke kgatlhegela dilo tsa semoya? A ke tlhagoletse dinonofo tse di molemo? A go lekwa ga tumelo ya me go dira gore Jehofa a bakwe a bo a tlotlwe? Mokgele wa me ke go itumedisa Modimo mo dilong tsotlhe, e le gore a ka nna e ntse e le botshabelo le thata ya me ka bosakhutleng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Photo-Drama” e ne e na le diselaete le ditshwantsho tse di tsamayang, mme go simolola ka 1914 e ne e bontshiwa thata ke baemedi ba Watch Tower Bible and Tract Society.

b Makasine wa Trost (Consolation), o o neng o gatisiwa ke Mokgatlho wa Watch Tower kwa Bern, kwa Switzerland, ka May 1, 1940, tsebe 10, o ne wa bega gore ka lekgetlho lengwe basadi ba Basupi ba ga Jehofa kwa Lichtenburg ba ne ba sa newe dijo tsa motshegare ka malatsi a le 14 ka ntlha ya gore ba ne ba gana go dira letshwao la tlotlo fa go tshamekiwa dipina tsa Bonasi. Go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 300 koo.

c Pego ya ga Josef Rehwald e tlhaga mo makasineng wa Tsogang! ya February 8, 1993, ditsebe 20-3 (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ofisi ya Ba-SS kwa Ravensbrück

[Motswedi wa Setshwantsho]

Top: Stiftung Brandenburgische Gedenkstätten

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Pasa e ke neng ke feta ka yone fa ke ya tirong kwa ntle ga kampa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela