LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 10/15 ts. 3-4
  • Boitumelo—Go Thata Tota go bo Bona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boitumelo—Go Thata Tota go bo Bona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Selotlolo sa go Tlhoka Boitumelo
  • Mokgele o go Leng Thata go o Fitlhelela
  • Go Batla Boitumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • A Dikhumo Di ka Go Itumedisa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • O ka Kgona Jang—Go Itekanela Sentle mo Mmeleng le go Itumela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Boitumelo Jwa Mmatota bo ka Bonwa Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 10/15 ts. 3-4

Boitumelo—Go Thata Tota go bo Bona

BOGALE, tlhobaelo, le go tshwenyega thata mo maikutlong ke dilo tse baitsesaense ba sa bolong go nna ba di sekaseka. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, baitsesaense ba maemo a a kwa godimo ba ile ba tlhoma megopolo ya bone mo go batlisiseng sengwe se se molemo le se batho ba se eletsang thata—boitumelo.

Ke eng se se dirang gore batho ba nne le boitumelo jo bogolo? A ke go nna basha, go huma, go nna le botsogo jo bo siameng, fa ba le batelele, kana ba le basesanyana? Selotlolo sa boitumelo jwa mmatota ke eng? Batho ba le bantsi ba bona go le thata, kana tota e bile ba sa kgone go araba potso eo. E re ka go palelwa ke go bona boitumelo go aname thata, gongwe ba bangwe ba ka bona go le motlhofonyana go araba gore ke eng se selotlolo sa boitumelo e seng sone.

Mo nakong e telele, bafilosofi ba maemo a a kwa godimo ba ile ba akantsha gore filosofi ya go ikgatlhegela ka namana ke yone selotlolo sa boitumelo. Ba ne ba kgothaletsa batho ba ba sa itumelang gore ba tlhome megopolo thata mo go ikgotsofatseng. Mafoko a a kgatlhang a a jaaka “ikakanyetse,” “itlhaloganye” le “ikitse” a ntse a dirisiwa mo kalafing ya tlhaloganyo. Le fa go ntse jalo, bone bomankge ba ba neng ba rotloetsa megopolo eno jaanong ba dumela gore go nna le boikutlo jwa go ikakanyetsa ga go lere boitumelo jo bo nnelang ruri. Kwantle ga pelaelo boithati bo lere bohutsana le go sa itumele. Bopelotshetlha ga se selotlolo sa boitumelo.

Selotlolo sa go Tlhoka Boitumelo

Ba ba batlang go bona boitumelo ka go ijesa menate ba bo batla go sele. Akanya ka sekai sa ga Kgosi Solomone yo o botlhale wa Iseraele wa bogologolo. Mo bukeng ya Baebele ya Moreri, o tlhalosa jaana: “Sengwe le sengwe se matlho a me a ne a se eletsa, ga ke a ka ka a thiba mo go sone, ga ke a ka ka ikeola pelo mo boitumelong bope, gonne pelo e ne e itumela ka ntlha ya tiro yotlhe ya me; mme se, e ne e le yone kabelo e ke e bonyeng mo tirong ya me yotlhe fela.” (Moreri 2:10) Solomone o ne a ikagela matlo, a tlhoma masimo a mafine, a itirela masimo, a itirela diparaka le makadiba. (Moreri 2:4-6) Ka lekgetlho lengwe o ne a botsa jaana: “E mang yo o ka jang, kgotsa e mang yo o ka bonang go ja monate, bogolo go nna?” (Moreri 2:25) O ne a tlosiwa bodutu ke baopedi le borammino ba ba ditswerere thata mme o ne a itumelela botsala jwa basadi ba bantle go gaisa botlhe.—Moreri 2:8.

Kgang ke gore, Solomone o ne a sa itime dilo tse di menate. O ne a swetsa ka goreng fa a sena go bona menate yotlhe ya botshelo? O ne a bolela jaana: “Foo ka leba ditiro tsotlhe tse diatla tsa me di di dirileng, le letsapa le ke ne ke ineile letsapa la go le dira; mme gotlhe e ne e le boithamako le go belebetlela phefo fela, mme go se na thuso epe tlase ga letsatsi.”—Moreri 2:11.

