Itse Jehofa—Modimo yo e Leng Motho wa Mmatota
FA A ne a bapisa kgopolo ya Sehindu e e malebana le Modimo le ya ditsamaiso tse dingwe tsa bodumedi, Dr. Radhakrishnan wa India o bolela jaana: “Modimo wa Bahebera o farologane. Ke motho wa mmatota mme o tlhaga mo ditiragalong tsa nako e e fetileng e bile o kgatlhegela diphetogo le ditiragalo tse di sa lebelelwang tsa lefatshe leno le le ntseng le tlhabologa. Ke Motho yo o buisanang le rona.”
Leina la Modimo wa Baebele la Sehebera ke יהוה, le go tlwaelegileng le ranolwa ka gore “Jehofa.” O kwa godimo ga medimo yotlhe e mengwe. Ke eng se re se itseng ka ene? O ne a dirisana jang le batho mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele?
Jehofa le Moshe “go Lebanywe Difatlhogo”
Botsalano jo bogolo jwa ‘go lebanwe difatlhogo’ bo ne bo le teng fa gare ga ga Jehofa le Moshe motlhanka wa gagwe, le fa gone Moshe a ne a sa bone Modimo ka tsela ya mmatota. (Duteronome 34:10; Ekesodo 33:20) Mo bosheng jwa gagwe, Moshe o ne a rata Baiseraele, ba ka nako eo e neng e le makgoba kwa Egepeto. O ne a fularela botshelo jwa go nna mongwe wa ba lelapa la ga Faro, “a kgetha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo.” (Bahebera 11:25) Ka ntlha ya seo, Jehofa o ne a neela Moshe ditshiamelo di le dintsi tse di kgethegileng.
Jaaka mongwe wa ba lelapa la ga Faro, “Moshe o ne a laiwa ka botlhale jotlhe jwa Baegepeto.” (Ditiro 7:22) Mme gore a etelele pele setšhaba sa Iseraele, gape o ne a tlhoka go tlhagolela dinonofo tsa boikokobetso, bopelotelele le bopelonomi. Seno o ne a se dira ka dingwaga tse 40 fa a ne a le modisa kwa Midiane. (Ekesodo 2:15-22; Dipalo 12:3) Le mororo Jehofa a ne a ntse a sa bonale, o ne a itshenolela Moshe a ba a mo senolela le maikaelelo a gagwe, mme le ka baengele Modimo o ne a mo neela Melao e e Lesome. (Ekesodo 3:1-10; 19:3–20:20; Ditiro 7:53; Bahebera 11:27) Baebele e re bolelela gore “Jehofa o ne a tle a bue le Moše go lebanywe ka difatlhogo, jaaka motho a tle a bue le tsala ya gagwe.” (Ekesodo 33:11) Eleruri, Jehofa ka boene o ne a re: “Ene ke tlaa buisanya nae molomo le molomo.” A bo e ne e le botsalano jo bo molemo jang ne, jo bo gaufi jo Moshe a neng a na le jone le Modimo wa gagwe yo o sa bonaleng mme e le motho wa mmatota!—Dipalo 12:8.
Mo godimo ga hisitori ya bogologolo ya setšhaba sa Iseraele, Moshe o ne a kwala Molao le melawana yotlhe e e neng e tsamaisana le one. Gape o ne a neelwa tshiamelo e nngwe e e botlhokwa thata—ya go kwala buka ya Genesise. Karolo ya bofelo ya buka eo e ne e le hisitori e e neng e itsiwe tota mo lelapeng la gagabo mme ka gone go le motlhofo thata go e kwala. Mme Moshe o ne a tsaya kae dintlha tsa hisitori ya motho ya kwa tshimologong? Go ka direga gore Moshe o ne a na le mekwalo ya bogologolo, e e neng e bolokilwe ke bagologolwane ba gagwe, e a neng a tsaya dintlha mo go yone. Mo letlhakoreng le lengwe, o ka tswa a ile a amogela dintlha tseno fa ba buisana le Jehofa molomo le molomo kana a di senoletswe ke ene ka tlhamalalo. Banna ba ba tlotlegang ba dingwaga tse di farologaneng ba sa le ka ba lemoga gore Moshe o ne a na le botsalano jo bo gaufi le Modimo wa gagwe mo ntlheng eno.
Jehofa—Elija O ne A mo Itse e le Modimo wa Mmatota
Moporofeti Elija le ene o ne a itse Jehofa e le Modimo wa mmatota. Elija o ne a tlhoafetse mo kobamelong e e itshekileng mme a direla Jehofa go sa kgathalesege gore o ne a tlhoilwe thata le go ganediwa ke baobamedi ba ga Baale, e leng modimo o mogolo wa tempele ya Bakanana.—1 Dikgosi 18:17-40.
Ahabe, Kgosi ya Iseraele le mosadi wa gagwe, Jesebele, ba ne ba batla go bolaya Elija. Ka go boifa go bolawa, Elija o ne a tshabela kwa Beresheba, kwa bophirima jwa Lewatle le le Suleng. O ne a kgarakgatshega mo nageng a bo a rapela gore a swe. (1 Dikgosi 19:1-4) A Jehofa o ne a tlogetse Elija? A O ne a sa tlhole a kgatlhegela motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang? Elija o ka tswa a ne a akanya jalo, mme a bo a ne a le phoso jang ne! Moragonyana, Jehofa o ne a bua le ene ka iketlo, a mmotsa jaana: “O dirang fano, Elija?” Fa a sena go bontsha maatla a magolo thata, “ga tla lentswe kwa go ene [gape], la re: ‘O dirang fano, Elija?’” Jehofa o ne a bontsha gore o amegile thata ka Elija gore a kgothatse motlhanka yono wa gagwe yo o ikanyegang. Modimo o ne a mmeetse tiro e e oketsegileng gore a tle go e dira, mme ka tlhoafalo Elija o ne a dumela go dira tiro eo! Elija o ne a diragatsa dikabelo tsa gagwe ka boikanyegi, a itshepisa leina la ga Jehofa, Modimo wa gagwe yo e leng motho wa mmatota.—1 Dikgosi 19:9-18.
Fa setšhaba sa Iseraele se sena go latlhwa ke Jehofa, o ne a se ka a tlhola a bua le batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng ka namana. Seno se ne se sa reye gore o ne a sa tlhole a amega ka bone. Ka moya wa gagwe o o boitshepo, o ne a sa ntse a ba kaela le go ba nonotsha mo tirelong ya gagwe. Ka sekai, akanya ka moaposetoloi Paulo, yo pele a neng a itsiwe e le Saulo.
Paulo o Kaelwa ke Moya o o Boitshepo
Saulo o ne a tswa kwa Tareso, motse o o neng o tumile thata wa Kilikia. Batsadi ba gagwe e ne e le Bahebera, mme o ne a tsholwa e le moagi wa Roma. Le fa go ntse jalo, Saulo o ne a godiseditswe mo ditumelong tse di gagametseng tsa Bafarasai. Moragonyana, kwa Jerusalema, o ne a nna le sebaka sa go rutiwa “fa dinaong tsa ga Gamaliele,” e leng morutisi mongwe wa Molao yo o neng a tumile thata.—Ditiro 22:3, 26-28.
Ka ntlha ya gore Saulo o ne a tlhoafetse mo ngwaong ya Sejuda e e neng e timetsa, o ne a nna le seabe mo letsholong le le setlhogo la go tlhasela balatedi ba ga Jesu Keresete. O ile a bo a dumelela gore Setefane a bolawe, moswelatumelo wa ntlha wa Mokeresete. (Ditiro 7:58-60; 8:1, 3) Morago ga moo o ne a dumela gore le mororo a ne a kile a nna mokgadi le mmogisi le mosenyi, “[o] ne [a] bontshiwa kutlwelobotlhoko, ka gonne [o] ne [a] se na kitso e bile [a] dira ka go se nang tumelo.”—1 Timotheo 1:13.
Saulo o ne a tlhotlhelediwa ke go bo a ne a rata thata go direla Modimo. Fa Saulo a sena go sokologa mo tseleng e e yang Damaseko, Jehofa o ne a mo dirisa ka tsela e kgolwane. Ananiase, morutwa wa Mokeresete wa bogologolo, o ne a kaelwa ke Keresete yo o tsositsweng gore a mo thuse. Morago ga moo Paulo (leina la Seroma le Saulo a neng a itsiwe ka lone fa a le Mokeresete) o ne a kaelwa ke moya wa ga Jehofa o o boitshepo gore a dire bodiredi jo bo tsereng nako e telele le jo bo nang le matswela mo dikarolong tsotlhe tsa Yuropa le Asia Minor.—Ditiro 13:2-5; 16:9, 10.
A one moya o o boitshepo oo o ka re kaela gompieno? Ee, o ka dira jalo.
Bolatolamodimo ga bo Thibele Kamego e Jehofa ka Boene a Nang le Yone ka Batho
Joseph F. Rutherford e ne e le poresidente wa bobedi wa Mokgatlho wa Watch Tower. O ne a kolobediwa ka 1906 e le Moithuti wa Baebele—jaaka leina la Basupi ba ga Jehofa le ne le itsiwe ka nako eo—mo ngwageng o o latelang o ne a tlhomiwa go nna mogakolodi wa molao wa Mokgatlho, a bo a nna poresidente ya one ka January 1917. Le fa go ntse jalo, mmueledi yono yo mmotlana o kile ya bo e le molatolamodimo. Go tlile jang gore a nne motlhanka wa Mokeresete wa ga Jehofa yo o matlhagatlhaga jaana?
Ka July 1913, Rutherford o ne a direla e le modulasetulo wa kopano ya Mokgatlho wa Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba e e neng e tshwaretswe kwa Springfield, Massachusetts, U.S.A. Mmegi mongwe wa lokwalodikgang lwa mo lefelong leo lwa The Homestead, o ne a botsolotsa Rutherford, mme pego eno e ne ya kwalwa gape mo bukaneng ya pego ya kopano eo.
Rutherford o ne a tlhalosa gore ka nako e a neng a rulaganya go nyala ka yone, dikgopolo tsa gagwe tsa bodumedi e ne e le tsa kereke ya Baptist, mme tsa yo e neng e tla nna mosadi wa gagwe e ne e le tsa Presbyterian. Fa moruti wa ga Rutherford a bolela gore “yo e neng e tla nna mosadi wa gagwe o tlile go ya molelong wa dihele ka gonne a sa nwediwa le gore ene o tlhamalalela kwa legodimong ka gonne a nweditswe, mogopolo wa gagwe o o akanyang sentle o ne wa gana tsone tseo mme a nna molatolamodimo.”
Go ile ga tsaya Rutherford dingwaga di le dintsi gore a batlisise ka kelotlhoko gore a age tumelo ya gagwe mo Modimong yo e leng motho wa mmatota. O bolela gore o ne a ipolelele gore “selo se se ka se keng sa kgotsofatsa mogopolo se ka se kgotsofatse pelo.” Bakeresete “ba tshwanetse go tlhomamisa gore Dikwalo tse ba di dumelang di boammaaruri,” Rutherford o ne a tlhalosa jalo, a oketsa jaana: “Ba tshwanetse go itse motheo o ba emeng mo go one.”—Bona 2 Timotheo 3:16, 17.
Ee, go a kgonega tota le gompieno gore molatolamodimo kana motho yo o dumelang gore Modimo ke masaitsiweng a tlhatlhobe Dikwalo, a age tumelo a bo a nne le botsalano jo bo nonofileng thata le Jehofa Modimo. Lekawana lengwe fa le sena go ithuta Baebele ka kelotlhoko le dirisa kgatiso ya Watch Tower ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, le ne la bolela jaana: “Ke ne ke sa dumele mo Modimong fa ke simolola thuto eno, mme jaanong ke fitlhela gore kitso ya Baebele e fetotse mogopolo wa me gotlhelele. Ke simolola go itse Jehofa le go mo ikanya.”
“Lesilo” le Modimo
“Ga go ise go diragalele mokwadi ope wa Tesetamente e Kgologolo [Dikwalo Tsa Sehebera] gore a supe kana a ganetse gore Modimo o teng,” go bolela jalo Dr. James Hastings mo go A Dictionary of the Bible. “Ga go kafa moyeng wa lefatshe la bogologolo ka kakaretso gore batho ba latole gore Modimo o teng, kana go dirisa mabaka go supela seo. Tumelo e ne e le selo sa tlholego mo megopolong ya batho e bile se tlwaelegile mo bathong botlhe.” Gone mme, seno ga se reye gore batho botlhe ka nako eo ba ne ba boifa Modimo. Tota nnyaa. Pesalema 14:1 le 53:1 ka bobedi di umaka “seeleele,” kana jaaka King James Version e bolela, “lesilo,” le le neng la re mo pelong ya lone, “Ga go na [Jehofa, NW].”
Lesilo leno ke motho wa mofuta ofe, motho yono yo o latolang gore Modimo o teng? Ga se gore ga a botlhale kafa kitsong. Go na le moo lefoko la Sehebera le le reng na·valʹ le tlhalosa go tlhaela mo boitsholong. Porofesa S. R. Driver, yo mafoko a gagwe a kwadilweng mo go The Parallel Psalter, o bolela gore bothata ga “se go bo a sa akanye sentle, mme ke go sa nne kelotlhoko mo boitsholong le mo bodumeding, go sa tlhaloganye gotlhelele, kana go tlhoka temogo.”
Mopesalema o tswelela pele a tlhalosa go koafala ga boitsholo mo go dirwang ke boikutlo jo bo ntseng jalo: “Ba bodile, ba dirile ditiro tse di maswe thata; ga go na ope yo o dirang molemo.” (Pesalema 14:1) Dr. Hastings o sobokanya seno jaana: “E re ka batho ba akanya gore ga go na Modimo mo lefatsheng e bile ba akanya gore ba ka se otlhaiwe, ba setse ba le boikepo e bile ba dira ditiro tse di makgapha.” Ba amogela melaometheo e e seng ya bomodimo ka tshosologo ba bo ba tlhokomologa Modimo yo e leng motho wa mmatota yo ba sa eletseng gore ba ikarabele mo go ene. Mme kakanyo eo ke ya bosilo le ya boeleele gompieno fela jaaka e ne e ntse fa mopesalema a kwala mafoko a gagwe dingwaga tse di fetang 3000 tse di fetileng.
Ditlhagiso Tse di Tswang Kwa Modimong wa Rona yo e Leng Motho wa Mmatota
Jaanong a re ko re boeleng kwa dipotsong tse di boditsweng mo setlhogong sa rona se se simololang. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba sa kgone go amanya Modimo yo e leng motho wa mmatota le pogo e e anameng mo lefatsheng la gompieno?
Baebele e tshotse tshedimosetso e e kwadilweng e e tswang mo bathong ba ba neng “ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” (2 Petere 1:21) Ke yone fela e re senolelang Modimo yo e leng motho wa mmatota, Jehofa. Gape e re tlhagisa ka motho yo o bosula, yo batho ba sa mmoneng, yo o nang le maatla a go laela le go laola tsela e batho ba akanyang ka yone—Satane Diabolo. Ka tsela e e utlwalang, fa re sa dumele mo Modimong yo e leng motho wa mmatota, re ka dumela jang gore gape go na le Diabolo, kana Satane yo e leng motho wa mmatota?
Moaposetoloi Johane o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: ‘Yo o bidiwang Diabolo le Satane . . . yo o timetsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (Tshenolo 12:9) Moragonyana Johane o ne a bolela jaana: “Re itse gore re thaega mo Modimong, mme lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Mafoko ano a bontsha mafoko a ga Jesu, mafoko a Johane ka boene a a kwadileng jaana mo Efangeleng ya gagwe: “Mmusi wa lefatshe o etla. Mme ga go na jaaka a ka ntshwara.”—Johane 14:30.
A bo thuto eno ya Dikwalo e sa tsamaisane jang ne le se batho ba se dumelang jaanong! “Go bua ka Diabolo ga go a tlwaelega gotlhelele gompieno. Motlha wa rona wa dipelaelo le wa saense, o tlogetse go bua ka Satane,” go bolela jalo Catholic Herald. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bua a gatelela jaana le banna ba ba neng ba ikaelela go mmolaya: “Lo tswa mo go rraalona Diabolo, mme lo eletsa go dira dikeletso tsa ga rraalona.”—Johane 8:44.
Re kgona go tlhaloganya tsela e Baebele e tlhalosang maatla a ga Satane ka yone. E a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa, go sa kgathalesege gore bontsi jwa batho bo eletsa go nna mo kagisong le mo kutlwanong, lefatshe le tlhasetswe ke letlhoo, dintwa le bothubaki jo bo setlhogo, jaaka go diragetse kwa Dunblane (e e umakilweng mo ditsebeng 3 le 4). Mo godimo ga moo, Satane ga se ene fela mmaba yo re tshwanetseng go emelana le ene. Baebele e re neela ditlhagiso tse di oketsegileng malebana le bodiabolo, kana badimona—dibopiwa tsa semoya tse di boikepo tse bogologolo di neng tsa inaakanya le Satane gore di tsietse le go sotla batho. (Jude 6) Jesu Keresete o ne a kopana le maatla a meya eno ka makgetlho a le mantsi, mme o ne a kgona go a fenya.—Mathaio 12:22-24; Luke 9:37-43.
Modimo wa boammaaruri, Jehofa, o ikaelela go phepafatsa lefatshe leno le le boikepo mme kgabagare a senye ditiro tsa ga Satane mmogo le tsa badimona ba gagwe. Fa re ikaegile ka kitso ya ga Jehofa, re ka nna le tumelo e e tlhomameng le go ikanya ditsholofetso tsa gagwe. O bolela jaana: “E rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo ope, le gone ga go ketla go nna ope morago ga me. Nna e leng nna, ke Jehofa, mme kwa ntle ga me ga go na mmoloki ope.” Eleruri Jehofa ke Modimo yo e leng motho wa mmatota mo go botlhe ba ba mo itseng, ba ba mo obamelang le ba ba mo direlang. Re ka leba kwa go ene, mme ene fela, gore re bone poloko.—Isaia 43:10, 11.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Setshwantsho se se gabilweng sa lekgolo la bo18 la dingwaga se bontsha Moshe a kwala Genesise 1:1 a tlhotlheleditswe
[Motswedi wa Setshwantsho]
From The Holy Bible by J. Baskett, Oxford
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Jesu Keresete o ne a fenya badimona ka makgetlho a le mantsi