“Jehofa ga a Ketla a Latlha Batho ba Gagwe”
“Dipatikego tsa mosiami di dintsi; mme Jehofa o mo golola mo go tsone tsotlhe.”—PESALEMA 34:19.
1, 2. (a) Jehofa o segofatsa jang batho ba gagwe gompieno? (b) Bakeresete ba bantsi ba lebane le eng, mme go tsoga dipotso dife?
GO YA ka boporofeti jwa Baebele jo bo diragadiwang, baobamedi ba ga Jehofa ba mo paradaiseng ya semoya. (2 Bakorintha 12:1-4) Basupi ba ga Jehofa ba mo bolekaneng jwa ditšhabatšhaba jo go nang le lorato le kutlwano mo go jone. (Johane 13:35) Ba na le kitso e e tseneletseng le e e akaretsang dilo tse dintsi tsa boammaaruri jwa Baebele. (Isaia 54:13) A bo ba leboga Jehofa jang ne go bo a ba file tshiamelo ya go nna baeng mo motlaaganeng wa gagwe wa semoya!—Pesalema 15:1.
2 Le fa gone botlhe ba ba leng mo phuthegong ya ga Jehofa ba atlega mo semoyeng, go bonala fa bangwe ba na le kagiso e e lekanyeditsweng le thetebalo fa ba bangwe ba boga ka ditsela tse di farologaneng. Bakeresete ba le bantsi ba iphitlhela ba le mo seemong se se hutsafatsang ka nako e telele mme ba se na tsholofelo epe ya gore dilo di tla siama. Go tlwaelegile fela gore motho a kgobege marapo mo maemong a a ntseng jalo. (Diane 13:12) A masetlapelo a supa gore Modimo ga a itumela? A Jehofa o sireletsa Bakeresete ba bangwe ka tsela nngwe e e kgethegileng fa ka fa letlhakoreng le lengwe a latlha ba bangwe?
3. (a) A Jehofa ke ene a bakang dipogisego tse di diragalelang batho ba gagwe? (b) Ke ka ntlha yang fa tota le baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba boga?
3 Baebele e araba jaana: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga o ka ke wa lekwa ka dilo tse di bosula le gone one ka boone ga o leke ope.” (Jakobe 1:13) Jehofa ke Mosireletsi le Motshegetsi wa batho ba gagwe. (Pesalema 91:2-6) “Jehofa ga a ketla a latlha batho ba gagwe.” (Pesalema 94:14) Seno ga se kaye gore baobamedi ba ba ikanyegang ba ka se ka ba boga. Tsamaiso ya jaanong ya lefatshe e laolwa ke batho ba ba ruileng bosaitekanelang. Ba le bantsi ba bosula, mme ba sekae ba boikepo ba sa iphitlhe. Ga go na ope wa bone yo o batlang botlhale go tswa mo go Jehofa. Seno se dira gore batho ba boge thata. Baebele e bolela ka phepafalo gore batho ba ga Jehofa ga se ka metlha ba ka kgonang go tila ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa go sa itekanelang ga batho le boikepo jwa bone.—Ditiro 14:22.
Bakeresete ba ba Ikanyegang ka Nitamo ba Lebeletse go Boga
4. Ke eng se Bakeresete botlhe ba ka se lebelelang fa fela ba sa ntse ba tshela mo tsamaisong eno ya dilo e e boikepo, mme ka ntlha yang?
4 Le mororo balatedi ba ga Jesu e se karolo ya lefatshe leno, ba tshela mo gare ga tsamaiso eno ya dilo. (Johane 17:15, 16) Baebele e senola gore Satane ke ene a laolang lefatshe leno. (1 Johane 5:19) Ka jalo, Bakeresete botlhe ba ka lebelela gore go ise go ye kae ba tla lebana le mathata a a masisi. Re ntse re akantse ka seo, moaposetoloi Petere o bolela jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e senkang go kometsa mongwe. Mme ganetsanang le ene, lo tiile mo tumelong, lo itse gore tsone dilo tseo tse di leng malebang le dipogo di a diragadiwa mo lesomong lotlhelotlhe la bakaulengwe ba lona mo lefatsheng.” (1 Petere 5:8, 9) Ee, Bakeresete botlhe ba ka lebelela go boga.
5. Jesu o ne a tlhalosa jang gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba tla diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko mo botshelong?
5 Tota le fa re rata Jehofa thata e bile re ikanyega ka nitamo mo melaometheong ya gagwe, re tlile go diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko mo botshelong. Jesu o ne a phepafatsa seno mo setshwantshong sa gagwe se se kwadilweng mo go Mathaio 7:24-27, mo a neng a bontsha pharologanyo fa gare ga batho ba ba utlwang mafoko a gagwe le ba ba sa a utlweng. O ne a tshwantsha barutwa ba ba kutlo le monna yo o bonokopela yo o agang ntlo mo godimo ga lefika. Ba ba sa utlweng mafoko a gagwe o ne a ba tshwantsha le monna wa seeleele yo o agang ntlo ya gagwe mo motlhabeng. Morago ga sefefo se segolo go ne ga sala fela ntlo e e neng e agilwe mo godimo ga lefika. Ela tlhoko gore mo kgannyeng ya ntlo ya monna yo o bonokopela, “pula ya tshologa le merwalela ya tla le diphefo tsa foka tsa itaaka ntlo eo, mme e ne ya se ka ya wela.” Jesu ga a ka a solofetsa gore monna yo o bonokopela o tla nna a le mo kagisong le mo thetebalong ka metlha. Go na le moo, botlhale jwa monna yoo bo ne bo tla dira gore a itshokele sefefo seo. Go tlhalosiwa mogopolo o o tshwanang mo setshwantshong sa mojadi. Mo go sone Jesu o tlhalosa gore tota le baobamedi ba ba kutlo ba ba nang le “pelo e e molemomogolo le e e molemo” ba tla ‘ntsha maungo ka boitshoko.’—Luke 8:4-15.
6. Mo setshwantshong sa ga Paulo sa dilo tse di sa sheng mo molelong, ke bomang ba ba lekwang ka molelo?
6 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakorintha, o ne a dirisa puo e e bapisang go bontsha botlhokwa jwa go nna le dinonofo tse di nnelang ruri tse di ka re thusang go lebana le diteko. Dilo tse di ka se sheng mo molelong tse di jaaka gouta, selefera le majana a a tlhokegang di tsamaisana le dinonofo tsa bomodimo. (Bapisa Diane 3:13-15; 1 Petere 1:6, 7.) Ka fa letlhakoreng le lengwe, mekgwa ya nama e tshwantshiwa le dilo tse di shang. Morago ga foo Paulo o bolela jaana: “Tiro ya mongwe le mongwe e tla bonatshega, gonne letsatsi le tla e bonatsa, ka gonne e tla senolwa ka molelo; mme molelo ka boone o tla bontsha tiro ya mongwe le mongwe ka go e leka gore ke ya mofuta ofe. Fa tiro ya mongwe e a e agetseng mo go one e sala, o tla amogela maduo.” (1 Bakorintha 3:10-14) Fano gape Baebele e tlhalosa gore eleruri rotlhe re tla lebana le diteko dingwe tse di botlhoko.
7. Go ya ka Baroma 15:4, Dikwalo di ka re thusa jang go itshokela diteko?
7 Go na le dipego tse dintsi mo Baebeleng tsa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ka nitamo ba ba ileng ba itshokela masetlapelo, ka dinako tse dingwe e le ka sebaka se seleele. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a ba latlha. Gongwe moaposetoloi Paulo o ne a akantse ka dikai tse di ntseng jalo fa a ne a bolela jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Akanya ka dikai tsa banna ba bararo ba, le fa ba ne ba na le kamano e e atamalaneng le Modimo, ba neng ba nna le masetlapelo a le mantsi.
Se re Se Ithutang mo Dipegong Tsa Baebele
8. Jehofa o ne a letlelela eng mo kgannyeng ya ga Josefa, mme ka sebaka se se kana kang?
8 Morwa Jakobe e bong Josefa o ne a ratiwa ke Jehofa a sa le mmotlana. Le fa go ntse jalo, o ne a welwa ke masetlapelo a le mantsi le mororo e ne e se molato wa gagwe. O ne a utswiwa ke bomorwarraagwe mme ba mo tshwara makgwakgwa. O ne a rekisiwa go nna lekgoba kwa nageng e a sa e itseng koo a neng a patelediwa ka maaka mme a tsenngwa mo “moleteng.” (Genesise 40:15) Koo, “dinao tsa gagwe ba di utlwisa botlhoko ka tse di golegang; a tsenngwa mo diketaneng tsa tshipi.” (Pesalema 105:17, 18) Kwantle ga pelaelo, ka nako ya bokgoba le go golegiwa ga gagwe, Josefa o ne a nna a kopa Jehofa gore a mo golole. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang dingwaga tse 13, le mororo Jehofa a ne a mo nonotsha ka ditsela tse di farologaneng, o ne a tsoga moso mongwe le mongwe a sa ntse a le lekgoba kana mogolegwa.—Genesise 37:2; 41:46.
9. Dafite o ne a tshwanela go itshokela eng ka dingwaga di le mmalwa?
9 Kgang e e tshwanang le eno ke ya ga Dafide. Fa Jehofa a ne a tlhopha monna yo o tshwanelegang go busa Iseraele, o ne a bolela jaana: “Ke bone Dafide morwa Jese, monna yo o dumelesegang mo pelong ya me.” (Ditiro 13:22) Le fa Jehofa a ne a mo rata, Dafite o ne a boga thata. Fa botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing, o ne a iphitlha ka dingwaga di le mmalwa mo nageng, mo dikgageng, mo dipharong le kwa nageng ya seeng. Fa a ne a tsomiwa jaaka sebatana, o ne a boifa e bile a kgobegile marapo. Le fa go ntse jalo, o ne a itshoka ka ntlha ya nonofo ya ga Jehofa. Dafite o ne a ka bolela jaana ka tshwanelo ka ntlha ya se se mo diragaletseng: “Dipatikego tsa mosiami di dintsi; mme Jehofa o mo golola mo go tsone tsotlhe.”—Pesalema 34:19.
10. Nabothe le lelapa la gagwe ba ne ba welwa ke masetlapelo afe a a botlhoko thata?
10 Mo metlheng ya ga moporofeti Elija, e ne e le Baiseraele ba le 7000 fela ba ba ileng ba se ka ba obamela modimo wa maaka e leng Baale. (1 Dikgosi 19:18; Baroma 11:4) Nabothe yo o ka tswang a ne a le mongwe wa bone, o ne a direlwa tshiamololo e e maswe thata. O ne a ngotlafadiwa ka go patelediwa gore o tlhapaditse. Fa a sena go bonwa molato, o ne a sekisiwa a bo a atlholelwa loso ke molao wa segosi ka gore a kgobotlediwe ka maje, mme madi a gagwe a ne a tla gorwa ke dintša. Tota le barwa ba gagwe ba ne ba bolawa! Le fa go ntse jalo, o ne a se na molato wa tatofatso eo. Basupi ba ba neng ba supa kgatlhanong le ene e ne e le baaki. Tiragalo eo yotlhe e ne e le leano le le logilweng ke Kgosigadi Jesebele gore kgosi e tle e bone tshimo ya mofine ya ga Nabothe.—1 Dikgosi 21:1-19; 2 Dikgosi 9:26.
11. Moaposetoloi Paulo o re bolelela eng ka banna le basadi ba ba ikanyegang mo hisitoring ya Baebele?
11 Josefa, Dafite le Nabothe ke bangwe fela ba banna ba bantsi le basadi ba ba ikanyegang ba ba umakiwang mo Baebeleng ba ba neng ba welwa ke masetlapelo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala pego ya hisitori ka se se diragaletseng batlhanka ba ga Jehofa go ralala dingwaga. Mo go yone o ne a bua ka ba ba neng ba “lekwa ka ditshotlo le ditsheolo, eleruri, go feta moo, ka dikgole le dikgolegelo. Ba ne ba kgobotlediwa, ba ne ba lekwa, ba ne ba fatoganngwa, ba ne ba swa ba bolawa setlhogo ka tšhaka, ba ne ba ya kwa le kwa ba le mo matlalong a dinku, mo matlalong a dipodi, ba le mo letlhokong, mo pitlaganong, ba tshwerwe setlhogo; mme lefatshe le ne le sa ba tshwanela. Ba ne ba kgarakgatshega mo dikakeng le mo dithabeng le mo dikgageng le mo mengobong ya lefatshe.” (Bahebera 11:36-38) Mme Jehofa ga a ka a ba latlha.
Jehofa o Amega Ka ba Ba Bogang
12. Dingwe tsa dipogisego tse di diragalelang Basupi ba ga Jehofa gompieno ke dife?
12 Go tweng ka batho ba ga Jehofa gompieno? Re le phuthego, re ka tshepa gore Modimo o tla re sireletsa le gore re tla feta re babalesegile mo malatsing ano a bofelo le mo sepitleng se segolo. (Isaia 54:17; Tshenolo 7:9-17) Le fa go ntse jalo, motho ka bongwe, re lemoga gore “motlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang” di wela batho botlhe. (Moreri 9:11, NW) Gompieno go na le Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ba welwang ke masetlapelo. Ba bangwe ba itshokela khumanego e kgolo. Baebele e bua ka “masiela le batlholagadi” ba Bakeresete ba ba mo pitlaganong. (Jakobe 1:27) Ba bangwe ba boga ka ntlha ya masetlapelo a tlholego, dintwa, bokebekwa, go sa dirisiwe sentle ga maatla, bolwetse le loso.
13. Ke maitemogelo afe a a boima a a ileng a begiwa bosheng jaana?
13 Ka sekai, mo dipegong tsa bone tsa 1996, tse ba neng ba di romela kwa Setlhopheng se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, diofisi tsa makala tsa Watch Tower di ne tsa tlhalosa gore bangwe ba bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba tsentswe mo kgolegelong ka fa tlase ga maemo a a hutsafatsang ka gonne ba ne ba ngaparetse melaometheo ya Baebele. Diphuthego dingwe tse tharo kwa nageng nngwe ya kwa Amerika Borwa di ne tsa fedisiwa fa ditlhopha tsa dirukhutlhi di ne di pateletsa makgolokgolo a Basupi go tswa mo lefelong leo. Mo nageng nngwe ya Afrika Bophirima, Basupi bangwe ba ba neng ba le koo ka nako ya ntwa ya legae ba ne ba bolawa. Kwa nageng nngwe ya Amerika Bogare, seemo se se maswe sa itsholelo sa bakaulengwe bangwe se ne sa dirwa maswe le go feta ke go tlhasela ga kgwanyape. Kwa mafelong a mangwe koo lehuma le go tlhaela ga dijo e ka tswang e se bothata jo bo masisi, ditlhotlheletso tse di sa siamang di ka nna tsa fokotsa boitumelo jwa bangwe. Ba le bantsi ba kgobiwa marapo ke dikgatelelo tsa botshelo jwa segompieno. Ka go bo batho ba sa kgatlhege, mme ba bangwe ba ka nna ba ikutlwa ba kgobega marapo fa ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.
14. (a) Re ithuta eng mo sekaong sa ga Jobe? (b) Go na le gore re akanye ka tsela e e sa siamang, ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re le mo tlalelong?
14 Maemo ano ga a tshwanela go tsewa e le bosupi jwa gore Modimo ga a itumela. Gakologelwa kgang ya ga Jobe le dipatikego tse dintsi tse a nnileng natso. E ne e le “monna yo o itekanetseng, yo o siameng.” (Jobe 1:8) A bo Jobe a tshwanetse a bo a ile a hutsafala jang ne fa Elifase a ne a mo latofatsa ka gore o dirile phoso nngwe! (Jobe, dikgaolo 4, 5, 22) Ga re batle go itlhaganelela go swetsa ka gore re tlhagelwa ke masetlapelo ka go bo re swabisitse Jehofa ka tsela nngwe kana ka go bo Jehofa a tlositse tshegofatso ya gagwe mo go rona. Go akanya ka tsela e e sa siamang ka nako ya fa re le mo tlalelong go ka koafatsa tumelo ya rona. (1 Bathesalonika 3:1-3, 5) Fa re ngomogile pelo, go molemo go tlhatlhanya ka ntlha ya gore Jehofa le Jesu ba gaufi le basiami go sa kgathalesege gore go diregang.
15. Re itse jang gore Jehofa o amega thata ka masetlapelo a a welang batho ba gagwe?
15 Moaposetoloi Paulo o re tlhomamisetsa seno fa a bolela jaana: “Ke mang yo o tla re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? A ke pitlagano kgotsa tshwenyego kgotsa pogiso kgotsa tlala kgotsa bosaikategang kgotsa kotsi kgotsa tšhaka? . . . Ke tlhatswegile pelo gore lefa e le loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso kgotsa dilo tse jaanong di leng fano kgotsa dilo tse di tla tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa setlhodiwa lefa e le sefe se sengwe ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 8:35, 38, 39) Jehofa o amegile thata ka rona mme o itse gore re a boga. Fa Dafide a ne a sa ntse a le motshabi, o ne a kwala jaana: “Matlho a ga Jehofa a mo go ba ba mmoifang, le ditsebe tsa gagwe di kwa go goeng ga bone. Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng.” (Pesalema 34:15, 18; Mathaio 18:6, 14) Rraarona wa selegodimo o amega ka rona e bile o tlhomogela ba ba bogang pelo. (1 Petere 5:6, 7) O re naya se re se tlhokang go ka itshokela pogo le fa e le efe e re e bogang.
Dimpho Tsa ga Jehofa Di a Re Nonotsha
16. Ke thuso efe e e tswang kwa go Jehofa e e re thusang go itshoka, mme jang?
16 Le mororo re sa ka ke ra lebelela go nna le botshelo jo bo se nang dipatikego mo tsamaisong eno ya bogologolo ya dilo, ga re a “phuaganngwa.” (2 Bakorintha 4:8, 9) Jesu o ne a solofetsa balatedi ba gagwe gore o tla ba neela mothusi. O ne a bolela jaana: “Ke tla lopa Rara mme o tla lo naya mothusi yo mongwe gore a nne le lona ka bosaengkae, e leng moya wa boammaaruri.” (Johane 14:16, 17) Ka Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a bolelela bareetsi ba gagwe gore ba tla amogela “mpho ya mahala ya moya o o boitshepo.” (Ditiro 2:38) A moya o o boitshepo o a re thusa gompieno? Ee! Maatla a a dirang a ga Jehofa a re naya maungo a mantle: “Lorato, boipelo, kagiso, go itshwara ka bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, tumelo, bori, boikgapo.” (Bagalatia 5:22, 23) Tseno tsotlhe ke dinonofo tse di botlhokwa thata tse di re thusang go itshoka.
17. Ke boammaaruri bofe jwa Baebele jo bo nonotshang tumelo ya rona le boikaelelo jwa rona jwa go letela Jehofa ka bopelotelele?
17 Moya o o boitshepo o re thusa gape go tlhaloganya gore dipitlagano tsa gone jaanong ke tsa ‘nakwana e bile di motlhofo’ fa di bapisiwa le tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (2 Bakorintha 4:16-18) Re tlhatswegile pelo gore Modimo ga a na go lebala ditiro tsa rona le lorato lo re lo bontshang ka ene. (Bahebera 6:9-12) Fa re bala mafoko a a tlhotlheleditsweng a Baebele, re gomodiwa ke dikai tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ba ileng ba itshokela masetlapelo a mantsi mme le fa go ntse jalo ba bolelwa fa ba itumetse. Jakobe o kwala jaana: “Bakaulengwe, tsayang baporofeti e le sekao sa go boga bosula le go bontshiwa ga bopelotelele, bone ba ba neng ba bua mo leineng la ga Jehofa. Bonang! Re bolela ba ba itshokileng e le ba ba itumetseng.” (Jakobe 5:10, 11) Baebele e solofetsa gore re tla bona “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” go re thusa go itshokela diteko. Jehofa gape o re segofatsa ka tsholofelo ya tsogo. (2 Bakorintha 1:8-10; 4:7) Fa re bala Baebele letsatsi le letsatsi le go tlhatlhanya ka ditsholofetso tseno, re tla nonotsha tumelo ya rona le boikaelelo jwa rona jwa go letela Modimo ka bopelotelele.—Pesalema 42:5.
18. (a) Mo go 2 Bakorintha 1:3, 4 re kgothalediwa go dira eng? (b) Balebedi ba Bakeresete ba ka re gomotsa le go re lapolosa jang?
18 Mo godimo ga moo, Jehofa o re file paradaise ya semoya e mo go yone re ka bonang lorato lwa mmatota lwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete. Rotlhe re na le seabe se re tshwanetseng go se diragatsa mo go gomotsaneng. (2 Bakorintha 1:3, 4) Balebedi ba Bakeresete segolobogolo ba ka re gomotsa le go re lapolosa thata. (Isaia 32:2) E re ka e le “dimpho [tsa] banna,” ba filwe tiro ya go aga ba ba bogang, go “[bua] ka tsela e e nametsang meya e e sulafetseng megopolo,” le go ‘tshegetsa ba ba bokoa.’ (Baefeso 4:8, 11, 12; 1 Bathesalonika 5:14) Bagolwane ba kgothalediwa gore ba dirise dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka tsela e e molemo ka botlalo, mmogo le dikgatiso tse dingwe tse re di fiwang ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” (Mathaio 24:45-47) Di na le dikgakololo tse dintsi tse di theilweng mo Baebeleng tse di ka re thusang go rarabolola—tota le go thibela—mangwe a mathata a a re tlhobaetsang. E kete re ka etsa Jehofa ka go gomotsana le go kgothatsana ka dinako tse di thata!
19. (a) Ke eng se se re thusang go tila dipogisego dingwe? (b) Ke mang yo segolobogolo re tshwanetseng go mo ikanya, mme ke eng se se tla re thusang go lebana le diteko?
19 Jaaka fa re ntse re tsenelela kwa teng mo malatsing ano a bofelo mme maemo a tsamaiso eno ya dilo a ntse a senyegela pele, Bakeresete ba dira se ba ka se kgonang go tila masetlapelo. (Diane 22:3) Go leba dilo sentle, go tlhapogelwa mo mogopolong le go itse melaometheo ya Baebele go ka re thusa go dira ditshwetso tse di botlhale. (Diane 3:21, 22) Re reetsa Lefoko la ga Jehofa le go le utlwa gore re tile go dira diphoso tse di sa tlhokegeng. (Pesalema 38:4) Le fa go ntse jalo, re lemoga gore ga go na maiteko ape a re a dirang a a ka fedisang go boga gotlhelele mo matshelong a rona. Mo tsamaisong eno ya dilo, batho ba le bantsi ba ba siameng ba lebana le dipatikego tse di botlhoko. Le fa go ntse jalo, re ka lebana le diteko tsa rona re tlhatswegile pelo tota gore “Jehofa ga a ketla a latlha batho ba gagwe.” (Pesalema 94:14) Mme re itse gore tsamaiso eno ya dilo le dipogisego tsa yone di tla tloga di fedisiwa. Ka jalo, e kete re ka ititaya sehuba gore re ka se ka ra “[lesa] go dira se se molemomogolo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.”—Bagalatia 6:9.
Re Ithutile Eng?
◻ Ke diteko dife tse bakaulengwe botlhe ba Bakeresete ba nnang le tsone?
◻ Ke dikai dife tsa Baebele tse di re thusang go tlhaloganya gore masetlapelo ga se bosupi jwa gore Jehofa ga a itumela?
◻ Jehofa o ikutlwa jang ka dipogisego tse di diragalelang batho ba gagwe?
◻ Ke dimpho dingwe dife tse di tswang kwa go Jehofa tse di re thusang go itshokela diteko?
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Dafide, Nabothe le Josefa ke batho ba le bararo ba ba ileng ba welwa ke masetlapelo