A re Ngapareleng Tumelo ya Rona e e Botlhokwatlhokwa!
“Ba ba amogetseng tumelo, ba ba tsewang ba na le tshiamelo e e lekanang le ya rona.”—2 PETERE 1:1.
1. Jesu o ne a reng go tlhagisa baaposetoloi ba gagwe, le fa go ntse jalo Petere o ne a ipelafatsa jang?
MO BOSIGONG jwa pele ga loso lwa ga Jesu, o ne a bolela gore baaposetoloi ba gagwe botlhe ba tla mo tlogela. Mongwe wa bone e bong Petere, o ne a ipelafatsa jaana: “Le mororo ba bangwe botlhe ba kgotšwa malebang le wena, nna ga ke kitla ke kgotšwa!” (Mathaio 26:33) Mme Jesu o ne a itse gore ga go a nna jalo. Ke ka moo a ileng a bolelela Petere jaana ka yone nako eo: “Ke go diretse mokokotlelo gore tumelo ya gago e se ka ya felela mo sebakeng; le wena, fa fela o sena go boa, nonotsha bakaulengwe ba gago.”—Luke 22:32.
2. Le mororo Petere a ne a itshepa thata, ke dikgato dife tse a neng a di tsaya tse di neng tsa supa gore tumelo ya gagwe e ne e le bokoa?
2 Petere, yo o neng a itshepa go feta selekanyo malebana le tumelo ya gagwe, o ne a itatola Jesu ka jone bosigo joo. Ka makgetlho a mararo o ne a latola le gore tota o ne a itse Keresete! (Mathaio 26:69-75) Fa a “boa,” mantswe a Mong wa gagwe, a gore “nonotsha bakaulengwe ba gago,” a tshwanetse a bo a ne a utlwala sentle mo ditsebeng tsa gagwe. Morago ga foo botshelo jwa ga Petere bo ne jwa amiwa thata ke tlhagiso eo, jaaka go bonala sentle mo makwalong a mabedi a a neng a a kwala, a a mo Baebeleng.
Lebaka La go Bo Petere A ne A Kwala Makwalo a Gagwe
3. Ke ka ntlha yang fa Petere a ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha?
3 Mo e ka nnang dingwaga di le 30 morago ga loso lwa ga Jesu, Petere o ne a kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha, a kwalela bakaulengwe ba gagwe kwa Ponto, Galatia, Kapadokia, Asia, le Bithinia, e leng mafelo a jaanong a bopang karolo ya bokone le ya bophirima jwa Turkey. (1 Petere 1:1) Kwantle ga pelaelo, Bajuda, bao bangwe ba bone ba neng ba nna Bakeresete ka Pentekosete ya 33 C.E., ba ne ba akarediwa mo go ba Petere a neng a ba kwalela. (Ditiro 2:1, 7-9) Ba le bantsi ba bone e ne e le Baditšhaba ba ba neng ba le mo ditekong tsa go bogisiwa ke baganetsi. (1 Petere 1:6, 7; 2:12, 19, 20; 3:13-17; 4:12-14) Ka jalo Petere o ne a kwalela bakaulengwe bano go ba kgothatsa. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go ba thusa gore ba amogele “bokhutlo jwa tumelo ya [bone], e leng poloko ya meya ya [bone].” Ka jalo, mo kgakololong ya gagwe ya bofelo, o ne a ba kgothatsa jaana: “Ganetsanang le [Diabolo], lo tiile mo tumelong.”—1 Petere 1:9; 5:8-10.
4. Ke ka ntlha yang fa Petere a ne a kwala lekwalo la gagwe la bobedi?
4 Moragonyana, Petere o ne a kwalela Bakeresete bano lekwalo la bobedi. (2 Petere 3:1) Ka ntlha yang? Ka gonne go ne go na le matshosetsi a magolo go feta a pele. Batho bangwe ba ba nang le boitsholo jo bo sa siamang ba ne ba leka go rotloetsa boitsholo jwa bone jo bo maswe mo gare ga badumedi mme ba ne ba timetsa bangwe! (2 Petere 2:1-3) Mo godimo ga moo, Petere o ne a tlhagisa ka basotli. O ne a kwadile mo lekwalong la gagwe la ntlha gore, “bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse,” mme jaanong go bonala fa bangwe ba ne ba nyatsa mogopolo ono. (1 Petere 4:7; 2 Petere 3:3, 4) Mma re sekasekeng lekwalo la ga Petere la bobedi mme re bone ka fa le ileng la nonotsha bakaulengwe ka teng gore ba nne ba nitame mo tumelong. Mo setlhogong seno sa ntlha, re tla sekaseka 2 Petere kgaolo 1.
Boikaelelo Jwa Kgaolo 1
5. Petere o dira jang gore babadi ba gagwe ba siamele go mo reetsa fa a tlotla ka mathata a a gone?
5 Petere ga a simolole ka go bua ka mathata a a masisi. Go na le moo, o baakanya tsela ya go tlotla ka mathata ano ka go dira gore babadi ba gagwe ba anaanele ka tsela e kgolwane dilo tse ba neng ba di amogela fa ba ne ba nna Bakeresete. O ba gakolola ka ditsholofetso tse di itumedisang tsa Modimo le ka fa boporofeti jwa Baebele bo ikanyegang ka teng. O dira seno ka go ba bolelela ka go fetoga ponalo, ponatshegelo e ene ka boene a ileng a e bona ya ga Keresete a le mo maatleng a Bogosi.—Mathaio 17:1-8; 2 Petere 1:3, 4, 11, 16-21.
6, 7. (a) Re ka ithuta thuto efe mo ketapeleng ya lekwalo la ga Petere? (b) Fa re neela kgakololo, ke go dumela eng se ka dinako tse dingwe se ka thusang?
6 A re ka ithuta sengwe mo ketapeleng ya ga Petere? A kgakololo ga e amogelwe botoka fa re boeletsa pele le bareetsi ba rona dikarolo tsa tsholofelo e ntle ya Bogosi e rotlhe re nang le yone? Mme go tweng ka go dirisa boitemogelo jwa gago ka namana? Gongwe, morago ga loso lwa ga Jesu, Petere gantsi o ne a bolela ka ponatshegelo e a e boneng ya ga Keresete a le mo kgalalelong ya Bogosi.—Mathaio 17:9.
7 Gakologelwa gape gore, go ka direga gore ka nako ya fa Petere a kwala lekwalo lwa gagwe la bobedi, Efangele ya ga Mathaio le lekwalo la ga moaposetoloi Paulo le a neng a le kwalela Bagalatia a ne a setse a anamisitswe gotlhe. Ka jalo ditlhaelo tsa ga Petere mmogo le pego ya tumelo ya gagwe di ka tswa di ne di itsiwe thata ke batho ba ba neng ba tshela mo nakong ya gagwe. (Mathaio 16:21-23; Bagalatia 2:11-14) Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa mo thibela go bua ka kgololesego. Eleruri, go ka nna ga bo go ile ga dira gore lekwalo la gagwe le kgatlhe thata ba ba neng ba lemoga makoa a bone. Ka jalo, fa re thusa ba ba nang le mathata, a ga go kitla go thusa go dumela gore le rona re dira diphoso?—Baroma 3:23; Bagalatia 6:1.
Tumediso e e Nonotshang
8. Go ka direga gore Petere o ne a dirisa lefoko “tumelo” ka kgopolo efe?
8 Jaanong, ela tlhoko tumediso ya ga Petere. Ka bonako fela o umaka kgang ya tumelo, a bitsa babadi ba gagwe a re ke “ba ba amogetseng tumelo, ba ba tsewang ba na le tshiamelo e e lekanang le ya rona.” (2 Petere 1:1) Fano lefoko “tumelo” le ka tswa le raya “tlhotlheletso e e nitameng” mme le kaya ditumelo kana dithuto tsa Bokeresete, tse mo Dikwalong ka dinako tse dingwe di bidiwang “boammaaruri.” (Bagalatia 5:7; 2 Petere 2:2; 2 Johane 1) Lefoko “tumelo” gantsi le dirisiwa ka kgopolo eo go na le gore le dirisiwe ka kgopolo e e akaretsang ya go ikanya kana go tshepa motho kana sengwe.—Ditiro 6:7; 2 Bakorintha 13:5; Bagalatia 6:10; Baefeso 4:5; Jude 3.
9. Ke ka ntlha yang fa tumediso ya ga Petere e tshwanetse ya bo e ile ya utlwala e le lorato segolobogolo mo go Baditšhaba?
9 Tumediso ya ga Petere e tshwanetse ya bo e ne e utlwala e le e e supang lorato segolobogolo mo babading ba Baditšhaba. Bajuda ba ne ba sa dirisane le Baditšhaba, e bile ba ne ba sa ba rate, mme go tlhaola Baditšhaba jalo go ne ga nna go ntse go le teng mo Bajudeng ba ba ileng ba nna Bakeresete. (Luke 10:29-37; Johane 4:9; Ditiro 10:28) Le fa go ntse jalo, Petere, yo o tshotsweng e le Mojuda e bile e le moaposetoloi wa ga Jesu Keresete, o ne a re babadi ba gagwe—Bajuda le Baditšhaba—ba ne ba na le tumelo e e tshwanang e bile ba na le tshiamelo e e lekanang le ya gagwe.
10. Ke dithuto dife tse re ka di ithutang mo tumedisong ya ga Petere?
10 A ko o akanye ka dithuto tse dintle tse ditumediso tsa ga Petere di re di rutang gompieno. Modimo ga se motlhaodi wa batho; ga a rate lotso kana setšhaba se sengwe go gaisa se sengwe. (Ditiro 10:34, 35; 11:1, 17; 15:3-9) Jaaka Jesu ka boene a ne a ruta, Bakeresete botlhe ke bakaulengwe mme ga go na ope wa rona yo o tshwanetseng go ikutlwa a le kwa godimo ga yo mongwe. Mo godimo ga moo, tumediso ya ga Petere e gatelela gore tota re bakaulengwe ba lefatshe lotlhe, ba ba nang le “tshiamelo e e lekanang” le tumelo e Petere le baaposetoloikaene ba neng ba na le yone.—Mathaio 23:8; 1 Petere 5:9.
Kitso le Ditsholofetso Tsa Modimo
11. Morago ga tumediso ya gagwe, ke dilo dife tsa botlhokwa tse Petere a di gatelelang?
11 Morago ga tumediso ya gagwe, Petere o kwala jaana: “E kete lo ka okelediwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kagiso.” Re ka okelediwa jang bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kagiso? Petere o araba jaana: “Ka kitso e e leng yone ka Modimo le ka Jesu Morena wa rona.” Morago ga moo, o bolela jaana: “Maatla a one a bomodimo a re neile mahala dilo tsotlhe tse di amanang le botshelo le boineelo jwa bomodimo.” Mme re bona jang dilo tseno tsa botlhokwa? “Ka kitso e e leng yone ka one o o neng wa re bitsa ka kgalalelo le bomolemo jo bogolo thata.” Ka jalo Petere o gatelela gabedi gore kitso e e leng yone ya Modimo le Morwawe e botlhokwa.—2 Petere 1:2, 3; Johane 17:3.
12. (a) Ke ka ntlha yang fa Petere a gatelela botlhokwa jwa kitso e e leng yone? (b) Gore re itumelele ditsholofetso tsa Modimo, ke eng se re tshwanetseng ra bo re se dirile pele?
12 “Batho ba ba rutang maaka” ba Petere a tlhagisang ka ga bone mo go kgaolo 2 ba dirisa “mafoko a tsietso” go tsietsa Bakeresete. Phelelo ya ba ba ileng ba gololwa ka “kitso e e leng yone ya Morena le Mmoloki Jesu Keresete” mme moragonyana ba ineela mo tsietsong e e ntseng jalo ke e e maswe. (2 Petere 2:1-3, 20) E re ka go bonala fa Petere a ne a akantse go tlotla ka bothata jono moragonyana, o gatelela go tswa kwa tshimologong fela ya lekwalo la gagwe, botlhokwa jwa go nna le kitso e e leng yone le go boloka boemo jo bo phepa fa pele ga Modimo. Petere o bolela gore Modimo o “re neile mahala ditsholofetso tsa botlhokwatlhokwa le tse dikgolo thata ka dilo tseno, gore ka tsone lo nne batlhakanedi mo tlholegong ya bomodimo.” Le fa go ntse jalo, go itumelela ditsholofetso tseno tse e leng karolo e e botlhokwa ya tumelo ya rona, Petere a re, pele re tshwanetse go “[falola] mo go boleng mo go mo lefatsheng mo go bakwang ke keletso e e fekeetsang.”—2 Petere 1:4.
13. Ke eng se Bakeresete ba ba tloditsweng mmogo le “dinku tse dingwe” ba ikaeletseng go nitama mo go sone?
13 O leba jang ditsholofetso tsa Modimo? A o di leba ka tsela e Bakeresete ba masalela a a tloditsweng a di lebang ka yone? Ka 1991, Frederick Franz, yo e neng e le poresidente ya Watch Tower Bible and Tract Society, yo o neng a le mo bodireding jwa nako e tletseng ka dingwaga tse di fetang 75, o ne a sobokanya maikutlo a ba ba nang le tsholofelo ya go busa le Keresete jaana: “Go fitlha mo ureng eno re ntse re nitame, mme re tla nna re nitame go fitlha Modimo a itshupa gore o a ikanyega mo ‘ditsholofetso[ng] tsa botlhokwatlhokwa le tse dikgolo thata tsa gagwe.’” Mokaulengwe Franz o ne a nna a ikanya tsholofetso ya Modimo ya tsogo ya selegodimo, mme o ne a nitama mo tumelong go fitlha a tlhokafala a le dingwaga di le 99. (1 Bakorintha 15:42-44; Bafilipi 3:13, 14; 2 Timotheo 2:10-12) Ka mo go tshwanang, dimilione tsa batho di nitame mo tumelong, ba tlhomile mogopolo mo tsholofetsong ya Modimo ya paradaise ya lefatshe e mo go yone batho ba tla tshelelang ruri ka boitumelo. A o mongwe wa bano?—Luke 23:43; 2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4.
Ka fa Go ka Arabelwang ka Teng mo Ditsholofetsong Tsa Modimo
14. Ke ka ntlha yang fa Petere a umaka bomolemo e le nonofo ya pele e e tshwanetseng go tsenngwa mo tumelong?
14 A re lebogela dilo tse Modimo a re di solofeditseng? Fa go ntse jalo, Petere o re kgothatsa gore re go supe. “Ee, ka lone lebaka leno” (ka gonne Modimo a re neile ditsholofetso tse di botlhokwatlhokwa), re tshwanetse go dira maiteko a magolo go tsaya kgato. Re ka se ka ra kgotsofalela fela go nna mo tumelong kana go itse fela boammaaruri jwa Baebele. Seo ga se a lekana! Gongwe mo motlheng wa ga Petere bangwe mo diphuthegong ba ne ba bua thata ka tumelo mme ba nna le seabe mo boitsholong jo bo sa siamang. Boitshwaro jwa bone bo ne bo tshwanetse go nna le bomolemo, ka jalo Petere o ne a kgothatsa jaana: “Tsenyang mo tumelong ya lona bomolemo jo bogolo thata.”—2 Petere 1:5; Jakobe 2:14-17.
15. (a) Ke ka ntlha yang fa kitso e umakwa morago ga bomolemo e le nonofo e e tshwanetseng go tsenngwa mo tumelong? (b) Ke dinonofo dife tse dingwe tse di ka re thusang go nitama mo tumelong?
15 Fa a sena go umaka bomolemo, Petere o umaka dinonofo tse dingwe di le thataro tse di tshwanetseng go tsenngwa kana go akarediwa mo tumelong ya rona. Nngwe le nngwe ya tsone e a tlhokega fa re batla go ‘ema re nitame mo tumelong.’ (1 Bakorintha 16:13) E re ka batenegi ba ne ba ‘soka Dikwalo’ e bile ba anamisa ‘dithuto tse di tsietsang,’ morago ga foo Petere o bolela gore kitso e botlhokwa, a bolela jaana: “Mo bomolemong jwa lona jo bogolo thata [tsenyang] kitso.” Morago ga foo o tswelela pele jaana: “Mo kitsong ya lona [tsenyang] boikgapo, mo boikgapong jwa lona boitshoko, mo boitshokong jwa lona boineelo jwa bomodimo, mo boineelong jwa lona jwa bomodimo katamalano e e bothitho ya bokaulengwe, mo katamalanong ya lona e e bothitho ya bokaulengwe lorato.”—2 Petere 1:5-7; 2:12, 13; 3:16.
16. Go tla diragalang fa dinonofo tse Petere a di umakileng di tsenngwa mo tumelong, mme go tla diragalang fa di sa tsenngwe?
16 Go tla diragalang fa dilo tse supa tseno di tsenngwa mo tumelong ya rona? “Fa dilo tseno di le teng mo go lona di bile di penologa,” Petere o araba jalo, “di tla lo itsa go nna ba ba sa direng kgotsa ba ba sa ungweng malebang le kitso e e leng yone ya Morena wa rona Jesu Keresete.” (2 Petere 1:8) Ka fa letlhakoreng le lengwe, Petere o bolela jaana: “Fa dilo tseno di se gone mo mothong, o foufetse, o budulaletse lesedi, mme o nnile yo o lebalang bobe go ntlafadiwa ga gagwe mo maleong a gagwe a bogologolo tala.” (2 Petere 1:9) Ela tlhoko gore Petere o tlogela go dirisa “lona” le “rona” o dirisa “motho,” “o” le “gagwe.” Ka maswabi, le mororo bangwe ba foufetse, ba lebala, e bile ba na le maleo, Petere ka lorato ga a supe gore mmadi ke mongwe wa batho bano.—2 Petere 2:2.
Go Nonotsha Bakaulengwe ba Gagwe
17. Ke eng se se ka tswang se ne sa tlhotlheletsa Petere go dira boikuelo jo bo lorato jwa gore ba dire “dilo tseno”?
17 Gongwe ka go lemoga gore ba ba sa tswang go dumela e ka nna bone segolobogolo ba ba ka tsiediwang, Petere o ba kgothatsa jaana ka lorato: “Bakaulengwe, dirang bojotlhe jwa lona le go feta gore lo itlhomamisetse go bidiwa le go kgethiwa ga lona; gonne fa lo nna lo dira dilo tseno le ka motlha ga lo kitla lo palelwa ka gope.” (2 Petere 1:10; 2:18) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tsenyang dilo tse supa tseno mo tumelong ya bone ba tla bona tuelo e kgolo, jaaka Petere a bolela jaana: “Lo tla newa ka mo go humileng go tsena mo bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete.” (2 Petere 1:11) “Dinku tse dingwe” di tla rua botshelo jo bo sa khutleng mo Bogosing jwa Modimo mo lefatsheng.—Johane 10:16; Mathaio 25:33, 34.
18. Ke ka ntlha yang fa Petere a rata ‘ka metlha go gakolola’ bakaulengwe ba gagwe?
18 Petere o batlela bakaulengwe ba gagwe tuelo e e molemo jalo ka bopeloephepa. O kwala jaana: “Ka lebaka leno ke tla go dira mokgwa go lo gakolola ka metlha ka dilo tseno, le mororo lo di itse lo bile lo tlhomame ka nitamo mo boammaaruring.” (2 Petere 1:12) Petere o dirisa lefoko la Segerika ste·riʹzo, le le ranotsweng fano e le “lo tlhomame ka nitamo” mme le ranotswe e le “go nonotsha” mo kgakololong e Jesu a neng a e neela Petere pelenyana: “Nonotsha bakaulengwe ba gago.” (Luke 22:32) Go dirisa lefoko leo go ka nna ga supa gore Petere o gakologelwa kgakololo e e maatla e a e amogetseng mo Moreneng wa gagwe. Jaanong Petere o bolela jaana: “Ke go tsaya go siame, fa fela ke santse ke le mo motlaaganeng ono [mmele], go lo kurusa e le go lo gakolola, ke itse jaaka ke itse gore go apolwa ga motlaagana wa me go tloga go diragala.”—2 Petere 1:13, 14.
19. Ke dithuso dife tse re di tlhokang gompieno?
19 Le mororo ka lorato Petere a re babadi ba gagwe ba ‘tlhomame ka nitamo mo boammaaruring,’ o lemoga gore tumelo ya bone e ka nna ya senyega jaaka go thubega ga sekepe. (1 Timotheo 1:19) E re ka a itse gore o tla tloga a swa, o nonotsha bakaulengwe ba gagwe ka go umaka dilo tse ba ka di gakologelwang moragonyana gore ba nne ba nonofile mo semoyeng. (2 Petere 1:15; 3:12, 13) Ka mo go tshwanang, gompieno re tlhoka go gakololwa gangwe le gape go nna re nitame mo tumelong. Go sa kgathalesege gore re bomang kana re na le nako e telele go le kana kang re le mo boammaaruri, re ka se ka ra itlhokomolosa go bala Baebele ka metlha, thuto ya motho ka namana, le go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego. Bangwe ba dira diipato tsa gore ba lapile thata kana dipokano di tlhola di bua selo se le sengwe fela ga di tshwarwe sentle, mme Petere o ne a itse gore mongwe le mongwe wa rona a ka latlhegelwa ke tumelo ka bonako go le kana kang fa re itshepa thata.—Mareko 14:66-72; 1 Bakorintha 10:12; Bahebera 10:25.
Motheo o o Nonofileng wa Tumelo ya Rona
20, 21. Go fetoga ponalo go ne ga nonotsha jang tumelo ya ga Petere le ya babadi ba makwalo a gagwe, go akaretsa le rona gompieno?
20 A tumelo ya rona e theilwe fela mo ditlhamaneng tse di tlhamilweng ka botlhale? “Nnyaa” Petere o araba jalo ka go gatelela, “e ne e se ka go latela dipolelo tsa maaka tse di logetsweng maano ka boferefere go bo re ne ra lo tlwaelanya le maatla le go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete, mme e ne e le ka go bo re ne re fetogile basupi ba ba boneng tlotlomalo ya gagwe ka matlho.” Petere, Jakobe le Johane ba ne ba na le Jesu fa ba ne ba bona ponatshegelo ya gagwe a le mo maatleng a Bogosi. Petere o tlhalosa jaana: “O ne a amogela tlotlo le kgalalelo go tswa kwa Modimong Rara, fa mafoko a a tshwanang le ano a ne a bolelwa kaga gagwe ka kgalalelo e kgolo: ‘Yono ke morwaake, moratwa wa me, yo nna ka bonna ke mo amogetseng.’ Ee, mafoko ano re ne ra a utlwa a bolelwa go tswa legodimong fa re ne re na le ene mo thabeng e e boitshepo.”—2 Petere 1:16-18.
21 Fa Petere, Jakobe le Johane ba ne ba bona ponatshegelo eo, eleruri Bogosi bo ne jwa nna jwa mmatota mo go bone! Petere o bolela jaana: “Ka gone re na le lefoko la boporofeti le tlhomamisitswe segolo; e bile lo dira sentle go le tlhokomela.” Ee, babadi ba lekwalo la ga Petere, go akaretsa le rona gompieno, re na le mabaka a a utlwalang thata a go tlhokomela boporofeti jo bo malebana le Bogosi jwa Modimo. Re tlhoka go tlhokomela ka tsela efe? Petere o araba jaana: “Jaaka lo tlhokomela lobone lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi, go fitlha letsatsi le tloga le tswa le mphatlalatsane a tlhaba, mo dipelong tsa lona.”—2 Petere 1:19; Daniele 7:13, 14; Isaia 9:6, 7.
22. (a) Dipelo tsa rona di tlhoka go nna di tlhokometse eng? (b) Re tlhokomela jang lefoko la boporofeti?
22 Dipelo tsa rona di tla bo di le lefifi fa di sa phatsimisiwe ke lefoko la boporofeti. Mme ka go le tlhokomela, dipelo tsa Bakeresete di ne di nna di le tlhaga go fitlha letsatsi la fa “mphatlalatsane,” Jesu Keresete, a tla a le mo kgalalelong ya Bogosi. (Tshenolo 22:16) Gompieno re tlhokomela jang lefoko la boporofeti? Ka go ithuta Baebele, ka go baakanyetsa le go nna le seabe mo dipokanong le ka go ‘tlhatlhanya ka dilo tseno; le go nwelelela mo go tsone.’ (1 Timotheo 4:15) Gore lefoko la boporofeti le phatsime jaaka lobone lo lo phatsimang mo “lefelong le le lefifi” (dipelo tsa rona), re tshwanetse go le letla gore le re ame thata—dikeletso tsa rona, maikutlo a rona, ditlhotlheletso tsa rona le mekgele ya rona. Re tshwanetse go nna baithuti ba Baebele, ka gonne Petere o konela jaana mo kgaolong 1: “Ga go boporofeti bope jwa Lokwalo jo bo tswang mo phuthololong epe ya motho ka boene. Gonne ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”—2 Petere 1:20, 21.
23. Kgaolo ya ntlha ya 2 Petere e dirile gore babadi ba siamele eng?
23 Mo kgaolong e e simololang lekwalo la gagwe la bobedi, Petere o ne a re tlhotlheletsa ka tsela e maatla gore re nitame mo tumelong ya rona e e botlhokwatlhokwa. Gone jaanong re siametse go sekaseka dikgang tse di masisi tse di tla latelang. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka kgaolo 2 ya 2 Petere, mo moaposetoloi a rarabololang bothata jwa ditlhotlheletso tsa boitsholo jo bo sa siamang tse di ileng tsa tsenelela mo diphuthegong.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa Petere a gatelela botlhokwa jwa kitso e e leng yone?
◻ Lebaka la go bo bomolemo e le nonofo e e umakiwang pele go tsenngwa mo tumelong e ka tswa e le lefe?
◻ Ke ka ntlha yang fa Petere a go dirile mokgwa gore ka metlha a gakolole bakaulengwe ba gagwe?
◻ Petere o re neela motheo ofe o o nonofileng wa tumelo ya rona?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Ditlhaelo tsa ga Petere ga di a ka tsa dira gore a tlogele tumelo ya gagwe