LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 5/1 ts. 30-31
  • Ba ne Ba Dira go Rata ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ne Ba Dira go Rata ga Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dira ka Tumelo
  • Ngwana o a Bonwa
  • Thuto mo go Rona
  • Moshe O ne A Tlhopha go Obamela Jehofa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Sengwe se Segolo go Feta Matlotlo a Egepeto
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Moshe—A ke Motho wa Mmatota Kgotsa Tlhamane?
    Tsogang!—2004
  • “Opelelang Jehofa”!
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 5/1 ts. 30-31

Tumelo ya Batsadi E ne Ya Duelwa

Ba ne Ba Dira go Rata ga Jehofa

ENE e re fa ngwana wa mosimane a ne a ka tsholwa, Baiseraele ba ne ba itumela fela thata. Go ne go raya gore losika lwa kwa tshimologong lo ne lo tla tsweledisiwa le gore losika lono lo ne lo tla rua naga eno. Mme mo e ka nnang ka 1593 B.C.E., go tsholwa ga morwa go ka tswa go ne go lebega e le phutso mo Bahebereng go na le masego. Ka ntlha yang? Ka gonne Faro wa Egepeto, yo o neng a tshwenyegile ka go oketsega thata ga palo ya Bajuta mo kgaolong e a neng a e laola, o ne a laela gore basimane botlhe ba ba sa tswang go tsholwa ba bolawe.—Ekesodo 1:12, 15-22.

E ne e le mo nakong eno e go neng go na le boikaelelo jo bo tshosang tota jwa go gailwa ga bana e mo go yone Amerame le Jokebete, banyalani ba Bahebera, ba neng ba nna le ngwana wa mosimanyana yo montle. Go motlhofo go akanya kafa boitumelo jwa bone bo neng jwa nyelediwa ke letshogo ka teng fa ba ne ba gakologelwa molawana wa ga Faro. Le fa go ntse jalo, fa Amerame le Jokebete ba leba ngwana wa bone wa mosimanyana, ba ne ba ikaelela tota gore ba se ka ba mo tlogela, go sa kgathalesege diphelelo tse di ka ba tlelang.—Ekesodo 2:1, 2; 6:20.

Go Dira ka Tumelo

Ka dikgwedi tse tharo Amerame le Jokebete ba ne ba ntse ba fitlhile ngwana wa bone. (Ekesodo 2:2) Le fa go ntse jalo, seno se ne se le kotsi, ka gonne Bahebera le Baegepeto ba ne ba bapile thata. Motho ope fela yo o neng a ka bonwa a leka go tlola molawana wa ga Faro gongwe o ne a tla atlholelwa loso—mme le ngwana o ne a tla swa. Ke eng he se batsadi bano ba ba ineetseng ba neng ba ka se dira go boloka morwaabone le go ipoloka ba tshela?

Jokebete o ne a phutha matlhogela a koma. Koma ke motlhatlha o o thata, o o tshwanang le bamboo, mme o na le dithupana di le tharo tse bokima jwa tsone bo lekanang le jwa monwana. Di ka nna tsa fitlha mo boleeleng jwa dimetara di le thataro. Baegepeto ba ne ba dirisa setlhare seno go dira pampiri, meseme, disaile, disentlele le mekoro e e seng boima.

Jokebete o ne a dirisa dithupana tseno go dira seroto se se lekaneng go tsenya ngwana wa gagwe. Go tswa foo o ne a se dila ka bitumena le ka boka gore di tshwaraganye seroto le go dira gore se se ka sa tsena metsi. Morago ga moo Jokebete o ne a tsenya ngwana wa gagwe mo teng ga seroto seno a bo a se baya mo lotlhakeng gaufi le lotshitshi lwa Noka ya Nile.—Ekesodo 2:3.

Ngwana o a Bonwa

Morwadia Jokebete e bong Meriame, o ne a ema fa gaufi gore a bone se se tla diragalang morago ga moo. Go tswa foo morwadia Faro o ne a tla mo nokeng ya Nile go tla go tlhapa.a Gongwe Jokebete o ne a itse gore morwadiakgosi o ne a tlwaetse go tla ka fa ntlheng eno ya noka ya Nile a bo a tlogela seroto ka boomo mo se ka bonwang motlhofo teng. Legale, ka bonako fela morwadia Faro o ne a bona seroto seno se se neng se beilwe fa gare ga matlhaka, mme o ne a bitsa mongwe wa malata a gagwe gore ba se tseye. Fa a bona ngwana yo o lelang mo teng, o ne a tlhotlheletsega go nna kutlwelobotlhoko. O ne a lemoga gore e ne e le ngwana wa Mohebera. Le fa go ntse jalo, o ne a ka letlelela jang gore ngwana yo montle jaana a bolawe? Kwantle ga bopelonomi jwa motho ka namana, morwadia Faro o ka tswa a ne a tlhotlhelediwa ke tumelo e e neng e tlwaelegile thata kwa Egepeto ya gore motho o kgona go tsena kwa legodimong fa fela a ne a na le pego nngwe ya ditiro tse di bontshang bopelonomi mo botshelong jwa gagwe.b—Ekesodo 2:5, 6.

Meriame, yo o neng a emetse kgakala a lebeletse, o ne a atamela morwadia Faro. O ne a botsa jaana: “A ke ke ye go go biletsa moamusi wa basadi ba Bahebere gore a go amusetse ngwana yo?” Morwadiakgosi o ne a araba jaana: “Ya go mmitsa.” Meriame o ne a sianela kwa go mmaagwe. Go ise go ye kae, Jokebete o ne a setse a eme fa pele ga morwadia Faro. Morwadiakgosi o ne a mmolelela jaana: “Tsaya ngwana yo o ye nae o mo nkamusetse; ke tlaa go naya tuelo ya gago.” E ka tswa e ne e le gore mo nakong eno morwadia Faro o ne a lemoga gore Jokebete e ne e le mmaagwe ngwana.—Ekesodo 2:7-9.

Jokebete o ne a nna le ngwana wa gagwe go fitlha a kgwa lebele.c Seno se ne sa mo naya sebaka se sentsi sa go mo ruta ka ga Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Morago ga moo Jokebete o ne a isa ngwana kwa go morwadia Faro, yo o neng a raya mosimane leina Moshe, le le rayang “ke mo ntshitse mo metsing.”—Ekesodo 2:10.

Thuto mo go Rona

Amerame le Jokebete ba ne ba dirisa sebaka seno se sekhutshwane ka botlalo gore ba rute morwaabone melaometheo ya kobamelo e e itshekileng. Batsadi gompieno ba tshwanetse go dira se se tshwanang. Eleruri, go botlhokwa gore ba dire jalo. Satane Diabolo “o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e senkang go kometsa mongwe.” (1 Petere 5:8) O tla rata go faposa basha ba ba tlhokegang thata—basimane le basetsana—ba ba lebeletseng go nna batlhanka ba ba molemo ba ga Jehofa. Ga a utlwele basha botlhoko! Ka ntlha ya seno, batsadi ba ba botlhale ba thapisa bana ba bone ba bannye gore ba boife Modimo wa boammaaruri, Jehofa.—Diane 22:6; 2 Timotheo 3:14, 15.

Mo go Bahebera 11:23, boiteko jwa ga Amerame le Jokebete jwa go fitlha losea lwa bone mo dikgweding tse tharo tsa ntlha tsa botshelo jwa lone bo kwadilwe e le tiro ya go bontsha tumelo. Batsadi bano ka bobedi ba ba boifang Modimo ba ne ba bontsha gore ba ikanya maatla a ga Jehofa a a bolokang ka go gana go tlogela ngwana wa bone, mme ba ile ba segofalediwa seno. Le rona re tshwanetse go bontsha tota gore re batla go utlwa melao le melaometheo ya ga Jehofa, re tlhomamisega gore sengwe le sengwe se Jehofa a se letlelelang gore se re diragalele kgabagare se tla dira gore se re solegele molemo ka bosakhutleng le go bona boitumelo.—Baroma 8:28.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Baegepeto ba ne ba obamela noka ya Nile jaaka modimo wa tsalo. Ba ne ba dumela gore metsi a yone a na le maatla a go ungwisa le go dira gore botshelo bo nne boleele.

b Baegepeto ba ne ba dumela gore fa motho a sule moya wa gagwe o ne o tla nna o bokela Osiris mafoko a a tshwanang le a a reng “Ga ke ise ke tlhokofatse motho ope,” “Ga ke ise ke thibele melomo ya bana go anya,” le a a reng “Ke neetse ba ba bolailweng ke tlala senkgwe le go nosa ba ba neng ba tshwerwe ke lenyora.”

c Mo metlheng ya bogologolo, bana ba bantsi ba ne ba amusiwa nako e telele go feta jaaka go tlwaelegile gompieno. Gongwe Samuele o ne a le dingwaga di le tharo fa a ne a kgwa lebele, mme Isake o ne a na le dingwaga di ka nna tlhano.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela