LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/1 ts. 4-6
  • Tsela E o Ka Thapisang Segakolodi sa Gago ka Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela E o Ka Thapisang Segakolodi sa Gago ka Yone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mogopolo, Pelo le Segakolodi sa Gago
  • Fa re Dira Phoso
  • “Nnang le Segakolodi se se Molemo”
  • O ka Dira Jang Gore o Nne O na Le Segakolodi se se Siameng?
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • A Segakolodi sa Gago se Thapisitswe Sentle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • A o Ikanya Segakolodi sa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Utlwa Lentswe Le le Mo Teng ga Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/1 ts. 4-6

Tsela E o Ka Thapisang Segakolodi sa Gago ka Yone

“SEGAKOLODI se se phepa ke mosamo o o molemo.” Seane seno sa bogologolo se tlhomolola ntlha eno e e botlhokwa: Fa re tsaya segakolodi sa rona tsia, re a ritibala mo mogopolong le go nna le kagiso.

Le fa go ntse jalo, ga se botlhe ba ba tlhophang go dira jalo. Adolf Hitler o ne a ipolela fa a le mo mokgaphing wa go golola motho mo sebataneng se se tshosang se se tlontlololang, kana mo selong se se tsietsang, se se itsiweng e le segakolodi. Puso ya gagwe e e neng e boifisa e bontsha tlhasenyana fela e e hutsafatsang ya gore batho ba ka nna setlhogo go le kana kang fa ba kgaogana le segakolodi sa bone. Le fa go le jalo, bosetlhogo jo bo tshwanang le joo bo dirwa ke dikebekwa tse dintsi tse di thubakang gompieno—tse di betelelang le go bolaya di sa swabele seo. Dipalo tse di ntseng di oketsega tsa batho ba ba dirang seno ke basha. Ka gone buka e e tlotlang ka ditiragalo tseno e na le setlhogwana se se reng Children Without a Conscience.

Le fa batho ba le bantsi ba ne ba ka se akanye go dira bokebekwa jo bo setlhogo, ba le bantsi ga go ba re sepe go tsenelela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go aka, kana go tsietsa. Maitsholo a senyegela pele mo lefatsheng lotlhe. Fa moaposetoloi Paulo a ne a bolela ka botenegi jo bogolo mo kobamelong ya boammaaruri, o ne a kwala gore Bakeresete bangwe ba ne ba tla ineela mo tlhotlheletsong ya lefatshe mme ka go dira jalo ba nna “ba ba tshwailweng mo digakoloding tsa bone jaaka e kete ka tshipi e e babolang.” (1 Timotheo 4:2) Matshosetsi a ditiro tse di seng ka fa molaong a setse a oketsegile thata gompieno mo ‘malatsing ano a bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) Ka gone Bakeresete ba tshwanetse go leka ka natla gore ba sireletse segakolodi sa bone. Re ka dira seno ka go se thapisa le go se nonotsha.

Mogopolo, Pelo le Segakolodi sa Gago

Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Ke bua boammaaruri mo go Keresete; ga ke ake, e re ka segakolodi sa me se naya bosupi kaga me mo moyeng o o boitshepo.” (Baroma 9:1) Ka gone segakolodi se ka naya bosupi. Se ka sekaseka tsela nngwe ya boitshwaro se bo se e amogela kana se e nyatsa. Go lemoga ga rona sentle se se siameng le se se sa siamang go tsentswe mo go rona ke Mmopi wa rona. Le fa go ntse jalo, segakolodi sa rona se sa ntse se ka bopiwa le go thapisiwa. Jang? Ka go anya kitso e e tlhomameng mo Lefokong la Modimo. Moaposetoloi Paulo o bolela jaana: “Lo fetolwe ke go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Fa o tsenya megopolo ya Modimo le thato ya gagwe mo mogopolong wa gago, segakolodi sa gago se simolola go dira ka tsela ya bomodimo.

Basupi ba ga Jehofa ba thusitse dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe go ‘anya kitso ka Jehofa Modimo le ka Jesu Keresete.’ (Johane 17:3) Ka thulaganyo ya thuto ya bone ya Baebele ya legae ya mahala, ba ruta batho ba ba dipelo tse di ikanyegang melao ya ga Jehofa Modimo e e malebana le tlhakanelodikobo, majalwa, lenyalo, ditiro tsa kgwebo le ditlhogo tse dingwe tse dintsi.a (Diane 11:1; Mareko 10:6-12; 1 Bakorintha 6:9, 10; Baefeso 5:28-33) Go anya “kitso e e leng yone” eno ke kgato e e botlhokwa ya go nonotsha segakolodi sa bomodimo. (Bafilipi 1:9) Gone mme, tota le fa Mokeresete a sena go tlhaloganya Baebele sentle, o tshwanetse a tswelela pele a tsenya Lefoko la Modimo mo mogopolong wa gagwe ka metlha fa a batla gore segakolodi sa gagwe se bereke ka tsela e e tshwanetseng.—Pesalema 1:1-3.

Gape Baebele e amanya segakolodi le pelo ya tshwantshetso, e e akaretsang maikutlo a rona. (Baroma 2:15) Mogopolo le pelo di tshwanetse tsa dira mmogo ka kutlwano e le gore segakolodi se dire ka tshwanelo. Seo se raya gore ga go a lekana go tsenya tshedimosetso mo mogopolong wa gago fela. Gape o tshwanetse go bopa pelo ya gago—maikutlo a gago a a ka fa teng, dikeletso le dikeletso tse di feteletseng. Ka gone buka ya Diane e dirisa mafoko a a jaaka “lebisa pelo ya gago,” “tlhoma pelo ya gago,” le ‘tsamaisa pelo ya gago.’ (Diane 2:2; 23:19; 27:23, bapisa NW.) Tsela e nngwe ya go dira jalo ke ka go tlhatlhanya le go akanya ka Dikwalo. Pesalema 77:12 e bolela jaana: “Ke tlaa akanya tiro ya gago yotlhe, ke kanka ka ga tse o di dirang.” Go tlhatlhanya go re thusa gore re fitlhelele maikutlo a rona a a ka fa teng le maikaelelo.

Ka sekai, a re re gongwe o na le mokgwa o o leswe o o jaaka go lemalela go goga motsoko. Fela jaaka batho ba le bantsi, kwantle ga pelaelo o lemoga sentle dikotsi tsa one mo botsogong. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore o ntse o rotloediwa ke ditsala le ba lelapa, o bone go le thata go o tlogela. Go tlhatlhanya ka molaetsa wa Baebele go ka nonotsha segakolodi sa gago jang mo ntlheng eno?

Ka sekai, leka go tlhatlhanya ka mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a fitlhelwang mo go 2 Bakorintha 7:1: “Jalo, e re ka re na le ditsholofetso tseno, baratwa, a re intlafatseng teswafalo nngwe le nngwe ya nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.” Tlhaloganya moko wa mafoko ano. Ipotse jaana, ‘Tota “ditsholofetso tseno” ke dife tse Paulo a neng a bua ka tsone?’ Ka go bala se se dikologileng kgang eno, o tla lemoga gore ditemana tse di fa godimo di bolela jaana: “‘“Tswang gareng ga bone, lo bo lo itomolole,” go bua Jehofa, “mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa”’; ‘“mme ke tla lo amogela.”’ ‘“Mme ke tla nna rraalona, mme lona lo tla nna barwa le barwadi ba me,’ go bua Jehofa Mothatayotlhe.’”—2 Bakorintha 6:17, 18.

Taolo ya ga Paulo ya gore ‘re intlafatse leswe’ jaanong e dira gore seno se nne le maatla! Jaaka tlhotlheletso e e maatla ya gore go dirwe jalo, Modimo o solofetsa go ‘re amogela,’ ke gore, go re tlhokomela. O ka nna wa ipotsa jaana: ‘A nka itumelela botsalano jo bo gaufi le ene—jo bo tshwanang le jwa morwa kana morwadi le rre?’ A kgopolo ya go ‘amogelwa’ kana go ratiwa ke Modimo yo o botlhale le yo o lorato ga se e e kgatlhang thata? Fa e le gore kgopolo eo e lebega e sa tlwaelega mo go wena, ela tlhoko tsela e borre ba ba lorato ba bontshang bana ba bone lorato le go ba kgatlhegela ka yone. Jaanong akanya fela sebofo seo se se leng fa gare ga gago le Jehofa! Fa o tlhatlhanya ka gone thata, go eletsa go nna le botsalano jo bo ntseng jalo go tla gola.

Mme ela tlhoko: O ka kgona go nna gaufi le Modimo fa fela o ka ‘tlogela go ama selo se se seng phepa.’ Ipotse jaana: ‘A go lemalela go goga motsoko ga se sengwe sa “dilo tse di seng phepa” tse Modimo a di nyatsang? A go o goga e tla bo e se ‘go leswefatsa nama,’ ke itsenya mo kotsing ya go tsenwa ke mefuta yotlhe ya malwetse? E re ka Jehofa e le Modimo o o phepa, kana yo o “boitshepo,” a o ka nkamogela fa ke iteswafatsa ka boomo ka tsela eno?’ (1 Petere 1:15, 16) Ela tlhoko gore Paulo gape o re tlhagisa kgatlhanong le ‘go leswafala mo moyeng wa motho,’ kana kgatlhanong le ditlwaelo tsa mogopolo. Ipotse jaana: ‘A temalo eno e fekeetsa tsela e ke akanyang ka yone? A ke ka tsaya matsapa a magolo go kgotsofatsa keletso ya me e e feteletseng, gongwe ka go tsenya botsogo jwa me mo kotsing, lelapa la gaetsho, kana tota le boemo jwa me le Modimo? Ke dumeletse go lemalela ga me go goga motsoko gore go fitlhe bokgakaleng bofe gore bo senye botshelo jwa me?’ Go ipotsa dipotso tseno tse di tshwenyang go ka nna ga go kgothatsa gore o tlogele go goga!

Ke boammaaruri gore o ka nna wa tlhoka thuso le tshegetso ya ba bangwe gore o fenye go lemalela go goga motsoko. Le fa go ntse jalo, go tlhatlhanya ka Baebele go ka dira mo gontsi thata go thapisa le go nonotsha segakolodi sa gago e le gore o ikgolole mo temalong e e ntseng jalo.

Fa re Dira Phoso

Go sa kgathalesege maiteko a rona a magolo a go dira se se molemo, ka dinako tse dingwe go sa itekanela ga rona go ka re fekeetsa mme ra dira boleo. Segakolodi sa rona se tla bo se re tshwenya, mme re ka nna ra raelesega go leka go se tlhokomologa. Kana re ka nna ra kgobega marapo thata mo re ka nnang ra batla go tlogela go dira maiteko otlhe a go direla Modimo. Le fa go ntse jalo, gakologelwa kgang ya ga Kgosi Dafite. Fa a sena go dira boaka le Bathesheba, segakolodi sa gagwe se ne sa mo tshwenya. O tlhalosa tlhokofatso e a neng a e utlwa jaana: “Seatla sa gago se ne se le boima mo go nna motshegare le bosigo; longola lwa me lwa fetoga jaaka ekete komelelo ya selemo.” (Pesalema 32:4) A go ne go le botlhoko? Ee ruri! Le fa go ntse jalo bohutsana jono jo bo siameng bo ne jwa tlhotlheletsa Dafite gore a ikotlhaye mme a itetlanye le Modimo. (Bapisa 2 Bakorintha 7:10.) Go rapela ga ga Dafite ka tlhoafalo gore a itshwarelwe go naya bosupi jo bo lekaneng jwa gore o ne a ikotlhaile go tswa mo pelong. E re ka a ne a utlwa segakolodi sa gagwe, Dafite o ne a thusiwa gore a fetoge mme kgabagare a itumela gape.—Pesalema 51.

Go ka diragala se se tshwanang gompieno. Bangwe ba ithutile Baebele le Basupi ba ga Jehofa mo dinakong tse di fetileng mme ba ne ba tlogela fa ba utlwa gore matshelo a bone a ne a sa dumalane le melao e e kwa godimo ya Modimo. Gongwe ba ne ba nna le motho wa bong bo sele kwantle ga lenyalo kana ba lemaletse go dira mekgwa e e leswe. Segakolodi sa bone se ne se ba tshwenya!

Fa o le mo boemong jo bo ntseng jalo, akanya ka mafoko a ga moaposetoloi Petere ka letsatsi la Pentekosete. Fa a ne a senola maleo a batho ba Bajuda ba naga ya gagabo, ba ne “ba tlhabega mo pelong.” Go na le gore ba itlhoboge, ba ne ba utlwa kgakololo ya ga Petere ya go ikotlhaya, mme ba amogelwa ke Modimo. (Ditiro 2:37-41) Le wena o ka dira se se tshwanang! Mo boemong jwa go tlogela boammaaruri ka gonne segakolodi sa gago se go tshwenya, e kete segakolodi sa gago se ka go tlhotlheletsa go ‘ikotlhaya le go sokologa.’ (Ditiro 3:19) Ka go ititaya sehuba le go dira boiteko, o ka kgona go dira diphetogo tse di tlhokegang gore o amogelwe ke Modimo.

“Nnang le Segakolodi se se Molemo”

Go sa kgathalesege gore a ke gone o simololang go ithuta ditsela tsa ga Jehofa kana o na le dingwaga di le dintsi o le Mokeresete yo o godileng, tlhagiso eno ya ga Petere e a tshwanela: “Nnang le segakolodi se se molemo.” (1 Petere 3:16) Se a thusa mme ga se mokgweleo. Se thapise ka go tsenya botlhale jo bo leng mo Lefokong la Modimo, e leng Baebele, mo mogopolong le mo pelong ya gago. Tsaya segakolodi sa gago tsia fa se go tlhagisa. Nna o ritibetse mo mogopolong mo go ka tlisiwang ke go reetsa segakolodi sa gago.

Ke boammaaruri gore go thapisa le go bopa segakolodi sa gago ga se kgetsi e potlana. Le fa go ntse jalo, o ka rapela Jehofa Modimo gore a go thuse. Ka thuso ya gagwe, o tla kgona go direla Modimo go tswa “mo segakoloding se se molemo le mo tumelong e e se nang boitimokanyo.”—1 Timotheo 1:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Gololesega go ka ikopanya le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la lona kana o kwalele bagatisi ba makasine ono fa o kgatlhegela go nna le thuto ya Baebele ya legae ya mahala.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go bala le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo go re thusa go thapisa segakolodi sa rona

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela