Dinku Tse Dingwe le Kgolagano e Ntšha
“Baeng . . . mongwe le mongwe yo o ilelang sabata a sa o tlhapatse, le kgolagano ya me ba e tshwara ka thata; ba le bone ke tlaa ba lere mo thabeng ya me e e boitshepo.”—ISAIA 56:6, 7.
1. (a) Go ya ka ponatshegelo ya ga Johane, ke eng se se dirwang fa diphefo tsa katlholo ya ga Jehofa di ntse di tshwerwe? (b) Johane o bona boidiidi bofe jo bo gakgamatsang?
MO PONATSHEGELONG ya bonè ya buka ya Tshenolo, moaposetoloi Johane o ne a bona diphefo tse di senyang tsa katlholo ya ga Jehofa di tshwerwe fa go kaniwa ga maloko otlhe a “Iseraele wa Modimo” go wediwa. Bano e ne e le ba ntlha go segofadiwa ka Jesu, yo e leng karolo e e botlhokwa thata a losika lwa ga Aberahame. (Bagalatia 6:16; Genesise 22:18; Tshenolo 7:1-4) Mo go yone ponatshegelo eno, Johane o ne a bona “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le batho le diteme, . . . . ba goa ka lentswe le le kwa godimo, ba re: ‘Poloko re e neilwe ke Modimo wa rona, o o ntseng mo setulong sa bogosi, le ke Kwana.’” (Tshenolo 7:9, 10) Fa ba re, “Poloko re e neilwe ke . . . Kwana,” boidiidi jo bogolo bo supa gore le bone ba segofadiwa ka Losika lwa ga Aberahame.
2. Boidiidi jo bogolo bo ile jwa bonala leng mme bo itsiwe jang?
2 Boidiidi jo bogolo jono bo ile jwa lemogiwa morago kwa ka 1935 mme gompieno palo ya bone e feta dimilione di le tlhano. E re ka ba tshwaetswe go falola sepitla se segolo, maloko a yone a tla tlhaolelwa botshelo jo bo sa khutleng fa Jesu a kgaoganya “dinku” le “dipodi.” Bakeresete ba boidiidi jo bogolo ke bangwe ba “dinku tse dingwe” tse di mo setshwantshong sa ga Jesu sa dinku. Ba solofetse go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.—Mathaio 25:31-46; Johane 10:16; Tshenolo 21:3, 4.
3. Bakeresete ba ba tloditsweng le dinku tse dingwe ba farologane jang mo kgolaganong e ntšha?
3 Mo go ba ba 144 000, masego a kgolagano ya ga Aberahame a tla ka kgolagano e ntšha. Jaaka batsayakarolo mo kgolaganong eno, ba nna ‘tlase ga bopelonomi jo bo sa tshwanelang’ le “tlase ga molao malebang le Keresete.” (Baroma 6:15; 1 Bakorintha 9:21) Ka jalo, ke maloko a le 144000 fela a Iseraele wa Modimo a a ileng a ja ka tshwanelo ga ditshwantshetso mo Segopotsong sa loso lwa ga Jesu mme Jesu o dirile kgolagano ya gagwe ya Bogosi le bone fela. (Luke 22:19, 20, 29) Maloko a boidiidi jo bogolo ga ba na seabe mo kgolaganong e ntšha. Le fa go ntse jalo, ke ditsala tsa Iseraele wa Modimo e bile ba tshela le bone mo ‘lefatsheng’ la bone. (Isaia 66:8) Ka jalo go a utlwala go bolela gore le bone ba ka fa tlase ga bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa le kafa tlase ga molao malebang le Keresete. Le fa ba se batsayakarolo mo kgolaganong e ntšha, ke ba ba solegelwang molemo ke yone.
“Baeng” le “Iseraele wa Modimo”
4, 5. (a) Go ya ka Isaia, ke setlhopha sefe se se tla direlang Jehofa? (b) Isaia 56:6, 7 e diragadiwa jang mo boidiiding jo bogolo?
4 Moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “Baeng ba ba ikopanyang le Jehofa go mo direla, le go rata leina la ga Jehofa, le go nna batlhanka ba gagwe, mongwe le mongwe yo o ilelang sabata a sa o tlhapatse, le kgolagano ya me ba e tshwara ka thata; ba le bone ke tlaa ba lere mo thabeng ya me e e boitshepo, ke ba jesa monate mo ntlong ya me ya thapelo; ditshupelo tsa bone tsa phiso, le ditlhabelo tsa bone, di tlaa amogelwa mo sebesong sa me.” (Isaia 56:6, 7) Kwa Iseraele, seno se ne se raya gore “baeng,” ka gore ba e seng Baiseraele, ba ne ba ka obamela Jehofa—ba rata leina la gagwe, ba ikobela dilo tse di batlegang mo kgolaganong ya Molao, ba boloka Sabata le go ntsha ditlhabelo kwa tempeleng ‘ntlong ya thapelo’ ya Modimo.—Mathaio 21:13.
5 Mo motlheng wa rona “baeng ba ba ikopanyang le Jehofa” ke boidiidi jo bogolo. Bano ba direla Jehofa ba na le Iseraele wa Modimo. (Sekaria 8:23) Ba ntsha ditlhabelo tse di tshwanang tse di amogelegang jaaka Iseraele wa Modimo. (Bahebera 13:15, 16) Ba obamela mo tempeleng ya Modimo ya semoya, “ntlo [ya gagwe] ya thapelo.” (Bapisa Tshenolo 7:15.) A ba boloka Sabata ya beke le beke? Batlodiwa le dinku tse dingwe ga ba a laelwa go dira seno. (Bakolosa 2:16, 17) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a bolelela ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba Bahebera jaana: “Go na le boikhutso jwa sabata jwa batho ba Modimo. Gonne motho yo o tseneng mo boikhutsong jwa Modimo le ene ka boene o ikhuditse mo ditirong tsa gagwe, fela jaaka Modimo o ne wa ikhutsa mo go tsa one.” (Bahebera 4:9, 10) Bahebera bao ba ne ba tsena mo ‘boikhutsong jono jwa Sabata’ fa ba ne ba ineela mo ‘tshiamong ya Modimo’ mme ba ikhutsa go tlhola ba leka go itira tshiamo ka ditiro tsa Molao. (Baroma 10:3, 4) Bakeresete ba ba tloditsweng ba Baditšhaba ba na le boikhutso jo bo tshwanang ka go ineela mo tshiamong ya ga Jehofa. Boidiidi jo bogolo bo na le bone mo boikhutsong joo.
6. Dinku tse dingwe di tshwara jang kgolagano e ntšha ka thata?
6 Mo godimo ga moo, dinku tse dingwe di tshwara kgolagano e ntšha ka thata fela jaaka baeng ba bogologolo ba ne ba tshwara kgolagano ya Molao ka thata. Ka tsela efe? E seng ka go nna le seabe mo go yone mme ka go ineela mo melaong e e amanang le yone le go solegelwa molemo mo dithulaganyong tsa yone. (Bapisa Jeremia 31:33, 34.) Jaaka ditsala tsa bone tse di tloditsweng, dinku tse dingwe di kwadile molao wa ga Jehofa mo ‘dipelong tsa bone.’ Ba rata le go ikobela thata ditaolo le melaometheo ya ga Jehofa. (Pesalema 37:31; 119:97) Jaaka Bakeresete ba ba tloditsweng, ba itse Jehofa. (Johane 17:3) Go tweng ka go rupisiwa? Dingwaga tse di ka nnang 1500 pele ga kgolagano e ntšha e dirwa, Moshe o ne a kgothaletsa Baiseraele jaana: “Ke gone rupisang dipelo tsa lona.” (Duteronome 10:16; Jeremia 4:4) Le fa go rupisiwa ga nama go ne ga fedisiwa le Molao, batlodiwa mmogo le dinku tse dingwe ba tshwanetse go ‘rupisa’ dipelo tsa bone. (Bakolosa 2:11) Kgabagare, Jehofa o itshwarela melato ya badinku tse dingwe mo motheong wa “madi a kgolagano” a ga Jesu a a tsholotsweng. (Mathaio 26:28; 1 Johane 1:9; 2:2) Modimo ga a ba amogele jaaka barwa ba semoya, jaaka a amogela ba ba 144000. Mme o bolela badinku tse dingwe ba siame, ka tsela e e tshwanang le e Aberahame a neng a bolelwa fa a siame ka yone e le tsala ya Modimo.—Mathaio 25:46; Baroma 4:2, 3; Jakobe 2:23.
7. Ke tshono efe gompieno e e bulegelang dinku tse dingwe tse di bolelwang fa di siame jaaka Aberahame?
7 Mo go ba ba 144 000, go bolelwa fa ba siame go ba naya tshono ya go nna le tsholofelo ya go busa le Jesu mo Bogosing jwa selegodimo. (Baroma 8:16, 17; Bagalatia 2:16) Mo go badinku tse dingwe, go bolelwa fa di siame jaaka ditsala tsa Modimo go ba naya go nna le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise—e ka tswa e le ka go falola Aramagedona ba le karolo ya boidiidi jo bogolo kana e le ka go ‘tsosiwa ga ba ba siameng.’ (Ditiro 24:15) A bo e le tshiamelo jang ne go nna le tsholofelo e e ntseng jalo le go nna tsala ya Molaodi wa lobopo lotlhe, go nna “molalediwa mo tenteng ya gagwe”! (Pesalema 15:1, 2, NW) Ee, batlodiwa mmogo le dinku tse dingwe ba segofadiwa ka tsela e e itumedisang ka Jesu, Losika lwa ga Aberahame.
Letsatsi le le Golwane la Tetlanyo
8. Ke eng se se neng se tshwantshediwa ke ditlhabelo tsa Letsatsi la Tetlanyo kafa tlase ga Molao?
8 Fa Paulo a ne a tlotla ka kgolagano e ntšha, o ne a gakolola bareetsi ba gagwe ka Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga kafa tlase ga kgolagano ya Molao. Ka letsatsi leo, go ne go ntshiwa ditlhabelo tse di farologaneng—se sengwe e le sa lotso lwa boperesiti lwa Lefi se sengwe e le sa ditso tse 12 tse e seng tsa boperesiti. Seno ga se bolo go nna se tlhalosiwa gore se tshwantshetsa setlhabelo se segolo sa ga Jesu se se tla solegelang molemo ba ba 144 000 ba ba nang le tsholofelo ya selegodimo le ba ba dimilione ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng.a Paulo o ne a bontsha gore mo go diragadiweng ga letsatsi leno melemo ya setlhabelo sa ga Jesu e abiwa ka Letsatsi le legolwane la Tetlanyo kafa tlase ga kgolagano e ntšha. Jaaka Moperesiti yo Mogolo wa letsatsi le legolwane leno, Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go nna setlhabelo sa tetlanyo gore a bonele batho “kgololo ya bosakhutleng.”—Bahebera 9:11-24.
9. Bakeresete ba Bahebera ba ba tloditsweng ba ne ba ka nna le eng ka go nna mo kgolaganong e ntšha?
9 Bakeresete ba le bantsi ba Bahebera ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa ntse ba ‘tlhoafaletse Molao [wa ga Moshe].’ (Ditiro 21:20) Ka mo go tshwanelang he, Paulo o ne a ba gakolola jaana: “[Jesu ke] motsereganyi wa kgolagano e ntšha, e le gore, ka gonne loso lo diragetse gore ba gololwe ka thekololo mo ditlolong tlase ga kgolagano ya pele, bone ba ba biditsweng ba tle ba amogele tsholofetso ya boswa jwa bosakhutleng.” (Bahebera 9:15) Kgolagano e ntšha e ne ya golola Bakeresete ba Bahebera mo kgolaganong e kgologolo, e e neng e senola boleo jwa bone. Kgolagano e ntšha e ba thusitse gore ba nne le “tsholofetso ya boswa [jwa legodimo] jwa bosakhutleng.”
10. Batlodiwa le dinku tse dingwe ba lebogela Modimo eng?
10 “Mongwe le mongwe” yo o “supang tumelo mo go Morwa” o tla solegelwa molemo mo setlhabelong sa thekololo. (Johane 3:16, 36) Paulo o ne a bolela jaana: “Keresete o ne a isiwa tshupelo gangwe felafela go sikara maleo a ba le bantsi; mme lekgetlo la bobedi le a bonalang ka lone e tla bo e le kwantle ga boleo mme a bonala mo go ba ka tlhoafalo ba mmatlang gore ba bolokwe.” (Bahebera 9:28) Gompieno, batho ba ba batlang Jesu ka tlhoafalo ba akaretsa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba tshela ba Iseraele wa Modimo le dimilione tse di bopang boidiidi jo bogolo, jo le jone bo nang le boswa jo bo sa khutleng. Ditlhopha tseno tsoopedi di leboga Modimo ka ntlha ya kgolagano e ntšha le ka ntlha ya ditshegofatso tse di nayang botshelo tse di amanang le yone, go akaretsa le Letsatsi le legolwane la Tetlanyo le tirelo ya Moperesiti yo Mogolo e bong Jesu, kwa Maitshepong a a Boitshepo a legodimo.
Go Tshwarega mo Tirelong e e Boitshepo
11. Ka digakolodi tse di ntlafaditsweng ka setlhabelo sa ga Jesu, batlodiwa mmogo le dinku tse dingwe ba dira eng ka boitumelo?
11 Mo lekwalong la gagwe le a neng a le kwalela Bahebera, Paulo o ne a gatelela kafa setlhabelo sa ga Jesu mo thulaganyong ya kgolagano e ntšha se leng botlhokwa thata ka teng fa se bapisiwa le ditlhabelo tsa dibe tse di neng di ntshiwa kafa tlase ga kgolagano e kgologolo. (Bahebera 9:13-15) Setlhabelo sa ga Jesu se se botoka se kgona go “ntlafatsa digakolodi tsa rona mo ditirong tse di suleng . . . gore re direle Modimo o o tshelang tirelo e e boitshepo.” Mo Bakereseteng ba Bahebera ‘ditiro tse di suleng’ di ne di akaretsa “[ditlolo] tlase ga kgolagano ya pele.” Mo Bakereseteng gompieno, di akaretsa maleo a ba a dirileng mo nakong e e fetileng a ba ileng ba a a ikwatlhaela e le ruri le a Modimo a ileng a ba itshwarela one. (1 Bakorintha 6:9-11) Ka digakolodi tse di ntlafaditsweng, Bakeresete ba ba tloditsweng ba direla “Modimo o o tshelang tirelo e e boitshepo.” Le boidiidi jo bogolo bo dira jalo. Ka ntlha ya go ntlafadiwa ga digakolodi tsa bone ka “madi a Kwana,” ba mo tempeleng e kgolo ya Modimo ya semoya, “ba o direla tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo.”—Tshenolo 7:14, 15.
12. Re supa jang gore re na le “tlhomamisego e e tletseng ya tumelo”?
12 Mo godimo ga moo, Paulo o ne a bolela jaana: “A re atameleng ka dipelo tse di boammaaruri ka tlhomamisego e e tletseng ya tumelo, dipelo tsa rona di kgatšhitswe di golotswe mo segakoloding se se boikepo le mebele ya rona e tlhapisitswe ka metsi a a phepa.” (Bahebera 10:22) Re ka bontsha jang gore re na le “tlhomamisego e e tletseng ya tumelo”? Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba Bahebera jaana: “A re ngangatleleng go bolela phatlalatsa tsholofelo ya rona [ya selegodimo] kwantle ga go reketla, gonne yo o neng a solofetsa o boikanngo. Mme a re akanyetsaneng go tlhotlheletsa loratong le ditirong tse di molemomogolo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme segolobogolo ka lo bona letsatsi le atamela.” (Bahebera 10:23-25) Fa tumelo ya rona e tshela, le rona re ka se ka ra ‘lesa go phuthega mmogo ga rona.’ Re tla itumelela go tlhotlheletsa bakaulengwe ba rona le go tlhotlhelediwa ke bone mo loratong le mo ditirong tse di molemolemo le gore re nonotshediwe tiro e e botlhokwatlhokwa ya go bolela phatlalatsa ka tsholofelo ya rona, e ka tswa e le ya lefatshe kana ya selegodimo.—Johane 13:35.
“Kgolagano ya Bosakhutleng”
13, 14. Kgolagano e ntšha ke ya bosakhutleng ka ditsela dife?
13 Go diragala eng fa ba bofelo ba ba ba 144000 ba amogela tsholofelo ya bone ya selegodimo? A kgolagano e ntšha e tla khutla go dira? Ka nako eo, go tla bo go se na ope wa ba maloko a Iseraele wa Modimo mo lefatsheng. Botlhe ba ba nang le seabe mo kgolaganong eno ba tla bo ba na le Jesu “mo bogosing jwa ga [Rraagwe].” (Mathaio 26:29) Mme re gakologelwa mafoko a ga Paulo a a mo lekwalong le a le kwaletseng Bahebera: “Modimo wa kagiso, o o tlhatlositseng modisa yo mogolo wa dinku mo baswing ka madi a kgolagano ya bosakhutleng.” (Bahebera 13:20; Isaia 55:3) Kgolagano e ntšha ke ya bosakhutleng ka tsela efe?
14 Sa ntlha, go farologana le kgolagano ya Molao, le ka motlha e ka se ka ya emisediwa ka e nngwe. Sa bobedi, matswela a go dira ga yone ke a a nnelang ruri, fela jaaka go ntse ka puso ya ga Jesu. (Bapisa Luke 1:33 le 1 Bakorintha 15:27, 28.) Bogosi jwa selegodimo ke selo se se tla nnelang ruri mo maikaelelong a ga Jehofa. (Tshenolo 22:5) Mme sa boraro, dinku tse dingwe di tla tswelela pele di solegelwa molemo ke thulaganyo ya kgolagano e ntšha. Ka Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete, batho ba ba ikanyegang ba tla nna ba “direla [Jehofa] tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe” fela jaaka ba ntse ba dira gone jaanong. Jehofa ga a na go ba gakolola ka maleo a bone a a fetileng a a ba a itshwaretseng mo motheong wa “madi a kgolagano” a ga Jesu. Ba tla tswelela pele ba siame jaaka ditsala tsa ga Jehofa mme molao wa gagwe o tla bo o sa ntse o kwadilwe mo dipelong tsa bone.
15. Tlhalosa kamano ya ga Jehofa le baobamedi ba gagwe ba lefatshe mo lefatsheng le lesha.
15 Ka nako eo a Jehofa o tla bo a kgona go bolela jaana ka batlhanka bano ba batho: ‘Ke Modimo wa bone, mme bone ke batho ba me’? Ee. “O tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba one. Mme Modimo ka boone o tla nna le bone.” (Tshenolo 21:3) Ba tla nna “bothibelelo jwa baitshepi,” baemedi ba lefatshe ba “motse o o rategang,” o e leng monyadiwa wa selegodimo wa ga Jesu Keresete. (Tshenolo 14:1; 20:9; 21:2) Dilo tseno tsotlhe di tla kgonega ka ntlha ya go dumela ga bone mo “mading a kgolagano” a ga Jesu a a tsholotsweng le go ineela ga bone mo dikgosing le mo baperesiting ba selegodimo, bao fa ba ne ba le mo lefatsheng e neng e le Iseraele wa Modimo.—Tshenolo 5:10.
16. (a) Ke dilo dife tse batho ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng ba ka di lebelelang? (b) Ke masego afe a a tla nnang teng kwa bofelong jwa dingwaga tse di sekete?
16 Go tweng ka baswi ba ba tsosediwang mo lefatsheng? (Johane 5:28, 29) Le bone ba tla lalediwa go ‘tla go segofala’ ka Jesu, Losika lwa ga Aberahame. (Genesise 22:18) Le bone ba tla tshwanela gore ba rate leina la ga Jehofa, ba mo direle, le go mo ntshetsa ditlhabelo tse di amogelesegang, le go mo direla tirelo e e boitshepo mo ntlong ya gagwe ya thapelo. Ba ba dirang jalo ba tla tsena mo boikhutsong jwa Modimo. (Isaia 56:6, 7) Kwa bofelong jwa dingwaga di le sekete, botlhe ba ba ikanyegang ba tla nna batho ba ba itekanetseng ka thuso ya ga Jesu Keresete le baperesitikaene ba le 144 000. Ba tla bo ba siame e seng fela go bolelwa fa ba siame jaaka ditsala tsa Modimo. Ba tla “tshela” ba golotswe gotlhelele mo boleong le mo losong lo ba lo ruileng mo go Adame. (Tshenolo 20:5; 22:2) A bo e tla bo e le tshegofatso jang ne! Go ya kafa re lebang dilo ka teng gompieno, go bonala fa tiro ya boperesiti ya ga Jesu le ba ba 144 000 e tla bo e weditswe ka nako eo. Masego a Letsatsi le legolwane la Tetlanyo a tla bo a diragaditswe ka botlalo. Mo godimo ga moo, Jesu o tla ‘neela Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi.’ (1 Bakorintha 15:24) Batho ba tla lekiwa la bofelo mme morago go moo Satane le badimona ba gagwe ba tla fedisediwa ruri.—Tshenolo 20:7, 10.
17. Ka ntlha ya boitumelo jo re bo lebeletseng, ke eng se mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go ikemisetsa go se dira?
17 “Kgolaganong e e sa khutleng” e tla nna le seabe sefe fa e le gore gone e tla na le seabe sengwe mo lobakeng lo lo kgatlhisang lo lo tla simologang ka nako eo? Moo ga re itse. Se Jehofa a se senotseng go fitlha jaanong se lekane. Se a re gakgamatsa. Akanya fela—botshelo jo bo sa khutleng re le karolo ya “magodimo a masha le lefatshe le lesha”! (2 Petere 3:13) E kete go se ka ga nna le sepe se se tla koafatsang keletso ya rona ya go bona tsholofetso eo. Go ema re nitame go ka tswa go se motlhofo. Paulo o ne a bolela jaana: “Lo tlhoka boitshoko, e le gore, fa lo sena go dira thato ya Modimo, lo amogele go diragadiwa ga tsholofetso.” (Bahebera 10:36) Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore, mathata ape a re tshwanetseng go a fenya, kganetso epe e e tshwanetseng go fenngwa di nna dinnye thata fa di bapisiwa le boitumelo jo re bo letetseng. (2 Bakorintha 4:17) Ka jalo, e kete go ka se nne le ope wa rona yo o nnang “wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong.” Go na le moo, a re itshupe re le “mofuta o o nang le tumelo go kgona go tshedisa moya.” (Bahebera 10:39) E kete rotlhe re ka tshepa Jehofa, Modimo wa dikgolagano, ka pelo yotlhe gore o tla segofatsa mongwe le mongwe wa rona.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Go Falolela mo Lefatsheng le Lesha, kgaolo 13, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
A o Ile wa Tlhaloganya?
◻ Kwantle ga Bakeresete ba ba tloditsweng, ke bomang ba ba segofadiwang ka Losika lwa ga Aberahame?
◻ Ka go segofadiwa ka kgolagano e ntšha, dinku tse dingwe di tshwana jang le basokologi kafa tlase ga kgolagano e kgologolo?
◻ Dinku tse dingwe di segofadiwa jang ka thulaganyo ya Letsatsi le legolwane la Tetlanyo?
◻ Ke ka ntlha yang fa Paulo a ile a bitsa kgolagano e ntšha a re ke “kgolagano ya bosakhutleng”?
[Lebokoso mo go tsebe 21]
Tirelo e e Boitshepo mo Tempeleng
Boidiidi jo bogolo bo obamela le Bakeresete ba ba tloditsweng mo lolwapeng la lefatshe lwa tempele e kgolo ya semoya ya ga Jehofa. (Tshenolo 7:14, 15; 11:2) Ga go na lebaka lepe la go swetsa gore ba mo Lolwapeng lo lo farologaneng lwa Baditšhaba. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, go ne go na le Lolwapa lwa Baditšhaba mo tempeleng. Le fa go ntse jalo, mo dithulaganyong tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo tsa tempele ya ga Solomone le ya ga Esekiele, go ne go se na Lolwapa lwa Baditšhaba. Mo tempeleng ya ga Solomone, go ne go na le lolwapa lo lo ka kwa ntle koo Baiseraele le basokologi, banna le basadi ba neng ba obamela mmogo gone. Eno ke thulaganyo ya boporofeti ya lolwapa lwa lefatshe la tempele ya semoya, koo Johane a neng a bona boidiidi jo bogolo bo dira tirelo e e boitshepo.
Le fa go ntse jalo, ke baperesiti le Balefi fela ba ba neng ba ka tsena mo lolwapeng lo lo kwa teng, koo sebeso se segolo se neng se le gone; e ne e le baperesiti fela ba ba neng ba tsena kwa lefelong le le Boitshepo; mme e ne e le moperesiti yo mogolo fela yo o neng a tsena kwa Maitshepong a a Boitshepo. Go tlhaloganngwa gore lolwapa lo lo kwa teng le lefelo le le Boitshepo di tshwantshetsa boemo jo bo tlhomologileng jwa semoya jwa Bakeresete ba ba tloditsweng mo lefatsheng. Mme Maitshepo a a Boitshepo a tshwantshetsa legodimo ka bolone, koo Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla bonang botshelo jwa go sa sweng teng mmogo le Moperesiti wa bone yo Mogolo wa selegodimo.—Bahebera 10:19, 20.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ka ntlha ya boitumelo jo re bo lebeletseng a re nne le “tumelo go kgona go tshedisa moya”