LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/1 ts. 7
  • O Bone “Perela ya Tlhotlhwa e e Kwa Godimo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Bone “Perela ya Tlhotlhwa e e Kwa Godimo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Tshwanetse go Tlhafuna Betel Nut?
    Tsogang!—2012
  • ‘Go Bona Perela e le Nngwe ya Tlhwatlhwa e e Kwa Godimo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Batla ‘Perela ya Tlhwatlhwa e e Kwa Godimo’ Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • A go Botlhokwa go Tlhaloganya Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/1 ts. 7

Pego ya Baboledi ba Bogosi

O Bone “Perela ya Tlhotlhwa e e Kwa Godimo”

“BOGOSI jwa magodimo bo tshwana le mmapatsi yo o tsamayang a senka diperela tse dintle. Ya re a bona perela e le nngwe ya tlhotlhwa e e kwa godimo, a ya a rekisa dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone kwantle ga go diega mme a e reka.” Ka mafoko ano, Jesu o ne a bontsha ka fa Bogosi jwa Modimo bo leng botlhokwa ka gone. (Mathaio 13:45, 46) Bao ba lemogang botlhokwa jwa Bogosi gantsi ba intsha setlhabelo thata e le gore ba ka bo bona. Seno se bontshitswe ke boitemogelo jo bo latelang jo bo tswang kwa Pingtung County, kwa Taiwan.

Ka 1991, Rre le Mmè Lin ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Fa moruti wa lefelo la bone a lemoga, o ne a leka go ba dira gore ba tsene kereke ya gagwe. E re ka booraLin ba ne ba na le kgwebo ya go rekisa madi a dikolobe le a dipidipidi kwa mmarakeng o o mo lefelong la bone, ba ne ba swetsa go botsa moruti gore ene o bona jang kgang eno. “Sengwe le sengwe se Modimo o se dirileng e ka nna dijo tsa motho,” o ne a araba. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Basupi ba ne ba ba kgothaletsa go ela tlhoko se Lefoko la Modimo le se bolelang. Ba ne ba ithuta gore Jehofa Modimo o leba madi a le boitshepo, gonne “botshelo jwa setshedi ke madi.” (Lefitiko 17:10, 11, The New English Bible) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse gore ba “ikehe . . . mo mading.” (Ditiro 15:20) Ka ntlha ya go tlhatlhoba Dikwalo ka kgang eno, booraLin ba ne ba swetsa go tlogela go rekisa madi, le fa e ne e le one a neng a ba tsenyetsa lotseno lo lontsi. Le fa go ntse jalo, mo nakonyaneng e khutshwane fela, ba ne ba lebana le teko e kgolo go feta eo.

Pele ga ba ithuta boammaaruri, booraLin ba ne ba jadile ditlhare di le 1300 tsa betel nut mo jarateng ya bone. Le fa go ne go tla tsaya dingwaga di le tlhano pele ditlhare di ba direla poelo, fa di setse di ungwa, booraLin ba ne ba tla lebelela go dira R360 000 ka ngwaga. Jaaka fa nako ya ntlha ya thobo e atamela, booraLin ba ne ba tshwanetse go dira tshwetso ya botlhokwa. Ba ne ba ithutile mo thutong ya bone ya Baebele gore Bakeresete ba tshwanetse go itlhatswa “teswafalo nngwe le nngwe ya nama le moya” ka go tila go dirisa, kana go buelela, mekgwa e e seng phepa e e jaaka go goga motsoko, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, le go ja betel nut. (2 Bakorinthe 7:1) Ba ne ba tla dira eng?

A gateletswe ke segakolodi sa gagwe se se tshwenyegileng, Rre Lin o ne a swetsa go tlogela go ithuta. Ka yone nako eo Mmè Lin o ne a rekisa di-betel nut go tswa mo ditlhareng tsa gagwe tse di neng di setse di godile mme a dira poelo e e fetang R14 000. Seno e ne e le fela go bontsha gore ke eng se ba neng ba tla se bona ka bonakonyana fela fa ba ne ba ka tlogela ditlhare tsa bone. Le fa go ntse jalo, segakolodi sa ga Rre Lin se ne sa tswelela se ntse se mo tshwenya.

O ne a nna a mekamekana le kgang eno go fitlha fa ka letsatsi lengwe a kopa Basupi ba mo lefelong le a nnang mo go lone gore ba mo kgaolele ditlhare tsa gagwe tsa betel nut. Basupi ba ne ba tlhalosa gore ke ene a itiretseng tshwetso eo; ka jalo, o tshwanetse go “rwala morwalo wa gagwe” mme a ikgaolele ditlhare tseno. (Bagalatia 6:4, 5) Ba ne ba mo kgothaletsa go gakologelwa tsholofetso e e mo go 1 Bakorinthe 10:13, e e reng: “Ga go thaelo epe e e lo wetseng fa e se e e tlwaelegileng mo bathong. Mme Modimo o boikanngo, e bile ga o na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa e le gore lo kgone go e itshokela.” Gape Basupi ba ne ba buisana le ene ba re: “Fa re go kgaolela ditlhare tsa gago, o ka nna wa ikwatlhaya mme o bo o re bona molato fa o latlhegetswe.” Morago ga nakonyana e khutshwane, Mmè Lin o ne a tsoswa ke modumo wa saga. Monna wa gagwe le bana ba ne ba kgaola ditlhare tsa betel nut!

Rre Lin o ne a fitlhela gore Jehofa o boammaaruri mo tsholofetsong ya Gagwe. O ne a bona tiro e e neng ya dira gore morago a nne le segakolodi se se phepa, e dira gore a kgone go nna mmaki wa ga Jehofa. O ne a kolobediwa kwa kopanong ya potologo ya Basupi ba ga Jehofa ka April 1996.

Ee, re ka re Rre Lin o ne “a rekisa dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone,” mme a reka ‘perela ya tlhotlhwa e e kwa godimo.’ Gone jaanong o na le tshiamelo e e botlhokwatlhokwa ya go nna le botsalano le Jehofa Modimo le go direla dikgatlhego tsa Gagwe tsa Bogosi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela