Poloko se Tota e se Kayang
‘AO BOLOKILWE?’ Gantsi, batho ba ba botsang potso eno ba akanya gore ba bolokilwe ka gonne ba ‘amogetse Jesu jaaka Mmoloki wa bone.’ Le fa go ntse jalo ba bangwe ba akanya gore go na le ditsela tse di farologaneng tsa go bolokiwa le gore fa fela ‘Jesu a le mo pelong ya gago,’ ga go kgathalesege gore o dumela eng kana tota le gore o tsena kereke efe.
Baebele e bolela gore ke go rata ga Modimo gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe.” (1 Timotheo 2:3, 4) Ka jalo botlhe ba ba amogelang poloko ba ka e bona. Mme tota go kaya eng go bolokiwa? A tota ke sengwe fela se se go diragalelang o dira maitekonyana fela kana o sa dire sepe?
Lefoko “poloko” le raya “go gololwa mo kotsing kana tshenyegong.” Ka jalo poloko ya mmatota e akaretsa mo go fetang fela boemo jo bo ritibetseng jwa tlhaloganyo. Go kaya go bolokiwa mo tshenyegong ya tsamaiso e e boikepo eno ya dilo mme kgabagare le mo losong ka bolone! Mme ke bomang ba Modimo a tla ba bolokang? Go araba seo, mma re sekasekeng se Jesu Keresete a neng a se ruta malebana le kgang eno. Matswela a tshekatsheko ya rona a ka nna a go gakgamatsa.
Poloko—A e Ka Bonwa mo Ditumelong Tsotlhe?
Mo lekgetlhong lengwe, Jesu o ne a tlotla le mosadi mongwe wa Mosamaria. Le mororo e ne e se Mojuda, o ne a dumela sentle gore Mesia “yo o bidiwang Keresete” o tla tla. (Johane 4:25) A tumelo e e ntseng jalo e ne e lekane gore a bolokiwe? Nnyaa, ka gonne Jesu o ne a bolelela mosadi yoo jaana ka bopelokgale: “Lona lo obamela se lo sa se itseng.” Jesu o ne a itse gore e le gore mosadi yono a bolokiwe, o ne a tla tshwanela gore a fetole tsela e a obamelang ka yone. Ka jalo Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Lefa go ntse jalo, nako e etla, le jaanong e fitlhile, ya fa baobamedi ba boammaaruri ba tla obamelang Rara ka moya le boammaaruri, gonne, eleruri, Rara o batla ba ba ntseng jalo go mo obamela.”—Johane 4:22, 23.
Lekgetlho le lengwe le ka lone Jesu a neng a senola tsela e a lebang poloko ka yone e amana le Bafarasai, lekoko la Sejuda le le itsegeng thata la bodumedi. Bafarasai ba ne ba tlhomile tsamaiso ya kobamelo mme ba ne ba dumela gore Modimo o a e amogela. Mme utlwa mafoko a ga Jesu a a neng a a bolelela Bafarasai: “Baitimokanyi ke lona! Isaia o ne a bolelela ruri fa a ne a porofeta ka ga lona: ‘Batho bano ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di kgakala le nna. Ba nkobamelela lefela; dithuto tsa bone ke melao fela e e rutiwang ke batho.’”—Mathaio 15:7-9, New International Version.
Go tweng ka ditlhopha tse dintsi tsa bodumedi tse di bolelang gore di dumela mo go Keresete? A Jesu o ne a tla di amogela tsotlhe gore ke ditsela tse di tshwanetseng tse motho a ka bonang poloko ka tsone? Ga re tlhoke go fopholetsa mo kgannyeng eno, ka gonne Jesu o ne a bolela jaana ka phepafalo: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena. Ba le bantsi ba tla nthaya ka letsatsi leo ba re, ‘Morena, Morena, a re ne ra se ka ra porofeta ka leina la gago, ra ba ra leleka madimona ka leina la gago, ra ba ra dira ditiro di le dintsi tsa maatla ka leina la gago?’ Mme lefa go ntse jalo foo ruri ke tla ipolela mo go bone ke re: Ga ke ise ke ke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona badiri ba bosenangmolao.”—Mathaio 7:21-23.
Go Nna le Kitso e e Tlhomameng ka ga Jesu go Botlhokwa go Bona Poloko
Mafoko ano a ga Jesu a na le bokao jo bo masisi. A supa gore batho ba le bantsi ba ba tlhoafetseng ga ba ‘dire go rata ga Rara.’ Ke jang he, motho a ka bonang poloko ya mmatota? Timotheo wa Ntlha 2:3, 4 e araba jaana: “[Modimo] o thato ya one e leng gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—Bapisa Bakolosa 1:9, 10.
Kitso e e ntseng jalo e botlhokwa thata go bona poloko. Fa modisa wa kgolegelo wa Moroma a ne a botsa moaposetoloi Paulo le tsala ya gagwe e bong Silase gore, “ke tshwanetse go dirang gore ke bolokwe?” ba ne ba mo araba jaana: “Dumela mo go Morena Jesu mme o tla bolokwa, wena le ba ntlo ya gago.” (Ditiro 16:30, 31) A seo se ne se kaya gore se modisa wa kgolegelo le lelapa la gagwe ba neng ba tlhoka go se dira fela e ne e le go nna le boikutlo jo bo rileng mo dipelong tsa bone? Nnyaa, ka gonne, ba ne ba ka se ka ba “dumela mo go Morena Jesu” ka boammaaruri fa ba sa tlhaloganye sengwe ka ga gore Jesu e ne e le mang, o ne a dirang, le gore o ne a ruta eng.
Ka sekai, Jesu o ne a ruta ka go tlhomiwa ga puso ya legodimo—“bogosi jwa Modimo.” (Luke 4:43) Gape o ne a thaya melaometheo ya boitsholo le boitshwaro jwa Bokeresete. (Mathaio, kgaolo 5-7) O ne a tlhalosa boemo jo barutwa ba gagwe ba neng ba tla bo tsaya fa go tla mo dikgannyeng tsa bopolotiki. (Johane 15:19) O ne a tlhoma thulaganyo ya go ruta ya lefatshe lotlhe mme a laela balatedi ba gagwe gore ba nne le seabe mo go yone. (Mathaio 24:14; Ditiro 1:8) Ee, go ‘dumela mo go Jesu’ go ne go kaya go tlhaloganya dilo di le dintsi! Ga go gakgamatse he, go bo Paulo le Silase ba ne ba “bua lefoko la ga Jehofa le [modisa wa kgolegelo] mmogo le botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe” pele ga badumedi ba basha bano ba kolobediwa.—Ditiro 16:32, 33.
Kitso e e Tlhomameng ka ga Modimo le Yone e Botlhokwa
Karolo e e botlhokwa ya go dumela mo go Jesu ka boammaaruri e akaretsa go obamela Modimo o Jesu ka boene a neng a mo obamela. Jesu o ne a rapela jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.”—Johane 17:3.
Ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, Morwa Modimo ka metlha o ne a lebisa tlhokomelo mo go Rraagwe mme e seng mo go ene ka boene. Le ka motlha ga a ise a ko a bolele fa a le Modimo Mothatayotlhe. (Johane 12:49, 50) Mo makgetlhong a le mantsi Jesu o ne a tlhalosa boemo jwa gagwe sentle mo thulaganyong ya Modimo a bolela gore o ka fa tlase ga Rraagwe. (Luke 22:41, 42; Johane 5:19) Ebu, Jesu o ne a bolela jaana: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28) A kereke ya gago e go rutile ka kamano ya boammaaruri fa gare ga Modimo le Keresete? Kana a o tlhotlheleditswe go dumela gore Jesu ka boene ke Modimo Mothatayotlhe? Go bolokiwa ga gago go ikaegile ka go nna le kutlwisiso e e siameng.
Mo Thapelong ya Morena, Jesu o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe go rapela jaana: “A leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Bontsi jwa dithanolo tsa Baebele di dirile gore leina la Modimo le se ka la tlhaga, ka go le ranola e le “Morena.” Mme mo dikhoping tsa bogologolo tsa “Tesetamente e Kgologolo,” leina la Modimo le ne le tlhaga ka makgetlho a a fetang dikete tse thataro! Ka jalo Pesalema 83:18 e balega jaana: “Gore ba tle ba itse fa wena wesi; yo leina la gago e leng Jehofa, o le Mogodimodimo, o okame lefatshe lotlhe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) A o rutilwe go dirisa leina la Modimo e bong Jehofa? Fa go sa nna jalo, poloka ya gago e mo kotsing, ka gonne “mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa”!—Ditiro 2:21; bapisa Joele 2:32.
Ka Moya le ka Boammaaruri
Jesu Keresete gape o ne a lebisa tlhokomelo mo Lefokong la Modimo e leng Baebele. Fa a ne a tlhalosa ka fa Modimo o lebang dilo dingwe ka teng, gantsi o ne a tle a re: “Go kwadilwe ga twe.” (Mathaio 4:4, 7, 10; 11:10; 21:13) Bosigo jwa pele ga a swa, Jesu o ne a rapela jaana malebana le barutwa ba gagwe: “Ba itshepise ka boammaaruri; lefoko la gago ke boammaaruri.”—Johane 17:17.
Ka jalo go tlhaloganya dithuto tsa Lefoko la Modimo e leng Baebele, ke selo se sengwe se se tlhokegang go bolokiwa. (2 Timotheo 3:16) Ke Baebele fela e e arabang dipotso tse di jaaka: Bokao jwa botshelo ke eng? Ke ka ntlha yang fa Modimo o letleletse boikepo go tswelela ka sebaka se se telele jaana? Go diragalang ka motho fa a swa? A tota Modimo o tlhokofatsa batho mo diheleng tsa molelo? Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe?a Motho a ka se kgone go obamela Modimo ka tsela e e tshwanetseng fa a sa tlhaloganye dikgang tseo sentle, ka gonne Jesu o ne a bolela jaana: “Baobamedi ba boammaaruri ba tla [obamela] Rara ka moya le boammaaruri.”—Johane 4:23.
Tumelo e Tlhotlheletsa Motho go Tsaya Kgato
Poloko e akaretsa mo gontsi go gaisa fela go bona tshedimosetso. Mo pelong e e ratang, kitso e e tlhomameng ka ga Modimo e dira gore motho a nne le tumelo. (Baroma 10:10, 17; Bahebera 11:6) Tumelo e e ntseng jalo e dira gore motho a tseye kgato. Ka sekai, Baebele e gakolola jaana: “Jalo, ikotlhayeng, lo bo lo sokologe e le gore maleo a lona a tle a phimolwe, gore dipaka tse di lapolosang di tle di tswa mo go Jehofa.”—Ditiro 3:19.
Ee, poloko gape e akaretsa gore motho a dumalanye botshelo jwa gagwe le melao ya Modimo ya boitshwaro le boitsholo. Ka tlhotlheletso ya Lefoko la Modimo e e dirang gore motho a fetoge, mekgwa ya bogologolo ya go aka le go tsietsa e ka emisediwa ka botshepegi le boammaaruri. (Tito 2:10) Ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang tse di jaaka bosodoma, boaka le kgokafalo, di a tlogelwa mme di emisediwa ka boitsholo jo bo phepa. (1 Bakorintha 6:9-11) Seno ga se go tlogela ka nakwana fela ka ntlha ya go tseega maikutlo mme go raya go dira phetogo e e nnelang ruri ka ntlha ya go ithuta le go dirisa Lefoko la Modimo ka kelotlhoko.—Baefeso 4:22-24.
Fa nako e ntse e ya, go rata le go anaanela Modimo go tlhotlheletsa motho yo o pelo e e ikanyegang gore a ineele ka botlalo mo Modimong le go supa boineelo jwa gagwe ka go kolobediwa mo metsing. (Mathaio 28:19, 20; Baroma 12:1) Bakeresete ba ba kolobeditsweng ba bolokilwe mo matlhong a Modimo. (1 Petere 3:21) Ka nako ya fa lefatshe le le boikepo leno le senngwa, Modimo o tla ba boloka gotlhelele ka go ba sireletsa mo pitlaganong eo.—Tshenolo 7:9, 14.
Se Poloko E ka Se Kayang mo go Wena
Go ya ka motlotlo o mokhutshwane ono go phepafetse gore go bolokiwa go akaretsa se se fetang fela ‘go nna le Morena Jesu mo pelong ya gago.’ Go kaya go nna le kitso e e tlhomameng ka ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete le go dira diphetogo tse di tlhokegang mo botshelong jwa motho. Go dira seno go ka utlwala go tshosa, mme Basupi ba ga Jehofa ba iketleeditse go go thusa mo maitekong ano. Ka thuto ya Baebele ya legae ya mahala, ba ka go thusa gore o simolole go tsamaya mo tseleng e e isang polokong ya boammaaruri.b
E re ka go tla ga letsatsi la katlholo ya Modimo go atametse, go dira jalo go potlakile thata go na le fa e le leng pele! Eno ke nako ya go tsaya tsia mafoko a moporofeti a a reng: “Le letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le ise le tle mo go lona. Batlang Jehofa, lona bakgobaladi botlhe ba lefatshe; ba lo dirileng katlholo ya gagwe; batlang tshiamo, batlang kgobalalo; e ka tla ya re gongwe lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.”—Sefania 2:2, 3.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tlhaloso ya dikgang tseno, tsweetswee bona buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Fa e le gore o ka rata go nna le thuto ya Baebele, tsweetswee ikgolaganye le phuthego ya lefelo la lona ya Basupi ba ga Jehofa. Kana o ka nna wa kwalela bagatisi ba makasine ono.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Poloko e Bonwa ka Go . . .
◻ Nna le kitso e e tlhomameng ka ga Modimo le Jesu.—Johane 17:3.
◻ Go nna le tumelo.—Baroma 10:17; Bahebera 11:6.
◻ Go ikwatlhaya le go fetoga.—Ditiro 3:19; Baefeso 4:22-24.
◻ Go ineela le go kolobediwa.—Mathaio 16:24; 28:19, 20.
◻ Go tswelela pele o bolela phatlalatsa.—Mathaio 24:14; Baroma 10:10.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Go ithuta Baebele, go dira se motho a se ithutileng, boineelo, le kolobetso ke dikgato tse di isang polokong