LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/1 ts. 3-4
  • Segakolodi—A ke Mokgweleo Kana se a Thusa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Segakolodi—A ke Mokgweleo Kana se a Thusa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Segakolodi—Kgopolo E e Mo Baebeleng
  • A Segakolodi sa Gago se Thapisitswe Sentle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • O ka Dira Jang Gore o Nne O na Le Segakolodi se se Siameng?
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Utlwa Lentswe Le le Mo Teng ga Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A o Ikanya Segakolodi sa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/1 ts. 3-4

Segakolodi—A ke Mokgweleo Kana se a Thusa?

‘SEGAKOLODI sa me se a ntshwenya!’ Gangwe le gape, mongwe le mongwe wa rona o a tle a tshwenngwe ke segakolodi. Maikutlo a a ntseng jalo a ka simolola ka go tshwenyeganyana fela go ya kwa go ngomogeng pelo. Segakolodi se se tshwenyegileng thata se ka nna sa dira gore motho a tshwenyege thata mo maikutlong kana gore a ikutlwe a paletswe.

Fa o leba dilo ka tsela eno he, a segakolodi ga se mokgweleo? Ba bangwe ba ka nna ba akanya gore ke one. Gantsi ditso di le dintsi tsa nako e e fetileng di ne di tsaya segakolodi e le nonofo fela e e mo mothong, e a tsetsweng ka yone. Batho ba le bantsi ba ne ba akanya gore ke selo se se ba kaelang mo boitsholong se se tswang kwa Modimong ka tlhamalalo. Ka gone segakolodi se ntse se bidiwa “go nna gone ga Modimo mo mothong,” “botho jwa rona jo re tsetsweng ka jone,” tota le “lentswe la Modimo.”

Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana go setse go tlwaelegile go bolela gore segakolodi ke nonofo fela e motho a ka nnang le yone—e e nnang gone ka tlhotlheletso ya batsadi le batho ba bangwe. Ka sekai, baithutatlhaloganyo bangwe ba bolela gore ngwana o ithuta gore a se ka a itshwara ka tsela e e sa siamang segolobogolo e le ka go bo a tshaba kotlhao, ba dumela gore selo se re se bitsang segakolodi ke fela go nna le mekgwa e mentle le ditumelo tsa batsadi ba rona. Ba bangwe ba bontsha gore ke seabe se setšhaba ka kakaretso se nang le sone mo go fetisetseng mekgwa e mentle le melao mo go rona. Ba bangwe ba tsaya gore go tshwenyega ga segakolodi go dirwa fela ke kgotlhang e e fa gare ga se re batlang go se dira le se setšhaba se se gatelelang se batlang re se dira!

Go sa kgathalesege dikgopolo tseo, gangwe le gape batho ba ile ba emelana le batsadi ba bone, ba malapa le batho ka kakaretso ka gonne segakolodi sa bone se ba boleletse gore ba dire jalo. Ba bangwe ba ile ba bo ba eletsa go ntsha botshelo jwa bone setlhabelo ka ntlha ya segakolodi! Mme le fa ditso tsa lefatshe di ka tswa di farologane go le kana kang, ditiro tse di jaaka go bolaya, go utswa, boaka, go aka le go tlhakanela dikobo le wa losika, gongwe le gongwe di lejwa e le tse di sa siamang. A seno ga se neye bosupi jwa gore segakolodi se mo mothong, o tsetswe ka sone?

Segakolodi—Kgopolo E e Mo Baebeleng

Motswedi wa mmatota wa tshedimosetso mo kgannyeng eno ke Jehofa Modimo. Tota e bile, “ke ene [Modimo] yo o re dirileng, mme re ba gagwe.” (Pesalema 100:3) O tlhaloganya sentle tsela e re dirilweng ka yone. Lefoko la Modimo, Baebele, le tlhalosa gore motho o dirilwe mo “setshwanong” sa Modimo. (Genesise 1:26) Motho o dirilwe gore a kgone go lemoga se se siameng le se se sa siamang; go tswa kwa tshimologong, segakolodi e ne e ntse e le karolo e motho a bopilweng a na le yone.—Bapisa Genesise 2:16, 17.

Moaposetoloi Paulo o tlhomamisa seno mo lekwalong le a neng a le kwalela Baroma, a kwala jaana: “Lefa e le leng fela fa batho ba merafe ba ba se nang molao [wa Modimo] ba dira ka tlholego dilo tsa molao, batho bano, le mororo ba se na molao, bone ke molao mo go bone. Ke bone tota ba ba bontshang fa kgang ya molao e kwadilwe mo dipelong tsa bone, fa segakolodi sa bone se naya bosupi kaga bone e bile, mo gare ga dikakanyo tsa bone, ba latofadiwa kgotsa le eleng go sa bonwe molato.” (Baroma 2:14, 15) Ela tlhoko gore batho ba le bantsi ba ba neng ba sa godisediwa mo Molaong wa Modimo o o neng o neetswe Bajuda ba ne ba ntse ba latela melaometheo e mengwe ya molao wa Modimo, ba sa gatelelwe ke batho, mme ba dira jalo “ka tlholego”!

Ka jalo mo boemong jwa gore e nne mokgweleo, segakolodi ke mpho ya Modimo, e e thusang. Ke boammaaruri gore se ka re dira gore re tshwenyege. Mme fa se tsewa tsia ka tshwanelo, gape se ka re duela ka gore re nne le maikutlo a a kgotsofetseng thata le a a ritibetseng. Se ka re kaela, sa re sireletsa le go re tlhotlheletsa. The Interpreter’s Bible e akgela jaana: “Boitekanelo jwa mogopolo le jwa maikutlo bo ka bolokwa fela fa motho a leka go tswala phatlha e e nnang gone mo gare ga se a se dirang le se a akanyang gore o tshwanetse go se dira.” Motho o ka tswala phatlha eo jang? A go a kgonega go bopa le go thapisa segakolodi sa rona? Dipotso tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela