Modimo o Tlhotlheleditse Jang Baebele?
TLHAELETSANO e kgatlha thata gompieno go na le nako le fa e le efe mo hisitoring. Dithelefouno, metšhini ya fax, dikhomputara—dingwaga tse dintsi tse di fetileng ke mang yo o neng a ka akanya gore nako nngwe melaetsa e tla romelwa mo e ka nnang gongwe le gongwe go dikologa lefatshe ka ponyo ya leitlho?
Mme mofuta wa tlhaeletsano o o gakgamatsang thata ke o batho ba sa o kgoneng—go tlhotlhelediwa ke Modimo. Jehofa o ne a tlhotlheletsa batho ba ba ka nnang 40 gore ba kwale Lefoko la gagwe e leng Baebele e e Boitshepo. Fela jaaka batho ba na le ditsela tse dintsi tsa tlhaeletsano, Jehofa le ene o ne a dirisa mekgwa e le mmalwa ya tlhaeletsano go tlhotlheletsa Dikwalo.
Piletso. Modimo o ne a fetisa melaetsa e e kgethegileng e moragonyana e ileng ya tsenngwa mo pegong ya Baebele.a Ka sekai, akanya ka ditao tse di bopang Molao wa kgolagano. Jehofa o ne a bolela Moshe jaana: “Kwala mafoko a; gonne ke dirile kgolagano le wena le Iseraele ka fa mafokong a.” (Ekesodo 34:27) “Mafoko” ao a a neng a “tlhongwa ke baengele,” a ne a kwalololwa ke Moshe mme gone jaanong a bonwa mo dibukeng tsa Baebele tsa Ekesodo, Lefitiko, Dipalo le Duteronome.—Ditiro 7:53.
Baporofeti ba bangwe ba bantsi, go akaretsa Isaia, Jeremia, Esekiele, Amose, Nahume le Mika, ba ne ba amogela melaetsa e e kgethegileng go tswa go Modimo ka baengele. Ka dinako tse dingwe banna bano ba ne ba simolola melaetsa ya bone ka polelwana e e reng: “Jehofa o bua jaana.” (Isaia 37:6; Jeremia 2:2; Esekiele 11:5; Amose 1:3; Mika 2:3; Nahume 1:12) Morago ga moo ba tlhalosa se Modimo a se buileng ka go se kwala.
Diponatshegelo, Ditoro, Maibi. Ponatshegelo ke pono, tiragalo, kana molaetsa o o tshwantshiwang mo mogopolong wa motho a ntse a tsogile, gantsi ka tsela nngwe e e sa tlwaelegang. Ka sekai, Petere, Jakobe le Johane, “e rile ba thanya ka botlalo,” ba ne ba bona go fetolwa ponalo ga ga Jesu. (Luke 9:28-36; 2 Petere 1:16-21) Mo makgetlhong a mangwe molaetsa o ne o fetisiwa ka toro, kana pono, e e gatisediwang mo mogopolong wa motho yo o e amogelang a sa ntse a robetse. Ka jalo Daniele o kwala ka “diponatshegelo tsa tlhogo ya me mo bolaong”—kana jaaka moranodi Ronald A. Knox a e ranola, “fa ke ntse ke rapame ke lebile mo torong ya me.”—Daniele 4:10.
Motho yo Jehofa a neng a dira gore a nne mo maibing go bonala a ne a nna mo seemong sa go akanya thata, le fa gone bobotlana a tshogile go sekae. (Bapisa Ditiro 10:9-16.) Mo Baebeleng lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “maibi” (ekʹsta·sis) le raya ‘go beela kwa thoko kana go tlosa.’ Le akantsha kgopolo ya go ntsha mogopolo mo boemong jwa yone jo bo tlwaelegileng. Ka jalo, motho yo o mo maibing a ka se lemoge se se diragalang go mo dikologa le fa go le jalo o kgona go bona ponatshegelo ka botlalo. Gongwe moaposetoloi Paulo o ne a le mo maibing a a ntseng jalo fa a ne a “phamolelwa kwa paradaeseng a ba a utlwa mafoko a a sa buegeng a go seng kafa molaong gore motho a a bue.”—2 Bakorintha 12:2-4.
Go farologana le ba ba ileng ba kwalolola melaetsa e e tswang kwa Modimong, bakwadi ba Baebele ba ba neng ba amogela diponatshegelo kana ditoro kana ba ba neng ba nna mo maibing gantsi ba ne ba gololesega go tlhalosa ka mafoko a bone se ba se boneng. Habakuke o ne a bolelelwa jaana: “Kwala ponatshegelo e, o e dire gore e bonale sentle mo dimating tsa kwalelo, gore motho a tle a e bale a ntse a taboga.”—Habakuke 2:2.
A seno se raya gore dikarolo tseno tsa Baebele ga di a tlhotlhelediwa thata jaaka tse go laetsweng gore go kwalwe eng mo go tsone? Le eseng. Jehofa ka moya wa gagwe, o ne a tsenya molaetsa wa gagwe ka tlhomamo mo mogopolong wa mokwadi mongwe le mongwe, gore go kwale megopolo ya Modimo e seng ya motho. Le fa Jehofa a ne a letla mokwadi go tlhopha go dirisa mafoko a a tshwanetseng, o ne a kaela mogopolo le pelo ya mokwadi gore go se ka ga nna le tshedimosetso epe e e botlhokwa e e tlogelwang mme kwa bofelong mafoko ao a bo a ka lebiwa ka tshwanelo e le a Modimo.—1 Bathesalonika 2:13.
Go Senolwa ke Modimo. Baebele e na le boporofeti—hisitori e e senotsweng le e e kwadilweng e ise e diragale—seo se feta bokgoni jwa motho kgakala. Sekai se le sengwe ke go tlhagoga le go phutlhama ga “kgosi ya Gerika,” e bong Alexander yo Mogolo, go go ileng ga bolelelwa pele dingwaga tse di ka nnang 200 pele go diragala! (Daniele 8:1-8, 20-22) Baebele gape e senola ditiragalo tse batho ba iseng ba ko ba di bone. Go bopiwa ga legodimo le lefatshe ke sekai se le sengwe sa gone. (Genesise 1:1-27; 2:7, 8) Mme gape go na le dipuisano tse di nnileng teng kwa legodimong, tse di ntseng jaaka tse di kwadileng mo bukeng ya Jobe.—Jobe 1:6-12; 2:1-6.
Fa ditiragalo tseno di ne di sa senolelwe mokwadi ka tlhamalalo ke Modimo, Modimo o ne a di itsise mongwe gore e nne bontlhanngwe jwa hisitori e e buileng ka molomo kana e e kwadilweng, e e fetisitsweng go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya go e e latelang go fitlhela e nna karolo ya rekoto ya Baebele. (Bona lebokoso mo tsebeng ya 7.) Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa e ne e le ene Motswedi wa tshedimosetso yotlhe e e ntseng jalo le gore o ne a kaela bakwadi gore dipego tsa bone di se ka tsa nna le dilo tse di seng boammaaruri, tse di feteleditsweng kana ditlhamane. Petere o ne a kwala jaana malebana le boporofeti: “Batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”b—2 Petere 1:21.
Go Tlhokega Maiteko a Magolo
Le mororo bakwadi ba Baebele “ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo,” ba ne ba sa ntse ba tlhoka go akanya ka kelotlhoko. Ka sekai, Solomone “o ne a akanya, a batla, mme a rulaganya diane di le dintsi. [O ne] a leka go lemoga mafoko a a lebosegang, le sone se se kwadilweng ka thokgamo, e bong mafoko a boammaaruri.”—Moreri 12:9, 10.
Bakwadi bangwe ba Baebele ba ne ba tshwanetse go dira patlisiso e ntsi go kwala tshedimosetso ya bone. Luke, ka sekai, o ne a kwala jaana malebana le pego ya gagwe ya Efangele: ‘Ke di kwadile di rulagantswe ka tatelano, . . . ke latedisitse dilo tsotlhe ka tlhomamo, go tswa kwa tshimologong.’ Gone mme, moya wa Modimo o ne wa segofatsa maiteko a ga Luke, o mo tlhotlheletsa gore a batle dikwalo tse di ka ikanngwang tsa ditiragalo le go botsolotsa batho ba ba di boneng ka namana ba ba ka ikanngwang, ba ba jaaka barutwa ba ba neng ba sa ntse ba tshela mme gongwe le mmaagwe Jesu e bong Maria. Morago ga foo moya wa Modimo o ne o tla kaela Luke gore a kwale tshedimosetso eo ka tsela e e tlhomameng.—Luke 1:1-4.
Go farologana le Efangele ya ga Luke, ya ga Johane e ne e le pego ya dilo tse a di boneng ka namana, e e kwadilweng dingwaga tse di ka nnang 65 morago ga loso lwa ga Jesu. Ga go na pelaelo gore moya wa ga Jehofa o ne wa tlhagafatsa mogopolo wa ga Johane gore o se ka wa koafadiwa ke go feta ga nako. Seno se dumalana le se Jesu a neng a se solofetsa balatedi ba gagwe: “Mothusi, e leng moya o o boitshepo, o Rara a tla o romang ka leina la me, ene yoo o tla lo ruta dilo tsotlhe a bo a busetse mo megopolong ya lona dilo tsotlhe tse ke di lo boleletseng.”—Johane 14:26.
Mo makgetlhong a mangwe bakwadi ba Baebele ba ne ba akaretsa tshedimosetso e e tswang mo dibukeng tsa bakwadi ba pele ba hisitori ba ba boneng ditiragalo tseo ka namana tse dingwe tsa tsone di neng di sa tlhotlhelediwa. Jeremia o ne a kgobokanya bontsi jwa tshedimosetso ya Dikgosi wa Ntlha le wa Bobedi ka yone tsela eno. (2 Dikgosi 1:18) Esere o ne a bua bobotlana ka metswedi e le 14 e e sa tlhotlhelediwang go kgobokanya tshedimosetso ya Ditirafalo wa Ntlha le wa Bobedi go akaretsa le ‘dikwalo tsa ditiragalo tsa kgosi Dafite’ le ‘lokwalo lwa dikgosi tsa Juta le tsa Iseraele.’ (1 Ditirafalo 27:24; 2 Ditirafalo 16:11) Moshe o ne a bo a nopola go tswa “lokwalong lwa Dintwa tsa ga Jehofa”—lo go bonalang e le pego e e ikanyegang ya dintwa tsa batho ba Modimo.—Dipalo 21:14, 15.
Mo makgetlhong a a ntseng jalo moya o o boitshepo o ne o na le seabe se segolo, o tlhotlheletsa bakwadi ba Baebele go tlhopha fela tshedimosetso e e ka ikanngwang, e moragonyana e neng ya nna karolo ya pego ya Baebele e e tlhotlheleditsweng.
Kgakololo e e Mosola —Go Tswa go Mang?
Baebele e na le kgakololo e ntsi e e mosola e e thailweng mo dilong tse di lemogilweng ke batho ba ba etseng dilo tlhoko. Ka sekai, Solomone o ne a kwala jaana: “Ga go na sepe se se molemo mo mothong bogolo go go ja, le go nwa, le go jesa mowa wa gagwe molemo mo letsapeng la gagwe. Se le sone ka se bona fa se tswa mo seatleng sa Modimo [wa boammaaruri].” (Moreri 2:24) Paulo o ne a bolela gore kgakololo ya gagwe e e malebana le lenyalo e ne e le “go ya ka kgopolo ya [gagwe],” le fa gone a ile a oketsa jaana: “Eleruri ke akanya gore le nna ke na le moya wa Modimo.” (1 Bakorintha 7:25, 39, 40) Eleruri Paulo o ne a na le moya wa Modimo, ka gonne jaaka moaposetoloi Petere a ne a bolela, se Paulo a se kwadileng e ne e le “go ya ka botlhale jo a bo filweng.” (2 Petere 3:15, 16) Ka jalo, e re ka a ne a kaelwa ke moya wa Modimo, o ne a neela kgopolo ya gagwe.
Fa bakwadi ba Baebele ba ne ba tlhalosa dilo tseo tse ba neng ba tlhatswegile pelo ka tsone, ba ne ba dira jalo ba ithutile e bile ba dirisitse dikwalo tse ba neng ba na le tsone ka nako eo. Re ka tlhomamisega gore mekwalo ya bone e ne e dumalana le tsela e Modimo a akanyang ka yone. Se ba se kwadileng e ne ya nna karolo ya Lefoko la Modimo.
Gone mme, Baebele e na le dipolelo dingwe tsa bangwe ba dikgopolo tsa bone di neng di le phoso. (Bapisa Jobe 15:15 le 42:7.) E akaretsa gape le mafoko a le mmalwa a a supang maikutlo a go tlalelwa a batlhanka ba Modimo le mororo mafoko a a ntseng jalo a sa tlhalose dilo ka botlalo.c Le fa gone mokwadi a ne a bua mafoko a a ntseng jalo a a tswang mo go ene ka namana, o ne a sa ntse a kaelwa ke moya wa Modimo gore a kwale pego e e tlhomameng, seo se ne se tlhaola le go senola kakanyo e e phoso. Mo godimo ga moo, mafoko a a dikologileng kgang nngwe le nngwe ya teng a dira gore mmadi mongwe le mongwe yo o akanyang sentle a kgone go lemoga sentle gore tsela e mokwadi a akanyang ka yone e siame.
Ka bokhutshwane fela, re ka tlhatswega pelo gore Baebele yotlhe ke molaetsa wa Modimo. Eleruri, Jehofa o ne a tlhomamisa gore sengwe le sengwe se se leng mo go yone se tshwanela maikaelelo a gagwe e bile o neetse batho ba ba batlang go mo direla ditaelo tse di tlhokegang.—Baroma 15:4.
Bakwadi ba Batho—Ka Ntlha Yang?
Lebaka la go bo Jehofa a ile a dirisa batho go kwala Baebele go supa botlhale jwa gagwe jo bogolo. Akanya ka seno: “Fa Modimo a ka bo a file baengele tiro eno, a Baebele e ne e ka bo e kgatlha ka tsela e e tshwanang? Gone ke boammaaruri, re ne re tla itumelela go bala ka dinonofo tsa Modimo le ditirisano tsa gagwe go ya ka kgopolo ya moengele. Mme fa batho ba ka bo ba se ka ba nna le seabe gotlhelele, re ne re ka nna le bothata jwa go tlhaloganya molaetsa wa Baebele.
Go tshwantsha: Baebele e ne e ka bega fela gore Kgosi Dafite o dirile boaka le go bolaya mme morago ga moo a sokologa. Mme a bo go le botoka thata jang ne go bo re na le mafoko a a kwadilweng ke Dafite ka boene, a tlhalosa bohutsana jwa gagwe jo bogolo ka ntlha ya se a se dirileng mme a kopa gore Jehofa a mo itshwarele! O ne a kwala jaana: “Boleo jwa me bo ntutse pele ka gale. Ditlhabelo tsa Modimo ke mowa o o phatlogileng; pelo e e phatlogileng, e e ngomogileng ga o ketla o e nyatsa Modimo.” (Pesalema 51:3, 17) Ka jalo, Baebele e na le lorato, dilo tse di farologaneng, e bile e a ikuela ka go bo batho ba nnile le seabe mo go yone.
Ee, Jehofa o ne a tlhopha tsela e e molemolemo ya go re naya Lefoko la gagwe. Le fa go ne ga dirisiwa batho ba ba nang le bokoa le ba ba sa itekanelang, ba ne ba tlhotlheleditswe ke moya o o boitshepo gore go se ka ga nna le phoso epe mo mekwalong ya bone. Ka jalo, Baebele ke ya maemo a a kwa godimo. Kgakololo ya yone e nitame, mme boporofeti jwa yone jo bo malebana le Paradaise ya isagwe mo lefatsheng e ka ikanngwa.—Pesalema 119:105; 2 Petere 3:13.
Ke ka ntlha yang fa o sa go dire tlwaelo go bala karolo ya Lefoko la Modimo letsatsi lengwe le lengwe? Petere o ne a kwala jaana: “Bopang tlhologelelo ya mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko, gore lo gole go ya polokong ka one.” (1 Petere 2:2) E re ka e tlhotlheleditswe ke Modimo, o tla bona gore Lokwalo longwe le longwe lwa yone lo “mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go sugeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse tiro nngwe le nngwe e e molemo mo go feletseng.”—2 Timotheo 3:16, 17.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bobotlana mo lekgetlhong le le lengwe, la Melao e e Lesome, tshedimosetso e ne e kwadilwe ka tlhamalalo “ka monwana wa Modimo.” Jalo Moshe o ne a kwalolola fela mafoko ao mo memenong kana mo dilong tse dingwe.—Ekesodo 31:18; Duteronome 10:1-5.
b Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “ba ne ba tlhotlhelediwa,” pheʹro, le dirisitswe ka tsela e nngwe mo go Ditiro 27:15, 17 go tlhalosa sekepe se se kgweediwang ke phefo. Ka jalo moya o o boitshepo o ‘ne o laola motsamao’ wa bakwadi ba Baebele. O ne wa ba tlhotlheletsa gore ba gane tshedimosetso epe fela ya maaka mme ba tsenye fela ya boammaaruri.
c Go bona dikai, bapisa 1 Dikgosi 19:4 ka ditemana 14 le 18; Jobe 10:1-3; Pesalema 73:12, 13, 21; Jona 4:1-3, 9; Habakuke 1:1-4, 13.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Moshe O ne A Bona kae Tshedimosetso ya gagwe?
MOSHE o ne a kwala buka ya Baebele ya Genesise, mme sengwe le sengwe se a se kwadileng se diragetse nako e telele pele ga a ka tsholwa. Jalo he, o ne a bona kae tshedimosetso e e ntseng jalo? Modimo a ka tswa a ile a mo e senolela ka tlhamalalo, kana tshedimosetso ya ditiragalo dingwe e ka tswa e ile ya fetisediwa mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe ka molomo. E re ka batho ba ne ba tshela nako e teletsana mo metlheng ya bogologolo, dilo tse dintsi tse Moshe a di kwadileng mo go Genesise di ka tswa di ile tsa fetisiwa go tswa mo go Atame go ya go Moshe ka tatelano ya batho ba le batlhano fela—Methusela, Sheme, Isake, Lefi le Amerame.
Mo godimo ga moo, Moshe o ka tswa a ile a tlhatlhoba dipego tse di kwadilweng. Malebana le seno, re kgona go tlhokomela gore gangwe le gape Moshe o dirisa polelwana “tse ke tsone ditshika tsa ga,” pele ga a umaka motho yo go buiwang ka ene. (Genesise 6:9; 10:1; 11:10, 27; 25:12, 19; 36:1, 9; 37:2, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Bakanoki bangwe ba bolela gore lefoko la Sehebera le le ranotsweng fano e le “ditshika,” toh·le·dhohthʹ, le raya lokwalo lwa hisitori lo lo neng lo setse lo le teng lo Moshe a ileng a lo dirisa go nna motswedi wa se a neng a se kwala. Gone mme, seno se ka se ka sa tlhalosiwa jaaka makgaolakgang.
Go ka nna ga direga gore tshedimosetso e e mo bukeng ya Genesise e bonwe ka mekgwa yotlhe e meraro e e umakilweng fa godimo—e nngwe e senotswe ka tlhamalalo, e nngwe e fetisitswe ka molomo mme e nngwe ka dipego tse di kwadilweng. Ntlha e e botlhokwa ke gore moya wa ga Jehofa o ne wa tlhotlheletsa Moshe. Ka jalo, se a neng a se kwala se tsewa e le lefoko la Modimo tota.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Modimo o ne a tlhotlheletsa batho go kwala Baebele ka ditsela tse di farologaneng