Ke Leboga Go bo Ke na Le Lobaka lo Loleele ke Direla Jehofa
JAAKA GO BOLETSE OTTILIE MYDLAND
Kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, dikepe di ne di eme di bapile kwa boemakepe jwa Kopervik kwa ntlheng ya bophirima jwa Norway. Ka nako eo, banna le dipitse ba ne ba goga dikolotsana mo mebileng. Batho ba ne ba dirisa mabone a parafini go bonesa mme matlo a legong a a pentilweng bosweu a ne a gotediwa ka dikgong le magala. Ke ne ka tsholelwa koo ka June 1898, ke le ngwana wa bobedi mo go ba le tlhano.
KA 1905, Rre o ne a se na tiro, ka jalo o ne a ya kwa United States. O ne a boa dingwaga di le tharo moragonyana a tshotse sutukheise e e tletseng ka dimpho tsa bana tse di kgatlhang mme a tliseditse Mmè matsela a sei le dilo tse dingwe. Mme dilo tse di neng di le tlhwatlhwakgolo mo go ene e ne e le dibolumo tsa ga Charles Taze Russell tse di nang le setlhogo se se reng Studies in the Scriptures.
Rre o ne a simolola go bolelela ditsala le ba losika dilo tse a di ithutileng mo dibukeng tseno. Kwa lefelong la dikokoano tsa kereke, o ne a tle a dirise Baebele go supa gore ga go na dihele tse di tukang. (Moreri 9:5, 10) Ka 1909, ngwaga morago ga Rre a boile kwa United States, Mokaulengwe Russell o ne a etela Norway mme a neela dipuo kwa Bergen le kwa Kristiania, e jaanong e leng Oslo. Rre o ne a ya Bergen go ya go mo reetsa.
Bontsi jwa batho ba ne ba latofatsa Rre ka gore o tlhotlheletsa dithuto tsa maaka. Ke ne ke mo utlwela botlhoko mme ka mo thusa go tsamaisa dipampitshana tsa Baebele mo baagelaning. Ka 1912, ke ne ka tsamaisetsa morwadia moruti mongwe pampitshana e e buang ka dihele. O ne a nkgala a bo a kgala le Rre. Ke ne ka gakgamadiwa ke go utlwa morwadia moruti a dirisa matlhapa a a kalo kalo!
Baithuti ba bangwe ba Baebele, tsela e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bidiwa ka yone ka nako eo, ba ne ba tle ba re etele kwa Kopervik, go akaretsa le Theodor Simonsen, yo e neng e le sebui se se nang le bokgoni. Ke ne ke a tle ke laletse batho go tla dipuong tse a neng a di neela mo ntlong ya rona. Pele ga puo ya gagwe o ne a tshameka seletswa sa mmino a bo a opela mme morago ga puo ya gagwe o ne a opela pina e e konelang. Re ne re mo tlotla thata.
Motho yo mongwe yo o neng a etela lelapa la gaetsho e ne e le Anna Andersen, yo e neng e le morekisi wa dibuka, kana modiredi wa nako e e tletseng. O ne a tsamaya go tswa mo toropong e nngwe go ya go e nngwe mo Norway yotlhe, a dirisa thata baesekele, a tsamaisetsa batho dikgatiso tsa Baebele. O kile a bo a le modiredimogolo wa Salvation Army mme o ne a itse bangwe ba badiredibagolo ba Salvation Army kwa Kopervik. Ba ne ba mo letla go neela puo ya Baebele mo ntlong ya bone ya bokopanelo mme ke ne ka laletsa batho go tla go mo reetsa.
Morekisi yo mongwe wa dibuka yo o neng a re etela kwa Kopervik e ne e le Karl Gunberg. Monna yono yo o tekatekano, yo o didimetseng le fa go ntse jalo a rata go tshegisa, yo gape o ne a tle a direle e le moranodi kwa ofising ya lekala ya kwa Oslo e bidiwang ka lone. Dingwaga moragonyana ga moo re ne ra dira mmogo koo.
Go Tlhotlhelediwa ke Megopolo ya Bodumedi
Ka nako eo bontsi jwa batho bo ne bo sa dumele fela thata mo Modimong le mo Baebeleng mme gape bo ne bo ngaparetse thata ditumelo tse ba neng ba di rutiwa tse di jaaka molelo wa dihele le Tharonngwe. Ka jalo go ne ga baka tlhakatlhakano tota fa Baithuti ba Baebele ba ruta gore dithuto tseno di ne di sa dumalane le Baebele. Ke ne ka tlhotlhelediwa ke ditatofatso tse di nonofileng tsa baagelani ba rona tsa gore Rre e ne e le moikeodi. Ka lekgetlho lengwe ke ile ka ba ka mmolelela jaana: “Se o se rutang ga se boammaaruri. Ke thuto ya boikeodi!”
O ne a nkgothatsa jaana: “Ottilie, tlaa fa, mme o bone se Baebele e se bolelang.” Morago ga foo o ne a mpalela go tswa mo Dikwalong. Ka ntlha ya seo, ke ne ka simolola go mo tshepa thata le go tshepa se a neng a se ruta. O ne a nkgothaletsa go bala Studies in the Scriptures, ka jalo ka selemo sa 1914, gantsi ke ne ke tle ke dule mo thotwaneng e e okameng toropo ke bala.
Ka August 1914 batho ba ne ba phuthega ka fa ntle ga moago wa lokwalodikgang ba bala ka go tlhagoga ka Ntwa ya Lefatshe ya I. Rre a tla a bo a bona se se diragalang. “Ke a go leboga Modimo!” o ne a khutsa jalo. O ne a lemoga gore go tlhagoga ga ntwa e ne e le go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele jo a neng a ntse a rera ka jone. (Mathaio 24:7) Baithuti ba le bantsi ba Baebele ka nako eo ba ne ba dumela gore ba tla tloga ba tseelwa kwa legodimong. Fa seno se ne se sa diragale, bangwe ba ne ba kgobega marapo.
Go Emela Boammaaruri Jwa Baebele
Ka 1915, fa ke ne ke le dingwaga di le 17, ke ne ka fetsa kwa sekolong se segolwane mme ka simolola go bereka mo ofising. Ka nako eo ke ne ka simolola go bala Tora ya Tebelo ka metlha. Mme go ne go sa tshwarwe dipokano ka metlha kwa Kopervik go fitlha ka 1918. Kwa tshimologong re ne re le batlhano fela ba re neng re nna teng. Re ne re bala dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower, tse di ntseng jaaka Studies in the Scriptures, mme re bo re sekaseka tshedimosetso eo ka dipotso le dikarabo. Le mororo Mmè a ne a bua sentle ka Baithuti ba Baebele mo bathong ba bangwe, le ka motlha ga a ise a ko a nne mongwe wa rona.
Mo ofising e ke neng ke berekela mo go yone, go simologa ka 1918, ke ne ka tlwaelana le Anton Saltnes, yo ke neng ka kgona go mo thusa go nna Moithuti wa Baebele. Ka nako eno ke ne ka nna mmoledi wa ka metlha mme ka kolobediwa kwa kopanong nngwe kwa Bergen ka 1921.
Ka May 1925 go ne go na le kopano ya dinaga tsotlhe tsa Scandinavia yotlhe kwa Örebro, kwa Sweden. Go ne go na le batho ba ba fetang 500 ba ba neng ba le teng, go akaretsa le Joseph F. Rutherford, poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower. Mo e ka nnang ba le 30 ba rona re ne ra tsamaya ka terena go tswa kwa Oslo mo kolotsaneng e e gogiwang ke terena e e neng e dirisiwa ke rona fela.
Go ne ga itsisiwe kwa kopanong gore go ne go tla tlhomiwa Ofisi ya dinaga tsa Bokone jwa Yuropa kwa Copenhagen, kwa Denmark, go tlhokomela tiro ya go rera mo karolong yotlhe ya Scandinavia le kwa dinageng tsa Baltic. William Dey yo o neng a tswa kwa Scotland o ne a abelwa go okamela tiro ya go rera. O ne a ratiwa thata mme go ise go ye kae o ne a itsege ka leina la Mo-Scot yo Mogolo. Kwa tshimologong Mokaulengwe Dey o ne a sa itse puo epe ya Scandinavia, ka jalo o ne a tle a nnele kwa morago ka nako ya dipokano le ya dikopano a tlhokomela bana gore batsadi ba bone ba tlhome mogopolo mo go se se buiwang kwa seraleng.
Tora ya Tebelo ya March 1, 1925 (ka Seesemane) e ne ya sekaseka Tshenolo kgaolo 12, mme ya tlhalosa gore kgaolo eno e amana le go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo le gore go tlhomiwa gono go ile ga direga kwa legodimong ka 1914. Go ne go le thata go tlhaloganya, ka jalo ke ne ka boaboeletsa setlhogo seo. Fa kgabagare ke ne ke se tlhaloganya, ke ne ka itumela thata.
Fa go ne go dirwa diphetogo malebana le kafa re tlhaloganyang dikgang tsa Baebele ka teng, bangwe ba ne ba kgopisega mme ba ikgogona mo bathong ba Modimo. Mme fa go ne go le thata gore ke tlhaloganye phetogo e e ntseng jalo, ka metlha ke ne ke boeletsa tshedimosetso eo gangwe le gape go leka go tlhaloganya tlhaloso eo. Fa ke sa ntse ke sa tlhaloganye tlhaloso e ntšha, ke leta gore go phepafadiwe dilo sentle. Gangwe le gape ke ne ka solegelwa molemo ka ntlha ya bopelotelele jo bo ntseng jalo.
Tirelo ya Kwa Bethele
Ke ne ka direla ke le mmolokadipego, mokwaledi le motlhatlhobi wa diakhaonto ka dingwaga di le dintsi. Ka 1928 motho yo a neng a tlhokomela diakhaonto tsa madi tsa Mokgatlho o ne a lwala mme a tshwanelwa ke go tlogela Bethele. E re ka ke ne ke na le boitemogelo mo tirong eo, ke ne ka kopiwa gore ke e dire. Ke ne ka simolola tirelo ya Bethele ka June 1928. Gangwe le gape, Mokaulengwe Dey o ne a re etela mme a bo a tlhatlhoba diakhaonto tsa me. Lelapa la rona la Bethele gape e ne e le lone le eteletseng pele mo tirong ya go rera kwa Oslo, koo ka nako eo re neng re le phuthego e le nngwe fela.
Bangwe ba rona re ne re thusa motlhanka yo o romelang dilwana wa Bethele e bong Mokaulengwe Sakshammer, ka go paka le go romela The Golden Age (e jaanong e leng Tsogang!). Mokaulengwe Simonsen le Gunberg e ne e le bangwe ba bao ba neng ba re thusa. Re ne re itumelela seo thata, gantsi re opela dipina fa re ntse re bereka.
Go Ikanya Tsholofelo ya Bogosi
Ka 1935 re ne ra simolola go tlhaloganya gore “boidiidi jo bogolo” e ne e se setlhopha sa maemonyana a a kwa tlase sa selegodimo. Re ne ra ithuta gore go na le moo bo ne bo emela setlhopha se se tla falolang sepitla se segolo mme se na le tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. (Tshenolo 7:9-14) Ka tsela eno e ntšha ya go tlhaloganya dilo, bangwe ba ba neng ba ja ditshwantshetso tsa Segopotso ba ne ba lemoga gore tsholofelo ya bone ke ya lefatshe mme ba tlogela go tlhola ba ja.
Le mororo ke ise ke ko ke belaele tsholofelo ya me ya selegodimo, gantsi ke ne ke akanya gore, ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo a batla nna?’ Ke ne ke ikutlwa ke sa tshwanelwe ke tshiamelo e kgolo eno. E re ka ke ne ke le mosadinyana yo monnye, yo o ditlhong, ke ne ke bona ke sa tshwanelwe ke go nna kgosi ke busa mmogo le Keresete kwa legodimong. (2 Timotheo 2:11, 12; Tshenolo 5:10) Le fa go ntse jalo, ke ne ka tlhatlhanya ka mafoko a ga moaposetoloi Paulo gore go ne go sa bidiwa “bantsi ba ba nonofileng” mme “Modimo o itshenketse dilo tse di kaiwang bokoa ke lefatshe, gore o tlhabise dilo tse di nonofileng ditlhong.”—1 Bakorintha 1:26, 27.
Tiro ka Nako ya Ntwa ya Lefatshe II
Ka April 9, 1940, Norway e ne ya tlhaselwa ke masole a Jeremane mme go ise go ye kae naga e ne ya thopiwa. Ka ntlha ya ntwa, ba le bantsi ba ne ba amogela molaetsa wa Bogosi. Go tloga ka October 1940 go ya go June 1941, re ne ra tsamaisa dibuka le dibukana tse di fetang 272 000. Se se raya gore mongwe le mongwe wa Basupi ba ba fetang 470 ba kwa Norway, o tsamaisitse palogare ya dibuka le dibukana tse di fetang 570 mo dikgweding tse robongwe tseo!
Ka July 8, 1941, Ba-Gestapo ba ne ba etela balebedi botlhe ba ba okamelang mme ba ba bolelela gore fa tiro ya go rera e sa emisiwe, ba ne ba tla romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso. Mapodisi a le matlhano a Jeremane a ne a tla kwa Bethele mme a gapa bontsi jwa dithoto tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Lelapa la Bethele le ne la tsewa mme la ya go botsolodiwa mme ga go na ope wa rona yo o ileng a isiwa kgolegelong. Kgabagare ka July 21, 1941, moago wa Mokgatlho, o o neng o le kwa Inkognitogaten 28 B o ne wa gapiwa mme tiro ya rona ya go rera e ne ya thibelwa. Ke ne ka boela kwa Kopervik mme ka bona tiro go itlamela.
Ka nako eo, Rre e ne e le mmulatsela. Ka letsatsi lengwe, Banasi ba ne ba tla go phuruphutsha ntlo ya ga Rre. Ba ne ba tsaya dikgatiso tsa gagwe tsotlhe, go akaretsa le Baebele ya gagwe le dikhonkhodense tsa Baebele. Re ne ra amogela dijonyana tse dinnye fela tsa semoya ka nako eo. Gore re nne re nonofile mo semoyeng, re ne ra nna re boeletsa go ithuta dibuka tsa bogologolo, tse di jaaka buka ya Government, mme re ne ra tswelela pele re rera.
Ka maswabi, mo mafelong a le mantsi bakaulengwe ba ne ba kgaogane. Ba bangwe ba ne ba ya le mogopolo wa gore re tshwanetse go rera phatlalatsa mme re tsamaye ka ntlo le ntlo fa ba bangwe bone ba ne ba akanya gore re tshwanetse go dira dilo ka go iphitlha, re ikgolaganya le batho ka ditsela tse dingwe. Ka jalo bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele, ba pele ba neng ba dirisana sentle le ba re neng re ba rata thata, ba ne ba sa buisane. Kgogakgogano e e neng e le fa gare ga bone e ne ya nkutlwisa botlhoko thata go feta boemo bope fela jo bongwe jo nkileng ka lebana le jone mo botshelong jwa me ke le Mosupi.
Tiro e e Tsosolositsweng Morago ga Ntwa
Morago ga ntwa, ka selemo sa 1945, Mokaulengwe Dey o ne a etela Norway mme a tshwara dipokano kwa Oslo, Skien le Bergen. O ne a kopa bakaulengwe gore ba letlane mme a kopa botlhe ba ba batlang go dira jalo gore ba eme. Botlhe ba ne ba ema ka maoto! Bothata joo bo ne jwa rarabololelwa ruri ka December 1945, morago ga ketelo ya ga Nathan H. Knorr, yo ka nako eo e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower.
Fa nako e ntse e ya ka July 17, 1945, ke ne ka amogela telegaramo go tswa kwa motlhankeng wa lekala e bong Mokaulengwe Enok Öman, a bolela jaana: ‘O ka kgona go boela leng mo Bethele?’ Bangwe ba ne ba re ke nne kwa gae ke tlhokomele rre, yo ka nako eo a neng a fetile 70. Mme Rre o ne a nkgothaletsa go boela mo tirelong ya me ya Bethele, mme ka dira jalo. Ka 1946, Marvin F. Anderson, mokaulengwe mongwe go tswa kwa United States, o ne a nna molebedi wa lekala mme tiro ya go rera e ne ya rulaganngwa sesha.
