LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 7/1 ts. 27-30
  • A o Tsala ya Modimo?—Se Dithapelo Tsa Gago di se Senolang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tsala ya Modimo?—Se Dithapelo Tsa Gago di se Senolang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batla Nako ya go Rapela
  • Go Tokafatsa Boleng Jwa Dithapelo Tsa Rona
  • Kgomotso le go Tlhaloganya mo Dinakong Tse re Tlhokang Thuso ka Tsone
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Kafa O Ka Atamalanang Le Modimo Ka Teng
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Dithapelo Tsa Gago di na le Bokao go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 7/1 ts. 27-30

A o Tsala ya Modimo?—Se Dithapelo Tsa Gago di se Senolang

AO KILE wa utlwa batho ba babedi ba bua o ne o sa ikaelela go reetsa? Kwantle ga pelaelo ga go a ka ga go tsaya nako e telele go lemoga gore kamano ya bone ke e e ntseng jang—gore a e ne e le ditsala tse di itsaneng kana tse di sa itsaneng, tse di sa tlwaelanang thata kana di tlwaelane thata, di ikanyana. Ka tsela e e tshwanang, dithapelo tsa rona di ka senola kamano ya rona le Modimo.

Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo ga a “kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” (Ditiro 17:27) Eleruri, o a re laletsa gore re mo itse. Le gone re ka nna ditsala tsa gagwe. (Pesalema 34:8; Jakobe 2:23) Re ka itumelela botsalano jo bogolo jwa mmatota le ene! (Pesalema 25:14) Go phepafetse gore kamano ya rona le Modimo ke selo se se tlhwatlhwakgolo thata se rona batho ba ba sa itekanelang re ka nnang le sone. Mme Jehofa o tsaya botsala jwa rona bo le botlhokwa. Seno se a bonala ka gonne botsala jwa rona le ene bo ikaegile ka gore re dumele mo go Morwawe yo o tsetsweng a le esi, yo o neng a re swela.—Bakolosa 1:19, 20.

Ka gone dithapelo tsa rona di tshwanetse tsa bontsha gore re rata Jehofa thata le go mo anaanela. Le fa go ntse jalo, a o kile wa ikutlwa gore dithapelo tsa gago, le fa o di rapela ka tlotlo, ka tsela nngwe ga di tswe mo pelong? Seno se tlwaelegile. Ke eng se se ka dirang gore o tokafatse dilo? Ke go tsweledisa botsala jwa gago le Jehofa Modimo.

Go Batla Nako ya go Rapela

Selo sa ntlha, go tsaya nako go tsweledisa le go tlhagolela botsala. O ka nna wa dumedisa kana wa buisana le palo e kgolo ya batho letsatsi le letsatsi—baagelani, badirikawena, bakgweetsi ba dibese le badiri ba mo mabenkeleng. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore o tsala ya batho ba ba ntseng jalo. Botsala bo gola fa o ntse o buisana le motho mongwe ka nako e telele, go simolola ka motlotlo o monnye go fitlha o bua ka maikutlo a gago le ka dikgopolo tsa gago.

Ka tsela e e tshwanang, thapelo e re thusa gore re atamele Jehofa. Mme e tshwanetse ya neelwa nako e e lekaneng; go tlhokega mo gontsi go feta thapelo e khutshwane ya go leboga dijo fela. Fa o bua le Jehofa gantsi, o tla kgona go baakanya maikutlo a gago, maikaelelo le ditiro tsa gago. Ditharabololo tsa mathata a a boima di ka simolola go bonala fa moya wa Modimo o dira gore o gakologelwe melaometheo e e tswang mo Lefokong la gagwe. (Pesalema 143:10; Johane 14:26) Mo godimo ga moo, fa o ntse o rapela, Jehofa o nna motho wa mmatota mo go wena, mme o setse o lemoga thata gore o a go kgatlhegela ka lorato le gore o amega ka wena.

Tota seno se ntse jalo fa o bona dithapelo tsa gago di arabiwa. Ee ruri, Jehofa o ka “dira go feta bogolo thata go pota ka kwa dilo tsotlhe tse re di kopang kgotsa re di bopang mo mogopolong”! (Baefeso 3:20) Seno ga se reye gore Modimo o go direla dikgakgamatso. Le fa go ntse jalo, ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng, ka dikgatiso tsa setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo, kana ka melomo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, o ka nna a go neela kgakololo kana kaelo e o e tlhokang. Kana o ka nna a go neela maatla a a tlhokegang gore o itshokele thaelo kana go e gana. (Mathaio 24:45; 2 Timotheo 4:17) Dilo tse di ntseng jalo di dira gore dipelo tsa rona di anaanele Tsala ya rona ya selegodimo!

Ka gone motho o tshwanetse go nna le nako ya go rapela. Ke boammaaruri gore nako ga e yo mo malatsing ano a a thata. Mme fa tota o amega ka motho mongwe, gantsi o tla batla nako ya go e dirisa o na le ene. Ela tlhoko tsela e mopesalema a neng a itlhalosa ka yone: “Jaaka kwalata e hemahemela melatswana ya metsi, mowa wa me o go hemahemela jalo Modimo. Mowa wa me o nyorelwa Modimo, e bong Modimo o o tshedileng; ke tlaa tla leng ka bonala fa pele ga Modimo?” (Pesalema 42:1, 2) A o eletsa go bua le Modimo ka tsela e e tshwanang? Ka gone reka nako gore o dire jalo!—Bapisa Baefeso 5:16.

Ka sekai, o ka nna wa leka go tsoga maphakela thata e le gore o nne le nako ya go rapela mo sephiring. (Pesalema 119:147) Ka dinako tse dingwe a o a tle o ikutlwe o sa kgone go thulamela bosigo? Ka jalo, jaaka mopesalema, o ka nna wa leba dinako tse di ntseng jalo tse di tshwenyang e le sebaka sa go bolelela Modimo mathata a gago. (Pesalema 63:6) Kana e ka nna fela go rapela dithapelo tse dikhutshwane di le mmalwa mo letsatsing. Mopesalema o ne a raya Modimo a re: “Gonne ke tlhola ke biletsa kwa go wena letsatsi lotlhe fela.”—Pesalema 86:3.

Go Tokafatsa Boleng Jwa Dithapelo Tsa Rona

Ka dinako tse dingwe gape o tla fitlhela go thusa go oketsa boleele jwa dithapelo tsa gago. Mo thapelong e khutshwane, o ka nna wa bua ka dilo tse dipotlana fela. Mme fa o rapela dithapelo tse ditelele le tse di boteng, o ka kgona go bolela dikgopolo le maikutlo a gago a a boteng. Ka lekgetlho lengwe Jesu o kile a dirisa bobotlana bosigo jotlhe a rapela. (Luke 6:12) Kwantle ga pelaelo o tla bona gore dithapelo tsa gago e nna tse di botsalano thata le tse di utlwalang fa o tila go rapela o itlhaganetse.

Seno ga se reye gore o bue mafoko a a se nang bokao fa o se na dilo tse o ka di buang; kana ga go reye gore o ipoeletse ka tsela e e se nang mosola. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Mme fa o rapela, o se ka wa bua dilo di le dingwe kgapetsakgapetsa, fela jaaka batho ba merafe ba dira, gonne ba ithaya ba re ba tla utlwiwa ka ntlha ya go dirisa ga bone mafoko a le mantsi. Jalo, lo se ka lwa itira jaaka bone, gonne Modimo Rraalona o itse dilo lefa e le dife tse lo di tlhokang le pele ga lo mo kopa.”—Mathaio 6:7, 8.

Thapelo e utlwala thata fa o akanyetsa go sa le pele gore ke dilo dife tse o batlang go di bua. Go na le dilo di le dintsi tse re ka kgonang go bua ka tsone—go itumelela ga rona bodiredi, makoa a rona le go sa itekanela ga rona, maswabi, mathata a rona a itsholelo, mathata a kwa tirong kana kwa sekolong, botsogo jwa malapa a rona, le boemo jwa semoya jwa phuthego e re leng mo go yone, fa re umaka di sekae fela.

A ka dinako tse dingwe mogopolo wa gago o a tle o kgarakgatshege fa o rapela? Ka gone leka thata gore o tlhome mogopolo mo go se o se dirang. Legale, Jehofa o rata go ‘reetsa mekokotlelo ya rona.’ (Pesalema 17:1, bapisa NW.) A ga re a tshwanela go leka ka tlhoafalo gore re itheetse ka kelotlhoko fa re rapela? Ee, ‘tlhoma mogopolo wa gago mo dilong tsa moya,’ mme o o kganele go kgarakgatshega.—Baroma 8:5.

Gape tsela e re buang le Jehofa ka yone e botlhokwa. Le fa gone a batla gore re mo tseye e le tsala, ga re a tshwanela go lebala gore re bua le Molaodi wa lobopo. Bala o bo o tlhatlhanye ka tiragalo e e tlhotlheletsang e e bontshitsweng mo go Tshenolo kgaolo 4 le 5. Mo go yone Johane mo ponatshegelong o bona kgalalelo ya Ene yo re mo atamelang ka thapelo. A bo re na le tshiamelo jang ne ya go kgona go atamela le go kgona go buisana le “yo o ntseng mo setulong seno sa bogosi”! Le ka motlha ga re batle puo ya rona e nne e e se nang tlotlo kana e e se nang seriti. Go na le moo, re tshwanetse go leka ka thata go dira gore ‘mafoko a molomo wa rona, le go akanya ga pelo ya rona, go nne tebosego mo ponong ya gago, Jehofa.’—Pesalema 19:14.

Le fa go le jalo, re tshwanetse go lemoga gore ga re batle go kgatlha Jehofa ka puo e e botswerere. O itumedisiwa ke mafoko a rona a a tlotlegang le a a tswang mo pelong, go sa kgathalesege gore a builwe ka tsela e e motlhofo go le kana kang.—Pesalema 62:8.

Kgomotso le go Tlhaloganya mo Dinakong Tse re Tlhokang Thuso ka Tsone

Fa re tlhoka go thusiwa kana go gomodiwa, gantsi re ya kwa tsaleng e re atamalaneng le yone gore e re eme nokeng le go re utlwela botlhoko. Ebu, ga go na tsala e e atamelesegang thata go gaisa Jehofa. Ke “thuso e e gaufi thata mo tlalelong.” (Pesalema 46:1) Jaaka e le “Modimo wa kgomotso yotlhe,” o tlhaloganya botoka se se re diragalelang go gaisa motho ope o sele. (2 Bakorintha 1:3, 4; Pesalema 5:1; 31:7) Mme o amega tota le go utlwela botlhoko thata ba ba mo mathateng. (Isaia 63:9; Luke 1:77, 78) Ka go lemoga gore Jehofa ke tsala e e tlhaloganyang, re ikutlwa re gololesegile go bua le ene ka tlhoafalo, le ka tsela e e nonofileng. Re tlhotlheletsega go bua dilo tse re di boifang le ditlhobaelo tsa rona. Ka gone re ikutlwela ka borona ka fa ‘dikgomotso tsa ga [Jehofa] di a tleng di jese mowa wa rona monate’ ka gone.—Pesalema 94:18, 19.

Ka dinako tse dingwe re ka nna ra ikutlwa re sa tshwanele go atamela Modimo ka ntlha ya diphoso tsa rona. Mme go tweng fa e le gore tsala e lo ntshanang seinong le yone e go diretse phoso mme e kopa gore o e itshwarele? A o ne o ka se tlhotlheletsege go mo gomotsa le go mo tlhomamisetsa? Ke ka ntlha yang he fa o tshwanetse go lebelela mo gonnye mo go Jehofa? O itshwarela ditsala tsa gagwe ka bopelotshweu tse di leofang ka go bo batho ba sa itekanela. (Pesalema 86:5; 103:3, 8-11) Ka go itse seno, ga re palelwe ke go mmolelela diphoso tsa rona re gololesegile; re ka tlhomamisega gore o a re rata e bile o re utlwela botlhoko. (Pesalema 51:17) Fa re tshwenyegile thata mo maikutlong ka ntlha ya melato ya rona, re ka gomodiwa ke mafoko a ga 1 Johane 3:19, 20: “Re tla itse ka seno gore re thaega mo boammaaruring, mme re tla tlhomamisetsa dipelo tsa rona fa pele ga gagwe malebang le selo lefa e le sefe se dipelo tsa rona di ka re bonang molato mo go sone, ka gonne Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona mme o itse dilo tsotlhe.”

Le fa go ntse jalo, ga go tlhokege gore re bo re le mo mathateng a magolo fa re batla Modimo a amega ka rona ka lorato. Jehofa o kgatlhegela sengwe le sengwe se se ka amang bomoya le maikutlo a rona. Ee, le ka motlha ga re a tshwanela go akanya gore maikutlo a rona, dikgopolo le mathata a rona a mannye thata mo re ka se kang ra a umaka mo thapelong. (Bafilipi 4:6) Fa o na le tsala e lo ntshanang seinong le yone, a o e bolelela fela dilo tse dikgolo tse di go diragaletseng mo botshelong jwa gago? A ga o e bolelele le mathata a mannye thata? Ka tsela e e tshwanang, o ka gololesega go bua ka karolo epe fela ya botshelo jwa gago le Jehofa, o ntse o itse gore o a ‘go kgathalela.’—1 Petere 5:7.

Ke boammaaruri gore botsala bo ka se tseye nako e telele fa e le gore sengwe le sengwe se lo se buang ke ka ga gago fela. Ka mo go tshwanang, ga re a tshwanela go ithapelela ka borona fela. Gape re tshwanetse go bontsha gore re rata Jehofa le go amega ka ene le ka dilo tse di direlwang ene. (Mathaio 6:9, 10) Thapelo e re naya sebaka sa go kopa thuso mo Modimong, mme gape le sebaka sa go mo leboga le go mmaka. (Pesalema 34:1; 95:2) ‘Go anya kitso’ ka go ithuta ka metlha ka namana go tla re thusa mo ntlheng eno, jaaka e re thusa gore re tlwaelane botoka le Jehofa le ditsela tsa gagwe. (Johane 17:3) O ka nna wa bona go le molemo thata go bala buka ya Pesalema mme o ele tlhoko se batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba neng ba se bolelela Jehofa.

Go nna tsala le Jehofa eleruri ke mpho e e botlhokwa. E kete re ka bontsha gore re anaanela mpho eo ka go dira gore dithapelo tsa rona di nne botsalano thata, di tswe mo pelong le go tswa mo go rona ka namana. Morago ga moo re tla nna le boitumelo jo bo bontshitsweng ke mopesalema, yo o neng a bolela jaana: “Go sego motho yo o mo itshenkelang, wa mo ikatametsa.”—Pesalema 65:4.

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Re ka rapela Modimo mo letsatsing lotlhe fa sebaka se nna teng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela