Lefatshe la Tshiamiso ga se Toro Fela!
RADIPOLOTIKI wa Moamerika e bong Daniel Webster o ne a bolela jaana: “Tshiamiso ke selo se motho a se kgatlhegelang thata mo lefatsheng.” Mme Baebele e bolela jaana: “Jehofa o rata [tshiamiso, NW].” (Pesalema 37:28) E re ka banyalani ba ntlha ba ne ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo, ba ne ba na le dinonofo tsa bomodimo, go akaretsa le go rata tshiamiso.—Genesise 1:26, 27.
Dikwalo di bua gape ka ‘batho ba merafe ba ba se nang molao ba ba dirang ka tlholego dilo tsa molao.’ Ka jalo “Ba [bontsha fa] kgang ya molao e kwadilwe mo dipelong tsa bone, fa segakolodi sa bone se naya bosupi kaga bone e bile, mo gare ga dikakanyo tsa bone, ba latofadiwa kgotsa le eleng go sa bonwe molato.” (Baroma 2:14, 15) Ee, batho ba filwe segakolodi—boikutlo jo bo ka fa teng jwa go itse se se bosula le se se siameng. Go phepafetse gore go batla tshiamiso ke selo se motho a tshotsweng ka sone.
Selo se se amanang thata le go batla tshiamiso ga motho ke go eletsa boitumelo, ka gonne Pesalema 106:3 (NW) e bolela jaana: “Go sego ba ba tshegetsang tshiamiso le ba ba dirang tshiamo ka metlha.” Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa batho ba ntse ba palelwa ke go lere lefatshe le le nang le tshiamiso?
Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Paletswe?
Lebaka le legolo la go palelwa ke go dira gore go nne le lefatshe la tshiamo ke ka ntlha ya selabe se re se ruileng mo batsading ba rona ba ntlha, Adame le Efa. Baebele e tlhalosa jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, mme ka gone loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Selabe seo ke boleo. Le mororo Adame le Efa ba bopilwe ba se na boleo, ba ne ba swetsa go tsoulolela Modimo mme ka jalo ba itira baleofi. (Genesise 2:16, 17; 3:1-6) Ka ntlha ya seno, ba ne ba tlogelela bana ba bone boswa jwa go lemalela go leofa le go dira bosula.
A mekgwa ya botho e e jaaka bopelotshetlha le letlhoo ga se ditiro tsa go lemalela boleo? Mme a mekgwa eno ga e oketse go tlhoka tshiamiso go go mo lefatsheng? Ebu, bopelotshetlha ke jone jo bo dirang gore batho ba senye tikologo le go dira gore go nne le mathata a itsholelo! Totatota letlhoo ke lone le le tlhotlheletsang ntwa ya setso le go se tshware merafe e mengwe sentle. Mekgwa e e ntseng jalo gape ke yone e e tlhotlheletsang batho go thukhutha, go tsietsa le go itshwara ka tsela e e utlwisang ba bangwe botlhoko.
Tota le maikaelelo a a molemolemo a go dira tshiamiso le go dira se se siameng gantsi a a palelwa ka go bo re lemaletse boleo. Moaposetoloi Paulo ka boene o ne a ipolela jaana: “Molemo o ke o eletsang ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo eletseng ke jone jo ke bo dirang e le tlwaelo.” O tswelela pele a tlhalosa ntwa eno, ka go bolela jaana: “Tota ke natefelelwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.” (Baroma 7:19-23) Gongwe le rona gompieno re lwa ntwa e e tshwanang. Ke ka lebaka leo go agang go na le tshiamololo.
Tsela e batho ba busang ka yone le yone e ile ya oketsa go tlhoka tshiamiso mo lefatsheng. Mo nageng nngwe le nngwe, go na le melao le batho ba ba tlhokomelang gore e ikobelwe. Mme e bile go na le baatlhodi le dikgotlatshekelo. Eleruri, banna bangwe ba ba ikanyegang ba ile ba leka go tshegetsa ditshwanelo tsa batho le go tlhomamisa gore botlhe ba direlwe tshiamiso. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa maiteko a bone a ile a palelwa. Ka ntlha yang? Fa Jeremia 10:23 e sobokanya mabaka a a farologaneng a a amanang le go palelwa ga bone e tlhalosa jaana: “Jehofa, ke a itse fa tsela ya motho e se mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” E re ka batho ba le kgakala le Modimo, ga ba kgone go dira gore go nne le lefatshe la tshiamo le tshiamiso.—Diane 14:12; Moreri 8:9.
Sekgoreletsi se segolo mo maitekong a batho a go dira gore go nne le lefatshe la tshiamiso ke Satane Diabolo. Baebele e bolela sentle gore moengele wa motsoulodi e bong Satane ke “mmolayabatho” wa kwa tshimologong le “moaki” le gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (Johane 8:44; 1 Johane 5:19) Moaposetoloi Paulo o mo tlhalosa e le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakorintha 4:3, 4) E re ka Satane a ila tshiamo, o dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go tlhotlheletsa boikepo. Fa fela a sa ntse a laola lefatshe, batho ba tla nna ba ntse ba le mo bokgobeng jwa tshiamololo ya mefuta yotlhe le masetlapelo a a bakiwang ke gone.
A seno se raya gore tshiamololo e ka se ka ya tilwa mo setšhabeng? A lefatshe la tshiamiso ke toro e e ka se kang ya diragadiwa?
Lefatshe la Tshiamiso ke Selo sa Mmatota—Jang?
Gore tsholofelo ya gore lefatshe le tla nna le tshiamiso e nne selo sa mmatota, batho ba tshwanetse go ikanya motswedi o o ka kgonang go tlosa dilo tse di bakang tshiamololo. Mme ke mang yo o ka tlosang boleo gotlhelele le go senya Satane le puso ya gagwe? Kwantle ga pelaelo, ga go na motho ope kana mokgatlho ope wa batho o o ka kgonang go dira tiro e e boima eno. Jehofa Modimo ke ene fela yo o ka kgonang! Baebele e bolela jaana malebana le ene: “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse; gonne ditsela tsa gagwe tsotlhe ke tshiamiso; Modimo o o boikanngo, o o se nang tshiamololo, one o tekatekanyo, o tshiamo.” (Duteronome 32:4) Mme ka go bo Jehofa a “rata [tshiamiso, NW]” o batla gore batho ba tshele mo lefatsheng la tshiamiso.—Pesalema 37:28.
Fa moaposetoloi Petere a ne a bua ka thulaganyo ya Modimo ya go tlisa lefatshe la tshiamiso, o ne a kwala jaana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) “Magodimo a masha” ano ga se magodimo a masha a mmatota. Modimo o dirile magodimo a rona a mmatota a itekanetse mme a a mo galaletsa. (Pesalema 8:3; 19:1, 2) “Magodimo a masha” ke puso e ntšha e e tla busang lefatshe. “Magodimo” a gone jaanong a bopilwe ke mebuso e e tlhomilweng ke batho. Go ise go ye kae, kwa ntweng ya Modimo ya Haramagedona, magodimo ano a tla sutela “magodimo a masha”—Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo, kana puso. (Tshenolo 16:14-16) Kgosi ya Bogosi joo ke Jesu Keresete. E re ka puso eno e tla fedisetsa puso ya batho ruri, e tla busa ka bosakhutleng.—Daniele 2:44.
Ka jalo, “lefatshe le lesha” ke eng? Ga se polanete e ntšha, ka gonne Modimo o dirile lefatshe go nna lefelo le le tshwanelang sentle le batho ba ka nnang mo go lone mme ke go rata ga gagwe gore le nnele ruri. (Pesalema 104:5) “Lefatshe le lesha” le kaya setšhaba se sesha sa batho. (Genesise 11:1; Pesalema 96:1) “Lefatshe” le le tla fedisiwang ke la batho ba ba itirang karolo ya tsamaiso e e boikepo eno. (2 Petere 3:7) “Lefatshe le lesha” le le tla tsayang boemo jwa bone e tla nna la batlhanka ba boammaaruri ba Modimo, ba ba ilang boikepo mme ba rata tshiamo le tshiamiso. (Pesalema 37:10, 11) Ka jalo, lefatshe la ga Satane le tla bo le sa tlhole le le gone.
Mme go tla diragalang ka Satane? Moaposetoloi Johane o ne a bolelela pele jaana: “[Keresete Jesu] a tshwara kgogela, noga ya kwa tshimologong, yo e leng Diabolo le Satane, a ba a mmofa dingwaga di le sekete. Mme a mo piriganyetsa mo moleteng o o se nang bolekanngo a ba a o tswala a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a timetsa merafe.” (Tshenolo 20:1-3) Tlhotlheletso ya ga Satane yo o bofilweng e tla tshwana fela le ya mogolegwa yo o mo teng ga molete wa kgolegelo. A bo batho ba tla bo ba gololesegile jang ne, e le ketelelopele ya lefatshe la tshiamiso! Mme kwa bokhutlong jwa dingwaga di le sekete, Satane o tla tlosediwa ruri.—Tshenolo 20:7-10.
Go tweng he, ka boleo jo re bo ruileng? Jehofa o setse a ntshitse motheo wa go khumola boleo. “Morwa motho [Jesu Keresete] o ne a tla . . . go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Lefoko “thekololo” le tlhalosa tlhwatlhwa e e batlegang go golola batshwarwa. Jesu o ne a duela tlhwatlhwa ya botshelo jwa gagwe jwa motho jo bo itekanetseng go nna thekololo e e tla gololang batho.—2 Bakorintha 5:14; 1 Petere 1:18, 19.
Setlhabelo sa thekololo ya ga Jesu se ka re solegela molemo tota le gone jaanong. Fa re dumela mo go sone, re ka nna phepa mo matlhong a Modimo. (Ditiro 10:43; 1 Bakorintha 6:11) Mo pusong ya Bogosi jwa Modimo, thekololo e tla dira gore batho ba kgone go gololesega gotlhelele mo boleong. Buka ya bofelo ya Baebele e tlhalosa ka “noka ya metsi a botshelo” ya tshwantshetso e e elelang go tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo mme mo dintshing tsa yone go na le ditlhare tsa maungo tsa tshwantshetso tse di nang le matlhare a e leng “a go alafa merafe.” (Tshenolo 22:1, 2) Se Baebele e se tshwantshetsang fano se emela dilo tse di itumedisang tse Mmopi a di rulagantseng go golola batho mo boleong mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Go diragadiwa ka botlalo ga seno go tla golola batho ba ba kutlo mo boleong le mo losong.
Botshelo mo Lefatsheng la Tshiamiso
A o ke o akanye gore botshelo bo tla nna jang mo pusong ya Bogosi. Bokebekwa le thubakanyo e tla nna dilo tsa nako e e fetileng. (Diane 2:21, 22) Tshiamololo ya itsholelo e tla bo e sa tlhole e le gone. (Pesalema 37:6; 72:12, 13; Isaia 65:21-23) Mekgwa yotlhe ya go tlhaola ka maemo, lotso, morafe le setso e tla bo e tlositswe. (Ditiro 10:34, 35) Dintwa le dibetsa tsa ntwa di tla bo di sa tlhole di le gone. (Pesalema 46:9) Didikadike tsa batho ba ba suleng di tla tsosiwa gore di tle go tshela mo lefatsheng le le se nang tshiamololo. (Ditiro 24:15) Mongwe le mongwe o tla nna le botsogo jo bo itekanetseng le jo bo itumedisang. (Jobe 33:25; Tshenolo 21:3, 4) Baebele e re tlhomamisetsa gore “[Jesu Keresete] o tlaa ntsha tshiamiso mo boammaaruring.”—Isaia 42:3.
Go ntse go le jalo, tshiamololo e ka nna ya re wela rotlhe, mme e kete le ka motlha re se ka ra ipusolosetsa ka go dira tshiamololo. (Mika 6:8) Tota le fa re tlhoka go itshokela tshiamololo, e kete re ka tswelela pele re na le maikutlo a a siameng. Lefatshe la tshiamiso le le solofeditsweng e tla tloga e nna selo sa mmatota. (2 Timotheo 3:1-5; 2 Petere 3:11-13) Modimo Mothatayotlhe o ntshitse lefoko la gagwe, mme le “tlaa nna jalo.” (Isaia 55:10, 11) Eno ke nako ya go ipaakanyetsa botshelo mo lefatsheng la tshiamiso ka go ithuta dilo tse Modimo a batlang gore re di dire.—Johane 17:3; 2 Timotheo 3:16, 17.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Mekgwa yotlhe ya tshiamololo e tla bo e tlositswe mo lefatsheng le lesha la Modimo le le solofeditsweng