Tsela ya go Nna re Itumetse mo Tirelong ya Nako e e Tletseng
GO DIRAGADIWA ga boporofeti jwa Baebele go bontsha sentle gore re tshela mo malatsing a bofelo a tsamaiso eno e e se nang bomodimo. Ka go lemoga seno, batlhanka ba ga Jehofa Modimo ba dirisa nako e ntsi ka mo ba ka kgonang ka teng mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe. Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 600 000 ba rulagantse matshelo a bone gore ba nne le seabe mo tirelong ya nako e e tletseng. Bangwe ba bone ke baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng ba go tweng ke babulatsela. Ba bangwe ke baithaopi ba Bethele kwa ntlokgolong ya Mokgatlho wa Watch Tower kana kwa diofising tsa makala tsa one. Ba bangwe gape ke barongwa le balebedi ba ba etang.
Baebele e bontsha gore mo malatsing a bofelo, go tla nna le “dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” (2 Timotheo 3:1-5) Mokwalo wa Baebele wa Segerika o dirisa mafoko a a ka ranolwang ka gore “dinako tse di tlhomilweng tse di bogale.” Ka jalo, ga go na motho ope yo o tshwanetseng go lebelela go tshela botshelo jo bo se nang mathata mo motlheng wa rona. Mo badireding bangwe ba Bakeresete, mathata a lebega a le masisi thata jaana mo ba ka nnang ba ipotsa gore, ‘A ke ke tswelele pele mo tirelong ya nako e e tletseng, kana a ke ke tlogele?’
Ke maemo afe a a ka dirang gore motho a sekaseke gape tirelo ya gagwe e le mmulatsela, moithaopi wa Bethele, molebedi yo o etang kana morongwa? Gongwe motho o tshwarwa ke bolwetse jo bo masisi. Gongwe mongwe wa losika yo o tsofetseng kana yo o lwalang o tlhoka go tlhokomelwa ka metlha. E ka tswa e le gore banyalani ba simolola lelapa. Mongwe fela yo o ka tlogelang tirelo ya nako e e tletseng ka ntlha ya mabaka ao le ka go bo a tlamega go ya ka Dikwalo gore a dire jalo ga a tshwanela go ikutlwa a tlhabiwa ke ditlhong go dira phetogo e e ntseng jalo.
Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore mongwe o rulaganya go tlogela tirelo ya nako e e tletseng ka go bo a sa itumela? Gongwe mmulatsela o bona matswela a mannye mo bodireding jwa gagwe a bo a ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa ke tswelela pele ka botshelo jwa go intsha setlhabelo fa go reetsa fela batho ba sekaenyana fela?’ Gongwe moithaopi wa Bethele ga a itumelele kabelo ya gagwe. Kana e ka nna bolwetse jo bo sa foleng, le fa bo sa kgoreletse tirelo ya bobulatsela, kgabagare bo ka dira gore motho a ikutlwe a sa itumela. Batho ba ba ntseng jalo ba ka nna ba itumetse jang? A re sekasekeng se badiredi bangwe ba ba nang le boitemogelo ba se bolelang.
Go Itshokela go Kgobega Marapo
Anny, yo o tswang kwa Switzerland, o ne a tsena Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate ka 1950. O ne a lebeletse pele go neelwa kabelo ya borongwa kwa moseja. Fa a abelwa gape tiro ya Bethele kwa Yuropa, Anny o ne a kgobega marapo. Le fa go ntse jalo, o ne a amogela kabelo ya gagwe mo Lephateng la Boranodi mme o sa ntse a dira tiro eo. O ne a fenya go kgobega marapo jang? Anny o tlhalosa jaana: “Go ne go na le tiro e ntsi e bile e sa ntse e le teng e e tshwanetseng go dirwa. Maikutlo a me le dilo tse ke di bayang kwa pele ga di botlhokwa go gaisa tiro.”
Fa e le gore ga re a neelwa kabelo e re e batlang, gongwe re ka nna le boikutlo jwa ga Anny. Selo se rona re se batlang kwa pele ga se sone se se botlhokwa thata. Selo sa konokono ke gore maikarabelo otlhe a a sa tshwaneng a a amanang le go anamisiwa ga molaetsa wa Bogosi a tshwanetse go diragadiwa sentle. Diane 14:23 e re bolelela gore “mo tirong yotlhe go na le thuso.” Go sa kgathalesege gore re neetswe kabelo efe, go e dira ka boikanyegi go dira gore tiro ya Bogosi e fitlhelelwe. Mme re ka kgotsofala thata—ee, ra itumela—mo tirong eo e re e neetsweng ke Modimo.—Bapisa 1 Bakorintha 12:18, 27, 28.
Go Utlwana le ba Bangwe
Tirelo ya nako e e tletseng e akaretsa go kopana le batho ba mefuta yotlhe—mo bodireding jwa tshimo, mo Bethele, mo legaeng la barongwa, kana fa o ntse o etela diphuthego o le molebedi yo o etang. Ka gone, go itumela go ikaegile thatathata ka go utlwana le ba bangwe sentle. Le fa go ntse jalo, ‘dinako tse di bogale’ tse di boleletsweng pele ka malatsi ano a bofelo di dira gore batho ba se ka ba utlwana. Modiredi o ka tila jang gore a se ka a tlhoka boitumelo, le fa mongwe a mo kgopisitse? Gongwe re ka ithuta sengwe mo go Wilhelm.
Wilhelm o ne a nna leloko la lelapa la Bethele kwa Yuropa ka 1947. Morago ga moo, o ne a nna nakonyana mo tirong ya bobulatsela le mo tirelong jaaka molebedi yo o etang. Wilhelm o tlhalosa jaana: “Fa nna le mosadi wa me re bona dilo tse re akanyang gore ga di a siama kana di re tshwenya ka borona, re bolelela Jehofa kafa re ikutlwang ka teng mme re bo re tlogelela dilo mo go ene gore a di rarabolole.”—Pesalema 37:5.
Gongwe wena o ntse o tshwenngwa ke tsela e Mokeresetekawena a itshwarang ka yone a sa go buise ka maitseo kana a go buisa ka tsela e e sa akanyetseng. Gakologelwa gore rotlhe re kgotšwa ka dinako di le dintsi mo puong ya rona. (Jakobe 3:2) Ka jalo ke eng fa o sa dirise sebaka seno go nna gaufi thata le “yo o utlwang thapelo”? (Pesalema 65:2) Bua le Jehofa ka kgang eno, mme morago ga moo o e tlogele mo diatleng tsa gagwe. Fa Modimo a batla go dira diphetogo, o tla dira jalo. Ba ba nnang mo magaeng a barongwa ba ka nna ba tlhoka go gakologelwa seno fa go tlhaga mathata a a tshwanang le ano, gonne seno se tla ba thusa go nna ba itumetse mo tirelong ya ga Jehofa.
Fa o Lwala
Ke batho ba sekae fela ba ba itumelelang boitekanelo jo bo siameng. Tota le batho ba go ka tweng ba itekanetse ba ka nna ba tlhaselwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong kana bolwetse bongwe. Bolwetse bo dira gore ba bangwe ba bone go le botoka go tlogela tirelo ya nako e e tletseng, mme morago ga moo ba bo ba dira tiro e e molemo jaaka baboledi ba Bogosi. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba kgona go tswelela pele mo tirelong ya nako e e tletseng go sa kgathalesege gore a ba a lwala. Ka sekai, akanya ka Hartmut le Gislind.
Hartmut le Gislind ke banyalani ba ba berekileng dingwaga di le 30 e le babulatsela, e le barongwa le mo tirong ya go eta. Boobabedi ba ne ba tshwarwa ke bolwetse jo bo masisi jo ka dinako dingwe bo neng bo ba lapisa mo mmeleng le mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, ba dirile tiro e e molemolemo mme ba ne ba kgona go kgothatsa le ba bangwe ba ba nang le diteko tse di tshwanang. Ke kgakololo efe e ba e nayang? “O lebelele kwa isagweng mme e seng kwa nakong e e fetileng. Sola sebaka sengwe le sengwe molemo. Letsatsi lengwe le lengwe le ka go leretse sebaka se le sengwe fela sa go galaletsa Jehofa. Dirisa sebaka seo, mme o se itumelele.”
Akanya ka kgang ya ga Hannelore. O ne a ntse a tshwenngwa ke bolwetse jo bo sa foleng ka dingwaga tsa gagwe tse 30 a le mmulatsela, a le morongwa, a le mo tirong ya go eta le monna wa gagwe, le mo tirelong ya Bethele. Hannelore o bolela jaana: “Ke tlhoma mogopolo mo kgannyeng e e neng ya tsosiwa ke Satane—ya gore batho ba direla Jehofa fela fa e le gore dilo di ba tsamaela sentle. Ka go itshokela diteko, nka nna le seabe sa go bontsha Satane gore o phoso.” Seno se ka nna le tlhotlheletso e e nonofileng. Gakologelwa gore boikanyegi jwa gago jo bo nitameng mo go Jehofa fa o le mo tekong bo botlhokwa mo go ene.—Jobe 1:8-12; Diane 27:11.
Fa o leka go dira tshwetso e e lekalekaneng e e malebana le boitekanelo jwa gago, akanya ka dikarolo tse pedi tsa boporofeti jwa ga Jesu Keresete ka bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo. Jesu o ne a bolelela pele ka malwetse a leroborobo mo mafelong otlhe. Gape o ne a bolela jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Mathaio 24:3, 14; Luke 21:11) Jesu o ne a itse gore mo malatsing a bofelo, balatedi ba gagwe ba ne ba tla tshwenngwa ke malwetse. Mme o ne a lemoga gore tiro ya go rera e ne e ka se ka ya dirwa fela ke batho ba ba nang le boitekanelo jo bo molemo mme gape e ne e tla dirwa le ke batho ba ba tshwerweng ke malwetse a a masisi. Fa re kgona go tswelela pele mo tirelong ya nako e e tletseng go sa kgathalesege bolwetse, Jehofa a ka se lebale tsela e re ratang leina la gagwe ka yone.—Bahebera 6:10.
Go Nna o Itumetse le fa Batho ba sa Kgatlhege
Boikutlo jwa rona bo ka amiwa ke tsela e batho ba itshwarang ka yone mo tirong ya go rera ka Bogosi. Modiredi mongwe yo o nang le maitemogelo o ne a bolela jaana: “Tota le babulatsela ba go fitlhela go le thata go simolola motlotlo le mong wa ntlo. Rotlhe re tshwanetse go kgaratlhela go nna re itumetse.” Ee, fa batho ba sa kgatlhege go ka dira gore re se ka ra itumelela tirelo ya tshimo. Ka jalo mmulatsela yo o kopanang le batho ba ba sa kgatlhegeng ka metlha o ka dira jang gore a nne a itumetse? Badiredi ba ba nang le boitemogelo ba neela dikakantsho tse di latelang tse di neng tsa lekwa le go tlhomamisiwa.
Go tsosa kgwetlho fa batho ba sa kgatlhege, mme ga go supe gore o a bo o palelwa. Le fa batho ba sa kgatlhege ga go re neye lebaka la gore re tlogele tirelo ya nako e e tletseng. Re ka kgona go nna re itumetse le fa batho ba sa kgatlhege fa re beela nako kwa thoko ya go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo. Di ‘re tlhomelela tiro nngwe le nngwe e molemo,’ mme seno se akaretsa go bua le batho ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo. (2 Timotheo 3:16, 17) Le mororo batho ba ne ba sa batle go reetsa moporofeti Jeremia, seo ga se a ka sa mo emisa. (Jeremia 7:27) Fa re ithuta Baebele re dirisa dikgatiso tsa Bokeresete, re ka solegelwa molemo thata fa re ela tlhoko dintlha tse di nonotshang tumelo ya rona le tse di re thusang go itshokela batho ba ba sa kgatlhegeng.
E re ka re dumela gore fa batho ba sa kgatlhege ke kgwetlho, a re tlhatlhobeng tsela e re ikutlwang ka yone ka bao re ba rerelang. Ke ka ntlha yang fa ba sa kgatlhege? Ka sekai, lebaka lengwe le le dirang gore batho ba se ka ba kgatlhega kwa dikarolong tsa Yuropa ke rekoto e e sa siamang ya bodumedi jwa maaka. Batho ga ba tlhole ba akanya gore ba ka tsena mo bodumeding bongwe, le gone ga ba batle go tlhola ba utlwa sepe ka jone. Re tlhoka go fetofetoga, re bue le batho ka dikgang tse di ba amang, jaaka go tlhoka ditiro, boitekanelo, bokebekwa, go itshokela dilo, tikologo le matshosetsi a ntwa.
Mo mafokong a re a bolelelang mong wa ntlo a a simololang, re ka nna ra umaka kgang nngwe e e kgatlhang mo lefelong leo. Ke se Dietmar a neng a leka go se dira fa a rera mo motsaneng o a neng a sa bone matswela mo go one. Moagi mongwe o ne a umaka gore motsana oo o ne o wetswe ke masetlapelo mo letsatsing le le fetileng. Mo ntlong nngwe le nngwe morago ga moo, Dietmar o ne a bolela gore o maswabi tota ka masetlapelo a a diragetseng. “Ka bonako fela, batho ba ne ba simolola go tlotla,” o ne a bolela jalo. “Mongwe le mongwe o ne a akantse ka masetlapelo ao. Ke ne ka tlotla thata le batho mo letsatsing leo ka gonne ke ne ke kgatlhegela matshelo a bone.”
Re tlhoka go neela batho bosupi jwa Bogosi gongwe le gongwe kwa re kopanang le bone gone. Bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo bo ka nna le matswela, mme re ka ithapisa mo tirong eno ka go dirisa dikakantsho tse di leng mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng. Motho a ka itumelela mafoko a sekaenyana a a botsalano kana go tsamaisetsa mong wa ntlo dikhopi tsa makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Fa re dirile maeto a go boela e bile re simolotse go tshwarela motho yo o kgatlhegang thuto ya Baebele, re ka nna ra fetela kwa go yo mongwe fa re ka botsa jaana: “A o itse mongwe gape yo o ka ratang go ithuta Baebele?” Seno se ka dira gore o simolole thuto e nngwe ya Baebele ya legae. Legale, a re nneng le boikutlo jo bo siameng, re ikaege mo go Jehofa ka thapelo, re sa letle gore batho ba ba sa kgatlhegeng ba re kgobe marapo.
Go Kgothadiwa ke ba Bangwe
Jürgen le Christiane ba sa le ba bula tsela le go dira tiro ya go eta ka dingwaga tse di fetang 30. Ba kile ba nna le kabelo e e neng e akaretsa go rera mo lefelong le batho ba le bantsi ba neng ba sa kgatlhege mo go lone e bile ba le tlhogoethata. A bo Jürgen le mosadi wa gagwe ba ne ba tlhoka go kgothadiwa jang ne! Le fa go le jalo, ka lebaka lengwe bangwe mo phuthegong ga ba a ka ba tsibogela se ba neng ba se tlhoka.
Ka jalo Jürgen o a itse go ya ka se se mo diragaletseng gore “babulatsela bangwe ba kopana le nako e e boima. Ba tlhoka go kgothadiwa thata ke bagolwane le baboledi ba bangwe.” Modimo o ne a bolelela Moshe gore a kgothatse le go nonotsha Joshua. (Duteronome 3:26-28) Mme Bakeresete ba tshwanetse go kgothatsana. (Baroma 1:11, 12) Baboledi ba Bogosi ba ka kgothatsa ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng ka mafoko a a agang le go tsamaya le bone mo bodireding nako le nako.
Boitumelo Jwa ga Jehofa—Ke Thata ya Rona
Bakeresete ba ba dirisitseng nako e ntsi ya botshelo jwa bone e le babulatsela kana barongwa, ba direla kwa Bethele, kana ba etela diphuthego mo tirong ya go eta ba lemogile gore mathata a le mantsi ke a nakwana fela, mme a mangwe a tsaya lobaka lo loleele. Tota le mathata a sekae a go lebegang a ka se fele ga a tshwanela go senya boitumelo jwa rona. Ramon, yo o neng a neelwa kabelo e e neng e se mo lefelong la gagabo ka dingwaga tse di fetang 45, o akantsha gore nako le nako fa mathata a re hutsafatsa, “re tshwanetse go akanya ka masego a mantsi a re nang le one le ka diketekete tsa ba bangwe ba ba leng mo mathateng a a fetang a rona.” Eleruri, matshwenyego a ama badumedikarona mo lefatsheng lotlhe, mme tota Jehofa o re kgatlhegela rotlhe.—1 Petere 5:6-9.
Ka gone he, fa maemo a rona a re letla gore re nne le seabe mo tirelong ya nako e e tletseng le gore re nnele ruri mo go yone, a re nneng re itumetse ka go ikaega mo go Rraarona wa selegodimo. O nonotsha batlhanka ba gagwe, mme rotlhe re tshwanetse go gakologelwa gore ‘boitumelo jwa ga Jehofa ke thata ya rona.’—Nehemia 8:10.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
“Maikutlo a me le dilo tse ke di bayang kwa pele ga di botlhokwa go gaisa tiro”
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
“Re bolelela Jehofa kafa re ikutlwang ka teng mme re bo re tlogelela dilo mo go ene”
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
“Sola sebaka sengwe le sengwe molemo. Letsatsi lengwe le lengwe le ka go leretse sebaka se le sengwe fela sa go galaletsa Jehofa”
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
“Ka go itshokela diteko, nka nna le seabe sa go bontsha Satane gore o phoso”
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
“Babulatsela bangwe ba kopana le nako e e boima. Ba tlhoka go kgothadiwa thata ke bagolwane le baboledi ba bangwe”
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
“Re tshwanetse go akanya ka masego a mantsi a re nang le one”