Dilo tse di lemogilweng ke kgosi e e botlhale eno di sa ntse di le boammaaruri le gompieno. Tsaya ka sekai naga e e humileng e e jaaka United States. Mo dingwageng tse 30 tse di fetileng, Baamerika ba ile tota ba oketsa dithoto tsa bone tse di jaaka dikoloi le dithelebishene go menagane gabedi. Le fa go ntse jalo, go ya ka baitse ba botsogo jwa tlhaloganyo, Baamerika ga ba itumela le e seng. Go ya ka makasine mongwe, “mo go tsone dingwaga tseo, palo ya batho ba ba tshwenyegileng mo maikutlong e ile ya oketsega thata. Go ipolaya ga basha ba dingwaga tsa bolesome go menagane gararo. Palo ya go tlhala e menagane gabedi.” Babatlisisi ba ile ba swetsa ka tsela e e tshwanang bosheng jaana fa ba sena go tlhatlhoba kafa madi a amanang ka teng le boitumelo mo baaging ba dinaga tse di ka nnang 50 tse di farologaneng. Fa re tlhamalala fela, o ka se ka wa reka boitumelo.

Go na le moo, go gwalalela dikhumo go ka tewa ka tshwanelo go twe, ke selotlolo sa go tlhoka boitumelo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa bosenangtlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyakong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gabalalela lorato lono bangwe ba timeditswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.

Dikhumo, boitekanelo, bosha, bontle, maatla, kana dilo dipe fela tsa tseno di kopane di ka se ka tsa leretse motho boitumelo jo bo tla nnelang ruri. Ka ntlha yang? Ka gonne ga re na maatla a go thibela dilo tse di bosula gore di se ka tsa direga. Kgosi Solomone o ne a bolela jaana ka botlhale: “Le motho ga a itse motlha wa gagwe, jaaka ditlhapi tse di tshwarwang ka lotloa lo lo bosula, le jaaka dinonyane tse di tshwarwang ka mutlwane, bana ba batho ba tshwarwa jalo ka mutlwane mo motlheng o o bosula, mogang o ba welang ka tshoganetso.”—Moreri 9:12.

Mokgele o go Leng Thata go o Fitlhelela

Ga go na patlisiso epe e e dirilweng ke ba saense e e ileng ya tlisa tsela kana leano la go bona boitumelo. Gape Solomone o ne a bolela jaana: “Ka boa ka bona fa tlase ga letsatsi gore ba ba tshwereng lebelo ga se bone ba fenyang mo kgaisanong ya lebelo‚ e bile ba ba nang le thata ga se bone ba fenyang mo ntweng‚ le gone ba ba botlhale ga se bone ba ba nang le dijo‚ e bile ba ba nang le tlhaloganyo ga se bone ba ba nang le dikhumo‚ le gone ba ba nang le kitso ga se bone ba ratwang; gonne motlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang di ba wela batho botlhe.”—Moreri 9:11, NW.

Ba le bantsi ba ba dumalanang le mafoko a a fa godimo ba ile ba swetsa gore go lebelela botshelo jo bo itumetseng tota ga go utlwale. Morutisi mongwe wa maemo a a kwa godimo o ne a bolela gore “boitumelo ke boemo jo motho a akanyang fela ka jone.” Ba bangwe ba dumela gore selotlolo sa boitumelo ke sephiri sa masaitsiweng, gore bokgoni jwa go lemoga sephiri seo bo ka tswa bo filwe batlhalefi ba le mmalwa fela ba ba nang le mpho ya go itse masaitsiweng.

Go ntse go ntse jalo, fa batho ba ntse ba batla boitumelo, ba lekeletsa mekgwa e e farologaneng ya botshelo. Le mororo batho ba ba neng ba le pele ga bone ba ile ba palelwa, ba le bantsi gompieno ba sa ntse ba gwalalela dikhumo, maatla, botsogo, kana menate go fedisa go tlhoka boitumelo ga bone. Batho ba le bantsi ba sa ntse ba bo senka ka gonne kwa teng teng ga bone, ba dumela gore boitumelo jo bo nnelang ruri ga se boemo jo motho a ka akanyang ka jone fela. Ba solofela gore boitumelo ga se toro e e ka se kang ya diragadiwa. O ka nna wa botsa jaana he, ‘Nka bo bona jang?’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela