Jehofa, Modimo yo o ‘Iketleeditseng go Itshwarela’
“Wena, Morena, o molemo, o iketleeditse go itshwarela.”—PESALEMA 86:5.
1. Kgosi Dafide o ne a rwele mokgweleo ofe o o boima, mme o ne a bonela pelo ya gagwe e e tshwenyegileng kgomotso jang?
KGOSI DAFIDE wa Iseraele wa bogologolo o ne a itse gore mokgweleo wa go nna le segakolodi se se molato o boima go le kana kang. O ne a kwala jaana: “Ditshiamololo tsa me di khurumeditse tlhogo ya me, fela jaaka morwalo o o bokete, di a nkimela. Ke a idibala, ke tapetegile mo go botlhoko; ke gwetlisitswe ke go tlhoka go ikhutsa ga pelo ya me.” (Pesalema 38:4, 8) Le fa go ntse jalo, pelo ya ga Dafide e e tshwenyegileng e ne ya bona kgomotso. O ne a itse gore le fa Jehofa a ila boleo, ga a ile moleofi—fa motho yoo a ikwatlhaya ka boammaaruri e bile a tlogela tsela ya gagwe ya boleo. (Pesalema 32:5; 103:3) E re ka a dumela ka pelo yotlhe gore Jehofa o iketleeditse go utlwela botlhoko ba ba ikwatlhayang, Dafide o ne a bolela jaana: “Wena, Morena, o molemo, o iketleeditse go itshwarela.”—Pesalema 86:5.
2, 3. (a) Fa re leofa, ke mokgweleo ofe o re ka o rwalang ka ntlha ya seo mme ke ka ntlha yang fa seno se siame? (b) Go na le kotsi efe fa re “komediwa” ke go ikutlwa molato? (c) Ke tlhomamisetso efe e Baebele e re e nayang ka go iketleetsa ga ga Jehofa go itshwarela?
2 Fa re leofa, le rona re ka ikutlwa re rwele mokgweleo o o lapisang o o bakiwang ke segakolodi se se utlwileng botlhoko. Boikutlo jono jwa go ikwatlhaya bo siame, e bile bo molemo. Bo ka re tlhotlheletsa go tsaya dikgato tse di tshwanetseng go baakanya diphoso tsa rona. Le fa go ntse jalo, Bakeresete bangwe ba ile ba ikutlwa ba fekeediwa ke go ikutlwa molato. Dipelo tsa bone tse di ba tshwayang phoso di ka nna tsa dira gore ba akanye gore Modimo a ka se ka a ba itshwarela ka botlalo, go sa kgathalesege gore ba ikwatlhaya go le kana kang. Kgaitsadi mongwe o ne a bolela jaana fa a ne a akanya ka phoso nngwe e a ileng a e dira: “Go utlwisa botlhoko thata fa o akanya gore Jehofa a ka nna a bo a sa tlhole a go rata.” Tota le fa a sena go ikwatlhaya le go amogela kgakololo e e thusang ya bagolwane ba phuthego, o ne a nna a ikutlwa a sa tshwanelwe ke go itshwarelwa ke Modimo. O tlhalosa jaana: “Ga go na letsatsi le le fetang ke sa kope Jehofa gore a intshwarele.” Fa re ka “komediwa” ke go ikutlwa molato, Satane a ka nna a leka go dira gore re itlhoboge, re ikutlwe re sa tshwanele go direla Jehofa.—2 Bakorintha 2:5-7, 11.
3 Mme tota ga se kafa Jehofa a lebang dilo ka teng! Lefoko la gagwe le re tlhomamisetsa gore fa re supa boikwatlhao jwa mmatota go tswa pelong, Jehofa o ikemiseditse, ee o iketleeditse go itshwarela. (Diane 28:13) Ka jalo fa o kile wa bona e kete o ka se ka wa itshwarelwa ke Modimo, gongwe o tlhoka go tlhaloganya botokanyana gore ke ka ntlha yang fa a itshwarela le gore o itshwarela jang.
Ke ka Ntlha Yang fa Jehofa a “Iketleeditse go Itshwarela”?
4. Jehofa o gakologelwa eng ka popego ya rona mme seno se ama jang tsela e a re tshwarang ka yone?
4 Re bala jaana: “Jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi; le ene o re tloseditse ditlolo tsa rona bokgakala jo bo kalo. Jaaka rrabana a tle a utlwele bana ba gagwe botlhoko; Jehofa le ene o tlhomogela ba ba mmoifang pelo jalo.” Ke ka ntlha yang fa Jehofa a rata go re tlhomogela pelo? Temana e e latelang e araba jaana: “Gonne o itse popego ya rona, o gakologetswe fa re le lorole fela.” (Pesalema 103:12-14) Ee, Jehofa ga a lebale gore re dibopiwa tse di dirilweng ka lerole, tse di nang le ditlhaelo, kana makoa, e le ka ntlha ya go sa itekanela. Polelwana e e reng o itse “popego ya rona” e re gakolola gore Baebele e tshwantsha Jehofa le mmopi wa letsopa mme rona e re tshwantsha le dijana tse a di bopang.a (Jeremia 18:2-6) Mmopi wa letsopa o tshwara dijana tsa gagwe tsa letsopa ka maatla le fa go ntse jalo e le ka tsela e e matsetseleko, a ntse a gakologelwa popego ya tsone. Go ntse fela jalo le ka Jehofa, Mmopi yo Mogolo, o fetofetola tsela e a dirisanang le rona ka yone go ya ka ditlhaelo tsa go sa itekanela ga rona.—Bapisa 2 Bakorintha 4:7.
5. Buka ya Baroma e tlhalosa jang nonofo e boleo bo nang le yone mo nameng ya rona e e bokoa?
5 Jehofa o tlhaloganya kafa boleo bo nonofileng ka teng. Dikwalo di tlhalosa gore boleo ke maatla a a nonofileng a a tshwereng motho ka tsela e e kotsi. Maatla a boleo a nonofile go le kana kang? Mo bukeng ya Baroma, moaposetoloi Paulo yo o tlhotlheleditsweng o tlhalosa seno ka tsela e e utlwalang sentle: Re “tlase ga boleo,” jaaka masole a le kafa tlase ga molaodi wa bone (Baroma 3:9); bo “busa” mo bathong jaaka kgosi (Baroma 5:21); bo ‘agile,’ kana bo ‘nna,’ mo go rona (Baroma 7:17, 20); “molao” wa jone o nna o dira mo go rona, e bile o leka go re laola. (Baroma 7:23, 25) A bo re lwa ntwa e e thata jang ne go lwantsha maatla a a nonofileng a boleo mo nameng ya rona e e bokoa!—Baroma 7:21, 24.
6. Jehofa o leba jang ba ba batlang bopelotlhomogi jwa gagwe ka pelo e e ikwatlhayang?
6 Ka jalo, Modimo wa rona yo o pelotlhomogi o itse gore ga re kgone go nna kutlo ka tsela e e itekanetseng, go sa kgathalesege gore dipelo tsa rona di batla go nna kutlo go le kana kang mo go ene. (1 Dikgosi 8:46) O re tlhomamisetsa ka lorato gore fa re batla gore a re tlhomogele pelo jaaka rre re na le pelo e e ikwatlhayang, o tla re itshwarela. Mopesalema Dafide o ne a bolela jaana: “Ditlhabelo tsa Modimo ke mowa o o phatlogileng; pelo e e phatlogileng, e e ngomogileng ga o ketla o e nyatsa Modimo.” (Pesalema 51:17) Le ka motlha Jehofa a ka se ka a gana, kana a latlha pelo e e phatlogileng le e e ngomogileng ka ntlha ya mokgweleo wa go ikutlwa molato. A bo seo se tlhalosa tsela e Jehofa a iketleeditseng go itshwarela ka yone ka tsela e ntle jang ne!
7. Ke ka ntlha yang fa re sa ka ke ra baya fela mo go reng Modimo o pelotlhomogi?
7 Le fa go ntse jalo, a seno se raya gore re ka baya fela mo goreng Modimo o pelotlhomogi, re dirisa go nna ga rona le boleo seipato sa go dira boleo? Le e seng! Jehofa ga a kaelwe ke maikutlo fela. Bopelotlhomogi jwa gagwe bo na le mo bo felelang teng. A ka se ka a itshwarela batho ba ka botlhogoethata ba dirang boleo jo bo maswe ka boomo ba sa ikwatlhaye. (Bahebera 10:26-31) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa a bona pelo e e “phatlogileng le e e ngomogileng,” o “iketleeditse go itshwarela.” (Diane 17:3) A re sekasekeng mangwe a mafoko a a tlhalosang a a dirisitsweng mo Baebeleng go tlhalosa go itshwarela ga Modimo ka botlalo.
Jehofa o Itshwarela ka Botlalo go le Kana Kang?
8. Ke eng se Jehofa a se dirang tota fa a re itshwarela maleo a rona mme seno se tshwanetse go re ama jang?
8 Kgosi Dafide yo o neng a ikwatlhaya o ne a bolela jaana: “Ke ne ka go ipolelela boleo jwa me, le boikepo jwa me ga ke a bo fitlha. Ke rile: ‘Ke tlaa ipolelela Jehofa ditlolo tsa me,’ mme wa itshwarela molato wa boleo jwa me.” (Pesalema 32:5, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Lefoko “itshwarela” le ranola lefoko la Sehebera le tota le kayang “go tsholetsa,” “go sikara, go rwala.” Go dirisiwa ga lone fano go kaya ‘go tlosa molato, boleo, tlolo molao.’ Ka jalo Jehofa o ne a tsholetsa boleo jwa ga Dafide mme fa re ne re ka rialo, a bo rwala a tsamaya ka jone. (Bapisa Lefitiko 16:20-22.) Kwantle ga pelaelo seno se ile sa fokotsa boikutlo jwa go ikutlwa molato jo Dafide a neng a ntse a bo rwele. (Bapisa Pesalema 32:3.) Le rona re ka tshepa ka pelo yotlhe Modimo yo o itshwarelang boleo jwa ba ba batlang gore a ba itshwarele mo motheong wa go dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete. (Mathaio 20:28; bapisa Isaia 53:12.) Bao Jehofa a tsholetsang maleo a bone a bo a a rwala a tsamaya ka one ga ba tlhoke go tswelela ba rwele mokgweleo wa go ikutlwa molato ka ntlha ya maleo a a fetileng.
9. Mafoko a ga Jesu a a reng “Re itshwarele melato ya rona” a kaya eng?
9 Jesu o ne a dirisa kamano ya beng ba molato le batho ba ba kolotang go tshwantsha kafa Jehofa a itshwarelang ka teng. Ka sekai, Jesu o ne a re kgothaletsa go rapela jaana: “Re itshwarele melato ya rona.” (Mathaio 6:12) Ka go rialo Jesu o tshwantsha “maleo” le “melato.” (Luke 11:4) Fa re leofa, re nna “ba ba molato” mo go Jehofa. Lediri la Segerika le le ranotsweng e le “itshwarela” le ka nna la kaya “go tlogela, go lebala molato, ka go sa batle gore o duelwe.” Ka tsela nngwe, fa Jehofa a itshwarela, o sutlha molato o o neng o ka tsenngwa mo sekolotong sa rona. Ka jalo baleofi ba ba ikwatlhayang ba ka gomotsega. Jehofa a ka se ka a batla go duelwa molato o a o sutlhileng!—Pesalema 32:1, 2; bapisa Mathaio 18:23-35.
10, 11. (a) Ke eng se se bolelwang ke polelwana e e fitlhelwang mo go Ditiro 3:19 e e reng ‘go phimolwa’? (b) Go itshwarela ka botlalo ga ga Jehofa go tshwantshediwa jang?
10 Mo go Ditiro 3:19, Baebele e dirisa tshwantshiso nngwe e e utlwalang sentle go tlhalosa boitshwarelo jwa Modimo: “Jalo, ikotlhayeng, lo bo lo sokologe e le gore maleo a lona a tle a phimolwe.” Polelwana e e reng ‘a phimolwe’ e ranola lediri la Segerika le, fa le dirisiwa ka tsela ya go bapisa, le ka kayang “go phimola, go nyeletsa, go sutlha kana go senya.” Go ya ka bakanoki bangwe, kgopolo e e tlhalosiwang fano ke ya go sutlha mokwalo wa seatla. Seo se ne se kgonega jang? Enke e e neng e dirisiwa thata mo metlheng ya bogologolo e ne e dirilwe ka motswako o o neng o akaretsa khabone, boroku le metsi. Ka bonako fa motho a sena go kwala ka enke e e ntseng jalo, o ne a ka tsaya sepontšhe se se metsi mme a bo a sutlha mokwalo oo.
11 Mo go seo re bona tlhaloso e ntle ya go itshwarela ka botlalo ga ga Jehofa. Fa a itshwarela maleo a rona, go ntse jaaka e kete o tsaya sepontšhe a bo a a sutlha. Ga re tlhoke go boifa gore o tla nna a re latofatsa ka maleo a a ntseng jalo mo isagweng, ka gonne Baebele e senola selo se sengwe gape ka bopelotlhomogi jwa ga Jehofa se se gakgamatsang tota: Fa a itshwarela, o a lebala!
“Boleo Jwa Bone ga Nketla ke Tlhola ke bo Gakologelwa Gope”
12. Fa Baebele e re Jehofa o lebala maleo a rona, a e raya gore ga a kgone go a gakologelwa mme ke ka ntlha yang fa o araba jalo?
12 Jehofa o ne a solofetsa jaana ka moporofeti Jeremia malebana le ba ba mo kgolaganong e ntšha: “Ke tlaa ba itshwarela boikepo jwa bone, le boleo jwa bone ga nketla ke tlhola ke bo gakologelwa gope.” (Jeremia 31:34) A seno se raya gore fa Jehofa a itshwarela ga a kgone go gakologelwa maleo gape? Go ka se ka ga nna jalo. Baebele e re bolelela ka maleo a batho ba le bantsi ba Jehofa a ileng a ba itshwarela, go akaretsa le Dafide. (2 Samuele 11:1-17; 12:1-13) Go phepafetse gore Jehofa o sa ntse a gakologelwa maleo a ba a dirileng, mme le rona re tshwanetse go a gakologelwa. Pego ya maleo a bone, le go ikwatlhaya ga bone le go itshwarelwa ke Modimo, e ile ya bolokiwa gore e re solegele molemo. (Baroma 15:4) Jalo he, Baebele e kaya eng fa e bolela gore Jehofa ga a “gakologelwe” maleo a ba a ba itshwaretseng?
13. (a) Bokao jwa lediri la Sehebera le le ranotsweng e le “Ke tlaa gakologelwa” bo akaretsa eng? (b) Fa Jehofa a re, “boleo jwa bone ga nketla ke bo gakologelwa gope,” o re tlhomamisetsa eng?
13 Lediri la Sehebera le le ranotsweng e le “ke tla gakologelwa” le kaya mo go fetang fela go gakologelwa se se diragetseng mo nakong e e fetileng. Go ya ka Theological Wordbook of the Old Testament, le akaretsa “kgopolo e nngwe ya go tsaya kgato e e tshwanetseng.” Ka jalo go ya ka seno, go “gakologelwa” maleo go akaretsa go tsaya kgato kgatlhanong le baleofi. Fa moporofeti Hosea a ne a bolela jaana malebana le Baiseraele ba ba neng ba fapogile, “[Jehofa] o tlaa gakologelwa boikepo jwa bone,” moporofeti o ne a raya gore Jehofa o tla tsaya kgato kgatlhanong le bone ka go bo ba ne ba sa ikwatlhaye. Ka jalo, karolo e nngwe ya temana e oketsa jaana: “[O tla] kgopholola maleo a bone.” (Hosea 9:9) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa Jehofa a re, “boleo jwa bone ga nketla ke tlhola ke bo gakologelwa gope,” o re tlhomamisetsa gore fa a itshwaretse moleofi yo o ikwatlhayang, a ka se ka a tsaya kgato kgatlhanong le ene mo isagweng ka ntlha ya maleo ao. (Esekiele 18:21, 22) Ka jalo o lebala ka kgopolo ya gore ga a nne a re gakolola ka maleo a rona gangwe le gape gore a re latofatse kana go re otlhaya gangwe le gape. Ka jalo Jehofa o re tlhomela sekao se se molemolemo se re ka se etsang fa re dirisana le ba bangwe. Fa go nna le go sa utlwane, go molemo gore o se ka wa nna o gakologelwa diphoso tse di fetileng tse lo ileng lwa dumalana go di itshwarelana mo nakong e e fetileng.