Ka nako ya malatsi a boikhutso a selemo ke ne ke kgona go boela kwa Kopervik go ya go bona ba lelapa la gaetsho. Bomorwarre ba babedi le bomorwadiarre ba babedi ga ba a ka ba nna Basupi le fa go ntse jalo ba ne ba le botsalano ka metlha mo go nna le Rre. Mongwe wa bomorwarre o ne a nna molaodi wa boemakepe le molaodikepe mme yo mongwe e ne e le morutabana. Le mororo ke ne ke se na dithoto tse dintsi, Rre o ne a tle a ba bolelele jaana: “Ottilie o humile go lo gaisa.” Mme seo se ne se le boammaaruri! Dilo tse ba neng ba na le tsone di ne di sa ka ke tsa bapisiwa le dikhumo tsa semoya tse ke neng ke na le tsone! Rre o ne a tlhokafala a le dingwaga di le 78 ka 1951. Mmè o ne a tlhokafetse ka 1928.
Selo se se botlhokwa mo botshelong jwa me e ne e le go nna teng kwa kopanong ya ditšhabatšhaba ya batho ba ga Jehofa kwa New York City ka 1953. Ka ngwaga oo, palo ya baboledi ba lefatshe lotlhe e ne ya feta 500 000 mme go ne ga nna le ba ba fetang 165 000 kwa kopanong! Pele ga kopano ya 1953, ke ne ka fetsa beke ke dira kwa Bethele ya Brooklyn, ntlokgolo ya phuthego ya ga Jehofa mo lefatsheng.
Go Dira se Nka se Kgonang
Mo dingwageng tsa bosheng matlho a me a koafetse ka ntlha ya lotha mo matlhong. Ka digalase tsa matlho tse di nonofileng le galase e e godisang ditlhaka ke sa ntse ke kgona go bala mokwalo o mokima go le gonnye. Mme bokgaitsadi ba Bakeresete ba nketela mme ba mpalele gabedi ka beke, e leng selo se ke se lebogelang thata.
Le mo tirong ya me ya go rera ga ke tlhole ke kgona go dira mo gontsi. Ka selemo, bokgaitsadi ba Bakeresete ka dinako tse dingwe ba tswa le nna ka setulo sa maotwana kwa lefelong le ke ka kgonang go rera teng. Mme gape ka metlha ke posetsa dimakasine le diboroutšhara kwa dikolong kwa Kopervik, jaaka kwa sekolong sa poraemari se ke neng ke le morutwana kwa go sone dingwaga tse di ka nnang 100 tse di fetileng. Ke itumela go bo ke sa ntse ke kgona go nna mmoledi wa ka metlha.
Ka letlhogonolo ntlo ya bojelo le Holo ya Bogosi di mo boalong bo le bongwe le kamore ya me mo Bethele, e fa e sale ka 1983 e ntseng e le kwa Ytre Enebakk ka kwantle ga Oslo. Ka jalo ke kgona go nna gone mo kobamelong ya mo mosong, mo dijong le mo dipokanong tsa rona ke dirisa thobane. Ke itumela go bo ke sa ntse ke kgona go ya dikopanong tse dikgolo le tse dinnye. Ke itumelela go kopana le ditsala tse ke nang le dingwaga tse dintsi ke di itse, mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha le bana ba bantsi ba ba molemo.
Go Boloka Tumelo go Fitlha Kwa Bofelong
Ke tshegofatso go tshela le batho ba ba matlhagatlhaga, ba ba itumetseng ba semoya mo Bethele. Fa ke ne ke simolola tirelo ya me ya Bethele, lelapa lotlhe e ne e le la ba ba nang le tsholofelo ya go ya legodimong. (Bafilipi 3:14) Jaanong mongwe le mongwe mo Bethele kwantle ga me o lebeletse pele go tshelela ruri mo lefatsheng.
Gone ke boammaaruri, re ne re lebeletse gore Jehofa o ne a tla tsaya kgato pelenyana. Le fa go ntse jalo, re itumela go bona boidiidi jo bogolo bo ntse bo oketsega. A bo ke bone koketsego e kgolo jang ne! Fa ke ne ke nna le seabe mo bodireding ka lekgetlho la ntlha, go ne go na le baboledi ba ba ka nnang 5000 mo lefatsheng lotlhe. Gone jaanong go na le ba ba fetang 5400 000! Eleruri ke bone “yo monnye . . . a nna sekete, le yo mmotlana a nna morafe o o thata.” (Isaia 60:22) Re tshwanetse go leta Jehofa, jaaka moporofeti Habakuke a ile a kwala jaana: “Le fa e ko e diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega.”—Habakuke 2:3.