A re Tshelela Gompieno Kana Isagwe e e sa Khutleng?
“Re ne ra bolokwa mo tsholofelong eno.”—BAROMA 8:24.
1. Ke eng se Baepikuria ba neng ba se ruta, mme mofuta oo wa filosofi o ne wa ama Bakeresete bangwe jang?
MOAPOSETOLOI PAULO o ne a kwalela Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Korintha jaana: “Go tla jang gore bangwe gareng ga lona ba re ga go na tsogo ya baswi?” (1 Bakorintha 15:12) Go bonala filosofi e e botlhole ya ga Epicurus yo o botlhale wa Mogerika e ne ya tsenelela mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ka gone Paulo o ne a tlhokomedisa batho thuto eno ya Seepikuria: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” (1 Bakorintha 15:32) Ka gore balatedi ba mofilosofi yono ba ganetsa tsholofelo epe fela ya botshelo morago ga loso, ba ne ba dumela gore menate ya nama e ne e le yone fela e e molemo kana ya konokono mo botshelong. (Ditiro 17:18, 32) Filosofi ya ga Epicurus e ne e na le boithati, e dira gore motho a se tshepe sepe, e bile e tlontlolola.
2. (a) Ke ka ntlha yang fa go ne go le kotsi jaana go ganetsa gore tsogo ya baswi e teng? (b) Paulo o ne a nonotsha tumelo ya Bakeresete ba Korintha jang?
2 Go gana ga bone tsogo ya baswi go ne go bolela dilo tse dintsi thata. Paulo o ne a bolela jaana: “Fa e le gore, eleruri, ga go na tsogo ya baswi, le ene Keresete ga aa tsosiwa. Mme fa e le gore Keresete ga aa tsosiwa, go rera ga rona eleruri ke ga lefela, le tumelo ya rona ke ya lefela. . . . Fa e le gore ke mo botshelong jono fela re solofetseng mo go Keresete, mo bathong botlhe re tshwanetse go tlhomogelwa pelo thata.” (1 Bakorintha 15:13-19) Ee, fa go se na tsholofelo ka isagwe e e sa khutleng, Bokeresete e ne e tla bo e le “lefela.” Bo ne bo tla bo bo se na boikaelelo. Ga go gakgamatse he, ka gonne phuthego ya Korintha e ne e tlhotlhelediwa ke kgopolo eno ya boheitane e ne ya nna le mathata a le mantsi. (1 Bakorintha 1:11; 5:1; 6:1; 11:20-22) Ka gone, Paulo o ne a ikaelela go nonotsha tumelo ya bone malebana le tsogo ya baswi. Ka go ntsha mabaka a a nonofileng, a nopola Dikwalo le go dirisa ditshwantsho, o ne a supa kwantle ga pelaelo gore tsholofelo ya tsogo ya baswi e ne e se tlhamane mme ke tiragalo e tota e neng e tla diragadiwa. Mo motheong ono, o ne a ka rotloetsa badumedikaene jaana: “Nitamang, lo sa tshikhinyege, ka metlha lo na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena, ka lo itse gore tiro ya lona ya bonatla ga se ya lefela malebang le Morena.”—1 Bakorintha 15:20-58.
“Nnang lo Disitse”
3, 4. (a) Petere o bolela gore ke boikutlo bofe jo bo kotsi jo bo ka fekeetsang bangwe mo malatsing ano a bofelo? (b) Re tshwanetse go nna re ikgakolola eng?
3 Gompieno, batho ba le bantsi ba na le boikutlo jwa go itlhoboga, jwa go tshelela gompieno fela. (Baefeso 2:2) Go ntse fela jaaka moaposetoloi Petere a ne a bolelela pele. O ne a bua ka “batlaopi ka go tlaopa ga bone . . . ba re: ‘Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di tswelela fela jaaka go tswa kwa tshimologong ya tlhōlō.’” (2 Petere 3:3, 4) Fa baobamedi ba boammaaruri ba ne ba ngaparela kgopolo e e ntseng jalo, e ne e tla nna “ba ba sa direng kgotsa ba ba sa ungweng.” (2 Petere 1:8) Se se itumedisang ke gore ga go a nna jalo ka bontsi jwa batho ba Modimo gompieno.
4 Ga go phoso go kgatlhegela bokhutlo jo bo tlang jwa tsamaiso ya gompieno e e boikepo. Gakologelwa se baaposetoloi ba ga Jesu ba neng ba kgatlhegela go se itse: “Morena, a o busetsa bogosi mo Iseraele ka nako eno?” Jesu o ne a ba araba jaana: “Ga se ga lona go nna le kitso ya dinako kgotsa dipaka tse Rara a di beileng mo taolong ya gagwe.” (Ditiro 1:6, 7) Mafoko ao a na le molaetsa wa konokono o a neng a o bolela jaana kwa Thabeng ya Lotlhware: “Ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe. . . . Ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.” (Mathaio 24:42, 44) Re tlhoka go nna re ikgopotsa kgakololo eno! Bangwe ba ka nna ba tsiediwa ke boikutlo jwa gore, ‘Gongwe ke tshwanetse go iketla mme ke se ka ka tsaya sepe ka tsela e e masisi thata.’ A bo seo e ne e tla bo e le boeleele jang ne! Akanya ka Jakobe le Johane, “Barwa Tumo ya Maru.”—Mareko 3:17.
5, 6. Ke eng se re se ithutang mo dikaing tsa ga Jakobe le Johane?
5 Re itse gore Jakobe e ne e le moaposetoloi yo o neng a le matlhagatlhaga thata. (Luke 9:51-55) Fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa, o tshwanetse a bo a ne a nna le seabe se segolo thata mo go yone. Mme fa Jakobe a ne a sa ntse a le mosha, Herode Agrippa I o ne a dira gore a bolawe. (Ditiro 12:1-3) A re akanya gore Jakobe, fa a bona botshelo jwa gagwe bo khutla ka tsela e a neng a sa e lebelela, o ne a hutsafalela gore o ne a le matlhagatlhaga, le gore o dirile ka natla mo bodireding jwa gagwe? Tota nnyaa! Eleruri o ne a itumeletse gore o dirisitse dingwaga tsa botshelo jwa gagwe jo bokhutshwane ka tsela e e molemo mo tirelong ya ga Jehofa. Jaanong, ga go na ope wa rona yo o ka itseng gore a botshelo jwa rona bo ka khutla ka tsela e re sa e lebelelang. (Moreri 9:11; bapisa Luke 12:20, 21.) Ka jalo go phepafetse gore go botlhale go nna matlhagatlhaga thata le go dira ka tlhoafalo fa re direla Jehofa. Ka tsela eo re tla itirela le leina le le molemo le ene re bo re tswelela pele re tshela re lebeletse pele isagwe e e sa khutleng.—Moreri 7:1.
6 Go na le thuto e e amanang le ntlha eno e e amang moaposetoloi Johane, yo o neng a le teng fa Jesu a rotloetsa ka tlhoafalo gore, “Nnang lo itisitse.” (Mathaio 25:13; Mareko 13:37; Luke 21:34-36) Johane o ne a isa seo mo pelong, a direla ka tlhagafalo ka masomesome a dingwaga. Tota e bile, go lebega a ne a tshela dingwaga tse dintsi go feta baaposetoloi ba bangwe. Fa Johane a ne a setse a tsofetse, a kgona go leba kwa morago masomesome a dingwaga a tiro e e ikanyegang, a o ne a e leba e le boeleele, e le botshelo jo bo neng bo sa kaelwe sentle kana bo sa lekalekana? Ruri, nnyaa! O ne a sa ntse a lebile ka tlhoafalo kwa isagweng. Fa Jesu yo o neng a tsositswe a bolela gore, “Ee; ke tla ka bofefo,” ka bonako fela Johane o ne a araba ka gore, “Amen! Tla, Morena Jesu.” (Tshenolo 22:20) Eleruri Johane o ne a sa tshelele gompieno, a sa tlhologelelwa ‘botshelo jo bo tlwaelegileng’ jo bo iketlileng e bile bo ritibetse. O ne a ititeile sehuba gore a tswelele pele a direla ka maatla le ka nonofo yotlhe ya gagwe, go sa kgathalesege gore Morena o tla leng. Go tweng ka rona?
Metheo ya go Dumela mo Botshelong Jo bo Sa Khutleng
7. (a) Tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng ‘e solofeditswe pele ga dinako tse di nnetseng ruri’ jang? (b) Jesu o ne a bontsha lesedi jang malebana le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng?
7 Tlhomamisega gore tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng ga se toro kana tlhamane fela. Fela jaaka Tito 1:2 e bolela, boineelo jwa rona jwa bomodimo bo theilwe mo “tsholofelo[ng] ya botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo, o o sa ka keng wa aka, o bo solofeditseng pele ga dinako tse di nnetseng ruri.” E ne e le boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong gore batho botlhe ba ba kutlo ba tshelele ruri. (Genesise 1:28) Ga go na sepe, tota le jone botsuolodi jwa ga Adame le Efa, tse di ka senyang boikaelelo jono. Jaaka go kwadilwe mo go Genesise 3:15, ka bonako fela Modimo o ne a solofetsa “losika” lo lo neng lo tla ntsha botlhoko jotlhe jo bo tsentsweng mo bathong. Fa “losika” kana Mesia, e bong Jesu a goroga, o ne a dira gore tsholofetso ya botshelo jo bo sa khutleng e nne e nngwe ya dithuto tsa gagwe tsa konokono. (Johane 3:16; 6:47, 51; 10:28; 17:3) Ka go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng e le thekololo, Keresete o ne a nna le tshwanelo e e ka fa molaong ya go neela batho botshelo jo bo sa khutleng. (Mathaio 20:28) Ba bangwe ba barutwa ba gagwe, ba ba 144 000 fa ba feletse, ba tla tshelela ruri kwa magodimong. (Tshenolo 14:1-4) Ka gone batho bangwe ba pele ba neng ba swa, ba tla “apara bosasweng”!—1 Bakorintha 15:53.
8. (a) “Bosasweng” ke eng, mme ke ka ntlha yang fa Jehofa a bo neela ba ba 144 000? (b) Jesu o neetse “dinku tse dingwe” tsholofelo efe?
8 “Bosasweng” bo kaya se se fetang fela go nnela ruri o sa swe. Bo akaretsa “maatla a botshelo jo bo sa ka keng jwa senngwa.” (Bahebera 7:16; bapisa Tshenolo 20:6.) Le fa go le jalo, ke eng se Modimo a se fitlhelelang ka go ntsha mpho eo e e molemolemo? Gakologelwa kgwetlho ya ga Satane ya gore ga go na ope wa dibopiwa tsa Modimo yo o neng a ka ikanngwa. (Jobe 1:9-11; 2:4, 5) Ka go neela ba ba 144 000 bosasweng, Modimo o bontsha gore o tshepa setlhopha seno ka mo go feletseng se se arabileng kgwetlho ya ga Satane ka tsela e e tlhomologileng. Mme go tweng ka batho ba bangwe botlhe? Jesu o ne a bolelela maloko a ntlha a “letsomanyane” leno la baruaboswa jwa Bogosi gore ba ne ba tla “[nna] mo ditulong tsa bogosi go atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.” (Luke 12:32; 22:30) Seno se bolela gore ba bangwe ba tla amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng ba busiwa ke Bogosi jwa gagwe. E re ka “dinku tse dingwe” tseno di sa neelwe bosasweng, di amogela ‘botshelo jo bo sa khutleng.’ (Johane 10:16; Mathaio 25:46) Ka gone Bakeresete botlhe ba solofetse go bona botshelo jo bo sa khutleng. Ga se tlhamane fela mme ke sengwe se “Modimo, o o sa ka keng wa aka” a se solofeditseng ka tlhomamo le go se duelela ka madi a ga Jesu a a tlhwatlhwakgolo.—Tito 1:2.
A go Tla Diragadiwa mo Isagweng e e Kgakala?
9, 10. Ke dilo dife tse di supang ka phepafalo gore re gaufi le bokhutlo?
9 Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore “dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone” di ne di tla supa go sa belaetse gore re fitlhile mo “malatsing a bofelo.” Fa batho ba ba re dikologileng ba sa tlhole ba le lorato, mme ba le pelotshetlha, ba rata go ikgotsofatsa e bile ba le boikepo, a ga re lemoge gore letsatsi la ga Jehofa la go diragatsa dikatlholo tsa gagwe mo tsamaisong eno ya lefatshe e e boikepo le ntse le atamela ka bonako? Fa thubakanyo le letlhoo di ntse di oketsega, a ga di re bontshe go diragadiwa ga mafoko a mangwe a Paulo a neng a a bua: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele”? (2 Timotheo 3:1-5, 13) Bangwe ba tla goeletsa “Kagiso le polokesego” ba na le tsholofelo, mme ditebelelo tsotlhe tsa kagiso di tla nyelela, ka gonne “tshenyego ya tshoganyetso ruri e tla ba wela ka ponyo ya leitlho fela jaaka setlhabi sa tlalelo mo mosading yo o moimana; mme ga ba kitla ba falola ka gope.” Ga re a tlogelwa mo lefifing malebana le se se kaiwang ke metlha ya rona. Ka jalo, “a re nneng re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong.”—1 Bathesalonika 5:1-6.
10 Mo godimo ga moo, Baebele e bontsha gore malatsi a bofelo ke “lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12; bapisa 17:10.) Bogolo jwa “lobaka lo lokhutshwane” loo bo bonala bo setse bo fetile. Ka sekai, boporofeti jwa ga Daniele bo tlhalosa ka tsela e e tshwanetseng ntwa e e leng teng fa gare ga ‘kgosi ya botsheka’ le “kgosi ya borwa” e e neng ya tswelela go fitlha mo lekgolong leno la dingwaga. (Daniele 11:5, 6) Sotlhe se se setseng gore se diragadiwe ke tlhaselo ya bofelo ya ‘kgosi ya botsheka,’ e go buiwang ka yone mo go Daniele 11:44, 45.—Bona Tora ya Tebelo ya July 1, 1987, le ya November 1, 1993, tse di tlotlang ka boporofeti jono.
11. (a) Mathaio 24:14 e diragaditswe go fitlha bokgakaleng bofe? (b) Ke eng se se supiwang ke mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 10:23?
11 Gape Jesu o ne a bolelela pele gore “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro ya bone mo dinageng, mo dikgaolong tsa ditlhaketlhake le mo ditshimong di le 233. Ke boammaaruri gore go sa ntse go na le ditshimo tse di iseng di berekwe, mme gongwe ka nako ya ga Jehofa e e tshwanetseng, go tla bulega sebaka sa go di dira. (1 Bakorintha 16:9) Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 10:23 ke a a masisi: “Ga lo na go digela potologo ya metse ya Iseraele ka gope go fitlha Morwa motho a goroga.” Le fa gone dikgang tse di molemo di tla itsisiwe mo lefatsheng lotlhe, ga re na go fitlhelela dikarolo tsotlhe tsa lefatshe ka borona ka molaetsa wa Bogosi pele Jesu a “goroga” e le Modiragatsakatlholo.
12. (a) Ke eng se se bolelwang ke go “tshwaya” mo go bolelwang mo go Tshenolo 7:3? (b) Ke eng se se bolelelwang ke palo e e ntseng e fokotsega ya batlodiwa mo lefatsheng?
12 Akanya ka temana ya Tshenolo 7:1, 3, e e bolelang gore “diphefo tse nnè” tsa tshenyego di tla tshwarwa “go fitlha re sena go tshwaya batlhanka ba Modimo wa rona mo diphatleng tsa bone.” Seno ga se bolele ka go tshwaiwa ga ntlha, mo go diragadiwang fa ba ba 144-000 ba bona pitso ya selegodimo. (Baefeso 1:13) Se bolela ka go tshwaiwa ga bofelo, fa ba setse ba tlhaolwa ka tsela e e tlhomameng e le “batlhanka ba Modimo wa rona” ba ba lekilweng le ba ba ikanyegang. Palo ya barwa ba mmatota ba Modimo ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba tshela mo lefatsheng e fokotsegile thata. Mo godimo ga moo, Baebele e bolela ka phepafalo gore ke “ka ntlha ya bakgethiwa” go bo karolo e e simololang ya sepitla se segolo e tla “khutshwafadiwa.” (Mathaio 24:21, 22) Bontsi jwa ba ba ipolelang gore ke batlodiwa ba setse ba godile thata. Gape, a seno ga se supe gore bokhutlo bo gaufi thata?
Molebedi yo o Ikanyegang
13, 14. Boikarabelo jwa setlhopha sa molebedi ke bofe?
13 Mo godimo ga moo, re tla bo re dira sentle go utlwa kaelo e e neetsweng ke “motlhanka yo o boikanngo.” (Mathaio 24:45) Ka dingwaga tse di fetang lekgolo, “motlhanka” wa motlha wa gompieno o ile a direla e le “molebedi” ka boikanyegi. (Esekiele 3:17-21) Tora ya Tebelo ya May 15, 1984, e ne ya tlhalosa jaana: “Molebedi yono o etsetlhoko kafa ditiragalo di nnang ka teng mo lefatsheng tiragatsong ya polelelo-pele ya Bibela, o ntsha tlhagiso ya ‘sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ya lehatshe’ mme o utlwatsa ‘mahoko a mantlè a a molemō.’”—Mathaio 24:21; Isaia 52:7.
14 Gakologelwa: Ke tiro ya molebedi go goeletsa “se [a] se bonang.” (Isaia 21:6-8) Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele molebedi o ne a ka ntsha tlhagiso tota le fa kotsi e ne e sa ntse e le kgakala gore e lemosege sentle. (2 Dikgosi 9:17, 18) Tota go ne go na le ditlhagiso tse e seng tsone mo nakong eo. Mme molebedi yo o molemo o ne a sa didimale fela a re o tshaba go tlhajwa ke ditlhong. Fa ntlo ya gago e ne e sha, o ne o ka ikutlwa jang fa batimamolelo ba ne ba ka se tle ka gonne ba akanya gore e ka tswa e le tlhagiso e e seng yone? Nnyaa, re lebeletse gore banna bao ba arabele ka bonako fa go na le sesupo sepe fela sa gore go na le kotsi! Ka mokgwa o o tshwanang, setlhopha sa molebedi se ne se bolela fa maemo a bonala a ne a batla gore se dire jalo.
15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa go dirwa diphetogo dingwe mo tseleng e re tlhaloganyang boporofeti ka yone? (b) Ke eng se re ka se ithutang mo batlhankeng ba Modimo ba ba ikanyegang ba ba neng ba sa tlhaloganye sentle boporofeti jo bo rileng?
15 Le fa go le jalo, go tlhaloganya ga rona boporofeti go ntse go phepafala fa ditiragalo di ntse di diragala. Hisitori e bontsha gore ga se ka metlha, fa e le gore go a diragala, boporofeti jwa Modimo bo tlhaloganngwang ka botlalo pele bo diragadiwa. Modimo o ne a bolelela Aberame gore tota losika lwa gagwe lo ne lo tla nna lobaka lo lo kae e le “baeng mo lefatsheng le e seng la bone,” e leng dingwaga tse 400. (Genesise 15:13) Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a batla go nna mogolodi pele ga nako e e tshwanetseng.—Ditiro 7:23-30.
16 Gape akanya ka boporofeti jwa ga Mesia. Fa go sekasekiwa dilo tsa nako e e fetileng, go lebega sentle gore loso lwa ga Mesia le tsogo ya gagwe di ne di boleletswe go sa le pele. (Isaia 53:8-10) Le fa go ntse jalo, barutwa ba ga Jesu ka bobone ba ne ba palelwa ke go tlhaloganya ntlha eno. (Mathaio 16:21-23) Ba ne ba sa lemoge gore Daniele 7:13, 14 e ne e tla diragadiwa ka pa·rou·siʹa, kana “go nna gone” ga ga Keresete ga mo isagweng. (Mathaio 24:3) Ka jalo go bala ga bone nako go ne go le kwa pele thata ka dingwaga di le 2000 fa ba ne ba botsa Jesu jaana: “Morena, a o busetsa bogosi mo Iseraele ka nako eno?” (Ditiro 1:6) Tota le fa phuthego ya Bokeresete e se na go tlhomiwa sentle, megopolo e e phoso le ditebelelo tse e neng e se tsone di ne tsa tswelela pele di tlhaga. (2 Bathesalonika 2:1, 2) Le mororo bangwe ba ne ba nna le dikgopolo tse di phoso gangwe le gape, ga go belaetse gore Jehofa o ne a segofatsa tiro ya badumedi bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga!
17. Re tshwanetse go leba jang go phepafadiwa mo tseleng e re tlhaloganyang Dikwalo ka yone?
17 Ka tsela e e tshwanang setlhopha sa gompieno sa molebedi se ile sa tshwanelwa ke go phepafatsa dikgopolo tsa sone nako le nako. Le fa go ntse jalo, a go na le mongwe yo o ka belaelang gore Jehofa o segofaditse “motlhanka yo o boikanngo”? Mo godimo ga moo, fa di lejwa ka tsela e di leng ka yone, a bontsi jwa diphetogo tse di dirilweng di ne di se dipotlana? Tsela ya konokono e re tlhaloganyang Baebele ka yone ga e ise e fetoge. Tumelo ya rona ya gore re tshela mo malatsing a bofelo e ntse e nonofa go feta le e leng pele!
Go Tshelela Isagwe E e Sa Khutleng
18. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go tshelela gompieno fela?
18 Lefatshe le ka nna la re, ‘A re jeng re nweng, gonne re tsoga re sule ka moso,’ mme ga re a tshwanela go nna le boikutlo joo. Ke ka ntlha yang fa o gagamalela lefela gore o bone menate e o ka e bonang gone jaanong mo botshelong mme o ka berekela isagwe e e sa khutleng? Tsholofelo eo, e ka tswa e le ya botshelo jwa bosasweng kwa legodimong kana ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng, ga se toro, ga se tlhamane fela. Ke selo sa mmatota se se solofeditsweng ke Modimo “o o sa ka keng wa aka.” (Tito 1:2) Go na le bosupi jo bogolo thata jwa gore go diragadiwa ga tsholofelo ya rona go gaufi fela thata! “Nako e e setseng e khutshwafetse.”—1 Bakorintha 7:29.
19, 20. (a) Jehofa o leba jang dilo tse re neng ra di ithontsha ka ntlha ya Bogosi? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshela re gopotse ka go tshelela ruri?
19 Ke boammaaruri gore tsamaiso eno e tsere nako e telele go feta jaaka batho ba le bantsi ba ne ba akantse. Batho ba sekae jaanong ba ka nna ba akanya gore fa ba ka bo ba ne ba itsile seno pele, ba ka bo ba sa ithontsha dilo dingwe tse di rileng. Mme motho ga a tshwanela go ikotlhaela go bo a dirile jalo. Tota e bile, go ithontsha dilo dingwe ke karolo ya botlhokwa ya Mokeresete. Bakeresete ‘ba iitatola.’ (Mathaio 16:24) Le ka motlha ga re a tshwanela go akanya gore maiteko a rona a go itumedisa Modimo ke a lefela. Jesu o ne a solofetsa jaana: “Ga go ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa barwarraagwe kgotsa barwadiarraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa rraagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo yo o se nang go bona go menagane ga lekgolo jaanong . . . mme mo tsamaisong e e tlang ya dilo, botshelo jo bo sa khutleng.” (Mareko 10:29, 30) Dingwaga tse di sekete go tloga jaanong, tiro ya gago, ntlo kana madi a a kwa bankeng a tla lebega a le botlhokwa go le kana kang? Le fa go ntse jalo, dilo tse o neng wa di ithontsha ka ntlha ya ga Jehofa di tla nna mosola dingwaga di le milione go tloga jaanong—dingwaga di le dimilione di le sekete go tloga jaanong! “Gonne Modimo ga o tshiamololo mo o ka lebalang tiro ya lona.”—Bahebera 6:10.
20 Ka gone, a re tsheleng re na le kgopolo ya go tshelela ruri, re boloke matlho a rona, “e seng mo dilong tse di bonwang, mme mo dilong tse di sa bonweng. Gonne dilo tse di bonwang ke tsa nakwana, mme dilo tse di sa bonweng ke tse di sa khutleng.” (2 Bakorintha 4:18) Moporofeti Habakuke o ne a kwala jaana: “Ponatshegelo e sa ntse e na le lobaka lo lo laotsweng, mme e be e itlhaganelela bokhutlo, ga e ketla e aka; le fa e ko e diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega.” (Habakuke 2:3) Go ‘nna re letile’ bokhutlo go ama jang tsela e re dirang maikarabelo a rona ka yone le a lelapa? Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlotla ka dikgang tseno.
Dintlha Tsa Poeletso
◻ Batho ba sekae gompieno ba ile ba amiwa jang ke se se lebegang e le go diega ga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?
◻ Tsholofelo ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng e theilwe mo go eng?
◻ Re tshwanetse go leba jang dilo tse re neng ra di ithontsha ka ntlha ya dilo tse di direlwang Bogosi?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Tiro ya go rera ya lefatshe lotlhe e tshwanetse go wediwa pele bokhutlo bo tla