Go Tweng ka Ditlamorago?
14. Ke ka ntlha yang fa boitshwarelo bo sa reye gore moleofi yo o ikwatlhayang o tla sirelediwa mo ditlamoragong tsotlhe tsa phoso ya gagwe?
14 A go iketleetsa ga ga Jehofa go itshwarela go raya gore moleofi yo o ikwatlhayang a ka se ka a bona ditlamorago dipe tsa phoso ya gagwe? Le e seng. Re ka se ka ra leofa re bo re sa bone ditlamorago dipe tsa gone. Paulo o ne a kwala jaana: “Se motho o se jalang, seno gape o tla se roba.” (Bagalatia 6:7) Re ka nna ra lebana le ditlamorago tse di rileng tsa se re se dirileng kana mathata, mme fa Jehofa a sena go re itshwarela, ga a dire gore re welwe ke bomadimabe. Fa go nna le mathata, Mokeresete ga a tshwanela go ikutlwa gore ‘Gongwe Jehofa o nkotlhaela maleo a nako e e fetileng.’ (Bapisa Jakobe 1:13.) Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa ga a re sireletse mo ditlamoragong tsa diphoso tsa rona. Tlhalo, go ima go go sa batlegeng, malwetse a a tshwaediwang ka go tlhakanela dikobo, go sa tlhole o ikanngwa le go tlotliwa—dilo tseno tsotlhe e ka nna ditlamorago tse di hutsafatsang tsa boleo mme Jehofa a ka se ka a re sireletsa mo go tsone. Gakologelwa gore le mororo a ile a itshwarela Dafide ka ntlha ya boleo jwa gagwe malebana le Bethesheba le Uria, Jehofa ga a ka a sireletsa Dafide mo ditlamoragong tse di utlwisang botlhoko tse di ileng tsa latela.—2 Samuele 12:9-14.
15, 16. Molao o o kwadilweng mo go Lefitiko 6:1-7 o ne o solegela molemo jang motho yo o diretsweng phoso le yo o dirileng phoso?
15 Maleo a rona a ka nna le ditlamorago tse dingwe gape. Ka sekai, akanya ka pego e e mo go Lefitiko kgaolo 6. Molao wa ga Moshe mono o tlhalosa boemo jwa fa motho a dira phoso e e masisi ka go tsaya dilo tsa Moiseraelekaene ka go mo thukhutha, ka patiko kana ka tsietso. Moleofi o itatola molato, mo e leng gore o na le sebete sa go ikana ka maaka. Ke kgang ya motho a le mongwe fela kgatlhanong le motho a le mongwe. Le fa go ntse jalo, moragonyana, motho yo o molato o tshwenngwa ke segakolodi mme a bo a ipolela boleo jwa gagwe. Gore a tle a itshwarelwe ke Modimo, o tshwanetse go dira dilo tse dingwe tse tharo: a buse se a se tsereng, a duele motho yo o mo senyeditseng tefiso ya diperesente di le 20 mme a bo a ntsha pheleu go nna tshupelo ya molato. Morago ga foo, molao o bolela jaana: “Moperesiti o tlaa mo direla tetlanyo fa pele ga Jehofa, mme o tlaa itshwarelwa.”—Lefitiko 6:1-7; bapisa Mathaio 5:23, 24.
16 Molao ono e ne e le thulaganyo ya bopelotlhomogi e e tswang kwa Modimong. O ne o solegela motho yo o diretsweng molato molemo, yo dithoto tsa gagwe di ileng tsa busiwa le yo kwantle ga pelaelo a ileng a ikutlwa a imologile fa kgabagare motho yo o molato a dumela boleo jwa gagwe. Ka nako e e tshwanang, molao o ne o solegela yo segakolodi sa gagwe kgabagare se neng sa mo tlhotlheletsa gore a dumele molato wa gagwe le go baakanya phoso ya gagwe. Eleruri, fa a ka bo a ganne go dira jalo, o ka bo a sa itshwarelwa ke Modimo.
17. Fa ba bangwe ba ile ba utlwisiwa botlhoko ke maleo a rona, Jehofa o lebeletse gore re dire eng?
17 Le mororo re se ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe, o re naya temogo e e botlhokwatlhokwa ya go bona ka fa Jehofa a akanyang ka teng, go akaretsa le ka fa a ikutlwang ka teng ka go itshwarela. (Bakolosa 2:13, 14) Fa ba bangwe ba ile ba utlwisiwa botlhoko kana ba amiwa ka tsela nngwe ke maleo a rona, Jehofa o a itumela fa re dira se re ka se kgonang go ‘baakanya phoso.’ (2 Bakorintha 7:11) Seno se akaretsa go dumela maleo a rona, go dumela molato wa rona tota le go kopa maitshwarelo mo mothong yo re mo leofetseng. Morago ga foo re ka nna ra kopa Jehofa mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu le go nna le segakolodi se se phepa le tlhomamisetso ya gore re itshwaretswe ke Modimo.—Bahebera 10:21, 22.
18. Ke kotlhao efe e e ka tsamaisanang le boitshwarelo jwa ga Jehofa?
18 Jaaka motsadi mongwe le mongwe yo o lorato, Jehofa a ka nna a re itshwarela mme a re naya kotlhaonyana e e rileng. (Diane 3:11, 12) Mokeresete yo o ikwatlhayang o ka nna a tshwanelwa ke go tlogela tshiamelo ya gagwe ya go direla e le mogolwane, motlhanka wa bodiredi, kana mmulatsela. Go ka nna ga mo utlwisa botlhoko go latlhegelwa ka lobakanyana ke ditshiamelo tse a neng a di rata. Le fa go ntse jalo, kotlhao e e ntseng jalo, ga e reye gore Jehofa ga a tlhole a mo rata kana gore Jehofa ga a mo itshwarela. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go gakologelwa gore fa Jehofa a re otlhaya ke bosupi jwa gore o a re rata. Go e amogela le go e dirisa go solegela rona molemo e bile go ka dira gore re bone botshelo jo bo sa khutleng.—Bahebera 12:5-11.
19, 20. (a) Fa o dirile diphoso, ke ka ntlha yang fa o sa tshwanela go akanya gore Jehofa a ka se ka a go tlhomogela pelo? (b) Ke eng se se tla sekasekiwang mo setlhogong se se latelang?
19 A bo go lapolosa jang ne go itse gore re direla Modimo yo o “iketleeditse[ng] go itshwarela”! Jehofa o bona se se fetang fela maleo le diphoso tsa rona. (Pesalema 130:3, 4) O itse se se leng mo dipelong tsa rona. Fa o ikutlwa gore pelo ya gago e phatlogile e bile e ngomogile ka ntlha ya diphoso tsa nako e e fetileng, o se ka wa swetsa gore o ka se ka wa bona bopelotlhomogi jwa ga Jehofa. Go sa kgathalesege gore o dirile diphoso tse di ntseng jang, fa o ikwatlhaile ka mmatota, o tsere dikgato tsa go baakanya phoso, e bile o rapetse ka tlhoafalo gore Jehofa a go itshwarele mo motheong wa madi a ga Jesu a a tsholotsweng, o ka tshepa ka pelo yotlhe gore mafoko a a mo go 1 Johane 1:9 a dira mo go wena: “Fa re ipolela maleo a rona, o boikanngo le tshiamo mo o tla re itshwarelang maleo a rona le go re phepafatsa mo tshiamololong yotlhe.”
20 Baebele e re kgothaletsa go etsa go itshwarela ga ga Jehofa fa re dirisana le ba bangwe. Le fa go ntse jalo, re ka lebelela gore re itshwarele le go lebala go ya bokgakaleng jo bo kana kang fa ba bangwe ba re leofela? Seno se tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka mo go kgatlhisang, lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “popego ya rona” le dirisediwa dijana tsa letsopa tse di dirilweng ke mmopi.—Isaia 29:16.
O Ne o Tla Araba Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a “iketleeditse go itshwarela”?
◻ Baebele e tlhalosa jang tsela e Jehofa a itshwarelang ka botlalo ka yone?
◻ Fa Jehofa a itshwarela, o lebala ka tsela efe?
◻ Jehofa o lebeletse gore re dire eng fa ba bangwe ba ile ba utlwisiwa botlhoko ke maleo a rona?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Fa ba bangwe ba ile ba utlwisiwa botlhoko ke maleo a rona, Jehofa o lebeletse gore re baakanye