LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 7/15 ts. 20-23
  • Boloka Botshelo Jwa Ngwana wa Gago!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boloka Botshelo Jwa Ngwana wa Gago!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna Tsala e e Atamalaneng Thata le Bone
  • Go Rata Modimo
  • Go Boifa Modimo
  • Ditlamorago Tse di Itumedisang
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Batsadi—Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 7/15 ts. 20-23

Boloka Botshelo Jwa Ngwana wa Gago!

MICHAEL le Alphina ba nna kwa mokgatšheng mongwe wa kwa magaeng o o fa gare ga dithabana tse di tala kwa KwaZulu-Natal, mo Afrika Borwa. Ba ne ba lebane le dikgwetlho tse dintsi fa ba ne ba godisa bana ba bone ba le supa. Gonne a engwe nokeng ka botlalo ke mosadi wa gagwe, Michael o ne a dira bojotlhe jwa gagwe go utlwa taolo ya Baebele e e lebisitsweng mo go borre e e reng: “Tswelelang lo ba godisetsa [bana ba lona] mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Mme ka dinako tse dingwe mathata a a tlhaga.

Ka sekai, go tlwaelegile gore basimane ba ba disang ba Maafrika ba kopanye dikgomo tsa batsadi ba bone gore ba kgone go bona nako e ntsi ya go tshameka mmogo. Ka dinako tse dingwe ba simolola go tswa mo tseleng ba bo ba bua dilo tse ba sa tshwanelang go di bua. Fa bomorwa Michael ba ne ba ya go disa dikgomo tsa lelapa la bone, o ne a ba naya ditaelo tse di gagametseng tsa gore ba se ka ba tsalana le bana bangwe ba ba rileng. (Jakobe 4:4) Le fa go ntse jalo, e ne e re ka dinako tse dingwe fa a tswa tirong a bo a ba fitlhela ba na le bone. Ka jalo, o ne a tshwanelwa ke go ba otlhaya.—Diane 23:13, 14.

A o akanya gore Michael o ne a gagamaditse letsogo thata mo baneng ba gagwe? Bangwe ba ka ikutlwa jalo, mme Jesu Keresete o ne a re “botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) Michael le Alphina ba ne ba dira gore go nne le botsalano jo bo lorato mo legaeng la bone, ba dirisa nako ba na le bana ba bone e bile ba ba ruta dipego le boammaaruri jwa Baebele.

Michael le Alphina ba na le barwadi ba le banè—Thembekile, Siphiwe, Tholakele, le Thembekani. Botlhe ke bareri ba nako e e tletseng ba dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Barwa ba bone ba babedi ba direla e le balebedi ba ba okamelang mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa. Morwa wa bone wa boraro, yo mosadi wa gagwe le ene e leng moreri wa nako e e tletseng, o direla e le motlhanka wa bodiredi.

Batsadi ba bantsi ba Bakeresete ba ba nang le malapa a magolo ba segofaditswe ka katlego mo go godiseng bana ba bone. Le fa go ntse jalo, bana bangwe ba ba godisitsweng sentle ke batsadi ba latlha boammaaruri. Kwantle ga pelaelo, batsadi ba bone ba nna ba gakologetswe setshwantsho sa ga Jesu sa morwa wa sesenyi mme ba bo ba nna le tsholofelo ya gore morwa kana morwadi wa bone o tla ikwatlhaya mme kgabagare a bo a bona poloko.—Luke 15:21-24.

Le fa go ntse jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore, batsadi bangwe ba Bakeresete ba latlhegelwa ke bana ba bone botlhe ka gore ba ye lefatsheng. Jono ke bothata jo bogolo jang mo dikarolong dingwe tsa Afrika mo bana ba bonalang ba dira sentle go fitlha ba tshwara dingwaga tsa bone tsa bolesome. Mme e bo e re fa ba fitlha mo nakong ya go thunya ga bosha, ba bo ba hepisiwa ke ditsela tse di sa siamang tsa lefatshe la ga Satane. (1 Johane 5:19) Ka ntlha ya seo, borre ba bantsi ga ba tshwanelegele go direla e le bagolwane ba phuthego. (1 Timotheo 3:1, 4, 5) Go phepafetse gore rrè wa Mokeresete o tshwanetse go leba poloko ya ba lelapa la gagwe e le selo se se botlhokwa thata. Ka jalo, batsadi ba ka dira eng go boloka matshelo a bana ba bone?

Nna Tsala e e Atamalaneng Thata le Bone

Ga se fela gore Jesu o ne a itekanetse mme gape o ne a gaisa motho le fa e le ofe fela ka kitso le ka boitemogelo. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwara barutwa ba gagwe ba ba sa itekanelang jaaka ditsala tsa gagwe tse a neng a atamalane thata le tsone. (Johane 15:15) Ke ka ntlha ya moo ba neng ba batla go nna le ene e bile ba ne ba atlega fa a na le bone. (Johane 1:14, 16, 39-42; 21:7, 15-17) Batsadi ba ka ithuta sengwe go tswa mo go seno. Fela jaaka dimela tse dinnye tse matlhare a tsone a golelang fa go nang le marang a a bothito a letsatsi gone, bana ba gola sentle fa go na le moya o o lorato le botsalano mo gae.

Batsadi, a bana ba lona ba ikutlwa ba gololesegile go lo atamela ka sengwe le sengwe se ba tshwenyegileng ka sone? A lo a ba reetsa? Pele ga lo fitlhelela ditshwetso, a lo dira gore ba tlhalose megopolo le maikutlo a bone e le gore lo kgone go bona dilo sentle jaaka fa di ntse? A ka bopelotelele lo ba thusa go bona dikarabo tsa dipotso dingwe ka go dira dipatlisiso le bone mo dikgatisong tsa Baebele?

Mmè mongwe wa mo Afrika Borwa o ne a tlhalosa jaana: “Go tloga ka letsatsi la ntlha le morwadiarona a neng a ya kwa sekolong ka lone, ka metlha re ne re mo kgothaletsa gore a re bolelele se se tlhotseng se direga motshegare. Ka sekai, ke ne ke mmotsa jaana: ‘Ka nako ya gago ya dijo tsa motshegare o ne o na le mang? Mpolelele ka morutabana wa gago o mosha. O ntse jang? Go rulagantswe ditiro dife mo bekeng eno?’ Ka letsatsi lengwe, morwadiarona o ne a tla gae mme a re morutabana wa bone wa Seesemane o ne a tlile go isa setlhopha sotlhe go ya go bona filime eo morago ba tla kwalang tlhamo ka yone. Setlhogo sa filime eo se ne se tsosa dipelaelo. Fa re batlisisa, re ne ra fitlhela gore ga se kitla se tshwanela Mokeresete. Re ne ra tlotla ka kgang eno re le lelapa. Ka letsatsi le le latelang morwadiarona o ne a atamela morutabana, a tlhalosa gore ga a batle go bona filime, gonne boitsholo jo e bo tshwantshang bo ne bo sa dumelane le ditumelo tsa gagwe tsa Bokeresete. Morutabana o ne a akanya ka kgang eno mme morago a leboga morwadiarona, a re o ne a sa batle go tsaya setlhopha a se isa go ya go bona selo se o neng a tla se ikwatlhaela.” Kgatlhego e e lorato e batsadi bano ba neng ba e bontsha mo go reng morwadiabone a bolokege e ne ya nna le matswela a a molemo. O nna a itumetse e bile o na le pono e e molemo ka dilo mme e bile gone jaanong o direla e le moithaopi mo lekaleng la Watch Tower Bible and Tract Society mo Afrika Borwa.

Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo tota sa go dirisana le bana ba batho ba bangwe. O ne a itumelela go nna le bone. (Mareko 10:13-16) A bo batsadi ba tshwanetse go itumela jang ne go dira dilo mmogo le bana ba bone! Mo dikarolong dingwe tsa Afrika, rre o tlhabiwa ke ditlhong gore a bonwe a tshameka bolo kana metshameko e mengwe fela le bomorwawe. Mme rre wa Mokeresete ga a tshwanela go ikutlwa gore o botlhokwa thata gore a ka bonwa a dira dilo mmogo le bana ba gagwe. Bana ba batla batsadi ba ba itumelelang go dirisa nako le bone. Seno se dira gore go nne motlhofo gore bana ba tlhalose maikutlo a bone. Fa ditlhoko tse di ntseng jalo tsa maikutlo di tlhokomologiwa, bana ba ka tshwenyega kana ba tlhonama, segolobogolo fa ba bontshiwa diphoso kgapetsakgapetsa.

Fa a ne a kwalela Bakolosa ka ga dikamano tsa lelapa, Paulo o ne a re: “Lona borrabana, lo se ka lwa bo lo gakatsa bana ba lona, e le gore ba se ka ba kotlomana pelo.” (Bakolosa 3:21) Seno se ka bontsha gore ka dinako dingwe go nna le bothata jwa go tlhola o otlhaetse bana ruri mme o se ke o nna le nako e kalo le bone ya botsala. Bana, go akaretsa le ba dingwaga tsa bolesome, bao ba ratiwang e bile ba anaanelwa go ka direga thata gore ba utlwe fa ba otlhaiwa ka tshwanelo.

Go Rata Modimo

Boswa jwa botlhokwatlhokwa jo batsadi ba ka bo fetisetsang mo baneng ba bone ke sekao sa bone sa go bontsha lorato. Bana ba tlhoka go bona le go utlwa batsadi ba bone ba bua e bile ba bontsha lorato lwa mmatota lwa Modimo. Lekawana lengwe le le direlang mo lekaleng la Watch Tower Bible and Tract Society mo Afrika Borwa le tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke sa ntse ke le mosimane, ke ne ke thusa rre ka ditiro tsa legae. Ke ne ke rata go mo thusa, gonne Papa o ne a anaanela thata bonnye jo ke neng ke bo dira. O ne a dirisa nako eo go mpolelela dilo di le dintsi ka Jehofa. Ka sekai, ke gakologelwa letsatsi lengwe go le Matlhatso re dira ka natla re sega bojang. Go ne go le mogote tota. Papa o ne a fufula, ka jalo ke ne ka taboga ka ya go tsaya digalase tse pedi tsa metsi mme ka tsenya diaese mo teng. Papa o ne a re: ‘Morwaake, a o bona kafa Jehofa a leng botlhale ka teng? Aese e kokobala fa godimo ga metsi. Fa e ka bo e ne e nwela, dilo tsotlhe tse di tshelang kafa tlase ga matsha le makadiba di ne di tla swa. Go na le moo, aese e direla e le kobo e e di sireletsang! A seo ga se re thuse go itse Jehofa botoka?’a E rile moragonyana fa ke ne ke tshwaretswe go boloka boitlhaodi, ke ne ka nna le nako ya go akanya. E rile bosigo bongwe ke le mo seleng ya me mo kgolegelong ke ne ka ikutlwa ke tshwenyegile thata mo maikutlong mme ke ne ka gakologelwa mafoko a ga Papa. A bo a ne a na le bokao jang ne! Ke tla obamela Jehofa ka bosakhutleng fa nka kgona.”

Ee, bana ba tlhoka go bona lorato lwa Modimo lo bonala mo dilong tsotlhe tse batsadi ba bone ba di dirang. Go rata Modimo le go rata go mo utlwa go tshwanetse ga bonwa segolobogolo e le selo se se re tlhotlheletsang go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo, le go bala Baebele le go e ithuta jaaka lelapa. (1 Bakorinthe 13:3) Se se botlhokwa le go feta, go rata Modimo go tshwanetse ga bonala mo dithapelong tsa lelapa tse di dirwang go tswa pelong. Go botlhokwa thata go naya bana ba lona boswa jo bo ntseng jalo. Ke ka ntlha eo Baiseraele ba neng ba laelwa jaana: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela. Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago. O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.”—Duteronome 6:5-7; bapisa Mathaio 22:37-40.

Selo se segolo se se re kgoreletsang go rata Modimo le go mo utlwa ke boleo jo re bo ruileng. (Baroma 5:12) Ka gone, Baebele gape e laela jaana: “Lona ba lo ratang Jehofa, a ko lo ileng bosula.” (Pesalema 97:10) Dikakanyo tse di bosula gantsi di felela ka ditiro tse di bosula. E le gore ngwana a kgone go di tila, o tshwanetse go nna le nonofo e nngwe gape ya botlhokwa.

Go Boifa Modimo

Lorato fa lo kopana le go boifa go dira dilo tse di sa itumediseng Jehofa ke sengwe se se tlhokegang tota. Jesu Keresete ka boene o ne a re tlhomela sekao se se itekanetseng sa motho yo o neng a itumedisiwa ke ‘go boifa Jehofa.’ (Isaia 11:1-3) Poifo e e ntseng jalo e botlhokwa thata fa ngwana a fitlha mo dingwageng tsa go thunya ga bosha mme a simolola go nna le dikeletso tse di nonofileng thata tsa tlhakanelodikobo. Go boifa Modimo go ka thusa mosha go gana dikgatelelo tsa lefatshe tse di ka felelang ka boitsholo jo bo sa siamang. (Diane 8:13) Mo ditsong tse dingwe, batsadi ga ba rute bana ba bone kafa ba ka dirisanang ka gone le dithaelo tsa tlhakanelodikobo. Totatota, ba le bantsi ba bona go le phoso go tlotla ka dikgang tseno. Mme go se ele dilo tlhoko mo go ntseng jalo ga batsadi go feletse ka eng?

Dingaka tse tharo tsa kalafi e leng Buga, Amoko, le Ncayiyana di ne tsa botsolotsa basetsana ba le 1702 le basimane ba le 903 ba kwa metseselegaeng ya Transkei, mo Afrika Borwa. The South African Medical Journal e begile gore “76% ya basetsana le 90,1% ya basimane mo patlisisong eno ba ne ba setse ba kile ba tlhakanela dikobo.” Palogare ya dingwaga tsa basetsana e ne e le 15, mme ba le bantsi ba bone ba pateleditswe go tlhakanela dikobo. Ba ba fetang 250 ba ne ba setse ba kile ba ithwala gangwe kana go feta. Ditlamorago tse dingwe ke palo e e kwa godimo ya malwetse a a tshelanwang a tlhakanelodikobo.

Go bonala batsadi ba bantsi ba sa bone go tlhokega gore ba rute bana ba bone kafa ba ka tilang tlhakanelodikobo pele ga lenyalo ka gone. Go na le moo, lekwalopaka le le umakilweng pejana le tlhalosa jaana: “Go tshola bana le go nna mmè ke dinonofo tse di tseelwang kwa godimo tsa go supa gore o mosadi mo bathong ba ba nnang mo metseselegaeng ya Transkei, mme basetsana ba merobanyana ba itlhaganelela go bona ntlha eo.” Bothata jo bo tshwanang bo teng mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.

Basha ba bantsi mo Afrika ba bona batsadi ba bone molato gonne ba sa ba thusa go tlhaloganya dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo. Batsadi bangwe ba Bakeresete ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong thata go dirisa buka ya Bosha Jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone.b Mo ditsebeng 20-3, e tlhalosa ka go dirisiwa ga dirwe tsa tlhakanelodikobo ka tsela e e tlotlegang le ka diphetogo tse di nnang gone ka nako ya fa o tsena mo bogolong.

Batsadi ba Bakeresete ba ba lekang go tlhalosetsa bana ba bone pono ya Modimo ka tlhakanelodikobo ba akgolwa fela thata. Go botlhokwa fa seno se dirwa kgato ka kgato, go ya ka bokgoni jwa ngwana jwa go tlhaloganya dilo. Ba ikaegile ka ntlha e e jaaka dingwaga tsa ngwana, batsadi ba ka tlhoka go bua ka tlhamalalo fa ba bua ka dikarolo tsa mmele le seo di se dirang. Fa go sa nne jalo, mosha yo o se nang boitemogelo a ka se tlhaloganye ntlha e go neng go buiwa ka yone.—1 Bakorinthe 14:8, 9.

Rre mongwe wa mo Afrika Borwa yo o nang le barwadi ba le babedi le morwa o tlhalosa jaana: “Ka makgetlho a mantsi, ke nnile le ditshono tsa go tlotla ka dilo tse di masisi thata tsa tlhakanelodikobo le e leng le basetsana. Le fa go ntse jalo, mosadi wa me o ne a tlhokometse thata bomorwadiarona, a dirisa buka ya Bosha Jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. [Bona ditsebe 26-31.] Fa morwaake a ne a na le dingwaga tse 12, ke ne ka swetsa go tsamaya le ene sekgala se seleele mo dithabeng. Ka yone nako eo, re ne ra tlotla go le gontsi ka diphetogo tse di nnang gone mo mmeleng wa mosimane le boikaelelo jo bo kgethegileng jo tseno di tla bo dirang moragonyana mo lenyalong. Gape ke ne ka tlotla le ene ka botlhokwa jwa go tila mokgwa o o sa siamang wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo le go tshola basetsana sentle le go ba tlotla—jaaka fa a dira ka mmaagwe le bokgaitsadie.”

Ditlamorago Tse di Itumedisang

Rre le mmè ba ba sa tswang go umakwa ba dirile ka natla mme ba itumeletse gore ba nnile le matswela a a molemo mo go godiseng bana ba bone ba bararo. Botlhe ka boraro gone jaanong ba godile, e bile ba nyalane le Bakeresete ba ba ikanyegang. Morwaabone le bagwe ba bone ba direla e le bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete, mme banyalani ba babedi ba ntse ba le mo tirong ya go rera efangele ka nako e e tletseng ka dingwaga di le dintsi.

Ee, batsadi ba ba dirang ka natla go boloka ba malapa a bone ba ka lebelela matswela a a itumedisang mo baneng ba ba tlhophileng go arabela mo thutong e e ntseng jalo ya Baebele, gonne Diane 23:24, 25 e re: “Le yo o tsalang ngwana yo o botlhale o tlaa bona boitumelo ka ga gagwe. A borraago le mmaago ba itumele.” Akanya ka lelapa le legolo le le umakilweng mo tshimologong ya setlhogo seno. “Fa ke akanya ka kgatelopele ya semoya e bana ba me ba e dirileng,” go bolela Alphina, “pelo ya me e tlala boitumelo.” E kete batsadi botlhe ba Bakeresete ba ka berekela go bona matswela ano a a itumedisang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Fa metsi a simolola go nna dikgapetlana, a latlhegelwa ke go kitlana ga one a bo a tlhatlogela kwa godimo. Bona ditsebe 137-8 tsa buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

b Bona gape le Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Rre a ka rulaganyetsa maemo a a siameng gore a tlhalose dintlha tsa botshelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela